Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tla Latela Kaelo ya ga Jehofa e e Lorato?

A o Tla Latela Kaelo ya ga Jehofa e e Lorato?

 A o Tla Latela Kaelo ya ga Jehofa e e Lorato?

“Ke tlhoile tselana nngwe le nngwe ya maaka.”—PES. 119:128.

1, 2. (a) Fa o batla kaelo ya go ya kwa lefelong lengwe, ke tlhagiso e e ntseng jang e o ka e anaanelang mme ka ntlha yang? (b) Jehofa o neela ba ba mo direlang mefuta efe ya tlhagiso mme ka ntlha yang?

AKANYA seno: O tshwanetse go tsaya mosepele go ya kwa lefelong lengwe. Go bona kaelo, o botsa tsala ya gago e o e ikanyang e e itseng tsela ya go ya koo. Fa a ntse a go naya dikaelo tsa go ya koo ka botlalo, a ka nna a bua sengwe se se jaaka: “O ele tlhoko fa o tsena mo khoneng e e latelang. Go na le letshwao le le tsietsang. Batho ba le bantsi ba le sala morago mme ba a latlhega.” A o ne o tla anaanela go bo a tshwenyegile ka wena, o bo o reetsa tlhagiso eo? Jehofa o tshwana le tsala eo ka ditsela dingwe. O re neela ditaelo ka kelotlhoko tse di tla re thusang gore re fitlhe kwa botshelong jo bo sa khutleng jo re batlang go ya kwa go jone, mme gape o re tlhagisa ka ditlhotlheletso tse di bosula tse di ka dirang gore re tsamaye mo tseleng e e sa siamang.—Dute. 5:32; Isa. 30:21.

2 Mo setlhogong seno le se se latelang, re tla tlotla ka dilo dingwe tse di ka re tlhotlheletsang tse Tsala ya rona e bong, Jehofa Modimo a re tlhagisang ka tsone. A re nneng re gopotse gore Jehofa o re naya ditlhagiso tseno ka go bo a amega ka rona e bile a re rata. O batla gore re fitlhe kwa re yang gone. O utlwa botlhoko go bona batho ba ineela mo tlhotlheletsong e e bosula ba bo ba tsaya tsela e sele. (Esek. 33:11) Mo setlhogong seno re tla tlotla ka ditlhotlheletso di le tharo tse di sa siamang. Ya ntlha ke e e tswang kwa bathong ba bangwe, mme ya bobedi ke e e tswang mo teng ga rona. Ya boraro e bile ga se ya mmatota; le fa go ntse jalo e kotsi thata. Re tshwanetse go itse gore dilo tseno tse di re tlhotlheletsang ke eng le gore Rraarona yo o kwa legodimong o re ruta jang gore re emelane le tsone. Mopesalema mongwe yo o tlhotlheleditsweng o ne a raya Jehofa a re: “Ke tlhoile tselana nngwe le nngwe ya maaka.” (Pes. 119:128) A le wena o ikutlwa jalo? Mma re boneng gore re ka nonotsha jang maikutlo ao re bo re dire go dumalana le one.

O se Ka wa “Sala Mmudubudu Morago”

3. (a) Ke eng fa go ka nna kotsi go sala batho ba bangwe morago fa re sa tlhomamisega ka tsela e re tshwanetseng go e tsaya? (b) Re fitlhela molaomotheo ofe o o botlhokwa mo go Ekesodo 23:2?

3 Fa o tsaya mosepele o moleele, o tla dira eng fa o sa tlhomamisege gore o tshwanetse go tsaya tsela efe? O ka raelesega go latela bontsi jwa batho—bogolo jang fa o bona bontsi jwa bone bo tlhopha go tsaya tsela nngwe. Go dira jalo go kotsi. Kana gone, batho bao ba ka tswa ba ya go sele, kgotsa le bone ba ka tswa ba latlhegile. O ntse o akantse ka seo, ela tlhoko molaomotheo o o tlhalosang mongwe wa melao e e neng e neilwe Iseraele wa bogologolo. Ba e neng e le baatlhodi kgotsa basupi mo dikgannyeng tsa boatlhodi ba ne ba tlhagisitswe ka kotsi ya go “sala mmudubudu morago.” (Bala Ekesodo 23:2.) Kwantle ga pelaelo, go motlhofo gore batho ba ba sa itekanelang ba ineelele kgatelelo ya balekane ba bo ba sokamisa molao. Le fa go ntse jalo, a molaomotheo wa gore re se ka ra sala mmudubudu morago o dira mo dikgannyeng tsa boatlhodi fela? Le e seng.

4, 5. Joshua le Kalebe ba ne ba gatelelwa jang gore ba sale mmudubudu morago, mme ke eng se se ba thusitseng gore ba emelane le kgatelelo eo?

4 Boammaaruri ke gore, kgatelelo ya go “sala mmudubudu morago,” e ka re ama nako nngwe le nngwe. E ka tla ka tshoganyetso fela, e bile go ka nna thata gore re emelane le yone. Ka sekai, akanya ka kgatelelo ya balekane e Joshua le Kalebe ba ileng ba lebana le yone. E ne e le bangwe ba banna ba le 12 ba e neng e le ditlhodi ba ba neng ba ya go tlhola Lefatshe le le Solofeditsweng. Fa ba boa koo, banna ba le lesome mo go bone ba ne ba tlisa pego e e sa siamang e bile e kgoba marapo. Ba ne ba bo ba  bolela gore baagi bangwe ba lefatshe leo ke mekaloba ya ditlogolwana tsa Banefilime, bana ba baengele ba batsuolodi le basadi ba mo lefatsheng. (Gen. 6:4) Mme seo, e ne e le maaka a matala. Bana bao ba ba bosula ba baengele ba ne ba sa bolo go fedisiwa botlhe ka Morwalela makgolokgolo a dingwaga a a fetileng. Le fa go ntse jalo, le e leng dikgopolo tse di sa utlwaleng di ka baya batho ba ba nang le tumelo e e bokoa mo kgatelelong. Pego eo e e sa siamang ya ditlhodi tse di lesome e ne ya anama ka bonako mme ya dira gore batho ba tshoge ba bo ba tlalelwe. Go ise go ye kae, bontsi jwa batho ba ne ba tlhomamisegile gore e tla bo e le phoso go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng le Jehofa a neng a laetse gore ba tsene mo go lone. Mo boemong joo jo bo sa itumediseng, Joshua le Kalebe ba ne ba dira eng?—Dipa. 13:25-33.

5 Ga ba a ka ba sala mmudubudu morago. Banna bao ba babedi ba ne ba bolela boammaaruri ba sa ineele le fa boidiidi jwa batho bo ne bo sa batle go utlwa mafoko ao—tota le fa ba ne ba tshosediwa ka gore ba tla bolawa ka go kgobotlediwa! Ba ne ba tsaya bopelokgale joo kae? Ga go pelaelo gore ba thusitswe thata ke tumelo ya bone. Batho ba ba nang le tumelo ba bona sentle pharologanyo magareng ga dilo tse batho ba di buang tse di seng boammaaruri le ditsholofetso tse di boitshepo tsa ga Jehofa Modimo. Moragonyana banna bano ba babedi ba ne ba tlhalosa kafa ba ikutlwang ka teng ka go bo Jehofa a ile a diragatsa tsholofetso nngwe le nngwe ya gagwe mo nakong e e fetileng. (Bala Joshua 14:6, 8; 23:2, 14.) Joshua le Kalebe ba ne ba na le kamano e e gaufi le Modimo wa bone yo o ikanyegang, e bile ba ne ba sa ikaelela go mo utlwisa botlhoko ka go sala boidiidi jo bo se nang tumelo morago. Ka jalo, ba ne ba ema ba nitame, ba re tlhomela sekao se se molemo.—Dipa. 14:1-10.

6. Re ka gatelelwa ka ditsela dife gore re sale mmudubudu morago?

6 A o a tle o ikutlwe o le mo kgatelelong ya go sala mmudubudu morago? Gompieno boidiidi jo bogolo jwa batho bo tlhobogane le Jehofa e bile bo nyatsa melao ya gagwe ya boitsholo. Fa go tla mo kgannyeng ya boitlosobodutu le boitapoloso, gantsi boidiidi joo bo rotloetsa dikgopolo tse di seng boammaaruri. Ba ka nna ba tatalalela gore boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, thubakanyo le tirisabadimo tse di tletseng mo dithulaganyong tsa thelebishene, mo difiliming le mo metshamekong ya dibidio ga di kotsi. (2 Tim. 3:1-5) Fa o tlhopha boitlosobodutu le boitapoloso jwa gago le jwa lelapa la gago, a o letla digakolodi tse di letlelelang sengwe le sengwe tsa batho ba bangwe gore di tlhotlheletse ditshwetso tsa gago le gore di fetole tsela e segakolodi sa gago se dirang ka yone? A seo se tla bo se sa tshwane le go sala mmudubudu morago?

7, 8. (a) ‘Bokgoni jwa rona jwa go lemoga’ bo thapisiwa jang, mme ke ka ntlha yang fa thapiso eo e le botlhokwa go gaisa melao e mentsintsi e e gagametseng? (b) Ke ka ntlha yang fa o ka re sekao sa basha ba le bantsi ba Bakeresete se a itumedisa?

7 Jehofa o re neile mpho e e botlhokwatlhokwa e  e re thusang go dira ditshwetso—‘bokgoni jwa rona jwa go lemoga.’ Le fa go ntse jalo, bokgoni jono bo tlhoka go thapisiwa “ka go dirisiwa.” (Baheb. 5:14) Go sala mmudubudu morago go ka se thapise bokgoni jwa rona jwa go lemoga; kafa letlhakoreng le lengwe le go nna le melao e mentsintsi e e gagametseng mo dikgannyeng tse di amang segakolodi, go ka se thapise bokgoni jwa rona jwa go lemoga. Ka sekai, ke gone ka moo, batho ba ga Jehofa ba sa newang lenaane la difilimi, dibuka le mafelo a Internet a ba tshwanetseng go a tila. E re ka lefatshe leno le fetofetoga ka bonako, lenaane leo le ne le tla siiwa ke nako ka bonako fela fa le sena go dirwa. (1 Bakor. 7:31) Se se maswe le go feta ke gore le ne le tla re amoga tiro e e botlhokwa ya gore re itshekatshekele melaometheo ya Baebele ka kelotlhoko le go e akanyetsa ka thapelo re bo re dire ditshwetso re ikaegile ka melaometheo eo.—Baef. 5:10.

8 Gone ke boammaaruri gore, ka dinako dingwe ditshwetso tse re di dirang tse di theilweng mo Baebeleng di ka dira gore batho ba se ka ba re rata. Basha ba Bakeresete kwa sekolong ba ka lebana le kgatelelo e kgolo e e tswang mo bathong ba le bantsi ya gore ba lebe le go dira se mongwe le mongwe a se lebang le go se dira. (1 Pet. 4:4) Ka jalo, go a itumedisa go bona Bakeresete ba bannye le ba bagolo ba etsa sekao sa tumelo ya ga Joshua le Kalebe ka go gana go sala mmudubudu morago.

Lo se Ka Lwa Sala “Dipelo Tsa Lona le Matlho a Lona Morago”

9. (a) Fa re le mo loetong, ke ka ntlha yang fa go ka nna kotsi gore re latele fela maikutlo a rona? (b) Ke ka ntlha yang fa molao o o fitlhelwang mo go Dipalo 15:37-39 o ne o le botlhokwa mo bathong ba Modimo ba bogologolo?

9 Tlhotlheletso ya bobedi e e kotsi e re tla tlotlang ka yone ke e e tswang mo teng ga rona. Re ka e tshwantsha jaana: Fa o ne o tsaya loeto go ya kwa lefelong lengwe, a o ne o ka swetsa ka go beela mmapa wa gago kwa thoko o bo o latela maikutlo a gago—gongwe o tsaya tsela nngwe le nngwe e e bonalang e na le mafelo a mantle? Ga go pelaelo gore go latela maikutlo ao go tla dira gore o se ka wa fitlhelela mokgele wa gago. Mo ntlheng eno, akanya ka mongwe wa melao e Jehofa a neng a e neile Iseraele wa bogologolo. Batho ba le bantsi gompieno ba ka fitlhela molao o o ka ga go itirela makantsa le go tsenya thapo e e pududu mo seaparong o le thata go o tlhaloganya. (Bala Dipalo 15:37-39.) Le fa go ntse jalo, a o bona o le botlhokwa? Go ikobela molao oo go ile ga thusa batho ba Modimo gore ba nne ba farologane le ditšhaba tsa baheitane tse di neng di nna gaufi le bone. Seo se ne se le botlhokwa fa e le gore ba ne ba batla go nna ba amogelwa ke Jehofa. (Lefi. 18:24, 25) Le fa go ntse jalo, molao oo gape o bontsha ka tlhotlheletso nngwe e e kotsi e e mo teng ga rona e e ka dirang gore re se ka ra fitlha kwa botshelong jo bo sa khutleng. Jang?

10. Jehofa o bontshitse jang gore o itse kafa batho ba dirilweng ka gone?

10 Ela tlhoko gore Jehofa o ne a raya batho ba gagwe a re lebaka la go bo a ba neile molao ono ke lefe: “Lo se ka lwa sala dipelo tsa lona le matlho a lona morago, tse lo di salang morago mo go akafaleng.” Jehofa o na le kitso e kgolo ka tsela e batho ba dirilweng ka yone. O itse sentle kafa se re se bonang se ka raelang dipelo tsa rona motlhofo ka gone. Ka jalo, Baebele e re tlhagisa jaana: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang. Ke mang yo o ka e itseng?” (Jer. 17:9) A jaanong o kgona go bona kafa tlhagiso e Jehofa a e neileng Baiseraele e neng e tshwanela ka gone? O ne a itse sentle gore ba ne ba tla rata go leba baheitane ba ba neng ba nna gaufi le bone, ba bo ba raelwa ke se ba se bonang. Ba ne ba ka nna ba raelesega go batla go tshwana le batho bao ba e seng badumedi ba bo ba simolola go akanya, go ikutlwa le go dira dilo jaaka bone.—Dia. 13:20.

11. Dikeletso tsa nama di ka re raela ka tsela efe?

11 Mo motlheng wa rona, go motlhofo thata gore pelo ya rona e e boferefere e tsiediwe ke dikeletso tsa nama. Re tshela mo lefatsheng le le ratang go kgotsofatsa dikeletso tsa nama. Ka jalo, re ka dirisa jang molaomotheo o o mo go Dipalo 15:39? Akanya ka seno: Fa e le gore kwa sekolong, kwa tirong kgotsa mo lefelong le o nnang mo go lone batho ba nna ba apara ka tsela e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, a o ka amiwa ke seo? A o ka raelesega go ‘sala pelo ya gago le matlho a gago morago’ o bo o raelwa ke se o se bonang? Mme a o ka raelesega go fetola tsela e o aparang ka yone gore e tshwane le ya bone?—Bar. 12:1, 2.

12, 13. (a) Re tshwanetse go dira eng fa matlho a rona a na le mokgwa wa go leba dilo tse a sa tshwanelang go di leba? (b) Ke eng se se ka re tlhotlheletsang gore re tile go raela ba bangwe?

 12 Go botlhokwa thata gore re lwele go nna le boikgapo. Fa matlho a rona a na le mokgwa wa go leba dilo tse a sa tshwanelang go di leba, a re gopoleng Jobe yo o ikanyegang yo o neng a ema a nitame a dira kgolagano le matlho a gagwe—tshwetso e e nitameng ya gore ga a ka ke a bontsha mosadi yo e seng wa gagwe maikutlo a lorato. (Jobe 31:1) Kgosi Dafide le ene o ne a dira tshwetso eno: “Ga nkitla ke tlhoma selo se se se nang molemo wa sepe fa pele ga matlho a me.” (Pes. 101:3) Sengwe le sengwe se se ka senyang segakolodi sa rona se se phepa le kamano ya rona le Jehofa ke “selo se se se nang molemo wa sepe.” Seno se akaretsa sengwe le sengwe fela se se kgatlhang matlho a rona se se ka re raelang sa bo sa raela dipelo tsa rona go dira se se phoso.

13 Kafa letlhakoreng le lengwe, ruri ga re batle go nna “selo se se se nang molemo wa sepe” mo go ba bangwe ka go ba raela gore ba akanye go dira sengwe se se phoso. Ka jalo, re tsaya masisi kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya Baebele ya go apara diaparo tse di rulagantsweng sentle le tse di bontshang boingotlo. (1 Tim. 2:9) Boingotlo ga se selo fela se re ka se tlhalosang ka tsela e re e batlang. Re tshwanetse go akanyetsa digakolodi tsa batho ba re tshelang le bone le tsela e ba ikutlwang ka yone, re baya kagiso ya mogopolo le boitumelo jwa bone kwa pele ga dilo tse rona re di ratang. (Bar. 15:1, 2) Phuthego ya Bokeresete e segofaditswe ka basha ba le diketekete ba ba tlhomang sekao se se molemo mo ntlheng eno. A bo ba re dira motlotlo jang ne fa ba gana go ‘sala morago dipelo tsa bone le matlho a bone,’ go na le moo, ba itlhophela go itumedisa Jehofa mo go sengwe le sengwe se ba se dirang—tota le ka tsela e ba aparang ka yone!

O se Ka wa Latela “Dilo Tse e Seng Tsa Mmatota”

14. Samuele o ne a naya tlhagiso efe ka go latelela “dilo tse e seng tsa mmatota”?

14 Akanya mosepele wa gago o kgabaganya sekaka se segolo. Mme fa o leba kwa thoko o bona e kete go na le metsi kwa kgakajana a e reng fa o fitlha kwa go one o bo o a bonela kwa kgakajana gape. Go tla diragala eng fa o ka tswa mo tseleng mme wa latelela selo seo se e seng sa mmatota? Go latelela selo seo go ka tsenya botshelo jwa gago mo kotsing! Jehofa o itse kotsi eo sentle. Akanya ka sekai seno. Baiseraele ba ne ba batla go tshwana le ditšhaba tse di ba dikologileng, tse di neng di busiwa ke dikgosi. Tota keletso eo e ne e le boleo jo bo masisi, ka gonne go ne go tshwana le gore Baiseraele ba ne ba gana gore Jehofa e nne Kgosi ya bone. Le fa gone Jehofa a ne a ba letlelela go nna le kgosi, o ne a ba romelela molaetsa ka moporofeti wa gagwe e bong Samuele gore a ba tlhagise ka go latelela “dilo tse e seng tsa mmatota.”—Bala 1 Samuele 12:21.

15. Baiseraele ba ne ba latelela dilo tse e seng tsa mmatota ka ditsela dife?

15 A batho bao ba ne ba akanya  gore ka tsela nngwe kgosi eo e ne e tla nna ya mmatota go feta Jehofa, le go ikanyega go mo gaisa? Fa e le gore ba ne ba akanya jalo, ruri ba ne ba tla bo ba latelela sengwe se e seng sa mmatota! Gape ba ne ba le mo kotsing ya go latelela dilo di le dintsi tsa ga Satane tse e seng tsa mmatota. Go ne go tla nna motlhofo gore dikgosi tseo di ba tsenye mo kobamelong ya medingwana. Batho ba ba obamelang medingwana ba dira phoso ya go akanya gore dilo tse di bonalang—medingwana e e dirilweng ka logong kgotsa letlapa—ke dilo tse gongwe e leng tsa mmatota tse di ka ikanngwang go feta Modimo yo o sa bonaleng e bong Jehofa, yo o bopileng dilo tsotlhe. Mme jaaka moaposetoloi Paulo a bontshitse, medingwana “ga se sepe.” (1 Bakor. 8:4) Ga e kgone go bona, go utlwa, go bua kgotsa go dira sepe. O ka kgona go e bona le go e tshwara, mme gone fa o ne o ka e obamela, tota o tla bo o obamela selo se e seng sa mmatota—selo se se seyong se se tla go tlisetsang masetlapelo fela.—Pes. 115:4-8.

16. (a) Satane o gogela jang batho ba le bantsi gompieno gore ba latelele dilo tse e seng tsa mmatota? (b) Ke eng fa re ka re dikhumo ke dilo tse e seng tsa mmatota segolobogolo fa re di bapisa le Jehofa Modimo?

16 Satane e sa ntse e le setswerere mo go direng gore batho ba latelele dilo tse e seng tsa mmatota. Ka sekai, o raetse batho ba le bantsi gore ba tseye dikhumo e le tsone tse di tla ba tlisetsang polokesego. Madi, dithoto le ditiro tse di duelang madi a mantsi di ka bonala di thusa tota. Mme gone, dikhumo di ka thusa ka eng fa motho a lwala, fa ikonomi e phutlhama kgotsa fa go direga masetlapelo a tlholego? Di ka thusa ka eng fa batho ba ikutlwa ba sa itumela, ba se na lebaka la go tshela, ba se na kaelo e bile ba sa itse dikarabo tsa dipotso tse di boteng tsa botshelo? Di ka thusa ka eng fa motho a lebane le loso? Fa e le gore re akanya gore keletso ya rona ya semoya e tla kgotsofadiwa ke dikhumo, re tla swaba nko go feta molomo. Dithoto ga di ka ke tsa re thusa; ke dilo tse e seng tsa mmatota. Fa nako e ntse e ya, ga di ka ke tsa kgona le go re sireletsa, ka gonne melemo ya tsone ga e nnele ruri mo botshelong jwa rona jo bokhutshwane, kgotsa fa re lebane le bolwetse kgotsa loso. (Dia. 23:4, 5) Ka jalo, a bo Modimo wa rona e bong Jehofa, e le wa mmatota jang ne! Fa fela re na le kamano e e nonofileng le ene re tla bona polokesego ya mmatota. Ruri eo ke tshegofatso e kgolo! A le ka motlha re se ka ra mo tlogela ra lelekisa dilo tse e seng tsa mmatota.

17. O ikaeletse go dira eng malebana le ditlhotlheletso tse di sa siamang tse re tlotlileng ka tsone?

17 Ruri re segofaditswe go bo Jehofa e le Tsala le Mokaedi wa rona mo loetong lwa botshelo! Fa re nna re tlhwaela tsebe ditlhagiso tsa gagwe tse di lorato tse di malebana le dilo tse tharo tse di sa siamang tse di ka re tlhotlheletsang—mmudubudu, dipelo tsa rona le dilo tse e seng tsa mmatota—go ka direga gore re fitlhelele botshelo jo bo sa khutleng jo re batlang go ya kwa go jone. Mo setlhogong se se latelang, a re sekasekeng ditlhagiso tse dingwe tse tharo tse Jehofa a re nayang tsone go re thusa gore re tlhoe le go tila ditselana tsa maaka tse di dirileng gore batho ba le bantsi ba latlhege.—Pes. 119:128.

O Akanya Eng?

O ka dirisa jang melaometheo e e tlhalosiwang mo ditemaneng tsa Baebele tse di latelang?

Ekesodo 23:2

Dipalo 15:37-39

1 Samuele 12:21

Pesalema 119:128

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

A o a tle o raelesege go sala mmudubudu morago?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Ke eng fa go le kotsi go latela maikutlo a rona?

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

A o latelela dilo tse e seng tsa mmatota?