Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgakololo e e Molemo ka Lenyalo Le go Se Nne mo Lenyalong

Kgakololo e e Molemo ka Lenyalo Le go Se Nne mo Lenyalong

 Kgakololo e e Molemo ka Lenyalo Le go Se Nne mo Lenyalong

“Seno ke se bua go . . . lo tlhotlheletsa gore lo dire se se tshwanetseng le se se bolelang go direla Morena ka metlha yotlhe kwantle ga go iteega tsebe.”—1 BAKOR. 7:35.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa motho a tshwanetse go batla kgakololo ya Baebele malebana le go nyala kgotsa go se nyale?

GO DIRISANA le batho ba bong bo sele gantsi go dira gore re itumele, re betwe ke pelo kgotsa re tlhobaele. Re tlhoka kaelo ya Modimo gore re kgone go lebana le maikutlo ao ka katlego, mme gone go na le mabaka a mangwe a go bo re dira jalo. Mokeresete yo o kgotsofalelang go nna a se mo lenyalong a ka nna a ikutlwa e kete lelapa la gaabo kgotsa ditsala tsa gagwe di mo gatelela gore a nyale. Yo mongwe a ka batla go nyala kgotsa go nyalwa mme gone a ise a bone molekane yo o tshwanelegang. Ba bangwe ba tlhoka kaelo ya kafa ba ka ipaakanyetsang ka gone boikarabelo jwa go nna monna yo o nyetseng kgotsa mosadi yo o nyetsweng. Mme Bakeresete ba ba nyetseng le ba ba sa nyalang ba lebana le diteko tse di amanang le boitsholo jwa tlhakanelodikobo.

2 Dintlha tseno di ama boemo jwa rona le Jehofa Modimo le boitumelo jwa rona. Mo go kgaolo 7 ya lekwalo la ntlha le Paulo a neng a le kwalela Bakorintha, o ne a neela batho kaelo malebana le go nyala le go se nyale. Boikaelelo jwa gagwe e ne e le go rotloetsa babadi gore ba “dire se se tshwanetseng le se se bolelang go direla Morena ka metlha yotlhe kwantle ga go iteega tsebe.” (1 Bakor. 7:35) Fa o ntse o sekaseka kgakololo ya gagwe mo dintlheng tseno tsa botlhokwa, leka go bona boemo jo o leng mo go jone—o nyetse kana o sa nyala—e le tsela ya gore o direle Jehofa ka botlalo.

Tshwetso e e Masisi e Motho a Tshwanetseng go e Dira

3, 4. (a) Ka dinako dingwe go ka tlhaga mathata afe fa batho ba tshwenyegile thata ka tsala kgotsa wa losika yo o seng mo lenyalong? (b) Kgakololo ya ga Paulo e ka thusa jang motho gore a nne le pono e e lekalekaneng ka lenyalo?

3 Fela jaaka setšhaba sa Bajuda mo lekgolong la ntlha la dingwaga, gompieno ditso di le dintsi di gatelela gore lenyalo ke sengwe se se tseelwang kwa godimo thata. Fa lekau kgotsa lekgarebe le feta dingwaga tse di rileng le sa nyala kgotsa le sa nyalwa, ditsala tsa lone le ba losika ba ba amegileng ka ene ba ka nna ba ikutlwa ba patelesega go mo naya kgakololo. Fa ba tlotla le ene ba ka nna ba akantsha gore a tseye matsapa go batla molekane. Ba ka nna ba bua dilo dingwe ka mongwe wa bong bo sele yo o sa nyalang kgotsa yo o sa nyalwang. Ba ka nna ba bo ba dira boferefere go kopanya batho ba babedi ba ba sa nyalang. Ka dinako dingwe go dira jalo go ka felela ka go tlhabiwa ke ditlhong, go senyega ga botsala le go utlwa botlhoko mo maikutlong.

4 Paulo ga a ka a gatelela batho ba bangwe gore ba nyale kgotsa ba nne ba sa nyala. (1 Bakor. 7:7) O ne a kgotsofalela go direla Jehofa a se na mosadi, mme gone o ne a tlotla tshwanelo ya ba bangwe ya go nna mo lenyalong. Le gompieno Mokeresete mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go swetsa ka gore a o tla nyala kgotsa a ka se nyale. Batho ba bangwe ga ba a tshwanela go mo gatelela gore a dire eng.

Dira Gore o Atlege Le fa O se Mo Lenyalong

5, 6. Ke eng fa Paulo a ile a buelela go se nne mo lenyalong?

5 Sengwe se se kgatlhang ka mafoko a Paulo a a kwaletseng Bakorintha, ke tsela e e siameng e a neng a leba go se nyale kgotsa go se nyalwe ka yone. (Bala 1 Bakorintha 7:8.) Le fa Paulo a ne a sa nyala, ga a ka a itlotlomatsa go feta batho ba ba nyetseng, jaaka baruti ba ba sa nyalang ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba dira. Go na le moo, moaposetoloi yono o ne a gatelela melemo e badiredi ba le bantsi ba dikgang tse di molemo ba ba sa nyalang ba itumelelang yone. Melemo eo ke efe?

 6 Gantsi Mokeresete yo o seng mo lenyalong o kgona go amogela dikabelo mo tirelong ya ga Jehofa tse batho ba ba nyetseng ba ka se kgoneng go di dira. Paulo o ne a amogela tshiamelo e e kgethegileng ya go nna “moaposetoloi mo ditšhabeng.” (Bar. 11:13) Bala Ditiro kgaolo 13 go ya go 20, mme o bo o bona Paulo le barongwa mmogo le ene ka leitlho la mogopolo, fa ba ntse ba simolola go rera kwa mafelong a masha le go tlhoma diphuthego mo mafelong ka go latelana. Mo tirelong ya gagwe, Paulo o ne a itshokela mathata a e leng batho ba le mmalwa fela ba ka a itshokelang gompieno. (2 Bakor. 11:23-27, 32, 33) Le fa go ntse jalo, boitumelo jo a neng a bo bona ka go thusa batho ba bangwe gore e nne barutwa bo ne jwa dira gore mathata ao a se ka a nna matsapa a bophiri. (1 Bathes. 1:2-7, 9; 2:19) A a ka bo a ile a fitlhelela sotlhe se a se dirileng fa a ka bo a nyetse kgotsa a na le lelapa? Gongwe o ne a ka se kgone.

7. Naya sekai sa Basupi ba ba sa nyalwang ba ba dirisitseng boemo jwa bone go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi.

7 Bakeresete ba le bantsi ba ba seng mo lenyalong ba dirisa maemo a ba leng mo go one go fitlhelela dilo di le dintsi tse di amanang le Bogosi. Sara le Limbania, e leng babulatsela ba ba sa nyalwang ba kwa Bolivia, ba ne ba fudugela kwa motseng o o neng o na le dingwaga di le dintsi o sa rerelwe. A go bo motse oo o se na motlakase e ne e tla nna bothata? Ba ne ba bega jaana: “Ga go na radio kgotsa TV, ka jalo batho ga ba itewe tsebe mo go se ba tlwaetseng go itapolosa ka sone, e leng go bala.” Batho ba bangwe mo motseng ba ne ba bontsha babulatsela bao dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa tse ba neng ba sa ntse ba di bala, mme gone di sa tlhole di gatisiwa. E re ka bokgaitsadi bao ba ne ba bona batho ba ba kgatlhegang mo e ka nnang mo ntlong nngwe le nngwe, ba ne ba fitlhela go le thata go ya kwa ntlong nngwe le nngwe mo lefelong leo. Mosadi mongwe yo o godileng o ne a ba bolelela jaana: “Bokhutlo bo tshwanetse jwa bo bo le gaufi, ka gonne kgabagare Basupi ba ga Jehofa ba fitlhile mo go rona.” Go ise go ye kae batho bangwe mo motseng oo ba ne ba simolola go ya dipokanong.

8, 9. (a) Paulo o ne a akantse ka eng fa a ne a buelela go nna o se mo lenyalong? (b) Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba na le melemo efe?

8 Gone ke boammaaruri gore Bakeresete ba ba nyetseng le bone ba nna le diphelelo tse di molemo fa ba rera dikgang tse di molemo mo ditshimong tse di thata. Mme gone, dikabelo dingwe tse babulatsela ba ba seng mo lenyalong ba ka di dirang di ka thatafalela batho ba ba leng mo lenyalong kana ba ba nang le bana. Fa Paulo a ne a kwalela diphuthego o ne a lemogile gore go sa ntse go  na le tiro e ntsi ya go rera dikgang tse di molemo. O ne a batla gore botlhe ba itumele jaaka ene. Ke gone ka moo a neng a buelela go direla Jehofa o sa nyala.

9 Kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang wa mmulatsela wa kwa United States o ne a kwala jaana: “Batho bangwe ba akanya gore o ka se kgone go nna le boitumelo fa o se mo lenyalong. Le fa go ntse jalo, ke lemogile gore boitumelo jwa mmatota bo ikaegile ka botsalano jo motho a nnang le jone le Jehofa. Le fa go nna o se mo lenyalong e le go intsha setlhabelo, fa o go dirisa sentle e nna mpho e e molemo thata.” Kgaitsadi yoo o ne a kwala jaana malebana le go bona boitumelo: “Go se nyalwe e ka nna sengwe se se dirang gore o itumele go na le gore e nne sengwe se se go kgoreletsang. Ke a itse gore Jehofa ga a kgaphele ope kwa thoko mo loratong lwa gagwe, o nyetswe kana o sa nyalwa.” Gone jaanong kgaitsadi yono o direla ka boitumelo kwa nageng e go nang le tlhokego ya baboledi ba Bogosi gone. Fa e le gore ga o mo lenyalong, a o ka dirisa kgololesego ya gago go oketsa seabe se o nnang le sone mo go ruteng ba bangwe boammaaruri? Le wena o ka fitlhela go nna o se mo lenyalong e le mpho e e ka se lekanngweng le epe e e tswang kwa go Jehofa.

Ba ba Sa Nyalang Mme ba Eletsa go Nyala

10, 11. Jehofa o tshegetsa jang ba ba batlang go tsena mo lenyalong mme ba ise ba bone molekane yo o tshwanetseng?

10 Bontsi jwa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba swetsa ka go batla molekane wa lenyalo morago ga go fetsa lobaka lo lo rileng ba sa nyala kgotsa ba sa nyalwa. E re ka ba ela tlhoko gore ba tlhoka kaelo, ba kopa Jehofa gore a ba thuse go bona molekane yo o tshwanetseng.—Bala 1 Bakorintha 7:36.

11 Fa o rata go nyala kgotsa go nyalwa ke mongwe yo le ene a ratang go direla Jehofa ka pelo yotlhe, bua le Jehofa ka thapelo. (Bafil. 4:6, 7) Go sa kgathalasege gore o tshwanetse go ema lobaka lo lo kae, o se ka wa nyema mooko. Ikanye Modimo wa rona yo o lorato gore o tla nna Mothusi wa gago, le gore o tla go tshegetsa mo maikutlong go dumalana le kopo ya gago.—Baheb. 13:6.

12. Ke eng fa Mokeresete a tshwanetse go akanya ka kelotlhoko fa mongwe a mo kopa lenyalo?

12 Mokeresete yo o sa nyalwang mme a batla go nyalwa a ka nna a kopiwa lenyalo ke motho yo o koafetseng semoyeng kana le eleng motho yo e seng modumedi. Fa seo se go diragalela, gopola gore mathata a a bakiwang ke go tlhopha molekane wa lenyalo yo o sa siamang, a ka go utlwisa botlhoko go feta kafa go eletsa go nyala go ka go utlwisang botlhoko ka gone. Mme fa o nyetse, o bofeletswe mo molekaneng wa gago botshelo jotlhe, go le botlhoko kgotsa go le monate. (1 Bakor. 7:27) O se ka wa tlalelwa mme wa dira tshwetso ya go nyala e moragonyana o tla ikwatlhaelang yone.—Bala 1 Bakorintha 7:39.

Ipaakanyetse Dilo Tse o Tla Lebanang le Tsone mo Lenyalong

13-15. Ke dilo dife tse di ka bakang mathata mo lenyalong tse baratani ba tshwanetseng go tlotla ka tsone ka nako ya go ratana?

13 Le fa Paulo a ne a buelela gore batho ba direle Jehofa ba sa nyala, o ne a sa nyatse batho ba ba dirileng tshwetso ya go nyala. Go na le moo, kgakololo ya gagwe e e tlhotlheleditsweng e thusa banyalani go lebana le dilo tse di ka tlhagang mo botshelong jwa lenyalo le gore ba dire gore kgolagano ya bone e nnele ruri.

14 Baratani bangwe ba tshwanetse go fetola pono ya bone ka se ba akanyang gore lenyalo le tla nna sone. Fa batho ba babedi ba ntse ba ratana, ba ka nna ba bona lorato lwa bone lo tlhomologile, lo sa tlwaelega e bile ba tlhomamisegile gore ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo lenyalong. Ba tsena mo lenyalong ba laolwa ke maikutlo a lorato e bile ba dumela gore ga go sepe se se ka fedisang boitumelo jwa bone. Go akanya jalo ke go ijesa dijo tsa ditoro. Gone ke boammaaruri gore dinako tsa lorato di ka tlisa boitumelo mo botshelong jwa lenyalo, le fa go ntse jalo, di ka se ka tsa thusa monyadi le monyadiwa gore ba fenye mathata a a nnang gone mo lenyalong lengwe le lengwe.—Bala 1 Bakorintha 7:28. *

15 Bontsi jwa batho ba ba sa tswang go nyala ba a gakgamala, le eleng go swaba fa balekane ba bone ba sa dumalane le bone ka dikgang tse di botlhokwa. Bobedi jono bo ka iphitlhela bo sa utlwane ka tsela e ba tshwanetseng go dirisa madi le nako ya boitlosobodutu ka yone, gore ba tla nna kae le gore  ba tshwanetse go etela ba bogwe le ba bogwegadi gakae. Mme mongwe le mongwe o na le makoa a a ka serang yo mongwe. Ka nako ya go ratana, go motlhofo go tsaya dilo tse di ntseng jalo di se botlhokwa go le kalo, mme gone moragonyana di ka baka mathata a magolo mo lenyalong. Go tla bo go le molemo gore banyalani ba rarabolole dilo tse di ba tshwenyang, pele ba tsena mo lenyalong.

16. Ke eng fa baratani ba tshwanetse go dumalana ka gore ba tshwanetse go lebana jang le dikgwetlho tsa botshelo jwa lenyalo?

16 E le gore baratani ba atlege ba bo ba itumele, ba tshwanetse go lebana le dikgwetlho ba le seoposengwe. Ba tshwanetse go dumalana ka tsela e ba tla otlhayang bana ba bone ka yone le gore fa batsadi ba bone ba tsofala ba tla ba tlhokomela jang. Kgatelelo e e bakiwang ke mathata a lelapa ga e a tshwanela go ba aroganya. Fa ba dirisa kgakololo ya Baebele, ba tla rarabolola mathata a le mantsi, ba itshokele a ba palelwang ke go a rarabolola mme ba nne ba itumetse mmogo.—1 Bakor. 7:10, 11.

17. Baratani ba tshwanetse go lebelela gore ba tla tshwenyega ka “dilo [dife] tsa lefatshe”?

17 Mo go 1 Bakorintha 7:32-34, Paulo o bua ka sengwe gape se batho ba ka lebanang le sone mo lenyalong. (E bale.) Batho ba ba nyetseng ba “tlhobaela ka dilo tsa lefatshe,” tse di jaaka dijo, diaparo, bonno le dilo tse dingwe tse e seng tsa semoya. Ke eng fa go le jalo? Fa mokaulengwe a ne a ise a nyale, go ka direga gore o ne a dirisa nako e ntsi le maatla a gagwe mo bodireding. Mme fa a nyetse, o tshwanelwa ke go dirisa karolo nngwe ya nako eo le maatla ao go tlhokomela mosadi wa gagwe gore a bone kamogelo ya gagwe. Go ntse fela jalo le ka mosadi mo monneng wa gagwe. E re ka Jehofa a le botlhale, o a itse gore go tshwanetse ga nna jalo. O a itse gore gantsi lenyalo le le atlegileng le tlhoka karolo nngwe ya nako le maatla a monna le mosadi ba neng ba a dirisa mo tirelong ya Gagwe pele ba nyalana.

18. Ke diphetogo dife malebana le boitlosobodutu tse banyalani bangwe ba tshwanetseng go di dira morago ga lenyalo?

18 Mme gone, ga go felele foo. Fa e le gore banyalani ba tshwanelwa ke go tsaya nako le maatla a ba neng ba a dirisetsa tirelo ya Modimo gore ba tlhokomelane, ba tla tshwanelwa ke go dira se se tshwanang  le ka dilo tse ba neng ba di dirisetsa go intsha bodutu pele ba nyalana. Mosadi o tla ikutlwa jang fa monna a nna a tshwaregile thata ka metshameko le ditsala tsa gagwe? Kgotsa monna a ka ikutlwa jang fa mosadi a nna a tshwaregile thata ka go dira dilo tse a di ratang le ditsala tsa gagwe? Go ise go ye kae molekane yo o tlhokomologilweng a ka ikutlwa a jewa ke bodutu, a sa itumela e bile a sa ratiwe. Seno se ka tilwa fa baratani ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go nonotsha sebofo sa bone fa e setse e le monna le mosadi.—Baef. 5:31.

Jehofa o Batla Gore re Nne Phepa mo Boitsholong

19, 20. (a) Ke ka ntlha yang fa batho ba ba leng mo lenyalong ba sa sireletsega mo thaelong ya boitsholo jo bo sa siamang? (b) Banyalani ba ka ipaya mo kotsing efe fa ba itetla go nna kgakala le balekane ba bone lobaka lo loleele?

19 Batlhanka ba ga Jehofa ba ikemiseditse go nna phepa mo boitsholong. Batho bangwe ba dira tshwetso ya go tsena mo lenyalong gore ba tile mathata fa go tliwa mo kgannyeng ya boitsholo. Le fa go ntse jalo, ga go reye gore fa motho a sena go nyala o tla bo a sireletsegile mo boitsholong jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Mo metlheng ya Baebele, motse o o neng o sireleditswe o ne o sireletsa batho fela fa ba ne ba nna mo teng ga dithako tsa one. Fa motho a ne a ka tswela kwa ntle ga kgoro, fa magodu le dinokwane di ntse di tsamayatsamaya ka kwa ntle, o ne a ka thukuthiwa kgotsa a bolawa. Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba leng mo lenyalong ba sireletsega mo boitsholong jo bo sa siamang fela fa ba sa tlole melelwane ya tlhakanelodikobo e Mosimolodi wa lenyalo a ba tlhometseng yone.

20 Paulo o tlhalosa melelwane eo mo go 1 Bakorintha 7:2-5. Mosadi o tshwanetse go tlhakanela dikobo le monna wa gagwe fela; monna le ene o tshwanetse go tlhakanela dikobo le mosadi wa gagwe fela. Mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse go neela yo mongwe “tshwanelo” ya lenyalo, kgotsa tlhakanelodikobo e motho yo o leng mo lenyalong a nang le tshwanelo ya go e itumelela. Le fa go ntse jalo, banna le basadi bangwe ba fetsa nako e ntsi ba se mmogo—ga ba tsamaye mmogo fa ba ya malatsing a boikhutso kgotsa ba nna kgakala le balekane ba bone ka ntlha ya tiro ya boitshediso, ka go dira jalo ba amogana “tshwanelo” eo. Akanya ka masetlapelo a a ka nnang gone fa ka ntlha ya ‘go sa kgone go laola mebele ya rona,’ motho a ka ineelelang mo kgatelelong ya ga Satane a bo a dira boaka. Jehofa o segofatsa ditlhogo tsa malapa tse di tlamelang ba malapa a tsone mme di sa tsenye manyalo a tsone mo kotsing.—Pes. 37:25.

Melemo ya go Ikobela Kgakololo ya Baebele

21. (a) Ke eng fa go le thata go dira ditshwetso tse di malebana le go nyala kgotsa go se nyale? (b) Ke eng fa kgakololo e e mo go 1 Bakorintha kgaolo 7 e le botlhokwa?

21 Ditshwetso tse di akaretsang go nyala kana go se nyale ke dingwe tsa ditshwetso tse di thata go di dira. Batho botlhe ba na le bosaitekanelang, e leng selo sa konokono se se bakang mathata a le mantsi mo tseleng e batho ba dirisanang ka yone. Ka jalo, tota le eleng batho ba Jehofa a ba amogelang e bile a ba segofatsa, ga ba ka ke ba tila gotlhelele go swabisiwa, ba ka tswa ba nyetse kana ba sa nyala. Fa o ka dirisa kgakololo e e botlhale e e mo go 1 Bakorintha kgaolo 7, o ka fokotsa mathata ao. Mo go Jehofa o tla “dira sentle,” o nyetse kana o sa nyala. (Bala 1 Bakorintha 7:37, 38.) Go amogelwa ke Modimo ke mokgele o mogolo o o ka o fitlhelelang. Fa a go amogela, o tla tswelela o gatela pele go ya kwa botshelong mo lefatsheng la gagwe le lesha. Teng koo, dikamano magareng ga banna le basadi di ka se nne le dikgatelelo tse gompieno di tlwaelegileng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Bona buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, kgaolo 2, serapa 16-19.

A o Ka Araba?

• Ke eng fa motho ope a sa tshwanela go gatelela yo mongwe gore a nyale?

• O ka dirisa jang nako ya gago ka botlalo o le motlhanka wa ga Jehofa yo o iseng a nyale?

• Batho ba babedi ba ba ratanang ba ka ipaakanyetsa dikgwetlho tsa lenyalo jang?

• Ke eng fa go nyala go sa reye gore motho o sireletsegile mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 14]

Bakeresete ba ba sa nyalang ba a itumela fa ba dirisa nako ya bone go oketsa bodiredi jwa bone

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Ke diphetogo dife tse batho bangwe ba ka tshwanelwang ke go di dira morago ga lenyalo?