Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Bontsha Moya o o Ntseng Jang?

O Bontsha Moya o o Ntseng Jang?

“Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Morena Jesu Keresete bo nne le moya o lo o bontshang.”—FILE. 25.

1. Fa Paulo a kwalela badumedimmogo le ene o ne a solofela eng?

FA MOAPOSETOLOI Paulo a ne a kwalela badumedimmogo le ene, gangwe le gape o ne a ba bolelela gore o solofela gore Modimo le Keresete ba tla amogela moya o diphuthego di neng di o bontsha. Ka sekai, o ne a kwalela Bagalatia jaana: “Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Morena wa rona Jesu Keresete bo nne le moya o lo o bontshang bakaulengwe. Amen.” (Bagal. 6:18) O ne a kaya eng fa a re, “moya o lo o bontshang”?

2, 3. (a) Fa Paulo a ne a dirisa lefoko “moya” ka dinako dingwe o ne a bua ka eng? (b) Re ka ipotsa dipotso dife malebana le moya o re o bontshang?

2 Tsela e Paulo a dirisitseng lefoko “moya” mo temaneng eno e kaya tlhotlheletso e e dirang gore re bue kgotsa re dire dilo ka tsela e e rileng. Motho mongwe a ka nna pelonomi, a akanyetsa, a nna bonolo, pelotshweu kgotsa a itshwarela. Baebele e bua gore go molemo go nna le “moya o o didimetseng le o o bonolo” le go nna le “moya o o ritibetseng.” (1 Pet. 3:4; Dia. 17:27) Ka fa letlhakoreng le lengwe, motho yo mongwe a ka a tswa a rata go sotla, a rata dikhumo, a kgopisega motlhofo kgotsa a rata boitaolo. Se se maswe le go feta ke go re, go na le batho ba ba bontshang moya o o bosula, wa botlhokakutlo kgotsa wa botsuolodi.

3 Ka jalo, fa Paulo a ne a dirisa dipolelwana tse di jaaka, “Morena a nne le moya o o o bontshang” o ne a kgothaletsa bakaulengwe ba gagwe go bontsha moya o o dumalanang le thato ya Modimo le botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. (2 Tim. 4:22; bala Bakolosa 3:9-12.) Gompieno go tla bo go le molemo gore re ipotse jaana: ‘Ke bontsha moya o o ntseng jang? Nka bontsha jang ka tsela e e oketsegileng moya o o itumedisang Modimo? A nka tokafatsa seabe se ke nnang le sone gore go nne le moya o o siameng mo phuthegong?’ Ka sekai, mo tshimong ya disonobolomo, sethunya sengwe le sengwe se sentle se thusa gore tshimo yotlhe e nne ntle. A le rona re “dithunya”  tse di dirang gore phuthego yotlhe e nne ntle? Ee ruri, re tshwanetse go lwela go dira jalo. A jaanong re boneng gore re ka dira eng go bontsha moya o o itumedisang Modimo.

TILA MOYA WA LEFATSHE

4. “Moya wa lefatshe” ke eng?

4 Dikwalo di re bolelela jaana: “Re ne ra se ka ra amogela moya wa lefatshe, fa e se moya o o tswang kwa Modimong.” (1 Bakor. 2:12) “Moya wa lefatshe” ke eng? Ke one moya o go buiwang ka one mo go Baefeso 2:2 e e reng: “Ka nako nngwe lo [ne] lo tsamaya . . . go ya ka tsamaiso ya dilo ya lefatshe leno, go ya ka mmusi wa taolo ya moya, moya o jaanong o dirang mo baneng ba botlhokakutlo.” “Moya” ono ke moya wa lefatshe kgotsa boikutlo jwa mogopolo jwa lone, mme o re dikaganyeditse jaaka moya wa mmatota. O gongwe le gongwe. Gantsi o bonala mo boikutlong jo batho ba le bantsi gompieno ba nang le jone jwa gore ga go ope yo o tla mpolelelang gore ke dire eng kgotsa jwa gore motho o tshwanetse go lwela ditshwanelo tsa gagwe. Ke ‘bana ba botlhokakutlo’ ba lefatshe la ga Satane.

5. Batho bangwe kwa Iseraele ba ne ba bontsha moya ofe o o bosula?

5 Mekgwa e e ntseng jalo ga e simolole jaanong. Mo motlheng wa ga Moshe, Kora o ne a nna kgatlhanong le ba ba etelelang pele mo phuthegong ya Iseraele. Segolobogolo o ne a le kgatlhanong le Arone le bomorwawe, ba ba neng ba na le tshiamelo ya go direla e le baperesiti. Gongwe o ne a bona makoa a bone. Kgotsa gongwe o ne a tsaya gore Moshe o naya ba losika lwa gagwe ditshiamelo. Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, go bonala sentle gore Kora o ne a simolola go leba dilo ka tsela e batho ba di lebang ka yone mme a bua kgatlhanong le ba Jehofa a ba tlhophileng, a ba bolelela jaana ka lonyatso: “Go lekane ka lona . . . Ke ka ntlha yang fa lo tshwanetse go itsholeletsa kwa godimo ga phuthego?” (Dipa. 16:3) Dathane le Abirame le bone ba ne ba ngongorega kgatlhanong le Moshe, ba re o ‘itira kgosana ya bone ka mo go feletseng.’ Fa ba ne ba bidiwa go tla fa pele ga Moshe, ba ne ba araba jaana ka lonyatso: “Ga re na go tla!” (Dipa. 16:12-14) Ga go pelaelo gore Jehofa ga a ka a itumelela mokgwa wa bone. O ne a bolaya batsuolodi bao botlhe.—Dipa. 16:28-35.

6. Batho bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba bontsha jang gore ba na le mokgwa o o sa siamang, mme lebaka la seo e ka tswa e ne e le lefe?

6 Bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga le bone ba ne ba simolola go tshwayatshwaya diphoso batho ba ba nang le taolo mo phuthegong, ba “itlhokomolosa borena.” (Jude 8) Go bonala banna bano ba ne ba sa kgotsofalele ditshiamelo tse ba nang le tsone mme ba ne ba leka go tlhotlheletsa ba bangwe gore ba nne kgatlhanong le banna ba ba tlhomilweng ba ba neng ba dira ditiro tse Modimo a neng a ba neile tsone ka botswapelo.—Bala 3 Johane 9, 10.

7. Re ka tshwanelwa ke go nna kelotlhoko ka tsela efe gompieno mo phuthegong?

7 Ga go pelaelo gore moya oo ga o batlege mo phuthegong ya Bokeresete. Ke gone ka moo re tshwanetseng go nna kelotlhoko mo ntlheng eno. Banna ba bagolwane mo phuthegong ga ba a itekanela, fela jaaka ba ne ba sa itekanela mo motlheng wa ga Moshe le mo motlheng wa ga moaposetoloi Johane. Bagolwane ba ka re direla diphoso. Fa seo se direga, ruri go tla bo go sa siama gore leloko lepe fela la phuthego le itshware ka tsela e e bontshang moya wa lefatshe, le batla “tshiamiso” ka bogale kgotsa le batla gore “mokaulengwe yoo a tseelwe dikgato”! Jehofa a ka nna a tlhopha go itlhokomolosa diphoso dingwe tse dinnye. A rona re ka se kgone go dira se se tshwanang? Batho bangwe ba ba dirileng phoso e e masisi mo phuthegong, ba ne ba gana go kopana le komiti ya bagolwane e e abetsweng go ba thusa e re ka ba tsaya gore bagolwane ba na le makoa. Batho bano ba tshwana le molwetse yo o sa batleng go dirisa kalafi e e ka mo solegelang molemo, ka gonne go na le sengwe se a sa se rateng ka ngaka.

8. Ke ditemana dife tse di ka re thusang go leba ba ba etelelang diphuthego pele ka tsela e e siameng?

 8 Gore re tile go nna le moya o o ntseng jalo, re tshwanetse go gopola gore mo Baebeleng Jesu o tshwantshiwa a “tshotse dinaledi di le supa” “mo seatleng sa gagwe sa moja.” “Dinaledi” tseo di emela balebedi ba ba tloditsweng mme gape di ka emela balebedi botlhe ba diphuthego. Jesu a ka kaela “dinaledi” tse di mo seatleng sa gagwe ka tsela epe fela e a bonang e tshwanela. (Tshen. 1:16, 20) Ka jalo, e re ka Jesu e le Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, o laola ditlhopha tsa bagolwane ka botlalo. Fa mongwe mo setlhopheng seno a tlhoka kgalemelo, Ene yo “matlho a gagwe [a ntseng] jaaka kgabo ya molelo e e tukang” o tla tlhomamisa gore seo se dirwa ka nako ya Gagwe le ka tsela ya gagwe. (Tshen. 1:14) Mme rona re tswelela re bontsha ba ba tlhomilweng ka moya o o boitshepo tlotlo e e tshwanetseng, ka gonne Paulo o ne a kwala jaana: “Utlwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona mme lo ikobe, gonne ba nna ba lebeletse meya ya lona jaaka ba ba tla ikarabelelang; gore ba dire jalo ka boipelo mme e seng ka go fegelwa, gonne seno se ne se tla lo gobatsa.”—Baheb. 13:17.

Go tlhatlhanya ka seabe sa ga Jesu go ama jang tsela e o itshwarang ka yone fa o gakololwa?

9. (a) Mokeresete a ka lebana le teko efe fa a gakololwa kgotsa a kgalemelwa? (b) Re ka itshwara ka tsela efe e e molemo fa re kgalemelwa?

9 Mokeresete a ka itshupa gore o na le moya o o ntseng jang fa a kgalemelwa kgotsa a tseelwa ditshiamelo mo phuthegong. Mokaulengwe mongwe yo mosha o ne a kgalemelwa ke bagolwane ka botlhale malebana le go tshameka metshameko ya bidio ya thubakanyo. Ka maswabi, ga a ka amogela kgalemelo eo sentle mme a tshwanelwa ke go tlosiwa  mo go nneng motlhanka wa bodiredi ka gonne a sa tlhole a fitlhelela ditshwanelego tsa Dikwalo. (Pes. 11:5; 1 Tim. 3:8-10) Morago ga foo, mokaulengwe yoo o ne a bolelela mongwe le mongwe gore o ne a sa dumalane le tshwetso eo mme a nna a kwala makwalo a a tshwayang bagolwane diphoso a a romela kwa ofising ya lekala a bo a tlhotlheletsa ba bangwe mo phuthegong gore le bone ba dire jalo. Le fa go ntse jalo, ruri go tla bo go se mosola gore re tsenye kagiso ya phuthego yotlhe mo kotsing re leka fela go buelela ditiro tsa rona. Ruri go tla bo go le molemo go leba kgalemelo e le tsela ya go re thusa go bona makoa a rona a re neng re sa a lemoge mme re amogele kgakololo eo ka tidimalo.—Bala Dikhutsafalo 3:28, 29.

10. (a) Tlhalosa gore re ka ithuta eng malebana le moya o o siameng le o o sa siamang mo go Jakobe 3:16-18. (b) Go bontsha “botlhale jo bo tswang kwa godimo” go felela ka eng?

10 Jakobe 3:16-18 e bontsha sentle gore ke moya ofe o o sa siamang le o o siameng o o ka bontshiwang mo phuthegong. Ya re: “Koo lefufa le manganga di leng gone, gone koo go na le go tlhoka thulaganyo le sengwe le sengwe se se bosula. Mme botlhale jo bo tswang kwa godimo sa ntlhantlha bo itshekile, go tswa foo bo na le kagiso, bo tekatekano, bo iketleeleditse go utlwa, bo tletse kutlwelobotlhoko le maungo a a molemo, ga bo tseye batho ka go ba tlhaola, ga bo itimokanye. Mo godimo ga moo, peo ya leungo la tshiamo e jalwa mo maemong a a kagiso e jalelwa ba ba dirang kagiso.” Fa re ntse re dirisana le “botlhale jo bo tswang kwa godimo,” dinonofo tsa rona tsa bomodimo di tla re thusa gore re bontshe bakaulengwe ba rona moya o o siameng.

BONTSHA MOYA WA TLOTLO MO PHUTHEGONG

11. (a) Go nna le moya o o siameng go tla re thusa go tila eng? (b) Re ithuta eng mo sekaong sa ga Dafide?

11 Re tshwanetse go nna re gopotse gore Jehofa o neile bagolwane boikarabelo jwa gore ba “dise phuthego ya Modimo.” (Dit. 20:28; 1 Pet. 5:2) Ka jalo, re lemoga gore go tla bo go le botlhale gore re tlotle thulaganyo ya Modimo, re ka tswa re na le tshiamelo ya go nna bagolwane kgotsa nnyaa. Go nna le moya o o siameng go tla re thusa gore re se ka ra kgopisega motlhofo fa re sa newe ditshiamelo dingwe. Fa Kgosi Saulo wa Iseraele a ne a akanya gore Dafide o batla go mo tseela bogosi, o ne a “se ka a kgaotsa go leba Dafide ka pelaelo.” (1 Sam. 18:9) Kgosi eo e ne ya nna le moya o o bosula ya bo ya batla go bolaya Dafide. Go na le gore re amege thata ka maemo fela jaaka Saulo, ruri go tla bo go le botoka gore re etse Dafide. Go sa kgathalesege tshiamololo yotlhe e a neng a lebane le yone, lekawana leno le ne la tswelela le tlotla bolaodi jo Modimo a bo tlhomileng.—Bala 1 Samuele 26:23.

12. Ke eng se se tla thusang gore go nne le kutlwano mo phuthegong?

12 Go sa lebe dilo ka tsela e e tshwanang go ka baka dikgotlhang mo phuthegong—tota le fa gare ga balebedi. Kgakololo eno ya Baebele e ka re thusa mo kgannyeng eno: “Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele,” mme “lo se ka lwa nna botlhale mo matlhong a lona.” (Bar. 12:10, 16) Go na le go tatalalela gore re siame, re tshwanetse go lemoga gore gantsi go na le ditsela di le mmalwa tse re ka lebang boemo ka tsone. Fa re leka go leba dilo ka tsela e ba bangwe ba di lebang ka yone, re ka thusa gore go nne le kutlwano mo phuthegong.—Bafil. 4:5.

13. Re tshwanetse go leba jang tsela e re ikutlwang ka yone, mme ke sekai sefe mo Baebeleng se se bontshang seno?

13 A seno se kaya gore go phoso go ntsha maikutlo a rona fa re bona sengwe mo phuthegong se re akanyang gore se tlhoka go baakanngwa? Nnyaa. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne ga tsoga kgang e e neng ya dira gore go nne le kganetsano. Bakaulengwe ba ne “ba rulaganyetsa gore Paulo le Barenabase le bangwe ba bone ba tlhatlogele kwa baaposetoloing le banna ba bagolwane kwa Jerusalema ka ga kganetsano eno.” (Dit. 15:2)  Ga go pelaelo gore mongwe le mongwe wa bakaulengwe bao ba ne ba na le tsela e ba lebang kgang eo ka yone le kafa kgang eo e ka rarabololwang ka gone. Le fa go ntse jalo, fa mongwe le mongwe a sena go tlhalosa maikutlo a gagwe, go bo go dirwa tshwetso e e kaelwang ke moya, bakaulengwe bao ga ba a ka ba tlhola ba tlhalosa kafa ba ikutlwang ka gone. Fa lekwalo la tshwetso e e dirilweng le fitlha kwa diphuthegong, ba ne “ba ipela ka ntlha ya kgothatso eno” mme ba “tswelela go nitamisiwa mo tumelong.” (Dit. 15:31; 16:4, 5) Gompieno le gone, fa re sena go bolelela bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo kgang nngwe, re tshwanetse go kgotsofalela gore ba tla e akanyetsa ka thapelo.

BONTSHA MOYA O O SIAMENG FA O DIRISANA LE BA BANGWE

14. Re ka bontsha jang moya o o siameng fa re dirisana le ba bangwe?

14 Fa re dirisana le batho ba bangwe, re nna le ditshono di le dintsi tsa go bontsha moya o o siameng. Mongwe le mongwe wa rona o tla bo a dira sentle fa a bontsha moya wa go itshwarela ba bangwe fa ba re kgopisa. Lefoko la Modimo le re bolelela jaana: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo.” (Bakol. 3:13) Polelwana “fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega” e kaya gore go ka nna le mabaka a a utlwalang a go kgopisiwa ke batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, go na le gore re tshwenyege thata ka makoa a bone mme re senye kagiso ya phuthego, re leka go etsa Jehofa ka go itshwarela batho re gololesegile re bo re tswelela mmogo ka tirelo.

15. (a) Re ka ithuta eng mo go Jobe malebana le boitshwarelo? (b) Thapelo e ka re thusa jang go bontsha moya o o siameng?

15 Re ka ithuta go itshwarela mo sekaong sa ga Jobe. Batho ba bararo ba ba neng ba tshwanetse go mo gomotsa ba ne ba mo kgoba ka mafoko a mantsi. Le fa go ntse jalo, Jobe o ne a ba itshwarela. Jang? O ne a “rapelela balekane ba gagwe.” (Jobe 16:2; 42:10) Go rapelela ba bangwe go ka dira gore re fetole tsela e re ba lebang ka yone. Go rapelela Bakeresetemmogo le rona go ka re thusa go nna le moya o o jaaka wa ga Keresete. (Joh. 13:34, 35) Ga re a tshwanela go rapelela bakaulengwe ba rona fela, gape re tshwanetse go rapelela moya o o boitshepo. (Luke 11:13) Moya wa Modimo o tla re thusa go bontsha dinonofo tsa Bokeresete tsa boammaaruri fa re dirisana le ba bangwe.—Bala Bagalatia 5:22, 23.

THUSA GORE GO NNE LE MOYA O O SIAMENG MO PHUTHEGONG YA MODIMO

16, 17. O ikemiseditse go dira eng malebana le ‘moya o re o bontshang’?

16 Fa mongwe le mongwe mo phuthegong a ipeetse mokgele wa go thusa gore phuthego e nne le moya o o siameng, ruri go ka nna le diphelelo tse di molemo! Fa re sena go sekaseka dikgang tseno, re ka nna ra dira tshwetso ya gore re tokafatse moya o o siameng o re o bontshang ba bangwe. Fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go okaoka go letla Lefoko la Modimo le re bontsha gore re tshwanetse go dira diphetogo dife. (Baheb. 4:12) Paulo, yo o neng a tshwenyegile thata ka ditiro tse a neng a di dira mo diphuthegong a re: “Ga ke lemoge sepe ka ga me. Le fa go ntse jalo ga ke supiwe ke le yo o siameng ka seno, mme yo o ntshekatshekang ke Jehofa.”—1 Bakor. 4:4.

17 Fa re ntse re leka go dirisana le botlhale jo bo tswang kwa godimo, re sa itseye masisi thata kgotsa re sa akanye gore re tshwanelwa ke go newa maikarabelo a a oketsegileng, re tla dira gore go nne le moya o o siameng mo phuthegong. Fa re na le moya wa go itshwarela mme re akanya dilo tse di molemo ka ba bangwe, re tla itumelela go dirisana ka kagiso le baobamedimmogo le rona. (Bafil. 4:8) Fa re dira dilo tseno, re ka tlhatswega pelo gore Jehofa le Jesu ba tla itumelela ‘moya o re o bontshang.’—File. 25.