SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 9
PINA 51 Re Ineetse mo Modimong!
Se Diege go Kolobediwa
“Ke ka ntlha yang fa o diega? Ema o kolobediwe.”—DIT. 22:16.
SE GO BUIWANG KA SONE
Go sekaseka se Basamarea, Saulo wa kwa Tareso, Korenelio le Bakorintha ba ileng ba se dira, go tla go naya maatla a gore o dire dilo tse di tla go thusang gore o kolobediwe.
1. Mangwe a mabaka a a dirang gore motho a kolobediwe ke afe?
JEHOFA o go neile mpho nngwe le nngwe e e molemo go akaretsa le botshelo. Ga go pelaelo gore seo se dira gore o mo rate. O ka bontsha jang gore o a mo rata? O ka dira jalo ka go ineela mo go ene o bo o kolobediwa. Seo se tla dira gore o nne karolo ya lelapa la gagwe. E re ka o tla bo o le motlhanka wa gagwe, o tla go kaela e bile o tla go tlhokomela. (Pes. 73:24; Isa. 43:1, 2) Gape go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa, go tla dira gore o nne le tsholofelo ya go tshelela ruri.—1 Pet. 3:21.
2. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?
2 A go na le sengwe se se go thibelang go kolobediwa? Fa go le jalo, itse gore ga o nosi. Bangwe ba ile ba tshwanelwa ke go tlogela boitshwaro jo bo sa siamang le go fetola tsela e ba neng ba akanya ka yone gore ba tshwanelege go kolobediwa. Gone jaanong ba direla Jehofa ka matlhagatlhaga e bile ba itumetse. O ka ithuta eng mo Bakereseteng bangwe ba ba ileng ba kolobediwa bogologolo? A re tlotleng ka dikgwetlho tse ba ileng ba lebana le tsone le gore re ka ithuta eng mo go bone.
BASAMAREA BA ILE BA KOLOBEDIWA
3. Ke dilo dife tse Basamarea bangwe ba ileng ba tshwanelwa ke go di dira gore ba tshwanelege go kolobediwa?
3 Basamarea e ne e le setlhopha sengwe sa bodumedi mo motlheng wa ga Jesu. Bontsi jwa bone ba ne ba nna kwa Shekema le kwa Samarea tse di kwa bokone jwa Judea. Pele Basamarea ba ka kolobediwa, ba ne ba tshwanetse go nna le kitso e e oketsegileng ya Lefoko la Modimo. Ba ne ba dumela gore dibuka di le tlhano tsa Baebele, go simolola ka Genesise go fitlha ka Duteronome gongwe le buka ya Joshua, ke tsone fela tse di tswang kwa Modimong. Le fa go ntse jalo, ba ne ba dumela tsholofetso ya ga Jehofa e e mo go Duteronome 18:18 le 19 ya gore Mesia o tla tla. (Joh. 4:25) Gore ba tshwanelege go kolobediwa, ba ne ba tshwanetse go dumela gore Jesu ke Mesia yo o solofeditsweng. Basamarea ba le bantsi ba ile ba dira jalo. (Joh. 4:39) E re ka Basamarea le Bajuda ba ne ba tlwaetse go tlhaolana, bangwe ba Basamarea ba ka tswa ba ile ba tshwanelwa ke go dira ka natla gore ba tlogele mokgwa oo.—Luke 9:52-54.
4. Go ya ka Ditiro 8:5, 6 le 14, Basamarea bangwe ba ile ba dira eng fa Filipo a ba rerela?
4 Ke eng se se ileng sa thusa Basamarea gore ba kolobediwe? Fa Filipo a ba rerela “ka Keresete,” bangwe ba bone ba ile ba ‘amogela lefoko la Modimo.’ (Bala Ditiro 8:5, 6, 14.) Ga ba a ka ba gana go mo reetsa ka gonne e le Mojuda. Gongwe ba ne ba gopola ditemana tse di neng di tlhalosa gore Modimo ga a tlhaole ope. (Dute. 10:17-19) Ba ile ba ‘tlhwaela tsebe dilo tse Filipo a neng a di bua’ ka Keresete e bile ba ile ba lemoga bosupi jo bo neng bo bontsha gore o ne a romilwe ke Modimo. Gape Filipo o ne a dira ditshupo di le dintsi tse di akaretsang go fodisa balwetse le go leleka madimona.—Dit. 8:7.
5. O ithuta eng mo go se Basamarea ba ileng ba se dira?
5 Basamarea bao ba ka bo ba ile ba gana gore Filipo a ba rute ka gonne e le Mojuda kgotsa ba ka bo ba sa amogela se a neng a se ruta ka gonne ba sa se itse. Seo se ka bo se ile sa dira gore ba se ka ba gatela pele. Mme ga ba a ka ba dira jalo. Fa Basamarea ba sena go tlhatswega pelo gore se Filipo a neng a se ba ruta se boammaaruri, ga ba a ka ba diega go kolobediwa. Baebele e a re: “E rile ba dumela Filipo, yo o neng a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo le tse di ka ga leina la ga Jesu Keresete, banna mmogo le basadi ba ne ba kolobediwa.” (Dit. 8:12) A le wena o tlhatswegile pelo gore Lefoko la Modimo le boammaaruri? A o tlhomamisegile gore Basupi ba ga Jehofa ga ba tlhaolane, go na le moo ba a ratana, e leng sengwe se se bontshang gore ke Bakeresete ba boammaaruri? (Joh. 13:35) Fa go le jalo o se ka wa tshaba go kolobediwa, itse gore Jehofa o tla go segofatsa.
6. O ithuta eng mo go se Ruben a ileng a se dira?
6 Akanya ka se se diragaletseng Ruben wa kwa Germany. Le fa gone a goletse mo lelapeng la Basupi, fa a sa le mosha o ne a belaela gore Jehofa o teng. O ile a dira eng? E re ka a ne a lemoga gore o ne a se na kitso ka kgang eno, o ile a dira tshwetso ya go ithuta mo go oketsegileng. O ne a re: “Fa ke ithuta ke le nosi ke ile ka dira dipatlisiso ka dilo tse ke neng ke na le dipelaelo ka tsone. Ke ile ka ithuta ka evolution makgetlo a le mantsi.” Ruben o ile a bala buka ya Is There a Creator Who Cares About You? Buka eo e ile ya nonotsha tumelo ya gagwe. O ne a re: “Ruri Jehofa o teng.” Gape go etela kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe go ile ga dira gore a lemoge gore batho ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba dirisana ka kutlwano. Fa a boela kwa Germany, o ile a kolobediwa a na le dingwaga di le 17. Ka jalo, fa e le gore le wena o na le dipelaelo ka se o se ithutang, dira dipatlisiso mo dikgatisong tsa rona. Go nna le ‘kitso e e boammaaruri’ go tla go thusa gore o tlose dipelaelo tseo. (Baef. 4:13, 14) Maitemogelo a a bontshang gore Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, tota le mo phuthegong ya lona ba a ratana e bile ba tshela ka kutlwano, a ka dira gore o rate phuthego ya Modimo le go feta.
SAULO WA KWA TARESO O ILE A KOLOBEDIWA
7. Ke kakanyo efe e e sa siamang e Saulo a neng a tshwanetse go e baakanya?
7 Akanya ka Saulo wa kwa Tareso. O ne a rutilwe Molao wa Bajuda e bile Bajuda ba ne ba mo tseela kwa godimo. (Bagal. 1:13, 14; Bafil. 3:5) Ka nako eo, Bajuda ba le bantsi ba ne ba dumela gore Bakeresete ke batlhanogi, ka jalo Saulo o ile a ba bogisa setlhogo. O ne a tsaya gore fa a dira jalo o ne a dira thato ya Modimo. (Dit. 8:3; 9:1, 2; 26:9-11) Fa e le gore Saulo o ne a tla dumela mo go Jesu a bo a kolobediwa, o ne a tla tshwanelwa ke go itshokela go bogisiwa.
8. (a) Ke eng se se thusitseng Saulo gore a kolobediwe? (b) Go ya ka Ditiro 22:12-16, Ananiase o ile a thusa Saulo jang? (Bona le setshwantsho.)
8 Ke eng se se thusitseng Saulo gore a kolobediwe? Fa Jesu a sena go bua le ene a le kwa legodimong, Saulo o ile a foufala. (Dit. 9:3-9) O ile a fetsa malatsi a le mararo a itima dijo e bile ga go pelaelo gore o ne a akanyetsa kwa teng ka se se sa tswang go direga. O ne a tlhatswegile pelo gore Jesu ke Mesia le gore balatedi ba gagwe ba ne ba le mo kobamelong ya boammaaruri. A ka tswa a ile a utlwisiwa botlhoko ke gore o ile a dumalana le gore Setefane a bolawe! (Dit. 22:20) Morago ga malatsi a le mararo, morutwa mongwe yo o bidiwang Ananiase o ile a ya kwa go ene, a dira gore a bone gape a bo a mo kgothaletsa gore a kolobediwe. (Bala Ditiro 22:12-16.) E re ka Saulo a ne a le boikokobetso, o ile a reetsa Ananiase a bo a kolobediwa.—Dit. 9:17, 18.
Fela jaaka Saulo, a o tla kolobediwa fa o kgothalediwa go dira jalo? (Bona serapa 8)
9. O ithuta eng mo go Saulo?
9 Go na le dilo tse re ka di ithutang mo go Saulo. A ka bo a ile a letla go itseela kwa godimo kgotsa go boifa batho gore go mo thibele go kolobediwa. Mme ga a a ka a dira jalo. Saulo o ne a le boikokobetso e bile a ikemiseditse go dira diphetogo mo botshelong jwa gagwe gore a nne morutwa wa ga Jesu. (Dit. 26:14, 19) Saulo o ne a ikemiseditse go nna Mokeresete, tota le fa a ne a itse gore o ne a tla bogisiwa. (Dit. 9:15, 16; 20:22, 23) Fa a sena go kolobediwa, o ne a nna a ikaega ka Jehofa gore a mo thuse go itshokela diteko. (2 Bakor. 4:7-10) Le wena o ka lebana le mathata kgotsa tumelo ya gago e ka lekwa fa o sena go kolobediwa. Mme gone, tlhatswega pelo gore Jehofa le Jesu ba tla go thusa.—Bafil. 4:13.
10. Se se diragaletseng Anna se ka go thusa jang?
10 Anna o goletse mo lelapeng le le buang Se-Kurd kwa Europe. Fa mmaagwe a sena go kolobediwa, o ile a kopa rraagwe gore a mo letle go ithuta Baebele mme o ile a dumela. Ka nako eo o ne a na le dingwaga di le 9. Mme gone, Anna o ile a nna le mathata fa a simolola go ithuta Baebele. E re ka ba lelapa la gaabo ba ne ba nna mmogo le ba masika a bone, ga ba a ka ba itumelela seo. Ba ne ba re ke matlhabisaditlhong gore motho a tlogele bodumedi jwa borraagwemogolo. Fa Anna a na le dingwaga di le 12 o ile a bolelela rraagwe gore o batla go kolobediwa. Rraagwe o ne a mmotsa gore a o batla go kolobediwa ka gonne mongwe a mo pateletsa go dira jalo kgotsa ke se ene a batlang go se dira. Anna o ile a re: “Ke dira jalo ka gonne ke rata Jehofa.” Ka jalo, rraagwe o ile a mo letla gore a kolobediwe. Morago ga moo, Anna o ile a sotliwa ka ditsela tse dingwe gape. Mongwe wa masika a gagwe o ile a mo raya a re: “Go ne go ka bo go le botoka fa o ne o dira boitsholo jo bo sa siamang e bile o goga go na le gore o nne Mosupi wa ga Jehofa.” Anna o ile a dira eng? A re: “Jehofa o ile a mpha maatla e bile Mama le Papa ba ne ba nkema nôkeng.” Anna o nna a kwala dilo tse Jehofa a mo thusang ka tsone mo botshelong. Nako le nako o ikgopotsa kafa Jehofa a mo thusitseng ka gone. Fa e le gore o tshaba go bogisiwa, nna o gopotse gore Jehofa o tla go thusa.—Baheb. 13:6.
KORENELIO O ILE A KOLOBEDIWA
11. Ke eng se se neng se ka dira gore Korenelio a diege go kolobediwa?
11 Gape Baebele e re bolelela ka Korenelio yo e neng e le mookamedi wa masole. O ne a okametse masole a le 100 a kwa Roma. (Dit. 10:1, ntlh.) Seo se ka tswa se ile sa dira gore a nne le maemo a a tlotlegang mo setšhabeng le mo sesoleng. O ne a “direla bahumanegi dilo tse di molemo.” (Dit. 10:2) Jehofa o ile a romela moaposetoloi Petere gore a mmolelele dikgang tse di molemo. A Korenelio o ne a tla letla gore go nna le maemo go mo thibele go kolobediwa?
12. Ke eng se se thusitseng Korenelio gore a kolobediwe?
12 Ke eng se se thusitseng Korenelio gore a kolobediwe? Baebele e a re “o ne a obamela Modimo mmogo le lelapa lotlhe la gagwe.” Gape Korenelio o ne a nna a rapela Modimo ka tlhoafalo. (Dit. 10:2) Fa Petere a ne a mmolelela dikgang tse di molemo, ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba dumela mo go Jesu ba bo ba kolobediwa. (Dit. 10:47, 48) Ga go pelaelo gore Korenelio o ne a ikemiseditse go dira diphetogo dipe fela tse di neng di tlhokega gore a obamele Jehofa a na le ba lelapa la gagwe.—Josh. 24:15; Dit. 10:24, 33.
13. O ithuta eng mo go Korenelio?
13 Fela jaaka Saulo, Korenelio a ka bo a ile a letla gore go nna le maemo go mo thibele go nna Mokeresete. Mme ga a a ka a dira jalo. Fa e le gore o tshwanelwa ke go dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong gore o kolobediwe, itse gore Jehofa o tla go thusa. O tla go segofatsa fa e le gore o ikemiseditse go dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa gago gore o kgone go mo direla.
14. Se Tsuyoshi a ileng a se dira se go ruta eng?
14 Tsuyoshi wa kwa Japan o ile a tshwanelwa ke go dira diphetogo mo tirong ya gagwe gore a tshwanelege go kolobediwa. O ne a dira mmogo le motsamaisimogolo wa sekolo sa Ikenobo sa go rulaganya malômô. Motsamaisimogolo yoo o ne a tle a rulaganye malômô a a neng a dirisiwa mo meetlong ya diphitlho tsa Babuda. Fa a ne a sa kgone go ya diphitlhong tseo, gantsi Tsuyoshi ke ene a neng a ya a bo a dira meetlo ya Babuda. Mme gone, fa Tsuyoshi a sena go utlwa gore Baebele e a reng ka loso, o ile a lemoga gore go dira meetlo eo go ne go tla dira gore a se ka a tshwanelega go kolobediwa. Ka jalo, o ile a dira tshwetso ya gore a se ka a tlhola a dira meetlo eo ya Babuda. (2 Bakor. 6:15, 16) Gape Tsuyoshi o ile a ya go bua le motsamaisimogolo ka kgang eno. Se se itumedisang ke gore motsamaisimogolo yoo ga a a ka a mo leleka kwa tirong, go na le moo o ile a mo letla gore a tswelele a bereka mme a sa dire meetlo eo. Morago ga ngwaga Tsuyoshi a ithuta Baebele, o ile a kolobediwa. a Fa e le gore o tlhoka go tlogela tiro ka gonne o batla go itumedisa Jehofa, itse gore o tla naya wena le ba lelapa gago dilo tse lo di tlhokang.—Pes. 127:2; Math. 6:33.
BAKORINTHA BA ILE BA KOLOBEDIWA
15. Ke eng se se neng se ka dira gore Bakorintha ba se ka ba kolobediwa?
15 Batho ba ba neng ba nna kwa motseng wa Korintha wa bogologolo, ba ne ba rata dikhumo e bile ba dira boitsholo jo bo sa siamang. Bontsi jwa batho ba ba neng ba nna koo, ba ne ba dira dilo tse Modimo a neng a sa di amogele. Ga go pelaelo gore go nna mo lefelong leo go ne go ka bakela motho ope fela yo o amogelang dikgang tse di molemo mathata. Mme gone, fa moaposetoloi Paulo a ne a ya kwa motseng oo a bo a rera dikgang tse di molemo ka Keresete, “Bakorintha ba le bantsi ba ba neng ba utlwa dikgang tse di molemo ba ne ba simolola go dumela ba bo ba kolobediwa.” (Dit. 18:7-11) Go tswa foo, Jesu o ile a iponatsha kwa go Paulo mo ponatshegelong a bo a mo raya a re: “Ke na le batho ba le bantsi mo motseng ono.” Ka jalo, Paulo o ile a tswelela a rera mo motseng oo ngwaga le halofo.
16. Ke eng se se thusitseng Bakorintha bangwe gore ba kolobediwe? (2 Bakorintha 10:4, 5)
16 Ke eng se se thusitseng Bakorintha gore ba kolobediwe? (Bala 2 Bakorintha 10:4, 5.) Lefoko la Modimo le moya wa gagwe o o boitshepo di ile tsa ba thusa gore ba dire diphetogo mo botshelong. (Baheb. 4:12) Batho ba ba neng ba nna kwa Korintha ba ba ileng ba amogela dikgang tse di molemo ka Keresete, ba ile ba kgona go tlogela mekgwa e e sa siamang. Mekgwa eo e akaretsa botlhapelwa, bogodu le go tlhakanela dikobo le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone.—1 Bakor. 6:9-11. b
17. Se Bakorintha ba se dirileng se go ruta eng?
17 Ela tlhoko gore le fa Bakorintha bangwe ba ne ba tsene ka tlhogo mo mekgweng e e sa siamang, ga ba a ka ba akanya gore ga ba kitla ba kgona go e tlogela gore ba tshwanelege go kolobediwa. Ba ile ba dira ka natla gore ba tsamaye mo tseleng e e pitlaganeng e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng. (Math. 7:13, 14) A o dira ka natla gore o tlogele mokgwa mongwe o o sa siamang gore o tshwanelege go kolobediwa? O se ka wa latlhela seditse! Kopa Jehofa gore a go neye moya o o boitshepo gore o go thuse go lwantsha mokgwa oo o o sa siamang.
18. O ithuta eng mo go Monika?
18 Monika wa kwa Georgia, o ile a dira ka natla gore a tlogele puo e e leswe le boitlosobodutu jo bo sa siamang gore a tshwanelege go kolobediwa. O ne a re: “Fa ke sa le mosha, go rapela go ne go nnaya maatla. Jehofa o ne a itse gore ke batla go dira se se siameng. Ka metlha o ne a nthusa e bile a nkaela.” Monika o ile a kolobediwa a na le dingwaga di le 16. A go na le mekgwa mengwe e e sa siamang e o tshwanetseng go e tlogela gore o kgone go direla Jehofa ka tsela e a e amogelang? Tswelela o mo kopa gore a go neye maatla a go dira jalo. O tla go naya moya wa gagwe o o boitshepo ka bopelotshweu.—Joh. 3:34.
TUMELO YA GAGO E KA SUTISA DITHABA
19. Ke eng se se ka go thusang gore o fenye dikgwetlho tse di jaaka dithaba? (Bona le setshwantsho.)
19 Tlhomamisega gore Jehofa o a go rata le gore o batla gore o nne karolo ya lelapa la gagwe le fa go ka tswa go na le dilo tse di dirang gore go nne thata gore o kolobediwe. Jesu o ile a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa lo na le tumelo e e lekanang le tlhaka ya mosetara, lo tla raya thaba eno lo re, ‘Tswa fano o ye fale,’ mme e tla tswa, e bile lo tla kgona go dira sengwe le sengwe.” (Math. 17:20) Batho ba ba neng ba mo reeditse ka nako eo ba ne ba na le dingwaga di le mmalwa fela e le barutwa ba gagwe. Ka jalo, ba ne ba sa ntse ba tlhoka go nonotsha tumelo ya bone. Mme gone, Jesu o ile a ba tlhomamisetsa gore fa tumelo ya bone e nonofile, Jehofa o ne a tla ba thusa gore ba fenye dikgwetlho tse di jaaka dithaba. Le wena o tla go thusa!
Itse gore Jehofa o a go rata e bile o batla gore o nne karolo ya lelapa la gagwe (Bona serapa 19) c
20. Dikai tsa Bakeresete ba bogologolo le ba motlha wa rona tse re tlotlileng ka tsone, di go rotloetsa gore o dire eng?
20 Fa o lemoga gore go na le dikgwetlho dingwe tse di go thibelang go kolobediwa, dira sotlhe se o ka se kgonang go di fenya. Letla dikai tsa Bakeresete ba bogologolo le ba motlha wa rona gore di go kgothatse. E kete di ka go rotloetsa gore o ineele mo go Jehofa o bo o kolobediwe. Eo ke tshwetso e o se kitlang o e ikwatlhaela!
PINA 38 O Tla go Nonotsha
a Maitemogelo a ga Mokaulengwe Tsuyoshi Fujii, a mo makasineng wa Tsogang! wa August 8, 2005, ts. 28-31.
b Bona bidio ya setlhogo se se reng, ‘Ke ka Ntlha ya Eng o Diega go Kolobediwa?’ mo jw.org
c TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Bakaulengwe le bokgaitsadi ba amogela ba ba sa tswang go kolobediwa.