Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Anaanela se Jehofa a se Dirileng go go Golola?

A o Anaanela se Jehofa a se Dirileng go go Golola?

 A o Anaanela se Jehofa a se Dirileng go go Golola?

“A go bakwe Jehofa Modimo wa Iseraele, ka gonne o retoloseditse tlhokomelo ya gagwe mo bathong ba gagwe a ba a ba golola.”—LUKE 1:68.

1, 2. Re ka tshwantsha boemo jo bo masisi jo re leng mo go jone le eng, mme re tla tlotla ka dipotso dife?

AKANYA fela o lwala o robaditswe kwa bookelong. O robaditswe mo phaposing e balwetse botlhe ba ba mo go yone ba tshwerweng ke bolwetse jo bo tshwanang, bolwetse jo bo bolayang jo go sa itsiweng kalafi ya jone. Fa o utlwa gore go na le ngaka e e di gogang kwa pele mo letsholong la go batla kalafi ya jone, o nna le tsholofelo. O nna o emetse ka tlhoafalo go utlwa gore go setse go dirilwe kgatelopele efe. Letsatsi lengwe, o utlwa gore go bonwe kalafi! Ngaka e e neng e eteletse pele letsholo leno e tsere matsapa a magolo gore go bonwe kalafi eo. O ne o tla ikutlwa jang? Ruri o ne o tla anaanela le go tlotla monna yono yo o go golotseng mo losong, wena mmogo le ba bangwe ba bantsi.

2 Kgang eo e ka utlwala e kete e feteletsa dilo, mme e tsamaisana le boemo jwa mmatota jo rotlhe re lebaneng le jone. Mongwe le mongwe wa rona o mo boemong jo bo masisi go feta jo bo sa tswang go tlhalosiwa. Re tlhoka mogolodi fela thata. (Bala Baroma 7:24.) Jehofa o latlhegetswe thata gore a re golole. Morwawe le ene o ithontshitse dilo tse dikgolo. Ka jalo, a re sekasekeng dipotso di le nnè tsa konokono. Ke ka ntlha yang fa re tlhoka go gololwa? Jesu o dirile eng gore re gololwe? Jehofa ene o dirile eng? Mme re ka bontsha jang gore re anaanela go gololwa ke Modimo?

 Lebaka La go Bo re Tlhoka go Gololwa

3. Boleo bo tshwana jang le bolwetse jwa leroborobo?

3 Go ya ka phopholetso nngwe ya bosheng, bongwe jwa malwetse a a maswe go gaisa otlhe a a kileng a nna teng a leroborobo e ne e le letshoroma la Spain le le neng la bolaya batho ba le dimilione di le masomesome ka 1918. Malwetse a mangwe a kotsi le go feta ka tsela e sele. A ka tswa a tshwara batho ba se bantsi go le kalo, mme batho ba ba tshwarwang ke malwetse ano ba swa ka bontsi thata. * Le fa go ntse jalo, ke eng se re se lemogang fa re bapisa boleo le bolwetse jo bo ntseng jalo jwa leroborobo? Gopola mafoko a Baroma 5:12: “Ke gone ka moo, fela jaaka boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” Boleo bo tshwaetsa batho botlhe ka gonne batho botlhe ba ba sa itekanelang ba leofile. (Bala Baroma 3:23.) Mme go swa batho ba le kae? Paulo o ne a re boleo bo bolaya ‘batho botlhe.’

4. Jehofa o leba jang lobaka lo re lo tshelang, mme tsela e a lebang dilo ka yone e farologana jang le ya batho ba bantsi gompieno?

4 Batho ba le bantsi gompieno ga ba tseye boleo le loso di le masisi go le kalo. Ba tshwenyega ka se ba reng ke go swa pele ga nako, mme fa batho ba tsofala ba bo ba a swa, ba re ke loso “lwa tlholego.” Go motlhofo fela gore batho ba lebale tsela e Mmopi a lebang dilo ka yone. Re tshela lobaka lo lokhutshwane thata go feta kafa Modimo a neng a ikaeletse ka teng. E bile tota, go ya kafa Jehofa a lebang dilo ka teng, ga go na motho ope yo o kileng a tshela le fa e le “letsatsi le le lengwe.” (2 Pet. 3:8) Ka jalo Lefoko la Modimo la re re tshela lobaka lo lokhutshwane jaaka bojang kgotsa jaaka moya o o hemelwang kwa ntle. (Pes. 39:5; 1 Pet. 1:24) Re tshwanetse go nna re gopotse tsela eo ya go leba dilo. Ka ntlha yang? Fa re lemoga bomasisi jwa “bolwetse” jo bo re tshwereng, re ka anaanela thata botlhokwa jwa “kalafi” ya jone—kgololo ya rona.

5. Boleo bo amogile mongwe le mongwe wa rona eng?

5 Fa re batla go tlhaloganya ka fa boleo le matswela a jone di leng masisi ka teng, re tshwanetse ra leka go tlhaloganya gore bo re amogile eng. Seo se ka nna thata kwa tshimologong ka gonne boleo bo re amogile sengwe se re iseng re ko re nne le sone. Kwa tshimologong Adame le Efa ba ne ba tshela botshelo jo bo itekanetseng. E re ka ba ne ba na le megopolo le mebele e e itekanetseng, ba ne ba ka tlhopha go laola dikakanyo tsa bone, maikutlo a bone le ditiro tsa bone. Ka jalo ba ne ba ka kgona go gatela pele e le batlhanka ba ga Jehofa Modimo, ba bo ba fitlhelela dinonofo tse di molemo tse ba neng ba ka kgona go nna le tsone. Mo boemong jwa moo, ba ne ba latlha mpho eo e e tlhwatlhwakgolo. Fa ba tlhopha go leofela Jehofa, ba ne ba dira gore bone le bana ba bone ba se ka ba tshela botshelo jo Jehofa a neng a ikaeletse gore ba bo tshele. (Gen. 3:16-19) Gape ba itsentse “bolwetse” jo bo maswe jo re ntseng re tlotla ka jone mme le rona ba bo re tshetse. Jehofa o ne a ba otlhaya go tshwanela. Mme rona o re naya tsholofelo ya gore re tla gololwa.—Pes. 103:10.

Se Jesu a se Dirileng Gore re Gololwe

6, 7. (a) Kwa tshimologong Jehofa o ne a bontsha jang gore go gololwa ga rona go ne go tla tlhoka gore a latlhegelwe thata? (b) Re ka ithuta eng mo ditlhabelong tse di ntshitsweng ke Abele le ke ditlhogo tsa lotso tse di tshedileng pele ga nako ya Molao wa ga Moshe?

6 Jehofa o ne a itse gore o ne a tla latlhegelwa thata gore a golole bana ba ga Adame le Efa. Mo boporofeting jo bo kwadilweng mo go Genesise 3:15, re ithuta sengwe ka se se ileng sa tlhokega gore re gololwe. Jehofa o ne a tla dira gore go nne le “losika,” mogolodi, yo kgabagare a neng a tla senya Satane, a mo fedisa gotlhelele. Le fa go ntse jalo, mogolodi yoo o ne a tla boga, a gobadiwa mo seretheng ka tsela ya tshwantshetso. Go gobadiwa mo seretheng go ka nna botlhoko ga ba ga koafatsa, mme go kaya eng? Tota motho yo Jehofa a mo tlhophileng o ne a tla tshwanelwa ke go itshokela eng?

7 E le gore mogolodi yono a golole batho mo  boleong, o ne a tla tshwanelwa ke go dira thulaganyo ya gore go nne le tetlanyo, tsela ya go agisanya batho le Modimo ka go dirolola ditlamorago tsa boleo. Seo se ne se tla akaretsa eng? Go ne go setse go diragetse dilo tse di neng di bontsha gore go ne go tla tlhokega setlhabelo. Fa motho wa ntlha yo o ikanyegang e bong Abele a ne a isetsa Jehofa ditlhabelo tsa diphologolo, Modimo o ne a mo amogela. Moragonyana, ditlhogo tsa lotso tse di boifang Modimo tse di jaaka Noa, Aborahame, Jakobe le Jobe le bone ba ne ba isa ditlhabelo tse di ntseng jalo tse di neng di itumedisa Modimo. (Gen. 4:4; 8:20, 21; 22:13; 31:54; Jobe 1:5) Makgolo a sekae a dingwaga moragonyana, Molao wa ga Moshe o ne wa dira gore batho ba tlhaloganye kgang ya setlhabelo sentle go feta pele.

8. Moperesiti yo mogolo o ne a dirang ka Letsatsi la Tetlanyo le le neng le tla ngwaga le ngwaga?

8 Dingwe tsa ditlhabelo tsa botlhokwatlhokwa tse Molao o neng o laela gore di ntshiwe e ne e le tse di neng di ntshiwa ka Letsatsi la Tetlanyo le le neng le tla ngwaga le ngwaga. Ka letsatsi leo, moperesiti yo mogolo o ne a dira ditiro dingwe tsa tshwantshetso. O ne a isetsa Jehofa ditlhabelo tse di direlang maleo tetlanyo—sa ntlha e le maleo a ba setlhopha sa baperesiti, go tswa foo a ba ditso tse e seng baperesiti. Moperesiti yo mogolo o ne a tsena mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo la motlaagana kgotsa tempele, kwa e neng e le ene fela a ka tsenang teng, le gone e le ka letsatsi leno fela mo ngwageng. Fa a le koo, o ne a kgatšha madi a ditlhabelo fa pele ga letlole la kgolagano. Ka dinako tse dingwe go ne go bonala leru le le phatsimang fa godimo ga letlole leo le le boitshepo, mme leru leno le ne le tshwantshetsa go nna teng ga ga Jehofa Modimo.—Ekes. 25:22; Lefi. 16:1-30.

9. (a) Ka Letsatsi la Tetlanyo, moperesiti yo mogolo o ne a tshwantshetsa mang, mme ditlhabelo tse a neng a di isa di ne di tshwantshetsa eng? (b) Fa moperesiti yo mogolo a ne a tsena mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo o ne a tshwantshetsa eng?

9 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go senola bokao jwa ditiro tseo tsa tshwantshetso. O ne a bontsha gore moperesiti yo mogolo o ne a tshwantshetsa Mesia, Jesu Keresete, mme go ntshiwa ga ditlhabelo go ne go tshwantshetsa loso lwa ga Keresete lwa setlhabelo. (Baheb. 9:11-14) Setlhabelo seo se se itekanetseng se ne se tla nna tetlanyo ya mmatota mo ditlhopheng tse pedi tsa batho—setlhopha sa baperesiti sa bomonnawe Keresete ba ba tloditsweng ka moya ba ba 144 000 le ba “dinku tse dingwe.” (Joh. 10:16) Fa moperesiti yo mogolo a ne a tsena mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo, o ne a tshwantshetsa fa Jesu a tla bo a tsena mo legodimong ka bolone a isetsa Jehofa Modimo boleng jwa setlhabelo sa thekololo.—Baheb. 9:24, 25.

10. Boporofeti jwa Baebele bo ne jwa bontsha gore Mesia o ne a tla diragalelwa ke eng?

10 Ruri go ne go tla tlhokega gore go dirwe sengwe se segolo gore bana ba ga Adame le Efa ba gololwe. Mesia o ne a tla tshwanelwa ke go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo! Baporofeti ba ba kwadileng Dikwalo Tsa Sehebera ba ne ba tlhalosa ntlha eno ka tsela e e utlwalang sentle. Ka sekai, moporofeti Daniele o ne a bolela ka tlhamalalo gore “Mesia, Moeteledipele” o ne a tla “kgaolwa,” kgotsa go bolawa, “go direla tlolo tetlanyo.” (Dan. 9:24-26) Isaia o ne a bolelela pele gore batho ba ne ba tla gana Mesia, ba mmogise, ba bo ba mmolaye kgotsa ba mo tlhabe, gore a sikare maleo a batho ba ba sa itekanelang.—Isa. 53:4, 5, 7.

11. Morwa wa ga Jehofa o ne a bontsha ka ditsela dife gore o iketleeditse go intsha setlhabelo gore re gololwe?

 11 Pele Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi a tla mo lefatsheng, o ne a itse se a neng a tla tlhoka go se dira gore re gololwe. O ne a tla tshwanelwa ke go boga botlhoko a bo a bolawa. Fa Rraagwe a ne a mo ruta ka dilo tseno, a o ne a ikgogela morago kgotsa a tsuologa? Nnyaa, o ne a ikobela tao ya ga Rraagwe ka go rata. (Isa. 50:4-6) Ka tsela e e tshwanang, fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a nna kutlo mme a dira thato ya ga Rraagwe. Ka ntlha yang? O ne a araba jaana: “Ke rata Rara.” Gape o ne a re: “Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.” (Joh. 14:31; 15:13) Ka jalo selo se segolo se se thusitseng gore re gololwe ke lorato lwa Morwa wa ga Jehofa. Le fa a ne a tshwanelwa ke go latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng, o ne a itumelela go swela gore re gololwe.

Se Jehofa a se Dirileng Gore re Gololwe

12. Thekololo ke thato ya ga mang, mme ke ka ntlha yang fa a ile a dira gore e nne teng?

12 Jesu ga se ene a dirileng kgotsa a rulagantseng gore go nne le setlhabelo sa thekololo. Go na le moo, tsela eno ya go gololwa ga rona e ne e le karolo ya botlhokwa ya thato ya ga Jehofa. Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore sebeso se se kwa tempeleng, se ditlhabelo di neng di ntshediwa mo go sone, se ne se emela thato ya ga Jehofa. (Baheb. 10:10) Ka jalo fa re gololwa ka setlhabelo sa ga Keresete, tota re gololwa ka ntlha ya ga Jehofa. (Luke 1:68) Setlhabelo seno se bontsha thato ya gagwe le lorato lwa gagwe lo logolo lo a ratang batho ka lone.—Bala Johane 3:16.

13, 14. Sekai sa ga Aborahame se ka re thusa jang go anaanela se Jehofa a se re diretseng?

13 Jehofa o ne a latlhegelwa ke eng gore a re bontshe lorato ka tsela eno? Go thata gore re ka tlhaloganya. Mme go na le pego ya Baebele e e ka re thusang go tlhaloganya kgang eno sentle. Jehofa o ne a raya monna yo o ikanyegang e bong Aborahame a re a dire sengwe se se bokete fela thata—a ntshe morwawe e bong Isake setlhabelo. Aborahame e ne e le rre yo o lorato. Fa Jehofa a bua le ene ka ga Isake o ne a re ke “morwao yo o esi yo o mo ratang thata.” (Gen. 22:2) Le fa go ntse jalo, Aborahame o ne a bona gore go dira thato ya ga Jehofa go ne go le botlhokwa go feta tsela e a ratang Isake ka yone. Aborahame o ne a ikobela taelo eo. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a letla Aborahame go dira se Ene a neng a tla se dira letsatsi lengwe. Modimo o ne a romela moengele gore a thibe Aborahame fela fa a re o ntsha morwawe setlhabelo. Aborahame o ne a iketleeditse go ikobela Modimo wa gagwe mo tekong eno e e boima mo e leng gore o ne a tlhomamisegile gore tsela e le yosi e a neng a ka bona morwawe gape a tshela ka yone e ne e tla nna fa a tsosiwa. Mme o ne a na le tumelo e e feletseng ya gore Modimo o ne a tla mo tsosa. Ee ruri, Paulo o ne a bolela gore Aborahame o ne a boa a amogela Isake ka tsogo “ka tsela ya tshwantshetso.”—Baheb. 11:19.

14 Go thata go akanya kafa Aborahame a neng a utlwa botlhoko ka teng fa a ne a ipaakanyetsa go ntsha morwawe setlhabelo. Ka tsela nngwe, se se diragaletseng Aborahame se ka tshwantshetsa se se diragaletseng Jehofa fa a ne a ntsha setlhabelo ka ene yo a neng a mmitsa “Morwaake, moratwa.” (Math. 3:17) Mme o gakologelwe gore Jehofa ene o tshwanetse a bo a ne a utlwa botlhoko le go feta. Ene le Morwawe ba ne ba nnile mmogo ka dingwaga di le dimilione tse dintsintsi, gongwe ka dibilione tsa dingwaga. Morwa o ne a  dira le Rara ka boitumelo, e le “modiri yo o setswerere,” Mmueledi wa ga Rara, kgotsa “Lefoko.” (Dia. 8:22, 30, 31; Joh. 1:1) Ga re ka ke ra ba ra tlhaloganya ka botlalo botlhoko jo Jehofa a neng a bo itshokela fa Morwawe a ntse a bogisiwa, a sotliwa a bo a bolawa jaaka sekebekwa. Jehofa o ne a latlhegelwa fela thata gore re gololwe! Mme re ka bontsha jang gore re anaanela kgololo eo?

O ka Bontsha Jang Gore o Anaanela Kgololo?

15. Jesu o ne a wetsa jang tiro ya gagwe e kgolo ya tetlanyo, mme ke eng se se neng sa kgonega ka ntlha ya seo?

15 Jesu o ne a wetsa tiro ya gagwe e kgolo ya tetlanyo fa a sena go tsosediwa kwa legodimong. Fa a sena go boa a kopana le Rraagwe yo a mo ratang, o ne a mo naya boleng jwa setlhabelo sa gagwe. Go ne ga latela masego a magolo. Go ne ga kgonega gore batho ba itshwarelwe ka botlalo, sa ntlha go itshwarelwa maleo a bomonnawe Keresete ba ba tloditsweng, mme morago a “lefatshe lotlhe.” Ka ntlha ya setlhabelo seo, gompieno batho botlhe ba ba ikwatlhaelang maleo a bone ka pelo yotlhe ba bo ba nna balatedi ba ga Keresete ba mmatota ba ka nna le kamano e e gaufi le Jehofa Modimo. (1 Joh. 2:2) Seno se go ama jang?

16. Re ka tshwantsha jang lebaka la go bo re tshwanetse go anaanela thulaganyo e Jehofa a e dirileng gore re gololwe?

16 A re boeleng kwa setshwantshong se se umakilweng kwa tshimologong. A re re ngaka e e boneng kalafi ya bolwetse e ya kwa balwetseng ba ba mo phaposing e o robaditsweng mo go yone e bo e solofetsa seno: Molwetse mongwe le mongwe yo o amogelang kalafi a bo a latela thulaganyo e e tlhalositsweng ya kalafi ruri o tla fola. Go tweng fa bontsi jwa balwetse ba bangwe ba ne ba ka gana go latela ditaelo tsa ngaka, ba re go tla nna thata go nwa melemo kgotsa go latela thulaganyo e e tlhalositsweng ya kalafi? A o ne o tla ya le bone, le fa o na le bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore kalafi eno tota e a bereka? Nnyaa le e seng! Kwantle ga pelaelo o ne o tla lebogela kalafi eo o bo o latela ditaelo tsa ngaka ka kelotlhoko, gongwe o bolelela ba bangwe se wena o tlileng go se dira. Mme mo kgannyeng ya botlhokwa le go feta, rotlhe re tshwanetse ra bo re batla go bontsha Jehofa kafa re anaanelang ka teng thulaganyo e a e dirileng gore re gololwe ka setlhabelo sa thekololo sa ga Morwawe.—Bala Baroma 6:17, 18.

17. O ka bontsha ka ditsela dife gore o anaanela se Jehofa a se dirileng go go golola?

17 Fa re anaanela se Jehofa le Morwawe ba se dirileng go re golola mo boleong le mo losong, re tla bontsha seo ka ditiro. (1 Joh. 5:3) Re tla lwantsha tshekamelo e re nang le yone ya go leofa. Le ka motlha re ka se ineele mo mokgweng wa go leofa ka boomo le go tshela botshelo jwa boitimokanyi jo bo tsamaisanang le mokgwa oo. Go dira jalo go tla bo go tshwana le go bolela gore ga re tseye thekololo e le botlhokwa e bile ga re e anaanele gotlhelele. Go na le moo, re tla bontsha kanaanelo ya rona ka go dira ka natla gore re nne re na le kamano e e molemo le Modimo. (2 Pet. 3:14) Re tla e bontsha ka go bolelela ba bangwe ka tsholofelo e e molemo e re nang le yone ya gore re tla gololwa, gore le bone ba tle ba nne le kamano e e molemo le Jehofa mme ba nne le tsholofelo ya go tshelela ruri mo isagweng. (1 Tim. 4:16) Ruri Jehofa le Morwawe ba tshwanelwa ke gore re ba bake ka nako yotlhe le maatla otlhe a re nang le one! (Mar. 12:28-30) Akanya fela! Re ka leba pele ka tsholofelo kwa nakong e re tla bong re se na boleo gotlhelele ka yone. Re ka tshela ka tsela e Modimo a neng a batlile gore re tshele ka yone, re itekanetse, ka bosakhutleng—ka ntlha ya se Jehofa a se dirileng go re golola!—Bar. 8:21.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Go bolelwa gore letshoroma la Spain le ile la tshwara diperesente di le 20 go ya go di le 50 tsa batho ba ba neng ba tshela mo lefatsheng ka nako eo. Bolwetse jono bo ka tswa bo bolaile palo e e fa gare ga peresente e le 1 le di le 10 tsa batho ba bo neng bo ba tshwere. Mme mogare wa Ebola one, o tshwaetsa batho ka sewelo, mme ka dinako dingwe o ile wa bolaya mo e ka nnang diperesente di le 90 tsa batho ba o neng o ba tshwaeditse.

O ne O ka Araba Jang?

• Ke ka ntlha yang fa o tlhoka kgololo ka potlako?

• Go intsha setlhabelo ga ga Jesu go go ama jang?

• O ikutlwa jang ka mpho ya ga Jehofa ya thekololo?

• O ikutlwa o tshwanetse go dira eng ka gonne Jehofa a dirile dithulaganyo tsa go go golola?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ka Letsatsi la Tetlanyo, moperesiti yo mogolo wa Iseraele o ne a tshwantshetsa Mesia

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Tsela e Aborahame a neng a iketleeditse go isa morwawe setlhabelo ka yone e re ruta gore Jehofa ene o latlhegetswe le go feta