Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ikanye Jehofa fa Bokhutlo bo Ntse bo Atamela

Ikanye Jehofa fa Bokhutlo bo Ntse bo Atamela

 Ikanye Jehofa fa Bokhutlo bo Ntse bo Atamela

“Ikanyeng Jehofa ka bosakhutleng.”—ISA. 26:4.

1. Batlhanka ba Modimo ba farologane jang le batho ba mo lefatsheng?

RE TSHELA mo lefatsheng le batho ba le dimilionemilione ba sa tlholeng ba itse gore ba ikanye mang kgotsa eng, gongwe e le ka gonne ba ile ba utlwisiwa botlhoko kgotsa ba swabisiwa gantsi. A bo batlhanka ba ga Jehofa bone ba farologane jang ne! E re ka ba kaelwa ke botlhale jwa Modimo, ba a itse gore ga ba ka ke ba ikanya lefatshe kgotsa “batlotlegi” ba lone. (Pes. 146:3) Go na le moo, ba baya matshelo a bone le isagwe ya bone mo go Jehofa ba itse gore o a ba rata le gore ka metlha o diragatsa Lefoko la gagwe.—Bar. 3:4; 8:38, 39.

2. Joshua o ne a tlhomamisa jang boikanyegi jwa Modimo?

2 Joshua wa bogologolo o ne a tlhomamisa boikanyegi jwa Modimo. Go ela kwa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe o ne a raya Baiseraele ka ene a re: “Lo itse sentle ka dipelo tsa lona tsotlhe le ka meya ya lona yotlhe gore ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona. A lo diragaletse otlhe fela.”—Josh. 23:14.

3. Ke eng se leina la Modimo le se senolang ka ene?

3 Jehofa o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe, e seng fela ka gonne a rata batlhanka ba gagwe  mme segolobogolo ka ntlha ya leina la gagwe. (Ekes. 3:14; 1 Sam. 12:22) J. B. Rotherham o ne a bua jaana malebana le leina la Modimo mo tshimologong ya buka ya The Emphasized Bible: “[Le] nna tsholofetso ya bopelontle; Modimo yo o kgonang go fetofetoga le maemo mangwe le mangwe, bothata bongwe le bongwe, sengwe le sengwe se se ka tlhokegang . . . [Ke] tsholofetso . . . tshenolo, segopotso, maikano. Modimo o tla nna a ikanyega mo Leineng leno; ga le kitla le mo tlhabisa ditlhong.”

4. (a) Isaia 26:4 e re rotloetsa go dira eng? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

4 Ipotse: ‘A ke itse Jehofa sentle gore nka mo ikanya ka botlalo? A ke nna le tsholofelo ka isagwe, ke itse gore sengwe le sengwe se mo taolong ya Modimo?’ Isaia 26:4 ya re: “Ikanyeng Jehofa ka bosakhutleng, gonne Jah Jehofa ke Lefika la bosakhutleng.” Ke boammaaruri gore gone jaanong Modimo ga a tsenelele mo matshelong a batho ka tsela ya kgakgamatso jaaka a ne a dira ka dinako dingwe mo motlheng wa Baebele. Le fa go ntse jalo, e re ka e le “Lefika la bosakhutleng,” a ka ikanngwa “ka bosakhutleng.” Gompieno Modimo wa rona yo o ka ikanngwang o thusa jang baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang? Mma re sekasekeng ditsela di le tharo: O a re nonotsha fa re mo kopa gore a re thuse go lebana le thaelo, o re ema nokeng fa re lebane le batho ba ba sa kgatlhegeng kana ba ba re ganetsang mme o a re nonotsha fa re na le ditlhobaelo di le dintsi. Fa re ntse re sekaseka dintlha tseno, tlhomamisa gore o ela tlhoko kafa o ka nonotshang tsela e o ikanyang Jehofa ka yone.

Ikanye Modimo fa o Raelesega go Dira Bosula

5. Go ikanya ga rona Modimo go ka lekiwa ka tsela efe e kgolo?

5 Go ka nna motlhofo go ikanya Jehofa ka tsholofetso e a re neileng yone ya Paradaise kgotsa ya tsogo—dilo tse re tlhologeletsweng go di bona. Mme gone go ka nna thata go mo ikanya mo dilong tse di amanang le boitsholo le go tlhatswega pelo gore go ikobela ditsela tsa gagwe le melao ya gagwe ke selo se se siameng mme se tla re leretse boitumelo jo bogolo. Kgosi Solomone o ne a kwala kgakololo eno: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” (Dia. 3:5, 6) Ela tlhoko mafoko ano ‘ditsela’ le “ditselana” tsa rona. Ruri tsela yotlhe ya rona ya botshelo—e seng fela tsholofelo ya rona ya Bokeresete—e tshwanetse go bontsha gore tota re ikanya Modimo. Re ka bontsha jang gore re ikanya Modimo fa re lebane le dithaelo?

6. Re ka nonotsha jang maikemisetso a rona a go gana dikakanyo tse di bosula?

6 Go furalela se se sa siamang go simolola ka se re se akanyang. (Bala Baroma 8:5; Baefeso 2:3.) Ka jalo, re ka nonotsha jang maikemisetso a rona a go gana dikakanyo tse di bosula? Akanya ka ditsela tseno tse tlhano: 1. Senka thuso ya Modimo ka thapelo. (Math. 6:9, 13) 2. Tlhatlhanya ka dikai tse di mo Baebeleng tsa batho ba ba paletsweng ke go reetsa Jehofa le tsa ba ba ileng ba mo reetsa. Mme o bo o ela tlhoko gore ba ne ba diragalelwa ke eng. * (1 Bakor. 10:8-11) 3. Akanya kafa boleo bo ka go utlwisang botlhoko mo tlhaloganyong  le mo maikutlong ka gone, wena mmogo le batho ba o ba ratang. 4. Ipotse gore Modimo o tshwanetse a bo a ikutlwa jang fa mongwe wa batlhanka ba gagwe a dira boleo jo bo masisi. (Bala Pesalema 78:40, 41.5. Akanya kafa Jehofa a ipelang ka gone fa a bona moobamedi wa gagwe yo o ikanyegang a gana bosula mme a dira se se siameng, a ka tswa a le nosi kgotsa a le mo gare ga batho. (Pes. 15:1, 2; Dia. 27:11) Le wena o ka bontsha gore o ikanya Jehofa.

Ikanye Modimo fa o Lebane le Batho Ba ba Sa Kgatlhegeng Le ba Ba Ganetsang

7. Jeremia o ile a lebana le diteko dife mme ka dinako dingwe o ne a ikutlwa jang?

7 Bontsi jwa bakaulengwe ba rona ba direla mo tshimong e go leng thata go bereka mo go yone. Moporofeti Jeremia o ne a direla mo maemong a a ntseng jalo—mo pusong ya Juda ka nako ya malatsi a yone a bofelo a matshwenyego. Tumelo ya gagwe mo go Jehofa e ne e lekiwa letsatsi le letsatsi ka gonne o ne a itsise ka melaetsa ya katlholo ya Modimo ka boikobo. Ka nako nngwe tota le mokwaledi wa gagwe e bong Baruke o ne a ngongorega ka ntlha ya letsapa. (Jer. 45:2, 3) A Jeremia o ne a ineela ka ntlha ya go kgobega marapo? Gone ke boammaaruri gore ka nako nngwe o ne a ikutlwa a kgobegile marapo. O ne a re: “A go hutsege letsatsi le ke tsetsweng ka lone!” “Ke ka ntlha yang fa ke dule mo sebopelong seo gore ke tle ke bone tiro ya bonatla le khutsafalo le gore malatsi a me a khutle ka matlhabisa ditlhong fela?”—Jer. 20:14, 15, 18.

8, 9. Go dumalana le Jeremia 17:7, 8 le Pesalema 1:1-3, ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re nne re ntsha maungo a a molemo?

8 Le fa go ntse jalo, Jeremia ga a ka a latlhela seditse. O ne a tswelela a ikanya Jehofa. Ka jalo, moporofeti yono yo o ikanyegang o ne a bona go diragadiwa ga mafoko a ga Jehofa a a mo go Jeremia 17: 7, 8: “Go segofetse monna yo o nonofileng yo o ikanyang Jehofa, le yo Jehofa e leng tshepo ya gagwe. Ruri o tla nna jaaka setlhare se se jadilweng fa metsing, se se romelang medi ya sone mo moseleng wa metsi; mme ga a na go bona fa mogote o tla, dikala tsa gagwe tse di nang le makakaba di tla nna tse di golang thata. Mme mo ngwageng wa komelelo ga a na go tlhobaela, le fa e le go tlogela go ntsha maungo.”

9 Jeremia ga a ka a ‘tlogela go ntsha maungo’ fela jaaka setlhare se se ungwang thata se se “jetsweng fa melatswaneng ya metsi” kgotsa mo tshimong ya maungo e e nosediwang. O ne a gana go tlhotlhelediwa ke batho ba ba neng ba mo sotla ba ba neng ba tshela le ene. Go na le moo, o ne a kgomarela Motswedi wa “metsi” a a nayang botshelo mme a dira sengwe le sengwe se Jehofa a neng a mmoleletse gore a se dire. (Bala Pesalema 1:1-3; Jer. 20:9) A bo Jeremia e le sekao se se molemo jang ne mo go rona, segolobogolo rona ba re direlang Modimo mo tshimong e go leng thata go rera mo go yone! Fa e le gore o mo boemong joo, tswelela o ikaega thata ka Jehofa, yo o tla go nayang boitshoko fa o ntse o ‘bolela leina la gagwe phatlalatsa.’—Baheb. 13:15.

10. Re na le ditshegofatso dife, mme re tshwanetse go ipotsa potso efe?

10 Jehofa o re neile dilo di le dintsi go re thusa go itshokela mathata a re nnang le one mo botshelong mo metlheng eno ya bofelo. Nngwe ya dilo tse Modimo a re neileng tsone ke Lefoko la gagwe le le feletseng, le le ntseng le ranolwa ka nepo ka dipuo tse di oketsegileng. O re naya motlele wa dijo tsa semoya tse di mo nakong ka setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. Gape o re neile ditsala tse dintsi tse di re emang nokeng, e leng badumedi mmogo le rona kwa dipokanong le kwa dikopanong. A o dirisa dithulaganyo tseno ka botlalo? Botlhe ba ba dirang jalo ba “tla goa ka boipelo ka ntlha ya seemo se se molemo sa pelo.” Le fa go ntse jalo, ba ba sa reetseng Modimo ba “tla lela ka ntlha ya botlhoko jwa pelo mme . . . [ba] tla bokolela ka ntlha ya go hutsafala thata ga moya.”—Isa. 65:13, 14.

Ikanye Modimo fa o Lebane le Ditlhobaelo

11, 12. E re ka lefatshe le na le mathata, ke kgato efe e e botlhale e re ka e tsayang?

11 Fela jaaka go boleletswe pele, mathata a batho a ntse a oketsega. (Math. 24:6-8; Tshen. 12:12) Fa go nna le morwalela, gantsi batho ba tshabela kwa lefelong le le kwa godimo kgotsa kwa marulelong a kago nngwe—gongwe le gongwe  kwa go tsholetsegileng. Ka tsela e e tshwanang, fa mathata a lefatshe a ntse a oketsega, batho ba le dimilionemilione ba batla botshabelo mo ditheong tse di lebegang di le kwa godimo tsa madi, tsa dipolotiki kgotsa tsa bodumedi le mo go tsa saense le thekenoloji. Mme gone ga go epe ya tsone e e nayang tshireletsego ya mmatota. (Jer. 17:5, 6) Kafa letlhakoreng le lengwe, batlhanka ba ga Jehofa ba na le botshabelo jo ba tlhomamisegileng ka jone—“Lefika la bosakhutleng.” (Isa. 26:4) Mopesalema o ne a re: “[Jehofa] ke lefika la me le poloko ya me, bogodimo jwa me jo bo bolokesegileng.” (Bala Pesalema 62:6-9.) Re ka dira jang gore Lefika leno e nne botshabelo jwa rona?

12 Re kgomarela Jehofa fa re tsaya tlhagiso ya Lefoko la gagwe tsia le gantsi le leng kgatlhanong le botlhale jwa batho. (Pes. 73:23, 24) Ka sekai, batho ba ba tlhotlhelediwang ke botlhale jwa batho ba ka nna ba re: ‘O tshela gangwe fela; dirisa botshelo jwa gago ka botlalo.’ ‘Batla tiro e e molemo.’ ‘Dira madi a le mantsi.’ ‘Reka sengwe le sengwe se o se batlang.’ ‘Tsaya mesepele mme o bone lefatshe.’ Kafa letlhakoreng le lengwe, botlhale jwa Modimo bo tsamaisana le kgakololo eno: “[A] ba ba dirisang lefatshe [ba nne] jaaka ba ba sa le diriseng ka botlalo; gonne seemo sa lefatshe leno se a fetoga.” (1 Bakor. 7:31) Jesu le ene o re kgothaletsa gore ka metlha re dire gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele mme re ipolokele “matlotlo mo legodimong,” kwa ruri a tla sireletsegang gone.—Math. 6:19, 20.

13. Ke eng se re tshwanetseng go ipotsa sone re akantse ka 1 Johane 2:15-17?

13 A tsela e o lebang “lefatshe” le “dilo tse di mo lefatsheng” ka yone e bontsha gore o ikanya Jehofa ka botlalo? (1 Joh. 2:15-17) A dikhumo tsa semoya le ditshiamelo mo tirelong ya Bogosi di botlhokwa mo go wena go feta dilo tse lefatshe le go nayang tsone? (Bafil. 3:8) A o kgaratlhela go nna le ‘leitlho le le sa raraanang’? (Math. 6:22) Ke boammaaruri gore Modimo ga a batle gore re nne batho ba ba se nang temogo kgotsa ba ba se nang boikarabelo, segolobogolo fa re na le malapa a re tshwanetseng go a tlhokomela. (1 Tim. 5:8) Mme gone o lebeletse gore batlhanka ba gagwe ba ikanye ene ka botlalo—e seng lefatshe leno la ga Satane le le tlogang le fela.—Baheb. 13:5.

14-16. Bangwe ba ile ba solegelwa molemo jang ke go nna le “leitlho le le sa raraanang” le ke go dira gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele?

14 Akanya ka sekao sa ga Richard le Ruth, batsadi ba ba nang le bana ba le bararo. Richard a re: “Pelo ya me e ne e nthaya e re nka direla Jehofa ka mo go oketsegileng. Ke ne ke tshela sentle le fa go ntse jalo, ke ne ke ikutlwa e kete ke naya Modimo masaledi fela. Morago ga go rapelela kgang eo le go sekaseka seemo, nna le Ruth re ne ra dumalana gore ke kope mookamedi wa me gore ke bereke malatsi a le manè mo bekeng—le fa gone naga e ne e na le mathata a tsa ikonomi. Kopo ya me e ne ya sekegelwa tsebe, mme ka simolola go bereka ka thulaganyo e ntšha mo go yone kgwedi eo.” Richard o ikutlwa jang gone jaanong?

15 A re: “Madi a ke a amogelang a fokotsegile ka diperesente di le 20, mme gone, jaanong ke na le malatsi a a oketsegileng a le 50 mo ngwageng a ke kgonang go nna le lelapa la me ka one mme ke bo ke thapisa bana ba me. Ke ile ka kgona go oketsa nako e ke e dirisang mo bodireding go menagane gabedi, ka kgona go oketsa palo ya dithuto tsa me tsa Baebele go menagane gararo mme ka kgona go sikara maikarabelo a a oketsegileng mo phuthegong. E re ka ke na le nako e e oketsegileng ya go thusa Ruth ka bana, o ile a kgona go nna a tsaya bobulatsela jo bo thusang nako le nako. Ke  ikemiseditse go tswelela ka thulaganyo eno fa maemo a sa ntse a ntetla.”

16 Roy le Petina, ba morwadiabone a sa ntseng a nna kwa gae, ba ne ba kgona go fokotsa nako kwa tirong ya bone ya boitshediso gore ba kgone go nna le seabe ka metlha mo bodireding. Roy a re: “Ke bereka malatsi a le mararo mo bekeng mme Petina ene o bereka a le mabedi. Gape re fudugile go tswa mo ntlong go ya kwa foleteng e go leng motlhofo go e tlhokomela. Re ne re le babulatsela pele ga re tshola morwa le morwadiarona, mme ga re a ka ra latlhegelwa ke lorato loo lwa go bulatsela. Ka jalo fa bana ba rona ba sena go gola, re ne ra boela mo tirelong ya nako e e tletseng. Ga go na madi ape a a ka lekanang le masego a re a boneng.”

A “Kagiso ya Modimo” e Dibele Pelo ya Gago

17. E re ka botshelo bo sa tlhomama, Dikwalo di go gomoditse jang?

17 Ga go ope wa rona yo o itseng gore bokamoso bo mo tshwaretse eng, ka gonne rotlhe re diragalelwa ke “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Mor. 9:11) Le fa go ntse jalo, go se tlhomamisege ka isagwe ga go a tshwanela go dira gore re se ka ra nna le kagiso ya mogopolo, fela jaaka go direga ka batho ba ba se nang botsalano jo bo atamalaneng le Modimo. (Math. 6:34) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo.”—Bafil. 4:6, 7.

18, 19. Modimo o re gomotsa ka ditsela dife? Bontsha.

18 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba nang le mathata, ba ile ba itumelela go ritibala mo maikutlong le kagiso ya mogopolo e e tswang kwa go Jehofa. Kgaitsadi mongwe o ne a re: “Ngaka nngwe e e arang e ne ya nna e ntshosetsa gore ke tshele madi. Selo sa ntlha fela se a neng a se bua le nna e ne e le go re, ‘Wa re mathata a gago ke eng o sa batle go tshela madi?’ Ka yone nako eo le ka dinako tse dingwe ke ne ka rapela Jehofa mo sephiring, mme ke ne ka ikutlwa ke na le kagiso ya gagwe. Ke ne ka ikutlwa ke nonofile jaaka lefika. Le fa selekanyo sa madi a me se ne se le kwa tlase, ke ne ka kgona go naya mabaka a a utlwalang a Dikwalo ka boemo jwa me.”

19 Ka dinako dingwe Modimo a ka re naya kemonokeng e re e tlhokang a dirisa badumedimmogo le rona gore ba re gomotse kgotsa a dirisa dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng. Gongwe o kile wa utlwa mokaulengwe kana kgaitsadi a re: “Setlhogo seno se tlile ka nako e e tshwanetseng. Se ne se kwaletswe nna!” Ee, go sa kgathalasege maemo a rona kgotsa gore re tlhoka eng, Jehofa o tla nna a re bontsha kafa a re ratang ka gone fa re mo ikanya. Kana e bile re “dinku” tsa gagwe, e bile re sikere leina la gagwe.—Pes. 100:3; Joh. 10:16; Dit. 15:14, 17.

20. Ke eng fa batlhanka ba ga Jehofa ba tla sireletsega fa lefatshe la ga Satane le fedisiwa?

20 Mo “letsatsing la tšhakgalo ya ga Jehofa” le le ntseng le atamela ka bonako, sengwe le sengwe se lefatshe la ga Satane le se ikanyang se tla senngwa. Gauta, selefera le dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo ga di kitla di ba sireletsa. (Sefa. 1:18; Dia. 11:4) Botshabelo jo bo tla bong bo le teng fela e tla bo e le “Lefika [la rona] la bosakhutleng.” (Isa. 26:4) Ka jalo, a jaanong re bontsheng gore re ikanya Jehofa ka botlalo ka go tsamaya ka boikobo mo ditseleng tsa gagwe tsa tshiamo, ka go rera molaetsa wa gagwe wa Bogosi le fa re lebana le batho ba ba sa kgatlhegeng kgotsa ba ba ganetsang le ka go latlhela ditlhobaelo tsotlhe tsa rona kwa go ene. Fa re ntse re dira dilo tseno, ruri re tla “nna ka polokesego mme ga [re] na go tshwenngwa ke go boifa masetlapelo.”—Dia. 1:33.

[Ntlha e e kwa tlase]

 A o Ka Tlhalosa?

Re ka ikanya Modimo jang

• fa re raelwa go dira sengwe se se phoso?

• fa re lebane le batho ba ba sa kgatlhegeng kgotsa ba ba ganetsang?

• fa re lepalepana le ditlhobaelo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Go ngaparela melao ya Modimo go dira gore re nne le boitumelo

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

“Jehofa ke Lefika la bosakhutleng”