KAKANTSHO YA GO ITHUTA
Dirisa Baebele Jaaka Seipone
Morutwa Jakobe o ile a tshwantsha Baebele le seipone. E re thusa go bona se re leng sone mo teng. (Jak. 1:22-25) Re ka dirisa Baebele jang jaaka seipone?
E bale ka kelotlhoko. Fa re iteba ka bonako fela mo seiponeng, re ka nna ra se ka ra bona se re tshwanetseng go se baakanya. Ka tsela e e tshwanang, fa re bala Baebele re le mo lobelong, re ka nna ra se ka ra bona gore re tshwanetse go dira diphetogo fa kae. Ka jalo, re tshwanetse go bala Baebele ka kelotlhoko.
Itebe, mme o se ka wa leba ba bangwe. Ka dinako dingwe fa re itebile mo seiponeng, re ka kgona go bona le batho ba bangwe, e bile re ka tlhoma mogopolo mo dilong tse ba tshwanetseng go di baakanya. Ka tsela e e tshwanang, fa re bala Baebele re ka nna ra akanya ka dilo tse ba bangwe ba tshwanetseng go di tokafatsa. Mme seo se ka se re thuse go baakanya dilo tse re tlhokang go di baakanya.
O se ka wa feteletsa dilo. Fa re iteba mo seiponeng re bo re bona fela diphoso tse re tshwanetseng go di baakanya, seo se ka re kgoba marapo. Ka jalo fa re bala Lefoko la Modimo, ga re a tshwanela go akanya gore Jehofa o batla gore re dire dilo tse re ka se kgoneng go di dira.—Jak. 3:17.