Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nnang lo Batle Pele “Tshiamo ya Gagwe”

Nnang lo Batle Pele “Tshiamo ya Gagwe”

 Nnang lo Batle Pele “Tshiamo ya Gagwe”

“Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.”—MATH. 6:33.

1, 2. Tshiamo ya Modimo ke eng, mme e theilwe mo go eng?

“JALO, nnang lo batle pele bogosi.” (Math. 6:33) Kgothatso eno e Jesu Keresete a neng a e naya mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, e itsiwe thata ke Basupi ba ga Jehofa. Mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo jwa rona, re leka go bontsha gore re rata Bogosi joo mme re batla go ikanyega mo go jone. Mme gape re tshwanetse go nna re akantse ka karolo ya bobedi ya kgothatso eno e e reng, “le tshiamo ya gagwe.” Tshiamo ya Modimo ke eng, mme go e batla pele go kaya eng?

2 Mafoko a puo ya ntlhantlha a a kayang “tshiamo” a ka ranolwa gape e le “tshiamiso” kgotsa “thokgamo.” Ka jalo, tshiamo ya Modimo ke go thokgama go ya ka ditekanyetso le melao ya gagwe. E re ka Jehofa e le Mmopi, o na le tshwanelo ya go baya melao ya gore ke eng se se molemo le se se bosula, se se siameng le se se sa siamang. (Tshen. 4:11) Le fa go ntse jalo, tshiamo ya Modimo ga se melao e e gagametseng kgotsa lenaane le leleele thata la melao le melawana. Go na le moo, e theilwe mo bothong jwa ga Jehofa le mo nonofong ya gagwe ya konokono ya tshiamiso mmogo le dinonofo tse dingwe tsa gagwe tsa konokono e leng lorato, botlhale le maatla. Ka jalo, tshiamo ya Modimo e amana le thato  ya gagwe le maikaelelo a gagwe. E akaretsa se a lebeletseng gore batho ba ba ratang go mo direla, ba se dire.

3. (a) Go batla pele tshiamo ya Modimo go kaya eng? (b) Ke eng fa re tseela melao ya ga Jehofa e e siameng kwa godimo?

3 Go batla pele tshiamo ya Modimo go kaya eng? Fa re bua fela ka tlhamalalo, go kaya go dira thato ya Modimo e le gore re mo itumedise. Go batla tshiamo ya gagwe go akaretsa go leka go tshela go dumalana le melao le ditekanyetso tsa gagwe tse di itekanetseng, e seng tsa rona. (Bala Baroma 12:2.) Tsela eno ya botshelo e akaretsa kamano ya rona le Jehofa. Ga se kgang ya go ikobela melao ya gagwe ka gonne re boifa gore o tla re otlhaya. Go na le moo, lorato lo re ratang Modimo ka lone lo re rotloetsa gore re leke go mo itumedisa ka go tseela melao ya gagwe kwa godimo go na le gore re ipeele ya rona. Re lemoga gore seno se siame e bile ke sone se re bopetsweng go se dira. Fela jaaka Jesu Keresete, Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, re tshwanetse go rata tshiamo.—Baheb. 1:8, 9.

4. Ke eng fa go le botlhokwa thata jaana gore re batle tshiamo ya Modimo?

4 Go batla tshiamo ya ga Jehofa go botlhokwa go le kana kang? Akanya ka kgang eno: Teko ya ntlhantlha ya kwa tshimong ya Edene e ne e ikaegile ka gore a Adame le Efa ba ne ba tla dumela gore Jehofa o na le tshwanelo ya go tlhoma melao kgotsa nnyaa. (Gen. 2:17; 3:5) Go bo ba paletswe ke go dira jalo go dirile gore rona bana ba bone re boge mme kgabagare re swe. (Bar. 5:12) Kafa letlhakoreng le lengwe, Lefoko la Modimo la re: “Yo o latelelang tshiamo le bopelonomi jwa lorato o tla bona botshelo, tshiamo le kgalalelo.” (Dia. 21:21) Ee, go batla pele tshiamo ya Modimo go felela ka gore re nne le kamano e e molemo le ene, mme seo se tla dira gore re bone poloko.—Bar. 3:23, 24.

Kotsi ya go Ipona Tshiamo

5. Re tshwanetse go tila kotsi efe?

5 Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Roma, o ne a gatelela kotsi e rotlhe re tshwanetseng go e tila gore re kgone go batla pele tshiamo ya Modimo. Fa a ne a bua le Bajudammogo le ene o ne a re: “Ke naya bosupi ka bone gore ba na le tlhoafalo ka Modimo; mme e seng go ya ka kitso ya boammaaruri; gonne, ka ntlha ya go bo ba sa itse tshiamo ya Modimo mme ba batla go tlhoma ya bone, ba ne ba se ka ba ipaya mo taolong ya tshiamo ya Modimo.” (Bar. 10:2, 3) Go ya ka Paulo, baobamedi bao ba ne ba sa tlhaloganye tshiamo ya Modimo ka gonne ba ne ba tshwaregile thata ka go batla go tlhoma tshiamo ya bone. *

6. Ke boikutlo bofe jo re tshwanetseng go bo tila, mme ka ntlha yang?

6 Tsela e nngwe e re ka welang mo seraing seno ka yone ke ka go tsaya tirelo e re e direlang Modimo e le kgaisano, re ipapisa le batho ba bangwe. Mokgwa ono o ka dira gore re itshepe go tlola tekano ka ntlha ya bokgoni jo re nang le jone. Mme gone, fa re ne re ka itshwara jalo, re ne re tla bo re lebala tshiamo ya ga Jehofa. (Bagal. 6:3, 4) Lorato lo re ratang Jehofa ka lone ke lone lo lo re tlhotlheletsang go dira se se siameng. Maiteko ape a re a dirang go bontsha gore re siame, a ka dira gore go bua ga rona re re re rata Modimo e nne ga lefela.—Bala Luke 16:15.

7. Jesu o ne a rarabolola jang bothata jwa go ipona tshiamo?

7 Jesu o ne a tshwenyegile ka batho ba ba neng ba “iikanya gore ba ne ba siame e bile e le ba ba neng ba tsaya ba bangwe botlhe e se sepe.” Fa a ne a rarabolola bothata jwa go ipona tshiamo o ne a dira setshwantsho seno: “Banna ba le babedi ba ne ba tlhatlogela kwa tempeleng go ya go rapela, yo mongwe e le Mofarasai mme yo mongwe e le mokgethisi. Mofarasai a ema mme a simolola go rapela dilo tseno mo pelong, ‘Ao tlhe Modimo, ke a go leboga gore ga ke tshwane le batho ba bangwe botlhe, ba ba tsayang ka dikgoka, ba ba sa siamang, baakafadi, kgotsa le mokgethisi yono. Ke itima dijo gabedi ka beke, ke ntsha nngwesomeng ya dilo tsotlhe tse ke di bapalang.’ Mme mokgethisi yo o neng a eme kgakajana o ne a sa batle go tlhatlosetsa matlho a gagwe ntlheng  ya legodimo, mme a nna a itaya sehuba sa gagwe, a re, ‘Ao tlhe Modimo, nna pelontle mo go nna moleofi.’” Jesu o ne a konela ka gore: “Ke a lo bolelela, Monna yono o ne a fologela kwa legaeng la gagwe a supilwe a siame go gaisa monna yole; ka gonne mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tla kokobediwa, mme yo o ikokobetsang o tla godisiwa.”—Luke 18:9-14.

Kotsi e Nngwe—Go “Siama ka Tsela e e Feteletseng”

8, 9. Go “siama ka tsela e e feteletseng” go kaya eng mme go ka felela ka eng?

8 Kotsi e nngwe e re tshwanetseng go e tila e tlhalosiwa mo go Moreri 7:16: “O se ka wa siama ka tsela e e feteletseng, le fa e le go itshupa o le botlhale ka tsela e e feteletseng. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go ipakela tshenyego?” Mo temaneng ya 20, mokwadi wa Baebele yo o tlhotlheleditsweng o tswelela ka go re naya lebaka la go tila go nna le mokgwa ono: “Gonne ga go na motho yo o siameng mo lefatsheng yo o nnang a dira molemo mme a sa leofe.” Motho yo o ‘siameng ka tsela e e feteletseng’ o ipeela melao ya gagwe ya tshiamo mme o atlhola batho ba bangwe go ya ka yone. Le fa go ntse jalo, o palelwa ke go lemoga gore fa a dira seo, o tlotlomatsa ditekanyetso tsa gagwe go feta tsa Modimo mme ka jalo o itshupa a sa siama fa pele ga Modimo.

9 Go “siama ka tsela e e feteletseng,” kgotsa “go siama thata” go ya ka Dibaebele tse dingwe go ka dira gore re belaele tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gakologelwa gore fa re belaela go thokgama kgotsa tshiamo ya ditshwetso tsa ga Jehofa, tota re a bo re simolola go baya ditekanyetso tsa rona kwa godimo ga tsa ga Jehofa. Go nna jaaka e kete re sekisa Jehofa mme re mo atlhola go ya ka ditekanyetso tsa rona tsa se se siameng le se se sa siamang. Mme Jehofa ke ene a nang le tshwanelo ya go tlhoma melao ya se se siameng, e seng rona!—Bar. 14:10.

10. Ke eng se se ka dirang gore re atlhole Modimo jaaka Jobe?

10 Le fa go se ope wa rona yo ka boomo a ka batlang go atlhola Modimo, tshekamelo ya rona ya go se itekanele e ka dira gore re dire sone seo. Seno se ka direga motlhofo fa re bona sengwe se re se lebang e le go tlhoka tshiamiso kgotsa fa rona ka borona re lebane le mathata. Tota le monna yo o ikanyegang e bong Jobe, o ne a dira phoso eno. Kwa tshimologong, Jobe o ne a tlhalosiwa “a se na molato e bile a thokgame, a boifa Modimo e bile a fapoga bosula.” (Jobe 1:1) Jobe o ne a welwa ke masetlapelo ka go tlhomagana, mme o ne a a tsaya e le go tlhoka tshiamiso. Seno se ne sa dira gore a bolele fa “moya wa gagwe o siame go na le Modimo.” (Jobe 32:1, 2) Jobe o ne a tshwanelwa ke go thusiwa gore a baakanye tsela e a neng a akanya ka yone. Ka jalo, ga re a tshwanela go gakgamala fa ka dinako tse dingwe re iphitlhela re le mo boemong jo bo tshwanang le joo. Fa seo se direga, ke eng se se tla re thusang go baakanya tsela e re akanyang ka yone?

Ga se Ka Metlha re Itseng Dintlha Tsotlhe

11, 12. (a) Fa re akanya gore sengwe ga se a dirwa ka tshwanelo, re tshwanetse go gakologelwa eng? (b) Ke eng fa mongwe a ka akanya gore setshwantsho sa ga Jesu sa badiri ba mo tshimong ya mofine se bontsha go tlhoka tshiamiso?

11 Selo sa ntlha se re tshwanetseng go se gakologelwa ke gore ga se ka metlha re itseng dintlha tsotlhe. Go ne go ntse jalo mo kgannyeng ya ga Jobe. O ne a sa itse ka dipokano tsa bomorwa Modimo kwa legodimong kwa Satane a neng a mo latofatsa ka maaka gone. (Jobe 1:7-12; 2:1-6) Jobe o ne a sa lemoge gore tota mathata a gagwe  a ne a bakiwa ke Satane. Tota e bile, ga re tlhomamisege gore Jobe o ne a itse gore Satane ke mang! Ka jalo, o ne a dira phoso ya go tsaya gore mathata a gagwe a ne a bakiwa ke Modimo. Ee, go motlhofo go dira ditshwetso tse di phoso fa re sa itse dintlha tsotlhe.

12 Ka sekai, akanya ka setshwantsho sa ga Jesu sa badiri ba mo tshimong ya mofine. (Bala Mathaio 20:8-16.) Fano Jesu o bua ka mong wa ntlo yo o duelang badiri ba gagwe botlhe madi a a lekanang, go sa kgathalesege gore ba dirile letsatsi lotlhe kgotsa ura e le nngwe fela. O ikutlwa jang ka seo? A go dira jalo go lebega go siame? Kwa tshimologong o ka tswa o utlwela botlhoko badiri ba ba berekileng letsatsi lotlhe mo mogoteng o o babolang wa letsatsi. Ruri ba ne ba tshwanetse go duelwa madi a a oketsegileng! Fa re leba dilo jalo, mong wa ntlo a ka tsewa a se na lorato e bile a se na tshiamiso. Tota le tsela e a arabileng badiri ba ba neng ba ngongorega ka yone e ka lebega e le go dirisa maatla a gagwe go gatelela batho. Mme gone a re itse dintlha tsotlhe?

13. Re ka leba dilo ka tsela efe e nngwe malebana le setshwantsho sa ga Jesu sa badiri ba mo tshimong ya mofine?

13 Mma re sekaseke setshwantsho seno ka botlalo mme re se lebe ka tsela e nngwe. Ga go na pelaelo gore mong wa ntlo yo go buiwang ka ene mo setshwantshong seno o ne a itse gore banna bano botlhe ba ne ba tshwanetse go fepa ba malapa a bone. Mo motlheng wa ga Jesu, badiri ba mo tshimong ba ne ba duelwa letsatsi le letsatsi. Ba malapa a bone ba ne ba ikaegile ka tuelo e badiri bao ba neng ba e amogela letsatsi le letsatsi. Re ntse re akantse ka seno, a re akanyeng ka boemo jwa batho ba mong wa ntlo a ba thapileng pele fela ga letsatsi la tiro le wela, mme ba berekile ura e le nngwe fela. Gongwe ba ne ba ka se kgone go fepa ba malapa a bone ka tuelo ya ura e le nngwe fela; le fa go ntse jalo, ba ne ba ikemiseditse go bereka mme ba ne ba letile letsatsi lotlhe gore ba thapiwe. (Math. 20:1-7) E ne e se phoso ya bone gore ba ne ba sa letliwa go bereka letsatsi lotlhe. Ga go na sepe se se bontshang gore ba ne ba sa batle go bereka ka boomo. Akanya fela o ne o tshwanelwa ke go ema letsatsi lotlhe, mme o itse gore go na le batho ba o tshwanetseng go ba tlamela ka tuelo ya gago ya letsatsi leo. A bo o ne o tla itumelela go thapiwa jang ne—mme ruri o ne o tla gakgamala tota fa o amogela tuelo e e lekaneng go fepa lelapa la gago!

14. Re ithuta thuto efe ya botlhokwa mo setshwantshong sa tshimo ya mofine?

14 Jaanong mma re sekaseke gape tsela e mong wa ntlo a neng a dira dilo ka yone. Ga go na ope yo a mo duetseng madi a a tlhaelang. Go na le moo, o ne a tshwara badiri ba gagwe botlhe jaaka ba ba tshwanetseng go tlamela ba malapa a bone. E re ka mong wa ntlo a ne a na le badiri ba le bantsi, a ka bo a ile a dirisa boemo joo go ba ja ntsoma ka go ba duela madi a mannye. Mme ga a ka a dira jalo. Badiri ba gagwe botlhe ba ne ba boela gae ba na le madi a a lekaneng go fepa ba malapa a bone. Fa re akanyetsa dintlha tseno tse di oketsegileng re ka tlhotlheletsega gore re fetole tsela e re neng re leba se a se dirileng ka yone. Tshwetso ya gagwe e ne e bontsha lorato e seng go dirisa maatla ka tsela e e sa siamang. Re ka ithuta eng mo go seno? Gore fa re sa sekaseke dintlha tsotlhe re ka dira ditshwetso tse di phoso. Ee ruri, setshwantsho seno se gatelela gore tshiamo ya Modimo ke ya maemo a a kwa godimo mme ga e a  thewa fela mo melaong mengwe le mo goreng a motho o tshwanelwa ke go bontshiwa tshiamo eo kgotsa nnyaa.

Tsela e re Lebang Dilo ka Yone e ka Tswa e sa Siama Kgotsa e Tlhaela

15. Ke eng fa tsela e re lebang tshiamiso ka yone e ka tswa e sa siama kgotsa e tlhaela?

15 Ntlha ya bobedi e re tshwanetseng go e gakologelwa fa re lebane le boemo jo go lebegang e kete ke go tlhoka tshiamiso, ke gore tsela e re lebang dilo ka yone e ka tswa e sa siama kgotsa e tlhaela. Gongwe se se dirang gore e se ka ya siama ke gore ga re a itekanela, re na le tlhaolele kgotsa gore re tswa mo ditsong tse di farologaneng. Gape tsela e re lebang dilo ka yone e a tlhaela ka gonne ga re kgone go bona maitlhomo a batho kgotsa go itse se tota se leng mo dipelong tsa bone. Jehofa le Jesu bone ba farologana le rona ka gonne ga ba tlhaele ka ditsela tseo.—Dia. 24:12; Math. 9:4; Luke 5:22.

16, 17. Ke eng fa Jehofa a ka tswa a sa diragatsa molao wa gagwe o o malebana le boaka fa Dafide a ne a dira boleo le Bathesheba?

16 Mma re sekaseke pego ya boaka jo Dafide a bo dirileng le Bathesheba. (2 Sam. 11:2-5) Go ya ka Molao wa ga Moshe, ba ne ba tshwanelwa ke go bolawa. (Lefi. 20:10; Dute. 22:22) Le fa Jehofa a ne a ba otlhaya, ga a ka a diragatsa molao wa gagwe. A seno se ne se supa gore Jehofa ga a na tshiamiso? A ka go dira jalo o ne a bontsha gore o mpampetsa Dafide mme a se ka a diragatsa melao ya gagwe e e siameng? Babadi bangwe ba Baebele ba ile ba akanya jalo.

17 Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a naya baatlhodi ba gagwe ba ba sa itekanelang, ba ba neng ba sa kgone go bona se se mo dipelong tsa batho, molao ono o o malebana le boaka. Le fa ba ne ba tlhaela jalo, molao ono o ne o ba thusa gore ba atlhole ka tsela e e tshwanang. Kafa letlhakoreng le lengwe, Jehofa ene o kgona go bona se se mo dipelong tsa batho. (Gen. 18:25; 1 Ditir. 29:17) Ka jalo ga re a tshwanela go lebelela gore Jehofa a thibelwe ke melao e a neng a e tlhometse baatlhodi ba ba sa itekanelang. Fa e ne e ka mo thibela, a seo se ne se ka se tshwane le go pateletsa mongwe yo o bonang sentle gore a rwale digalase tsa matlho tse di diretsweng go thusa batho ba ba sa boneng sentle? Jehofa o ne a kgona go bona se se mo pelong ya ga Dafide le ya ga Bathesheba gore ba ne ba ikwatlhaya tota. Ka gonne a ne a akanyetsa seo, o ne a ba atlhola ka tsela e e neng e tshwanela boemo joo, ka kutlwelobotlhoko le ka lorato.

A re Tsweleleng re Batla Tshiamo ya ga Jehofa

18, 19. Ke eng se se tla re thusang gore le ka motlha re se ka ra atlhola Jehofa ka ditekanyetso tsa rona tsa se se siameng?

18 Ka jalo, fa ka dinako tse dingwe re bona sengwe se re tsayang gore se bontsha gore Jehofa ga a na tshiamiso—re ka tswa re se bala mo Baebeleng kgotsa se direga mo matshelong a rona—a le ka motlha re se ka ra atlhola Modimo ka ditekanyetso tsa rona tsa se se siameng. Gakologelwa gore ga se ka metlha re itseng dintlha tsotlhe e bile tsela e re lebang dilo ka yone e ka tswa e sa siama kana e tlhaela. A re se lebaleng gore “tšhakgalo ya motho ga e felele ka tshiamo ya Modimo.” (Jak. 1:19, 20) Fa re leba dilo jalo, le ka motlha dipelo tsa rona di ka se ka tsa “galefela Jehofa ka boene.”—Dia. 19:3.

19 Fela jaaka Jesu, a ka metlha re amogele gore Jehofa ke ene fela a nang le tshwanelo ya go tlhoma melao ya se se siameng le se se molemo. (Mar. 10:17, 18) Kgaratlhela go nna le “kitso ya boammaaruri” kgotsa “kitso ya mmatota” ya melao ya gagwe. (Bar. 10:2; 2 Tim. 3:7, The Twentieth Century New Testament) Ka go amogela melao eno le go tshela go dumalana le thato ya ga Jehofa, re bontsha gore re batla pele “tshiamo ya gagwe.”—Math. 6:33.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Go ya ka mokanoki mongwe, lefoko la puo ya ntlhantlha le le ranotsweng e le “go tlhoma” gape le ka kaya ‘go tlhoma sefikantswe.’ Ka jalo, Bajuda bao ba ne ba tlhoma sefikantswe sa tshwantshetso gore go bakwe bone, e seng Modimo.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng fa go batla tshiamo ya ga Jehofa go le botlhokwa?

• Re tshwanetse go tila dikotsi dife tse pedi?

• Re ka batla jang tshiamo ya Modimo pele?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Re ithuta eng mo setshwantshong sa ga Jesu sa banna ba babedi ba ba neng ba rapela kwa tempeleng?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

A e ne e le go tlhoka tshiamiso go duela badiri ba ba simolotseng go bereka ka ura ya bolesome le bongwe tuelo e e lekanang le ya ba ba berekileng letsatsi lotlhe?