Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGANG YA BOTSHELO

Tirelo ya Nako e e Tletseng Gaufi le Arctic Circle

Tirelo ya Nako e e Tletseng Gaufi le Arctic Circle

“Go motlhofo gore wena o nne mmulatsela. Batsadi ba gago boobabedi ba mo boammaaruring mme ba ka kgona go go ema nokeng.” Ano ke mafoko a re neng ra a bolelela tsala ya rona e e neng e le mo tirelong ya nako e e tletseng. O ne a re araba jaana: “Mma ke lo boleleleng! Rotlhe re na le Rre a le mongwe.” Karabo ya gagwe e ne ya re ruta sengwe sa botlhokwa: Rraarona yo o kwa legodimong o tlhokomela batlhanka ba gagwe le go ba nonotsha. Eleruri, dilo tse di re diragaletseng mo botshelong di re bontshitse gore seno se boammaaruri.

 RE TSHOLETSWE mo lelapeng la bana ba le lesome kwa polasing kwa Northern Ostrobothnia, kwa Finland. Re ne re sa ntse re le bannye thata ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya II. Le fa kwa re neng re nna gone go ne go le kgakala le kwa ntwa e neng e fagile gone, tsela e batho ba neng ba boga ka yone e ne ya re utlwisa botlhoko fela thata. Fa ditoropo tse di gaufi tsa Oulu le Kalajoki di ne di phamphololwa ka dibomo, re ne ra bona loapi lo le lohibidu. Batsadi ba rona ba ne ba re laela gore re iphitlhe ka bonako fa re bona difofane tsa ntwa. Ka jalo, fa kgaitsadiarona e bong Tauno a ne a re bolelela ka lefatshe la paradaise le go se nang tshiamololo mo go lone, seno se ne sa re ama pelo.

Tauno o ne a ithuta boammaaruri fa a ne a le dingwaga di le 14 mo dikgatisong tsa Baithuti ba Baebele. Fa Ntwa ya Lefatshe ya II, e ne e runya, o ne a gana go nna lesole ka ntlha ya segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ke Baebele mme o ne a tsenngwa mo kgolegelong. Fa a le koo, o ne a tshwarwa setlhogo. Seo se ne sa dira gore a ikemisetse le go feta go direla Jehofa, mme fa a sena go gololwa, o ne a tlhagafala thata mo bodireding. Sekao se se molemo sa kgaitsadiarona se ne sa re tlhotlheletsa gore re ye kwa dipokanong tse Basupi ba neng ba di tshwarela kwa motseng o o gaufi le wa rona. Gape re ne re ya dikopanong le fa re ne re tshwanelwa ke go leka ka natla go boloka madi a loeto. Re ne re rokela baagelani diaparo, re jala dieie e bile re kgetlha meretlwa. E re ka re ne re na le tiro e ntsi kwa polasing, gantsi re ne re sa kgone go ya kopanong rotlhe, ka jalo, re ne re refosana.

Go tswa ka fa molemeng: Matti (rre), Tauno, Saimi, Maria Emilia (mmè), Väinö (ngwana), Aili le Annikki ka 1935

Boammaaruri jo re bo ithutileng ka Jehofa le ka maikaelelo a gagwe bo ne jwa dira gore re mo rate thata mme re ne ra dira tshwetso ya go ineela mo go ene. Ka 1947, roobabedi re ne ra bontsha boineelo jwa rona ka go kolobediwa—Annikki o ne a le dingwaga di le 15 mme Aili o ne a le dingwaga di le 17. Mogoloarona e bong Saimi o ne a kolobediwa mo go one ngwaga oo. Gape re ne ra ithuta Baebele le mogoloarona yo mongwe e bong Linnea, yo o neng a setse a nyetswe. Linnea le ba lelapa la gagwe, le bone ba ne ba nna Basupi ba ga Jehofa. Fa re sena go kolobediwa re ne ra ipeela mokgele wa go tsaya bobulatsela, gangwe le gape re nna babulatsela ba nakwana (kgotsa ba ba thusang).

GO TSENELA TIRELO YA NAKO E E TLETSENG

Go tswa ka fa molemeng: Eeva Kallio, Saimi Mattila-Syrjälä, Aili, Annikki le Saara Noponen ka 1949

Ka 1955, re ne ra fudugela kwa Kemi, toropo e e kwa kgakala kwa bokone. Roobabedi re ne re bereka ka metlha, mme gone re ne re batla go nna babulatsela, le fa go ntse jalo, re ne re boifa gore re ka se kgone go itlamela. Re ne re akanya gore re tshwanetse go simolola ka go boloka madi pele. Ke ka yone nako eo re neng ra tlotla le kgaitsadi wa mmulatsela yo go builweng ka ene pelenyana. Motlotlo oo o ne wa re thusa go lemoga gore go direla Jehofa ka nako e e tletseng ga go a ikaega fela ka dilo tse re nang le tsone kgotsa go thusiwa ke ba lelapa. Sa botlhokwatlhokwa ke gore re ikaege ka Rraarona yo o kwa legodimong.

Re ya kopanong kwa Kuopio ka 1952. Go tswa ka fa molemeng: Annikki, Aili, Eeva Kallio

Ka nako eo re ne re na le madi a a lekaneng gore re itlamele dikgwedi di le pedi. Ka jalo ka Motsheganong 1957, re ne re na le dipelaelo fa re tsenya kopo ya go nna babulatsela dikgwedi di le pedi kwa Pello, e e mo kgaolong ya Lapland e e kwa godimo ga Arctic Circle. Fa dikgwedi tse pedi di fela, re ne re sa ntse re na le madi otlhe a re a bolokileng ka jalo, re ne ra kopa go nna babulatsela dikgwedi tse dingwe gape tse pedi. Dikgwedi  tse pedi morago ga foo, re ne re sa ntse re na le madi a rona otlhe. Jaanong re ne re tlhomamisegile gore Jehofa o tla re tlhokomela. Morago ga dingwaga di le 50 re ntse re le babulatsela, madi a re a bolokileng a sa ntse a le gone! Fa re leba kwa morago, re ikutlwa e kete Jehofa o ne a re tshwere ka seatla mme a re raya a re: ‘Lo se ka lwa boifa. Nna ke tla lo thusa.’—Isa. 41:13.

Morago ga dingwaga di le 50 re ntse re le babulatsela, madi a re a bolokileng a sa ntse a le gone!

Kaisu Reikko le Aili ba le mo bodireding

Ka 1958, molebedi wa rona wa potologo o ne a akantsha gore re fudugele kwa Sodankylä, kwa Lapland, go ya go direla gone re le babulatsela ba ba kgethegileng. Ka nako eo, go ne go na le kgaitsadi a le mongwe fela wa Mosupi mo lefelong leo. O ne a ithutile boammaaruri ka tsela e e kgatlhang. Morwawe o ne a le mo loetong lwa sekolo go ya kwa Helsinki e leng motsemogolo wa Finland. Fa setlhopha seo se ntse se tsamaya mo toropong, kgaitsadi mongwe yo o godileng o ne a naya mosimane yono yo e neng e le wa bofelo mo moleng makasine wa Tora ya Tebelo, mme a mo raya a re a o neye mmaagwe. Mosimane yoo o ne a dira fela jalo, mme ka yone nako eo, mmaagwe o ne a simolola go lemoga gore se a neng a se bala ke boammaaruri.

Re ne ra hira phaposi e e fa godimo ga madirelo a go sega ditlhare. Mme re ne re tshwarela dipokano gone. Kwa tshimologong, batho ba ba neng ba nna gone kwa dipokanong e ne e le rona roobabedi mmogo le kgaitsadi wa mo lefelong leo le morwadie. Re ne re bala mmogo kgatiso e e ithutiwang. Moragonyana monna mongwe yo o neng a ithutile Baebele le Basupi o ne a tla go bereka kwa madirelong ano. Ene le lelapa la gagwe ba ne ba simolola go kopanela le setlhopha sa rona. Fa nako e ntse e ya, ene le mosadi wa gagwe ba ne ba kolobediwa. Mokaulengwe yono ke ene yo jaanong a neng a tshwara dipokano. Banna ba bangwe ba le bone ba neng ba bereka kwa madirelong ano ba ne ba simolola go tla dipokanong mme ba amogela boammaaruri. Dingwaga di le mmalwa morago ga foo, setlhopha sa rona se ne se godile thata jaana mo go neng ga tlhomiwa phuthego.

GO LEBANA LE MAEMO A A GWETLHANG

Go tsamaya sekgala se seleele e ne e le kgwetlho mo tirong ya rona ya go rera. Ka paka ya selemo, re ne re tsamaya ka maoto, ka dibaesekele, e bile re dirisa mekorwana gore re kgone go fitlhelela batho mo tshimong ya rona. Dibaesekele tsa rona di ne di re thusa fela thata. Gape re ne re di dirisa fa re ya dikopanong le fa re etela batsadi ba rona ba ba neng ba nna bokgakala jwa dikilometara di le makgolokgolo. Ka paka ya mariga, re ne re palama bese go sa le phakela go ya kwa motseng o o mo kgaolong ya rona, go tswa foo re bo re tsamaya ka ntlo le ntlo. Fa re sena go rera mo motseng otlhe, re ne re tsamaya ka maoto go ya kwa motseng o mongwe. Kapoko e ne e le ntsi mo ditseleng e bile e sa ntshiwe ka metlha. Gantsi re ne re tsamaya mo metlhaleng e e neng e dirilwe ke dikara tsa dipitse. Ka dinako dingwe, kapoko e ne e tswala metlhala eo, mme ka dikgakologo, kapoko e ne e le boleta thata, ka jalo, seo se ne se dira gore go nne thata go tsamaya mo go yone.

Re le mmogo mo bodireding mo marigeng a a tsididi thata

 Dithemperetšhara tse di tsididi thata le go wa ga kapoko go ne ga re ruta go apara bothitho. Re ne re rwala dikausu tse ditelele tsa wulu re bo re rwala tse dingwe gape tse dikhutshwane tse pedi kgotsa tse tharo mmogo le dibutsu tse ditelele. Le fa go ntse jalo, gantsi kapoko e ne e tsena mo teng ga dibutsu tsa rona. Fa re goroga mo ditepising tsa ntlo, re ne re rola dibutsu re bo re di tlhotlhora kapoko. Momeno wa dijase tsa rona tse ditelele le one o ne o koloba fa re ntse re tsamaya mo kapokong. Mme fa go ne go nna tsididi le go feta, o ne o nna aese mme o ne o utlwala e kete ke lesenke. Mosadi mongwe o ne a re: “Lo tshwanetse lwa bo lo na le tumelo tota gore lo tsamaye mo maemong a bosa a a ntseng jaana.” Re ne re tsamaile dikilometara di feta 11 go ya kwa ntlong eo.

Ka gonne re ne re tsamaya sekgala se seleele, gantsi re ne re robala kwa magaeng a batho ba mo lefelong leo. Fa go nna bosigo, re ne re simolola go kopa lefelo le re tla robalang mo go lone. Matlo ao e ne e le a maemo a a kwa tlase, le fa go ntse jalo, beng ba one ba ne ba le botsalano e bile ba amogela baeng, mme ba ne ba re naya lefelo la go robala mmogo le sengwe sa go ja. Gantsi re ne re robala mo godimo ga letlalo la kgama kgotsa la bera. Ka dinako dingwe re ne re a tle re robale mo lefelong le le manobonobo. Ka sekai, mosadi mongwe yo o neng a nna mo ntlong e kgolo o ne a re isa kwa phaposing ya baeng e e kwa godimo, kwa go neng go na le bolao jo bontle jo bo adilweng dishiti tse ditshweu tsa leisi gone. Gantsi re ne re tlotla le beng ba matlo ka Baebele go fitlha bosigo. Kwa lefelong lengwe, banyalani ba ba neng ba nna koo ba ne ba robala mo letlhakoreng le lengwe la phaposi e le rona re neng re robetse mo go yone. Re ne ra tlotla ka Baebele bosigo jotlhe go fitlha ka masa. Monna yoo le mosadi wa gagwe ba ne ba refosana go re botsa dipotso ka go tlhomagana.

BODIREDI JO BO NANG LE DIPHELELO TSE DI MOLEMO

Lapland ke naga e e sa ungweng mme gone e ntle, mme bontle jwa yone bo farologana go ya ka dipaka tsa ngwaga. Le fa go ntse jalo, mo go rona, batho ba ba neng ba rata Jehofa ba ne ba le bantle go gaisa. Bangwe ba batho ba re neng re ba rerela e ne e le batho ba ba šagang ditlhare ba ba neng ba tlile mo mafelong a go neng go segiwa dikota kwa go one kwa Lapland. Ka dinako dingwe fa rona bokgaitsadi ba babedi ba bannye re ne re tsena mo ntlong, re ne re fitlhela banna ba le mmalwa mo teng. Banna bano ba dirintlha ba ne ba amogela molaetsa wa Baebele mme ba bo ba tsaya dikgatiso tsa rona.

Re nnile le maitemogelo a mantsi a a itumedisang. Letsatsi lengwe, tshupanako ya kwa seteisheneng sa dibese e ne e le kwa pele ka metsotso e le metlhano, ka jalo, bese ya rona e ne ya re sia. Re ne ra swetsa ka gore re palame bese e e yang kwa motseng o mongwe. Re ne re ise re ko re rere mo motseng oo. Fa re tsena mo ntlong ya ntlha, re ne ra kopana le lekgarebe lengwe le le neng la re raya la re: “Lwa ba lwa goroga fela jaaka ke ne ke lebeletse.” Re ne re ithuta Baebele le mogoloe. Mme lekgarebe leno le ne le kopile mogoloe gore a rulaganye gore le ene re mo etele mo go lone letsatsi leo. Le fa go ntse jalo, re ne re sa amogela molaetsa oo. Re ne ra simolola go ithuta Baebele le ene le ba losika la gagwe ba ba neng ba nna gaufi le ntlo ya gagwe. Go ise go ye kae, re ne ra ithuta le bone botlhe ka nako e le nngwe mme mo thutong eo go ne go nna le batho ba ba ka nnang 12.  Fa e sa le ka nako eo, bontsi jwa ba lelapa la gagwe e ne ya nna Basupi ba ga Jehofa.

Ka 1965, re ne ra abelwa gore re ye go direla kwa phuthegong e re sa ntseng re le kwa go yone kwa Kuusamo, e e leng kafa tlasenyana ga Arctic Circle. Ka nako eo, phuthego eno e ne e na le baboledi ba le mmalwa fela. Kwa tshimologong, tshimo ya rona e ntšha e ne e le thatanyana. Batho ba ne ba rata bodumedi thata e bile ba sa re rate. Mme gone, batho ba le bantsi ba ne ba tlotla Baebele mme seo se ne se dira gore re kgone go simolola motlotlo wa Baebele le bone. Ka jalo, re ne ra tlwaela batho bano ka bonya ka bonya, mme morago ga dingwaga di ka nna pedi, go ne go le motlhofo go simolola dithuto tsa Baebele.

RE SA NTSE RE TLHAGAFETSE MO BODIREDING

Bangwe ba re ileng ra ithuta le bone

Gone jaanong ga re tlhole re na le maatla a go fetsa letsatsi lotlhe mo tshimong mme re sa ntse re nna gone mo bodireding mo e ka nnang letsatsi le letsatsi. Go rera dikgang tse di molemo mo tshimong ya rona e kgolo go ne ga nna motlhofo fa setlogolo sa rona se ne se kgothaletsa Aili gore a ithute go kgweetsa, mme ka 1987 o ne a nna le lekwalo la go kgweetsa a na le dingwaga di le 56. Re ne ra bona thuso gape fa go ne go agiwa Holo ya Bogosi e ntšha, mme re ne ra fudugela mo foleteng e e tshwaraganeng le yone.

Re itumela tota fa re bona koketsego e e nnileng teng. Fa re ne re simolola tirelo ya nako e e tletseng kwa bokone jwa Finland, go ne go na le baboledi ba le mmalwa fela mo karolong eo e kgolo. Gone jaanong go na le diphuthego di le mmalwa tse di dirang potologo e le nngwe. Gantsi kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo mongwe o tla kwa go rona a bo a ikitsise mme a bo a re botsa gore a re sa ntse re mo gopola. Ka dinako dingwe, re ne re ile ra tshwara thuto ya Baebele kwa legaeng la gaabo fa a ne a sa ntse a le monnye. Peo eo e e neng e jetswe dingwaga di le mmalwa kgotsa le e leng masomesome a dingwaga pele ga foo, e ne ya ungwa!—1 Bakor. 3:6.

Re itumelela bodiredi le fa pula e na

Ka 2008, re ne ra fetsa dingwaga di le 50 re le babulatsela ba ba kgethegileng. Re leboga Jehofa go bo re ile ra kgona go kgothatsana gore re itshoke mo tirong eno ya botlhokwatlhokwa. Re ntse re tshela botshelo jo bo motlhofo mme gone ga re ise re ko re tlhaele sepe. (Pes. 23:1) Ruri re ne re sa tlhoke go okaoka kwa tshimologong! Re itumelela gore mo dingwageng tseno tsotlhe Jehofa o ile a re nonotsha fela jaaka a solofeditse jaana mo go Isaia 41:10: “Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota. Ruri ke tla go ngangatlela ka thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.”