Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Tota Aborahame O ne A na Le Dikamela?

A Tota Aborahame O ne A na Le Dikamela?

 A Tota Aborahame O ne A na Le Dikamela?

BAEBELE e bolela gore dikamela e ne e le dingwe tsa diphologolo tse di ruiwang tse Aborahame a di neilweng ke Faro. (Gen. 12:16) Fa motlhanka wa ga Aborahame a ne a tsaya mosepele o moleele go ya Mesopotamia o ne a “tsaya dikamela di le lesome mo dikameleng tsa mong wa gagwe.” Ka jalo, Baebele e bontsha sentle gore Aborahame o ne a na le dikamela mo masimologong a mileniamo wa bobedi B.C.E.—Gen. 24:10.

Bangwe ga ba dumalane le kgang eno. New International Version Archaeological Study Bible e bega jaana: “Bakanoki ba ne ba re kgang eno ya dikamela ga e dumalane le pego ya hisitori ka gonne bontsi bo dumela gore diphologolo tseno di ne di sa ruiwe go fitlha mo e ka  nnang ka 1200 B.C., e leng nako e telele morago ga motlha wa ga Aborahame.” Ka jalo, go umakiwa ga go dirisiwa ga dikamela pelenyana mo pegong epe fela ya Baebele e tla bo e se boammaaruri go ya ka tatelano ya ditiragalo.

Le fa go ntse jalo, bakanoki bangwe ba bolela gore le fa batho ba ile ba lemoga botlhokwa jwa go rua dikamela mo e ka nnang kwa bokhutlong jwa mileniamo wa bobedi, seno ga se kaye gore dikamela di ne di sa dirisiwe pelenyana ga foo. Buka ya Civilizations of the Ancient Near East e tlhalosa jaana: “Patlisiso nngwe ya bosheng e akantsha gore go ruiwa ga dikamela go ne ga diragala kwa borwabotlhaba jwa Arabia nako nngwe mo mileniamong wa boraro [B.C.E.]. Kwa tshimologong, di ne di ruelwa mashi, boboa, letlalo le nama ya tsone, mme ga go a tsaya lobaka pele ga go lemogiwa gore di ka dirisediwa go rwala merwalo.” Kgang ya gore dikamela di ne di dirisiwa nako nngwe pele ga motlha wa ga Aborahame e bonala e tshegediwa ke masalela a marapo le masalela mangwe a marope.

Gape go na le bosupi jo bo kwadilweng. Yone buka e e sa tswang go umakiwa ya re: “Kwa Mesopotamia, lenaane la mokwalo wa cuneiform le umaka phologolo [kamela] mme le dikano di le mmalwa di bua ka yone, di bontsha gore phologolo eno e ka tswa e fitlhile kwa Mesopotamia mo masimologong a mileniamo wa bobedi,” e leng mo motlheng wa ga Aborahame.

Bakanoki bangwe ba dumela gore bagwebi ba kwa Arabia Borwa ba ba neng ba rekisa maswalo, ba ne ba dirisa dikamela go tsamaisa dithoto tsa bone go ya kwa bokone ba ralala sekaka ba ya kwa mafelong a a jaaka Egepeto le Siria mme ka jalo ba tlisa dikamela mo mafelong ao. Kgwebo eno e ka tswa e ne e setse e tlwaelegile mo masimologong a 2000 B.C.E. Se se kgatlhang ke gore, Genesise 37:25-28 e bua ka bagwebi ba Baishemaele ba ba neng ba dirisa dikamela go isa maswalo a bone kwa Egepeto mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo morago ga motlha wa ga Aborahame.

Gongwe dikamela di ne di sa dirisiwe thata kwa dinageng tsa Botlhaba tsa bogologolo mo masimologong a mileniamo wa bobedi B.C.E., mme bosupi bo tlhomamisa gore ga se gore di ne di sa itsiwe gotlhelele. Ka jalo, The International Standard Bible Encyclopedia e konela jaana: “Ga go tlhole go tlhokega gore re tseye gore dipego tsa Baebele tse di buang ka go dirisiwa ga dikamela ga di boammaaruri go dumalana le tatelano ya ditiragalo, e re ka go na le bosupi jo bontsi jwa marope jo bo bontshang ka go ruiwa ga dikamela pele ga motlha wa ditlhogo tsa lotso.”