Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lebana le Mathata a Gompieno ka Bopelokgale

Go Lebana le Mathata a Gompieno ka Bopelokgale

“Modimo ke botshabelo le nonofo ya rona, thuso e e motlhofo go bonwa mo matshwenyegong.”—PES. 46:1.

1, 2. Batho ba le bantsi ba ile ba nna le mathata afe, mme batlhanka ba Modimo ba eletsa go dira eng?

RE TSHELA mo nakong ya mathata. Lefatshe le aparetswe ke masetlapelo. Dithoromo tsa lefatshe, ditsunami, melelo, merwalela, makgwamolelo, ditsuatsue, dikgwanyape le difefo di ile tsa bakela batho masetlapelo a a seng kana ka sepe. Mo godimo ga moo, mathata a lelapa le mathata a mangwe a motho a lebanang le one a bakile poifo le kutlobotlhoko. Ke boammaaruri tota gore rotlhe re “diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.”—Mor. 9:11.

2 Batlhanka ba Modimo ba ile ba lepalepana sentle le maemo ao a a ngomolang pelo. Go ntse go le jalo, re batla go iketleeletsa go emelana le mathata ape fela a re ka lebanang le one mo isagweng fa tsamaiso eno e ntse e ya bokhutlong. Re ka itshokela jang dikgwetlho tseno gore di se ka tsa re fekeetsa? Ke eng se se tla re thusang go lebana le mathata a gompieno ka bopelokgale?

ITHUTE MO GO BA BA ILENG BA LEBANA LE MATHATA A BOTSHELO KA BOPELOKGALE

3. Fela jaaka go bontshitswe mo go Baroma 15:4, re ka gomotsega jang fa re lebane le maemo a a tlhobaetsang?

3 Le fa gompieno batho ba le bantsi ba lebana le mathata go feta le fa e le leng pele, mathata a a ngomolang pelo ga a bolo go nna gone. A re boneng gore ke eng se re ka se ithutang mo batlhankeng bangwe ba Modimo ba ba ileng ba atlega go lebana le mathata a botshelo ka bopelokgale mo nakong e e fetileng.—Bar. 15:4.

4. Ke mathata afe a Dafide a ileng a itshokela one, mme ke eng se se mo thusitseng?

4 Akanya ka Dafide. Dingwe tsa dilo tse a neng a tshwanelwa ke go di itshokela ke bogale jwa kgosi, go tlhaselwa ke baba, go gapiwa ga basadi ba gagwe, go tlhanogelwa ke batho ba ba atamalaneng le ene le go ngomoga pelo. (1 Sam. 18:8, 9; 30:1-5; 2 Sam. 17:1-3; 24:15, 17; Pes. 38:4-8)  Pego ya Baebele e e malebana le botshelo jwa ga Dafide e bontsha kafa mathata ano a ileng a mo utlwisa botlhoko ka gone. Le fa go ntse jalo, ga a ka a mo koafatsa semoyeng. O ne a bua jaana a bontsha tumelo: “Jehofa ke kago e e thata ya botshelo jwa me. Ke tla tshaba mang?”—Pes. 27:1; bala Pesalema 27:5, 10.

5. Ke eng se se thusitseng Aborahame le Sara go itshokela mathata a botshelo?

5 Aborahame le Sara ba ile ba tshela nako e ntsi mo ditenteng e le baagi ba baeng mo mafelong a ba sa a itseng. Ka dinako dingwe botshelo bo ne bo le thata. Le fa go ntse jalo, ba ne ba itshokela dilo tse di jaaka leuba le go tlhaselwa ke dinaga tse di ba dikologileng. (Gen. 12:10; 14:14-16) Ba ne ba kgona go dira seo jang? Lefoko la Modimo le re bolelela gore Aborahame “o ne a letetse motse o o nang le metheo ya mmatota, motse o moagi le modiri wa one e leng Modimo.” (Baheb. 11:8-10) Aborahame le Sara ba ne ba tlhoma mogopolo mo dilong tse di kwa pele, ba sa letle gore mathata a ba kgobe marapo.

6. Re ka etsa Jobe jang?

6 Jobe o ne a lebana le pogo e e botlhoko thata. Akanya kafa a neng a ikutlwa ka gone fa sengwe le sengwe se ne se bonala se sa mo tsamaele sentle mo botshelong jwa gagwe. (Jobe 3:3, 11) Se se neng se dira dilo maswe le go feta ke gore o ne a sa tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa a diragalelwa ke dilo tseo tsotlhe. Le fa go ntse jalo, ga a ka a latlhela seditse. O ne a tswelela a ikanyega mo Modimong e bile a na le tumelo. (Bala Jobe 27:5.) A bo seo e le sekao se se molemo jang ne se re ka se etsang!

7. Paulo o ne a lebana le eng fa a ntse a direla Modimo, mme ke eng se se mo thusitseng gore a nne le bopelokgale jwa gore a tswelele a mo direla?

7 Akanya gape ka sekao sa ga moaposetoloi Paulo. O ne a itemogela ‘dikotsi mo motseng, mo nageng le kwa lewatleng.’ O bua ka ‘tlala le lenyora, serame le bosaikategang.’ Gape Paulo o umaka gore o ile a fetsa “bosigo bo le bongwe le letsatsi le le lengwe mo lewatleng,” gongwe leno e ne e le lengwe la makgetlo a a ileng a thubegelwa ke sekepe ka one. (2 Bakor. 11:23-27) Go sa kgathalesege dilo tseno tsotlhe, ela tlhoko boikutlo jo a neng a na le jone morago ga go lebana le loso ka ntlha ya go direla Modimo: “Seno e ne e le gore go ikanya ga rona go se ka ga nna mo go rona, mme mo Modimong yo o tsosang baswi. O ne a re namola mo selong se segolo mo go kalo se se tshwanang le loso e bile o tla re namola.” (2 Bakor. 1:8-10) Ke batho ba le mmalwa fela ba ba ileng ba lebana le ditiragalo tse dintsi tse di bosula jaaka Paulo. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa rona re kgona go tlhaloganya kafa a neng a ikutlwa ka teng e bile re ka gomodiwa ke sekao sa gagwe sa bopelokgale.

TILA GO FEKEEDIWA KE MATHATA

8. Re ka amiwa jang ke mathata a gompieno? Bontsha.

8 Mo lefatsheng leno le le tletseng mathata, dikgwetlho le dikgatelelo, batho ba le bantsi ba ikutlwa ba fekeediwa. Tota le Bakeresete bangwe ba ile ba ikutlwa jalo. Lani, * yo o neng a itumelela tirelo ya nako e e tletseng le monna wa gagwe kwa Australia, a re fa a sena go bolelelwa gore o na le kankere ya mabele, o ne a utlwa botlhoko thata, e ne e kete o iteilwe ke legadima. A re: “Kalafi e ke neng ke e amogela e ne e dira gore ke lwale thata e bile ke ne ke itseela kwa tlase.” Mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, o ne a tshwanelwa ke go tlhokomela monna wa gagwe yo o neng a sa tswa go dirwa karo ya mokokotlo. Fa re iphitlhela re le mo maemong a a ntseng jalo, re ka dira eng?

9, 10. (a) Ga re a tshwanela go letla Satane go dira eng? (b) Re ka lepalepana jang le maemo a a tlhalositsweng mo go Ditiro 14:22?

9 Re tla bo re dira sentle fa re gakologelwa gore Satane o batla go dirisa mathata a re nang le one go koafatsa tumelo ya rona. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go mo letla gore a re amoge boitumelo ka tsela eno. Diane 24:10 ya re: “A o itshupile o kgobegile marapo mo  letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.” Go tlhatlhanya ka dikao tse di mo Baebeleng, tse di jaaka tse re tlotlileng ka tsone pelenyana, go tla re thusa go nna pelokgale fa re lebane le mathata.

10 Go molemo go nna re gopola gore ga re ka ke ra tlosa mathata otlhe. Tota e bile, re tshwanetse go lebelela gore re tla nna le one. (2 Tim. 3:12) Ditiro 14:22 ya re: “Re tshwanetse go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.” Go na le go kgobega marapo, ke eng fa o sa a lebe e le ditshono tsa go bontsha bopelokgale, o na le tumelo ya gore Modimo o tla kgona go go thusa?

11. Re ka tila jang go fekeediwa ke mathata a botshelo?

11 Re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo dilong tse di siameng. Lefoko la Modimo le re bolelela jaana: “Pelo e e ipelang e na le phelelo e e molemo mo sefatlhegong, mme go na le moya o o hutsafetseng ka ntlha ya pelo e e botlhoko.” (Dia. 15:13) Babatlisisi ba tsa kalafi ga ba a bolo go lemoga gore go akanya ka dilo tse di siameng e ka nna kalafi mo mothong. Balwetse ba le bantsi ba ba ileng ba newa dipilisi tse e seng tsa mmatota (di-placebo) ba ile ba ikutlwa ba nna botoka fela ka gonne ba ne ba akanya gore di a ba thusa. Mme ka fa letlhakoreng le lengwe balwetse ba bangwe ba ne ba koafalela pele ka gonne ba ne ba bolelelwa gore dipilisi tse ba di neilweng di tla ba lwatsa. Go nna re akanya ka maemo a re ka se kang ra a fetola go ka re kgoba marapo. Se se itumedisang ke gore Jehofa ene ga a re neye dipilisi tse e seng tsa mmatota. Go na le moo, tota le mo dinakong tsa mathata o re naya thuso ya mmatota e e re kgothatsang e re e fitlhelang mo Lefokong la gagwe, mo bokaulengweng jo bo re emang nokeng le mo nonofong e re e newang ke moya o o boitshepo. Go tlhoma mogopolo mo dilong tseno go tla re kgothatsa. Go na le go nna o akantse ka mathata, dira se o ka se kgonang gore o lepalepane le bothata bongwe le bongwe mme o tlhome mogopolo mo dilong tse di itumedisang mo botshelong jwa gago.—Dia. 17:22.

12, 13. (a) Ke eng se se thusitseng batlhanka ba Modimo gore ba itshokele ditlamorago tsa masetlapelo? Bontsha. (b) Mathata a ka re thusa jang go lemoga dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong jwa rona?

12 Bosheng jaana, dinaga dingwe di ile tsa welwa ke masetlapelo a magolo. Se se itumedisang ke gore bontsi jwa bakaulengwe mo dinageng tseo ba ile ba kgona go itshoka. Seno ga se reye gore go ne go le motlhofo. Mo masimologong a 2010, thoromo e kgolo ya lefatshe le tsunami kwa Chile, e ne ya senya magae a le mantsi a bakaulengwe ba rona le dithoto tsa bone mme ba bangwe ba ne ba latlhegelwa ke ditiro. Go sa kgathalesege seno bakaulengwe ba ne ba nna ba nonofile semoyeng. Samuel yo legae la gagwe le neng le senyegile gotlhelele, o ne a re: “Tota le mo maemong ano a a thata, nna le mosadi wa me ga re ise re tlogele go rera le go nna gone kwa dipokanong. Ke dumela gore dilo tseno di re thusitse gore re se ka ra ikutlwa re tlaletswe.” Bone mmogo le batho ba bangwe ba le bantsi ga ba a ka ba letlelela mathata gore a ba kgobe marapo mme ba ile ba tswelela mo tirelong ya ga Jehofa.

13 Ka September 2009, karolo e kgolo ya toropo ya Manila, kwa Philippines, e ne e khurumeditswe ke morwalela. Monna mongwe yo humileng yo o latlhegetsweng ke dilo di le dintsi o ne a re: “Morwalela o ne wa dira gore batho ba ba humileng le ba ba humanegileng ba lekane, wa dira gore batho botlhe ba boge.” Seno se re gopotsa kgakololo e e botlhale ya ga Jesu: “Ipolokeleng matlotlo kwa legodimong, kwa motoutwane le fa e le ruse di sa jeng gone, le kwa magodu a sa thubeng gone a ba a utswa.” (Math. 6:20) Fa motho a dira gore botshelo jwa gagwe bo remelele mo dilong tse di bonalang tse di ka nnang tsa nyelela ka bonako, gantsi seo se mo tlisetsa maswabi. A bo go tla bo go le botlhale jang ne go dira gore botshelo jwa rona bo remelele mo kamanong ya rona le Jehofa, e e tla nnang e nonofile go sa kgathalesege masetlapelo a a ka nnang gone!—Bala Bahebera 13:5, 6.

 MABAKA A GO BONTSHA BOPELOKGALE

14. Re na le mabaka afe a go bontsha bopelokgale?

14 Jesu o ne a tlhalosa gore go tla nna le mathata ka nako ya go nna gone ga gagwe, le fa go ntse jalo, o ne a re: “Lo se ka lwa tshoga.” (Luke 21:9) Re na le lebaka le le utlwalang la go nna pelokgale ka gonne Jesu ke Kgosi ya rona mme Mmopi wa lobopo lotlhe o re eme nokeng. Paulo o ne a kgothatsa Timotheo jaana: “Modimo ga a re naya moya wa bogatlapa, fa e se wa maatla le wa lorato le wa go itekanela sentle ga mogopolo.”—2 Tim. 1:7.

15. Naya dikao tsa batlhanka ba Modimo ba ba ileng ba mo ikanya, mme o tlhalose kafa le rona re ka nnang pelokgale ka teng fela jaaka bone.

15 Ela tlhoko mafoko mangwe a a builweng ke batlhanka ba Modimo a a bontshang gore ba ne ba mo ikanya. Dafide o ne a re: “Jehofa ke nonofo ya me le thebe ya me. Pelo ya me e mo ikantse, mme ke thusitswe, mo pelo ya me e itumetseng.” (Pes. 28:7) Paulo o ne a bontsha gore o ikanya Modimo fa a re: “Mo dilong tseno tsotlhe re tswa re fentse ka botlalo ka ene yo o neng a re rata.” (Bar. 8:37) Ka tsela e e tshwanang, fa Jesu a ne a gomagomelwa ke kotsi, o ne a tlhomamisetsa bareetsi ba gagwe gore o na le kamano e e nonofileng le Modimo fa a re: “Ga ke nosi, ka gonne Rara o na le nna.” (Joh. 16:32) Ke eng se re se lemogang mo mafokong ano? A bontsha gore botlhe ba ne ba ikanya Jehofa ka botlalo. Fa le rona re ikanya Modimo fela jaaka bone, o tla re naya bopelokgale jwa go itshokela mathata ape fela a re ka lebanang le one gompieno.—Bala Pesalema 46:1-3.

SOLEGELWA MOLEMO KE DILO TSE DI RE THUSANG GO NNA RE LE PELOKGALE

16. Ke eng fa go le botlhokwa gore re ithute Lefoko la Modimo?

16 Mokeresete a ka se kgone go nna pelokgale ka bogagagwe fela. Go na le moo, a ka thusiwa ke go itse Modimo le go ikaega ka ene. A ka dira seo ka go ithuta Lefoko la gagwe le le kwadilweng, Baebele. Kgaitsadi mongwe yo o nang le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong o tlhalosa se se mo thusang ka go re: “Gangwe le gape ke bala ditemana tse di kgothatsang thata.” A re dirisa kaelo ya go nna le nako ya kobamelo ya lelapa ka metlha? Go dira dilo tseno go tla re thusa gore re nne le boikutlo jwa mopesalema yo o neng a re: “A bo ke rata molao wa gago jang ne! Ke tlhatlhanya ka one letsatsi lotlhe.”—Pes. 119:97.

17. (a) Ke dilo dife tse di ka re thusang gore re nne re le pelokgale? (b) Naya sekai sa kafa kgang nngwe ya botshelo e o e badileng mo dikgatisong tsa rona e go thusitseng ka gone.

17 Gape, re na le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di nang le tshedimosetso e e nonotshang tsela e re ikanyang Jehofa ka yone. Bakaulengwe ba le bantsi ba thusitswe thata ke dikgang tsa botshelo tse di mo dimakasineng tsa rona. Kgaitsadi mongwe wa kwa Asia yo o nang le bolwetse jwa go fetofetoga maikutlo (bipolar) o ne a itumetse fa a bala kgang ya botshelo jwa mokaulengwe yo e neng e le morongwa yo o neng a kgona go lepalepana ka katlego le bolwetse joo. O ne a kwala jaana: “Kgang eo e ne ya nthusa go tlhaloganya  bothata jo ke nang le jone mme ya nnaya tsholofelo.”

Fa o lebane le mathata, dirisa thuso e Jehofa a go neileng yone

18. Ke eng fa re tshwanetse go rapela?

18 Thapelo le yone e ka re thusa fa re lebane le maemo ape fela. Moaposetoloi Paulo o ne a re bontsha botlhokwa jwa thapelo, fa a re: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafil. 4:6, 7) A re dirisa thuso eno ka botlalo gore re nonofe fa re le mo mathateng? Mokaulengwe mongwe wa kwa Boritane e bong Alex, yo o sa bolong go nna le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong o ne a re: “Go bua le Jehofa ka thapelo le go mo reetsa fa ke bala Lefoko la gagwe e nnile selo se se nnonotshang.”

19. Re tshwanetse go leba jang kgang ya go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete?

19 Sengwe gape se se botlhokwa se se ka re thusang ke go kopana mmogo kwa dipokanong. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Moya wa me o tlhologeletswe malwapa a ga Jehofa e bile o lapile.” (Pes. 84:2) A le rona re ikutlwa jalo? Lani, yo o umakilweng pelenyana o tlhalosa kafa a neng a ikutlwa ka gone ka dipokano tsa Bokeresete: “Ke ne ke ya dipokanong ka metlha. Ke ne ke itse gore ke tshwanetse go nna gone kwa dipokanong fa e le gore ke lebeletse gore Jehofa a nthuse go lepalepana le bothata jwa me.”

20. Go nna le seabe mo bodireding go tla re thusa jang?

20 Sengwe gape se se ka re thusang go nna pelokgale ke go tshwarega mo tirong ya go rera ka Bogosi. (1 Tim. 4:16) Kgaitsadi mongwe wa kwa Australia yo o nnileng le mathata a le mantsi a re: “Ke ne ke sa batle go ya go rera, mme mogolwane mongwe o ne a nkopa gore ke tsamaye le ene. Ke ne ka dumela. Jehofa o tshwanetse a bo a ne a nthusa; nako nngwe le nngwe fa ke le mo bodireding, ke ne ke itumela.” (Dia. 16:20) Batho ba le bantsi ba lemogile gore fa ba thusa ba bangwe go nna le tumelo mo go Jehofa, bone ka bobone ba a nonofa mo tumelong. Fa ba dira jalo, ba tlhoma mogopolo mo dilong tsa botlhokwa e seng mo mathateng a ba nang le one.—Bafil. 1:10, 11.

21. Re tlhomamisegile ka eng malebana le mathata a re lebanang le one?

21 Jehofa o re neile dilo di le dintsi tse di tla re thusang go lebana le mathata a gompieno ka bopelokgale. Fa re dirisa dilo tseno tsotlhe ka botlalo e bile re etsa le go tlhatlhanya ka dikao tse di molemo tsa batlhanka ba Modimo ba ba pelokgale, re ka tlhomamisega gore re tla kgona go atlega fa re lebane le mathata. Le fa go sa ntse go tla direga dilo di le dintsi tse di sa siamang fa tsamaiso eno e atamela bokhutlo jwa yone, re ka ikutlwa fela jaaka Paulo yo o neng a re: “Re latlhelwa fa fatshe, mme ga re senngwe. . . . Ga re ineele.” (2 Bakor. 4:9, 16) Jehofa a ka re thusa go lebana le mathata a gompieno ka bopelokgale.—Bala 2 Bakorintha 4:17, 18.

^ ser. 8 Maina mangwe a fetotswe.