Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jobe O ne A Baka Leina la ga Jehofa

Jobe O ne A Baka Leina la ga Jehofa

Jobe O ne A Baka Leina la ga Jehofa

“A leina la ga Jehofa le nne le bakwe.”—JOBE 1:21.

1. Buka ya ga Jobe e ka tswa e kwadilwe ke mang, le gone leng?

MOSHE o ne a na le dingwaga di ka nna 40 fa a ne a tshaba kwa Egepeto a tshaba bogale jwa ga Faro a bo a ya go nna kwa Midiana. (Dit. 7:23) Fa a ntse a nna kwa nageng eo, o ka tswa a ile a utlwalela ka diteko tsa ga Jobe, yo o neng a nna mo nageng e e gaufi ya Use. Dingwaga moragonyana, fa Moshe le setšhaba sa Iseraele ba ne ba le gaufi le Use fa ba tloga ba wetsa mosepele wa bone kwa nageng, Moshe a ka nna a bo a ile a utlwa ka se se ileng sa diragalela Jobe mo dingwageng tsa gagwe tsa bofelo. Go ya ka ditso tsa Bajuda, Moshe o kwadile buka ya ga Jobe nako nngwe morago ga loso lwa ga Jobe.

2. Buka ya ga Jobe e kgothatsa batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno jang?

2 Buka ya ga Jobe e nonotsha tumelo ya batlhanka ba Modimo ba motlha wa gompieno. Jang? Pego eno e re tlhalosetsa ditiragalo tsa botlhokwa thata tse di diragetseng kwa legodimong e bile e gatelela botlhokwa jwa kgangkgolo ya bolaodi jwa Modimo jwa lobopo lotlhe. Gape pego ya ga Jobe e re thusa go tlhaloganya sentle gore go tlhokega eng gore re nne re bolokile bothokgami e bile e re thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa ka dinako tse dingwe Jehofa a letla batlhanka ba gagwe ba boga. Mo godimo ga moo, buka ya ga Jobe e tlhalosa Satane Diabolo e le Moganetsi yo mogolo wa ga Jehofa e bile e le mmaba wa batho. Gape buka eno e bontsha gore batho ba ba sa itekanelang jaaka Jobe ba ka kgona go nna ba ikanyega mo go Jehofa le fa ba lekwa mo go botlhoko. A re sekasekeng dingwe tsa ditiragalo tse di tlhalosiwang mo bukeng ya ga Jobe.

Jobe O ne A Lekwa ke Satane

3. Re itse eng ka ga Jobe, mme ke ka ntlha yang fa Satane a ne a mo tlhasela?

3 Jobe e ne e le monna yo o humileng yo o tseelwang kwa godimo mo setšhabeng, e le tlhogo ya lotso e e itsegeng ka boitsholo jo bo molemo. Go lebega e ne e le mogakolodi yo o tlotlegang yo o neng a thusa batlhoki. Sa botlhokwa le go feta, Jobe o ne a boifa Modimo. Jobe o tlhalosiwa e le monna yo o neng “a itshupa a se na molato e bile a thokgame, a boifa Modimo e bile a fapoga bosula.” Satane Diabolo o ne a tlhasela Jobe ka ntlha ya boineelo jwa gagwe jwa bomodimo, e seng ka ntlha ya khumo ya gagwe le maemo.—Jobe 1:1; 29:7-16; 31:1.

4. Bothokgami ke eng?

4 Matseno a buka ya ga Jobe a tlhalosa nako ya fa baengele ba ne ba phuthegile kwa legodimong ba eme fa pele ga ga Jehofa. Satane le ene o ne a le teng, mme o ne a latofatsa Jobe. (Bala Jobe 1:6-11.) Le fa Satane a ne a umaka dithoto tsa ga Jobe, o ne a itebagantse thata le go tlhasela bothokgami jwa gagwe. Lefoko “bothokgami” le kaya go siama, go tlhoka molato. Mo Baebeleng, fa go twe motho o thokgame go tewa gore o ineetse ka pelo e e feletseng mo go Jehofa.

5. Satane o ne a latofatsa Jobe ka eng?

5 Satane o ne a latofatsa Jobe ka gore o obamela Modimo ka ntlha ya boithati, e seng ka gonne a thokgame. Satane o ne a re Jobe o ne a tla ikanyega mo go Jehofa fa fela Modimo a ne a ka tswelela a mo direla dilo tse di molemo le go mo sireletsa. Jehofa o ne a letla Satane gore a tlhasele monna yoo yo o ikanyegang gore tatofatso ya ga Satane e arabiwe. Seo se ne sa felela ka gore ka letsatsi le le lengwe fela, Jobe a utlwalele gore diruiwa tsa gagwe di ne di utswilwe kgotsa di sule, batlhokomedi ba gagwe ba ne ba bolailwe, le bana ba gagwe ba ba lesome ba ne ba tlhokafetse. (Jobe 1:13-19) A Jobe o ne a tlogela go ikanyega fa Satane a mo tlhasela? Pego e e tlhotlheleditsweng e tlhalosa kafa Jobe a ileng a arabela ka teng fa a welwa ke matlhotlhapelo ano: “Jehofa ka boene o neile, mme Jehofa ka boene o tsere. A leina la ga Jehofa le nne le bakwe.”—Jobe 1:21.

6. (a) Go ne ga diragala eng fa baengele ba ne ba phuthegile gape kwa legodimong? (b) Satane o ne a akantse ka bomang fa a ne a tsosa dipelaelo ka bothokgami jwa ga Jobe mo go Jehofa?

6 Moragonyana baengele ba ne ba phuthega gape kwa legodimong. Le fano gape Satane o ne a latofatsa Jobe, a re: “Letlalo mo boemong jwa letlalo, mme sengwe le sengwe se monna a nang le sone o tla se ntsha mo boemong jwa moya wa gagwe. Go na le moo ntsha seatla sa gago, tsweetswee, mme o mo ame go fitlha kwa lerapong la gagwe le nama ya gagwe mme o bone gore a ga a na go go tlhapatsa fa pele ga gago.” Ela tlhoko gore Satane o ne a akaretsa le ba bangwe mo ditatofatsong tsa gagwe. Fa Diabolo a re, “Sengwe le sengwe se motho a nang le sone o tla se ntsha mo boemong jwa moya wa gagwe,” o ne a tsosa dipelaelo ka bothokgami jwa ga Jobe mmogo le jwa motho ope fela yo o obamelang Jehofa. Morago ga moo, Modimo o ne a letla Satane gore a iteye Jobe ka bolwetse jo bo botlhoko. (Jobe 2:1-8, bapisa le Baebele e e Boitshepo) Mme diteko tsa ga Jobe di ne di sa felele foo.

Go Sekaseka Boemo Jwa ga Jobe

7. Baeng ba ga Jobe le mosadi wa gagwe ba ne ba leka go gatelela Jobe jang?

7 Kwa tshimologong, mosadi wa ga Jobe o ne a boga fela jaaka monna wa gagwe. Go swelwa ke bana le go latlhegelwa ke khumo go tshwanetse ga bo go ile ga mo utlwisa botlhoko fela thata. O tshwanetse a bo a ile a utlwisiwa botlhoko ke go bona monna wa gagwe a tshwerwe ke bolwetse jo bo botlhoko. O ne a lela mme a raya Jobe a re: “A o sa ntse o ngangatletse bothokgami jwa gago? Tlhapatsa Modimo mme o swe!” Go tswa foo go ne ga tla banna ba le bararo—Elifase, Biledade le Sofare—ba go neng go lebega ba tlile go gomotsa Jobe. Mo boemong jwa moo, ba ne ba dirisa dipuo tsa tsietso mme ga bonala gore ke “bagomotsi ba ba letshwenyo.” Ka sekai, Biledade o ne a bua mafoko a a kayang gore bana ba ga Jobe ba ne ba dirile dilo tse di sa siamang e bile ba tshwanelwa ke se se ba diragaletseng. Elifase o ne a naya kgopolo ya gore Jobe o ne a boga ka gonne a otlhaelwa maleo a gagwe a nako e e fetileng. O ne a ba a tsosa dipelaelo tsa gore a ruri Modimo o tsaya batho ba ba nnang ba bolokile bothokgami ba le botlhokwa! (Jobe 2:9, 11; 4:8; 8:4; 16:2; 22:2, 3) Jobe o ne a tswelela pele a bolokile bothokgami le fa a ne a gatelelwa thata jalo. Ke boammaaruri gore o ne a dira phoso ka go simolola go “bolela fa moya wa gagwe o siame go na le Modimo.” (Jobe 32:2) Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela pele a ikanyega.

8. Elihu o ne a tlhoma sekao sefe se se molemo se se ka latelwang ke batho ba ba nayang ba bangwe kgakololo gompieno?

8 Go tswa foo, re bala ka ga Elihu, yo le ene a neng a etetse Jobe. Sa ntlha Elihu o ne a reetsa se se neng se buiwa ke Jobe le ditsala tsa gagwe tse tharo. Le fa Elihu a ne a le mmotlana mo banneng bao ba banè, o ne a le botlhale go ba feta. O ne a buisa Jobe ka tlotlo. Elihu o ne a akgolela Jobe tshiamo ya gagwe. Mme gape o ne a bolela gore Jobe o ne a tsere matsapa a magolo a leka go itshupa gore ga a na molato. Go tswa foo Elihu o ne a tlhomamisetsa Jobe gore go direla Modimo ka boikanyegi go solegela molemo ka dinako tsotlhe. (Bala Jobe 36:1, 11.) A bo e le sekao se se molemo jang mo bathong ba ba tshwanelwang ke go naya ba bangwe kgakololo gompieno! Elihu o ne a bontsha bopelotelele, a reetsa ka kelotlhoko, a akgola fa go kgonega a bo a naya kgakololo e e kgothatsang.—Jobe 32:6; 33:32.

9. Jehofa o ne a thusa Jobe jang?

9 La bofelo Jobe o ne a nna le moeng wa botlhokwatlhokwa! Pego ya re: “Jehofa a araba Jobe go tswa mo sefefong.” O ne a dirisa motseletsele wa dipotso go thusa Jobe ka bopelontle mme a sa potapote gore a baakanye tsela e a akanyang ka yone. Jobe o ne a amogela kgalemo ka diatla tsoopedi mme a re: “Ke fetogile yo o seng wa sepe. . . . Ke a ikwatlhaya mo loroleng le mo moloreng.” Fa Jehofa a sena go bua le Jobe, O ne a galefela ditsala tsa ga Jobe tse tharo, ka gonne di ne di sa bua “se se boammaaruri.” Jobe o ne a tshwanetse go ba rapelela. Go tswa foo “Jehofa a golola Jobe mo boemong jwa botshwarwa jo a neng a le mo go jone ka nako ya fa a rapelela balekane ba gagwe, Jehofa a simolola go naya Jobe dilo tsotlhe mo godimo ga tse a neng a na le tsone, di menagane sebedi.”—Jobe 38:1; 40:4; 42:6-10.

Re Rata Jehofa go le Kana Kang?

10. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a se ka a tlhokomologa Satane le fa e le go mmolaya?

10 Jehofa ke Mmopi wa lobopo, Molaodimogolo wa popo yotlhe. Ke ka ntlha yang fa a ne a sa tlhokomologe tatofatso ya ga Diabolo? Modimo o ne a itse gore kgang e e tsogileng e ne e ka se rarabololwe ke go tlhokomologa Satane le fa e le go mmolaya. Diabolo o ne a latofaditse Jobe, motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa, a re o ne a ka se tswelele pele a ikanyega fa a ne a ka tseelwa khumo. Jobe o ne a tswelela a ikanyega le fa a lekwa jalo. Go tswa foo Satane o ne a bolela gore mongwe le mongwe fela o ne a ka latlha Modimo fa a ka utlwisiwa botlhoko mo mmeleng. Jobe o ne a boga, mme a tswelela pele a bolokile bothokgami. Ka jalo, go ne ga bonala gore Satane ke moaki mo kgannyeng ya monna yoo yo o neng a ikanyega le fa a sa itekanela. Go tweng ka baobamedi ba bangwe ba Modimo?

11. Jesu o ne a araba ditatofatso tsa ga Satane jang ka botlalo?

11 Tota motlhanka mongwe le mongwe wa Modimo yo o bolokang bothokgami go sa kgathalesege gore Satane o mo leretse eng, o bontsha gore mo kgannyeng ya gagwe, ditatofatso tsa mmaba yono yo o sa ikwatlhayeng ke maaka. Jesu o ne a tla mo lefatsheng mme a araba ditatofatso tsa ga Satane ka botlalo. Jesu e ne e le motho yo o itekanetseng, fela jaaka rraarona wa ntlha, Adame. Go ikanyega ga ga Jesu go fitlha losong go ne ga bontsha ka tsela e e feletseng gore Satane ke moaki le gore ditatofatso tsa gagwe ke maaka.—Tshen. 12:10.

12. Motlhanka mongwe le mongwe wa ga Jehofa o bulegetswe ke sebaka sefe e bile o na le boikarabelo bofe?

12 Le fa go ntse jalo, Satane ga a kgaotse go leka baobamedi ba ga Jehofa. Mongwe le mongwe wa rona o bulegetswe ke sebaka e bile o na le boikarabelo jwa go bontsha ka boikanyegi jwa gagwe gore o direla Jehofa ka gonne a mo rata—e seng ka ntlha ya boithati. Re leba boikarabelo joo jang? Re tsaya go ikanyega mo go Jehofa e le tshiamelo. Gape go a re gomotsa go itse gore Jehofa o re naya maatla a go itshoka, mme jaaka go diragetse ka Jobe, o dira gore re se ka ra lekwa go feta se re ka se itshokelang.—1 Bakor. 10:13.

Satane—Moganetsi yo o Lenyatso le Motlhanogi

13. Buka ya ga Jobe e re naya tshedimosetso efe ka ga Satane?

13 Dikwalo Tsa Sehebera di re naya tshedimosetso ka selo se se swabisang se Satane a se dirileng go latofatsa Jehofa le go timetsa batho. Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, go na le tshedimosetso e nngwe gape malebana le tsela e Satane a ganetsang Jehofa ka yone mme buka ya Tshenolo e re bolelela ka go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa le go senngwa ga ga Satane a senyediwa ruri. Buka ya ga Jobe e re tlhalosetsa dilo tse dingwe malebana le botsuolodi jwa ga Satane. Fa Satane a ne a le mo phuthegong kwa legodimong, o ne a sa tlela go baka Jehofa. Diabolo o ne a le peloetlhoi e bile a na le maitlhomo a a sa siamang. Fa Satane a sena go latofatsa Jobe a bo a newa tetla ya go mo leka, o ne “a tswa fa pele ga sefatlhego sa ga Jehofa.”—Jobe 1:12; 2:7.

14. Satane o ne a bontsha gore o ikutlwa jang ka Jobe?

14 Ka jalo buka ya ga Jobe e bontsha gore Satane ke mmaba yo o setlhogo wa batho. Morago ga phuthego ya kwa legodimong e e umakwang mo go Jobe 1:6 go fitlha mo go e e umakwang mo go Jobe 2:1, go ne ga feta lobaka lo lo sa tlhalosiwang lwa nako, lo Jobe a neng a lekwa setlhogo ka lone. Go ikanyega ga ga Jobe go ne ga dira gore Jehofa a kgone go raya Satane a re: “Le e leng gone jaanong [Jobe] o ngangatletse bothokgami jwa gagwe, le fa gone o ntlhotlheletsa gore ke mo senye kwantle ga lebaka.” Mme Satane ga a ka a dumela gore ditatofatso tsa gagwe e ne e le tsa maaka. Mo boemong jwa moo, o ne a re Jobe a lekwe ka tsela e nngwe gape e e botlhoko. Ka jalo, Diabolo o ne a leka Jobe fa a ne a humile le fa a ne a humanegile. Go bonala sentle gore Satane ga a na kutlwelobotlhoko epe mo bathong ba ba tlhokang kgotsa mo bathong ba ba wetsweng ke masetlapelo. O tlhoile batho ba ba bolokang bothokgami. (Jobe 2:3-5) Le fa go ntse jalo, go ikanyega ga ga Jobe go ne ga bontsha gore Satane ke moaki.

15. Batlhanogi ba motlha wa gompieno ba tshwana ka eng le Satane?

15 Satane ke ene sebopiwa sa ntlha se se ileng sa tlhanogela Modimo. Batlhanogi ba motlha wa gompieno ba na le mekgwa e e tshwanang le ya ga Diabolo. Megopolo ya bone e ka tswa e kgotletswe ke go rata go tshwayatshwaya batho ba ba mo phuthegong diphoso mmogo le bagolwane ba Bakeresete, kgotsa Setlhopha se se Laolang. Batlhanogi bangwe ga ba dumalane le kgang ya go dirisiwa ga leina la Modimo, Jehofa. Ga ba kgatlhegele go ithuta ka Jehofa kgotsa go mo direla. Fela jaaka rraabone, Satane, batlhanogi ba tlhasela batho ba ba bolokang bothokgami. (Joh. 8:44) Ke sone se batlhanka ba ga Jehofa ba sa dirisaneng gotlhelele le bone!—2 Joh. 10, 11.

Jobe O ne A Baka Leina la ga Jehofa

16. Jobe o ne a bontsha gore o ikutlwa jang ka Jehofa?

16 Jobe o ne a dirisa leina la ga Jehofa e bile a le baka. Le fa Jobe a ne a utlwa botlhoko thata fa a utlwa ka dintsho tsa bana ba gagwe, ga a ka a kaya fa Modimo a dirile sepe se se sa tshwanelang. Le fa Jobe a ne a dira phoso ya go bolela fa Modimo e le ene a mo amogileng se a neng a na le sone, o ne a tseela leina la ga Jehofa kwa godimo. Moragonyana o ne a bolela jaana mo go nngwe ya dipolelo tsa gagwe tsa seane: “Bona! Go boifa Jehofa—ke jone botlhale, mme go fapoga bosula ke tlhaloganyo.”—Jobe 28:28.

17. Ke eng se se neng sa thusa Jobe gore a nne a bolokile bothokgami?

17 Ke eng se se neng sa thusa Jobe gore a nne a bolokile bothokgami? Go bonala sentle gore pele a welwa ke masetlapelo, o ne a setse a na le kamano e e gaufi le Jehofa. Le fa re se na bosupi bope jwa gore Jobe o ne a itse gore Satane o ne a latofaditse Jehofa, Jobe o ne a ikemiseditse go tswelela pele a ikanyega. O ne a re: “Nka se tlose bothokgami jwa me mo go nna go fitlha ke swa!” (Jobe 27:5) Jobe o ne a dira jang gore a nne le kamano e e gaufi jaana le Jehofa? Kwantle ga pelaelo, o ne a rata se a neng a se utlwile malebana le tsela e Modimo a neng a dirisana ka yone le Aborahame, Isake le Jakobe, ba e neng e le masika a gagwe a a kgakala. Mme fa Jobe a ntse a etse popo tlhoko, o ne a kgona go lemoga dinonofo tse dintsi tsa ga Jehofa.—Bala Jobe 12:7-9, 13, 16.

18. (a) Jobe o ne a bontsha jang gore o ineetse mo go Jehofa? (b) Re latela sekao se se molemo sa ga Jobe ka ditsela dife?

18 Se Jobe a neng a se utlwa se ne sa dira gore a nne le keletso ya go batla go itumedisa Jehofa. O ne a isetsa Modimo ditlhabelo ka metlha ka gonne a boifa gore ba lelapa la gagwe ba ka tswa ba dirile sengwe se se sa itumediseng Modimo kgotsa ba ‘tlhapaditse Modimo mo pelong ya bone.’ (Jobe 1:5) Le fa Jobe a ne a lekwa mo go botlhoko, o ne a nna a bua dilo tse di siameng ka ga Jehofa. (Jobe 10:12) A sekao se se molemo jang ne! Le rona re tshwanetse gore ka metlha re oketse kitso e e tlhomameng e re nang le yone ka ga Jehofa le maikaelelo a gagwe. Re nna le thulaganyo e e molemo ya go dira dilo tsa semoya tse di jaaka go ithuta, go ya dipokanong, go rapela le go rera dikgang tse di molemo. Mo godimo ga moo, re dira sotlhe se re ka se kgonang go itsise leina la ga Jehofa. Mme fela jaaka bothokgami jwa ga Jobe bo ne bo itumedisa Jehofa, bothokgami jwa batlhanka ba Modimo gompieno le jone bo ipedisa pelo ya ga Jehofa. Go tla tlotlwa ka kgang eno mo setlhogong se se latelang.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng se se neng se dira gore Satane Diabolo a batle go tlhasela Jobe?

• Jobe o ne a itshokela diteko dife, mme o ne a itshwara jang?

• Ke eng se se tla re thusang gore re nne re bolokile bothokgami jaaka Jobe a ile a dira?

• Re ithuta eng ka ga Satane mo bukeng ya ga Jobe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Pego ya ga Jobe e re lemotsha kgangkgolo ya bolaodi jwa Modimo jwa lobopo lotlhe

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Bothokgami jwa gago bo ka nna jwa lekwa mo maemong afe?