Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna o Nonofile Semoyeng fa o Ntse o Tlhokometse Mongwe wa Losika yo o Lwalang

Nna o Nonofile Semoyeng fa o Ntse o Tlhokometse Mongwe wa Losika yo o Lwalang

 Nna o Nonofile Semoyeng fa o Ntse o Tlhokometse Mongwe wa Losika yo o Lwalang

FA DINGAKA di sena go fitlhela tlhagala gaufi le mokokotlo wa Mosupi mongwe yo o bidiwang Kim, di ne tsa lemoga gore o na le bolwetse jwa kankere. * Monna wa gagwe e bong Steve a re: “Fa dingaka di sena go ara Kim di bo di ntsha tlhagala eo, o ne a tshwanelwa ke go newa kalafi ya marang le ya dikhemikale. Kalafi eo e ne ya mo koafatsa thata. O ne a sa tlhole a kgona go tsamaya sentle.”

Akanya ka tlalelo e kgolo e Steve a neng a le mo go yone fa a ntse a lebile mosadi wa gagwe yo a mo ratang thata a lwantshana le bolwetse jono jo bo koafatsang. Gongwe le wena go na le mongwe wa losika yo o atamalaneng thata le ene yo o nang le bolwetse jo bo koafatsang kgotsa yo o nang le makoa a botsofe. (Mor. 12:1-7) Fa go le jalo, o a itse gore se se ka go thusang gore o kgone go tlhokomela mongwe yo o mo ratang ke gore le wena o itlhokomele. Fa o koafala semoyeng, o ka nna wa imelwa mo maikutlong mme botsogo jwa gago jwa mmele jwa koafala mme seo se ka nna sa dira gore o se ka wa kgona go tlhokomela wa losika sentle. Ke eng se o ka se dirang gore o nne o nonofile semoyeng fa o ntse o tlhokometse mongwe wa losika yo o lwalang kgotsa yo o tsofetseng? A go na le sengwe se maloko a mangwe a phuthego ya Bokeresete a ka se dirang go bontsha gore ba amega ka batho bao ba ba lwalang?

Nna Tekatekano—Jang?

Gore o nne o nonofile semoyeng e bile o na le botsogo jo bo molemo fa o ntse o tlhokometse wa losika yo o lwalang, o tshwanetse go fetofetoga le maemo mme o dirise nako le maatla a gago ka tsela e e siameng. Diane 11:2 ya re: “Botlhale bo na le ba ba boingotlo.” Mo temaneng eno, lefoko “boingotlo” le kaya go itse dilo tse o ka se kgoneng go di dira. Go tlhomamisa gore ga o leke go dira dilo tse o ka se kgoneng go di dira, o ka nna wa tshwanelwa ke go sekaseka thulaganyo ya gago gape, mmogo le maikarabelo a o nang le one.

Steve o ne a bontsha botlhale le boingotlo ka go  sekaseka maikarabelo a gagwe sesha. Mo godimo ga tiro ya gagwe ya boitshediso, o ne a direla e le morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane e bile e le molebedi wa tshimo mo phuthegong e a leng mo go yone ya Basupi ba ga Jehofa kwa Ireland. Gape e ne e le leloko la Komiti ya Puisano le Dikokelo ya mo lefelong la bone. Steve a re: “Le ka motlha Kim ga a ise a ko a ngongorege a re ke a mo tlhokomologa ka gonne ke tlhomile mogopolo thata mo maikarabelong a me a phuthego. Mme gone ke ne ke itse gore ke dira dilo tse dintsi thata go feta tse ke neng nka kgona go di dira.” Steve o ne a dira eng ka boemo joo? A re: “Fa ke sena go rapela ka kgang eno, ke ne ka swetsa ka gore ke tlogele go direla ke le morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane. Ke ne ka tswelela ke le mogolwane, mme go naya ba bangwe maikarabelo a mangwe a ke neng ke na le one mo phuthegong go ne ga dira gore ke kgone go naya Kim nako le tlhokomelo e a neng a e tlhoka.”

Fa nako e ntse e tsamaya, botsogo jwa ga Kim bo ne jwa tokafala. Steve le Kim ba ne ba sekaseka boemo jwa bone gape, mme Steve ka thuso ya mosadi wa gagwe o ne a kgona go boa a rwala maikarabelo a gagwe a phuthego. Steve a re: “Roobabedi re ithutile go fetofetoga le maemo le go dira fela se re ka kgonang go se dira ka ntlha ya maemo a bolwetse bo re tliseditseng one. Ke leboga Jehofa fela thata ka tsela e a re thusitseng ka yone e bile ke leboga le mosadi wa me ka ntlha ya go nkema nokeng a sa ngongorege le fa a lwala.”

Gape akanya ka se se neng sa diragalela molebedi  mongwe yo o etang yo o bidiwang Jerry le mosadi wa gagwe e bong Maria. Ba ne ba tshwanelwa ke go fetola mekgele ya bone gore ba kgone go tlhokomela batsadi ba bone ba ba neng ba tsofetse. Maria a re: “Nna le monna wa me re ne re ipeetse mokgele wa go direla re le barongwa kwa nageng e sele. Le fa go ntse jalo, Jerry ke ene fela ngwana kwa gabone, mme batsadi ba gagwe ba ne ba tlhoka go tlhokomelwa. Ka jalo, re ne ra swetsa ka gore re nne mo Ireland gore re kgone go ba tlhokomela. Ka go dira jalo, re ne ra kgona go nna le rraagwe Jerry ka dinako tsotlhe fa a ne a robaditswe kwa bookelong pele ga a tlhokafala. Jaanong re kgona go buisana le mmaagwe Jerry letsatsi le letsatsi e bile re gaufi mo re kgonang go mo thusa fa a tlhoka thuso. Phuthego e mmaagwe Jerry a leng mo go yone e ntse e re thusa fela thata e bile e re ema nokeng, mme seo se dira gore re kgone go tswelela ka tiro ya go etela diphuthego.”

Kafa ba Bangwe ba ka Thusang ka Teng

Fa moaposetoloi Paulo a ne a tlhalosa kafa batlholagadi ba ba tsofetseng mo phuthegong ba tshwanetseng go tlhokomelwa ka teng ka dilo tse ba di tlhokang, o ne a re: “Fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.” Paulo o ne a gakolola Bakeresete mmogo le ene gore fa ba ne ba batla gore ‘ba amogelesege mo ponong ya Modimo,’ ba ne ba tshwanetse go tlhokomela batsadi ba bone ba ba tsofetseng le borraabonemogolo le bonkokoabone ka tsa madi. (1 Tim. 5:4, 8) Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe mo phuthegong le bone ba ka thusa e bile ba tshwanetse go thusa ka ditsela tse dingwe.

Akanya ka kgang ya banyalani bangwe ba ba tsofetseng ba kwa Sweden e bong Hakan le Inger. Hakan a re: “Fa dingaka di sena go lemoga gore mosadi wa me o tshwerwe ke kankere, roobabedi re ne re gamaregile tota. Inger e ne e ntse e le motho yo o itekanetseng mme a sa lwale. Jaanong re ne re tshwanetse go ya bookelong letsatsi le letsatsi gore a ye go newa kalafi, mme kalafi e a neng a e newa e ne e mo koafatsa thata. Ka nako eo Inger o ne a nna fela a le mo gae, ka jalo ke ne ke nna le ene gore ke mo tlhokomele.” Maloko a phuthego ya ga Hakan le Inger a ne a ba thusa jang?

Bagolwane ba phuthego ba ne ba rulaganya gore banyalani bano ba kgone go reetsa dipokano tsa Bokeresete ka thelefouno. Mo godimo ga moo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba ba etela le go ba founela. Gape ba ne ba ba romelela makwalo le dikarata. Hakan a re: “Re ne re bona kafa bakaulengwe botlhe ba neng ba re eme nokeng ka teng le kafa Jehofa a neng a re thusa ka teng. Seno se ne se re thusa thata go nna re nonofile semoyeng. Re lebogela gore jaanong Inger o fodile, mme re kgona go ya dipokanong tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi gape.” Fa maloko a phuthego a dira bojotlhe go thusa batho ba ba lwalang le ba ba tsofetseng ba ba mo phuthegong ya bone, ba bontsha gore ke ‘balekane ba boammaaruri ba ba lorato ka dinako tsotlhe, mme ke bomorwarramotho ba ba tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.’—Dia. 17:17.

Jehofa o Anaanela Maiteko a Gago

Ruri go tlhokomela wa losika yo o lwalang e ka nna namane e tona ya tiro. Le fa go ntse jalo, Kgosi Dafide o ne a kwala jaana: “Go itumela ope fela yo o dirang ka go akanyetsa motho wa maemo a a kwa tlase,” jaaka motho yo o tlhokang thuso ka ntlha ya bolwetse.—Pes. 41:1.

Batho ba ba tlhokomelang batho ba ba lwalang kana ba ba bogang ba ka itumela jang? Diane 19:17 ya re: “Yo o utlwelang motho wa maemo a a kwa tlase botlhoko o adima Jehofa, mme O tla duela tsela e a neng a mo tshwere ka yone.” Modimo wa boammaaruri o amega thata ka batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba lwalang, mme o segofatsa yo o ba thusang. Mopesalema Dafide o ne a opela a re: “Jehofa ka boene o tla mo tshegetsa mo bolawaneng jwa bolwetse; ruri o tla fetola bolao jotlhe jwa gagwe fa a sa ntse a bobola.” (Pes. 41:3) Re ka tlhomamisega gore fa motho yo o tlhokomelang ba bangwe ka lorato a ne a ka lebana le mathata kgotsa a welwa ke masetlapelo, Jehofa o ne a tla mo thusa.

A bo go itumedisa jang ne go itse gore Jehofa Modimo o bona se re se dirang go tlhokomela wa losika yo o lwalang e bile o se anaanela fela thata! Le fa go dira jalo go ka nna ga tlhoka gore re tseye matsapa a a rileng, Dikwalo di re tlhomamisetsa gore “Modimo o itumedisiwa thata ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.”—Baheb. 13:16.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Maina a fetotswe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Nna o nonofile semoyeng mme o amogele thuso e ba bangwe ba e go nayang