Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa go Kgaola e le Thulaganyo e e Lorato

Ke ka Ntlha Yang fa go Kgaola e le Thulaganyo e e Lorato

JULIAN o gopola kafa a neng a ikutlwa ka gone fa a utlwa go dirwa kitsiso ya gore morwawe ga e tlhole e le Mosupi wa ga Jehofa. A re: “E ne e kete go fedile ka nna. E ne e le leitibolo la me e bile re atamalane thata; re ne re le monwana le lonala.” Julian a re morwawe o ne a ntse a itshwere sentle mme o ne a fetoga a simolola go dira dilo tse di sa siamang. Mogatse Julian o ne a sa fetse go lela mme Julian a sa itse gore a ka mo reng. Julian a re: “Nna le mogatsake re ne re tle re ipotse gore re fositse kae jaaka batsadi.”

Baebele ya re motho o kgaolwa fa go rileng? Mme e re ka seno se utlwisa botlhoko thata jaana, ke ka ntlha yang fa re re go kgaola ke thulaganyo e e lorato?

MABAKA A A DIRANG GORE MOTHO A KGAOLWE

Fa Mosupi wa ga Jehofa a dira boleo jo bo masisi mme a bo a sa ikwatlhaye, o a kgaolwa.

Jehofa o a itse gore ga re a itekanela mme o lebeletse gore rona batlhanka ba gagwe re ikobele melao ya gagwe le go tswelela re le boitshepo. Ka sekai, Jehofa o laela batlhanka ba gagwe gore ba tile maleo a a masisi a a jaaka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, kobamelo ya medingwana, bogodu, go tsaya ka dikgoka, go bolaya le tirisabadimo.—1 Bakorintha 6:9, 10; Tshenolo 21:8.

Jehofa o a itse gore re kgona go tila dilo tseno e bile go dira jalo go tla re sireletsa. Ka sekai, rotlhe re batla go tshela le batho ba ba ratang kagiso, ba ba itshwereng sentle le ba ba ikanyegang mme batho ba ba ntseng jalo re ba bona mo phuthegong ya Bokeresete. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshela jalo? Ka gonne ba ineetse mo go Jehofa e bile ba ile ba mo solofetsa gore ba tla tshela ka melao ya gagwe e e mo Baebeleng.

Mme go tweng fa Mokeresete a na le bokoa bongwe mme a bo a dira boleo jo bo masisi? Seno se ile sa direga mo nakong e e fetileng mme Jehofa ga a ka a kgaogana gotlhelele le batlhanka bao ba gagwe. Ka sekai, le fa Kgosi Dafide a ne a akafala le go bolaya, moporofeti Nathane o ne a mmolelela gore Jehofa o mo itshwaretse.—2 Samuele 12:13.

Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a itshwarela Dafide? Ka gonne Jehofa o ne a kgona go lemoga gore tota Dafide o ikwatlhaile. (Pesalema 32:1-5) Le gompieno go ntse fela jalo, fa motho a leofile o a itshwarelwa fa fela a ikwatlhaya mme a bo a tlogela go dira se se bosula. (Ditiro 3:19; 26:20) Fa bagolwane ba komiti ya boatlhodi ba lemoga gore motho yono ga a ikwatlhae le e seng, ba tshwanetse go mo kgaola.

Fa mongwe mo lelapeng kgotsa tsala ya gago e kgaotswe, go ka nna thata gore o amogele tshwetso eo mme o ka nna le maikutlo a gore bagolwane ba ne ba le setlhogo. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le re bontsha sentle gore go kgaola ke thulaganyo e e lorato.

MELEMO YA GO KGAOLA MOTHO

Jesu o ne a re “botlhale bo supiwa bo siame ke diphelelo tsa jone.” (Mathaio 11:19, ntlha e e kwa tlase mo NW) Mma re sekaseke mabaka a le mararo a go bo e le tshwetso e e botlhale go kgaola motho yo o sa ikwatlhayeng.

Go kgaola go sireletsa leina la ga Jehofa gore le se ka la kgobiwa. Se re se dirang se ka dira gore leina la ga Jehofa le bakwe kgotsa le kgobiwe ka gonne re batho ba ba emelang leina la gagwe. (Isaia 43:10) Fela jaaka boitshwaro jwa ngwana bo ka dira gore batsadi ba gagwe ba bakwe kgotsa ba kgobiwe, tsela e rona batlhanka ba ga Jehofa re itshwarang ka yone e ka dira gore Jehofa a bakwe kgotsa a kgobiwe. Mo motlheng wa ga Esekiele, batho ba ditšhaba tse dingwe ba ne ba amanya Bajuda le leina la ga Jehofa. (Esekiele 36:19-23) Go ntse fela jalo le gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba amanngwa le leina la Modimo. Ka jalo, fa re ikobela melao ya ga Jehofa, re dira gore a galalediwe.

Moaposetoloi Petere o ne a gakolola Bakeresete a re: “Jaaka bana ba ba utlwang, tlogelang go bopega go ya ka dikeletso tse pele lo neng lo na le tsone mo go tlhokeng kitso ga lona, mme, tumalanong le Moitshepi yo o neng a lo bitsa, le lona ka bolona nnang boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa lona, ka gonne go kwadilwe ga twe: ‘Lo nne boitshepo, ka gonne nna ke boitshepo.’” (1 Petere 1:14-16) Ka sekai, fa re wela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, re dira gore leina la Modimo le kgobiwe. Mme fa re le phepa mo boitsholong, re dira gore leina la ga Jehofa le galalediwe.

Fa Mosupi wa ga Jehofa a dira sengwe se se sa siamang, batho ba ba mo itseng ba ka nna ba lemoga se a se dirang. Ka jalo, fa ba utlwa gore ga e tlhole e le Mosupi wa ga Jehofa, ba tla lemoga gore batho ba ga Jehofa ba ikobela se Baebele e se buang mme ba boloka phuthego e le phepa. Ka sekai, monna mongwe o ne a tla dipokanong kwa Switzerland mme a re o batla go nna Mosupi wa ga Jehofa. Kgaitsadie o ne a kgaotswe ka ntlha ya boitsholo jo bo sa siamang mme jaanong o ne a batla go tsena kereke e e sa “amogeleng dilo tse di sa siamang.”

Go kgaola go boloka phuthego e le phepa. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakorintha malebana le kotsi ya go tlogela motho yo o sa ikwatlhaeng gore a tswelele a le mo phuthegong. O ne a tshwantsha tlhotlheletso e e bosula e a tla nnang le yone mo go ba bangwe le sebediso se se bedisang bupi. Paulo a re: “Sebediso se sennye se bedisa bupi jotlhe jo bo dubilweng.” Go tswa foo, a ba gakolola a re: “Tlosang motho yo o boikepo mo gare ga lona.”—1 Bakorintha 5:6, 11-13.

‘Motho yoo yo o boikepo’ o ne a dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo mme go se tsapa le le mo fisang pelo. Ba bangwe mo phuthegong ba ne ba simolola go mo direla diipato ka ntlha ya boitshwaro jwa gagwe. (1 Bakorintha 5:1, 2) Seno se ne se le kotsi ka gonne boitsholo jo bo sa siamang bo ne bo tletse gotlhe fela mo Korintha. Le gompieno, fa phuthego e itlhokomolosa boleo jo bo masisi, seno se ka nna sa dira gore ba bangwe ba simolole go nyatsa melao ya ga Jehofa. (Moreri 8:11) Fela jaaka “mafika a a fitlhegileng kwa tlase ga metsi” a ka dira gore sekepe se thubege, baleofi ba ba sa ikwatlhayeng ba ka senya tumelo ya ba bangwe mo phuthegong.—Jude 4, 12.

Go kgaola go ka nna ga dira gore moleofi a lemoge gore o phoso. Jesu o ne a dira sekai sa lekawana le le neng la tswa mo ntlong ya rraalone mme la ya go ja boswa jwa lone ka bofafalele ka go tshela botshelo jo bo repileng. Kgabagare lekawana leno le ne la lemoga gore botshelo ga bo jaaka le ne le akantse. Ka jalo, le ne la ikwatlhaya mme la boela gae. Rre yono o ne a itumela thata fa a bona gore morwawe o ne a fetogile mme a mo amogela gape mo lelapeng la gagwe. (Luke 15:11-24) Setshwantsho seno se re thusa go tlhaloganya kafa Jehofa a ikutlwang ka teng fa motho a ikwatlhaya. Jehofa a re: “Ke natefelelwa, e seng ke loso lwa moikepi, mme ke gore motho yo o boikepo a boe mo tseleng ya gagwe mme a tswelele a tshela.”—Esekiele 33:11.

Phuthego ya Bokeresete ke lelapa la rona la semoya. Fa motho a kgaolwa, ga e tlhole e le karolo ya lelapa leno. Fa motho yoo a sena go bona diphelelo tse di botlhoko tsa boitshwaro jwa gagwe, a ka nna a lemoga gore o dirile phoso mme a gopole tsela e a neng a itumetse ka yone fa a ne a na le kamano e e molemo le Jehofa le phuthego. Seno se ka nna sa mo tlhotlheletsa gore a boele mo lelapeng la gagwe la semoya.

Fa re batla go thusa motho yo o kgaotsweng gore a boele mo phuthegong, re tshwanetse go mmontsha gore re a mo rata ka go ema nokeng tshwetso e e dirilweng ke phuthego. Ka sekai, akanya ka banna ba babedi ba ba tsamayang ka dinao go tsaya loeto lo loleele mo marigeng a a tsididi thata, ba bo ba timela mme ba letetse go tla go falodiwa. E re ka go le tsididi thata, yo mongwe wa bone o tsenwa ke letsapa a bo a leka go robala. Mme fa a ka robala mo serameng seo, o tla swa. Tsala ya gagwe e mo faphola mo sefatlhegong gore a se ka a robala. Le fa go le botlhoko, o a mo thusa gore a se ka swa. Dafide o ne a akantshe ka se se tshwanang fa a ne a re: “Fa mosiami a ka ntitaya, e tla bo e le bopelonomi jwa lorato.” (Pesalema 141:5) Dafide o ne a lemoga gore le fa kgalemelo e le botlhoko, e tla mo thusa.

Fela jaaka go fapholwa, gantsi go kgaolwa ke gone go thusang motho gore a boele mo go Jehofa. Morwawe Julian yo re buileng ka ene kwa tshimologong, o ne a fetola botshelo jwa gagwe mme a busediwa mo phuthegong morago ga dingwaga di le lesome a kgaotswe. Gone jaanong morwawe ke mogolwane mo phuthegong. A re: “Go kgaolwa go ne ga dira gore ke bone diphelelo tse di botlhoko tsa se ke se dirileng. Ke ne ke tlhoka go kgalemelwa.”—Bahebera 12:7-11.

RE KA BONTSHA JANG GORE RE RATA BATHO BA BA KGAOTSWENG

Re utlwa botlhoko fa mongwe a kgaolwa. Mme ga go reye gore ga a kitla a boela mo go Jehofa. Go botlhokwa thata gore rotlhe re letle kgalemo e dire tiro ya yone. Re ka dira seo jang?

Go na le matsapa a a dirwang go thusa batho ba ba ikwatlhayang gore ba boele kwa go Jehofa

Ka dinako tsotlhe bagolwane ba leka go etsa Jehofa segolobogolo fa ba tshwanelwa ke go bolelela motho gore ga e tlhole e le Mosupi wa ga Jehofa. Ba mo tlhalosetsa sentle gore ke eng se a tshwanetseng go se dira gore a boele mo go Jehofa le go boa a nna karolo ya phuthego gape. Fa motho yo o kgaotsweng a bontsha gore o batla go busediwa mo phuthegong, bagolwane ba ka nna ba mo etela gangwe le gape go mo gopotsa se a tshwanetseng go se dira gore a boele mo go Jehofa. *—Bona ntlha e e kwa tlase.

Ba lelapa ba bontsha gore ba rata phuthego le motho yo o kgaotsweng fa ba ema nokeng tshwetso e e dirilweng ke bagolwane. Julian a re, “Ke morwaake mme gone ke ene a tsentseng legora fa gare ga me le ene.”

Botlhe mo phuthegong ba ka bontsha gore tota ba rata motho yo o kgaotsweng ka go amogela kotlhao ya ga Jehofa. Seno se raya gore ba kgaogane le ene le e leng go emisa go bua le ene. (1 Bakorintha 5:11; 2 Johane 10, 11) Gape phuthego e tshwanetse go bontsha ba lelapa la motho yoo gore ba a ba rata fela thata ka gonne se se diragetseng se ba utlwisitse botlhoko tota. Le ka motlha ga re a tshwanela go ba dira gore ba ikutlwe e kete le bone ga ba tlhole ba le karolo ya phuthego.—Baroma 12:13, 15.

Julian a re: “Go kgaola ke thulaganyo e re e tlhokang e e re thusang gore re tshele ka melao ya ga Jehofa. Le fa e le botlhoko, fa nako e ntse e ya, e a thusa. Fa ke ne ke ka bo ke ile ka tlodisa matlho boitshwaro jo bo sa siamang jwa morwaake, o ka bo a sa boa gotlhelele.”

^ ser. 24 Bona Tora ya Tebelo ya April 15, 1991, tsebe 21-23.