Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Bua ‘Puo e e Itshekileng’ ka Thelelo?

A o Bua ‘Puo e e Itshekileng’ ka Thelelo?

 A o Bua ‘Puo e e Itshekileng’ ka Thelelo?

“Ke tla fetolela ditšhaba mo puong e e itshekileng, gore botlhe ba bitse leina la ga Jehofa.”—SEFA. 3:9.

1. Jehofa o re neile mpho efe e e molemolemo?

MPHO ya go bua ga e tswe mo bathong, mme go na le moo, e tswa mo Mmoping wa batho, Jehofa Modimo. (Ekes. 4:11, 12) O ne a naya motho wa ntlha, Adame, bokgoni jwa go bua mmogo le jwa gore a bope mafoko a masha mme ka jalo a oketse mafoko a a ka a dirisang. (Gen. 2:19, 20, 23) A bo eno e le mpho e e molemolemo jang! E bile e dirile gore batho ba kgone go buisana le Rraabone yo o kwa legodimong le go baka leina la gagwe le le galalelang.

2. Ke eng fa batho ba sa tlhole ba bua puo e le nngwe fela e e tshwanang?

2 Mo makgolong a ntlha a dingwaga a le 17 batho ba sena go bopiwa, batho botlhe ba ne ba bua puo e e tshwanang, e e nang le “mafoko a le mangwe fela.” (Gen. 11:1) Go tswa foo go ne ga latela botsuolodi jwa motlha wa ga Nimerode. Batho ba ba seng kutlo ba ne ba tlhokomologa ditaelo tsa ga Jehofa mme ba phuthegela kwa lefelong le moragonyana le neng la bidiwa Babele, ka gonne ba ne ba ikemiseditse go nna mo lefelong le le lengwe. Ba ne ba simolola go aga tora e e boitshegang, e se ka gonne ba batla go naya Jehofa kgalalelo, mme e le ka gonne ba ne ba batla go ‘itirela leina le le tumileng.’ Ka jalo Jehofa o ne a tlhakatlhakanya puo e ditsuolodi tseo di neng di e bua mme a dira gore ba bue dipuo tse di farologaneng. Seo se ne sa felela ka gore ba gasame mo lefatsheng lotlhe.—Bala Genesise 11:4-8.

3. Go ne ga direga eng fa Jehofa a ne a tlhakatlhakanya puo ya ditsuolodi kwa Babele?

3 Gompieno mo lefatsheng go buiwa dipuo di  le diketekete—bangwe ba re di feta 6 800 ka palo. Nngwe le nngwe ya dipuo tseno e tlhoka gore motho a akanye ka tsela e e farologaneng le ya batho ba ba buang dipuo tse dingwe. Ka jalo, go bonala gore fa Jehofa Modimo a ne a tlhakatlhakanya puo ya ditsuolodi tseo, o ile a dira gore di lebale puo e di neng di e bua gotlhelele. Ga a ka a tsenya mafoko a masha fela mo ditlhaloganyong tsa bone mme gape o ile a fetola tsela e ba akanyang ka yone mme a dira gore ba ithute melao e mesha ya puo. Ga go gakgamatse go bo lefelo le tora eo e neng e le mo go lone le ile la bidiwa Babele, e e rayang tlhakatlhakano! (Gen. 11:9) Go a kgatlha go lemoga gore Baebele ke yone fela e tlhalosang sentle gore dipuo tse dintsi tse di leng teng gompieno di simologile kae.

Puo e Ntšha, e e Itshekileng

4. Ke eng se Jehofa a neng a bolelela pele gore se tla direga mo motlheng wa rona?

4 Le fa pego ya Baebele e e malebana le kgato e Modimo a ileng a e tsaya kwa Babele e ka tswa e kgatlha jang, go diragetse sengwe se se kgatlhang thata le se se botlhokwa mo motlheng wa rona. Jehofa o ne a bolelela pele jaana a dirisa moporofeti wa gagwe Sefania: “Ka nako eo ke tla fetolela ditšhaba mo puong e e itshekileng, gore botlhe ba bitse leina la ga Jehofa, e le gore ba mo direle ba le seoposengwe.” (Sefa. 3:9) ‘Puo eo e e itshekileng’ ke eng, mme re ka ithuta jang go e bua ka thelelo?

5. Puo e e itshekileng ke eng, mme go buiwa ga yone go nnile le matswela afe?

5 Puo e e itshekileng ke boammaaruri jo bo kaga Jehofa Modimo le maikaelelo a gagwe jo bo fitlhelwang mo Lefokong la gagwe, Baebele. “Puo” eo e akaretsa go tlhaloganya boammaaruri ka Bogosi jwa Modimo sentle le kafa bo tla itshepisang leina la ga Jehofa ka teng, kafa bo tla tlotlomatsang bolaodi jwa gagwe ka teng le go tlisetsa batho ba ba ikanyegang masego a a nnelang ruri. Go ithuta puo eno e ntšha go na le matswela afe? Re bolelelwa gore batho ba tla ‘bitsa leina la ga Jehofa’ mme ba tla ‘mo direla ba le seoposengwe.’ Go farologana le ditiragalo tsa kwa Babele, go buiwa ga puo e e itshekileng go feletse ka gore leina la ga Jehofa le bakwe mme batho ba gagwe ba nne seoposengwe.

Go Ithuta Puo e e Itshekileng

6, 7. (a) Go ithuta puo e ntšha go akaretsa eng, mme seo se amana jang le go ithuta puo e e itshekileng? (b) Jaanong re tlile go sekaseka eng?

6 Fa motho a batla go ithuta puo e nngwe, go tshwara mafoko a teng ka tlhogo fela ga go a lekana. Go ithuta puo e ntšha go akaretsa go ithuta tsela e ntšha ya go akanya. Tsela ya go akanya le metlae ya puo e nngwe di ka tswa di farologane le tsa puo ya gago. O ka nna wa tshwanelwa ke go dirisa dirwe tsa puo ka tsela e sele, tse di jaaka loleme, gore o kgone go bitsa mafoko a masha. Go ntse fela jalo fa o simolola go ithuta puo e e itshekileng ya boammaaruri jwa Baebele. Go ithuta melaometheo e le mmalwa fela ya Baebele ga go a lekana. Go ithuta puo eno e ntšha sentle go akaretsa go fetola tsela e re akanyang ka yone le go fetola megopolo ya rona.—Bala Baroma 12:2; Baefeso 4:23.

7 Ke eng se se tla re thusang gore re se ka ra tlhaloganya puo e e itshekileng fela mme gape re kgone go e bua ka thelelo? Fela jaaka go ntse fa re ithuta puo epe fela, go na le dilo dingwe tse di ka re thusang gore re kgone go bua puo ya boammaaruri jwa Baebele ka thelelo. A re sekasekeng dilo dingwe tsa motheo tse batho ba di dirang fa ba ithuta puo e nngwe mme re bone kafa go tsaya dikgato tseo go ka re thusang ka teng go ithuta puo eno e ntšha ya tshwantshetso.

Go Bua Puo e e Itshekileng ka Thelelo

8, 9. Re tshwanetse go dira eng fa re batla go ithuta puo e e itshekileng, mme ke eng fa go dira jalo go le botlhokwa jaana?

8 Reetsa ka kelotlhoko. Kwa tshimologong, puo e ntšha e ka utlwala e le thata mo mothong yo o iseng a tsamaye a e utlwe. (Isa. 33:19) Mme fa motho a ntse a ithuta go tlhoma mogopolo mo go se a se utlwang, o tla simolola go tlhaloganya mafoko mangwe le go lemoga gore puo eo e buiwa jang. Ka tsela e e tshwanang re gakololwa jaana, ‘Go tlhokega gore re ele tlhoko thata dilo tse re di utlwileng go feta kafa go tlwaelegileng ka teng, gore le ka motlha re se ka ra katogela go sele ka bonya.’ (Baheb. 2:1) Jesu o ne a gakolola balatedi ba gagwe jaana gangwe le gape: “A yo o nang le ditsebe a reetse.” (Math. 11:15; 13:43; Mar. 4:23; Luke 14:35) Ee, re tshwanetse  go ‘reetsa le go tlhaloganya’ se re se utlwang gore re kgone go tokafatsa tsela e re tlhaloganyang puo e e itshekileng ka yone.—Math. 15:10; Mar. 7:14.

9 Go reetsa go tlhoka gore motho a tlhome mogopolo, mme go dira jalo go solegela molemo tota. (Luke 8:18) Fa re le kwa dipokanong tsa Bokeresete, a re tlhoma mogopolo mo go se se buiwang kana re iteega tsebe? Go botlhokwa thata gore re leke ka natla go tlhoma mogopolo mo go se se buiwang. Fa re sa dire jalo, re ka kabala ditsebe mo go utlweng ga rona.—Baheb. 5:11.

10, 11. (a) Kwantle ga go reetsa ka kelotlhoko, re tshwanetse go dira eng? (b) Ke eng gape se se tlhokegang gore re kgone go bua puo e e itshekileng?

10 Etsa batho ba ba buang ka thelelo. Batho ba ba ithutang puo e ntšha ba kgothalediwa gore ba se ka ba reetsa ka kelotlhoko fela mme gape ba leke go etsa tsela e batho ba ba itseng puo sentle ba buang ka yone le e ba bitsang mafoko ka yone. Seno se thusa baithuti go tila go bua ka tsela e e sa utlwaleng sentle mo moragonyana go ka dirang gore ba bangwe ba se ka ba ba tlhaloganya fa ba bua. Ka tsela e e tshwanang, re tshwanetse go ithuta mo bathong ba ba nang le “botswerere jwa go ruta” puo e ntšha. (2 Tim. 4:2) Kopa thuso. Iketleeletse go amogela kgakololo fa o dira diphoso.—Bala Bahebera 12:5, 6, 11.

11 Gore re kgone go bua puo e e itshekileng go tlhokega gore re bo re dumela boammaaruri e bile re bo ruta ba bangwe, mme gape re tshwanetse go tshela ka tsela e e tsamaisanang le melao le melaometheo ya Modimo. Se se ka re thusang go dira seo ke go etsa ba bangwe. Seno se akaretsa go etsa tumelo le tlhoafalo ya bone. Gape go akaretsa go etsa tsela yotlhe ya botshelo jwa ga Jesu. (1 Bakor. 11:1; Baheb. 12:2; 13:7) Fa re tswelela re dira jalo, seo se tla felela ka gore batho ba Modimo ba nne seoposengwe, mme ka tsela ya tshwantshetso ba bue ka tsela e e tshwanang.—1 Bakor. 4:16, 17.

12. Go tshwara dilo ka tlhogo go thusa ka eng fa motho a ithuta puo e ntšha?

12 Tshwara ka tlhogo. Batho ba ba ithutang puo ba tshwanetse go tshwara dilo tse dintsi tse disha ka tlhogo, tse di akaretsang mafoko a masha le dipolelwana tse disha. Go tshwara dilo ka tlhogo go ka thusa Bakeresete thata gore ba itse puo e e itshekileng sentle. Ruri go tla bo go le molemo gore re tshware maina a dibuka tsa Baebele ka tlhogo, ka go latelana ga tsone. Bangwe ba ipeetse mokgele wa go tshwara mafoko a ditemana dingwe ka tlhogo kgotsa gore di fa kae mo Baebeleng. Ba bangwe ba bone go le molemo go tshwara dipina tsa Bogosi ka tlhogo, maina a ditso tsa Iseraele le a baaposetoloi ba ba 12, mmogo le dinonofo tsa leungo la moya. Mo metlheng ya bogologolo, Baiseraele ba le bantsi ba ne ba tshwara dipesalema ka tlhogo. Mo metlheng ya gompieno, mosimanyana mongwe o ne a tshwara mafoko a ditemana di feta 80 tsa Baebele ka tlhogo fa a ne a na le dingwaga di le thataro fela. A re ka dirisa bokgoni jono jwa botlhokwa ka tsela e e molemo?

13. Ke eng fa go boaboeletsa dilo go le botlhokwa jaana?

13 Go boaboeletsa dilo go thusa motho go gakologelwa,  mme dikgakololo tse di boaboelediwang ke karolo ya botlhokwa ya thuto ya rona ya Bokeresete. Moaposetoloi Petere o ne a re: “Ke tla go dira mokgwa go lo gakolola ka metlha ka dilo tseno, le mororo lo di itse lo bile lo tlhomame mo boammaaruring jo bo leng mo go lona.” (2 Pet. 1:12) Ke eng fa re tlhoka go nna re newa dikgakololo? Ke ka gonne di re thusa gore re tlhaloganye dilo sentle, re atolose tsela e re di tlhaloganyang ka yone, mme re nonotshe boikemisetso jwa rona jwa go tswelela re ikobela Modimo. (Pes. 119:129) Go nna re sekaseka melao le melaometheo ya Modimo go re thusa gore re itlhatlhobe e bile go re thusa go lwantsha tshekamelo ya go nna “moutlwi yo o lebalang.” (Jak. 1:22-25) Fa re sa nne re ikgopotsa boammaaruri ka metlha, dipelo tsa rona di tla tlhotlhelediwa ke dilo tse dingwe mme re ka nna ra se ka ra tlhola re bua puo e e itshekileng ka thelelo.

14. Ke eng se se tla re thusang fa re ithuta puo e e itshekileng?

14 Balela kwa godimo. (Tshen. 1:3) Batho bangwe ba ba ithutang puo e ntšha ba leka go e ithuta ka tidimalo ba le bosi fela. Seno ga se thuse go le kalo. Fa re ithuta puo e e itshekileng, ka dinako tse dingwe re ka nna ra tshwanelwa ke go balela “kwa tlase” gore re kgone go tlhoma mogopolo. (Bala Pesalema 1:1, 2.) Fa re dira seno, se re se balang se tla nwelelela mo megopolong ya rona. Ka Sehebera, mafoko a a reng “go balela kwa tlase” a amana thata le go tlhatlhanya. Fela jaaka mebele ya rona e tshwanetse go sila dijo tse re di jang gore di re solegele molemo, re tshwanetse go tlhatlhanya gore re tlhaloganye se re se balang. A re ipha nako e e lekaneng ya go tlhatlhanya ka se re se ithutang? Fa re sena go bala Baebele, re tshwanetse go akanyetsa kwa teng ka se re se badileng.

15. Re ka ithuta jang melao ya puo e e itshekileng?

15 Ithute melao ya puo. Go botlhokwa gore fa re ntse re tsweletse re ithuta puo, re ithute tsela e mafoko a kopanngwang ka yone, mmogo le melao ya puo e ntšha e re e ithutang. Seno se dira gore re tlhaloganye gore puo eo e bopegile jang, mme se re thusa go e bua sentle. Fela jaaka puo e na le tsela e mafoko a yone a bewang ka yone, puo e e itshekileng ya boammaaruri jwa Dikwalo e na le “sekao sa mafoko a a itekanetseng.” (2 Tim. 1:13) Re tshwanetse go etsa “sekao” seo.

16. Re tshwanetse go fenya mokgwa ofe, mme re ka dira seo jang?

16 Nna o gatele pele. Motho a ka ithuta puo mo  go lekaneng gore a kgone go tlotla le ba bangwe mme go tswa foo a bo a sa tlhole a gatela pele. Batho ba ba buang puo e e itshekileng le bone ba ka nna ba dira jalo. (Bala Bahebera 5:11-14.) Ke eng se se ka re thusang go fenya mokgwa ono? Ikemisetse go tswelela o leka ka natla go ithuta puo eno. “Jaanong e re ka re tlogetse thuto ya motheo ya ntlhantlha ka ga Keresete, a re gagamaleleng kwa go goleng sentle, re sa theye motheo gape, e leng, go ikwatlhaela ditiro tse di suleng, le tumelo mo Modimong, thuto ka dikolobetso le go bewa ga diatla, tsogo ya baswi le katlholo ya bosakhutleng.”—Baheb. 6:1, 2.

17. Ke eng fa go ithuta ka metlha go le botlhokwa? Tshwantsha.

17 Ipeele nako e e tlhomameng ya go ithuta. Go ipeela nako e khutshwane ya go ithuta mme o dira jalo ka metlha go botoka go na le go ipeela nako e telele ya go ithuta mme o go dira sewelo. Ithute ka nako e o leng tlhaga le e o ka se kang wa iteega tsebe motlhofo ka yone. Go ithuta puo e ntšha go tshwana le go bula tsela mo sekgweng. Fa batho ba ntse ba tsamaya ka tsela eo, go nna motlhofo go tsamaya mo go yone. Mme fa go feta lobaka lo loleele tsela eo e sa dirisiwe, sekgwa se a e tswala. Ka jalo go botlhokwa go ithuta o sa kgaotse e bile o ithuta ka metlha! (Dan. 6:16, 20) ‘Nna o tsogile ka metlha yotlhe’ e bile o rapela fa o ithuta go bua puo e e itshekileng ya boammaaruri jwa Baebele.—Baef. 6:18.

18. Ke eng fa re tshwanetse go bua puo e e itshekileng nako le nako fa re bulegelwa ke sebaka?

18 E bue ka metlha. Bangwe ba ba ithutang puo e ntšha ba ka nna ba okaoka go e bua ka gonne ba le ditlhong kana ba tshaba go dira diphoso. Seno se tla ba thibela go tokafatsa tsela e ba buang puo eo ka yone. Mo kgannyeng ya go ithuta puo, motho o tshwanetse go ikatisa ka metlha gore a kgone go e bua ka thelelo. Fa motho yo o ithutang puo e ntšha a e bua ka metlha, fa nako e ntse e tsamaya o tla e bua a gololesegile. Le rona re tshwanetse go bua puo e e itshekileng nako le nako fa re bulegelwa ke sebaka. “Motho o supa tumelo ka pelo go bona tshiamo, mme o dira polelo phatlalatsa ka molomo go bona poloko.” (Bar. 10:10) Ga re dire “polelo phatlalatsa” fela ka nako ya fa re kolobediwa, mme gape re e dira fa re bua ka ga Jehofa nako le nako fa re bulegelwa ke sebaka, go akaretsa fa re le mo tirelong ya tshimo. (Math. 28:19, 20; Baheb. 13:15) Dipokano tsa rona tsa Bokeresete di re naya sebaka sa go akgela ka bokhutshwane, ka tsela e e utlwalang sentle re dirisa puo e e itshekileng.—Bala Bahebera 10:23-25.

Dirisang Puo e e Itshekileng go Baka Jehofa lo le Seoposengwe

19, 20. (a) Basupi ba ga Jehofa ba dira eng se se gakgamatsang mo motlheng wa rona? (b) O ititeile sehuba go dira eng?

19 Go tshwanetse ga bo go ne go ka itumedisa tota go nna kwa Jerusalema ka Sontaga mo mosong, ka letsatsi la bo6 la kgwedi ya Sivan, ka ngwaga wa 33 C.E.! Mo mosong wa letsatsi leo, pele fela ga ura ya borobongwe, ka kgakgamatso batho ba ba neng ba phuthegile kwa phaposing e e kwa godimo ba ne ba “simolola go bua ka diteme tse di farologaneng.” (Dit. 2:4) Gompieno, batlhanka ba Modimo ga ba tlhole ba na le mpho ya go bua ka diteme. (1 Bakor. 13:8) Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka dipuo di feta 430.

20 A bo re itumela jang ne gore le fa puo ya rona e ka tswa e le efe, rotlhe re seoposengwe fa re bua puo e e itshekileng ya boammaaruri jwa Baebele! Ka tsela nngwe, seno se fetola se se diragetseng kwa Babele. Batho ba ga Jehofa ba baka leina la gagwe jaaka e kete ba bua puo e le nngwe fela. (1 Bakor. 1:10) E kete re ka ititaya sehuba go tswelela re direla re “le seoposengwe” le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo lefatsheng lotlhe fa re ntse re ithuta go bua puo eo ka thelelo, re galaletsa Rraarona yo o kwa legodimong, Jehofa.—Bala Pesalema 150:1-6.

O ka Araba Jang?

• Puo e e itshekileng ke eng?

• Go bua puo e e itshekileng go akaretsa eng?

• Ke eng se se tla re thusang go bua puo e e itshekileng ka thelelo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 23]

Tokafatsa Tsela e o Buang Puo e e Itshekileng ka Thelelo ka Yone ka

go reetsa ka kelotlhoko.

Luke 8:18; Baheb. 2:1

go etsa batho ba ba e buang ka thelelo.

1 Bakor. 11:1; Baheb. 13:7

◆ go tshwara dilo ka tlhogo le go di boaboeletsa.

Jak. 1:22-25; 2 Pet. 1:12

go balela kwa godimo.

Pes. 1:1, 2; Tshen. 1:3

go ithuta melao ya puo.

2 Tim. 1:13

go nna o gatela pele.

Baheb. 5:11-14; 6:1, 2

go baya nako e e tlhomameng ya go ithuta.

Dan. 6:16, 20; Eph. 6:18

go e bua.

Bar. 10:10; Baheb. 10:23-25

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Batho ba ga Jehofa ba bua puo e e itshekileng ba le seoposengwe