Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Obadia, ya Jona le ya Mika

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Obadia, ya Jona le ya Mika

 Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Obadia, ya Jona le ya Mika

“PONATSHEGELO ya ga Obadia.” (Obadia 1) Mafoko ano ke one a simololang buka ya Baebele ya Obadia. Moporofeti yono ga a bue sepe ka ga gagwe fa e se go re itsise leina la gagwe fela mo bukeng eno e a neng a e kwala ka 607 B.C.E. Mo bukeng e e neng ya konelwa makgolo a le mabedi a dingwaga pele ga foo, moporofeti Jona o tlhalosa ka tlhamalalo dilo tse di mo diragaletseng mo kabelong ya gagwe ya borongwa. Dingwaga di le 60 tse Mika a porofetileng ka tsone di ne di le magareng ga tsa ga Obadia le tsa ga Jona, go tloga ka 777 B.C.E. go ya go 717 B.C.E. Se Mika a re bolelelang sone fela ka ene ke gore o tswa mo motseng “wa Moreshethe” le gore lefoko la ga Jehofa le ne la tla kwa go ene “mo metlheng ya ga Jothame, Ahase, Hesekia, dikgosi tsa Juda.” (Mika 1:1) Tsela e moporofeti yono a tlwaelaneng le botshelo jwa metseselegae ka yone e bonala sentle mo mofuteng wa ditshwantsho tse a di dirisang go gatelela dintlha tsa molaetsa wa gagwe.

EDOMA “O TLA TSHWANELWA KE GO KGAOLWA KA BOSAKHUTLENG”

(Obadia 1-21)

Obadia a re ka Edoma: “Ka ntlha ya go siamololela morwarrago Jakobe, ditlhong di tla go bipa, mme o tla tshwanelwa ke go kgaolwa ka bosakhutleng.” Moporofeti yono o gakologelwa sentle tsela e Baedoma ba sa tswang go tlhasela barwa ba ga Jakobe ka yone—Baiseraele. Ka 607  B.C.E., fa Bababelona ba ne ba nyeletsa Jerusalema, Baedoma ba ne ba ‘ema fa thoko’ mme ba itsalanya le “batswakwa” ba ba neng ba tlhasela.—Obadia 10, 11.

Go farologana le seo, ntlo ya ga Jakobe yone e tla tsosolosiwa. Boporofeti jwa ga Obadia bo umaka gore: “Mo Thabeng ya Siona ke teng kwa ba ba falolang ba tla nnang teng, mme e tla nna sengwe se se boitshepo.”—Obadia 17.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

5-8—Ke eng fa go senngwa ga Edoma go bapisiwa le go tla ga bathopi bosigo le ga batho ba ba kgetlang morara? Fa magodu a ka bo a tlile mo Edoma, a ka bo a tsere fela se a se batlang. Fa go ka bo go tlile barobi, ba ka bo ba tlogetse dijalo dingwe gore go tle go ronopiwe. Le fa go ntse jalo, fa Edoma e phutlhama, batlhasedi ba gagwe ba tla phuruphutsha ba ntshe matlotlo otlhe a gagwe mme o tla thopiwa ke “bone batho ba ba mo kgolaganong le [ene]”—ba a itsalantseng le bone, Bababelona.—Jeremia 49:9, 10.

10—Edoma e ne ya ‘kgaolwa jang ka bosakhutleng’? Fela jaaka go ne go boleletswe pele, Baedoma ba e neng e le setšhaba sa mmatota se se neng se na le puso e bile se nna mo karolong e e rileng ya lefatshe, ba ne ba nyelela. Kgosi Nabonidase wa Babelona o ne a gapa Edoma mo e ka nnang mo bogareng jwa lekgolo ya borataro la dingwaga B.C.E. Mo lekgolong la bonè la dingwaga B.C.E., mo nageng e go neng go nna Baedoma mo go yone go ne go nna Ba-Nabataea mme Baedoma bone ba ne ba tshwanelwa ke go ya go nna mo karolong ya Judea e e kafa borwa e e leng lefelo la Banegebe ba moragonyana ba neng ba itsiwe e le Baidumea. Fa Baroma ba sena go nyeletsa Jerusalema ka 70 C.E., Baedoma ba ne ba nyelela gotlhelele.

 Se re Ithutang Sone:

3, 4. E re ka Baedoma ba ne ba nna mo kgaolong e e nang le maje ya dithaba tse di kwa godimo le melatswana e e boteng e e neng e dira gore baba ba se ka ba kgona go lwa ka nako ya ntwa, ba ka tswa ba ne ba ikgogomosa ba ithaya ba re ba sireletsegile. Mme ga go ope yo o ka falolang dikatlholo tsa ga Jehofa.

8, 9, 15. Botlhale le nonofo ya batho ga di ka ke tsa sireletsa ope mo ‘letsatsing la ga Jehofa.’—Jeremia 49:7, 22.

12-14. Baedoma ke sekai se se tlhagisang batho ba ba itumelang fa batlhanka ba Modimo ba lebana le mathata. Jehofa o tsaya masisi kgang ya go sa tshwarwe sentle ga batho ba gagwe.

17-20. Boporofeti jono jo bo malebana le go tsosolosiwa ga barwa ba ga Jakobe bo simolotse go diragadiwa fa masalela a boela kwa Jerusalema a tswa kwa Babelona ka 537 B.C.E. Ka metlha lefoko la ga Jehofa le a diragala. Re ka ikanya ditsholofetso tsa gagwe ka botlalo.

“NINIFE O TLA RIBEGEDIWA”

(Jona 1:1–4:11)

Go na le gore Jona a utlwe taelo ya Modimo ya gore a ‘ye kwa Ninife motse o mogolo, mme a bolele teng’ molaetsa wa katlholo, o siela gosele. Ka go “romela phefo e kgolo kwa lewatleng,” le go dirisa “tlhapi e kgolo,” Jehofa o busa Jona kwa a yang teng mme o mo laela lekgetlo la bobedi gore a ye kwa motsemogolong wa Baasiria.—Jona 1:2, 4, 17; 3:1, 2.

Jona o tsena kwa Ninife a bo a bua molaetsa wa gagwe a tlhamaletse fela: “Go setse malatsi a le masome a manè fela, mme Ninife o tla ribegediwa.” (Jona 3:4) Tiro ya go rera ya ga Jona e nna le matswela a a neng a sa a lebelela mme Jona o “tuka bogale.” Jehofa o dirisa “semela sa segwana” go ruta Jona bopelotlhomogi.—Jona 4:1, 6.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

3:3—A tota bogolo jwa Ninife e ne e le “sekgala sa go ka tsamaiwa malatsi a mararo”? Ee. Mo metlheng ya bogologolo, go lebega Ninife e ne e tsewa e akaretsa metse e mengwe go tswa mo Khorsabad e e kafa bokone go ya kwa Nimrud e e kafa borwa. Metse eno yotlhe e e amanngwang le Ninife e dira khutlonnè e bogolo jwa yone e leng dikilometara di le 100.

3:4—A Jona o ne a tshwanelwa ke go ithuta puo ya Baasiria gore a kgone go rerela Baninife? Go ka direga gore Jona o ne a ntse a itse puo ya Baasiria, kana ka tsela ya kgakgamatso, a ka tswa a ne a newa bokgoni jwa go e bua. Sengwe gape ke gore a ka tswa a ne a rola molaetsa wa gagwe o o tlhamaletseng ka Sehebera a na le mongwe yo o mo ranolelang one. Fa e le gore o ne a bua ka Sehebera, mafoko a gagwe a tshwanetse a bo a ne a dira gore batho ba swegaswege ba batle go utlwa molaetsa wa gagwe.

Se re Ithutang Sone:

1:1-3. Fa re rulaganya ka boomo dilo tse di tla dirang gore re se ka ra kgona go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa, seo se supa gore re na le maitlhomo a a sa siamang. Tota re ka re motho yo o dirang jalo o a bo a tshabela kabelo e Modimo a mo neileng yone.

1:1, 2; 3:10. Bopelotlhomogi jwa ga Jehofa ga bo felele fela mo setšhabeng kana mo lotsong kana mo setlhopheng se se rileng se se kgethegileng sa batho. “Jehofa o molemo mo go botlhe, le mautlwelobotlhoko a gagwe a mo ditirong tsa gagwe tsotlhe.”—Pesalema 145:9.

1:17; 2:10. Malatsi a le mararo le masigo a teng a Jona a neng a a fetsa a le mo tlhaping e kgolo, a tshwantshetsa ka tsela ya boporofeti loso le tsogo ya ga Jesu.—Mathaio 12:39, 40; 16:21.

1:17; 2:10; 4:6. Jehofa o ne a golola Jona mo lewatleng le le galefileng. Gape Modimo o ne “a tlhoma semela sa segwana, gore se tle mo godimo ga ga Jona, gore se tle se nne moriti mo godimo ga tlhogo ya gagwe, go mo golola mo boemong jwa gagwe jwa masetlapelo.” Baobamedi ba mo motlheng ono ba ga Jehofa ba ka ikanya Modimo wa bone, le bopelonomi jwa gagwe gore bo tla ba dibela le go ba golola.—Pesalema 13:5; 40:11.

2:1, 2, 9, 10. Jehofa o utlwa dithapelo tsa batlhanka ba gagwe, e bile o reetsa mekokotlelo ya bone.—Pesalema 120:1; 130:1, 2.

3:8, 10. Modimo wa boammaaruri o ne a “ikwatlhaela” kana a fetola mogopolo ka masetlapelo  a a neng a buile ka one mme o ne “a se ka a a tlisa.” Ka ntlha yang? Ka gonne Baninife “ba ne ba boetse morago ba dule mo tseleng ya bone e e bosula.” Ka tsela e e tshwanang le gompieno, katlholo ya Modimo e ka tilwa fa moleofi a bontsha gore tota o ikwatlhaya go tswa pelong.

4:1-4. Ga go motho ope yo o ka dirang gore Modimo a lekanyetse bopelotlhomogi jwa Gagwe. Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra tshwaya phoso ditsela tsa ga Jehofa tsa bopelotlhomogi.

4:11. Jehofa o letlile ka bopelotelele gore molaetsa wa Bogosi o rerwe lefatshe ka bophara ka gonne—fela jaaka a ne a direla batho ba le 120 000 ba kwa Ninife—o utlwela botlhoko “ba gotlhelele ba sa itseng pharologanyo fa gare ga seatla sa bone sa moja le sa molema.” Ruri le rona re tshwanetse go utlwela botlhoko batho ba ba mo tshimong ya rona mme re nne le seabe ka tlhoafalo mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa.—2 Petere 3:9.

‘MAFATLA A BONE A TLA ATOLOSIWA’

(Mika 1:1–7:20)

Mika o senola maleo a Iseraele le Juda, o bolelela pele go senngwa ga metsemegolo ya teng mme o solofetsa gore e tla tsosolosiwa. Samarea e tla nna “mokoa wa marope a naga.” Iseraele le Juda ba tshwanelwa ke “lefatla” kana ditlhong ka ntlha ya gore ba obamela medingwana. Fa ba romelwa kwa botshwaro, mafatla a bone a tla atologa “jaaka la ntsu”—go lebega e le mofuta wa lenong o o nang le meritshana e sekae fela e e botsatsa mo tlhogong ya lone. Jehofa o solofetsa jaana: “Ruri ke tla phutha Jakobe.” (Mika 1:6, 16; 2:12) Jerusalema le ene “o tla nna mekoa fela ya marope” ka ntlha ya baeteledipele ba gagwe ba ba bosula le baporofeti ba diganana. Mme gone Jehofa o tla “phutha [batho ba gagwe] mmogo.” Mme mo “Bethelehema Eferatha” go tla tswa “yo o tla nnang mmusi mo Iseraele.”—Mika 3:12; 4:12; 5:2.

A Jehofa o tshwere Iseraele ka tsela e e sa siamang? A o ba tlhoka sengwe se se thata go se dira? Le eseng. Se Jehofa a se tlhokang fela mo baobameding ba gagwe ke gore ba ‘dire tshiamiso le go rata bopelonomi le go nna boingotlo’ fa ba tsamaya le Modimo wa bone. (Mika 6:8) Le fa go ntse jalo, batho ba ba tshelang mo motlheng wa ga Mika ba bosula jaana mo ‘yo o ba gaisang botlhe o tshwana le mongana, yo o thokgameng go ba gaisa botlhe o bosula thata go gaisa legora la mitlwa,’ le le utlwisang mongwe le mongwe yo o le atamelang botlhoko. Mme gone moporofeti o botsa jaana: “Ke mang Modimo yo o tshwanang le [Jehofa]?” Modimo o tla bontsha batho ba gagwe kutlwelobotlhoko gape mme a ‘latlhele maleo otlhe a bone mo botennyeng jwa lewatle.’—Mika 7:4, 18, 19.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

2:12—Boporofeti jo bo malebana le go ‘phutha ba ba setseng ba Iseraele’ bo ne jwa diragadiwa leng? Bo ne jwa diragadiwa la ntlha ka 537 B.C.E. fa masalela a Bajuda a ne a tswa botshwarwa kwa Babelona mme a boela kwa nagagaeng ya bone. Mo motlheng wa gompieno boporofeti jono bo diragadiwa mo ‘Iseraeleng wa Modimo.’ (Bagalatia 6:16) Fa e sa le ka 1919, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ntse ba phuthiwa mmogo “jaaka letsomane mo lesakeng.” Mme ba fetogile ‘batho ba ba modumo,’ bogolosegolo fa e sa le ba kopanngwa le “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe” ka 1935. (Tshenolo 7:9; Johane 10:16) Ba tsweledisa kobamelo ya boammaaruri mmogo ka tlhoafalo.

4:1-4—“Kwa bokhutlong jwa metlha,” Jehofa o ‘atlhola jang mo gare ga ditšhaba di le dintsi, a ba a tlhamalatsa dilo malebana le ditšhaba tse di thata’? Mafoko a a reng “ditšhaba di le dintsi” le a a reng “ditšhaba tse di thata” ga a reye ditlhopha tsa ditšhaba kana mekgatlho ya dipolotiki. Go na le moo, mafoko ano a raya batho ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba ba fetogileng baobamedi ba ga Jehofa. Jehofa o atlhola le go tlhamalatsa dilo tse di malebana le tsela e ba mo obamelang ka yone.

 Se re Ithutang Sone:

1:6, 9; 3:12; 5:2. Samarea e ne ya senngwa ke Baasiria ka 740 B.C.E.—mo motlheng wa ga Mika. (2 Dikgosi 17:5, 6) Baasiria ba ne ba bo ba tlhasela Jerusalema fa go ne go busa Hesekia. (2 Dikgosi 18:13) Jerusalema e ne ya jewa ka molelo ke Bababelona ka 607 B.C.E. (2 Ditiragalo 36:19) Fela jaaka go porofetilwe, Mesia o ne a tsholwa kwa “Bethelehema Eferatha.” (Mathaio 2:3-6) Lefoko la ga Jehofa la boporofeti ka metlha le a diragala.

2:1, 2Ruri go tla nna kotsi fa re ka bolela gore re direla Modimo mme re batla pele dikhumo go na le go batla “bogosi le tshiamo ya gagwe.”—Mathaio 6:33; 1 Timotheo 6:9, 10.

3:1-3, 5Jehofa o lebeletse gore ba ba eteletseng batho ba gagwe pele ba dire dilo ka tshiamiso.

3:4. Fa re batla gore Jehofa a arabe dithapelo tsa rona, ga re a tshwanela go dira boleo kana go tshela botshelo jwa boitimokanyo.

3:8. Taelo e re e neilweng ya go rera dikgang tse di molemo tse di akaretsang melaetsa ya katlholo, e ka diragadiwa fela fa re nonotshiwa ke moya o o boitshepo wa ga Jehofa.

5:5. Boporofeti jono jo bo malebana le Mesia bo re tlhomamisetsa gore fa batho ba Modimo ba tlhaselwa ke baba ba bone, go tsosiwa “badisa ba le supa [ba ba emelang botlalo]” mmogo le “dikgosana di le robedi”—e leng palo e kgolo ya banna ba ba nang le bokgoni—gore ba etelele batho ba ga Jehofa pele.

5:7, 8Mo bathong ba le bantsi, gompieno Bakeresete ba ba tloditsweng ba tshwana le “monyo o o tswang kwa go Jehofa”—e leng tshegofatso e e tswang kwa Modimong. Go ntse jalo gonne Modimo o dirisa batlodiwa go bolela molaetsa wa Bogosi. “Dinku tse dingwe” di thusa batho go nna le kamano e e molemo le Modimo ka go tshegetsa batlodiwa ka tlhoafalo mo tirong ya go rera. (Johane 10:16) Ruri ke tshiamelo tota go nna le seabe mo tirong eno e e lapolosang ba bangwe ka tsela ya mmatota!

6:3, 4Re tshwanetse go etsa Jehofa Modimo re bontshe bopelonomi le bopelotlhomogi, tota le mo bathong ba go leng thata go dirisana le bone kana ba ba koafetseng semoyeng.

7:7. Fa re ntse re lebana le mathata kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo, ga re a tshwanela go latlhegelwa ke tsholofelo. Go na le moo, fela jaaka Mika, re tshwanetse go ‘supa boikutlo jwa go leta Modimo wa rona.’

7:18, 19. E re ka Jehofa a ikeetleleditse go re itshwarela diphoso tsa rona, le rona re tshwanetse go itshwarela ba ba re direlang diphoso.

Tswelelang lo “Tsamaya mo Leineng la ga Jehofa”

Ba ba lwang le Modimo le batho ba gagwe ba “tla tshwanelwa ke go kgaolwa ka bosakhutleng.” (Obadia 10) Le fa go ntse jalo, re ka kgona go emisa kgalefo ya ga Jehofa ka go reetsa ditlhagiso tse a re nayang tsone mme re ‘boele morago re tswe mo tseleng e e bosula.’ (Jona 3:10) “Kwa bokhutlong jwa metlha,” e leng “mo metlheng [eno] ya bofelo,” kobamelo ya boammaaruri e ntse e tlotlomadiwa go feta bodumedi jwa maaka mme ba ba boikobo ba ologela kwa go yone. (Mika 4:1; 2 Timotheo 3:1) Ka jalo, a re ititeyeng sehuba gore “re tla tsamaya mo leineng la ga Jehofa Modimo wa rona ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.”—Mika 4:5.

E le ruri buka ya Obadia, ya Jona le ya Mika di re ruta dithuto tse di botlhokwatlhokwa! Le fa gone di ne tsa kwalwa dingwaga di feta 2 500 tse di fetileng, molaetsa wa tsone o a ‘tshela e bile o naya maatla’ tota le gompieno.—Bahebera 4:12.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Obadia o ne a bolelela pele jaana: “[Edoma] o tla tshwanelwa ke go kgaolwa ka bosakhutleng”

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Mika o ne a ‘supa boikutlo jwa go leta Jehofa,’ le wena o ka kgona

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Tiro ya go rera ke tshiamelo e re tshwanetseng go e ngomaela