Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

 A o A Gakologelwa?

A o itumeletse go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

Ke bodumedi jwa ga mang jo go bonalang bo dirile gore batho ba simolole go dumela mo thutong ya taolelogale?

Dithuto tsa ga Calvin di gatelela thuto ya taolelogale. Dithuto tsa Modiradiphetogo e bong Jean Cauvin (John Calvin) di rutwa thata mo dikerekeng tsa Reformed, Presbyterian, Congregational le tsa Puritan.—9/1, tsebe 18-21.

Kaine o tsere kae mosadi?

Mosadi wa ga Kaine e tshwanetse ya bo e ne e le setlogolo sa ga Efa, yo o neng a tshola “bana ba basimane le ba basetsana.” (Gen. 5:4)—9/1, tsebe 25.

Modimo o ne a romela moengele ofe gore a etelele Baiseraele pele fa a ne a ba ntsha kwa Egepeto? (Ekes. 23:20, 21)

Go a utlwala go dumela gore moengele yo o neng a na le ‘leina la ga Jehofa mo teng ga gagwe’ e ne e le Morwa Modimo wa leitibolo, yo morago a neng a nna Jesu.—9/15, tsebe 21.

Ke eng fa buka ya Baebele ya 1  Bakorintha e bua ka nama e e ntshediwang medingwana?

Diphologolo di ne di ntshiwa setlhabelo mo ditempeleng tsa Baroma le Bagerika, mme nama e e neng e sala ka nako ya moletlo, e ne e rekisiwa kwa marekisetsong. Bakeresete ba ne ba sa nne le seabe mo kobamelong ya boheitane, le fa go ntse jalo fa nama e e tswang koo e rekisiwa kwa mmarakeng, ba ne ba sa tlhoke go tsaya gore e itshekologile. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Sengwe le sengwe se se rekisiwang mo marekisetsong a nama nnang lo se je, lo sa botse sepe ka ntlha ya segakolodi sa lona; gonne ‘lefatshe ke la ga Jehofa le se se le tladitseng.’” (1 Bakor. 10:25, 26)—10/1, tsebe 12.

Modimo ga a amogele diipato dife tse di dirwang malebana le kobamelo ya boammaaruri?

‘Go boima thata. Ga ke batle go go dira. Ke tshwaregile thata. Ga ke tshwanelege. Mongwe o nkgopisitse.’ Tseno ga se diipato tse di utlwalang tsa go palelwa ke go dira thato ya Modimo.—10/15, tsebe 12-15.

• Ditsela dingwe tse ka tsone o ka dirang gore dipokano tsa Bokeresete di go age di bo di age ba bangwe ke dife?

Baakanyetsa go sa le gale. Nna teng ka metlha. Goroga ka nako. Tla o tshotse dikgatiso tse o tla di tlhokang. Tila go iteega tsebe. Nna le seabe. Akgela ka bokhutshwane. Dira dikabelo tsa gago. Akgola ba ba nnileng le seabe. Tlotla le ba bangwe pele ga dipokano le morago ga tsone.—10/15, tsebe 22.

Bolwetse jwa lepero, go akaretsa jo gompieno bo bidiwang Hansen’s disease bo tlhaga mo pegong efe ya Baebele e e buang ka mosetsanyana mongwe?

Dikgosi tsa bobedi kgaolo ya botlhano e re bolelela ka mosetsana wa Moiseraele, yo e neng e le lelata kwa ntlong ya molaodi wa masole a Siria yo o bidiwang Naamane. E re ka molaodi yono a ne a na le lepero, mosetsana yono o ne a mo gakolola gore a ye kwa go moporofeti Elisha gore a fodisiwe.—11/1, tsebe 22.

Re ithuta eng ka go ineela ga ga Arone mo kgatelelong ya balekane?

Fa Moshe a ne a se yo, Baiseraele ba ne ba kopa Arone gore a ba direle modimo. O ne a ineela mme a ba direla one. Seno se bontsha gore kgatelelo ya balekane ga e ame basha fela. E ka ama le batho ba bagolo ba ba batlang go dira se se siameng. Re tshwanetse go fenya kgatelelo e e sa siamang ya balekane.—11/15, tsebe 8.

Boammaaruri ke bofe mme tlhamane ke efe?

Satane ke motho wa mmatota: boammaaruri. (2 Bakor. 11:14) Fa batho ba swa ba fetela kwa lefelong lengwe la semoya: tlhamane. (Mor. 9:5) Baengele ba ba ikanyegang ba amega ka rona: boammaaruri. (Pes. 34:7) Jesu o lekana le Modimo: tlhamane. (1 Bakor. 11:3)—12/1, tsebe 8-9.