Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ineele, O Nne Tekatekano

Ineele, O Nne Tekatekano

Ineele, O Nne Tekatekano

“Tswelela o ba gakolola gore ba nne . . . tekatekano.”—TITO 3:1, 2.

1, 2. Dikwalo tsa reng ka go nna tekatekano, mme ke eng fa se di se buang se tshwanela?

JEHOFA, Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong, o botlhale ka tsela e e se nang selekanyo. Jaaka re le dibopiwa tsa gagwe, re batla gore a re kaele mo matshelong a rona. (Pes. 48:14) Morutwa wa Mokeresete e bong Jakobe o re bolelela gore “botlhale jo bo tswang kwa godimo sa ntlhantlha bo itshekile, go tswa foo bo na le kagiso, bo tekatekano [“bo a ineela,” ntlha e e kwa tlase mo NW], bo iketleeleditse go utlwa, bo tletse kutlwelobotlhoko le maungo a a molemo, ga bo tseye batho ka go ba tlhaola, ga bo itimokanye.”—Jak. 3:17.

2 Moaposetoloi Paulo o kgothatsa jaana: “A go nna tekatekano [“go ineela,” Kingdom Interlinear] ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.” * (Bafil. 4:5) Keresete Jesu ke Morena le Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete. (Baef. 5:23) Go botlhokwa thata gore mongwe le mongwe wa rona a nne tekatekano, a ineele mo kaelong ya ga Keresete a bo a ineele fa a dirisana le batho ba bangwe!

3, 4. (a) Dira sekai sa kafa re solegelwang molemo ka teng fa re ineela. (b) Ke eng se re tlileng go se sekaseka?

3 Re solegelwa molemo fa re tlwaetse go ineela ka tsela e e tekatekano. Ka sekai: Fa go sena go senolwa se go neng go belaelwa gore ke leano la dirukutlhi kwa Boritane, bapalami ba difofane ka kakaretso ba ne ba lebega ba iketleeditse go latela melao e e neng e ba thibela go tshola dilwana tse pele ba neng ba letlelelwa go di tshola mo sefofaneng. Fa re kgweetsa koloi, re bona go tlhokega go naya bakgweetsi ba bangwe sebaka sa gore ba fete, jaaka fa re le mo makopanelong a ditsela, go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o babalesegile le gore dikoloi di tsamaya ka thelelo.

4 Ba le bantsi mo go rona ba fitlhela go se motlhofo go ineela. Go re thusa mo ntlheng eno, a re sekasekeng dilo di le tharo malebana le go ineela, e leng, maitlhomo a rona, tsela e re lebang balaodi ka yone le selekanyo se re tshwanetseng go ineela ka sone.

Ke Eng fa re Tshwanetse go Ineela?

5. Mo Molaong wa ga Moshe ke eng se se neng se ka dira gore motlhanka a tlhophe go tswelela a nna le mong wa gagwe?

5 Sekai sengwe sa metlha ya pele ga Bokeresete se bontsha maitlhomo a a tshwanetseng a go ineela. Mo Molaong wa ga Moshe, Bahebera ba e neng e le batlhanka ba ne ba tshwanetse go gololwa mo ngwageng wa bosupa wa botlhanka jwa bone kana ka ngwaga wa Jubile, go ya ka gore ke efe e e tlileng pele. Mme motlhanka o ne a ka kgona go itlhophela go tswelela a le motlhanka. (Bala Ekesodo 21:5, 6.) Ke eng se se neng se ka tlhotlheletsa motlhanka gore a tlhophe go dira jalo? O ne a tlhotlhelediwa ke lorato go tswelela e le motlhanka wa mong wa gagwe yo o akanyetsang.

6. Lorato lo tsena jang mo kgannyeng ya go ineela?

6 Ka tsela e e tshwanang, lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo re tlhotlheletsa gore re neele matshelo a rona mo go ene mme go tswa foo re tshelele boineelo jwa rona. (Bar. 14:7, 8) Moaposetoloi Johane o ne a re: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.” (1 Joh. 5:3) Lorato lwa mofuta ono ga lo ipatlele melemo ya lone fela. (1 Bakor. 13:4, 5) Fa re dirisana le batho ba bangwe, go rata moagelani go re tlhotlheletsa gore re ineele mme re akanyetse pele dilo tse bone ba di tlhokang. Go na le gore re dire dilo ka tsela ya boithati, re akanyetsa dilo tse ba bangwe ba di tlhokang.—Bafil. 2:2, 3.

7. Go nna tekatekano go ama bodiredi jwa rona jang?

7 Ga re a tshwanela go kgopisa ba bangwe ka se re se dirang kana ka se re se buang. (Baef. 4:29) Eleruri, lorato lo tla re tlhotlheletsa gore re se ka ra dira sepe se se ka thibelang batho ba mefuta le ditso tse di farologaneng go gatela pele gore ba direle Jehofa. Gantsi seno se tlhoka gore re nne tekatekano. Ka sekai, bokgaitsadi ba barongwa ba ba tlwaetseng go itshasa ditlolo tse di ntlafatsang kana go rwala dikausu tsa nnaelone ga ba gagamalele go di dirisa mo mafelong a mo go one batho ba ka nnang ba belaela gore ba na le boitsholo jo bo maswe fa ba di dirisa, mme ka go dira jalo ba bo ba kgopisa ba bangwe.—1 Bakor. 10:31-33.

8. Go rata Modimo go ka re thusa jang go itshwara jaaka ‘ba babotlanyana’?

8 Lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo re thusa go tila boikgogomoso. Fa barutwa ba ga Jesu ba sena go ngangisana ka kgang ya gore ke mang yo mogolo mo go bone botlhe, Jesu o ne a emisa ngwana fa gare ga bone. O ne a re: “Le fa e le mang yo o amogelang ngwana yo mmotlana yono mo motheong wa leina la me o amogela le nna, mme le fa e le mang yo o nkamogelang o amogela le yo o nthometseng. Gonne yo o itshwarang jaaka yo mmotlanyana mo gare ga lona lotlhe ke ene yo mogolo.” (Luke 9:48; Mar. 9:36) Re le batho ka bongwe re ka nna ra fitlhela go le thata tota go itshwara jaaka “yo mmotlanyana.” Bosaitekanelang jo re bo ruileng le tshekamelo ya go ikgogomosa di ka nna tsa dira gore re batle go tlhagelela, mme boikokobetso bo tla re thusa go ineela.—Bar. 12:10.

9. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re kgone go ineela?

9 Gore re kgone go ineela re tshwanetse go ikobela taolo ya batho ba ba tlhomilweng ke Modimo. Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba tsaya tsia molaomotheo wa botlhokwa wa botlhogo. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosetsa Bakorintha kgang eno sentle fa a ne a re: “Ke batla gore lo itse gore tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete; mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna; Keresete le ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.”—1 Bakor. 11:3.

10. Go ineela ga rona mo bolaoding jwa ga Jehofa go bontsha eng?

10 Go ineela mo bolaoding jwa Modimo go bontsha gore re a mo ikanya e bile re a mo tshepa jaaka Rraarona yo o lorato. O itse sengwe le sengwe se se diregang mme a ka re duela ka tsela e e tshwanetseng. Go molemo go nna re gopotse seo fa batho ba bangwe ba sa re tlotle kana ba re galefela. Paulo o ne a re: “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.” Paulo o ne a gatelela kgakololo eo ka taelo eno: “Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa, mme thibogelang tšhakgalo; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Pusoloso ke ya me; ke tla duela, go bua Jehofa.’”—Bar. 12:18, 19.

11. Re ka bontsha jang gore re ineela mo botlhogong jwa ga Keresete?

11 Gape re tshwanetse go ikobela batho ba Modimo a ba tlhomileng go laola mo phuthegong ya Bokeresete. Tshenolo kgaolo 1 e tlhalosa gore Keresete Jesu o tshotse “dinaledi” tsa phuthego ka seatla sa gagwe sa moja. (Tshen. 1:16, 20) Ka kakaretso, “dinaledi” tseno di emela ditlhopha tsa bagolwane, kana balebedi, mo diphuthegong. Balebedi bano ba ba tlhomilweng ba ineela mo boeteledipeleng jwa ga Keresete mme ba etsa tsela e a dirisanang ka yone le ba bangwe ka bopelonomi. Botlhe mo phuthegong ba ineela mo thulaganyong e Jesu a e dirileng ya gore “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” a abe dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng. (Math. 24:45-47) Gompieno, fa re iketleeletsa go ithuta le go dirisa tshedimosetso eno, seo se bontsha gore rona ka borona re ineela mo botlhogong jwa ga Keresete mme se dira gore go nne le kagiso le kutlwano.—Bar. 14:13, 19.

Re Ineela ka Selekanyo se se Kana Kang?

12. Ke eng fa go ineela go na le mo go felelang teng?

12 Le fa go ntse jalo, go ineela ga go reye gore re latlha tumelo ya rona kana melaometheo ya rona ya bomodimo. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba itshwara jang fa baeteledipele ba bodumedi ba ne ba ba laela gore ba tlogele go ruta ka leina la ga Jesu? Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba bua jaana ka bopelokgale: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.” (Dit. 4:18-20; 5:28, 29) Ka jalo, gompieno fa balaodi ba puso ba leka go re pateletsa go tlogela go rera dikgang tse di molemo, ga re tlogele, mme gone re ka nna ra fetola mekgwa e re e dirisang go rera e le gore re dire dilo ka botlhale mo boemong joo. Fa bodiredi jwa ntlo le ntlo bo thibetswe, re ka nna ra batla ditsela tse dingwe tse re ka di dirisang go kopana le beng ba matlo mme re tswelele re ikobela thomo e re e neilweng ke Modimo. Ka tsela e e tshwanang, fa “balaodi ba bagolo” ba re thibela go tshwara dipokano, re kopana ka tsela e e sa lemotshegeng ka ditlhopha tse dinnye.—Bar. 13:1; Baheb. 10:24, 25.

13. Jesu o ne a reng ka go ineela mo balaoding?

13 Jesu mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng o ne a tlhalosa jaana gore go ineela mo balaoding go botlhokwa: “Fa motho a batla go ya kgotlatshekelong le wena a ba a tsaya seaparo sa gago sa kafa teng, mo lese a tseye le sone seaparo sa gago sa kafa ntle; mme fa mongwe yo o nang le taolo a go patelela gore o dire tirelo sekgala sa mmaele, tsamaya le ene dimaele tse pedi.” (Math. 5:40, 41) * Go akanyetsa ba bangwe le go batla go ba thusa le gone go re tlhotlheletsa gore re ba direle dilo tse di fetang tse ba di kopileng.—1 Bakor. 13:5; Tito 3:1, 2.

14. Ke eng fa le ka motlha re sa tshwanela go ineela mo botlhanoging?

14 Le fa go ntse jalo, le ka motlha go rata go ineela ga go a tshwanela go re tlhotlheletsa gore re dumalane le batlhanogi. Re tshwanetse go nna re nitame mo ntlheng eno gore re boloke boammaaruri bo itshekile le go boloka kutlwano ya phuthego. Paulo o ne a kwala jaana malebana le “bakaulengwe ba maaka”: “Re ne ra se ka ra ineela mo go bano ka go ikoba, nnyaa, le fa e le ka ura, gore boammaaruri jwa dikgang tse di molemo bo tle bo tswelele le lona.” (Bagal. 2:4, 5) Fa go nna le botlhanogi, jaaka go a tle go direge ka sewelo, Bakeresete ba ba ineetseng ba tla ngaparela se se siameng.

Balebedi ba Tshwanetse go Ineela

15. Balebedi ba Bakeresete ba ka ineela ka tsela efe fa ba kopane mmogo?

15 Nngwe ya dinonofo tse di tlhokegang mo go ba ba tlhomiwang go direla e le balebedi ke gore ba bo ba iketleeleditse go ineela. Paulo o ne a re: “Jalo, molebedi o tshwanetse go nna . . . tekatekano [“go ineela,” ntlha e e kwa tlase mo NW].” (1 Tim. 3:2, 3) Seno se botlhokwa thata fa banna ba ba tlhomilweng ba kopana go sekaseka dikgang tsa phuthego. Pele ga go dirwa tshwetso, mongwe le mongwe yo o leng teng o gololesegile go ntsha maikutlo a gagwe ka tsela e e utlwalang sentle le fa go sa tlhokege gore mogolwane mongwe le mongwe a akgele. Fa go ntse go tlotlwa, motho a ka nna a fetola tsela e a lebang dilo ka yone fa a utlwa ba bangwe ba umaka melaometheo mengwe ya Dikwalo e e amang kgang eo. Mo boemong jwa go gana go amogela dikakantsho tsa ba bangwe le go gagamalela tsela e ene a lebang dilo ka yone, mogolwane yo o godileng semoyeng o a ineela. Kwa tshimologong ya motlotlo go ka tswa go ntshitswe dipono tse di sa tshwaneng, mme go akanyetsa dilo ka thapelo go dira gore go nne le kutlwano mo gare ga bagolwane ba ba boingotlo le ba ba ineelang.—1 Bakor. 1:10; Bala Baefeso 4:1-3.

16. Molebedi wa Mokeresete o tshwanetse go bontsha moya ofe?

16 Mogolwane wa Mokeresete o tshwanetse go leka ka natla go latela thulaganyo ya puso ya Modimo mo go sengwe le sengwe se a se dirang. Moya ono o tshwanetse go bonala le fa a disa letsomane, o mo thuse go akanyetsa ba bangwe le go nna bonolo mo go bone. Petere o ne a kwala jaana: “Disang letsomane la Modimo le lo le tlhokometseng, e seng ka go patelelwa, mme e nne ka go rata; e bile e seng ka go rata poelo ya go sa ikanyege, mme e nne ka tlhagafalo.”—1 Pet. 5:2.

17. Botlhe mo phuthegong ba ka nna tekatekano jang fa ba dirisana le ba bangwe?

17 Maloko a a godileng a phuthego a anaanela thuso e a e newang ke basha mme a tshwara basha ka seriti. Basha le bone ba tlotla batho ba ba godileng ba ba nang le dingwaga tse dintsi ba direla Jehofa. (1 Tim. 5:1, 2) Bagolwane ba Bakeresete ba senka banna ba ba tshwanelegang ba ba ka ba nayang maikarabelo a a rileng, mme ba ba thapisetsa go thusa go tlhokomela letsomane la Modimo. (2 Tim. 2:1, 2) Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go tseela kwa godimo kgakololo eno ya ga Paulo e e tlhotlheleditsweng: “Utlwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona mme lo ikobe [“lo ineele,” ntlha e e kwa tlase mo NW], gonne ba nna ba lebeletse meya ya lona jaaka ba ba tla ikarabelelang; gore ba dire jalo ka boipelo mme e seng ka go fegelwa, gonne seno se ne se tla lo gobatsa.”—Baheb. 13:17.

Kafa Maloko a Lelapa a ka Ineelang ka Teng

18. Ke eng fa moya wa go ineela o tshwanela mo lelapeng?

18 Maloko a lelapa le one a tshwanetse go ineela. (Bala Bakolosa 3:18-21.) Baebele e tlhalosa maikarabelo a leloko lengwe le lengwe mo lelapeng la Bokeresete. Rre ke tlhogo ya mosadi e bile ke ene a ikarabelelang thata go kaela bana. Mosadi o tshwanetse go ikobela taolo ya monna wa gagwe, mme bana ba tshwanetse go leka ka natla go nna kutlo, ka gonne seo se itumedisa Morena. Leloko lengwe le lengwe la lelapa le ka thusa go dira gore go nne le kutlwano le kagiso mo lelapeng ka go ineela ka tsela e e tshwanetseng le e e tekatekano. Baebele e na le dikai dingwe tse di thusang go tlhalosa ntlha eno.

19, 20. (a) Bontsha pharologanyo fa gare ga sekai sa ga Eli le sa ga Jehofa malebana le go ineela. (b) Batsadi ba ka ithuta eng mo dikaing tseno?

19 Fa Samuele e ne e le mosimanyana fela, Eli e ne e le moperesiti yo mogolo kwa Iseraele. Le fa go ntse jalo, bomorwa Eli, e bong Hofeni le Finease, e ne e le “banna ba ba se nang molemo wa sepe” ba ba neng ba “sa tlotle Jehofa.” Eli o ne a utlwa dipego tse di bosula ka bone, go akaretsa le gore ba ne ba dira boaka le basadi ba ba neng ba direla kwa botsenong jwa mogope wa bokopanelo. O ne a dirang ka gone? Eli o ne a ba raya a re fa ba leofetse Jehofa ga go na yo o tla ba rapelelang. Mme ga a ka a ba kgalemela le go ba otlhaya. Ka ntlha ya seo, bomorwa Eli ba ne ba tswelela ka mekgwa ya bone e e bosula. La bofelo, Jehofa o ne a swetsa sentle ka gore ba ne ba tshwanelwa ke go atlholelwa loso. Fa Eli a ne a utlwa gore ba sule, le ene o ne a swa. A matlhotlhapelo! Go bonala sentle gore go ineela ka tsela e e sa siamang ga ga Eli fa bomorwawe ba dira ditiro tse di boikepo—ka go ba letlelela go tswelela ba di dira—go ne go sa tshwanela.—1 Sam. 2:12-17, 22-25, 34, 35; 4:17, 18.

20 Go farologana le seo, akanya ka tsela e Modimo a neng a dirisana ka yone le bomorwawe ba baengele. Moporofeti Mikaia o ne a bona ponatshegelo e e gakgamatsang ya ga Jehofa a na le pokano le baengele ba Gagwe. Jehofa o ne a botsa gore ke moengele ofe yo o neng a ka tsietsa Kgosi Ahabe wa Iseraele ka go diga kgosi eo e e boikepo. Jehofa o ne a reetsa dikakantsho tsa bomorwawe ba ba farologaneng ba semoya. Moengele mongwe o ne a re o tla tsietsa kgosi eo. Jehofa o ne a mmotsa gore o tla dira seo jang. Ka gonne Jehofa a ne a kgotsofaditswe ke karabo ya moengele yoo, o ne a mo laela gore a dire jalo. (1 Dikg. 22:19-23) A maloko a lelapa a ka se ithute dithuto dingwe mo pegong eo malebana le go ineela, tse le bone ba ka di dirisang? Go tla bo go le molemo gore monna wa Mokeresete yo o nang le bana a akanyetse dikakanyo le dikakantsho tsa mosadi wa gagwe le bana. Mme kafa letlhakoreng le lengwe, basadi le bana ba tshwanetse go lemoga gore fa ba tlhalositse pono ya bone kana kafa ba ka ratang dilo di dirwa ka teng, ba ka nna ba tshwanelwa ke go ineela ka go amogela kaelo e e tswang mo go yo Dikwalo di mo neileng taolo ya go dira ditshwetso.

21. Re tlile go ithuta eng mo setlhogong se se latelang?

21 A bo re anaanela dikgakololo tsa ga Jehofa tse di lorato le tse di botlhale malebana le go ineela! (Pes. 119:99) Setlhogo se se latelang se tlile go tlhalosa kafa go ineela ka tsela e e tekatekano go thusang ka teng gore motho a itumele mo lenyalong.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Moaposetoloi Paulo o dirisitse lefoko le go leng thata go le ranola ka lefoko le le lengwe fela la Setswana. Buka nngwe ya tshedimosetso ya re: “Go nna tekatekano go akaretsa go sa gagamalele ditshwanelo tsa gago, go akanyetsa ba bangwe le go nna bonolo mo go bone.” Ka jalo lefoko leo le na le bokao jwa go ineela le go nna tekatekano, go sa gagamalele go ngaparela molao kana ditshwanelo tsa gago.

^ ser. 13 Bona setlhogo se se reng ‘Fa o Patelelwa go Dira Tirelo Nngwe,’ mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa February 15, 2005, tsebe 23-6.

O ka Araba Jang?

• Go ineela go ka nna le matswela afe a a molemo?

• Balebedi ba ka bontsha jang moya wa go ineela?

• Ke ka ntlha yang fa moya wa go ineela o le botlhokwa mo botshelong jwa lelapa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Bagolwane ba etsa tsela e Keresete a dirisanang ka yone le ba bangwe ka bopelonomi

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Fa bagolwane ba phuthego ba kopane, ba tshwanetse go akanyetsa dilo ka thapelo le go nna le moya wa go ineela gore go nne le kutlwano