Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letla Jehofa a go Kaele Kwa Kgololesegong ya Mmatota

Letla Jehofa a go Kaele Kwa Kgololesegong ya Mmatota

 Letla Jehofa a go Kaele Kwa Kgololesegong ya Mmatota

“[Tlhodumela] mo molaong o o itekanetseng wa kgololesego.” —JAK. 1:25.

A O KA TLHALOSA?

Ke molao ofe o o isang kwa kgololesegong ya mmatota, mme molao oo o solegela bomang molemo?

Sephiri sa go bona kgololesego ya mmatota ke sefe?

Botlhe ba ba tswelelang ba le mo tseleng ya botshelo ba letetswe ke kgololesego efe?

1, 2. (a) Go direga eng ka kgololesego ya lefatshe, mme ka ntlha yang? (b) Batlhanka ba ga Jehofa ba lebeletse kgololesego efe e e larileng kwa pele?

RE TSHELA mo motlheng o mo go one go nang le koketsego ya bopelotshetlha, tlolomolao, le thubakanyo. (2 Tim. 3:1-5) Ka ntlha ya seo, dipuso di tlhoma melao e e oketsegileng, di nonotsha matsholo a sepodise e bile di tsenya dikhamera go baya batho leitlho. Mo dinageng dingwe, baagi ba leka go oketsa tshireletsego ya bone ka go tsenya dialamo mo magaeng a bone, ba tsenya dilloko tse di oketsegileng le magora a motlakase. Batho ba le bantsi ga ba batle go tsamaya bosigo kgotsa go letlelela bana ba bone go tshamekela kwa ntle go se ope yo o ba tlhokometseng—bosigo kgotsa motshegare. Ga go pelaelo gore kgololesego e ntse e fokotsega, mme go lebega seno se tla nna se tswelela.

2 Bogologolo kwa tshimong ya Edene, Satane o ne a bolela gore tsela fela e ka yone batho ba ka bonang kgololesego ya mmatota ke fa ba sa laolwe ke Jehofa. A bo seo e ile ya nna maaka a matala jang ne! Eleruri, fa batho ba ntse ba tswelela ba itlhokomolosa ditekanyetso tse Modimo a ba beetseng tsone tsa boitsholo le tsa semoya, ba nna ba boga go ya pele. Maemo ano a a ntseng a etegela pele a ama le rona batlhanka ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, re na le tsholofelo ya go bona batho e sa tlhole e le makgoba a boleo le go bola mme ba itumelela se Baebele e se bitsang “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.” (Bar. 8:21) Tota e bile, Jehofa o setse a simolotse go baakanyetsa batlhanka ba gagwe kgololesego eo. Ka tsela efe?

3. Ke molao ofe o Jehofa a o neileng balatedi ba ga Keresete, mme re tla sekaseka dipotso dife?

3 Karabo ya potso eo, e mo go se mokwadi wa Baebele e bong Jakobe a se bitsang ‘molao o o itekanetseng wa kgololesego.’ (Bala Jakobe 1:25.) Thanolo nngwe ya Baebele e ranola polelwana eno e le “molao o o dirang gore re gololesege” (The New English Bible). Mme gone, gantsi batho  ba amanya molao le dithibelo e seng le kgololesego. Ka jalo, ‘molao o o itekanetseng wa kgololesego’ ke eng? Mme molao oo o re golola jang?

MOLAO O O RE GOLOLANG

4. ‘Molao o o itekanetseng wa kgololesego’ ke eng, mme o solegela bomang molemo?

4 ‘Molao o o itekanetseng wa kgololesego’ ga se Molao wa ga Moshe, ka gonne Molao wa ga Moshe o ne o dira gore ditlolo di bonatshege mme o ne wa diragadiwa mo go Keresete. (Math. 5:17; Bagal. 3:19) Ka jalo, Jakobe o ne a bua ka molao ofe? O ne a akantse ka “molao wa ga Keresete,” o gape o bidiwang “molao wa tumelo” le “molao wa batho ba ba gololesegileng.” (Bagal. 6:2; Bar. 3:27; Jak. 2:12) Ka jalo, ‘molao o o itekanetseng’ o akaretsa sengwe le sengwe se Jehofa a se batlang mo go rona. Bakeresete ba ba tloditsweng le “dinku tse dingwe” ba solegelwa molemo ke molao oo.—Joh. 10:16.

5. Ke eng fa molao wa kgololesego e se mokgweleo?

5 Go farologana le melao ya dinaga tse dintsi, ‘molao o o itekanetseng’ ga o a raraana e bile ga o imele, mme gone o na le melaometheo le ditaelo tse di motlhofo. (1 Joh. 5:3) Jesu o ne a re: “Jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.” (Math. 11:29, 30) Mo godimo ga moo, ‘molao o o itekanetseng’ ga o tlhoke gore o nne le lenaane le leleele la dithibelo, kgotsa dikotlhao, ka gonne o theilwe mo loratong e bile o gabilwe mo megopolong le mo dipelong e seng mo dikwalelong tsa leje.—Bala Bahebera 8:6, 10.

KAFA “MOLAO O O ITEKANETSENG” O RE GOLOLANG KA GONE

6, 7. Go ka tweng ka melao ya ga Jehofa, mme ke ka ntlha yang fa molao wa kgololesego o golola?

6 Ditekanyetso tse Jehofa a di beetseng dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale, di di solegela molemo e bile di a di sireletsa. Ka sekai, akanya ka melao ya tlholego e e laolang maatla le matter. Batho ga ba ngongorege ka go re melao eo e a ba gatelela. Go na le moo, ba e anaanela, ba lemoga gore melao eo ya tlholego e botlhokwa thata mo botshelong jwa bone. Ka tsela e e tshwanang, melao ya ga Jehofa ya boitsholo le ya semoya e e tlhalositsweng mo “molaong o o itekanetseng” wa ga Keresete e solegela batho molemo.

7 Mo godimo ga gore molao wa kgololesego o re sireletse, o re letla gore re kgotsofatse dikeletso tsotlhe tsa rona tse di siameng kwantle ga gore re ikutlwise botlhoko, e bile re sa tlontlolole ditshwanelo tsa batho ba bangwe le kgololesego ya bone. Ka jalo, sephiri sa go nna le kgololesego ya mmatota—go kgona go dira se re se ratang—ke go lwela go nna le dikeletso tse di siameng tse di dumalanang le botho jwa ga Jehofa le melao ya gagwe. Ka mafoko a mangwe, re tshwanetse go ithuta go rata se Jehofa a se ratang le go tlhoa se a se tlhoileng, e leng se molao wa kgololesego o re thusang go se dira.—Amos. 5:15.

8, 9. Molao wa kgololesego o solegela molemo jang batho ba ba o ikobelang? Bontsha.

8 E re ka re sa itekanela, go thata gore re laole dikeletso tse di sa siamang. Le fa go ntse jalo, fa re ntse re ikobela molao wa kgololesego ka boikanyegi, re kgona go nna le kgololesego e e rileng, tota le gone jaanong. Ka sekai: Monna mongwe yo o neng a sa tswa go simolola go ithuta Baebele e bong Jay, o ne a tshwakgotswe ke motsoko. Fa a ithuta gore tlwaelo eo ya gagwe ga e itumedise Modimo, o ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso. A o tla tswelela a ineela mo maikutlong a gagwe kgotsa o tla ikobela Jehofa? O ne a dira tshwetso e e botlhale ya go direla Modimo, tota le fa go ne go le thata gore a emise go goga. O ne a ikutlwa jang fa a sena go fenya tlwaelo eo? Moragonyana o ne a re: “Ke ne ka ikutlwa ke gololesegile e bile ke itumetse thata.”

9 Jay o ne a lemoga gore kgololesego ya lefatshe e e dirang gore batho ba ‘tlhome mogopolo mo nameng,’ tota e ba dira makgoba, mme kgololesego ya ga Jehofa e e kayang go “tlhoma mogopolo mo moyeng,” yone e a re golola e bile e re isa kwa ‘botshelong le kagisong.’ (Bar. 8:5, 6) Jay o bone kae  maatla a go fenya tlwaelo ya gagwe e e neng e mo dira lekgoba? Ga a a bona mo go ene ka boene go na le moo, o a bone mo Modimong. O ne a re: “Ke ne ke ithuta Baebele ka metlha, ke rapelela moya o o boitshepo mme ke batla thuso e e lorato e bangwe mo phuthegong ya Bokeresete ba neng ba nnaya yone ka go rata.” Dilo tseno ke tsone tse di ka re thusang rotlhe fa re batla kgololesego ya mmatota. Mma re bone gore di ka re thusa jang.

TLHODUMELA MO LEFOKONG LA MODIMO

10. Go kaya eng go “tlhodumela” mo molaong wa Modimo?

10 Jakobe 1:25 e balega jaana: “Yo o tlhodumelang mo molaong o o itekanetseng wa kgololesego le yo o nnelang ruri mo go one . . . o tla itumela mo go o direng ga gagwe.” Lefoko la ntlhantlha la Segerika le le ranotsweng e le go “tlhodumela” le kaya “go inama gore o lebe sengwe,” se se kayang go tsaya matsapa. Ee, fa re batla gore molao wa kgololesego o ame megopolo le dipelo tsa rona, re tshwanetse go dira seabe sa rona ka go ithuta Baebele ka tlhoafalo mme re tlhatlhanye ka se re se balang.—1 Tim. 4:15.

11, 12. (a) Jesu o ne a gatelela jang botlhokwa jwa go tshela go dumalana le boammaaruri? (b) Jaaka go bontshitswe mo setshwantshong se se fa godimo, ke kotsi efe e segolobogolo basha ba tshwanetseng go e tila?

11 Gape re tshwanetse go ‘nnela ruri’ kgotsa go itshoka fa re dirisa Lefoko la Modimo, fa re dira jalo re dira gore boammaaruri e nne tsela ya rona ya botshelo. Jesu o ne a bua sengwe se se tshwanang le seo fa a ne a raya bangwe ba ba neng ba dumela mo go ene a re: “Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, ruri lo barutwa ba me, mme lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri  bo tla lo golola.” (Joh. 8:31, 32) Buka nngwe ya ditshupiso ya re, go “itse” go kaya gape go anaanela ka ntlha ya gore, “se se ‘itseweng’ se botlhokwa mo go yo o se itseng.” Ka jalo, re “itse” boammaaruri ka botlalo fa re tshela go dumalana le jone. Mme go tla bo go tshwanela gore re re “lefoko la Modimo” le “dira” mo go rona, le bopa botho jwa rona gore re kgone go etsa Rraarona yo o kwa legodimong botoka.—1 Bathes. 2:13.

12 Ipotse jaana, ‘A tota ke itse boammaaruri? A ke tshela go dumalana le jone? Kgotsa a ke sa ntse ke eletsa “kgololesego” nngwe ya lefatshe?’ Fa kgaitsadi yo o neng a godisiwa ke batsadi ba Bakeresete a gakologelwa fa a sa ntse a le mosha, o ne a kwala jaana: “Fa o golela mo boammaaruring go nna jaaka e kete ka metlha Jehofa o na le wena. Mme nna, tota ke ne ke sa mo itse. Ga ke a ka ka ithuta go tlhoa se a se tlhoileng. Ke ne ke sa dumele gore o amega ka se ke se dirang. Mme ga ke a ka ka ithuta go ya kwa go ene fa ke na le mathata. Ke ne ke ikaega ka tlhaloganyo ya me, mme jaanong ke a itse gore seo e ne e le boeleele ka gonne ke ne ke sa itse sepe.” Se se itumedisang ke gore moragonyana kgaitsadi yoo o ne a lemoga gore tsela e a neng a akanya ka yone e ne e le phoso thata, mme o ne a dira diphetogo tse dikgolo. O ne a bo a simolola go nna mmulatsela wa ka metlha.

MOYA O O BOITSHEPO O KA GO THUSA GORE O GOLOLOSEGE

13. Moya o o boitshepo wa Modimo o re thusa jang gore re gololesege?

13 Mo go 2 Bakorintha 3:17, re bala jaana: “Koo moya wa ga Jehofa o leng gone, go na le kgololesego.” Moya o o boitshepo o re thusa jang gore re gololesege? O re thusa gore re nne le dinonofo tse di botlhokwa gore re gololesege—“lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.” (Bagal. 5:22, 23) Fa batho ba se na dinonofo tseno, segolobogolo lorato, ga ba ka ke ba gololesega ka tsela ya mmatota—e leng se gompieno se bonalang mo lefatsheng. Se se kgatlhang ke gore, morago ga gore moaposetoloi Paulo a umake dinonofo tse moya o di tlhagisang o ne a re: “Ga go na molao ope o o kgatlhanong le dilo tse di ntseng jalo.” O ne a kaya eng? Dinonofo tse moya wa Modimo o di tlhagisang ga di thibelwe ke molao ope o o ka di thibelang go gola. (Bagal. 5:18) Kana e bile, ke ka ntlha yang fa go ka tlhomiwa molao o o ntseng jalo? Jehofa o rata gore ka metlha re lwele go nna le dinonofo tse di tshwanang le tsa ga Keresete mme re di bontshe re se na sepe se se re thibelang.

14. Moya wa lefatshe o dira jang batho ba ba ineelang mo go one makgoba?

14 Batho ba ba kgatlhiwang ke moya wa lefatshe le ba ba ineelang mo dikeletsong tsa bone tsa nama, ba ka nna ba akanya gore ba gololesegile. (Bala 2 Petere 2:18, 19.) Le fa go ntse jalo, tota boammaaruri ke gore ga ba a gololesega. Go tlhokega melao le melawana e mentsintsi go thibela mekgwa le dikeletso tsa bone tse di utlwisang botlhoko. Paulo a re: “Molao o bolelwa phatlalatsa, e seng ka ntlha ya motho yo o siameng, fa e se ka ntlha ya batho ba ba se nang molao le ba ba sa laolesegeng.” (1 Tim. 1:9, 10) Gape ke makgoba a boleo, ba laolwa gore ba dire “dilo tse di ratwang ke nama,” e e leng mong yo o setlhogo wa bone. (Baef. 2:1-3) Ka tsela nngwe, batho ba ba ntseng jalo ba tshwana le ditshenekegi tse di gagabelang mo teng ga sekotlolo sa tswina ya dinotshe. E re ka ba laolwa ke keletso ya bone, go ise go ye kae ba iphitlhela ba tsene mo seraing.—Jak. 1:14, 15.

RE BONA KGOLOLESEGO MO PHUTHEGONG YA BOKERESETE

15, 16. Go kopanela le phuthego go botlhokwa jang, mme re itumelela kgololesego efe?

15 Fa o ne o simolola go kopanela le phuthego ya Bokeresete, ga o a ka wa ikwadisetsa go tsenela tlelapa nngwe ya go dira ditsala. Go na le moo, o tlile mo phuthegong ka gonne Jehofa a go gogile. (Joh. 6:44) Ke eng se se mo tlhotlheleditseng gore a dire jalo? A o go bone o le motho yo o siameng yo o boifang Modimo? O ka nna wa araba ka go re: “Nnyaa, le e seng!” Ka jalo, ke eng se Modimo a neng a se bona? O bone pelo e e tla amogelang molao wa gagwe o  o gololang, pelo e e tla ikobelang tlhotlheletso ya gagwe e e siameng. Jehofa o ne a dirisa phuthego ya gagwe go tlhokomela pelo ya gago ka go go otla semoyeng, a go golola mo maakeng a bodumedi le mo tumelabotlhoding le ka go go ruta gore o ka nna jang le botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. (Bala Baefeso 4:22-24.) Ka jalo, o na le tshiamelo ya go nna yo mongwe wa batho ba e leng bone fela mo lefatsheng ba go tshwanelang gore ba bidiwe, “batho ba ba gololesegileng.”—Jak. 2:12.

16 Akanya ka seno: Fa o le mo gare ga batho ba ba ratang Jehofa ka dipelo tsa bone tsotlhe, a o ikutlwa o boifa? A gangwe le gape o nna o gadima kwa morago? Fa o tlotla kwa Holong ya Bogosi, a o nna o ngangatletse beke ya gago o tshaba gore e tla nyelela? Le e seng! O ikutlwa go se letsapa le le go fisang pelo e bile o gololesegile. A o ne o ka ikutlwa jalo fa o ne o le kwa tiragalong nngwe ya lefatshe? Le e seng! Mo godimo ga moo, kgololesego e gone jaanong o itumelelang yone mo gare ga batho ba Modimo, ke maoko fela a kgololesego e e larileng kwa pele.

“KGOLOLESEGO E E GALALELANG YA BANA BA MODIMO”

17. Kgololesego ya batho e amanngwa jang le “go senolwa ga bana ba Modimo”?

17 Fa Paulo a ne a tlotla ka kgololesego e Jehofa a tla e nayang batlhanka ba gagwe ba mo lefatsheng, o ne a kwala jaana: “Go lebelela ka tlhoafalo ga popo go letetse go senolwa ga bana ba Modimo.” Mme o ne a oketsa ka go re: “Popo ka boyone le yone e tla gololwa mo go nneng motlhanka wa go bola mme e nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.” (Bar. 8:19-21) Popo e kaya batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, batho ba ba tla solegelwang molemo ke go “senolwa” ga bana ba Modimo a ba tloditseng. Go senolwa goo go tla simolola fa “bana” ba tsosediwa kwa legodimong gore ba nne le seabe le Keresete go phepafatsa lefatshe, go tlosa bosula le go boloka “boidiidi jo bogolo” gore bo tsene mo tsamaisong e ntšha ya dilo.—Tshen. 7:9, 14.

18. Ke jang batho ba ba kutlo ba tla nnang le kgololesego e e oketsegileng, mme kgabagare ba tla bona kgololesego efe?

18 Go tswa foo, batho ba ba rekolotsweng ba tla nna le kgololesego ka tsela e e kgethegileng—go gololesega mo tlhotlheletsong ya ga Satane le badimona ba gagwe. (Tshen. 20:1-3) A bo seo e tla bo e le kgololesego jang ne! Morago ga foo, batho ba le 144 000 ba e tla bong e le dikgosi le baperesiti mmogo le Keresete ba tla tswelela go golola batho ba dirisa melemo ya setlhabelo sa thekololo go fitlha boleo jwa ga Adame le bosaitekanelang bo tlositswe gotlhelele. (Tshen. 5:9, 10) Fa batho ba sena go itshupa ba ikanyega fa ba lebane le diteko, kgabagare ba tla nna le kgololesego e e feletseng e Jehofa a neng a ikaeletse go ba naya yone—“kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.” Akanya fela! Go tla bo go sa tlhole go le thata gore o dire se Modimo a reng se siame, ka gonne mmele wa gago otlhe o tla bo o itekanetse mme botho jwa gago bo tla bo bo fetoletswe ka botlalo mo setshwanong sa Modimo.

19. Gompieno re tshwanetse go tswelela re dira eng gore re nne re le mo kgololesegong ya mmatota?

19 A o eletsa go nna le “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo”? Fa go ntse jalo, letla mogopolo le pelo ya gago gore di tswelele di tlhotlhelediwa ke ‘molao o o itekanetseng wa kgololesego.’ Ithute Dikwalo ka tlhoafalo. Tshela go dumalana le boammaaruri mme o bo dire jwa gago. Rapelela moya o o boitshepo. Dirisa phuthego ya Bokeresete ka botlalo le dijo tsa semoya tse Jehofa a re nayang tsone. O se ka wa letla Satane a go tsietsa fela jaaka a ile a tsietsa Efa gore a akanye gore ditsela tsa Modimo di gagametse thata. Ela tlhoko gore Diabolo a ka nna matlhajana. Le fa go ntse jalo, jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang, ga re a tshwanela go “tsiediwa ke Satane, gonne ga re ba ba se nang kitso ka maano a gagwe.”—2 Bakor. 2:11.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

A ke sa ntse ke eletsa “kgololesego” ya lefatshe?

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

A ke tshela go dumalana le boammaaruri?