Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Fitlhetse Dilo di le Dintsi Tse di Molemo

Ke Fitlhetse Dilo di le Dintsi Tse di Molemo

 Ke Fitlhetse Dilo di le Dintsi Tse di Molemo

Jaaka go boletse Arthur Bonno

E NE e le ka ngwaga wa 1951. Nna le mosadi wa me e bong Edith re ne re le kwa kopanong ya kgaolo fa re utlwa gore go tla nna le pokano ya ba ba batlang go tsenela tirelo ya borongwa.

Ke ne ka re: “A re ye go reetsa!”

Edith o ne a araba jaana: “Art, tirelo eo ga e a re tshwanela!”

Ke ne ka mo raya ka re: “Ao Edie, re tla reetsa fela.”

Morago ga pokano eo go ne ga abiwa diforomo tsa Sekolo sa Gileade.

Ke ne ka mo rotloetsa jaana: “Mma re di tlatse.”

O ne a re: “Mme gone Art, ba malapa a rona re tla ba reng?”

Mo e ka nnang ngwaga le sephatlo morago ga kopano eo, re ne ra ya kwa Sekolong sa Gileade mme ra newa kabelo ya go direla kwa Ecuador, kwa Amerika Borwa.

Fela jaaka o ka tswa o lemoga go tswa mo puisanong e ke nnileng le yone le mosadi wa me kwa kopanong eo, ke ne ke na le maikutlo a gore re ka kgona go dira sengwe le sengwe se re neng re batla go se dira. Le fa go ntse jalo, Edith ene o ne a le bonolo e bile a le boingotlo. Fa a ne a gola kwa torotswaneng e e bidiwang Elizabeth, kwa Pennsylvania, kwa U.S.A., o ne a ise a tsamaele kgakala le legae e bile o ne a ise a kopane le motswakwa. Go ne go le thata gore a tlogele lelapa la gaabo. Le fa go ntse jalo, o ne a amogela kabelo ya go direla kwa moseja ka pelo yotlhe. Ka 1954, re ne ra goroga kwa Ecuador mme re ntse re direla mo nageng eno re le barongwa fa e sa le ka nako eo. Mo dingwageng tsotlhe tse re di feditseng fano, re fitlhetse dilo di le dintsi tse di molemo. A o ka rata go utlwa dingwe tsa tsone?

Re Gakologelwa Dinako Tse di Monate

Kabelo ya rona ya ntlha e ne e le kwa motsemogolong kwa Quito, e e leng bogodimo jwa dimetara di ka nna 2 850 kwa Dithabeng tsa Andes. Go tswa kwa toropong e e fa lotshitshing lwa lewatle ya Guayaquil go ya koo, go re tsere malatsi a le mabedi re tsamaya ka terena le ka lori—loeto lo gone jaanong lo tsayang metsotso e le 30 ka sefofane! Re ne ra direla kwa Quito ka dingwaga di le nnè tse di tletseng ditiragalo. Go tswa foo, ka 1958, sengwe gape se se molemo se ne sa direga: Re ne ra kopiwa go ya go direla mo tirong ya potologo.

 Ka nako eo, go ne go na le dipotologo tse pedi fela tse dinnye mo nageng eo yotlhe. Ka jalo, mo godimo ga go etela diphuthego, re ne re tsaya dibeke di le dintsi mo gare ga ngwaga re rera kwa ditorotswaneng tsa Baindia kwa go neng go se na Basupi gone. Mafelo a bonno mo ditorotswaneng tseo gantsi e ne e le phaposana e e se nang letlhabaphefo, e e nang le bolao fela. Re ne re tsamaya re tshotse lebokose la logong le le neng le na le setofo se sennye sa parafene, pane, dipoleite, beisene ya go tlhapela, dishiti, nnete ya menang, diaparo, makwalodikgang a bogologolo le dilwana tse dingwe. Re ne re dirisa makwalodikgang ao go thiba mesima e e neng e le mo dipoteng gore re leke go thibela magotlo go tsena.

Le fa diphaposi tseo di ne di le lefifi e bile di onetse, re na le dilo tse dintsi tse di molemo tse re di gakologelwang ka tsone, metlotlo ya bosigo re ntse fa godimo ga bolao, re ja dijo tse di botlhoswana tse re neng re di apeile mo setofong sa parafene. E re ka botho jwa me jwa go nna mafega bo ne bo dira gore gantsi ke bue ke sa akanya, ka dinako dingwe mosadi wa me o ne a dirisa dinako tseo tse di ritibetseng go ntemosa ka botlhale ditsela tse nka buang ka tsone le bakaulengwe le bokgaitsadi ba re neng re ba etela. Ke ne ke mo reetsa, mme maeto a me a ne a simolola go kgothatsa thata. Gape, fa ke ne ke bua maswe ka mongwe ke sa akanya, o ne a gana go nna le seabe mo motlotlong oo. Ka jalo, ke ne ka ithuta go leba bakaulengwe ba me ka tsela e e siameng. Le fa go ntse jalo, gantsi, re ne re tlotla ka dintlha tse re ithutileng tsone mo ditlhogong tsa Tora ya Tebelo le ka maitemogelo a letsatsi leo a kwa tirelong ya tshimo. Mme a bo re ne re na le maitemogelo a a kgatlhang jang ne!

Kafa re Fitlhetseng Carlos ka Gone

Kwa toropong ya Jipijapa, kwa bophirima jwa Ecuador, re ne ra newa leina la mongwe yo o nang le kgatlhego—leina fela, Carlos Mejía, le le se nang aterese. Mo mosong oo, fa re tswa kwa phaposing e re neng re hirile kwa go yone, re ne re sa itse gore re tla simolola kae go ya go mmatla, ka jalo re ne ra simolola go itsamaela fela. E re ka mo bosigong jo bo fetileng pula e ne e nele thata, re ne re tsamaya re tila mesima e mentsi e e nang le seretse, mo mebileng e e leswe. Ke ne ke tsamaya kwa pele ga mosadi wa me, mme ka tshoganyetso fela ka utlwa selelo sa go tlalelwa kwa morago ga me se re, “Art!” Fa ke retologa ke ne ka fitlhela Edie a eme mo seretseng se sentsho se se fitlhang mo mangoleng. Go ne go tshegisa tota mo e leng gore fa a ka bo a sa seka dikeledi, nka bo ke thubegile ka setshego.

Ke ne ka kgona go mo ntsha mo seretseng seo mme ditlhako tsa gagwe di ne tsa salela mo seretseng. Go ne go na le mosimane le mosetsana mongwe ba ba neng ba re lebile, ka jalo ke ne ka ba raya ka re: “Ke tla lo naya madi fa lo ka ntsha ditlhako tseo mo seretseng.” Ba ne ba ntsha ditlhako tseo ka ponyo ya leitlho, le fa go ntse jalo, Edie o ne a tlhoka lefelo le a ka iphimolelang mo go lone. Mmaagwe bana bao o ne a ntse a lebile se se neng se direga mme o ne a re bitsa gore re tle mo ntlong ya gagwe, o ne a thusa mosadi wa me gore a tlhape maoto mme bana bone ba tlhatswa ditlhako tseo tse di leswe. Pele ga re tsamaya, go ne ga direga sengwe se se molemo. Ke ne ka botsa mosadi yoo gore a o itse kwa re ka fitlhelang monna yo o bidiwang Carlos Mejía gone. O ne a re leba a gakgametse mme a re: “Ke monna wa me.” Fa nako e ntse e ya, re ne ra simolola thuto ya Baebele, mme kgabagare, maloko otlhe a lelapa a ne a kolobediwa. Dingwaga di le dintsi morago ga foo, Carlos, mosadi wa gagwe, le bana ba bone ba le babedi ba ne ba nna babulatsela ba ba kgethegileng.

Maeto a a Bokete—Kamogelo e e Lorato

Go direla mo potologong go ne go na le dikgwetlho tse dintsi. Re ne re dirisa dibese, diterena, dilori, mekorwana e e gabilweng le difofane tse dinnye. Ka nako nngwe, John McLenachan yo e neng e le molebedi wa kgaolo le mosadi wa gagwe e bong Dorothy, ba ne ba tsamaya le rona kwa metseng ya batshwari ba ditlhapi e e gaufi le molelwane wa Colombia. Re ne re tsamaya ka mokorwana o o gabilweng o o tsentsweng enjene. Dishaka tsa bogolo jo bo lekanang le mokorwana oo di ne di thuma go bapa le rona! Tota le mokgweetsi wa mokorwana yo o neng a na le maitemogelo o ne a tshosiwa ke bogolo jwa dishaka  tseo mme ka bonako o ne a kgweeletsa mokorwana gaufi le lotshitshi.

Le fa go ntse jalo, dikgwetlho tse re neng re nna le tsone mo tirong ya potologo di ne di sa re sepe. Re ne ra kopana le bakaulengwe ba ba molemo ba ba amogelang baeng. Gantsi malapa a re neng re nna le one a ne a pateletsa gore re je gararo ka letsatsi, le fa bone ba ne ba ja gangwe fela. Kgotsa ba ne ba re robatsa mo bolaong bo le bongwe fela jo ba neng ba na le jone mo ntlong mme bone ba bo ba robala fa fatshe. Mosadi wa me o ne a aga a re, “Bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba nthusa go bona gore ruri ga re tlhoke dilo tse dintsi gore re tshele.”

“Ga re Batle go Ikgogona”

Ka 1960 re ne ra diragalelwa ke sengwe gape se se molemo—re ne ra kopiwa go tla go direla kwa ofising ya lekala ya kwa Guayaquil. Fa ke ntse ke direla ke le motsamaisi, Edith ene o ne a ya tshimong kwa phuthegong e e gaufi le lekala. Ke ne ke sa akanye gore nka kgona go bereka mo ofising mme ke ne ke ikutlwa e kete ga ke tshwanelege, mme jaaka Bahebera 13:21 e tlhalosa, Modimo o re tlhomelela ‘ka selo sengwe le sengwe se se molemo gore re dire thato ya gagwe.’ Dingwaga di le pedi morago ga foo, ke ne ka kopiwa go tla go nna gone mo khosong nngwe ya Gileade e e neng e tla tsaya dikgwedi di le lesome e e neng e tla tshwarelwa kwa Bethele kwa Brooklyn, New York. Ka nako eo, basadi ba ne ba tshwanetse go sala kwa kabelong ya bone. Re ne ra amogela lekwalo go tswa kwa Brooklyn, le kwaletswe mosadi wa me. O ne a kopiwa gore a akanye ka kelotlhoko gore a a ka kgona go itshokela gore monna wa gagwe a tsamaye dikgwedi di le lesome.

Fa Edith a araba o ne a kwala jaana: “Ke a itse gore seno se ka se nne motlhofo le e seng, mme re a itse gore Jehofa o tla re thusa fa go ka tlhaga mathata. . . . Ga re batle go ikgogona mo ditshiamelong tse di ka tswang di beilwe fa pele ga rona kgotsa ditshono tsa go tshwanelegela go sikara maikarabelo a rona.” Ka nako ya fa ke ne ke le kwa Brooklyn, beke le beke ke ne ke amogela lekwalo le le tswang kwa mosading wa me.

Go Direla Mmogo le Badumedimmogo ba ba Ikanyegang

Ka 1966, nna le Edith re ne ra boela kwa Quito ka ntlha ya mathata a botsogo, mme koo re ne ra tsweletsa tirelo ya rona ya borongwa, re dira mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba lefelo leo. Ruri e ne e le baboloka bothokgami!

Kgaitsadi mongwe yo o ikanyegang o ne a na le monna yo o sa dumelang yo gantsi a neng a mmetsa. Letsatsi lengwe ka ura ya borataro mo mosong, mongwe o ne a tla kwa go rona go tla go re bolelela gore kgaitsadi yoo o ne a iteilwe gape. Ke ne ka tabogela kwa ntlong ya ga kgaitsadi yoo. Fa ke mmona, ke ne ke sa dumele se ke se bonang. O ne a rapame mo bolaong, a rurugile a tletse ka matsadi. Monna wa gagwe o ne a mo iteile ka kota ya lofeelo go fitlha e robega ka bogare. Moragonyana mo go lone letsatsi leo, ke ne ka fitlhela monna yoo kwa gae mme ka mmolelela gore se a se dirileng e ne e le bogatlapa tota. O ne a kopa maitshwarelo gantsintsi.

Kwa masimologong a bo1970, botsogo jwa me bo ne jwa tokafala mme re ne ra boela kwa tirong ya potologo. Toropo ya Ibarra e ne e le karolo ya potologo ya rona. Fa re ne re etela toropo eo go ela kwa bokhutlong jwa bo1950, go ne go na le Basupi ba babedi fela koo, morongwa  mongwe le mokaulengwe wa foo. Ka jalo, re ne re lebile pele go kopana le maloko a le mantsi a masha a phuthego eo.

Kwa pokanong ya rona ya ntlha koo, Mokaulengwe Rodrigo Vaca o ne a le kwa seraleng a tsamaisa karolo e e neng e tlhoka gore bareetsi ba akgele. Nako nngwe le nngwe fa a botsa potso, ba ba tlileng dipokanong ba ne ba goa ba re “Yo, yo!” (“Nna, nna!”) go na le gore ba emise diatla. Nna le Edith re ne ra lebana re gakgametse. Ke ne ka ipotsa jaana: ‘Go diregang fano?’ Moragonyana re ne ra lemoga gore Mokaulengwe Vaca e ne e le sefofu mme o ne a kgona go utlwa mantswe a maloko a phuthego gore ke mang yo o goang. Ke modisa yo tota a itseng dinku tsa gagwe! Seno se ne sa dira gore re gakologelwe mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 10:3, 4, 14, a a malebana le Modisa yo o Molemo yo o itseng dinku tsa gagwe sentle le dinku tse di itseng modisa wa tsone. Gompieno, Ibarra e na le diphuthego di le thataro tsa Se-Spain, e le nngwe ya Se-Quichua le e le nngwe ya puo ya diatla. Mokaulengwe Vaca o sa ntse a direla ka boikanyegi e le mogolwane le mmulatsela yo o kgethegileng. *

Re Leboga Molemo wa ga Jehofa

Ka 1974 re ne ra bona tsela e nngwe gape e Jehofa a re bontshang molemo wa gagwe ka yone fa re ne re kopiwa go boela kwa Bethele, kwa ke neng ka direla ke le motsamaisi gone mme moragonyana ka tlhomiwa go nna mo Komiting ya Lekala. Kwa tshimologong, Edith o ne a bereka kwa boapeelong, mme moragonyana o ne a simolola go bereka kwa ofising kwa a ntseng a direla gone e le tlelereke.

Go ralala dingwaga, re ntse re itumelela go amogela makgolokgolo a barongwa ba ba thapisitsweng kwa Gileade, ba ba nonotshang diphuthego tse ba direlang kwa go tsone le go di thusa gore di tlhagafale. Gape re kgothadiwa ke diketekete tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tswang kwa dinageng tse di fetang 30 ba ba tlileng go direla mo nageng eno. A bo moya wa bone wa go intsha setlhabelo o re kgatlha jang ne! Bangwe ba bone ba rekisitse matlo le dikgwebo tsa bone gore ba kgone go tla fano go tla go direla kwa mafelong a go nang le tlhokego e kgolo ya baboledi ba Bogosi gone. Ba rekile dikoloi tse di ba thusang go rera kwa mafelong a a kwa kgakala, ba simolotse diphuthego tse disha e bile ba thusitse mo go ageng Diholo tsa Bogosi. Bokgaitsadi ba le mmalwa ba ba sa nyalwang ba tlile ba tswa kwa moseja go tla go nna babulatsela fano—mme ruri ba dira ka natla ba tlhagafetse!

Ruri, ke fitlhetse dilo di le dintsi tse di molemo mo dingwageng tse ke diretseng Modimo ka tsone. Se segolo mo go tsone, ke kamano ya me le Jehofa. Gape ke leboga Jehofa go bo a nneile “mothusi.” (Gen. 2:18) Fa ke leba kwa morago mo dingwageng tse di fetang 69 tse re di feditseng mmogo re le monna le mosadi, ke akanya ka mafoko a Diane 18:22 a a reng: “A motho o bone mosadi yo o molemo? O bone selo se se molemo.” Ruri ke itumeletse go dira mmogo le Edith. O nthusitse ka ditsela tse dintsi tota. Gape e nnile morwadi yo o lorato mo go mmaagwe. Fa e sa le re fitlha kwa Ecuador, mosadi wa me o ne a romela mmaagwe lekwalo beke le beke go fitlha ka 1990, fa mmaagwe a ne a tlhokafala a le dingwaga di le 97.

Gone jaanong ke na le dingwaga di le 90 mme Edith ene o dingwaga di le 89. Re itumeletse go thusa batho ba le 70 go itse Jehofa. Re itumeletse go bo re tladitse diforomo tsele tsa go ya Sekolong sa Gileade dingwaga di le 60 tse di fetileng. Tshwetso eo e dirile gore re tshele botshelo jo bo nang le dilo tse dintsi tse di molemo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 29 Polelo ya botshelo jwa ga Mokaulengwe Vaca e tlhagelela mo go Tsogang! ya September 8, 1985 ka Seesemane.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Kwa Setadiamong sa Yankee kwa New York, re na le barongwa mmogo le rona ba mo setlhopheng sa rona sa kwa Gileade, 1958

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Fa re ne re etetse lelapa la Basupi bangwe fa re ntse re le mo tirong ya potologo, 1959

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Kwa lekaleng la kwa Ecuador, 2002