Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ne Ka Bona Thuso Morago ga go Fetsa Dingwaga Tsa Bosha Ke na Le Maikutlo a go Itlhoboga

Ke ne Ka Bona Thuso Morago ga go Fetsa Dingwaga Tsa Bosha Ke na Le Maikutlo a go Itlhoboga

Ke ne Ka Bona Thuso Morago ga go Fetsa Dingwaga Tsa Bosha Ke na Le Maikutlo a go Itlhoboga

Jaaka go Boletse Eusebio Morcillo

Ka September 1993 ke ne ka etela kwa kgolegelong nngwe e e nang le tshireletso e e gagametseng. Ke ne ke ile koo ka go bo kgaitsadiake yo e neng e le legolegwa e bong Mariví a ne a kolobediwa. Magolegwa mangwe le badiredi ba kgolegelo ba ne ba lebile ka tlotlo fa kolobetso e ntse e tsweletse. Pele ga ke tlhalosa gore go tlile jang gore nna le ene re bo re le koo, mma ke tlhalose gore re godile jang.

KE TSHOLETSWE kwa Spain ka May 5, 1954, e le nna wa ntlha mo baneng ba le robedi. Mariví ene e ne e le wa boraro. Mmemogolo o re godisitse re le Bakatoliki ba ba tlhoafetseng, mme ke sa ntse ke gakologelwa sentle dinako tse di itumedisang tsa fa ke le ngwana yo o ineetseng mo Modimong fa ke sa ntse ke nna le ene. Batsadi ba me bone ba ne ba se na sepe le dilo tsa bomodimo. Rre o ne a itaya Mmè le rona ka metlha. Re ne re tshelela mo poifong, mme ke ne ke utlwisiwa botlhoko thata ke go bona Mmè a boga jaana.

Ke ne ke lebane le maemo a mangwe a a utlwisang botlhoko kwa sekolong. Mongwe wa barutabana, yo e neng e le moruti, o ne a itaanya ditlhogo tsa rona mo loboteng fa re ne re fositse karabo. Moruti yo mongwe ene o ne a sotla bana ka tlhakanelodikobo fa a ntse a tshwaya tiro ya bone ya sekolo e e direlwang kwa gae. Mo godimo ga moo, dithuto tsa Katoliki tse di jaaka molelo wa dihele di ne di ntlhakanya tlhogo e bile di ntshosa. Go ise go ye kae boineelo jwa me mo Modimong bo ne jwa fela.

Ke ne Ke Tshwaregile ka Botshelo Jo bo Se Nang Bokao

E re ka go ne go se na ope yo o nkaelang gore nka itumedisa Modimo jang, ke ne ka simolola go fetsa nako e ntsi kwa ditlelapeng ke na le batho ba ba tlhokang boitsholo, ba ba setlhogo. Gantsi go ne go nna le dintwa, mme dithipa, dikeetane, digalase le ditulo di ne di dirisiwa e le dibetsa. Le fa gone gantsi ke ne ke sa nne le seabe mo dintweng tseo, ka nako nngwe ke ne ka itewa go fitlha ke idibala.

Kgabagare ke ne ka lapisiwa ke lefelo leo mme ka batla ditlelapa tse di se nang dintwa. Tota le kwa ditlelapeng tseno, go ne go dirisiwa diokobatsi thata. Mme go na le gore ke itumele le go nna le kagiso ya mogopolo, diokobatsi tseo di ne di dira gore ke bone dipono mme ke tlhobaele.

Le fa gone ke ne ke sa kgotsofala, ke ne ka gogela mongwe wa bonnake, e bong José Luis, le tsala ya me e kgolo, e bong Miguel, mo botshelong jo ke neng ke bo tshela. Ka nako eo nna mmogo le basha ba bangwe mo Spain, re ne re tshwaregile ka go tshela botshelo jo bo sa siamang. Ke ne nka dira sengwe le sengwe fela gore ke bone madi a go reka diokobatsi. Ke ne ka sala ke se na seriti.

Jehofa o a Nnamola

Mo nakong eo, ke ne ke tlhola ke bolelela ditsala tsa me gore Modimo o teng le gore botshelo bo na le bokao. Ke ne ka simolola go batla Modimo ka go batla mongwe yo ke neng ke tla mmolelela kafa ke ikutlwang ka gone. Ke ne ke lemogile gore Francisco, yo e neng e le mongwe wa badirimmogo le nna, o ne a sa tshwane le ba bangwe. O ne a bonala a itumetse, a ikanyega e bile a le pelonomi, mme ke ne ka swetsa go mmulela mafatlha. Francisco e ne e le Mosupi wa ga Jehofa, mme o ne a nnaya makasine wa Tora ya Tebelo o o neng o na le setlhogo se se buang ka diokobatsi.

Fa ke sena go bala setlhogo seo, ke ne ka rapela Modimo gore a nthuse: “Morena, ke a itse gore o gone, mme ke batla go go itse le go dira thato ya gago. Tsweetswee nthusa!” Francisco le Basupi ba bangwe ba ne ba dirisa Baebele go nkgothatsa mme ba nnaya le dikgatiso tse dingwe tse di theilweng mo Baebeleng gore ke di bale. Ke ne ka lemoga gore ba ne ba nnaya thuso e ke neng ke e kopile mo Modimong. Go ise go ye kae ke ne ka simolola go buisana le ditsala tsa me le José Luis ka dilo tse ke neng ke di ithuta.

Letsatsi lengwe fa ke ne ke tswa kwa khonsarateng ya mmino wa rock le ditsala dingwe, ke ne ka tswa mo setlhopheng seo mme ka ba leba ke le kgakala. Ke ne ka lemoga kafa boitsholo jwa rona bo neng bo setse bo tlhabisa ditlhong ka gone ka ntlha ya go dirisa diokobatsi. Ka yone nako eo, ke ne ka swetsa go tlogela botshelo joo mme ke nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

Ke ne ka kopa Francisco gore a nneye Baebele, mme o ne a nnaya Baebele mmogo le buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng. * Fa ke bala ka tsholofetso ya Modimo ya go phimola dikeledi tsotlhe le go fedisa le loso, ke ne ke sa belaele gore ke bone boammaaruri jo bo ka gololang batho. (Johane 8:32; Tshenolo 21:4) Moragonyana, ke ne ka ya kwa pokanong kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka kgatlhiwa thata ke go bona batho ba ba botsalano le ba ba lorato.

E re ka ke ne ke tlhoafaletse go bolelela ba bangwe se ke se boneng kwa Holong ya Bogosi, ka bonako fela ke ne ka bitsa José Luis le ditsala tsa me mme ka ba bolelela sotlhe se ke se ithutileng. Morago ga malatsi a le mmalwa, rotlhe re ne ra ya kwa dipokanong. Mosetsanyana mongwe yo o neng a ntse fa pele ga rona o ne a re gadima. Ga go pelaelo gore o ne a gakgamaditswe ke go bona setlhopha seno sa mahipi a a nang le meriri e meleele, mme o ne a nna kelotlhoko gore a se tlhole a re gadima gape. O tshwanetse a bo a ne a gakgamala fa a re bona gape kwa Holong ya Bogosi mo bekeng e e latelang, gonne mo lekgetlhong leno re ne re apere disutu e bile re tsentse dithai.

Moragonyana fela ga foo, nna le Miguel re ne ra ya kwa kopanong ya potologo ya Basupi ba ga Jehofa. Re ne ra bona selo se e neng e le la ntlha re se bona—bokaulengwe jwa mmatota jwa batho ba dingwaga tse di farologaneng. Mme se se neng se gakgamatsa le go feta, kopano eno e ne e tshwaretswe mo lefelong le re neng re sa tswa go tshwarela khonsarata ya mmino wa rock mo go lone. Mme mo lekgetlhong leno, batho ba ba neng ba le foo le mmino o re neng re o reeditse o ne o kgothatsa.

Setlhopha sotlhe sa rona se ne sa simolola go ithuta Baebele. Dikgwedi di ka nna robedi moragonyana, ka July 26, 1974, nna le Miguel re ne ra kolobediwa. Re ne re na le dingwaga di le 20. Ba bangwe ba le banè mo setlhopheng sa rona ba ne ba kolobediwa dikgwedi di le mmalwa moragonyana. Thapiso ya Baebele e ke e boneng e ne ya ntlhotlheletsa gore ke thuse mmè yo o neng a sa bolo go boga. Ke ne ke mo thusa ka tiro ya mo lapeng le go mmolelela ka tumelo ya me e ntšha. Re ne ra atamalana thata. Gape ke ne ka dirisa nako e ntsi ke thusa bonnake le bokgaitsadiake.

Fa nako e ntse e ya, mmè le bana ba kwa gae botlhe ntle le a le mongwe fela, ba ne ba ithuta boammaaruri jwa Baebele mme ba kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa. Ka 1977, ke ne ka nyala Soledad. E ne e le mosetsanyana yo o neng a re gadima a gakgametse fa a ne a re bona fa re ne re etetse kwa Holong ya Bogosi lekgetlho la ntlha. Mo dikgweding di le mmalwa fela, re ne ra nna babulatsela, e leng tsela e Basupi ba ga Jehofa ba bitsang bareri ba nako e e tletseng ba dikgang tse di molemo ka yone.

Kgaitsadiake yo o Rategang o Tlogela Tsela e a Neng a Tshela ka Yone Pele

Kgaitsadiake e bong Mariví o ile a sotliwa ka tlhakanelodikobo fa a sa ntse a le monnye, mme tiragalo eo e e maswe e ne ya mo ama fela thata. Fa a nna mosha, o ne a simolola go tshela botshelo jo bo sa siamang jo bo akaretsang go dirisa diokobatsi, go utswa le go rekisa mmele. Fa a le dingwaga di le 23, o ne a tsenngwa mo kgolegelong, mme fa a le koo o ne a tswelela ka botshelo jono jo bo sa siamang.

Ka nako eo, ke ne ke le molebedi wa potologo, modiredi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa. Ka 1989, nna le Soledad re ne ra abelwa kwa lefelong le Mariví a neng a golegilwe kwa go lone. Badiredi ba ne ba sa tswa go mo tseela morwawe; o ne a ngomogile pelo e bile a se na keletso ya go tshela. Letsatsi lengwe ke ne ka mo etela mme ka mo kopa gore re ithute Baebele mmogo, mme o ne a dumela go ithuta. Morago ga kgwedi a ntse a ithuta, o ne a tlogela go dirisa diokobatsi le motsoko. Ke ne ka itumedisiwa ke go bona gore Jehofa o ne a mo nonotsha go dira diphetogo tseno mo botshelong jwa gagwe.—Bahebera 4:12.

Nakwana fela a simolotse go ithuta, Mariví o ne a simolola go bolelela magolegwa a mangwe le badiredi ba kgolegelo ka boammaaruri jwa Baebele. Le mororo a ne a romelwa kwa dikgolegelong tse di farologaneng, o ne a tswelela ka tiro ya gagwe ya go rera. Mo kgolegelong nngwe o ne a bo a rera mo seleng nngwe le nngwe. Mo dingwageng tseno tsotlhe, Mariví o ne a simolola dithuto tsa Baebele le magolegwa a le mantsi mo dikgolegelong tse di farologaneng.

Letsatsi lengwe Mariví o ne a nkitsise gore o batla go neela botshelo jwa gagwe mo go Jehofa le go kolobediwa. Mme o ne a se ka a newa tetla ya go tswa ka kgolegelo, e bile go ne go se na ope mo kgolegelong yo o neng a letleletswe go mo kolobetsa. O ne a itshoka dingwaga tse dingwe di le nnè mo tikologong e e bosula ya kgolegelo eo. Ke eng se se neng sa mo thusa go boloka tumelo ya gagwe? Ka nako e phuthego ya lefelo leo e neng e tshwara dipokano ka yone, Mariví le ene o ne a ithuta dintlha tse di ithutiwang kwa dipokanong a le mo seleng ya kgolegelo. Gape o ne a na le thulaganyo ya go ithuta Baebele ka metlha le go rapela.

Fa nako e ntse e ya, Mariví o ne a isiwa kwa kgolegelong e e nang le tshireletso e e gagametseng mmogo le letangwana la go thuma. O ne a akanya gore mo lefelong leno le lesha o ne a ka kgona go kolobediwa. Mme seo se ne sa direga, kgabagare Mariví o ne a newa tetla. Ke gone ka moo go neng ga direga gore ke neele puo ya gagwe ya kolobetso. Ke ne ke na le ene mo tiragalong eo e e botlhokwa mo botshelong jwa gagwe.

Ka ntlha ya botshelo jwa gagwe jwa pele, Mariví o ne a tshwarwa ke AIDS. Le fa go ntse jalo, o ne a gololwa mo kgolegelong ka bonako ka March 1994 ka ntlha ya gore a ne a na le maitsholo a mantle. O ne a ya go nna le Mmè mme a tswelela a tshela botshelo jwa Bokeresete go fitlha a tlhokafala dingwaga di le pedi moragonyana.

Go Fenya Maikutlo A a Sa Siamang

Le nna ke ne ke sa falola gotlhelele ditlamorago tsa botshelo jwa me jwa pele. Tsela e rre a neng a ntshotla ka yone le botshelo jo ke neng ke bo tshela fa ke ne ke sa ntse ke le mosha di ne di amile botho jwa me fela thata. Fa ke setse ke godile gantsi ke ne ke tshwenngwa ke go ikutlwa ke le molato le go inyatsa. Ka dinako tse dingwe ke ne ke ikutlwa ke tshwenyegile thata mo maikutlong. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le ne la nthusa thata go lwantsha maikutlo ano a a sa siamang. Mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, go tlhatlhanya ka metlha ka makwalo a tshwanang le Isaia 1:18 le Pesalema 103:8-13 go ile ga nthusa go fokotsa maikutlo a ke neng ke tle ke nne le one a go ipona molato.

Thapelo ke sebetsa se sengwe sa semoya seo ke se dirisang go lwantsha maikutlo a go inyatsa. Gantsi ke ne ke tsholola dikeledi fa ke rapela Jehofa. Le fa go ntse jalo, ke ne ka nonotshiwa ke mafoko a a mo go 1 Johane 3:19, 20 a a reng: “Re tla itse ka seno gore re tswa mo boammaaruring, mme re tla tlhomamisetsa dipelo tsa rona fa pele ga gagwe ka ga selo le fa e le sefe se dipelo tsa rona di ka re bonang molato mo go sone, ka gonne Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona e bile o itse dilo tsotlhe.”

E re ka ke ne ke rapela Modimo ka tlhoafalo ka “pelo e e phatlogileng le e e gateletsweng” ke ne ka lemoga gore tota ke ne ke se bosula jaaka ke ne ke akanya. Baebele e tlhomamisetsa botlhe ba ba batlang Jehofa gore ga a nyatse ope fela yo o ikwatlhaelang boitsholo jwa gagwe jwa mo nakong e e fetileng mme jaanong a batla go dira thato ya Modimo.—Pesalema 51:17.

Fela fa ke ikutlwa ke sa itshepe, ke leka go akanya thata ka dilo tse di molemo, dilo tsa semoya tse di tlhalosiwang mo go Bafilipi 4:8. Ke itse Pesalema 23 ka tlhogo le Thero ya kwa Thabeng. Fa ke akanya ka dilo tse di sa siamang, ke buela kwa godimo mafoko a a mo ditemaneng tseno. Tsela eno ya go tlosa dikakanyo tse di sa siamang, e nthusa thata fa ke sa kgone go robala bosigo.

Ke ne ka thusiwa gape ke kgothatso e ke neng ka e bona mo mosading wa me le mo Bakereseteng ba bangwe ba ba godileng semoyeng. Le mororo kwa tshimologong go ne go le thata go amogela dikgothatso tsa bone, Baebele e ile ya nthusa go lemoga gore lorato “lo dumela dilo tsotlhe.” (1 Bakorintha 13:7) Ke boammaaruri gore ka bonya ka bonya ke ne ka ithuta ka boikokobetso go amogela makoa a me le dilo tse ke sa kgoneng go di dira.

Sengwe se se itumedisang ke gore, go lwantshana le maikutlo ano a a sa siamang go ne ga nthusa gore ke nne molebedi yo o etang yo o kutlwelobotlhoko. Nna le mosadi wa me re feditse dingwaga di ka nna 30 re le bareri ba nako e e tletseng ba dikgang tse di molemo. Boitumelo jo ke nnang le jone fa ke thusa ba bangwe bo nthusa gore ke se ka ka nna le maikutlo a a sa siamang le gore ke se ke ka akanya ka dilo tse di bosula tse di ntiragaletseng.

Jaanong fa ke leba kwa morago mme ke akanya ka masego otlhe a Jehofa a ntshololetseng one, ke ikutlwa ke tlhotlheletsega go bua jaaka mopesalema yo o neng a re: “Baka Jehofa, . . . ene yo o itshwarelang tlolo ya gago yotlhe, yo o fodisang matlhoko a gago otlhe, yo o namolang botshelo jwa gago mo kgatamping, yo o go rwesang serwalo sa bopelonomi jwa lorato le mautlwelobotlhoko.”—Pesalema 103:1-4.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme gone jaanong ga e sa tlhole e gatisiwa.

[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 30]

Gantsi ke ne ke tshwenngwa ke go ikutlwa ke le molato le go inyatsa. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le ne la nthusa thata go lwantsha maikutlo ano a a sa siamang

[Ditshwantsho mo go tsebe 27]

Nnake José Luis le tsala ya me Miguel ba ne ba latela sekao sa me se se maswe ba bo ba latela le se se molemo

[Setshwantsho mo go tsebe 28, 29]

Lelapa loora Morcillo ka 1973

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Mariví a sa ntse a le kwa kgolegelong

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Ke na le mosadi wa me, Soledad