Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Kgang ya Botshelo

“Sephiri” Se re Se Ithutileng mo Tirelong ya Rona e e Boitshepo

“Sephiri” Se re Se Ithutileng mo Tirelong ya Rona e e Boitshepo

Jaaka go boletse Olivier Randriamora

“Eleruri ke itse kafa go nna le dilo tse di seng kalo go ntseng ka gone, eleruri ke itse kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone. Mo go sengwe le sengwe le mo maemong otlhe ke ithutile sephiri sa kafa go kgora go ntseng ka gone le kafa go tshwarwa ke tlala go ntseng ka gone . . . Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafil. 4:12, 13.

MAFOKO ano a ga moaposetoloi Paulo ga a bolo go re kgothatsa thata nna le mosadi wa me e bong Oly. Fela jaaka Paulo, re ithutile “sephiri” ka go ikaega ka botlalo ka Jehofa fa re ntse re mo direla mo Madagascar.

Fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go ithuta Baebele le mmaagwe Oly ka 1982, ke ne ke setse ke tlhomile Oly letlhokwa. Le nna ke ne ka amogela thuto ya Baebele, mme moragonyana Oly le ene o ne a e amogela. Re ne ra nyalana ka 1983, ra kolobediwa ka 1985, mme ka bonako fela morago ga foo ra simolola go nna babulatsela ba ba thusang. Ka July 1986, re ne ra nna babulatsela ba ka metlha.

Ka September 1987, re ne ra simolola go nna babulatsela ba ba kgethegileng. Kabelo ya rona ya ntlha e ne e le kwa torotswaneng e e kwa bokonebophirima jwa Madagascar kwa go neng go se na phuthego gone. Kwa Madagascar go na le ditso tsa konokono di le 18 le dikgotla tse dintsintsi mme dingwao le ditso tsa gone di farologane thata. Se-Malagasy ke puo ya semmuso ya koo, mme gone e buiwa ka ditsela tse di farologaneng. Ka jalo, re ne ra simolola go ithuta puo e e neng e buiwa mo kabelong ya rona e ntšha, mme seo se dirile gore batho ba lefelo leo ba re amogele.

Kwa tshimologong, ke ne ke neela puo ya phatlalatsa Sontaga mongwe le mongwe, mme Oly o ne a opa diatla jaaka go tlwaelegile. Re ne re le babedi fela. Gape re ne re tshwara thulaganyo yotlhe ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, mme Oly o ne a bua e kete o bua le mong wa ntlo. A bo re ile ra wela makgwafo jang ne fa molebedi yo o etang a ne a akantsha gore re fetole dipokano!

E re ka poso e ne e sa tle ka metlha, re ne re sa kgone go amogela madi a rona a kgwedi le kgwedi ka metlha. Ka jalo, re ne ra ithuta go tshela ka go le gonnye. Nako nngwe, re ne re se na madi a a lekaneng a go palama bese go ya kopanong ya potologo, e e neng e tshwaretswe kwa lefelong le le bokgakala jwa dikilometara di ka nna 130. Re ne ra gakologelwa kgakololo nngwe e e molemo e re neng ra e newa ke Mosupi mongwe: “Bolelelang Jehofa mathata a lona. Kana e bile ke tiro ya gagwe e lo e dirang.” Ka jalo, re ne ra rapela mme ra dira tshwetso ya go tsamaya ka maoto. Le fa go ntse jalo, pele fela ga re tloga, mokaulengwe mongwe o ne a re etela re sa solofela mme a re naya madi e le mpho—a a lekaneng kgo go duela bese!

TIRO YA POTOLOGO

Ka February 1991, ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi wa potologo. Ka nako eo, setlhopha sa rona se sennye se ne se na le baboledi ba le robongwe, ba bararo ba bone ba ne ba kolobeditswe, mme palogare ya batho ba ba neng ba nna teng mo dipokanong e ne e le  50. Fa re sena go thapisiwa, re ne ra ya go potologa kwa Antananarivo e leng motsemogolo wa Madagascar. Ka 1993, re ne ra abelwa go ya go potologa kwa karolong e e kwa botlhaba jwa naga eo. Maemo a koo a botshelo a ne a farologane thata le a kwa toropong.

Gore re fitlhe kwa diphuthegong kgotsa kwa ditlhopheng tse di kwa thoko re ne re tsamaya ka maoto, ka dinako dingwe re tsamaya mo e ka nnang dikilometara di le 145 mo thabeng e e nang le ditlhare tse di kitlaneng. Re ne re dira gore merwalo ya rona e se ka ya nna mentsi. Gone ke boammaaruri gore nako nngwe le nngwe fa puo ya phatlalatsa ya molebedi wa potologo e ne e akaretsa diselaete, jaaka ka dinako dingwe go ne go a tle go dirwe mo malatsing ao, morwalo wa rona o ne o nna bokete. Oly o ne a tshwara porojeketara ya diselaete, mme nna ke ne ke tshwara beteri ya 12-volt.

Gantsi re ne re tsamaya dikilometara di ka nna 40 ka letsatsi gore re fitlhe kwa phuthegong e e latelang. Mo tseleng re ne re tlhatloga le go fologa dithaba, re kgabaganya dinoka e bile re tsamaya mo seretseng. Ka dinako dingwe re ne re robala fa thoko ga tsela, mme gantsi re ne re batla motse o re neng re ka bona marobalo mo go one. Ka dinako dingwe re ne re kopa batho ba re sa ba itseng gore ba re neye marobalo. Fa re sena go bona marobalo, re ne re simolola go baakanya dijo. Oly o ne a adima pitsa a bo a ya go ga metsi kwa nokeng kgotsa kwa molapong o o gaufi. Mme nna ke ne ke adima selepe ke rema dikgong gore re gotse molelo wa go apaya. Sengwe le sengwe se ne se tsaya nako. Ka dinako dingwe, re ne re reka koko e e tshelang, re e bolaya, re bo re e tlhoba.

Fa re sena go ja, re ne re ya go ga metsi a go tlhapa. Ka dinako dingwe re ne re robala mo phaposing ya bojelo. Fa pula e na, re ne re robala re ikaegile ka lebota gore re se ka ra koloba.

Ka metlha re ne re tlhomamisa gore re rerela batho ba ba re nayang marobalo. Fa re goroga kwa phuthegong e re neng re ya kwa go yone, re ne re itumedisiwa ke bopelonomi le kamogelo ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete. Kanaanelo e e tswang pelong e ba neng ba e re bontsha fa re ba etetse, e ne e dira gore re se ka ra tshwenyega go bo re ile ra nna le mathata mo tseleng.

Fa re ne re nna mo malapeng a Basupi mmogo le rona, re ne re itumelela go ba thusa ka ditiro tsa mo gae. Seno se ne se ba thusa gore ba tsamaye le rona mo bodireding jwa tshimo. Re ne re sa lebelela gore re nne mo manobonobong kgotsa re apeelwe dijo tse di kgethegileng tse batho ba ba re amogetseng ba neng ba sa kgone go di reka.

GO ETELA DITLHOPHA TSE DI KWA THOKO

Re ne re itumelela go etela ditlhopha tse di kwa thoko, mme fa re goroga koo re ne re fitlhela bakaulengwe ba setse ba re rulaganyeditse ditiro tse dintsi. Gantsi re ne re se na nako ya go ‘ikhutsa go sekae.’ (Mar. 6:31) Kwa lefelong lengwe banyalani ba Basupi ba ne ba laleditse dithuto tsotlhe tsa bone tsa Baebele di le 40, go tla kwa legaeng la bone gore re kopanele le bone fa ba tshwere dithuto. Oly o ne a kopanela le kgaitsadi yoo fa a tshwere dithuto di ka nna 20, mme nna ke ne ke nna le mokaulengwe fa a tshwere dithuto tsa gagwe di le 20. Fa re fetsa go bala le moithuti yo mongwe, ka yone nako eo re ne re simolola thuto le yo mongwe. Moragonyana mo go lone letsatsi leo, re ne re emisa go sekae gore re tshware dipokano tsa phuthego, mme morago ga tsone re ne re tswelela ka dithuto tsa Baebele. Re ne re tshwarega go fitlha morago ga ura ya borobedi maitseboa!

Fa re etetse setlhopha se sengwe, mo e ka nnang ka ura ya borobedi mo mosong rotlhe re ne re ya kwa motseng o o gaufi. Rotlhe re ne re apere diaparo tsa kgale. Morago ga loeto lo loleele mo sekgweng, re ne ra goroga mo lefelong leo mo e ka nnang ka sethoboloko. Re  ne ra apara diaparo tse di phepa, mme ka bonako fela ra simolola go rera ka ntlo le ntlo. Matlo a koo a ne a le mmalwa mme baboledi ba le bantsi. Ka jalo, re ne ra wetsa tshimo eo yotlhe mo e ka nnang ka metsotso e le 30. Go tswa foo, re ne ra leba kwa motseng o o latelang. Morago ga go rera koo re ne ra lebana le loeto lo loleele lwa go boela gae. Kwa tshimologong mokgwa ono o ne o re kgoba marapo. Re ne re dirisitse nako e ntsi e bile re tsere matsapa, le fa go ntse jalo, re ne ra nna le seabe mo tirong ya ntlo le ntlo mo e ka nnang ura e le nngwe fela. Le fa go ntse jalo, Basupi ba lefelo leo ba ne ba sa ngongorege. Ba ne ba tswelela ba le matlhagatlhaga.

Setlhopha sengwe se se kwa thoko sa kwa Taviranambo se ne se kopanela gaufi le setlhoa sa thaba. Fa re goroga koo re ne ra fitlhela lelapa lengwe la Basupi le le neng le nna mo ntlong e e nang le phaposi e le nngwe. Gaufi le ntlo ya bone go ne go na le kago e nnye e ba neng ba kopanela mo go yone. Ka bonako fela, mokaulengwe yo o neng a re amogetse o ne a simolola go goela kwa godimo a re, “Bakaulengwe!” Lentswe le ne la araba go tswa kwa setlhoeng sa thaba e e gaufi le re, “Ahee!” Mokaulengwe yo o neng a re amogetse o ne a goa gape a re, “Molebedi wa potologo o gorogile!” Karabo e ne ya re, “Ehe!” Go bonala molaetsa o ne wa romelwa kwa go ba bangwe ba ba neng ba nna kgakajana. Go ise go ye kae batho ba ne ba simolola go kokoana, mme fa dipokano di simolola go ne go na le batho ba ba fetang 100.

MATHATA A DIPALANGWA

Ka 1996 re ne ra abelwa go ya go potologa gaufi le Antananarivo, fa gare ga mafelo a a dithaba. Potologo eno e ne e na le dikgwetlho tsa yone tse di sa tshwaneng le dipe. Go ne go se na dipalangwa tsa go ya kwa mafelong a a kgakala le toropo. Re ne ra rulaganyediwa go etela setlhopha sengwe kwa Beankàna (Besakay), e e ka nnang dikilometara di le 240 go tswa Antananarivo. Morago ga go buisana le mokgweetsi wa bene, re ne ra e palama, e re ka e ne e ya ntlheng eo. Go ne go na le bapalami ba bangwe ba le 30, kafa gare le kwa godimo ga yone, ba bangwe ba palame mo marulelong a yone mme ba bangwe ba itshwareletse kwa morago ga yone.

Jaaka gantsi go a tle go direge, koloi e re neng re e palame e ne ya senyega mme re ne ra tshwanelwa ke go tsamaya ka maoto. Fa re setse re tsamaile diura di le mmalwa, go ne ga tla llori e kgolo. E ne e setse e tletse batho le merwalo, le fa go ntse jalo, mokgweetsi wa yone o ne a ema. Re ne ra palama, re bo re dumela go ema ka dinao. Moragonyana re ne ra goroga mo nokeng, mme borogo bo ne bo sa ntse bo baakanngwa. Re ne ra tsamaya ka maoto mme kgabagare ra goroga kwa motsaneng mongwe, kwa babulatsela bangwe ba ba kgethegileng ba neng ba nna gone. Le fa re ne re sa rulaganyetsa go ba etela, re ne ra fetsa nako re rera le bone fa re ntse re letile gore borogo bo baakanngwe le gore sepalangwa se sengwe se fete.

Go fetile beke pele ga koloi nngwe e ka feta, mme re ne ra e palama re bo re tswelela ka loeto lwa rona. Tsela  e ne e tletse dikhuti tse dintsi. Gantsi re ne re thusa go kgorometsa koloi gore e tswe mo metsing a a neng a re fitlha mo mangoleng, re kgopiwa e bile re wa fa re ntse re kgorometsa. Ka makuku a naka tsa kgomo re ne ra goroga kwa motsaneng mongwe kwa re neng ra fologa gone. Fa re tswa mo mmileng o mogolwane re ne ra tswelela go tsamaya ka dinao go ralala ditshingwana tsa raese, re tsamaya mo metsing a a seretse a a re fitlhang mo lothekeng gore re fitlhe kwa re yang gone.

E ne e le loeto lwa rona lwa ntlha kwa lefelong leo, ka jalo, re ne ra swetsa ka go neela bangwe ba batho ba ba berekang mo ditshingwaneng tsa raese bosupi le go ba botsa tsela e e yang kwa Basupi ba lefelo leo ba neng ba nna gone. A bo re ne ra itumela jang ne fa re utlwa gore tota babereki bao ke bakaulengwe ba rona!

GO KGOTHALETSA BA BANGWE GO TSENELA TIRELO YA NAKO E E TLETSENG

Fa dingwaga di ntse di feta, go ile ga re itumedisa thata go bona diphelelo tsa go kgothaletsa ba bangwe go tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Fa re ne re etetse phuthego nngwe e e neng e na le babulatsela ba ka metlha ba le robongwe, re ne ra kgothaletsa mongwe le mongwe wa bone gore a ipeele mokgele wa go thusa mmoledi yo mongwe gore a nne mmulatsela. Fa re boela kwa phuthegong eo dikgwedi di le thataro moragonyana, palo ya babulatsela ba ka metlha e ne e oketsegile ka bonako go nna ba le 22. Bokgaitsadi ba le babedi ba babulatsela ba ne ba kgothaleditse borraabone, ba e neng e le bagolwane, go nna babulatsela ba ka metlha. Mme bakaulengwe bano bone ba ne ba rotloeditse mogolwane wa boraro gore le ene e nne mmulatsela. Go ise go ye kae, mogolwane yono wa boraro o ne a tlhomiwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng. Moragonyana, ene le mosadi wa gagwe ba ne ba tsenela tirelo ya potologo. Go ne ga diragala eng ka bagolwane ba bangwe ba babedi? Yo mongwe ke molebedi wa potologo mme yo mongwe ene ke moithaopi mo go ageng Diholo tsa Bogosi.

Letsatsi le letsatsi le leboga thuso ya ga Jehofa fa re ntse re lemoga gore ga re ka ke ra fitlhelela sepe ka maatla a rona. Ke boammaaruri gore ka dinako dingwe re ikutlwa re lapile e bile re lwala, le fa go ntse jalo, re a itumela fa re akanya ka diphelelo tsa bodiredi jwa rona. Jehofa o dira gore tiro ya gagwe e tswelele pele. Re itumelela go nna le seabe se sennye mo tirelong eo, gone jaanong re mo direla re le babulatsela ba ba kgethegileng. Ee, re ithutile “sephiri” ka go ikaega ka Jehofa, ‘yo o re nayang maatla.’

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Re ithutile “sephiri” ka go ikaega ka Jehofa

[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 4]

Madagascar, e e bidiwang Big Red Island, ke setlhaketlhake sa bonè se segolo mo lefatsheng. Mmu wa koo o mohibidu, e bile mefuta e mentsi ya dijalo tse di fitlhelwang koo fela, e gola sentle

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Go tsaya loeto e ne e le nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo tse re neng re lebana le tsone

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Re ne re itumelela go tshwara dithuto tsa Baebele