Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mo Tseleng e e Yang Kwa Lefatsheng le Lesha

Mo Tseleng e e Yang Kwa Lefatsheng le Lesha

 Kgang ya Botshelo

Mo Tseleng e e Yang Kwa Lefatsheng le Lesha

Jaaka go boletse Jack Pramberg

Basupi ba ga Jehofa ba na le ofisi ya lekala e e nang le baithaopi ba feta 80 ka kwa ntle ga torotswana e ntle ya Arboga e e mo bogareng jwa Sweden. Ke teng kwa nna le mosadi wa me Karin re nnang le go bereka gone. Go tlile jang gore re tle go nna fano?

GO ELA kwa bofelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, mosetsanyana mongwe wa kwa Sweden yo o nang le dingwaga di le 15 o ne a fudugela kwa United States. Fa a le kwa New York City kwa lefelong le go nnang bafaladi kwa go lone, o ne a kopana le motsamaisasekepe mongwe yo o tswang kwa Sweden. Ba ne ba ratana, ba nyalana mme ba tshola morwa—morwa yoo ke nna. Tseno tsotlhe di diregile kwa Bronx, New York, U.S.A., ka 1916, ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I.

Moragonyana fela ga foo, re ne ra fudugela kwa Brooklyn, e e neng e le sekgalanyana fela go tswa mo Brooklyn Heights. Nako nngwe Rre o ne a mpolelela gore nna le ene re kile ra tsamaya ka seketswana sengwe gaufi le Brooklyn Bridge, e o neng o kgona go e bona fa o le mo ntlokgolong ya lefatshe ya Basupi ba ga Jehofa. Ka nako eo, ke ne ke sa lemoge kafa ditiragalo tseo tsotlhe di neng di tlile go ama botshelo jwa me ka gone.

Ntwa ya Lefatshe I e ne ya fela ka 1918, mme mo nakong eo go gailwa ga batho setlhogo kwa Yuropa go ne  ga fela. Masole a ne a boela gae go ya go lebana le mmaba yo mosha—go tlhoka ditiro le khumanego. Rre o ne a bona go le molemo gore re boele kwa Sweden, mme re ne ra boela teng ka 1923. Kgabagare re ne ra ya go nna kwa Erikstad, motsana o o gaufi le seteishene sa diterena mo kgaolong ya Dalsland. Fa re le koo, Rre o ne a bula bodirelo jwa metšhine, mme ke teng kwa ke neng ka tsena sekolo ka bo ka golela teng.

Peo E ne Ya Jalwa

Kgwebo ya ga Rre ga e a ka ya tsamaya sentle. Ka jalo, mo tshimologong ya bo1930 o ne a nna motsamaisi wa sekepe gape. O ne a re tlogela re le rosi—Mmè o ne a setse ka matshwenyego a le mantsi mme nna ke ne ke tshwanetse go tsamaisa bodirelo. Letsatsi lengwe Mmè o ne a ya go etela mogatsa mogolowe e bong rremogolo Johan. E re ka a ne a tshwenyegile thata ka maemo a lefatshe o ne a botsa rremogolo a re: “Johan, a maemo a lefatshe a tlile go tswelela a ntse jaana?”

O ne a mo araba ka gore: “Nnyaa Ruth.” Go tswa foo a mmolelela ka tsholofetso ya Modimo ya gore o tla fedisa boikepo le go tlisa puso e e siameng e e tla busang lefatshe lotlhe a dirisa Bogosi jo Jesu Keresete e leng Kgosi ya jone. (Isaia 9:6, 7; Daniele 2:44) O ne a mo tlhalosetsa gore Bogosi jo Jesu a re rutileng gore re bo rapelele, e ne e le puso ya tshiamo e e tla tlisang lefatshe la paradaise.—Mathaio 6:9, 10; Tshenolo 21:3, 4.

Ditsholofetso tseo tse di tswang mo Baebeleng di ne tsa kgatlha Mmè fela thata. O ne a tsamaya tsela yotlhe a leboga Modimo fa a boela gae. Le fa go ntse jalo, nna le Rre re ne re sa rate kgang ya gore Mmè o setse a kgatlhegela bodumedi. Mo e ka nnang ka yone nako eo, mo bogareng jwa bo1930, ke ne ka fudugela kwa Trollhättan, e e kafa bophirima jwa Sweden kwa ke neng ka bona tiro mo madirelong a magolo. Go ise go ye kae, Mmè mmogo le Rre, yo o neng a sa tswa go boa kwa tirong ya gagwe ya go kgweetsa dikepe, ba ne ba fudugela koo le bone. Jaanong lelapa la rona le ne le le mmogo gape.

E le go fedisa tlala ya gagwe ya semoya, Mmè o ne a batla Basupi ba ga Jehofa ba ba nnang mo lefelong leo. Mo nakong eo, bakaulengwe ba ne ba refosana ka gore dipokano di tshwarelwe mo magaeng a bone fela jaaka Bakeresete ba ntlha ba ne ba dira. (Filemone 1, 2) Letsatsi lengwe, Mmè ke ene a neng a tshwanetse go bula legae la gagwe gore dipokano di tshwarelwe teng. O ne a botsa Rre a tshwenyegile gore a a ka laletsa ditsala tsa gagwe. Rre o ne a araba ka go re, “Ditsala tsa gago ke ditsala tsa me.”

Ka jalo, ba ne ba amogelwa mo legaeng la rona. Fa batho ba ntse ba tsena ka kgoro, nna ke ne ka tswa. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae ke ne ka nna gone mo dipokanong tseo. Tsela e Basupi ba neng ba le botsalano ka yone le tsela e e utlwalang le e e motlhofo e ba neng ba tlhalosa dilo ka yone e ne ya dira gore ke simolole go ba rata. Peo e ne ya simolola go gola mo pelong ya me—ke ne ka nna le tsholofelo ka isagwe.

Ke ya Go Nna Motsamaisi wa Dikepe

Ke tshwanetse ka bo ke gotsitse Rre ka go rata tiro ya go tsamaisa dikepe gonne le nna ke ne ka ya go dira tiro eo. Mme gape ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go atamalana le Modimo. Ka metlha fa re le kwa boemakepe, ke ne ke leka go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa. Fa re le kwa Amsterdam, Holland (e jaanong e bidiwang Netherlands), ke ne ka ya kwa posong ke ya go botsa gore nka bona kae Basupi. Morago ga go buisana ka nakwana le badiri ba teng, ba ne ba nnaya aterese e ke neng ka ya kwa go yone gone fela foo. Mosetsanyana mongwe wa dingwaga di le lesome o ne a nkamogela ka diatla tsoopedi. Re ne re sa itsane, mme gone fela foo ke ne ke bona gore nna le ene le batsadi ba gagwe re tlile go nna le botsalano jo bo  nonofileng—ke ne ke simolola go utlwa kafa bokaulengwe jo bo molemo jwa lefatshe lotlhe bo leng ka gone!

Le fa re ne re sa utlwane ka puo, fa lelapa leo le ntsha khalendara le thulaganyo ya kafa terena e tsamayang ka gone mme ba dira setshwantsho sa mmapa, ke ne ka lemoga gore kopano e ne e tlile go tshwarelwa mo toropong e e gaufi ya Haarlem. Ke ne ka ya, mme le mororo ke ne ke sa tlhaloganye sepe, ke ne ke itumelela kopano fela thata. Fa ke bona Basupi ba ntsha ditaletso tsa puo ya phatlalatsa ya Sontaga, ke ne ka tlhotlheletsega go ba thusa. Ka jalo ke ne ka sela ditaletso tse batho ba di latlhileng mme ka di naya batho gape.

Nako nngwe re ne ra ema kwa boemakepeng jwa Buenos Aires, kwa Argentina, mme koo ke ne ka kgona go bona ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa. Mo kagong eo go ne go na le ofisi le lefelo la bobolokelo. Mosadi mongwe o ne a ntse fa tafoleng a loga, mme mosetsanyana yo go neng go lebega e le morwadie, o ne a ntse a tshameka ka mpopi. Go ne go le bosigo mme monna mongwe o ne a ntse a ntsha dibuka mo shelofong go akaretsa le buka ya Creation ya Se-Sweden. Fa ke bona kafa ba itumetseng ka teng le tsela e ba nkamogetseng ka yone, ke ne ka itse ka yone nako eo gore ke batla go nna mongwe wa batho bano.

Fa re le mo tseleng re boela gae, sekepe sa rona se ne sa pega masole a a tswang kwa sefofaneng sa masole sa Canada se se neng se phutlhame mo lobopong lwa Newfoundland. Malatsi a sekae moragonyana ga foo, re ne re le gaufi le Scotland kwa masole a Maesemane a neng a re tsaya ka sekepe sa bone mme ba re golega. Re ne ra isiwa kwa Kirkwall kwa Ditlhaketlhakeng tsa Orkney go ya go botsolodiwa. Ntwa ya Lefatshe II e ne e setse e simolotse mme masole a ga Hitler a Banasi a ne a tlhasetse Poland ka September 1939. Re ne ra gololwa morago ga malatsi a le mmalwa mme ra kgona go boela kwa Sweden kwantle ga mathata ape.

Ke ne ke boetse gae, e bile ke ne ke tla kgona go aga kamano ya me le Modimo sentle. Ruri jaanong ke ne ke batla go nna mongwe wa batho ba Modimo mme ke sa batle go lesa go phuthega mmogo le bone. (Bahebera 10:24, 25) Ke itumedisiwa ke gore fa ke sa ntse ke tsamaisa dikepe, ke ne ke rerela batsamaisadikepe ba bangwe ka metlha, mme ke a itse gore mongwe wa bone o ne a nna Mosupi.

Mofuta o o Kgethegileng wa Tirelo

Mo tshimologong ya 1940, ke ne ka etela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Stockholm. Ke ne ka amogelwa ke Johan H. Eneroth, yo ka nako eo a neng a okametse tiro ya go rera kwa Sweden. Fa ke mmolelela gore ke batla go nna modiredi wa mmulatsela mme ke nne le seabe ka nako e e tletseng mo tirong ya go rera, o ne a ntlhoma matlho a bo a re: “A o a dumela gore phuthego eno ke ya Modimo?”

Ke ne ka araba ka go re: “Ee.” Morago ga foo, ke ne ka kolobediwa ka June 22, 1940, mme ka simolola go dira mo lekaleng, ke dira mo lefelong leo le lentle le batho ba ba pelontle. Fa e le mafelobeke re ne re ya tshimong. Mme gantsi selemo re ne re tsamaya ka dibaesekele re ya kwa tshimong e e kwa kgakala go ya go rera teng mafelobeke otlhe, re robala mo dingateng tsa bojang jo bo omisitsweng.

Mme gone gantsi re ne re rera ka ntlo le ntlo mo Stockholm le mo mafelong a a e dikologileng. Nako nngwe ke ne ka fitlhela monna mongwe a semeletse a leka go baakanya motšhine o o thuthafatsang metsi. Ke ne ka mena dihempe mme ka mo thusa. Fa re sena go kaba phatlha e e neng e dutla, monna yono o ne a nteba a leboga a bo a re: “Ke akanya gore o tshwanetse wa bo o ne o tletse lebaka le lengwe fano. Jaanong a re ye go tlhapa diatla mme re nwe kofi.” Re ne ra ya go nwa kofi mme fa re ntse re nwa ke ne ka mo rerela. Fa nako e ntse e ya, le ene o ne a nna Mokeresete.

Batho ba kwa Sweden ba ne ba amilwe thata ke ntwa le fa puso ya bone e ne e re ga e tseye letlhakore mo ntweng. Banna ba le bantsi ba ne ba bidiwa gore ba tle go nna masole go akaretsa le nna. Fa ke gana go ikatisetsa sesole ke ne ka tsenngwa mo kgolegelong ka nakwana. Mme moragonyana ke ne ka atlholelwa go bereka mo kampeng. Gantsi makawana a Basupi a ne a isiwa fa pele ga baatlhodi mme seo se ne se re naya sebaka sa go rera ka Bogosi jwa Modimo. Seno se ne se dumalana le boporofeti jwa ga Jesu jo bo reng: “Lo tla gogelwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, gore e nne bosupi mo go bone le mo ditšhabeng.”—Mathaio 10:18.

Botshelo Jwa Me bo A Fetoga

Ka 1945 ntwa e ne ya fela kwa Yuropa. Moragonyana mo go one ngwaga oo, Nathan H. Knorr, yo ka nako eo a neng a eteletse pele tiro ya go rera lefatshe ka bophara, o ne a re etela a tswa Brooklyn a  na le mokwaledi wa gagwe e bong Milton Henschel. Loeto lwa bone lo ne lwa thusa thata gore tiro ya go rera e rulaganngwe sesha kwa Sweden, mme le nna lo ne lwa nthusa thata. Fa ke utlwa gore ke ne nka kgona go ya Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade, ke ne ka tsenya kopo ka yone nako eo.

Mo ngwageng o o latelang, ke ne ke le mo tlelaseng ya sekolo seo, se ka nako eo se neng se le gaufi le South Lansing, kwa New York. Mo dikgweding tse tlhano tse ke neng ke le mo sekolong seo ka tsone, ke ne ka newa thapiso e e neng ya dira gore ke anaanele Baebele le phuthego ya Modimo fela thata. Ke ne ka lemoga gore bakaulengwe ba ba neng ba eteletse pele tiro ya go rera lefatshe ka bophara, ba ne ba le botsalano e bile ba akanyetsa. Ba ne ba dira ka natla mmogo le rona rotlhe. (Mathaio 24:14) Le fa ke ne ke sa gakgamalela seno, ke ne ka itumelela go se iponela ka bonna.

Go ise go ye kae go ne ga fitlha nako ya gore tlelase ya borobedi ya Sekolo sa Gileade e aloge, ka February 9, 1947. Mokaulengwe Knorr o ne a itsise dinaga tse baithuti ba neng ba abetswe kwa go tsone. Fa a tla mo go nna o ne a re: “Mokaulengwe Pramberg ene o boela kwa Sweden go ya go thusa bakaulengwe ba gagwe koo.” Go bua boammaaruri fela, ke ne ke sa itumelela go boela gae.

Ke Lebana le Kgwetlho e Kgolo

Fa ke boela kwa Sweden, ke ne ka utlwalela gore go ne go na le tiro e e neng e simolola go dirwa mo dinageng di le dintsi lefatshe ka bophara—tiro ya go nna molebedi wa kgaolo. Ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi wa ntlha wa kgaolo mo Sweden, mme kabelo ya me e ne e le go okamela naga eo yotlhe. Ke ne ke rulaganya e bile ke okamela dikopano tse moragonyana di neng tsa bidiwa dikopano tsa potologo, tse di neng di tshwarelwa mo metseng le mo ditoropong go ralala Sweden. E re ka thulaganyo eno e ne e le ntšha, ke ne ke neilwe ditaelo di se kae fela. Nna le Mokaulengwe Eneroth re ne ra nna fa fatshe ra ja marapo a tlhogo mme ra dira thulaganyo. Fa ke amogela kabelo eo, ke ne ke tshogile tota mme ka rapela Jehofa gantsintsi. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna molebedi wa kgaolo dingwaga di le 15.

Mo metlheng eo, go ne go le thata go bona mafelo a a siametseng go tshwarela dikopano. Re ne re tshwanetse go kgotsofalela go dirisa diholo tse go tantshediwang mo go tsone le mafelo a mangwe a a tshwanang le ao, a gantsi a neng a le tsididi e bile ka dinako tse dingwe a sa tlhokomelwa sentle. Kopano ya kwa Rökiö kwa Finland e ne e tshwaretswe mo lefelo le le ntseng jalo. Holo e re neng re le mo go yone ya setšhaba e ne e le ya bogologolo e bile e na le nako e sa tlhokomelwe. Go ne go ole kapoko e ntsi, mme themperetšha e le didikirii tsa Celsius di le 20 kafa tlase ga boswakgapetla. Ka jalo re ne ra gotsa molelo mo ditofong tse pedi tse dikgolo tse di neng di dirilwe ka metomo ya oli. Le fa go ntse jalo, re ne re sa itse gore dinonyane di ne di agile dintlhaga mo teng ga sentshamosi. Mosi o ne wa tlala mo holong! Mme mongwe le mongwe o ne a nna fela a sa sute, rotlhe re iphuthetse ka dijase, e bile matlho a rona a baba. Seo se ne sa dira gore kopano eo e nne e e sa lebalegeng.

Nngwe ya ditaelo tse re neng re di neilwe fa re rulaganya dikopano tseno tsa potologo tsa malatsi a le mararo e ne e le gore re apeele batlakopanong. Kwa tshimologong re ne re se na didirisiwa le maitemogelo a go dira tiro e kgolo jaana. Mme gone re ne re na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba dira tiro eo ka boitumelo. Letsatsi pele ga  kopano, o ne o tla ba bona ba iname fa sejaneng se segolo, ba obola ditapole ba ntse ba tlotla maitemogelo ba itumetse. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba neng ba nna ditsala ba kopane gone koo, fa ba ntse ba dira mmogo ka natla.

Nngwe ya ditiro tse re neng re tshwanelwa ke go di dira ka nako eo e ne e le go tsamaya re tshotse dipolakate tse di itsiseng ka dikopano tseo tsa potologo. Re ne re tsamaya re dirile mokoloko mo toropong kana mo motseng, re laletsa baagi gore ba tle go utlwa puo ya phatlalatsa. Gantsi batho ba ne ba le pelontle e bile ba re tlotla. Nako nngwe mo toropong ya Finspång, mmila o ne o tletse ka badiri ba ba neng ba tswa mo madirelong mangwe. Ka tshoganyetso, mongwe wa bone o ne a goa a re: “Hee banna, bonang setlhopha se se paletseng Hitler!”

Tiragalo ya Botlhokwa mo Botshelong Jwa Me

Botshelo jwa me jwa go nna modiredi yo o etang bo ne bo tloga bo fetoga fa ke sena go kopana le mosadi mongwe yo o molemo yo o bidiwang Karin. Ka July 1953, nna le ene re ne ra lalediwa go ya kopanong ya ditšhabatšhaba kwa Yankee Stadium, kwa New York City. Ka Mantaga ka July 20, Milton Henschel o ne a re nyadisa ka nako ya dijo. E ne e le tiragalo e e sa tlwaelegang mo setadiamong seno se se itsegeng thata sa motshameko wa beisebolo. Fa nna le Karin re sena go tsamaya mmogo mo tirong ya go eta go fitlha ka 1962, re ne ra lalediwa go ya go dira le lelapa la Bethele mo Sweden. Kwa tshimologong, ke ne ke dira mo Lephateng la Dimakasine. Mme ka go bo ke ne ke le makheneke, ke ne ka abelwa go tlhokomela metšhine ya go gatisa le metšhine e mengwe mo lekaleng. Karin ene o ne a dira dingwaga di le mmalwa mo lephateng la go tlhatswa. Go fetile dingwaga di le dintsi jaanong a ntse a dira mo lephateng le le tlholang gore a dikgatiso ga di na diphoso.

Ruri re nnile le botshelo jo bo tletseng ka ditiragalo tse di itumedisang, jo bo kgotsofatsang, mo dingwageng di feta 54 tse re ntseng re direla Jehofa re nyalane! Jehofa o segofaditse thata phuthego ya gagwe ya batlhanka ba ba lorato ba ba dirang ka natla. Ka 1940, fa ke simolola go direla mo lekaleng, go ne go na le Basupi ba le 1 500 fela mo Sweden. Mme jaanong ba feta 22 000. Ba ntse ba oketsega le go feta foo mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, mme gompieno mo lefatsheng lotlhe palo ya bone e feta dimilione di le thataro le halofo.

Moya wa ga Jehofa o ema tiro ya rona nokeng fela jaaka phefo e e ntseng e bula diseile tsa sekepe. Fa re leba kwa ntle ka matlho a tumelo re bona bophadiphadi jwa batho ba ba ntseng jaaka lewatle le le sa iketlang mme seno ga se re tshose. Mme fa re leba kwa pelepele re bona lefatshe la Modimo le lesha. Nna le Karin re leboga Modimo thata ka dilo tse di molemo tse a re diretseng tsone, mme re rapela letsatsi le letsatsi gore a re nonotshe gore re nne re bolokile bothokgami mme kgabagare re fitlhelele mokgele wa rona—go amogelwa ke Modimo le go bona botshelo jo bo sa khutleng!—Mathaio 24:13.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ke farilwe ke Mmè

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Kwa nna le Rre re neng ra tsamaya ka sekepe sengwe teng mo tshimologong ya bo1920

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke na le Herman Henschel (rraagwe Milton) kwa Gileade ka 1946

[Ditshwantsho mo go tsebe]

Re nyalane kwa Yankee Stadium ka July 20, 1953