SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 13
PINA 4 “Jehofa ke Modisa wa Me”
Seatla sa ga Jehofa ga se Sekhutshwane
“A seatla sa ga Jehofa se sekhutshwane thata?”—DIPA. 11:23.
SE GO BUIWANG KA SONE
Setlhogo seno se tla re thusa go tshepa gore ka metlha Jehofa o tla re naya se re se tlhokang.
1. Moshe o ne a bontsha jang gore o tshepa Jehofa fa a ne a etelela Baiseraele pele go tswa kwa Egepeto?
BUKA ya Bahebera e bua ka batho ba le bantsi ba ba neng ba na le tumelo mo go Jehofa. Mongwe wa bone ke Moshe. (Baheb. 3:2-5; 11:23-25) O ile a bontsha gore o na le tumelo fa a ne a etelela Baiseraele pele go tswa kwa Egepeto. Ga a a ka a letla Faro le masole a gagwe gore ba mo tshosetse. Jehofa o ile a mo thusa fa a ne a kgabaganya Lewatleng le Lehibidu le Baiseraele le fa ba ne ba le kwa nageng. (Baheb. 11:27-29) Baiseraele ba le bantsi ba ne ba sa tlhole ba tshepa gore Jehofa o tla ba tlhokomela. Mme Moshe ene o ne a tswelela a dumela seo. Tumelo ya gagwe e ne e se ya lefela ka gonne Jehofa o ile a tlamela Baiseraele ka dijo le metsi, tota le fa ba ne ba le mo nageng e e sa tlhogeng sepe. a—Ekes. 15:22-25; Pes. 78:23-25.
2. Goreng Jehofa a ile a botsa Moshe a re: “A seatla sa ga Jehofa se sekhutshwane thata”? (Dipalo 11:21-23)
2 Le fa gone Moshe a ne a na le tumelo e e nonofileng, mo e ka nnang ngwaga morago ga gore Jehofa a golole Baiseraele kwa Egepeto, o ne a belaela gore Jehofa o tla ba naya nama. O ne a sa akanye gore Jehofa o tla kgona go ba naya nama mo nageng e e kgakgabetseng. Jehofa o ne a mmotsa go re: “A seatla sa ga Jehofa se sekhutshwane thata?” (Bala Dipalo 11:21-23.) Mafoko a a reng “seatla sa ga Jehofa” a kaya moya o o boitshepo wa Modimo kgotsa maatla a gagwe. Tota re ka re fa Jehofa a ne a botsa Moshe potso eo o ne a re: “A o akanya gore nka se kgone go dira se ke neng ke re ke tla se dira?”
3. Goreng go le botlhokwa gore re akanye ka se se diragaletseng Moshe le Baiseraele?
3 A o kile wa ipotsa gore a Jehofa o tla tlhokomela wena kgotsa ba lelapa la gago ka dilo tse lo di tlhokang? Le fa o ka tswa o ise o ipotse potso eno, re tla bona gore ke eng fa Moshe le Baiseraele ba ne ba sa tshepe gore Jehofa o tla ba tlamela ka dilo tse ba di tlhokang. Melaometheo ya Baebele e e tsamaisanang le kgang eno e tla re thusa go dumela gore tota seatla sa ga Jehofa ga se sekhutshwane.
ITHUTE MO GO MOSHE LE BAISERAELE
4. Ke eng se se ileng sa dira gore Baiseraele ba le bantsi ba belaele gore Jehofa o tla ba tlamela?
4 Goreng Baiseraele ba le bantsi ba ile ba simolola go belaela gore Jehofa o tla ba tlamela? Bone mmogo le “setlhopha se segolo sa batho ba ba farologaneng” ba ba neng ba tswa kwa Egepeto ba ile ba fetsa nako e telele mo nageng ba ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. (Ekes. 12:38; Dute. 8:15) Batho ba e seng Baiseraele ba ile ba lapisiwa ke go ja mana, Baiseraele ba le bantsi le bone ba ile ba ikutlwa jalo mme ba simolola go ngongorega. (Dipa. 11:4-6) Batho ba ile ba simolola go eletsa dijo tse ba neng ba di ja kwa Egepeto. E re ka ba ne ba ngongoregela Moshe, o ne a ikutlwa e kete ke ene a tshwanetseng go ba tlamela.—Dipa. 11:13, 14.
5-6. Re ithuta eng mo tseleng e batho ba e neng e se Baiseraele ba ileng ba tlhotlheletsa Baiseraele ka yone?
5 Batho ba e seng Baiseraele ba ne ba sa lebogele dilo tse Jehofa a neng a ba direla tsone. Ka jalo, Baiseraele ba ile ba simolola go akanya jaaka bone. Le rona re ka simolola go nna le mokgwa wa go sa leboge le go sa kgotsofalele dilo tse Jehofa a re nayang tsone. Seno se ka direga bogolo jang fa re akanya ka dilo tse re neng re na le tsone kgotsa re fufegela dilo tse ba bangwe ba nang le tsone. Mme gone, re tla itumela fa re lebogela se re nang le sone le fa maemo a rona a ka tswa a ntse jang.
6 Baiseraele ba ne ba tshwanetse go gopola gore Jehofa o ne a ba tlhomamiseditse gore ba ne ba tla itumelela dilo tse dintsi fa ba tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, e seng fa ba sa ntse ba le mo nageng. Ka tsela e e tshwanang, ga re a tshwanela go tlhoma mogolo mo dilong tse re se nang tsone gone jaanong. Go na le moo, re tshwanetse go nna re akantse ka dilo tse Jehofa a re solofeditseng tsone kwa lefatsheng le lesha. Gape re tshwanetse go nna re akantse ka ditemana tse di re thusang go tshepa Jehofa.
7. Goreng re ka tlhatswega pelo gore seatla sa ga Jehofa ga se sekhutshwane?
7 Fa Jehofa a ne a botsa Moshe potso e e mo go Dipalo 11:23, a ka tswa a ne a batla gore Moshe a akanye ka dintlha tseno tse pedi: (1) Gore o na le maatla a magolo le (2) gore a ka dirisa maatla a gagwe gongwe le gongwe. Jehofa o ne a ka kgona go naya Baiseraele nama e ntsi le fa ba ne ba le kwa nageng. O ile a dirisa ‘seatla se se nonofileng le lebogo le le otlolotsweng’ go bontsha gore o na le maatla. (Pes. 136:11, 12) Ka jalo fa re na le mathata, ga re a tshwanela go belaela gore Jehofa o tla re thusa le fa re ka tswa re le kwa kae.—Pes. 138:6, 7.
8. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra dira phoso e Baiseraele ba le bantsi ba ileng ba e dira fa ba ne ba le kwa nageng? (Bona le setshwantsho.)
8 Jehofa o ile a dira se a se solofeditseng, o ile a ba naya dinonyane tse dintsi tsa maphurwana. Le fa go ntse jalo, Baiseraele ga ba a ka ba leboga Jehofa ka go bo a ile a ba tlamela ka kgakgamatso. Go na le moo, ba le bantsi ba ile ba nna pelotshetlha. Go ile ga feta letsatsi le halofo ba ntse ba ikokoanyetsa dinonyane tsa maphurwana ka bontsi. Jehofa o ile a galefela “batho ba ba neng ba nna le keletso ya bopelotshetlha” e bile o ile a ba otlhaya. (Dipa. 11:31-34) Re ka ithuta sengwe mo go se se diragaletseng Baiseraele. Re ithuta gore ga re a tshwanela go nna pelotshetlha. Re ka tswa re humile kgotsa re humanegile, re tshwanetse go dira ka natla gore re ipolokele “matlotlo kwa legodimong” ka go dira sotlhe se re ka se kgonang go atamalana le Jehofa le Jesu. (Math. 6:19, 20; Luke 16:9) Fa re dira jalo, re ka tlhatswega pelo gore o tla re naya dilo tse re di tlhokang.
Ke eng se batho ba le bantsi ba ileng ba se dira kwa nageng, mme re ka ithuta eng mo go bone? (Bona serapa 8)
9. Re ka tlhatswega pelo ka eng?
9 Jehofa o ikemiseditse go thusa batho ba gagwe gompieno. Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore ga re kitla re tlhoka dilo dingwe kgotsa dijo. b Mme gone, re ka tlhatswega pelo gore Jehofa ga a kitla a re latlha. O tla nna a re thusa fa re na le mathata. Re ka bontsha jang gore re tshepa gore Jehofa o tla re naya se re tlhokang? A re tlotleng ka maemo ano a mabedi: (1) fa re tlhoka madi gore re tlhokomele ba malapa a rona le (2) fa re akanya gore ga re kitla re nna le madi a a lekaneng fa re tsofetse.
FA RE TLHOKA MADI
10. Ke mathata afe a re ka nnang le one?
10 E re ka re tshela mo malatsing a bofelo, mathata a rona a tlile go nna a oketsega ka ntlha ya dipuso tse di nnang di fetoga, dintwa, masetlapelo a tlholego kgotsa malwetse a a nnang gone a leroborobo. Re ka latlhegelwa ke tiro le dilo tse re nang le tsone kgotsa re ka tshwanelwa ke go fuduga mo lefelong le re nnang mo go lone go bo go nna thata le go feta go bona dilo tse re di tlhokang. Fa seo se direga, re ka tshwanelwa ke go batla tiro e nngwe kgotsa go fudugela kwa lefelong le lengwe gore re kgone go tlamela ba malapa a rona. Ke eng se se ka re thusang go dira ditswetso tse di bontshang gore re tshepa Jehofa?
11. Ke eng se se ka go thusang fa o na le mathata a madi? (Luke 12:29-31)
11 Sengwe sa botlhokwa se o tshwanetseng go se dira ke go bolelela Jehofa se se go tshwenyang. (Diane 16:3) Mo kope gore a go neye botlhale gore o dire ditshwetso tse di siameng le gore o nne o ritibetse gore o tlogele “go tlhobaela thata.” (Bala Luke 12:29-31.) Kopa Jehofa gore a go thuse go kgotsofalela dilo tse o nang le tsone. (1 Tim. 6:7, 8) Dirisa dikgatiso tsa rona go bona dikakantsho tse di ka go thusang fa o na le mathata a madi. Batho ba le bantsi ba re ba ile ba thusiwa ke dibidio le ditlhogo tse di mo jw.org tse di buang ka mathata a madi.
12. Ke dipotso dife tse di ka thusang malapa gore a dire tshwetso e e siameng?
12 Bangwe ba ile ba amogela tiro e e tlhokang gore ba fudugele kgakala le ba malapa a bone, mme moragonyana ba ile ba lemoga gore seo e ne e se tshwetso e e siameng. Pele ga o amogela tiro e ntšha, o se ka wa akanya fela ka gore o tla duelwa madi a le mantsi, mme akanya gore a o tla kgona go tswelela o thusa ba lelapa la gago gore ba nne ba atamalane le Jehofa. (Luke 14:28) Ipotse go re: “Fa nka amogela tiro eno ke bo ke nna kgakala le motho yo ke nyalaneng le ene, seno se ka ama jang lenyalo la rona? A ke tla kgona go ya dipokanong, tshimong le go fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi?” Fa e le gore o na le bana, o tshwanetse go ipotsa potso eno ya botlhokwa: “Fa nka nna kgakala le banake, a ke tla kgona go ba godisa ‘ka tsela e Jehofa a batlang ka yone’?” (Baef. 6:4) Letla gore Lefoko la Modimo le go kaele, e seng ba masika le ditsala ba ba sa ikobeleng melaometheo ya Baebele. c Seno se ile sa diragalela Tony yo o nnang kwa Asia. O ile a solofediwa ditiro di le mmalwa tse di duelang madi a le mantsi kwa nageng e nngwe. Le fa go ntse jalo, morago ga gore a rapele ka kgang eno le go tlotla le mosadi wa gagwe ka yone, o ile a dira tshwetso ya gore a se ka a di amogela, go na le moo ba ile ba fetola tsela e ba dirisang madi ka yone. Tony a re: “Ke ile ka kgona go thusa batho ba le bantsi gore ba itse Jehofa, bana ba rona le bone ba direla Jehofa. Lelapa la rona le ile la lemoga gore fa re dirisa se re se ithutang mo go Mathaio 6:33, Jehofa o tla re tlhokomela.”
RULAGANYA DILO TSE O TLA DI TLHOKANG
13. Ke eng se re ka se dirang gone jaanong gore re kgone go nna le dilo tse re tla di tlhokang fa re tsofetse?
13 Gape re ka bontsha gore re tshepa Jehofa fa re rulaganya dilo tse re tla di tlhokang fa re tsofetse. Baebele e re kgothaletsa gore re dire ka natla gore re kgone go nna le dilo tse re tla di tlhokang mo nakong e e tlang. (Diane 6:6-11) Fa re kgona, re ka beela madi kwa thoko gore re kgone go itlamela mo nakong e e tlang. Ke boammaaruri gore madi a ka re thusa fa re tlhoka sengwe. (Mor. 7:12) Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go dira gore madi e nne selo sa botlhokwa mo matshelong a rona.
14. Goreng re tshwanetse go akanyetsa kwa teng ka Bahebera 13:5 fa re rulaganya dilo tse re tla di tlhokang fa re tsofetse?
14 Jesu o ile a dirisa setshwantsho go bontsha gore motho yo o ipolokelang madi mme gone “a sa huma mo matlhong a Modimo,” ke seeleele. (Luke 12:16-21) Ga go na ope yo o itseng gore go tla direga eng mo nakong e e tlang. (Diane 23:4, 5; Jak. 4:13-15) Gape Jesu o ile a re batho ba ba batlang go nna balatedi ba gagwe, ba tshwanetse go ikemisetsa go “tlogela dilo” tse ba nang le tsone. (Luke 14:33) Bakeresete ba bogologolo ba kwa Judea ba ne ba itumetse le fa gone ba ile ba latlhegelwa ke dilo tse ba neng ba na le tsone. (Baheb. 10:34) Mo motlheng wa rona, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ile ba latlhegelwa ke ditiro ka gonne ba sa tseye letlhakore mo dipolotiking. (Tshen. 13:16, 17) Ke eng se se ba thusitseng? Ba ne ba tlhatswegile pelo ka se Jehofa a se solofeditseng. O ne a re: “Ga nkitla ke go tlogela, e bile ga nkitla ke go latlha.” (Bala Bahebera 13:5.) Re dira ka natla gone jaanong go rulaganya dilo tse re tla di tlhokang mo nakong e e tlang. Mme fa re ka diragalelwa ke dilo tse re sa di lebelelang, re tshepa gore Jehofa o tla re naya dilo tse re tla di tlhokang.
15. Ke eng se batsadi ba Bakeresete ba sa tshwanelang go se akanya ka bana ba bone? (Bona le setshwantsho.)
15 Mo mafelong mangwe, batsadi ba nna le bana ba bo ba ba kgothaletsa gore ba nne le madi gore ba kgone go ba tlhokomela fa ba setse ba tsofetse. Mme gone, Baebele e a re batsadi ke bone ba ba tshwanetseng go tlhokomela bana ba bone. (2 Bakor. 12:14) Ke boammaaruri gore batsadi ba ka tlhoka go thusiwa ka dilo dingwe fa ba setse ba godile, e bile bana ba le bantsi ba itumelela go dira jalo. (1 Tim. 5:4) Mme gone, batsadi ba Bakeresete ba a itse gore ba tla itumela thata fa ba thusa bana ba bone gore ba direle Jehofa, go na le go ba kgothaletsa go nna le madi gore ba ba tlhokomele mo nakong e e tlang.—3 Joh. 4.
Banyalani ba Bakeresete ba dirisa melaometheo ya Baebele fa ba dira ditshwetso (Bona serapa 15) d
16. Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang gore ba kgone go nna le dilo tse ba tla di tlhokang mo nakong e e tlang? (Baefeso 4:28)
16 Fa o ruta bana ba gago gore ba ka nna jang le dilo tse ba tla di tlhokang, ba thuse go tshepa Jehofa. Fa ba sa ntse ba le bannye, ba bontshe gore go botlhokwa gore ba dire ka natla. (Diane 29:21; bala Baefeso 4:28.) Mme fa ba ntse ba gola, ba thuse gore ba kgone go dira ka natla kwa sekolong. Batsadi ba ka dira dipatlisiso go bona gore melaometheo ya Baebele e ka thusa jang bana ba bone gore ba dire ditshwetso tse di siameng fa ba tlhopha gore ba tla tsweletsa dithuto tsa bone go fitlha kae. Maikaelelo a batsadi e tshwanetse go nna go thusa bana ba bone gore ba kgone go nna le dilo tse ba tla di tlhokang le gore ba nne le nako e e oketsegileng ya go rera kgotsa gore e nne babulatsela.
17. Re ka tlhatswega pelo ka eng?
17 Batlhanka ba ga Jehofa ba ka tshepa gore Jehofa o na le maatla le gore a ka ba naya dilo tse ba di tlhokang. Fa re sa ntse re le mo malatsing ano a bofelo, re tshwanetse go tshepa Jehofa le go feta. Le fa go ka direga eng, re tshwanetse go tlhatswega pelo gore Jehofa o tla dirisa maatla a gagwe go re naya dilo tse re di tlhokang, e bile ga re a tshwanela go belaela gore o tla re thusa gongwe le gongwe fela kwa re leng gone.
PINA 150 Batlang Jehofa Gore lo Bolokwe
a Bona setlhogo se se reng, “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 2023.
b Bona setlhogo se se reng, “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa September 15, 2014.
c Bona setlhogo se se reng, “Ga go na Ope Yo o Ka Nnang Motlhanka wa Beng ba Babedi” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa April 15, 2014.
d TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Batsadi ba Bakeresete ba bua le ngwana wa bone yo o direlang mo porojekeng ya go aga Diholo Tsa Bogosi le monna wa gagwe.