Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Rapela Jang Gore Modimo a Utlwe Dithapelo Tsa Gago?

O ka Rapela Jang Gore Modimo a Utlwe Dithapelo Tsa Gago?

Jehofa Modimo ke “Moutlwi wa thapelo.” (Pesalema 65:2) Re ka bua le ene nako nngwe le nngwe, gongwe le gongwe. Jehofa o batla gore re mmitse Rre ka gonne ke “Rraarona” yo o re ratang. (Mathaio 6:9) Jehofa o re ruta gore re ka rapela jang gore a tle a utlwe dithapelo tsa rona.

RAPELA JEHOFA O DIRISA LEINA LA GA JESU

“Fa lo kopa sengwe mo go Rara o tla se lo naya ka leina la me.”​—Johane 16:23.

Temana eno e bontsha gore Jehofa o batla gore re mo rapele re dirisa leina la ga Jesu Keresete, e seng ditshwantsho, baengele kgotsa batho ba ba tlhokafetseng. Fa re rapela Modimo re dirisa leina la ga Jesu Keresete, re bontsha gore re tlhaloganya gore Modimo o utlwa dithapelo tsa rona ka ntlha ya se Jesu a re diretseng sone. Jesu a re: “Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.”​—Johane 14:6.

BUA SE SE MO PELONG

“Tshololelang pelo ya lona fa pele ga gagwe.”​—Pesalema 62:8.

Fa re rapela re tshwanetse go bua jaaka e kete re bua le rraarona yo o re ratang. Ga re a tshwanela go mo rapela re bala mo dibukeng kgotsa re bua dithapelo tse re di tshwareletseng ka tlhogo, go na le moo re tshwanetse go bua le ene ka tlotlo re mmolelela se se mo pelong.

RAPELA KAFA THATONG YA MODIMO

“Go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa.”​—1 Johane 5:14.

Fa re bala Baebele re bona se Jehofa a tlileng go se re direla, le se a batlang gore rona re se mo direle. Fa re batla gore Modimo a arabe dithapelo tsa rona, re tshwanetse go mo rapela “kafa thatong ya gagwe.” Ka jalo, re tshwanetse go bala Baebele gore re tle re itse se a se batlang. Fa re dira jalo, Modimo o tla araba dithapelo tsa rona.

RE KA RAPELELA ENG?

Rapelela Dilo Tse o di Tlhokang. Re ka rapelela dilo tse re di tlhokang letsatsi le letsatsi, jaaka dijo, diaparo kgotsa kwa re ka nnang teng. Re ka rapelela botlhale gore re kgone go dira ditshwetso tse di siameng le maatla a gore re kgone go itshokela mathata. Gape re ka rapela gore Modimo a re thuse gore re nne le tumelo, le gore re kgone go itshwarela ba bangwe.​—Luke 11:3, 4, 13; Jakobe 1:5, 17.

Rapelela ba Bangwe. Batsadi ba a itumela fa ba bona bana ba bone ba ratana. Jehofa le ene ka tsela e e tshwanang o a itumela fa a bona bana ba gagwe ba ratana. Re ka rapelela batho ba re nyalaneng le bone, bana ba rona, ba malapa le ditsala. Morutwa Jakobe o ne a re: “Lo rapelelane.”​—Jakobe 5:16.

Leboga Modimo. Baebele ya re: “A dira molemo, a lo naya dipula go tswa legodimong le dipaka tsa maungo, a tlatsa dipelo tsa lona ka botlalo ka dijo le boitumelo jo bogolo.” (Ditiro 14:17) Fa re akanya ka dilo tse Mmopi wa rona a re diretseng tsone, seo se tla dira gore re mo leboge. Gape re bontsha Modimo gore re a mo leboga ka go mo ikobela.​—Bakolosa 3:15.

TSWELELA O RAPELA

Ka dinako dingwe re ka utlwisiwa botlhoko ke gore dithapelo tsa rona ga di arabiwe ka bonako. A seo se raya gore Modimo ga a re rate? Nnyaa! A re bone dikai tse di re bontshang gore re tshwanetse go tswelela re rapela.

Steve yo re buileng ka ene a re: “Fa e ne e se ka thapelo nkabo ke setse ke itlhobogile ka botshelo.” Ke eng se se mo thusitseng gore a tswelele a rapela? O ne a simolola go bala Baebele a bo a ithuta botlhokwa jwa thapelo. Fa Steve a rapela, o leboga Modimo ka tshegetso yotlhe e ditsala tsa gagwe di mo neileng yone. Gape a re: “Ke itumetse go feta le eleng pele.”

Go ile ga diragala eng ka Jenny, yo o neng a ikutlwa e kete dithapelo tsa gagwe ga di tshwanelege go arabiwa ke Modimo? A re: “Fa ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe ke ne ke rapela Modimo ke mo kopa gore a nthuse go tlhaloganya tsela e ke neng ke ikutlwa ka yone.” Seo se mo thusitse jang? “Go bua le Modimo go dirile gore ke kgone go tlhaloganya gore le fa pelo ya me e nkatlhola ka diphoso tse ke di dirileng, ene ga a nkatlhole. Gape go rapela go nthusitse gore ke se ka ka ineela.” Thapelo e mo thusitse jang? “Go rapela go nthusitse go bona gore Jehofa ke Modimo yo o lorato, Rre, Tsala e nka e tshepang, le gore o tla tswelela a nthusa fa ke dira se a se ratang.”

Isabel a re fa a bona ngwana wa gagwe a itumelela botshelo le fa gone a na le bogole, o lemoga gore Modimo o arabile dithapelo tsa gagwe ka tsela e kgolo

A o sa ntse o gopola Isabel yo re tlotlileng ka ene? Fa a ne a imile, dingaka di ne tsa mmolelela gore ngwana wa gagwe o tlile go tsholwa a na le bogole. Seo se ne sa mo utlwisa botlhoko fela thata. Bangwe ba ne ba mo kgothaletsa gore a senye mpa. “Ke ne ke ikutlwa e kete ke tlile go bolawa ke kutlobotlhoko.” O ne a dira eng? A re: “Ke ne ka rapela Modimo gore a ntshegetse.” O ne a tshola ngwana a bo a mmitsa Gerald, mme o ne a golafetse. A Isabel o ikutlwa e kete Modimo o arabile dithapelo tsa gagwe? Ee! Goreng a ikutlwa jalo? A re: “Fa ke bona ngwanake yo jaanong a nang le dingwaga di le 14 a itumelela botshelo, le fa gone a na le bogole, ke lemoga gore Jehofa o arabile dithapelo tsa me le gore ngwanake ke mpho e kgolo e Jehofa a mphileng yone.”

Se batho bano ba se buileng se re gopotsa mafoko a mopesalema a a reng: “O tla utlwa keletso ya ba ba pelonolo, wena Jehofa. O tla baakanya pelo ya bone. O tla tlhwaya tsebe ya gago.” (Pesalema 10:17) Re na le mabaka a go tswelela re rapela!

Baebele e na le dithapelo di le dintsi tse Jesu a neng a di rapela. Thapelo e e itsegeng thata ke e a ileng a e ruta barutwa ba gagwe. Re ka ithuta eng mo go yone?