Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Moeteledipele wa Lona o Mongwe, e Bong Keresete”

“Moeteledipele wa Lona o Mongwe, e Bong Keresete”

 “Moeteledipele wa Lona o Mongwe, e Bong Keresete”

“Lo se ka lwa bidiwa ‘baeteledipele,’ gonne Moeteledipele wa lona o mongwe, e bong Keresete.”—MATH. 23:9, 10.

1. Basupi ba ga Jehofa ba tsaya Moeteledipele wa bone e le mang, mme ka ntlha yang?

DIKEREKE tse di ipitsang tsa Bokeresete di na le baeteledipele ba batho ba ba jaaka, mopapa wa kwa Roma, bobishopo ba dikereke tsa Eastern Orthodox, le baruti ba madumedi a mangwe. Basupi ba ga Jehofa bone ga ba na moeteledipele wa motho. Ga se barutwa kgotsa balatedi ba motho ope. Seno se dumalana le mafoko a boporofeti a Jehofa a a buileng ka Morwawe, a re: “Bona! Ke mo neile go nna mosupi mo ditlhopheng tsa ditšhaba, jaaka moeteledipele le molaodi mo ditlhopheng tsa ditšhaba.” (Isa. 55:4) Phuthego ya lefatshe lotlhe ya Bakeresete ba ba tloditsweng mmogo le ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe” ga ba batle moeteledipele ope o sele fa e se ene yo Jehofa a ba neileng ene. (Joh. 10:16) Ba dumalana le mafoko ano a ga Jesu: “Moeteledipele wa lona o mongwe, e bong Keresete.”—Math. 23:10.

Kgosana ya Moengele ya Iseraele

2, 3. Morwa Modimo o ne a tsaya dikgato dife kwa Iseraele?

2 Makgolo a dingwaga pele phuthego ya Bokeresete e tlhomiwa, Jehofa o ne a tlhomile moeteledipele wa moengele gore a etelele setšhaba sa gagwe sa Iseraele pele. Morago ga gore Jehofa a ntshe Baiseraele kwa Egepeto o ne a ba raya a re: “Bona, ke romela moengele kwa pele ga gago gore a go boloke mo tseleng a bo a go tlise mo lefelong le ke le baakantseng. O itise ka ntlha ya gagwe o bo o utlwe lentswe la gagwe. O se ka wa itshwara ka go mo tsuologela, gonne ga a kitla a itshwarela tlolo ya lona; ka gonne leina la me le mo teng ga gagwe.” (Ekes. 23:20, 21) Go a utlwala go dumela gore moengele yono yo o neng a na le ‘leina la ga Jehofa mo teng ga gagwe,’ e ne e le Morwa Modimo wa leitibolo.

3 Pele ga Morwa Modimo a tsholwa e le motho, go lebega a ne a bidiwa Mikaele. Mo bukeng ya Daniele, Mikaele o bidiwa “kgosana” ya batho ba gagabo Daniele, e bong Iseraele. (Dan. 10:21) Morutwa Jude o bontsha gore Mikaele o ne a ntse a tsenelela mo dikgannyeng tsa Baiseraele nako e telele pele ga motlha wa ga Daniele. Morago ga loso lwa ga Moshe, go ka direga gore Satane o ne a batla go dirisa setopo sa gagwe gore a dire se a se ratang, gongwe e le go tlhotlheletsa  Baiseraele go obamela modingwana. Mikaele o ne a tsaya kgato go thibela seno. Jude o tlhalosa seno jaana: “E rile Mikaele moengele yo mogolo a ganetsana le Diabolo e bile a nganga le ene ka setopo sa ga Moshe, o ne a se ka a mo tlisetsa katlholo ka mafoko a go kgoba, mme o ne a re: ‘A Jehofa a go kgaleme.’” (Jude 9) Nakwana morago ga foo, pele ga motse wa Jeriko o dikanyediwa, Mikaele e tshwanetse ya bo e ne e le ene “kgosana ya lesomo la ga Jehofa” e e neng ya bonala mo go Joshua go mo tlhomamisetsa gore Modimo o mo eme nokeng. (Bala Joshua 5:13-15.) Fa kgosana ya ledimona e ne e leka go thibela moengele go tlisa molaetsa o o botlhokwa kwa go moporofeti Daniele, moengele yo mogolo Mikaele o ne a thusa moengele yoo.—Dan. 10:5-7, 12-14.

Moeteledipele yo go Boleletsweng Pele ka Ene o a Goroga

4. Ke boporofeti bofe jo bo neng jwa bolelelwa pele ka Mesia yo o tlang?

4 Pele ga tiragalo eno, Jehofa o ne a roma moengele wa gagwe Gabariele kwa go moporofeti Daniele gore a mmolelele molaetsa wa boporofeti o o malebana le go tla ga ga “Mesia, Moeteledipele.” (Dan. 9:21-25) * Ka yone nako e go neng go boleletswe pele ka yone, ka letlhabula la 29 C.E., Jesu o ne a kolobediwa ke Johane. Moya o o boitshepo o ne wa tshololelwa mo go Jesu mme wa mo dira Motlodiwa—Keresete, Mesia. (Math. 3:13-17; Joh. 1:29-34; Bagal. 4:4) Ka ntlha ya seo, o ne a tla nna Moeteledipele yo go se nang ope yo a tshwanang le ene.

5. Keresete o ne a nna Moeteledipele jang ka nako ya fa a ne a dira bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng?

5 Go simolola fela kwa tshimologong ya bodiredi jwa ga Jesu mo lefatsheng, o ne a itshupa e le “Mesia, Moeteledipele.” Mo malatsing a le mmalwa fela a simolotse bodiredi jwa gagwe, o ne a simolola go phutha barutwa, mme a dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha. (Joh. 1:35–2:11) Barutwa ba gagwe ba ne ba mo sala morago fa a ntse a tsamaya mo nageng yotlhe a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Luke 8:1) O ne a ba thapisa mo tirong ya go rera e bile a di goga kwa pele mo go rereng le mo go ruteng, a ba tlhomela sekao se se molemo. (Luke 9:1-6) Go tla bo go le molemo gore bagolwane ba Bakeresete gompieno ba etse Jesu mo ntlheng eno.

6. Keresete o itshupile jang gore ke Modisa le Moeteledipele?

6 Jesu o ne a bontsha tsela e nngwe gape e a neng a tlile go etelela pele ka yone fa a ne a itshwantsha le modisa yo o lorato. Badisa ba kwa botlhaba ba etelela letsomane la bone pele ka tsela ya mmatota. W. M. Thomson o ne a kwala jaana mo bukeng ya The Land and the Book: “Modisa o tsamaya kwa pele ga dinku, e seng fela go di bontsha tsela mme e le go bona gore a tsela eo e sireletsegile le gore dinku di ka tsamaya mo go yone. . . . O dirisa lore lwa [gagwe] go kaela letsomane kwa mafulong a matala mme o le sireletsa mo babeng.” Fa Jesu a ne a itshupa gore ke Modisa le Moeteledipele wa mmatota, o ne a re: “Ke nna modisa yo o molemo; modisa yo o molemo o neela moya wa gagwe mo boemong jwa dinku. Dinku tsa me di reetsa lentswe la me, ke a di itse, mme di ntshala morago.” (Joh. 10:11, 27) Jesu o ne a dira fela jaaka a ne a buile, a swela dinku tsa gagwe ka go intsha setlhabelo, mme Jehofa o ne a mo “godisa go nna moeteledipele le Mmoloki.”—Dit. 5:31, New Jerusalem Bible; Baheb. 13:20.

Molebedi wa Phuthego ya Bokeresete

7. Jesu o okamela phuthego ya Bokeresete a dirisa eng?

7 Nakwana pele ga Jesu yo o tsositsweng a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.” (Math. 28:18) Jehofa o ne a dira gore Jesu a neye barutwa ba gagwe moya o o boitshepo gore o ba nonotshe mo tumelong ya Bokeresete. (Joh. 15:26) Jesu o ne a tshololela moya ono mo Bakereseteng ba bogologolo ka Pentekosete ya 33 C.E. (Dit. 2:33) Go tshololwa jalo ga moya o o boitshepo go ne go kaya go tlhomiwa ga phuthego ya Bokeresete. Jehofa o ne a naya Morwawe maikarabelo a go nna moeteledipele yo o kwa legodimong wa phuthego yotlhe ya mo lefatsheng. (Bala Baefeso 1:22; Bakolosa 1:13, 18.) Jesu o kaela phuthego ya Bokeresete a dirisa  moya o o boitshepo wa ga Jehofa mme o na le baengele ba ba mo direlang ba ba neng ba “bewa mo taolong ya gagwe.”—1 Pet. 3:22.

8. Keresete o ne a dirisa bomang mo lefatsheng mo lekgolong la ntlha la dingwaga go etelela barutwa ba gagwe pele, mme o dirisa bomang gompieno?

8 Gape Keresete o ne a dirisa moya o o boitshepo go naya phuthego “dimpho tse e leng banna” ba bangwe ba bone e leng “badisa le barutisi.” (Baef. 4:8, 11) Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa balebedi ba Bakeresete jaana: “Itlhokomeleng lo bo lo tlhokomele letsomane lotlhe, le moya o o boitshepo o lo tlhomileng balebedi mo go lone, gore lo dise phuthego ya Modimo.” (Dit. 20:28) Fa phuthego ya Bokeresete e ne e simolola, balebedi bano botlhe e ne e le banna ba ba tloditsweng ka moya. Baaposetoloi le bagolwane ba phuthego ya kwa Jerusalema ba ne ba direla e le setlhopha se se laolang. Keresete o ne a dirisa setlhopha seo go kaela setlhopha sotlhe sa ‘bomorwarraagwe’ ba ba tloditsweng mo lefatsheng. (Baheb. 2:11; Dit. 16:4, 5) Mo motlheng ono wa bokhutlo, Keresete o tlhomile “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” le moemedi wa gagwe e leng Setlhopha se se Laolang, se e leng banna ba Bakeresete ba ba tloditsweng, gore ba okamele “dilo tsa gagwe tsotlhe”—dilo tsotlhe tse di mo lefatsheng tse di amanang le Bogosi. (Math. 24:45-47) Batlodiwa le ditsala tsa bone tsa dinku tse dingwe ba itse gore fa ba latela kaelo ya Setlhopha se se Laolang sa motlha wa gompieno, tota ba a bo ba latela Moeteledipele wa bone, Keresete.

Keresete o Simolola Tiro ya go Rera

9, 10. Keresete o ne a etelela pele jang tiro ya go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi?

9 Go tswa fela kwa tshimologong, Jesu ka boene o ne a eteletse pele tiro ya lefatshe lotlhe ya go rera le go ruta. O ne a tlhoma thulaganyo ya kafa dikgang tse di molemo tsa Bogosi di neng di tla rerwa ka gone mo banning ba lefatshe. Ka nako ya bodiredi jwa gagwe o ne a laela baaposetoloi ba gagwe a re: “Lo se ka lwa tswa lwa ya go tsena mo tseleng ya ditšhaba, gape lo se ka lwa tsena mo motseng wa Samarea; mme, boemong jwa moo, yang lo sa kgaotse kwa dinkung tse di latlhegileng tsa ntlo ya Iseraele. Fa lo ntse lo tsamaya, lo rere, lo re, ‘Bogosi jwa magodimo bo atametse.’” (Math. 10:5-7) Ba ne ba rerela Bajuda le basokologi ka tlhoafalo, segolobogolo morago ga Pentekosete ya 33 C.E.—Dit. 2:4, 5, 10, 11; 5:42; 6:7.

10 Moragonyana, Jesu o ne a dirisa moya o o boitshepo go anamisetsa tiro ya go rera ka Bogosi kwa Basamareeng mme go tswa foo kwa bathong ba bangwe ba e seng Bajuda. (Dit. 8:5, 6, 14-17; 10:19-22, 44, 45) E re ka Jesu a ne a ikaeletse go anamisa dikgang tse di molemo mo ditšhabeng, o ne a tlhotlheletsa Saulo wa Tareso go nna Mokeresete. Jesu o ne a laela morutwa wa gagwe e bong Ananiase a re: “Nanoga, ya kwa mmileng o o bidiwang Tlhamalalo, mme kwa ntlong ya ga Judase o batle monna yo o bidiwang Saulo, yo o tswang kwa Tareso. . . . Tsamaya, ka gonne monna yono ke sejana se se tlhophilweng mo go nna gore a sikarele leina la me kwa ditšhabeng mmogo le kwa dikgosing le kwa go bomorwa Iseraele.” (Dit. 9:3-6, 10, 11, 15) “Monna yono” o ne a nna moaposetoloi Paulo.—1 Tim. 2:7.

11. Keresete o ne a dirisa jang moya o o boitshepo go atolosa tiro ya go rera?

 11 Fa nako ya go atolosa tiro ya go rerela batho ba e seng Bajuda ka Bogosi e goroga, Paulo o ne a newa kaelo e e tswang kwa legodimong fa a ne a tsere maeto a borongwa kwa Asia Minor le kwa Yuropa. Luke o bega jaana mo go Ditiro: “Fa [baporofeti ba Bakeresete le barutisi mo phuthegong ya kwa Antioka wa Siria] ba ne ba direla Jehofa phatlalatsa e bile ba itima dijo, moya o o boitshepo wa re: ‘Mo bathong botlhe ntomololelang Barenabase le Saulo gore ba dire tiro e ke ba e bileditseng.’ Go tswa foo ba itima dijo mme ba rapela ba bo ba ba baya diatla mme ba ba lesa ba tsamaya.” (Dit. 13:2, 3) Jesu ka boene o ne a biditse Saulo wa Tareso gore e nne “sejana [sa Gagwe] se se tlhophilweng” gore a bolele leina la Gagwe mo ditšhabeng, ka jalo, Keresete yo e leng Moeteledipele wa phuthego, ke ene yo o neng a dira gore tiro ya go rera e dirwe ka matlhagatlhaga. Tsela e Jesu a neng a dirisa moya o o boitshepo ka yone go kaela tiro e ne ya bonala sentle mo loetong lwa ga Paulo lwa bobedi lwa borongwa. Pego eno e bontsha gore “moya wa ga Jesu,” ke gore Jesu a dirisa moya o o boitshepo, o ne wa kaela Paulo le bapati ba gagwe mo maetong a bone, mme ponatshegelo e ba neng ba e bona e ne ya ba kaela gore ba ye kwa Yuropa.—Bala Ditiro 16:6-10.

Kafa Jesu a Etelelang Phuthego ya Gagwe Pele ka Teng

12, 13. Buka ya Tshenolo e bontsha jang gore Keresete o etse tlhoko sengwe le sengwe se se diregang mo phuthegong nngwe le nngwe?

12 Jesu o ne a etse tlhoko sengwe le sengwe se se neng se direga mo diphuthegong tsa balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. O ne a itse boemo jwa semoya jwa phuthego nngwe le nngwe sentle. Re lemoga seno fa re bala kgaolo ya bobedi le ya boraro ya Tshenolo. O bitsa diphuthego tse supa tse di kwa Asia Minor tsotlhe ka maina. (Tshen. 1:11) Re na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore o ne a itse le boemo jwa semoya jwa diphuthego tse dingwe tsa balatedi ba gagwe ba mo lefatsheng ka nako eo.—Bala Tshenolo 2:23.

13 Jesu o ne a akgolela diphuthego dingwe boitshoko jwa tsone, go ikanyega fa ba lekwa, go se sokamise lefoko la gagwe le go gana batlhanogi. (Tshen. 2:2, 9, 13, 19; 3:8) Kafa letlhakoreng le lengwe o ne a naya diphuthego di le mmalwa kgakololo e e gagametseng ka gonne lorato lo ba neng ba mo rata ka lone lo ne lo tsidifetse, ba ne ba letleletse kobamelo ya medingwana, kgokafalo le makoko. (Tshen. 2:4, 14, 15, 20; 3:15, 16) E re ka Jesu e le molebedi wa semoya yo o lorato—tota le mo go ba a ba neileng kgakololo e e gagametseng—o ne a re: “Botlhe ba ke ba ratang ke a ba kgalemela ke ba ke ba otlhaya. Jalo tlhoafala mme o ikwatlhaye.” (Tshen. 3:19) Le fa Jesu a ne a le kwa legodimong, o ne a dirisa moya o o boitshepo go etelela pele diphuthego tsa barutwa ba gagwe mo lefatsheng. Fa a konela melaetsa e a e romeletseng diphuthego tseo, o ne a re: “A yo o nang le tsebe a utlwe se moya o se buang le diphuthego.”—Tshen. 3:22.

14-16. (a) Jesu o itshupile jang e le Moeteledipele yo o pelokgale wa batho ba ga Jehofa mo lefatsheng? (b) Go bo Jesu a ile a ‘nna le’ barutwa ba gagwe “malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo” go ne ga felela ka eng? (c) Go tla tlotlwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

14 Re bone gore Mikaele (Jesu) o itshupile e le moengele yo o pelokgale yo e leng Moeteledipele wa Iseraele. Moragonyana, Jesu o ne a nna Moeteledipele yo o pelokgale le Modisa yo o lorato wa barutwa ba gagwe ba bogologolo. Ka nako ya bodiredi  jwa gagwe jwa mo lefatsheng o ne a etelela pele mo tirong ya go rera. Mme fa a sena go tsosiwa o ne a okamela tiro ya go rerwa ga dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka kelotlhoko.

15 Kgabagare Jesu o tla dirisa moya o o boitshepo go atolosetsa tiro ya go rera kwa bokhutlong jwa lefatshe. Pele ga Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o goroga mo go lona, mme lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema mmogo le mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Dit. 1:8; bala 1 Petere 1:12.) Keresete o ne a okamela namane e tona ya tiro ya go rera e e neng e dirwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga.—Bakol. 1:23.

16 Mme Jesu ka boene o ne a bontsha gore tiro eno e tla tswelela go fitlha mo motlheng wa bokhutlo. Fa a sena go laela balatedi ba gagwe go rera le go dira barutwa mo ditšhabeng tsotlhe, o ne a ba solofetsa jaana: “Ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Math. 28:19, 20) Fa e sa le Keresete a newa maatla a go busa ka 1914, o “na le” barutwa ba gagwe go feta le fa e le leng pele mme ke Moeteledipele wa bone yo o ntshitseng matlho dinameng. Mo setlhogong se se latelang go tla tlotlwa ka tiro e e boitshegang e a e dirileng go simolola ka 1914.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Go bona tlhaloso e e malebana le boporofeti jono, bona kgaolo 11 ya buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!

Poeletso

• Morwa Modimo o itshupile jang e le Moeteledipele yo o ntshitseng matlho dinameng kwa Iseraele?

• Keresete o dirisa eng go etelela pele phuthego ya gagwe e e mo lefatsheng?

• Keresete o ile a etelela pele jang go anamisiwa ga dikgang tse di molemo?

• Ke eng se se bontshang gore Keresete o etse tlhoko boemo jwa semoya jwa phuthego nngwe le nngwe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

“Ke romela moengele kwa pele ga gago”

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Fela jaaka mo nakong e e fetileng, Keresete o dirisa “dimpho tse e leng banna” go disa letsomane la gagwe