Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Senola se se Tla ‘Akofang se Diragala’

Jehofa o Senola se se Tla ‘Akofang se Diragala’

 Jehofa o Senola se se Tla ‘Akofang se Diragala’

“Tshenolo ka Jesu Keresete, e Modimo a neng a e mo naya, gore a bontshe batlhanka ba gagwe dilo tse di tla akofang di diragala.”—TSHEN. 1:1.

O TLA ARABA JANG?

Ke dikarolo dife tsa setshwantsho se segolo tse di emelang Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika?

Johane o bontsha jang kamano e e magareng ga Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng?

Daniele le Johane ba bontsha jang bokhutlo jwa dipuso tsa batho?

1, 2. (a) Boporofeti jwa ga Daniele le jwa ga Johane bo re thusa go dira eng? (b) Ditlhogo tsa ntlha tse thataro tsa sebatana di emela eng?

BOPOROFETI jwa ga Daniele le jwa ga Johane bo re thusa go tlhaloganya dilo tse dintsi tse di diregang mo lefatsheng gone jaanong le tse di tla diregang mo isagweng. Re ka ithuta eng fa re bapisa ponatshegelo ya ga Johane ya sebatana sa naga, pego ya ga Daniele ya sebatana se se boifisang se se neng se na le dinaka tse di lesome le kafa Daniele a neng a tlhalosa ka teng setshwantsho se segolo? Mme go tlhaloganya ka botlalo dipolelelopele tseno go tla re tlhotlheletsa gore re dire eng?

2 Mma re tlotleng ka ponatshegelo ya ga Johane ya sebatana sa naga. (Tshen., kgao. 13) Jaaka fa re bone mo setlhogong se se fetileng, ditlhogo tse thataro tsa sebatana seno di tshwantshetsa Egepeto, Asiria, Babelona, Bameda le Baperesia, Gerika le Roma. Mebuso eno yotlhe e ne ya bontsha gore e tlhoile losika lwa mosadi. (Gen. 3:15) Roma, e leng tlhogo ya borataro, e ne ya tswelela e le mmuso wa lefatshe lotlhe makgolokgolo a dingwaga fa Johane a sena go kwala ponatshegelo ya gagwe. Kgabagare tlhogo ya bosupa e ne e tla tsaya boemo jwa Roma. Ke puso efe ya dipolotiki e e neng ya nna tlhogo ya bosupa mme e ne e tla tshwara jang losika lwa mosadi?

BORITHANE LE UNITED STATES DI NNA LE MAATLA A GO BUSA

3. Sebatana se se boifisang sa dinaka tse di lesome se emela eng, mme dinaka tse di lesome di tshwantshetsa eng?

3 Re ka kgona go lemoga gore tlhogo ya bosupa ya sebatana se se mo go Tshenolo kgaolo 13 ke mang fa re bapisa ponatshegelo ya ga Johane le ya ga Daniele ya sebatana se se boifisang sa dinaka tse di lesome. * (Bala Daniele 7:7, 8, 23, 24.) Sebatana se Daniele a se boneng se ne se emela Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Roma.  (Bona tšhate e e mo go tsebe 12-13.) Mo lekgolong la botlhano la dingwaga C.E., Mmusomogolo wa Roma o ne wa simolola go koafala. Dinaka di le lesome tse di neng tsa tlhoga mo tlhogong ya sebatana seno se se boifisang, di emela mebuso e e neng ya tswa mo mmusomogolong oo.

4, 5. (a) Lonaka lo lonnye lo ne lwa dira eng? (b) Tlhogo ya bosupa ya sebatana ke mang?

4 Dinaka di le nnè, kgotsa mebuso, tse di neng tsa tlhoga mo tlhogong ya sebatana se se boitshegang ke tsone tse go buiwang ka tsone ka tsela e e kgethegileng. Tse tharo tsa tsone di ntshiwa ke lonaka lo longwe “lo lonnye.” Seno se ne sa diragala fa Boritane, e pele e neng e le kolone ya Mmusomogolo wa Roma e simolola go gola. Go tla go fitlha mo lekgolong la bo17 la dingwaga, Boritane e ne e se na maatla a a kalo a go busa. Dikgaolo tse dingwe tse tharo tsa Mmusomogolo wa Roma wa bogologolo—Spain, Netherlands le Fora—di ne di na le taolo e kgolwane. Boritane e ne ya ntsha dipuso tseo ka bongwe ka bongwe e di tlosa mo maemong a tsone a a kwa godimo. Mo bogareng jwa lekgolo la bo18 la dingwaga, Boritane e ne e simolola go nna puso e e nonofileng mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, e ne e ise e nne tlhogo ya bosupa ya sebatana.

5 Le fa Boritane e ne ya nna le taolo, dikolone tsa yone tsa kwa Amerika Bokone di ne tsa ikemela. Le fa go ntse jalo, Boritane e ne ya sireletsa United States ka sesole sa yone sa mo metsing, mme ka go dira jalo ya e letla gore e nne le taolo. Fa letsatsi la Morena le simolola ka 1914, Boritane e ne e setse e itiretse mmuso o mogolo go gaisa mo hisitoring mme United States yone e ne e setse e na le madirelo a magolo thata mo lefatsheng. * Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya I, United States e ne ya dira bolekane le Boritane. Tlhogo ya bosupa ya sebatana seno jaanong e ne ya tlhagelela e le Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika. Tlhogo eno e ne ya tshwara jang losika lwa mosadi?

6. Tlhogo ya bosupa e ile ya tshwara batho ba Modimo jang?

6 Nakwana fela morago ga go simolola ga letsatsi la Morena, tlhogo ya bosupa e ne ya tlhasela batho ba Modimo—bomorwarragwe Keresete ba ba setseng mo lefatsheng. (Math. 25:40) Jesu o ne a bontsha gore ka nako ya go nna gone ga gagwe, ba ba setseng ba losika ba tla nna ba tshwaregile mo lefatsheng. (Math. 24:45-47; Bagal. 3:26-29) Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika o ne wa bolotsa ntwa kgatlhanong le baitshepi bao. (Tshen. 13:3, 7) Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya I, o ne wa gatelela batho ba Modimo, wa thibela dikgatiso dingwe tsa bone mme wa tsenya baemedi ba setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego mo kgolegelong. Tlhogo ya bosupa ya sebatana e ne ya batla e fedisa tiro ya go rera ka lobakanyana. Jehofa o ne a bonela pele ditiragalo tseno tse di gakgamatsang a bo a di senolela Johane. Gape Modimo o ne a bolelela Johane gore karolo ya bobedi ya losika e ne e tla felela ka gore go nne le koketsego e kgolo ya semoya. (Tshen. 11:3, 7-11) Hisitori ya batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno e tlhomamisa gore ruri ditiragalo tseo di ile tsa diragala.

MMUSOMOGOLO WA LEFATSHE WA MAESEMANE LE MAAMERIKA LE DINAO TSA TSHIPI LE LETSOPA

7. Tlhogo ya bosupa ya sebatana e amana jang le setshwantsho se se boitshegang?

7 Tlhogo ya bosupa ya sebatana e amana jang le setshwantsho se se boitshegang? Boritane le United States di ne tsa tswa mo Mmusomogolong wa Roma. Mme go tweng ka dinao tsa setshwantsho seno? Di tlhalosiwa e le tshipi e e tlhakaneng le letsopa. (Bala Daniele 2:41-43.) Tlhaloso eno e dumalana le nako e tlhogo ya bosupa—e leng Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika—e neng  e tla nonofa ka yone. Fela jaaka tshipi e e tlhakantsweng le letsopa e le bokoa go feta tshipi e e sa tlhakanngwang le sepe, go ntse fela jalo le ka Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika, ga o a nonofa jaaka mmuso o o tswang mo go one. Jang?

8, 9. (a) Mmuso wa lefatshe lotlhe wa bosupa o bontshitse jang maatla a a tshwanang le a tshipi? (b) Letsopa le le mo dinaong tsa setshwantsho le emela eng?

8 Ka dinako dingwe tlhogo ya bosupa ya sebatana e ne e itshupa e nonofile jaaka tshipi. Ka sekai, e ile ya bontsha maatla a yone ka go fenya Ntwa ya Lefatshe ya I. Maatla a tlhogo ya bosupa a a tshwanang le tshipi a ile a bonala gape ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya II. * Morago ga ntwa eo, tlhogo ya bosupa ka dinako dingwe e ne e bontsha gore e nonofile jaaka tshipi. Le fa go ntse jalo, go tloga kwa tshimologong tshipi eo e ne e tlhakane le letsopa.

9 Batlhanka ba ga Jehofa ga ba a bolo go batla go tlhaloganya gore dinao tsa setshwantsho di tshwantshetsa eng. Daniele 2:41, e tlhalosa tshipi e e tlhakaneng le letsopa e le “bogosi” bo le bongwe, e seng a le mantsi. Ka jalo, letsopa le emela dilo dingwe mo Mmusong wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika, tse di dirang gore mmuso ono o nne bokoa go feta Mmusomogolo wa Roma o o neng o emelwa ke tshipi e e sa tswakanngwang le sepe. Letsopa le tlhalosiwa e le “bana ba batho” kgotsa batho fela. (Dan. 2:43) Mo Mmusong wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika, batho ba ile ba batla ditshwanelo tsa bone ba dirisa matsholo a go lwela ditshwanelo tsa setšhaba, mekgatlho ya babereki le mekgatlho e mengwe e e ikemetseng. Batho ba ile ba koafatsa Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika gore o palelwe ke go nna le maatla a a tshwanang le tshipi. Tota le baeteledipele ba ba ratiwang ke batho ga ba na taolo e e lekaneng go diragatsa se ba solofeditseng gore ba tla se dira, ka ntlha ya dikgopolo tse di ganetsanang tsa boradipolotiki le ka go bo baeteledipele bao ba fentse ditlhopho ka palo e e kwa tlase ya diboutu. Daniele o ne a bolelela pele jaana: “Bogosi joo bo tla itshupa bo nonofile mo ntlheng e nngwe mme bo se thata mo ntlheng e nngwe.”—Dan. 2:42; 2 Tim. 3:1-3.

10, 11. (a) “Dinao” di na le isagwe efe? (b) Re ka swetsa ka goreng malebana le palo ya menwana ya maoto?

10 Mo lekgolong la bo21 la dingwaga, Boritane le United States di ile tsa tswelela di na le kgolagano e e kgethegileng, gantsi di dira mmogo mo dikgannyeng tsa lefatshe. Dipolelelopele tse di ka ga setshwantsho se segolo le sebatana di re tlhomamisetsa gore Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika o ka se ka wa emisediwa ke mmuso o mongwe wa lefatshe lotlhe. Mmuso ono wa bofelo wa lefatshe lotlhe o ka tswa o le bokoa go feta o o emelwang ke maoto a tshipi, le fa go ntse jalo ga o kitla o iphelela ka boone fela.

11 A palo ya menwana ya maoto a setshwantsho e na le bokao jo bo rileng? Akanya ka seno: Mo diponatshegelong tse dingwe, Daniele o umaka dipalo tse di tlhomameng—ka sekai, palo ya dinaka tse di mo ditlhogong tsa dibatana tse di farologaneng. Dipalo tseo di botlhokwa thata. Le fa go ntse jalo, fa Daniele a tlhalosa setshwantsho seno ga a umake palo ya menwana ya maoto. Ka jalo, go bonala palo eno e se botlhokwa, fela jaaka kgang ya gore setshwantsho se na le mabogo, diatla, menwana, maoto le dinao le yone e se botlhokwa. Daniele o umaka ka tlhamalalo gore menwana ya maoto e dirilwe ka tshipi le letsopa. Go ya ka tllhaloso ya gagwe re ka swetsa ka gore Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika ke one fela o o tla bong o laola fa “leje” le le emelang Bogosi jwa Modimo le itaya dinao tsa setshwantsho.—Dan. 2:45.

MMUSO WA MAESEMANE LE MAAMERIKA LE SEBATANA SA DINAKA TSE PEDI

12, 13. Sebatana sa dinaka tse pedi se emela eng, mme se dira eng?

12 Le fa Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane  le Maamerika e le tshipi e e kopaneng le letsopa, diponatshegelo tse Jesu a di neileng Johane, di bontsha gore mmuso ono o tla tswelela o na le seabe se segolo mo malatsing a bofelo. Jang? Johane o bone ponatshegelo ya sebatana sa naga sa dinaka tse pedi se se neng se bua jaaka kgogela. Sebatana seno se se sa tlwaelegang se emela eng? Se na le dinaka tse pedi, ka jalo ke mmuso o o maphata mabedi. Le fano Johane o bona Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika mme mo lekgetlong leno o na le seabe se se kgethegileng.—Bala Tshenolo 13:11-15.

13 Sebatana seno sa naga se buelela gore go dirwe setshwantsho sa sebatana. Johane o ne a kwala gore setshwantsho sa sebatana se tla tlhagelela, se nyelele mme se bo se tlhagelela gape. Seo ke se tota se neng sa diragalela mokgatlho o o emiwang nokeng ke Boritane le United States, o o neng o ikaeletse go kopanya dipuso tsa lefatshe le go di emela. * Mokgatlho ono o ne wa nna gone morago ga Ntwa ya Lefatshe ya I mme o ne o itsege e le lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba. O ne wa nyelela fa Ntwa ya Lefatshe ya II e simolola. Ka nako ya ntwa eo, batho ba Modimo ba ne ba bolela gore, go ya ka boporofeti jo bo mo go Tshenolo, setshwantsho sa sebatana se ne se tla tlhagelela gape. Mme ruri se ne sa tlhagelela gape—e le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.—Tshen. 17:8.

14. Setshwantsho sa sebatana ke “kgosi ya borobedi” ka kgopolo efe?

14 Johane o ne a tlhalosa setshwantsho sa sebatana seo e le “kgosi ya borobedi.” Ka kgopolo efe? Ga se tlhalosiwe e le tlhogo ya borobedi mo sebataneng sa ntlha. Ke setshwantsho fela sa sebatana seo. Maatla ape fela a se nang le one a tswa mo ditšhabeng tse e leng maloko a sone, segolobogolo mo baemanokeng ba bagolo ba sone e leng Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika. (Tshen. 17:10, 11) Le fa go ntse jalo, se amogela taolo ya go nna kgosi go diragatsa tiro e e rileng, e e tla simololang tatelano ya ditiragalo tse di tla fetolang hisitori.

SETSHWANTSHO SA SEBATANA SE GAROLA SEAKA

15, 16. Seaka se tshwantshetsa eng, mme go diragetse eng ka kemonokeng ya sone?

15 Go ya ka Johane, mo godimo ga sebatana se se bohibidu jo bo letlhololo, e leng setshwantsho sa sebatana, go palame seaka sa tshwantshetso, se se laolang sebatana seno. Seaka seno se na le leina, “Babelona o Mogolo.” (Tshen. 17:1-6) Go a tshwanela gore seaka seno se emele bodumedi jotlhe jwa maaka, mme dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ke tsone di di gogang kwa pele. Mekgatlho ya bodumedi jwa maaka e ile ya segofatsa setshwantsho sa sebatana mme ya leka go se tlhotlheletsa.

16 Le fa go ntse jalo, mo letsatsing la Morena, Babelona o Mogolo o ne a bona metsi—e leng batho ba ba mo emang nokeng—a kgala ka bonako jo bogolo. (Tshen. 16:12; 17:15) Ka sekai, fa setshwantsho sa sebatana se ne se tlhagelela la ntlha, dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete—e leng karolo ya Babelona o  Mogolo, e e nang le tlhotlheletso e kgolo—di ne tsa laola dinaga tse di kwa Bophirima. Gompieno, batho ba le bantsi ga ba tlhole ba tlotla le go ema nokeng dikereke le baruti ba tsone. Tota e bile, batho ba le bantsi ba dumela gore bodumedi bo na le seabe mo dintweng kgotsa ke jone bo di bakang. Batho ba le bantsi ba dinaga tsa kwa Bophirima ba ikuela gore lefatshe le fedise bodumedi.

17. Ke eng se gautshwane se tla diragalelang bodumedi jwa maaka, mme ka ntlha yang?

17 Le fa go ntse jalo, bodumedi jwa maaka bo ka se nyelele fela ka bonako. Seaka se tla tswelela se na le maatla, se leka go dira gore dikgosi di dire thato ya sone go fitlha Modimo a tsenya kgopolo mo dipelong tsa ba ba nang le maatla. (Bala Tshenolo 17:16, 17.) Go ise go ye kae, Jehofa o tla dira gore dipuso tsa dipolotiki tsa tsamaiso ya ga Satane, tse di emelwang ke lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, di tlhasele bodumedi jwa maaka. Di tla fedisa tlhotlheletso ya seaka, di bo di senya dikhumo tsa sone. Masomesome a dingwaga a a fetileng, tiragalo eno e ne e ka lebega e ka se kgonege. Gompieno, seaka se a thetheekela mo mokwatleng wa sebatana se se bohibidu jo bo letlhololo. Le fa go ntse jalo, ga se kitla se relela ka bonya mo se dutseng gone. Go wa ga sone le tshenyego ya sone go tla nna ka tshoganyetso.—Tshen. 18:7, 8, 15-19.

DIBATANA DI A NYELEDIWA

18. (a) Sebatana se tla dira eng, mme seo se tla felela ka eng? (b) Go ya ka Daniele 2:44, Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa magosi afe? (Bona lebokose le le mo go tsebe 17.)

18 Fa bodumedi jwa maaka bo sena go senngwa, sebatana, e leng mekgatlho ya ga Satane ya mo lefatsheng ya dipolotiki e tla tlhotlheletsega go tlhasela Bogosi jwa Modimo. E re ka dikgosi tsa lefatshe di sa kgone go fitlha kwa legodimong, di tla tlhasela batho ba ba mo lefatsheng ba ba emang nokeng Bogosi jwa Modimo. Seno se tla felela ka go lwa le Modimo mo ntweng ya makgaolakgang. (Tshen. 16:13-16; 17:12-14) Daniele o tlhalosa karolo e le nngwe ya ntwa eo ya makgaolakgang. (Bala Daniele 2:44.) Sebatana se se umakilweng mo go Tshenolo 13:1, setshwantsho sa sone le sebatana sa dinaka tse pedi, di tla nyelediwa.

19. Re ka tlhomamisega ka eng, mme eno ke nako ya go dira eng?

19 Re tshela mo metlheng ya tlhogo ya bosupa. Ga go na ditlhogo dipe tse di tla tlhagelelang mo sebataneng seno pele ga se fedisiwa. Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika e tla bo e le one mmuso wa lefatshe lotlhe fa bodumedi jwa maaka bo fedisiwa. Boporofeti jwa ga Daniele le jwa ga Johane bo diragaditswe ka botlalo, tota le dintlhanyana tse dinnye tsa jone. Re ka tlhomamisega gore go senngwa ga bodumedi jwa maaka le ntwa ya Haramagedone, di gaufi le go tla. Modimo o re senoletse dintlha tseno go sa le gale. A re tla ela tlhoko ditlhagiso tseno tsa boporofeti? (2 Pet. 1:19) Eno ke nako ya gore re nne mo letlhakoreng la ga Jehofa re bo re eme Bogosi jwa gagwe nokeng.—Tshen. 14:6, 7.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Mo Baebeleng, gantsi palo ya lesome e tshwantshetsa go felela—mo lekgetlong leno, e tshwantshetsa mebuso yotlhe e e neng ya tswa mo Mmusomogolong wa Roma.

^ ser. 5 Le fa Boritane le United States di sa bolo go nna gone fa e sa le mo lekgolong la bo18 la dingwaga, Johane o tlhalosa gore di simolotse go nna mmusomogolo wa lefatshe fa letsatsi la Morena le simologa. Tota e bile, go diragadiwa ga diponatshegelo tse di kwadilweng mo go Tshenolo go diragala mo “letsatsing la Morena.” (Tshen. 1:10) Tlhogo ya bosupa e ne ya simolola go tlhagelela e le mmusomogolo o o kopaneng wa lefatshe ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya I.

^ ser. 8 Daniele o ne a bonela pele tshenyo e kgolo e kgosi eno e neng e tla e baka ka nako ya ntwa eo ka go kwala jaana: “E tla senya ka tsela [e e boifisang] e e gakgamatsang.” (Dan. 8:24) Ka sekai, United States e ne ya baka tshenyo e kgolo fa e ne e latlhela dibomo tsa atomo tse pedi mo nageng ya mmaba wa Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika.

^ ser. 13 Bona Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! tsebe 240, 241, 253.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 17]

KE BOMANG BA E LENG “MAGOSI ANO OTLHE”?

Boporofeti jo bo mo go Daniele 2:44 bo tlhalosa gore Bogosi jwa Modimo “bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe.” Boporofeti joo bo tlhalosa fela magosi a a tshwantshediwang ke dikarolo tse di farologaneng tsa setshwantsho.

Go tweng ka dipuso tsotlhe tse dingwe tsa batho? Boporofeti jo bo tsamaisanang le joo, jo bo mo go Tshenolo bo tlhalosa ntlha eno ka botlalo. Bo bontsha gore ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe’ di tla phuthega kgatlhanong le Jehofa mo ‘letsatsing le legolo la Modimo Mothatayotlhe.’ (Tshen. 16:14; 19:19-21) Ka jalo, ga se magosi a setshwantsho fela a a tla senngwang ka Haramagedona, mme le dipuso tsotlhe tse dingwe tsa batho di tla senngwa.