Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ga go Sebetsa Sepe se se Tla Bopiwang Kgatlhanong le Wena Se se Tla Atlegang

Ga go Sebetsa Sepe se se Tla Bopiwang Kgatlhanong le Wena Se se Tla Atlegang

 Ga go Sebetsa Sepe se se Tla Bopiwang Kgatlhanong le Wena Se se Tla Atlegang

“Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega.”—ISAIA 54:17.

1, 2. Dilo tse di diragaletseng Basupi ba ga Jehofa ba kwa Albania di bontsha jang boammaaruri jwa mafoko a Isaia 54:17?

MO MASOMENG a dingwaga a a fetileng, go ne go na le setlhotswana se se pelokgale sa Bakeresete kwa nageng e nnye e e dithaba kwa borwabotlhaba jwa Yuropa. Puso ya Bakomonisi ba ba latolang Modimo e ne ya dira bojotlhe jwa yone go se nyeletsa. Le fa go ntse jalo, go setlakwa, go tsenngwa mo dikampeng tsa pogiso le go latofadiwa ka ditatofatso tsa maaka go ne ga se ka ga ba nyeletsa. E ne e le bomang? Basupi ba ga Jehofa ba kwa Albania. Le fa go ne go se motlhofo gore ba kopane mmogo le go rera, go itshoka ga bone mo dingwageng tseo go ne ga tlotlomatsa Bokeresete le go galaletsa leina la ga Jehofa. Ngwaga o o fetileng fa go ne go kgakolwa dikago tse disha tsa lekala la bone, Mosupi yo o nang le lobaka lo loleele a ikanyega o ne a re: “Le fa Satane a leka ka natla go lwa go le kana kang, ga a atlege, ke Jehofa yo o nnang a fenya!”

2 Seno sotlhe ke bosupi jwa go nna boammaaruri ga se Modimo a se solofeditseng batho ba gagwe se se kwadilweng mo go Isaia 54:17: “Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega, mme loleme le fa e ka nna lofe lo lo tla emang kgatlhanong le wena mo katlholong o tla lo bona molato.” Hisitori e tlhomamisa gore ga go sepe se lefatshe la ga Satane le ka se dirang se se ka dirang gore batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa Modimo ba tlogele go mo obamela.

Maiteko a ga Satane A a Sa Atlegeng

3, 4. (a) Dingwe tsa dibetsa tse Satane a di dirisang ke dife? (b) Ke ka tsela efe go ileng ga bonala gore dibetsa tsa ga Diabolo ga di atlege?

3 Dibetsa tse Satane a di dirisitseng go tlhasela baobamedi ba boammaaruri di ile tsa akaretsa dithibelo, go tlhaselwa ke digopa, go tsenngwa mo kgolegelong le go ‘rera mathata ka molao.’ (Pesalema  94:20) Tota e bile, ka yone nako eno e re ithutang setlhogo seno ka yone, mo dinageng dingwe Bakeresete bano ba boammaaruri ‘ba a lekwa’ ka ntlha ya go ikanyega ga bone mo Modimong.—Tshenolo 2:10.

4 Ka sekai, ofisi nngwe ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya bega gore mo ngwageng o le mongwe fela, go ne ga nna le ditiragalo di le 32 tse mo go tsone batlhanka ba Modimo ba neng ba tlhaselwa ba le mo bodireding. Mo godimo ga moo, go ne go na le ditiragalo di le 59 tse mo go tsone mapodise a neng a tlhatlhela Basupi—basha le bagolo, banna le basadi—ba ba neng ba rera phatlalatsa. Bangwe ba ne ba gatisiwa menwana, ba tsewa dinepe le go latlhelwa mo kgolegelong jaaka dikebekwa. Bangwe ba ne ba tshosediwa ka gore ba tla itewa. Kwa nageng e nngwe, gone jaanong go na le dipego tse di kwadilweng tse di fetang 1 100 tse mo go tsone Basupi ba ga Jehofa ba neng ba tshwarwa, ba duedisiwa madi kgotsa ba itewa. Tse di fetang 200 tsa tsone di diragetse ka letsatsi la fa ba kopane go gopola loso lwa ga Jesu! Le fa go ntse jalo, moya wa ga Jehofa o ile wa thusa batho ba gagwe go falola mathata ano a magolo mo dinageng tseno le mo go tse dingwe. (Sekarea 4:6) Go shakgala ga mmaba ga go kitla go didimatsa batho ba ba bakang Jehofa. Ee, ga re na pelaelo gore ga go sebetsa sepe se se ka fenyang boikaelelo jwa Modimo.

Maleme a Maaka a a Ganediwa

5. Ke maaka afe a a neng a buiwa ka batlhanka ba ga Jehofa mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

5 Isaia o ne a porofeta gore batho ba Modimo ba ne ba tla ganetsa loleme longwe le longwe lo lo tla nnang kgatlhanong le bone. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, gantsi Bakeresete ba ne ba senngwa leina, go dirwa gore ba tsewe e le batho ba ba bosula. Mafoko ano a a mo go Ditiro 16:20, 21 ke sekai sa kafa ba neng ba tle ba latofadiwe ka teng: “Banna bano ba fudua motse wa rona fela thata, . . . ba itsise phatlalatsa mekgwa e go seng kafa molaong gore rona re e amogele kgotsa re e dire, ka re le Baroma.” Nako nngwe baganetsi ba bodumedi ba ne ba leka go tlhotlheletsa babusi ba motse go nna kgatlhanong le balatedi ba ga Keresete, ba re: “Banna bano ba ba pitikolotseng lefatshe le le nang le banni ba gone le fano, [mme] ba ganetsa ditaelo tsa ga Kaesara.” (Ditiro 17:6, 7) Moaposetoloi Paulo o ne a bidiwa “motho yo o letshwenyo” le moeteledipele wa lekoko le le tlhotlheletsang go tsuologela puso “mo lefatsheng le le nang le banni.”—Ditiro 24:2-5.

6, 7. Tsela nngwe e Bakeresete ba boammaaruri ba tsibogelang go tlhaselwa ka mafoko ka yone ke efe?

6 Ka gone, ga go re gakgamatse go bo Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba ile ba senngwa leina ga ba ga buiwa maaka ka bone. Ke ka tsela efe go ka tweng re ganetsa go tlhaselwa jalo ka mafoko?—Isaia 54:17.

7 Gantsi maitsholo a mantle a Basupi ba ga Jehofa a bontsha fa ditatofatso tseo di se boammaaruri. (1 Petere 2:12) Fa Bakeresete e le baagi ba ba ikobelang molao e bile ba na le maitsholo a mantle ba amega ka batho ba bangwe, seo se supa fa dilo tse ba latofadiwang ka tsone di le maaka. Maitsholo a rona a mantle a supa fa re le batho ba ba molemo. Fa batho ba ba re etseng tlhoko ba bona ditiro tse di molemo tse re di dirang re sa lape, gantsi ba tlhotlheletsega go galaletsa Rraarona yo o kwa legodimong le go lemoga gore tsela ya botshelo ya batlhanka ba gagwe ke e e di gaisang tsotlhe.—Isaia 60:14; Mathaio 5:14-16.

8. (a) Ka dinako dingwe go ka nna ga tlhokega gore re dire eng go femela boemo jwa rona jwa Dikwalo? (b) Re etsa Keresete jang ka go tsibogela maleme a a ganetsang?

8 Kwantle ga maitsholo a rona a Bokeresete, ka dinako tse dingwe go ka nna ga tlhokega gore re femele boemo jwa rona jwa Dikwalo ka bopelokgale. Tsela nngwe ke ka go ikuela kwa dipusong le kwa dikgotlatshekelong gore di re sireletse. (Esethere 8:3; Ditiro 22:25-29; 25:10-12) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, ka dinako dingwe o ne a emelana le balatofatsi ba gagwe phatlalatsa a ganetsa ditatofatso tsa bone tsa maaka. (Mathaio 12:34-37; 15:1-11) Jaaka Jesu, le rona re itumelela tshono ya go tlhalosetsa ba bangwe mabaka a a utlwalang a dilo tse re di dumelang ka pelo yotlhe. (1 Petere 3:15) A le ka motlha re se letle gore go sotlwa kwa sekolong, kwa tirong kgotsa ke ba losika go re dire gore re kgaotse go itsise batho  boammaaruri jwa Lefoko la Modimo.—2 Petere 3:3, 4.

Jerusalema—“Leje le le Bokete”

9. “Leje le le bokete” le le umakwang mo go Sekarea 12:3 le tshwantshetsa Jerusalema efe, mme o emelwa ke bomang mo lefatsheng?

9 Boporofeti jwa ga Sekarea bo senola lebaka la go bo ditšhaba di ganetsa Bakeresete ba boammaaruri. Ela tlhoko se Sekarea 12:3 e se buang: “Go tla diragala mo letsatsing leo gore ke dire Jerusalema leje le le bokete mo ditšhabeng tsotlhe.” Boporofeti jono bo bua ka Jerusalema efe? Boporofeti jwa ga Sekarea jo bo ka ga Jerusalema bo lebisitswe mo go “Jerusalema wa selegodimo,” Bogosi jwa kwa legodimong jo Bakeresete ba ba tloditsweng ba bileditsweng kwa go jone. (Bahebera 12:22) Palo e nnye ya masalela a baruaboswa bano ba Bogosi jwa ga Mesia e sa ntse e le mo lefatsheng. Bone le ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe,” ba kgothaletsa batho go ema Bogosi jwa Modimo nokeng go ise go nne thari. (Johane 10:16; Tshenolo 11:15) Ditšhaba di ile tsa tsibogela jang taletso eo? Mme Jehofa o ema baobamedi ba gagwe ba boammaaruri nokeng ka tsela efe gompieno? A re bone dikarabo ka go sekaseka go ya pele bokao jwa Sekarea kgaolo 12. Go dira jalo, go tla re thusa go tlhomamisega gore ‘ga go sebetsa sepe se se tla atlegang’ kgatlhanong le batlodiwa ba Modimo le ditsala tsa bone tse di ineetseng.

10. (a) Ke eng fa batho ba Modimo ba tlhaselwa? (b) Go diragetse eng ka batho ba ba lekang go tlosa “leje le le bokete” mo tseleng?

10 Sekarea 12:3 e bontsha gore ditšhaba di ‘ngapiwa mo go botlhoko.’ Seno se direga jang? Modimo o laetse gore dikgang tse di molemo tsa Bogosi di tshwanetse go rerwa. Basupi ba ga Jehofa ba tsaya boikarabelo jwa go rera masisi. Le fa go ntse jalo, go bolelwa ga Bogosi gore ke jone fela tsholofelo ya batho go nnile “leje le le bokete” mo ditšhabeng. Ba leka go le tlosa mo tseleng ka go kgoreletsa baboledi ba Bogosi. Ka go dira jalo, ditšhaba tse di kgoreletsang tiro eno di ‘ngapilwe mo go botlhoko’ di segakwa gongwe le gongwe. Tota di itiga le seriti ka gonne di retelelwa ka tsela e e tlhabisang ditlhong. Di ka se kgone go didimatsa baobamedi ba boammaaruri ba ba anaanelang thata tshiamelo ya go bolela “dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng” tsa Bogosi jwa ga Mesia pele ga tsamaiso eno ya dilo e fela. (Tshenolo 14:6) Fa motlhokomedi mongwe wa magolegwa a ne a bona tsela e e setlhogo e batlhanka ba ga Jehofa ba neng ba tshwarwa ka yone kwa nageng nngwe mo Afrika, o ne a re: ‘Lo itshenyetsa nako fela ka go bogisa batho bano. Ga ba kitla ba ineela. Ba nna ba oketsega fela.’

11. Modimo o diragaditse jang tsholofetso ya gagwe e e kwadilweng mo go Sekarea 12:4?

11 Bala Sekarea 12:4. Jehofa o solofetsa gore ka tsela ya tshwantshetso o tla foufatsa le go latlhela batho ba ba lwang le barongwa ba gagwe ba ba pelokgale ba Bogosi mo ‘kakabalong.’ O diragaditse se a se solofeditseng. Ka sekai, kwa nageng nngwe e kobamelo ya boammaaruri e neng e thibetswe kwa go yone, baganetsi ba ne ba se ka ba kgona go thibela batho ba Modimo go bona dijo tsa semoya. Lekwalodikgang lengwe le ne la ba la bolela gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dirisa dibaluni go tsenya dibuka tsa Baebele mo nageng eo! Mafoko ano a Modimo a neng a a solofetsa  batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang a ile a nna boammaaruri: ‘Ke tla bula matlho, mme ke tla itaya pitse nngwe le nngwe ya ditšhaba ka go latlhegelwa ke pono.’ Baba ba Bogosi ga ba itse tsela e ba ka e tsayang, ka ntlha ya go tlhakanngwa tlhogo ke kgalefo ya bone. Le fa go ntse jalo, ga re na pelaelo gore Jehofa o tla boloka batho botlhe ba gagwe le gore o amega ka bone.—2 Dikgosi 6:15-19.

12. (a) Jesu o ne a gotsa molelo jang fa a ne a le mo lefatsheng? (b) Masalela a batlodiwa a ile a tlhosetsa molelo jang ka tsela ya semoya, mme go ne ga felela ka eng?

12 Bala Sekarea 12:5, 6“Dikgosana tsa lotso tsa Juda” di emela batho ba ba okametseng batho ba Modimo. Jehofa o ba thusa go nna le tlhagafalo e kgolo fa ba dira dilo tse di amanang le Bogosi jwa gagwe mo lefatsheng. Nako nngwe Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke tlile go gotsa molelo mo lefatsheng.” (Luke 12:49) Ee, o ne a tlhosetsa molelo ka tsela ya tshwantshetso. Ka go rera ka tlhagafalo, o ne a dira gore Bogosi jwa Modimo e nne kgangkgolo mo bathong. Seno se ne sa tsosa kganetsano e kgolo mo setšhabeng sotlhe sa Bajuda. (Mathaio 4:17, 25; 10:5-7, 17-20) Ka tsela e e tshwanang, “jaaka serumola se se tukang mo dijong tsa ditlhaka tse di sa tswang go rojwa,” balatedi ba ga Keresete mo motlheng wa rona le bone ba tlhosetsa molelo ka tsela ya semoya. Buka ya 1917 ya The Finished Mystery * e ne ya senola boitimokanyi jwa madumedi a a ipitsang a Bokeresete ka mafoko a a maatla. Seo se ne sa galefisa baruti fela thata. Bosheng jaana,  pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 37, e e reng “Bokhutlo Jwa Bodumedi Jwa Maaka bo Atametse!” e ile ya tlhotlheletsa batho ba le bantsi gore ba bontshe gore a ba tsaya letlhakore la Bogosi jwa Modimo kgotsa nnyaa.

“Ditente Tsa Juda” di a Bolokwa

13. Mafoko a a reng “ditente tsa Juda” a kaya eng, mme ke eng fa Jehofa a sireletsa batho ba ba tlhaselwang?

13 Bala Sekarea 12:7, 8Bogologolo kwa Iseraele, ditente di ne di bonwa ka bontsi mo nageng, ka dinako dingwe di ne di dirisiwa ke badisa le badiri ba mo masimong. Batho bao e ne e ka nna bone ba ntlha go tlhaselwa, ka jalo ba ne ba ka tlhoka go sirelediwa fa baba ba tlhasela motse wa Jerusalema. Mafoko a a reng “ditente tsa Juda” a bontsha gore masalela a batlodiwa mo motlheng wa rona ba mo nageng fela ka tsela ya tshwantshetso, e seng mo metseng e e sireletsegileng. Teng koo kwa nageng, ba femela dilo tsa Bogosi jwa ga Mesia ka bopelokgale. Jehofa wa masomosomo o tla sireletsa “ditente tsa Juda pele” ka gonne e le tsone tse Satane a di tlhaselang pele.

14. Jehofa o sireletsa jang ba ba leng mo ‘ditenteng tsa Juda’ e bile o dira jang gore ba se ka ba kgotšwa?

14 Ee ruri, pego ya ditiragalo e bontsha gore Jehofa o sireletsa baemedi bano ba Bogosi ba ba tloditsweng ba ba mo ‘ditenteng’ tsa bone tse di kwa nageng. * O dira gore ba se ka ba ‘kgotšwa’ ka gonne o a ba nonotsha le go ba dira pelokgale jaaka Dafide, kgosi ya motlhabani.

15. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a “batla go nyeletsa ditšhaba tsotlhe,” mme o tla dira seo leng?

15 Bala Sekarea 12:9. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a “batla go nyeletsa ditšhaba tsotlhe”? Ka gonne di ganetsa Bogosi jwa ga Mesia di sa kgaotse. Di atlhotswe ka gonne di sotla batho ba Modimo le go ba bogisa. Baemedi ba ga Satane ba mo lefatsheng ba tla tloga ba tsaya kgato ya makgaolakgang ya go tlhasela baobamedi ba boammaaruri ba Modimo, mme seo se tla lebisa kwa tiragalong e Baebele e e bitsang Haramagedona. (Tshenolo 16:13-16) Moatlhodi yo Mogolo o tla tsibogela tlhaselo eo ka go femela batlhanka ba gagwe le go itshepisa leina la gagwe mo ditšhabeng.—Esekiele 38:14-18, 22, 23.

16, 17. (a) ‘Boswa jo batlhanka ba ga Jehofa ba bo ruileng’ ke eng? (b) Go itshokela ga rona ditlhaselo tsa ga Satane ke bosupi jwa eng?

16 Ga go na sebetsa sepe sa ga Satane se se ka koafatsang tumelo ya batho ba Modimo mo lefatsheng lotlhe kgotsa sa fokotsa tlhagafalo ya bone. Kagiso ya rona ya semoya, e re nnang le yone ka ntlha ya maatla a ga Jehofa a a bolokang, ke ‘boswa jo batlhanka ba ga Jehofa ba bo ruileng.’ (Isaia 54:17) Ga go ope yo o ka re amogang kagiso le katlego ya rona ya semoya. (Pesalema 118:6) Satane o tla tswelela pele ka go re bogisa le go re bakela pitlagano. Go itshoka ga rona ka boikanyegi fa re lekwa ke bosupi jwa gore moya wa Modimo o na le rona. (1 Petere 4:14) Dikgang tse di molemo tsa Bogosi jo bo tlhomilweng jwa ga Jehofa di bolelwa mo lefatsheng lotlhe. Fela jaaka dilo tse motho a ka konopiwang ka tsone go mo tseisa sedidi, batho ba Modimo ba ile ba konopiwa ka tsela ya tshwantshetso ka ‘maje a mantsi a motsekedi’ a dipogiso. Le fa go ntse jalo, Jehofa o naya batlhanka ba gagwe nonofo e e ba thusang go fenya maje ano le gore a se ka a ba koafatsa. (Sekarea 9:15) Masalela a batlodiwa le ditsala tsa bone tse di ikanyegang ba ka se letle tiro ya bone e emisiwa!

17 Re tlhoafaletse go bona re gololwa ka botlalo mo ditlhaselong tsa ga Diabolo. A bo go re nametsa pelo jang go itse gore ‘sebetsa le fa e le sefe se se bopiwang kgatlhanong le rona ga se kitla se atlega, le gore loleme le fa e ka nna lofe lo lo tla emang kgatlhanong le rona mo katlholong lo tla bonwa molato’!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 12 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme ga e tlhole e gatisiwa.

^ ser. 14 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi Jwa Modimo, tsebe 675-6, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

O ka Araba Jang?

• Ke eng se se bontshang gore dibetsa tsa ga Satane ga di a atlega?

• Jerusalema wa selegodimo o nna “leje le le bokete” ka tsela efe?

• Jehofa o sireletsa “ditente tsa Juda” ka tsela efe?

• Fa re ntse re atamela Haramagedona, ke eng se o tlhomamisegileng ka sone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Batho ba ga Jehofa ba kwa Albania ba ne ba tswelela ba ikanyega le mororo Satane a ne a ba tlhasela

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Jesu o ne a ganetsa ditatofatso tsa maaka

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Ga go sebetsa sepe se se bopiwang kgatlhanong le baboledi ba dikgang tse di molemo se se tla atlegang