Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna le Boikutlo Jwa Mogopolo jo bo Tshwanang le Jwa ga Keresete

Nna le Boikutlo Jwa Mogopolo jo bo Tshwanang le Jwa ga Keresete

 Nna le Boikutlo Jwa Mogopolo jo bo Tshwanang le Jwa ga Keresete

“Lo nne le boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jo Keresete Jesu a neng a na le jone.”—BAR. 15:5.

1. Ke eng fa re tshwanetse go leka go nna le boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jwa ga Keresete?

JESU KERESETE o ne a re: “Tlang mo go nna, . . . lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo.” (Math. 11:28, 29) Taletso eno e e lorato e bontsha sentle gore Jesu o ne a na le boikutlo jwa mogopolo jo bo lorato. Ke sekao se se molemolemo se re ka se latelang. Le fa Jesu e ne e le Morwa yo o maatla wa Modimo, o ne a le kutlwelobotlhoko e bile a le bonolo, segolobogolo mo bathong ba ba bogang.

2. Re tla tlotla ka dintlha dife malebana le boikutlo jwa mogopolo jwa ga Jesu?

2 Mo setlhogong seno le mo go tse pedi tse di latelang, re tla tlotla ka tsela e re ka nnang ka yone le boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jo Jesu a neng a na le jone le kafa re ka tswelelang re na le jone ka teng, mmogo le kafa re ka bontshang “mogopolo wa ga Keresete” ka teng mo botshelong jwa rona. (1 Bakor. 2:16) Re tla tlotla thata ka dintlha tseno tse tlhano: Kafa Jesu a neng a le bonolo e bile a ikokobeditse ka teng, bopelonomi jwa gagwe, kafa a neng a ikobela Modimo ka teng, bopelokgale jwa gagwe, le lorato lwa gagwe lo lo nnelang ruri.

Ithute go Nna Bonolo Jaaka Keresete

3. (a) Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe thuto efe ka go nna boikokobetso? (b) Jesu o ne a itshwara jang fa barutwa ba gagwe ba ne ba na le makoa?

3 Jesu, Morwa yo o itekanetseng wa Modimo, o ne a tla mo lefatsheng ka go rata go tla go direla mo gare ga batho ba ba sa itekanelang, ba ba leofileng. Bangwe ba batho bao ba ne ba tlile go mmolaya moragonyana. Le fa go ntse jalo, ka metlha Jesu o ne a nna a itumetse e bile a le boikgapo. (1 Pet. 2:21-23) ‘Go leba ka tlhomamo’ kwa sekaong sa ga Jesu go ka re thusa gore le rona re itshware jalo fa re amiwa ke diphoso le makoa a ba bangwe. (Baheb. 12:2) Jesu o ne a laletsa barutwa ba gagwe gore ba rwale jokwe ya gagwe mme ka jalo ba ithute mo go ene. (Math. 11:29) Ba ne ba ka ithuta eng? Sengwe se ba neng ba ka se ithuta ke gore Jesu o ne a le bonolo e bile a le pelotelele mo barutweng ba gagwe, le fa ba ne ba dira diphoso. Mo bosigong jwa pele ga Jesu a swa, o ne a ba tlhapisa dinao, ka go dira jalo a ba ruta thuto e ba neng ba ka se tsoge ba e lebetse ya go nna “boikokobetso mo pelong.” (Bala Johane 13:14-17.) Moragonyana fa Petere, Jakobe le Johane ba ne ba palelwa ke go ‘nna ba disitse,’ Jesu ka kutlwelobotlhoko o ne a bontsha gore o lemoga bokoa jwa bone. O ne a botsa a re: “Simone, a o robetse?” Go tswa foo o ne a re: “Banna, nnang lo disitse e bile lo rapela, gore lo se ka lwa tsena mo thaelong. Gone, moya o tlhaga, mme nama yone e bokoa.”—Mar. 14:32-38.

4, 5. Sekao sa ga Jesu se ka re thusa jang go itshokela diphoso tsa ba bangwe?

4 Re itshwara jang fa modumedimmogo le rona a rata kgaisano, a kgopisega motlhofo, kana a sa tseye kgato ka bonako fa a newa kgakololo ke bagolwane kana ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale”? (Math. 24:45-47) Mo lefatsheng la ga Satane re ka bona go tlwaelegile gore batho ba nne le mekgwa e e ntseng jalo ya senama, mme re ka fitlhela go le thata go e itshokela fa re e bona mo bakaulengweng ba rona. Fa diphoso tsa ba bangwe di re kgopisa motlhofo fela, re tshwanetse go ipotsa jaana, ‘Nka bontsha jang “mogopolo wa ga Keresete” ka selekanyo se segolwane?’ Leka go nna o gakologetswe gore Jesu o ne a sa galefele barutwa ba gagwe, le ka dinako tse ba neng ba le bokoa ka selekanyo se se rileng semoyeng.

 5 Akanya ka se se neng sa dirwa ke moaposetoloi Petere. Fa Jesu a ne a laletsa Petere gore a tswe mo mokorong mme a tle kwa go ene a tsamaya mo godimo ga metsi, Petere o ne a dira jalo ka nakwana. Go tswa foo Petere o ne a leba phefo ya matsubutsubu mme a simolola go nwela. A Jesu o ne a mo galefela a bo a mo raya a re: “O diregile sentle! O ithutile gompieno”? Nnyaa! “Ka yone nako eo ya re Jesu a otlolola seatla sa gagwe a mo tshwara mme a mo raya a re: ‘Wena yo o nang le tumelo e potlana, ke ka ntlha yang fa o ne o fenngwa ke pelaelo?’” (Math. 14:28-31) Fa go ka direga gore re dirisane le mokaulengwe yo go lebegang a na le tumelo e potlana, e kete re ka mo otlololela seatla ka tsela ya tshwantshetso go mo thusa gore a nne le tumelo e e oketsegileng. Ke yone thuto e re e ithutang mo tseleng e Jesu a neng a dirisana le Petere ka yone ka bonolo.

6. Jesu o ne a ruta baaposetoloi ba gagwe thuto efe malebana le go rata maemo?

6 Gape Petere e ne e le mongwe wa baaposetoloi ba ba neng ba tlhola ba ngangisana ka gore ke mang yo mogolo mo go bone botlhe. Jakobe le Johane ba ne ba batla gore yo mongwe wa bone a nne kafa seatleng sa ga Jesu sa moja mme yo mongwe a nne kafa go sa molema mo Bogosing jwa gagwe. Fa Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba utlwa kgang eo, ba ne ba gakala. Jesu o ne a itse gore ba ka tswa ba tsere mokgwa oo mo setšhabeng se ba neng ba goletse mo go sone. O ne a ba biletsa kwa go ene mme a re: “Lo a itse gore babusi ba ditšhaba ba rena mo go bone le banna ba bagolo ba dirisa taolo mo go bone. Ga go a nna jalo mo go lona; mme le fa e le mang yo o batlang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona, mme le fa e le mang yo o batlang go nna wa ntlha mo go lona o tshwanetse go nna motlhanka wa lona.” Go tswa foo Jesu o ne a itebisa mafoko, a re: “Fela jaaka Morwa motho a ne a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.”—Math. 20:20-28.

7. Mongwe le mongwe wa rona a ka thusa jang gore phuthego e nne le kutlwano?

7 Go akanya ka tsela e Jesu a neng a ikokobeditse ka yone go ka re thusa go ‘itshwara jaaka ba ba botlanyana’ mo bakaulengweng ba rona. (Luke 9:46-48) Fa re dira jalo go nna le kutlwano. Jehofa, jaaka rre wa lelapa le legolo, o batla gore bana ba gagwe ba ‘nne mmogo ka kutlwano,’ ba dirisane sentle mmogo. (Pes. 133:1) Jesu o ne a rapela Rraagwe a kopa gore Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba utlwane, gore “lefatshe le tle le itse gore o nthomile le gore o ba ratile fela jaaka o nthatile.” (Joh. 17:23) Ka jalo, kutlwano ya rona e re tlhaola re le balatedi ba ga Keresete. Gore re nne le kutlwano eo, re tshwanetse go leba diphoso tsa ba bangwe jaaka Keresete a ne a di leba. Jesu o ne a itshwarela, mme o ne a ruta gore re tla itshwarelwa fela fa le rona re itshwarela ba bangwe.—Bala Mathaio 6:14, 15.

8. Re ka ithuta eng mo sekaong sa batho ba ba nang le lobaka lo loleele e le batlhanka ba Modimo?

8 Gape re ka ithuta dilo tse dintsi ka go etsa tumelo ya batho ba ba nang le lobaka lo loleele ba etsa Keresete. Jaaka Jesu, gantsi batho bano ba bontsha gore ba tlhaloganya makoa a ba bangwe. Ba ithutile gore go nna kutlwelobotlhoko jaaka Keresete ga go re thuse fela go “sikara makoa a ba ba sa nonofang,” mme gape go dira gore go nne le kutlwano. Gape, seno se kgothatsa phuthego yotlhe gore e nne le boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. Ba batla gore bakaulengwe ba bone le bone ba nne le boikutlo joo jaaka moaposetoloi Paulo a ne a batla gore Bakeresete ba kwa Roma ba nne le jone: “E kete Modimo yo o fang boitshoko le kgomotso a ka dira gore mo gare ga lona lo nne le boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jo Keresete Jesu a neng a na le jone, gore ka tumalano e le nngwe lo galaletse Modimo le Rara wa Morena  wa rona Jesu Keresete ka molomo o le mongwe.” (Bar. 15:1, 5, 6) Ee, fa re obamela mmogo ka kutlwano re baka Jehofa.

9. Ke eng fa re tlhoka moya o o boitshepo gore re kgone go etsa sekao sa ga Jesu?

9 Jesu o ne a bontsha gore go nna “boikokobetso mo pelong” go tsamaisana le go nna bonolo, jo e leng lengwe la maungo a moya wa Modimo o o boitshepo. Ka jalo, fa re ntse re ithuta sekao sa ga Jesu, re tlhoka moya wa ga Jehofa o o boitshepo gore re kgone go etsa sekao seo sentle. Re tshwanetse go rapelela moya o o boitshepo wa Modimo mme re leke go tlhagolela maungo a one—“lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.” (Bagal. 5:22, 23) Fa re latela sekao se Jesu a se tlhomileng sa go nna boikokobetso le go nna bonolo, re tla itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong, Jehofa.

Jesu O ne A Tshwara ba Bangwe ka Bopelonomi

10. Jesu o ne a bontsha bopelonomi jang?

10 Bopelonomi le jone ke lengwe la maungo a moya o o boitshepo. Ka metlha Jesu o ne a tshwara ba bangwe ka bopelonomi. O ne a “amogela ka bopelonomi” botlhe ba ba neng ba mmatla ka bopeloephepa. (Bala Luke 9:11.) Re ka ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a bontsha bopelonomi ka yone? Motho yo o pelonomi o botsalano, o bonolo, o kutlwelobotlhoko, e bile o pelontle. Jesu o ne a ntse jalo. O ne a tlhomogela batho pelo “ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.”—Math. 9:35, 36.

11, 12. (a) Tlhalosa tiragalo nngwe ya fa Jesu a ne a bontsha kutlwelobotlhoko ka ditiro. (b) O ka ithuta eng mo sekaing se go builweng ka sone fano?

11 Gape Jesu o ne a sa tlhomogele batho pelo le go ba utlwela botlhoko fela, mme o ne a dira sengwe ka gone. Akanya ka sekai seno. Mosadi mongwe o ne a na le kelelo e e sa tlwaelegang ya madi ka dingwaga tse 12. O ne a itse gore go ya ka Molao wa ga Moshe, boemo jwa gagwe bo ne bo dira gore a itshekologe mmogo le mongwe le mongwe yo o mo amang. (Lefi. 15:25-27) Le fa go ntse jalo, tsela e Jesu a neng a itsege ka yone le e a neng a tshwara batho ka yone e tshwanetse ya bo e ne ya dira gore mosadi yono a dumele gore o ne a ka mo fodisa, e bile o ne a tla dira jalo. Mosadi yono o ne a nna a re: “Fa nka ama fela diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle ke tla fola.” O ne a ipeta sebete, a ama diaparo tsa ga Jesu, mme ka yone nako eo a utlwa gore o ne a fodile.

12 Jesu o ne a itse gore o ne a amilwe ke motho mongwe, mme o ne a lebaleba a batla go bona gore ke mang. E re ka mosadi yono a ka tswa a ne a tshaba go kgalengwa ka gonne a ne a tlodile Molao, o ne a wela fa fatshe fa dinaong tsa ga Jesu a roroma mme a mmolelela boammaaruri jotlhe. A Jesu o ne a omanya mosadi yono yo o tlhomolang pelo, yo o bogang? Le e seng! O ne a bua le ene ka tsela e e gomotsang a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso.” (Mar. 5:25-34) Mafoko ao a bopelonomi a tshwanetse a bo a ne a mo gomotsa tota!

13. (a) Tsela e Jesu a neng a dira dilo ka yone e ne e farologane jang le ya Bafarasai? (b) Jesu o ne a tshwara bana jang?

13 Keresete o ne a sa tshwane le Bafarasai ba ba dipelo di thata ka gonne o ne a sa dirise taolo ya gagwe go oketsa merwalo ya batho ba bangwe. (Math. 23:4) Go na le moo, o ne a ba ruta ditsela tsa ga Jehofa ka bopelonomi le ka bopelotelele. Jesu e ne e le tsala e e lorato mo balateding ba gagwe e bile a le pelonomi ka metlha, e le tsala ya boammaaruri. (Dia. 17:17; Joh. 15:11-15) Le bana tota ba ne ba ikutlwa ba phuthologile fa ba na le Jesu, mme le ene o ne a phuthologile fa a na le bone. O ne a kgona go tlogela se a se dirang gore a iphe nako le bana. Nako nngwe, barutwa ba gagwe, ba ba neng ba sa ntse ba na le maikutlo a go itseela kwa godimo jaaka baeteledipele ba bodumedi ba motlha oo, ba ne ba leka go thibela batho gore ba se ka ba tlisa bana ba bone ba babotlana kwa go Jesu gore a ba ame. Jesu o ne a sa rata se barutwa ba gagwe ba neng ba se dira. O ne a ba raya a re: “Lesang bana ba babotlana ba tle kwa  go nna; lo se ka lwa leka go ba thiba, gonne bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo.” Go tswa foo o ne a dirisa bana go ruta barutwa ba gagwe thuto e e molemo, a re: “Ammaaruri ke a lo raya ka re, Le fa e le mang yo o sa amogeleng  bogosi jwa Modimo jaaka ngwana yo mmotlana ga a na go tsena mo go jone ka gope.”—Mar. 10:13-15.

14. Bana ba solegelwa molemo jang fa ba bangwe ba ba kgatlhegela ka tsela e e molemo?

14 Akanya fela kafa bangwe ba bana bao ba neng ba tla ikutlwa ka teng dingwaga moragonyana fa e setse e le banna le basadi, mme ba gakologelwa gore Jesu Keresete o ne a ‘ba tsaya ka mabogo mme a ba segofatsa.’ (Mar. 10:16) Le bana ba gompieno ba tla itumela fa ba gopola tsela e e molemo e bagolwane le batho ba bangwe ba ba kgatlhegelang ka yone. Sa botlhokwa le go feta, bana ba ba bontshiwang lorato loo lwa mmatota mo phuthegong ba lemoga go tloga ba sa le bannye gore moya wa ga Jehofa o mo bathong ba gagwe.

Nna Pelonomi mo Lefatsheng Le le Se Nang Bopelonomi

15. Ke eng fa re sa tshwanela go gakgamala fa re bona batho ba sa bontshe bopelonomi gompieno?

15 Batho ba bantsi mo lefatsheng gompieno ba akanya gore ga ba na nako ya go bontsha ba bangwe bopelonomi. Ka jalo, letsatsi le letsatsi, batho ba ga Jehofa ba lebana le moya wa lefatshe fa ba le kwa sekolong, kwa tirong, fa ba le mo mesepeleng, le fa ba le mo bodireding. Fa batho ba sa re bontshe bopelonomi re ka nna ra utlwa botlhoko, mme ga re a tshwanela go gakgamala. Jehofa o ne a tlhotlheletsa Paulo go re tlhagisa gore mo ‘metlheng eno ya bofelo’ Bakeresete ba ne ba tla kopana le batho ba e leng “baithati, . . . ba ba se nang lorato lwa tlholego.”—2 Tim. 3:1-3.

16. Re ka bontsha jang bopelonomi jaaka Keresete mo phuthegong?

16 Kafa letlhakoreng le lengwe, phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete e na le moya o o lapolosang o o sa tshwaneng le wa lefatshe leno le le se nang bopelonomi. Mongwe le mongwe wa rona a ka thusa gore moya oo o tswelele o le teng ka go etsa Jesu. Re ka dira seo jang? Sa ntlha, batho ba bantsi mo phuthegong ba tlhoka thuso ya rona le kgothatso ka gonne ba lebane le mathata a botsogo kana le maemo a mangwe a a thata. Mo ‘metlheng eno ya bofelo’ mathata a a ntseng jalo a ka tswa a oketsega, mme ga se gone a simologang. Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, Bakeresete ba ne ba lebana le mathata a a tshwanang le ao. Ka jalo, Bakeresete gompieno ba ntse ba tlhoka go thusa ba bangwe fela jaaka go ne go ntse le ka nako eo. Ka sekai, Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete gore ba ‘bue ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo, ba tshegetse ba ba bokoa, ba nne pelotelele mo go botlhe.’ (1 Bathes. 5:14) Gore ba kgone go dira seno ba tshwanetse go bontsha bopelonomi jaaka Keresete.

17, 18. Dingwe tsa ditsela tse re ka nnang pelonomi jaaka Jesu ka tsone ke dife?

17 Bakeresete ba na le boikarabelo jwa go ‘amogela bakaulengwe ba bone ka bopelonomi,’ go ba tshwara jaaka Jesu a ne a ka ba tshwara, go amega ka tsela ya mmatota ka batho ba re ka tswang re sa bolo go ba itse dingwagangwaga le ba re ka tswang  re sa ba itse gotlhelele. (3 Joh. 5-8) Jaaka Jesu a ne a tsaya kgato go utlwela ba bangwe botlhoko, le rona re tshwanetse go dira jalo, mme ka metlha re lapolose ba bangwe.—Isa. 32:2; Math. 11:28-30.

 18 Mongwe le mongwe wa rona a ka bontsha bopelonomi ka go tsaya kgato go bontsha gore o amega ka ba bangwe. Batla ditsela le ditshono tsa go dira jalo. Dira sengwe! Paulo o ne a kgothatsa jaana: “Mo loratong lwa bokaulengwe bontshanang lorato lwa bopelonomi,” mme a boa a re: “Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” (Bar. 12:10) Seno se kaya go latela sekao sa ga Keresete, go bontsha ba bangwe lorato le bopelonomi, go ithuta go bontsha “lorato lo lo se nang boitimokanyo.” (2 Bakor. 6:6) Paulo o ne a tlhalosa lorato loo lo lo tshwanang le lwa ga Keresete jaana: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. Lorato ga lo fufege, ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose.” (1 Bakor. 13:4) Go na le gore re tshwarele bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona dikgopi, e kete re ka tlhwaela kgakololo eno tsebe: “Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le ene a ne a lo itshwarela ka Keresete a gololesegile.”—Baef. 4:32.

19. Go bontsha bopelonomi jaaka Keresete go na le matswela afe a a molemo?

19 Fa re leka ka natla go bontsha bopelonomi jaaka Keresete ka dinako tsotlhe le mo maemong otlhe, re tla bona masego a magolo. Moya wa ga Jehofa o tla rena mo phuthegong, mme seo se tla thusa mongwe le mongwe gore a tlhagolele maungo a a molemo a moya. Mo godimo ga moo, fa re latela sekao se Jesu a se tlhomileng mme re thusa ba bangwe gore ba dire jalo, kobamelo ya rona e re e dirang ka boitumelo le ka kutlwano, e tla itumedisa Modimo. Ka jalo, a ka metlha re lekeng ka natla go etsa Jesu ka go nna bonolo le go nna pelonomi fa re dirisana le ba bangwe.

A o Ka Tlhalosa?

• Jesu o ne a bontsha jang gore o “bonolo e bile [o] boikokobetso mo pelong”?

• Jesu o ne a bontsha bopelonomi jang?

• Dingwe tsa ditsela tse re ka bontshang bonolo le bopelonomi jaaka Keresete ka tsone mo lefatsheng leno le le bosula ke dife?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Fa tumelo ya mokaulengwe e tlhaela, jaaka ya ga Petere, a re tla otlolola seatla sa rona go mo thusa?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

O ka thusa jang gore bopelonomi bo rene mo phuthegong?