Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 11

PINA 57 Go Ipaakanyetsa Go ya Go Rera

Rera o Tlhagafetse Jaaka Jesu

Rera o Tlhagafetse Jaaka Jesu

“Morena o ne a . . . ba roma ka bobedi le bobedi kwa pele ga gagwe kwa motseng mongwe le mongwe le kwa lefelong lengwe le lengwe le a neng a tlile go ya kwa go lone.”​—LUKE 10:1.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tla tlotla ka ditsela di le nnê tse re ka etsang Jesu ka tsone gore re nne re tlhagafetse mo bodireding.

1. Re farologana ka eng le batho ba ba tsenang dikereke?

 BATLHANKA ba ga Jehofa ba rera dikgang tse di molemo ba tlhagafetse. Seo se dira gore re farologane le batho ba ba tsenang dikereke. (Tito 2:14) Mme gone, ka dinako dingwe go ka nna thata gore re itumelele go rera. Gongwe o ikutlwa ka tsela e mogolwane mongwe a neng a ikutlwa ka yone. O ne a re: “Ka dinako dingwe, ga ke na keletso ya go rera.”

2. Ke eng se se ka dirang gore re se ka ra itumelela go rera?

2 Re ka tswa re itumelela go dira ditiro dingwe mo tirong ya ga Jehofa go na le go rera dikgang tse di molemo. Goreng? Ka gonne fa re aga le go tlhokomela Diholo Tsa Bogosi e bile re thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ka nako ya masetlapelo kgotsa re ba kgothatsa, re kgona go bona diphelelo tsa seo ka bonako, e bile seo se dira gore re itumele. Re bereka monate le bakaulengwe le bokgaitsadi e bile re bontshana lorato. Re a itse gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba lebogela se re ba direlang sone. Mme gone, re ka tswa re sa itumelele go rera ka gonne re feditse dingwaga di le dintsi re rera mo lefelong le le lengwe mme re fitlhela batho ba le mmalwa fela ba ba reetsang molaetsa wa rona kgotsa ba ba sa batleng go o reetsa gotlhelele. Gape re a itse gore fa lefatshe leno le ntse le ya bokhutlong, re tlile go ganediwa le go feta. (Math. 10:22) Ke eng se se ka re thusang gore re nne re tlhagafetse mo tirong ya go rera?

3. Re ithuta eng ka Jesu mo setshwantshong se a ileng a tlotla ka sone mo go Luke 13:6-9?

3 Go sekaseka se Jesu a ileng a se dira, go ka re thusa go nna re tlhagafetse mo tirong ya go rera. Fa a ne a le mo lefatsheng, ga a a ka a emisa go rerela batho. Tota e bile fa nako e ntse e ya, o ile a dira mo go oketsegileng mo bodireding. (Bala Luke 13:6-9.) Mo setshwantshong se a ileng a tlotla ka sone, o ile a bapisa tiro e a neng a e dira le ya motho yo o tlhokomelang tshimo ya morara. Motho yoo o ile a dira ka natla mo dingwageng di le tharo go tlhokomela setlhare sa mofeige. Le fa go ntse jalo, ga se a ka sa ntsha maungo. Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ile a fetsa dingwaga di le tharo a rerela Bajuda, mme bontsi jwa bone ga ba a ka ba nna barutwa ba gagwe. Mo godimo ga moo, fela jaaka motho yoo a ile a tswelela a solofetse gore setlhare seo se tla ntsha maungo, Jesu le ene o ile a tswelela a ba rerela. Ga a a ka a goga dinao mo tirong ya go rera, go na le moo o ile a dira ka natla gore a ba thuse go amogela dikgang tse di molemo.

4. Ke dilo dife tse nnê tse re tla di ithutang mo go Jesu?

4 Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka tsela e Jesu a ileng a bontsha ka yone gore o tlhagafetse mo bodireding, segolobogolo mo dikgweding tsa gagwe tse thataro tsa bofelo. Go ithuta ka se a ileng a se ruta le go mo etsa, go tla re thusa gore re nne re tlhagafetse mo bodireding. A re tlotleng ka dilo tse nnê tse Jesu a ileng a di dira: (1) O ne a nna a akantse ka se Jehofa a se batlang, (2) o ne a tlhaloganya boporofeti, (3) o ne a ikaega ka Jehofa, le (4) o ne a tshepa gore batho ba tla mo reetsa.

O NE A NNA A AKANTSE KA SE JEHOFA A SE BATLANG

5. Jesu o ile a bontsha jang gore o nna a akantse ka se Jehofa a se batlang?

5 Jesu o ne a rera “dikgang tse di molemo tsa Bogosi” ka matlhagatlhaga ka gonne o ne a itse gore eo ke tiro e Jehofa a neng a batla gore a e dire. (Luke 4:43) Tiro eo e ne e le botlhokwa thata mo go ene. Tota le fa a tloga a wetsa bodiredi jwa gagwe, o ne a tsamaya “a tsena mo metseng le mo metsaneng ka go latelana” a ruta batho. (Luke 13:22) Gape o ne a katisa barutwa ba bangwe gore ba rere dikgang tse di molemo.​—Luke 10:1.

6. Ditiro tse dingwe tse di dirwang mo tirelong ya ga Jehofa di tshegetsa jang tiro ya go rera? (Bona le setshwantsho.)

6 Go rera dikgang tse di molemo e sa ntse e le tiro ya botlhokwa thata e Jehofa le Jesu ba batlang gore re e dire. (Math. 24:14; 28:19, 20) Ditiro tse dingwe tse di dirwang mo tirelong ya ga Jehofa, di ema tiro ya go rera nôkeng. Ka sekai, re aga Diholo Tsa Bogosi gore batho ba re ba rerelang ba kgone go obamela Jehofa mo go tsone. Gape re bereka kwa Bethele le kwa mafelong a mangwe a kobamelo gore re kgone go ema tiro ya go rera nôkeng. Fa go nna le masetlapelo a tlholego, re tlhomamisa gore re thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ka dilo tse ba di tlhokang gore ba kgone go ya kwa Holong ya Bogosi le go boa ba rera gape. Fa re lemoga gore tiro ya go rera ke yone e e botlhokwa thata e bile re nna re gopotse gore ke tiro e Jehofa a batlang gore re e dire, re tla tlhotlheletsega go rera ka metlha. Mogolwane mongwe wa kwa Hungary yo o bidiwang János a re: “Ke nna ke ikgopotsa gore ditiro tse dingwe tse di dirwang mo tirelong ya ga Jehofa di ka se emisetse tiro ya go rera. Ke yone tiro e Jehofa a batlang gore re e dire.”

Go rera dikgang tse di molemo ke tiro ya botlhokwa thata e Jehofa le Jesu ba batlang gore re e dire (Bona serapa 6)


7. Goreng Jehofa a batla gore re tswelele re rera? (1 Timotheo 2:3, 4)

7 Re ka rera re le matlhagatlhaga fa re leba batho ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone. O batla gore batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone ba itse boammaaruri le gore ba mo direle. (Bala 1 Timotheo 2:3, 4.) Jehofa o re thusa go tokafatsa tsela e re rerelang batho ka yone ka gonne molaetsa ono o boloka matshelo. Ka sekai, boroutšhara jwa Rata Batho​—Dira Barutwa bo re naya dikakantsho tse re ka di dirisang go simolola motlotlo gore re dire batho barutwa. Le fa gone ba sa amogele molaetsa o re ba bolelelang one gone jaanong, ba ka nna ba fetola mogopolo pele ga pitlagano e kgolo e fela. Mo nakong e e tlang, ba ka gopola se re ba boleletseng sone ba bo ba simolola go direla Jehofa. Mme gore ba gopole, re tshwanetse go ba rerela.

O NE A TLHALOGANYA BOPOROFETI JWA BAEBELE

8. Go tlhaloganya boporofeti jwa Baebele go ile ga thusa Jesu jang gore a dirise nako ya gagwe sentle?

8 Jesu o ne a tlhaloganya gore boporofeti jo bo mo Baebeleng bo ne bo tlile go diragadiwa jang. O ne a itse gore bodiredi jwa gagwe bo ne bo tlile go tsaya dingwaga di le tharo le halofo. (Dan. 9:26, 27) Gape o ne a itse gore boporofeti bo ne bo tlhalosa gore o tlile go swa leng le gore o tlile go bolawa jang. (Luke 18:31-34) Jesu o ile a dirisa nako ya gagwe sentle ka gonne o ne a itse se se boleletsweng pele. Seo se ile sa mo thusa gore a rere a le matlhagatlhaga gore a wetse tiro e a neng a e neilwe.

9. Goreng go tlhaloganya boporofeti jwa Baebele go re thusa gore re rere re le matlhagatlhaga?

9 Tsela e re tlhaloganyang boporofeti ka yone e ka re thusa gore re rere re tlhagafetse. Re a itse gore go ise go ye kae, lefatshe leno le tlile go fedisiwa. Baebele e boleletse pele gore batho ba tla itshwara jang mo malatsing a bofelo le gore go tla direga eng ka nako eo. Mme re a lemoga gore boporofeti joo bo a direga. Gape Baebele e ile ya bolelela pele gore kgosi ya borwa le kgosi ya bokone di ne di tla lwantshana “mo motlheng wa bokhutlo.” (Dan. 11:40) Dikgosi tseo ke Mmusomogolo wa Maesemane le Maamerika le Russia mmogo le dipuso tse di di emang nôkeng. Gape re a itse gore dinao tsa setshwantsho se se tlhalosiwang mo go Daniele 2:43-45 di emela Mmusomogolo wa Maesemane le Maamerika. Jaaka re bone mo boporofeting, re tlhatswegile pelo gore mo nakong e e sa fediseng pelo Bogosi Jwa Modimo bo tla fedisa dipuso tsa batho. Boporofeti jono bo bontsha gore re tshela mo metlheng ya bofelo e bile bo re rotloetsa gore re rere re le matlhagatlhaga.

10. Boporofeti jwa Baebele bo ka go thusa jang gore o rere o le matlhagatlhaga?

10 Gape boporofeti jwa Baebele bo na le molaetsa o re batlang go o bolelela batho ba bangwe. Kgaitsadi Carrie yo o direlang kwa Dominican Republic a re: “Dilo tse Jehofa a solofetsang gore o tla re direla tsone mo nakong e e tlang di nthotloetsa gore ke di bolelele batho ba bangwe. Fa ke bona mathata a ba lebanang le one, ke a lemoga gore le bone ditsholofetso tseo di ka ba tswela mosola.” Boporofeti jwa Baebele bo re bontsha gore Jehofa o re thusa go dira tiro ya go rera, e bile seo se re rotloetsa gore re tswelele re e dira. Leila yo o nnang kwa Hungary a re: “Isaia 11:6-9 e nthotloetsa gore ke bolelele batho ba bangwe dikgang tse di molemo, tota le fa go lebega e kete ba ka se di amogele. Ke a itse gore Jehofa a ka thusa ope fela gore a fetoge.” Mokaulengwe Christopher wa kwa Zambia a re: “Mareko 13:10 e boleletse pele gore dikgang tse di molemo di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe, ka jalo ke batla go thusa gore boporofeti jono bo diragale.” Ke boporofeti bofe jo bo go rotloetsang gore o rere?

O NE A IKAEGA KA JEHOFA

11. Goreng Jesu a ne a tlhoka go ikaega ka Jehofa gore a tswelele a rera a le matlhagatlhaga? (Luke 12:49, 53)

11 Jesu o ne a ikaega ka Jehofa gore a mo thuse go tswelela a rera a le matlhagatlhaga. O ne a tlhopha mafoko fa a rerela batho ba bangwe, e bile o ne a itse gore molaetsa wa Bogosi o ne o tla galefisa batho bangwe le gore batho ba le bantsi ba ne ba tla o ganetsa. (Bala Luke 12:49, 53.) Gangwe le gape baeteledipele ba bodumedi ba ne ba leka go mmolaya ka gonne a ne a rera. (Joh. 8:59; 10:31, 39) Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a tswelela a rera ka gonne a itse gore Jehofa o ne a na le ene. O ne a re: “Ga ke nosi, mme Rara yo o nthomileng o na le nna. . . . Ga a ka a ntlogela ke le nosi, ka gonne ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang.”​—Joh. 8:16, 29.

12. Jesu o ile a thusa barutwa ba gagwe jang gore ba ipaakanyetse go tswelela ba rera le fa ba bogisiwa?

12 Jesu o ile a gopotsa barutwa ba gagwe gore ba ikaege ka Jehofa gore a ba eme nôkeng. Gangwe le gape o ne a ba tlhomamisetsa gore Jehofa o tla ba thusa tota le fa ba bogisiwa. (Math. 10:18-20; Luke 12:11, 12) O ile a ba kgothaletsa gore ba nne botlhajana. (Math. 10:16; Luke 10:3) Gape o ile a ba laela gore ba se ka ba pateletsa batho ba bangwe go reetsa molaetsa wa bone. (Luke 10:10, 11) Mo godimo ga moo, o ile a ba bolelela gore ba tshabe fa ba bogisiwa. (Math. 10:23) Le fa Jesu a ne a rera a tlhagafetse e bile a tshepa Jehofa, o ne a sa itsenye mo kotsing go sa tlhokege.​—Joh. 11:53, 54.

13. Ke eng se se go tlhomamisetsang gore Jehofa o tla go thusa?

13 Le rona re tlhoka gore Jehofa a re thuse gore re tswelele re rera le fa re bogisiwa. (Tshen. 12:17) Ke eng se se go tlhomamisetsang gore Jehofa o tla go ema nôkeng? Mo go Johane kgaolo 17, Jesu o ile a rapela Jehofa a mo kopa gore a tlhokomele baaposetoloi ba gagwe. Jehofa o ile a araba thapelo eo. Pego e e mo bukeng ya Ditiro, e re bontsha kafa Jehofa a ileng a thusa baaposetoloi ka gone gore ba tswelele ba rera le fa ba bogisiwa. Gape Jesu o ile a kopa Jehofa gore a tlhokomele batho ba ba neng ba tla amogela molaetsa o baaposetoloi ba neng ba ba rerela one. Le wena o mongwe wa batho bao. Jehofa o sa ntse a araba thapelo ya ga Jesu, ka jalo o tla go thusa jaaka a ile a thusa baaposetoloi.​—Joh. 17:11, 15, 20.

14. Re itse jang gore re tla kgona go tswelela re rera re le matlhagatlhaga le fa go le thata? (Bona le setshwantsho.)

14 Fa bokhutlo bo ntse bo atamela, go ka nna thata le go feta gore re rere dikgang tse di molemo re le matlhagatlhaga. Mme gone, Jesu o re tlhomamisetsa gore o tla re ema nôkeng. (Luke 21:12-15) Fela jaaka Jesu le barutwa ba gagwe, re letla batho gore ba dire tshwetso ya gore a ba tla reetsa molaetsa wa rona kgotsa nnyaa e bile ga re ngangisane le bone. Tota le fa tiro ya rona e thibetswe, bakaulengwe le bokgaitsadi ba tswelela ba rera dikgang tse di molemo ka gonne ba ikaega ka Jehofa e seng ka maatla a bone. Jehofa o ile a naya batlhanka ba gagwe ba bogologolo maatla, ka jalo le rona o tla re ‘naya maatla, gore re kgone go rera ka botlalo’ jaaka a batla. (2 Tim. 4:17) Tlhomamisega gore fa o ikaega ka Jehofa, o tla kgona go tswelela o rera o le matlhagatlhaga.

Tota le fa tiro ya rona e thibetswe, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rera ka botlhale (Bona serapa 14) a


O NE A TSHEPA GORE BATHO BA TLA MO REETSA

15. Ke eng se se bontshang gore Jesu o ne a tshepa gore batho ba ne ba tla reetsa molaetsa wa Bogosi?

15 Jesu o ne a tshepa gore batho ba ne ba tla reetsa molaetsa wa dikgang tse di molemo. Seo se ile sa mo thusa gore a nne a itumetse le gore a tswelele a rera. Ka sekai, ngwaga morago ga gore a simolole go rera, o ile a lemoga gore batho ba le bantsi ba ne ba ikemiseditse go reetsa molaetsa wa Bogosi e bile o ile a ba tshwantsha le masimo a a neng a siametse go robiwa. (Joh. 4:35) Mo e ka nnang ngwaga morago ga moo, o ile a raya barutwa ba gagwe a re: “Thobo e kgolo.” (Math. 9:37, 38) Moragonyana o ile a boeletsa mafoko ao. O ne a re: “Thobo e kgolo . . . Kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Luke 10:2) Jesu o ne a sa tlhoboge batho. O ne a tshepa gore ba ne ba tla reetsa molaetsa wa dikgang tse di molemo e bile o ne a itumela fa ba ne ba dira jalo.​—Luke 10:21.

16. Ditshwantsho tsa ga Jesu di re thusa jang gore re rere dikgang tse di molemo re le matlhagatlhaga? (Luke 13:18-21) (Bona le setshwantsho.)

16 Jesu o ile a thusa barutwa ba gagwe gore ba tswelele ba rera ba le matlhagatlhaga ka go ba ruta gore molaetsa o ba neng ba o rera, o ne o tla nna le diphelelo tse di kgatlhang. Ka sekai, o ile a dirisa ditshwantsho tse pedi. (Bala Luke 13:18-21.) Mo setshwantshong se sengwe, Jesu o ile a tshwantsha molaetsa wa Bogosi le tlhaka ya mosetara e e neng e tla gola gore e nne setlhare. Seo se ne se raya gore batho ba le bantsi ba ne ba tla amogela dikgang tse di molemo le gore go ne go se na sepe se se neng se ka thibela koketsego. Mo setshwantshong se sengwe, o ne a tshwantsha molaetsa wa Bogosi le sebediso. Seo se ne se raya gore molaetsa wa Bogosi o ne o tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le gore o ne o tla thusa batho gore ba dire diphetogo mo botshelong, le fa gone diphetogo tseo di ne di ka se ka tsa bonala ka yone nako eo. Ka jalo, Jesu o ne a thusa barutwa ba gagwe gore ba lemoge gore molaetsa o ba neng ba o rera, o ne o tla thusa batho ba le bantsi.

Fela jaaka Jesu, re a tshepa gore bangwe ba tla reetsa molaetsa wa dikgang tse di molemo (Bona serapa 16)


17. Goreng re sa tshwanela go tlhoboga batho?

17 Go akanya kafa dikgang tse di molemo di thusang batho ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe ka gone, go re tlhotlheletsa gore re tswelele re rera. Ngwaga le ngwaga, batho ba le dimilione ba ba kgatlhegang ba nna gone kwa Segopotsong e bile ba ithuta Baebele le rona. Ba le diketekete ba a kolobediwa e bile ba tswelela ba rera le rona. Ga re itse gore ke batho ba le bakae ba ba sa ntseng ba tla reetsa molaetsa wa dikgang tse di molemo. Mme gone, re a itse gore Jehofa o phutha ba boidiidi jo bogolo ba ba tla falolang pitlagano e kgolo. (Tshen. 7:9, 14) E re ka Jehofa e le Mong wa thobo, o a itse gore batho ba le bantsi ba sa ntse ba tla amogela dikgang tse di molemo. Ka jalo, re tla tswelela re rera.

18. Re batla gore batho ba bangwe ba lemoge eng?

18 Barutwa ba ga Jesu ga ba bolo go itsege ka go rera dikgang tse di molemo ba le matlhagatlhaga. Ka sekai, fa baaposetoloi ba ne ba rera ka matlhagatlhaga e bile ba le pelokgale, batho “ba ne ba lemoga gore ba kile ba bo ba na le Jesu.” (Dit. 4:13) Le rona re batla go rera dikgang tse di molemo re le matlhagatlhaga e bile re le pelokgale. Seo se tla dira gore batho ba lemoge gore re etsa Jesu.

PINA 58 Go Senka Ditsala Tsa Kagiso

a TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe o rerela monna mongwe ka botlhale kwa go tshelwang peterolo gone.