Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Nonotshiwa go Lwa le Thaelo le go Fenya go Kgobega Marapo

Re Nonotshiwa go Lwa le Thaelo le go Fenya go Kgobega Marapo

 Re Nonotshiwa go Lwa le Thaelo le go Fenya go Kgobega Marapo

“Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o goroga mo go lona.”—DIT. 1:8.

1, 2. Jesu o ne a solofetsa barutwa ba gagwe gore o tla ba thusa jang, mme ke eng fa ba ne ba tla tlhoka thuso eo?

JESU o ne a itse gore barutwa ba gagwe ba ne ba se kitla ba kgona go boloka dilo tsotlhe tse a ba laetseng tsone ka maatla a bone fela. Fa re akanya kafa tiro ya go rera e neng e le kgolo ka gone, kafa baganetsi ba bone ba neng ba le maatla ka gone le kafa mmele wa batho o leng bokoa ka gone, go ne go bonala sentle gore ba tlhoka maatla mangwe a a fetang a motho. Ka jalo, pele fela ga fa Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a tlhomamisetsa barutwa ba gagwe jaana: “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o goroga mo go lona, mme lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema mmogo le mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”—Dit. 1:8.

2 Tsholofetso eo e ne ya simolola go diragadiwa ka Pentekosete ya 33 C.E. fa moya o o boitshepo o ne o nonotsha balatedi ba ga Jesu Keresete gore ba rere mo Jerusalema yotlhe. Ga go kganetso epe e e neng e ka kgona go emisa seo. (Dit. 4:20) “Malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo,” balatedi ba ba ikanyegang ba ga Jesu, go akaretsa le rona, ba tla tlhoka thata one maatla ao a a tswang kwa Modimong.—Math. 28:20.

3. (a) Tlhalosa pharologano e e leng teng fa gare ga moya o o boitshepo le maatla. (b) Maatla a a tswang kwa go Jehofa a ka re thusa go dira eng?

3 Jesu o ne a solofetsa barutwa ba gagwe gore ‘ba tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o goroga mo go bone.’ Mafoko “maatla” le “moya” ga a tshwane ka bokao. Moya wa Modimo e leng maatla a gagwe a a dirang ke nonofo e re e bonang le e e tsentsweng mo bathong kgotsa mo dilong gore di kgone go dira thato ya Modimo. Le fa go ntse jalo, maatla one a ka tlhalosiwa e le “bokgoni jwa go tsaya kgato kgotsa go dira gore sengwe se direge.” A ka kgona go nna mo mothong kgotsa mo sengweng a sa dire sepe go fitlha fa go tlhokega gore a dire sengwe se se rileng. Ka jalo, moya o o boitshepo o ka tshwantshanngwa le motlakase o o romelang maatla mo betering, fa maatla one a tshwana le nonofo e e mo teng ga beteri. Maatla a Jehofa a a nayang batlhanka ba gagwe a dirisa moya o o boitshepo a naya mongwe le mongwe wa rona bokgoni jwa go diragatsa boineelo jwa rona jwa Bokeresete, mme fa go tlhokega a re thusa go lwantsha ditlhotlheletso tse di bosula tse re lebanang le tsone.—Bala Mika 3:8; Bakolosa 1:29.

4. Re tlile go ithuta eng mo setlhogong seno, mme ka ntlha yang?

4 Maatla a re a newang ke moya o o boitshepo a bonala jang? Moya ono o ka re tlhotlheletsa gore re dire eng kgotsa re itshware jang? Fa re ntse re lwela go direla Modimo ka boikanyegi, re lebana le dikgoreletsi di le dintsi tse di bakiwang ke Satane, tsamaiso ya gagwe ya dilo kgotsa ke nama ya rona e e sa itekanelang. Go botlhokwa gore re fenye dikgoreletsi tseno gore re kgone go tswelela re le Bakeresete, re nne le seabe ka metlha mo bodireding re bo re tswelele re na le kamano e e molemo le Jehofa. Mma re boneng gore moya o o boitshepo o re thusa jang go lwantsha thaelo le go fenya go lapa le go kgobega marapo.

Re Nonotshiwa go Lwantsha Thaelo

5. Thapelo e ka re nonotsha jang?

5 Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapele  jaana: “O se ka wa re tsenya mo thaelong, o re golole mo go yo o boikepo.” (Math. 6:13) Jehofa ga a kitla a latlha batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba mo kopang seno. Nako nngwe Jesu o ile a re, “Rara yo o kwa legodimong . . . [o] tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang.” (Luke 11:13) Ruri go a kgothatsa go itse gore Jehofa o solofetsa go re naya maatla ano a a tla re thusang go dira se se siameng! Mme gone, seno ga se reye gore Jehofa o tla dira gore re se ka ra raelwa. (1 Bakor. 10:13) Le fa go ntse jalo, fa re lebana le thaelo, eo ke yone nako ya gore re rapele ka tlhoafalo le go feta.—Math. 26:42.

6. Jesu o ne a theile kae dikarabo tse a neng a araba Satane ka tsone fa a mo raela?

6 Fa Diabolo a ne a raela Jesu, Jesu o ne a mo araba ka go nopola dikwalo. Ga go pelaelo gore Jesu o ne a akantse ka Lefoko la Modimo fa a ne a araba jaana: “Go kwadilwe ga twe . . . Gape go kwadilwe ga twe . . . Tsamaya, Satane! Gonne go kwadilwe ga twe, ‘Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.’” Tsela e Jesu a neng a rata Jehofa le Lefoko la gagwe ka yone e ne ya mo tlhotlheletsa gore a kgone go lebana le dithaelo tse Moraedi a neng a mo raela ka tsone. (Math. 4:1-10) Fa Jesu a sena go lwantsha thaelo gantsintsi, Satane o ne a mo tlogela.

7. Baebele e re thusa jang go fenya thaelo?

7 E re ka Jesu a ne a ikaegile ka Dikwalo gore a kgone go fenya dithaelo tsa ga Diabolo, rona re tshwanetse go ikaega ka tsone le go feta. Tota e bile, gore re kgone go fenya Diabolo le baemedi ba gagwe re tshwanetse go simolola pele ka go ikemisetsa go itse melao ya Modimo le go e kgomarela ka botlalo. Batho ba le bantsi ba ile ba tlhotlheletsega go tshela ka melao e e mo Baebeleng fa ba ntse ba ithuta Dikwalo le go tlhaloganya kafa Modimo a leng botlhale e bile a leng tshiamo ka gone. Eleruri, “lefoko la Modimo” le naya maatla a a kgonang “go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Baheb. 4:12) Fa motho a ntse a bala le go tlhatlhanya ka Dikwalo, ‘temogo e a nnang le yone mo boammaaruring jwa ga Jehofa’ e a oketsega. (Dan. 9:13) Ka jalo, go molemo gore re tlhatlhanye ka dikwalo tse di buang ka bokoa bongwe jo re nang le jone.

8. Ke eng se se ka re thusang go nna le moya o o boitshepo?

8 Kwantle fela ga gore Jesu o ne a itse Dikwalo, o ne a kgona go fenya thaelo ka gonne o ne “a tletse moya o o boitshepo.” (Luke 4:1) Gore le rona re nne le maatla le bokgoni joo, re tshwanetse go atamalana le Jehofa ka go dirisa ka botlalo dithulaganyo tsotlhe tse a di dirileng go re tlatsa ka moya o o boitshepo. (Jak. 4:7, 8) Dingwe tsa tsone ke thuto ya Baebele, thapelo le go kopana ka metlha le badumedi mmogo le rona. Ba le bantsi ba ile ba solegelwa molemo ke go nna ba tshwaregile thata ka ditiro tsa Bokeresete tse di ba thusang go nna ba tlhomile mogopolo mo dilong tsa semoya tse di agang.

9, 10. (a) Ke dithaelo dife tse gantsi batho ba lebanang le tsone mo lefelong la lona? (b) Go rapela le go tlhatlhanya go ka go nonotsha jang gore o kgone go lwantsha thaelo tota le fa o ikutlwa o lapile?

9 Ke dithaelo dife tse o tshwanelwang ke go lwantshana le tsone? A o kile wa raelesega go tshameka ka maikutlo a lorato le mongwe yo e seng molekane wa gago wa lenyalo? Fa e le gore ga o mo lenyalong, a o kile wa ikutlwa o eletsa go intsha le mongwe yo e seng Mokeresete? Fa Mokeresete a ntse a lebile thelebishene kgotsa a dirisa Internet, ka tshoganyetso fela a ka raelesega go leba sengwe se se maswe. A seo se kile sa go diragalela, fa e le gore go ntse jalo, o ile wa dira eng? Go molemo gore re tlhatlhanye ka gore go dira sengwe se se sa siamang gangwe fela go ka dira jang gore re tlwaele go dira bosula mme re feleletse re dirile boleo jo bo masisi. (Jak. 1:14, 15) Akanya kafa tiro nngwe ya go sa ikanyege e tla utlwisang Jehofa, phuthego le lelapa la gago botlhoko ka gone. Mme go nna o ikanyega mo melaometheong ya Modimo gone, go tla dira gore o nne le segakolodi se se phepa. (Bala Pesalema 119:37; Diane 22:3.) Ka metlha fa o lebane le diteko tse di ntseng jalo, ititeye sehuba gore o tla rapelela nonofo ya go di fenya.

10 Go sengwe gape se re sa tshwanelang go se lebala ka dithaelo tsa ga Diabolo. Fa Satane a ne a ya kwa go Jesu, Jesu o ne a na le malatsi a le 40 a le kwa nageng a sa je. Ga go pelaelo gore Diabolo o  ne a akanya gore eno ke yone ‘nako e e siametseng’ go leka bothokgami jwa ga Jesu. (Luke 4:13) Le gone jaanong, Satane o batla dinako tse di siametseng go leka bothokgami jwa rona fela jaaka a ne a dira ka Jesu. Ka jalo, go botlhokwa gore re ipoloke re nonofile semoyeng. Gantsi Satane o tlhasela motho ka nako e a mmonang gore o bokoa ka yone. Ka jalo, ka metlha fa re ikutlwa re lapile kgotsa re kgobegile marapo re tshwanetse go ikemisetsa le go feta go rapela Jehofa gore a re thuse le go re sireletsa ka moya wa gagwe o o boitshepo.—2 Bakor. 12:8-10.

Re Nonotshiwa go Lebana le go Lapa le go Kgobega Marapo

11, 12. (a) Ke eng fa gompieno batho ba le bantsi ba ikutlwa ba kgobegile marapo? (b) Ke eng se se ka re nonotshang gore re kgone go fenya go kgobega marapo?

11 Gangwe le gape rona batho ba ba sa itekanelang re ikutlwa re kgobegile marapo. Gongwe lebaka la go bo go ntse jalo gompieno ke ka gonne nako e re tshelang mo go yone e ngomola pelo fela thata. Go bonala re tshela mo dinakong tse di thata go feta le fa e ka nna dife tse batho ba kileng ba tshela mo go tsone. (2 Tim. 3:1-5) Fa Haramagedona e ntse e atamela, mathata a a amanang le ikonomi, a a amanang le maikutlo le a mangwe, a ntse a koelana. Ka jalo, ga re a tshwanela go gakgamala go bo bangwe ba fitlhela go le thata le go feta go dira maikarabelo a bone a go tlhokomela le go tlamela malapa a bone. Ba ikutlwa ba lapile, ba imetswe, ba ngomogile pelo e bile ba nyemile mooko. Fa e le gore le wena o ikutlwa jalo, o ka dira eng gore o kgone go itshokela mathata ao?

12 Gopola gore Jesu o ne a tlhomamisetsa barutwa ba gagwe gore o tla ba naya mothusi—moya o o boitshepo wa Modimo. (Bala Johane 14:16, 17.) Ano ke one maatla a magolo go gaisa mo lobopong. Ka one, Jehofa a ka ‘dira se se fetang thata dilo tsotlhe’ go re naya nonofo e re e tlhokang go itshokela teko le fa e ka nna efe. (Baef. 3:20) Moaposetoloi Paulo o ne a re fa re ikaega ka one, re newa “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” le fa re “patikwa ka tsela nngwe le nngwe.” (2 Bakor. 4:7, 8) Jehofa ga a re solofetse gore o tla tlosa mathata a rona, mme gone o re tlhomamisetsa gore o tla dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go re naya nonofo ya go lebana le one.—Bafil. 4:13.

13. (a) Mosha mongwe o ne a nonotshiwa jang gore a kgone go itshokela boemo bongwe jo bo thata? (b) A o itse dikai dingwe tse di tshwanang le seo?

13 Akanya ka sekao sa ga Stephanie, mmulatsela wa nako e e tletseng yo o nang le dingwaga di le 19. Fa a le dingwaga di le 12, o ne a itewa ke seterouku, mme ga lemogiwa gore o na le tlhagala mo bobokong. Fa e sa le ka nako eo, o ne a ariwa gabedi, a alafiwa ka marang, a itewa gape ke seterouku gabedi, mme letlhakore la gagwe la molema la se ka la tlhola le bereka sentle e bile a se tlhole a bona sentle. Stephanie o tshwanelwa  ke go tlogela go dira dilo dingwe gore a nne le maatla a go dira dilo tse a di tsayang di le botlhokwa thata tse di jaaka dipokano tsa Bokeresete le tirelo ya tshimo. Le fa go ntse jalo, o utlwa seatla se se maatla sa ga Jehofa se mo thusa ka ditsela di le dintsi gore a kgone go itshoka. Dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di nang le maitemogelo a Bakeresete ba bangwe le tsone di a mo nonotsha fa a tshwenyegile mo maikutlong. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba mo ema nokeng ka go mo kwalela makwalo kgotsa ka go mo gomotsa pele le morago ga dipokano. Batho ba ba kgatlhegang le bone ba ile ba bontsha gore ba anaanela se Stephanie a ba rutang sone ka gore ba ye kwa a nnang teng go ya go ithuta Baebele. Stephanie o leboga Jehofa fela thata ka dilo tseno tsotlhe. Temana ya Baebele e a e ratang thata ke Pesalema 41:3, e a dumelang gore o e bone e diragadiwa mo go ene.

14. Ke eng se re tshwanetseng go se tila fa re kgobegile marapo, mme ka ntlha yang?

14 Fa re lapile kgotsa re ikutlwa re gateletswe mo maikutlong, le ka motlha re se ka ra nna le maikutlo a gore selo se se ka re thusang go lebana la mathata ke go fokotsa ditiro dingwe tsa semoya. Ruri eo e tla bo e le phoso e kgolo e re ka e dirang. Ka ntlha yang? Ka gonne dilo tse di jaaka go ithuta Baebele o le esi le go ithuta lo le lelapa, tirelo ya tshimo le go ya dipokanong ke tsone tse di re thusang go bona moya o o boitshepo o o re tsosolosang. Ka metlha ditiro tsa Bokeresete di a re lapolosa. (Bala Mathaio 11:28, 29.) Gantsi bakaulengwe le bokgaitsadi ba goroga kwa dipokanong ba lapile, mme fa ba boela gae, go nna jaaka e kete ba neilwe maatla mangwe a masha!

15. (a) A Jehofa o solofetsa Bakeresete gore o tla dira gore botshelo jwa bone bo tlhoke mathata? Tlhalosa o dirisa Dikwalo. (b) Modimo o re solofetsa eng, mme seo se dira gore re ipotse potso efe?

15 Gone ke boammaaruri gore seno ga se reye gore morwalo wa go nna morutwa wa Mokeresete o motlhofo. Go tlhokega maiteko gore motho a nne Mokeresete yo o ikanyegang. (Math. 16:24-26; Luke 13:24) Le fa go ntse jalo, Jehofa o dirisa moya o o boitshepo go naya yo o lapileng maatla. Moporofeti Isaia o ne a kwala jaana: “Ba ba solofetseng mo go Jehofa ba tla nna le maatla gape. Ba tla tlhatlogela kwa godimo ka diphuka jaaka bontsu. Ba tla siana mme ga ba kitla ba lapa; ba tla tsamaya mme ga ba kitla ba felelwa ke nonofo.” (Isa. 40:29-31) Ka ntlha ya seo, go molemo gore re ipotse gore, Tota ke eng se se dirang gore re ikutlwe re lapile semoyeng?

16. Re ka dira eng gore re tlogele dilo tse gongwe di re bakelang go lapa le go kgobega marapo?

16 Lefoko la ga Jehofa le re rotloetsa gore re “tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.” (Bafil. 1:10) Moaposetoloi Paulo o ne a tshwantshanya botshelo jwa Bokeresete le lobelo lo loleele fa a ne a tlhotlhelediwa ke moya gore a re gakolole jaana: “A le rona re apoleng bokete bongwe le bongwe . . . , mme a re tabogeng ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele.” (Baheb. 12:1) Tota o ne a raya gore re tile go batlana le dilo tse di sa tlhokegeng le go ithwesa merwalo e e sa tlhokegeng e e tla re lapisang. Gongwe bangwe ba rona re pateletsa go dira dilo tse dingwe tse dintsintsi le fa gone re setse re na le mo gontsi mo matshelong a rona. Ka jalo, fa e le gore o nna o lapile e bile o ikutlwa o gateletswe, gongwe o tshwanetse go sekaseka gore o dirisa nako e kae mo tirong ya boitshediso, gore o dirisa nako e kae o le mo maetong a go ijesa monate le gore o fetsa nako e kae mo metshamekong le mo boitlosobodutung. Go nna tekatekano le go nna bori go tshwanetse ga re tlhotlheletsa rotlhe gore re lemoge dilo tse re ka se kang ra kgona go di dira mme re fokotse go dira dilo tse di sa tlhokegeng.

17. Ke eng fa bangwe ba ka nna ba ikutlwa ba kgobegile marapo, mme gone Jehofa o re tlhomamisetsa eng mo kgannyeng eno?

17 Gongwe bangwe ba rona re kgobegile marapo  ka gonne bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo ga bo a tla ka bonako jaaka re ne re lebeletse. (Dia. 13:12) Le fa go ntse jalo, ope fela yo o ikutlwang ka tsela eno a ka kgothadiwa ke mafoko a a mo go Habakuke 2:3: “Ponatshegelo e sa ntse e na le nako e e tlhomilweng, mme e ntse e itlhaganelela kwa bokhutlong, mme ga e kitla e bua maaka. Le fa e ka diega, nna o e lebeletse; gonne ruri e tla diragala. Ga e kitla e tla morago ga nako.” Jehofa o re tlhomamisetsa gore ruri bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo bo tla tla ka nako e a e beileng!

18. (a) Ke ditsholofetso dife tse di go nonotshang? (b) Setlhogo se se latelang se tla re solegela molemo jang?

18 Eleruri rona rotlhe batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa re lebile pele kwa nakong ya fa go lapa le go kgobega marapo go tla bong go fedile, fa ditshedi tsotlhe di tla bo di ipelela “matlhagatlhaga a bosha.” (Jobe 33:25) Tota le jaanong re nonotshiwa mo teng ka moya o o boitshepo fa re ntse re nna le seabe mo ditirong tse di lapolosang tsa semoya. (2 Bakor. 4:16; Baef. 3:16 ) O se ka wa letla letsapa le le tseneletseng le dira gore o fetwe ke masego a a tla nnelang ruri. Teko le fa e ka nna efe—e ka tswa e bakiwa ke thaelo, go lapa kgotsa go kgobega marapo—e tla feta, fa e sa fete ka nako eo, e tla feta mo lefatsheng le lesha la Modimo. Mo setlhogong se se latelang re tlile go sekaseka kafa moya o o boitshepo o nonotshang Bakeresete ka gone gore ba kgone go itshokela pogiso, go fenya kgatelelo e e sa siamang ya balekane le go itshokela mathata a mangwe a a farologaneng.

O Tla Araba Jang?

• Go bala Baebele go re nonotsha jang?

• Go rapela le go tlhatlhanya go re nonotsha jang?

• O ka dira eng gore o kgone go tila dilo tse di ka dirang gore o kgobege marapo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Dipokano tsa Bokeresete di ka re tsosolosa semoyeng