Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Reetsa Segakolodi sa Gago

Go Reetsa Segakolodi sa Gago

 Go Reetsa Segakolodi sa Gago

“Dilo tsotlhe di phepa mo bathong ba ba phepa. Mme mo bathong ba ba leswafetseng le ba ba se nang tumelo ga go na sepe se se phepa.”—TITO 1:15.

1. Paulo o ne a dira eng mo diphuthegong tsa kwa Kereta?

FA MOAPOSETOLOI PAULO a sena go wetsa maeto a mararo a borongwa, o ne a tshwarwa mme kgabagare a romelwa kwa Roma, kwa a neng a nna a tshwerwe teng dingwaga tse pedi. O ne a dirang fa a gololwa? Nako nngwe o ne a etela setlhaketlhake sa Kereta a na le Tito, yo Paulo a neng a mo kwalela a re: “Ke ne ka go tlogela kwa Kereta, gore o baakanye dilo tse di neng di le bogole le gore o tlhome banna ba bagolwane.” (Tito 1:5) Tiro eo ya ga Tito e ne e akaretsa go dirisana le batho ba digakolodi tsa bone di neng di bereka le ba di neng di sa bereke sentle.

2. Tito o ne a tshwanelwa ke go lebana le bothata bofe mo setlhaketlhakeng sa Kereta?

2 Paulo o ne a bolelela Tito ka dinonofo tse bagolwane ba phuthego ba tshwanetseng go nna le tsone a bo a bontsha gore go ne go na le “batho ba le bantsi ba ba sa laolesegeng, babui ba ba se nang poelo, le batsietsi ba mogopolo.” Batho bano ba ne ba “phetsola malapa otlhe ka go ruta dilo tse ba sa tshwanelang go di ruta.” Tito o ne a tshwanetse gore a ‘nne a ba kgalemele.’ (Tito 1:10-14; 1 Timotheo 4:7) Paulo o ne a bolela gore megopolo ya bone le digakolodi tsa bone di ne di ‘leswafetse,’ a dirisa lefoko le le ka dirisiwang fa seaparo se sentle se ka mathegelwa ke sefetolammala. (Tito 1:15) Bangwe ba banna bano e ka tswa e ne e le Bajuda ka tlholego, gonne ba ne ba ‘ngaparela go rupa.’ Gompieno diphuthego ga di kgotlelwe ke batho ba ba nang le pono e e ntseng jalo; mme re sa ntse re ka ithuta go le gontsi kaga segakolodi mo kgakololong e Paulo a neng a e naya Tito.

Batho ba ba Nang le Segakolodi se se Leswafetseng

3. Paulo o ne a kwalela Tito a reng kaga segakolodi?

3 Ela tlhoko seemo se Paulo a neng a le mo go sone fa a umaka segakolodi. “Dilo tsotlhe di phepa mo bathong ba ba phepa. Mme mo bathong ba ba leswafetseng le ba ba se nang tumelo ga go na sepe se se phepa, mme megopolo ya bone mmogo le digakolodi tsa bone di leswafetse. Ba bolela phatlalatsa gore ba itse Modimo, mme ba mo itatola ka ditiro tsa bone.” Go bonala sentle gore bangwe ka nako eo ba ne ba tlhoka go dira diphetogo gore “ba itekanele mo tumelong.” (Tito 1:13, 15, 16) Ba ne ba ketefalelwa ke go farologanya se se phepa le se se seng phepa, mme seno se ne se ama segakolodi sa bone.

4, 5. Bangwe mo diphuthegong ba ne ba tlhaela fa kae, mme seno se ne se ba ama jang?

4 Dingwaga di feta lesome pele ga foo, setlhopha se se laolang sa Bakeresete se ne sa dira tshwetso ya gore motho o ne a sa tlhole a tlhoka go rupisiwa gore a nne moobamedi wa boammaaruri, mme ba ne ba itsise diphuthego ka seo. (Ditiro 15:1, 2, 19-29) Mme bangwe mo Kereta ba ne ba sa ntse ba ‘ngaparetse go rupa.’ Ba ne ba ganetsa setlhopha se se laolang ba sa fitlhe, ba “ruta dilo tse ba sa tshwanelang go di ruta.” (Tito 1:10, 11)  E re ka ba ne ba akanya ka tsela e e sokameng, ba ka tswa ba ne ba rotloetsa batho go latela ditaelo tsa Molao malebana le dijo le meetlo ya go iitshekisa. Gongwe e bile ba ka tswa ba ne ba oketsa se se buiwang ke Molao, fela jaaka go ne go dira bagologolwane ba bone mo motlheng wa ga Jesu, e bile ba buelela ditlhamane tsa Bajuda le melao ya batho.—Mareko 7:2, 3, 5, 15; 1 Timotheo 4:3.

5 Go akanya jalo go ne ga dira gore ba se ka ba leba dilo ka tsela e e siameng e bile go ne ga ama bokgoni jwa bone jwa go itse se se molemo le se se bosula, ke gore segakolodi sa bone. Paulo o ne a kwala a re: “Mo bathong ba ba leswafetseng le ba ba se nang tumelo ga go na sepe se se phepa.” Segakolodi sa bone se ne sa sokama mo e leng gore se ne se sa tlhole se kaela ditiro tsa bone sentle le tsela e ba lebang dilo ka yone. Mo godimo ga moo, ba ne ba tshwaya Bakeresete ka bone diphoso mo dilong tse di amang motho ka esi, dilo tse mo go tsone Mokeresete yo mongwe a ka swetsang ka tsela nngwe mme yo mongwe a swetse ka tsela e sele. Mo kgannyeng eno Bakereta bano ba ne ba leba dilo tse tota di leng phepa e le dilo tse di seng phepa. (Baroma 14:17; Bakolosa 2:16) Le fa ba ne ba bolela gore ba itse Modimo, ditiro tsa bone di ne di sa bontshe seo.—Tito 1:16.

“Di Phepa mo Bathong ba ba Phepa”

6. Paulo o ne a umaka mefuta efe e mebedi ya batho?

6 Re ka solegelwa molemo jang ke se Paulo a neng a se kwalela Tito? Ela tlhoko dintlha tse di sa tshwaneng tse di mo mafokong ano: “Dilo tsotlhe di phepa mo bathong ba ba phepa. Mme mo bathong ba ba leswafetseng le ba ba se nang tumelo ga go na sepe se se phepa, mme megopolo ya bone mmogo le digakolodi tsa bone di leswafetse.” (Tito 1:15) Ruri Paulo o ne a sa bolele gore mo Mokereseteng wa boitsholo jo bo phepa, sengwe le sengwe fela se phepa e bile se a amogelesega. Re ka tlhomamisega ka seo ka gonne Paulo o ne a boletse sentle mo lekwalong le lengwe gore motho yo o dirang kgokafalo, kobamelo ya medingwana, yo o dirisanang le meya, jalo le jalo ‘ga a na go rua bogosi jwa Modimo.’ (Bagalatia 5:19-21) Ka jalo re tshwanetse ra konela ka gore Paulo o ne a bolela ntlha e e akaretsang mefuta e mebedi ya batho, ba ba phepa mo boitsholong le mo semoyeng le ba ba seng phepa.

7. Bahebera 13:4 e kgala eng, mme go ka tsoga potso efe?

7 Ga se gore dilo tse Mokeresete yo o peloephepa a tshwanetseng go di tila ke tse Baebele e di iletsang ka tlhamalalo fela. Ka sekai, akanya ka mafoko ano a a buiwang fela ka tlhamalalo: “A lenyalo le tlotlege mo go botlhe, le bolao jwa lenyalo bo nne bo sa leswafala, gonne Modimo o tla atlhola bagokafadi le baakafadi.” (Bahebera 13:4) Tota le batho ba e seng Bakeresete le ba ba sa itseng sepe ka Baebele ba ka bona gore temana eno e iletsa go dira boaka. Temana eno le tse dingwe tse di mo Baebeleng di bontsha sentle gore Modimo o kgala tlhakanelodikobo fa e dirwa ke monna kgotsa mosadi yo o mo lenyalong a e dira le motho yo e seng monna wa gagwe kgotsa mosadi wa gagwe kafa molaong. Mme go tweng fa batho ba babedi ba ba sa nyalang ba dira tlhakanelodikobo e go dirisiwang molomo mo go yone? Basha ba le bantsi ba dumela gore mokgwa ono ga o phoso ka gonne ga se go tlhakanela dikobo le motho ka tlhamalalo. A Mokeresete a  ka tsaya gore tlhakanelodikobo e go dirisiwang molomo mo go yone e phepa?

8. Bakeresete ba farologana jang le batho ba le bantsi mo lefatsheng mo kgannyeng ya tlhakanelodikobo e go dirisiwang molomo mo go yone?

8 Bahebera 13:4 le 1 Bakorintha 6:9 di bontsha gore Modimo o kgala boaka mmogo le kgokafalo (Segerika, por·neiʹa). Lefoko leno la bobedi le akaretsa eng? Lefoko la Segerika le akaretsa go dirisiwa ga dirwe tsa tsalo ka tsela ya tlholego kgotsa ka tsela e e seng ya tlholego ka maikaelelo a a sa siamang. Le akaretsa mefuta yotlhe ya tlhakanelodikobo e e seng kafa molaong e e dirwang kwantle ga lenyalo la Dikwalo. Ka jalo lefoko leno le akaretsa tlhakanelodikobo e go dirisiwang molomo mo go yone, le fa basha ba le bantsi mo lefatsheng ba boleletswe kgotsa ba itiretse tshwetso ya gore e siame. Bakeresete ba boammaaruri ga ba kaele kakanyo ya bone le ditiro tsa bone ka maikutlo a “babui ba ba se nang poelo, le batsietsi ba mogopolo.” (Tito 1:10) Ba ngaparela molao o o kwa godimo wa Dikwalo tse di Boitshepo. Mo boemong jwa go leka go buelela tlhakanelodikobo e e dirwang ka molomo, ba tlhaloganya gore go ya ka Dikwalo, mokgwa oo ke kgokafalo, por·neiʹa, mme ba thapisa segakolodi sa bone go gana mokgwa ono. *Ditiro 21:25; 1 Bakorintha 6:18; Baefeso 5:3.

Digakolodi Tse di sa Tshwaneng, Ditshwetso Tse di sa Tshwaneng

9. Fa e le gore “dilo tsotlhe di phepa,” tiro ya segakolodi ke eng?

9 Tota Paulo o ne a raya goreng fa a re “dilo tsotlhe di phepa mo bathong ba ba phepa”? Paulo o ne a bua ka Bakeresete ba ba neng ba dirile gore go akanya ga bone le tsela e ba lebang se se siameng le se se sa siamang ka yone e tsamaisane le melao ya Modimo e re e fitlhelang mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng. Bakeresete bano ba lemoga gore mo dilong tse dintsi tse di sa kgalweng ka tlhamalalo, badumedi ba ka kgona go leba dilo ka ditsela tse di sa tshwaneng. Mo boemong jwa go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso, ba tsaya dilo tse Modimo a sa di iletseng di le “phepa.” Ga ba a lebelela gore batho ba bangwe botlhe ba tla akanya fela jaaka bone mo dikgannyeng tsa botshelo tse Baebele e sa bueng sepe ka tlhamalalo mo go tsone. A re sekasekeng gore seo se ka direga jang.

10. Lenyalo (kgotsa phitlho) e ka nna bothata jang?

10 Go na le malapa a le mantsi a mo go one molekane yo mongwe a ileng a fetoga Mokeresete mme yo mongwe a sa dira jalo. (1 Petere 3:1; 4:3) Seno se ka baka mathata a a farologaneng, jaaka fa go na le lenyalo kgotsa phitlho ya mongwe wa losika. Akanya ka kgang ya mosadi wa Mokeresete yo monna wa gagwe a sa ntseng a le mo bodumeding bo sele. Mongwe wa losika lwa kwa gaabo monna o a nyala, mme mokete o tla bo o le mo kerekeng. (Kgotsa go tlhokafetse mongwe wa losika, gongwe e le motsadi, mme phitlho e tla bo e tshwaretswe mo kerekeng.) Banyalani bano ba laleditswe mme monna o batla gore mosadi wa gagwe a tsamaye le ene. Segakolodi sa mosadi se mo raya se reng malebana le go ya koo? O tla dirang? Akanya ka maemo ano a mabedi a a ka nnang a direga.

11. Tlhalosa kafa mosadi mongwe wa Mokeresete a ka sekasekang mabaka ka teng fa a dira tshwetso ya gore a a ye lenyalong la kwa kerekeng, mme o felela ka tshwetso efe?

11 Marea o akanya ka taelo eno e e masisi ya Baebele, ‘Tswang mo go Babelona yo Mogolo,’ mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. (Tshenolo 18:2, 4) O kile a bo a tsena kereke e lenyalo le yang go tshwarelwa kwa go yone mme o itse gore fa lenyalo le ntse le tsweletse botlhe ba ba leng teng ba tla kopiwa gore ba nne le seabe mo ditirong tsa bodumedi, tse di jaaka go rapela, go opela kgotsa go dira matshwao mangwe a bodumedi. O ititeile sehuba gore a se ka a nna le seabe e bile ga a batle go ya teng a bo a ikutlwa a patelesega go sa ikanyege. Marea o tlotla monna wa gagwe e bile o batla go dirisana sentle le ene, jaaka Baebele e bontsha gore ke tlhogo ya gagwe; mme le fa go ntse jalo, ga a batle go tlola melaometheo ya Baebele e a tshelang ka yone. (Ditiro 5:29) Ka jalo, o tlhalosetsa monna wa gagwe ka tlotlo gore le fa monna a batla go ya, ene a ka se ka a ya. A ka nna a mmontsha gore fa a ka ya mme a gana go nna le seabe mo tirong nngwe, seo se ka nna sa tlhabisa monna wa gagwe ditlhong, ka jalo go ka solegela monna molemo fa mosadi a sa ye.  Tshwetso ya gagwe e dira gore a sale a na le segakolodi se se phepa.

12. Mongwe a ka akanyetsa mabaka afe mme a tsaya kgato efe fa a laleditswe lenyalo la kwa kerekeng?

12 Sara le ene o lebane le bothata jo bo tshwanang. O tlotla monna wa gagwe, o ikemiseditse go ikanyega mo Modimong e bile o reetsa segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele. Fa Sara a sena go akanya ka dintlha tse di jaaka tse Marea a di sekasekileng, Sara o bala ka kelotlhoko “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 15, 2002. O gakologelwa gore Bahebera ba bararo ba ile ba reetsa taelo ya gore ba ye kwa go neng go tla nna le kobamelo ya medingwana teng, mme ba ne ba nna ba ikanyega ka go sa dire tiro ya kobamelo. (Daniele 3:15-18) O swetsa ka gore a tsamaye le monna wa gagwe mme a se ka a dira ditiro dipe tsa bodumedi, ka go rialo a dira tumalanong le segakolodi sa gagwe. O tlhalosetsa monna wa gagwe sentle mme e le ka botlhale dilo tse segakolodi sa gagwe di tla mo letlang go di dira le tse a se kitlang a di dira. Sara o solofela gore monna wa gagwe o tla bona pharologanyo fa gare ga kobamelo ya boammaaruri le ya maaka.—Ditiro 24:16.

13. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tshwenngwa ke gore Bakeresete ba babedi ba dira ditshwetso tse di sa tshwaneng?

13 A lebaka la go bo Bakeresete ba babedi ba ka dira ditshwetso tse di sa tshwaneng le kaya gore ga go re sepe gore motho o dirang kgotsa le bontsha gore mongwe wa batho ba babedi bano o na le segakolodi se se bokoa? Nnyaa. Ka ntlha ya se a se itseng ka mmino le dilo tse di dirisiwang mo meletlong ya kereke, Marea a ka nna a bona gore go ya teng go tla nna kotsi mo go ene. Mme ditirisano tsa gagwe le monna wa gagwe mo nakong e e fetileng ka dikgang tsa bodumedi di ka tswa di ama segakolodi sa gagwe. Ka jalo o tlhomamisegile gore tshwetso ya gagwe e mo siametse.

14. Bakeresete ba tshwanetse go gopola eng ka dikgang tse motho a tshwanetseng go itirela tshwetso ka tsone?

14 A mme tshwetso ya ga Sara ga e a siama? Eo ga se kgang e e ka atlholwang ke ba bangwe. Ga ba a tshwanela go mo kgala kgotsa go mo tshwaya phoso ka gonne a tlhophile go ya mme a sa dire ditiro dipe tsa bodumedi. Gopola kgakololo ya ga Paulo mo ditshwetsong tse motho a ka di dirang malebana le go ja kgotsa go se je dijo dingwe: “A yo o jang a se ka a lebela yo o sa jeng kwa tlase, mme a yo o sa jeng a se ka a atlhola yo o jang . . . Go ema ga gagwe le go wa ke ga mong wa gagwe. Eleruri, o tla dirwa gore a eme, gonne Jehofa a ka mo dira gore a eme.” (Baroma 14:3, 4) Ruri ga go Mokeresete ope wa boammaaruri yo o ka ratang go rotloetsa ope gore a tlhokomologe kaelo ya segakolodi se se thapisitsweng, ka gonne go dira jalo go tla tshwana le go tlhokomologa lentswe le le ka tswang le tlisa molaetsa o o bolokang botshelo.

15. Ke ka ntlha yang fa go tshwanetse go akanyediwa ka kelotlhoko segakolodi le maikutlo a ba bangwe?

15 Fa re tswelela pele ka kgang eno, Bakeresete bano boobedi ba tshwanetse go sekaseka dintlha tse dingwe, tse di jaaka gore ba bangwe ba amega jang. Paulo o ne a re gakolola jaana: “Dirang seno  tshwetso ya lona, gore lo se ka lwa baya sekgopi fa pele ga mokaulengwe kgotsa se se ka mo digang.” (Baroma 14:13) Marea o ka tswa a itse gore batho mo phuthegong kgotsa mo lelapeng la gaabo ba ile ba kgopisiwa thata ke maemo a a tshwanang le ano mo nakong e e fetileng le gore sengwe le sengwe se a se dirang se ka ama bana ba gagwe fela thata. Sara ene o ka tswa a itse gore ditshwetso tse di ntseng jalo ga di a ka tsa tsosa mathata ape mo phuthegong kgotsa mo motseng. Basadi bano ba babedi—le rona rotlhe—ba tshwanetse go lemoga gore segakolodi se se thapisitsweng sentle se akanyetsa kafa ba bangwe ba ka amegang ka teng. Jesu o ne a re: “Le fa e le mang yo o kgopisang mongwe wa ba bannye bano ba ba dumelang mo go nna, go molemo segolo gore a gokelelwe lelwala mo molaleng wa gagwe le le tshwanang le leo le pitikololwang ke esele mme a nwediwe mo lewatleng le le atlhameng, le le bulegileng.” (Mathaio 18:6) Fa motho a tlhokomologa kgang ya go kgopisa ba bangwe, a ka tloga a nna le segakolodi se se leswafetseng, jaaka Bakeresete bangwe ba kwa Kereta.

16. Re ka solofela gore Mokeresete a dire diphetogo dife fa nako e ntse e feta?

16 Kgatelopele ya semoya ya Mokeresete e tshwanetse go tswelela pele e sa kgaotse, fela jaaka kgatelopele ya gagwe malebana le go utlwa le go reetsa segakolodi sa gagwe. A re akanyeng ka Malaki, yo o sa tswang go kolobediwa bosheng. Segakolodi sa gagwe se mmolelela gore a tile ditiro tse a kileng a bo a di dira tse di sa tsamaisaneng le Dikwalo, tse gongwe di akaretsang tiriso ya medingwana kgotsa madi. (Ditiro 21:25) E bile tota, jaanong o tila sengwe le sengwe le fa se ka lebega e kete se tshwana go se kae fela le se Modimo a se iletsang. Mme jaanong o gakgamadiwa ke gore bangwe ba gana dilo dingwe tse ene a bonang di siame, jaaka dithulaganyo dingwe tsa thelebishene.

17. Tshwantsha kafa nako le kgatelopele ya semoya e ka amang segakolodi sa Mokeresete le ditshwetso tsa gagwe ka teng.

17 Kgabagare, Malaki o gola mo kitsong mme o atamalana thata le Modimo. (Bakolosa 1:9, 10) Go felela jang? Lentswe le le mo teng ga gagwe le thapisiwa tota. Jaanong Malaki o setse a reetsa segakolodi sa gagwe le go sekaseka melaometheo ya Dikwalo ka kelotlhoko. E bile tota, o lemoga gore dingwe tsa dilo tse ‘e keteng di tshwana go se kae’ tse pele a neng a di tila, tota ga di thulane le molao wa Modimo. Mo godimo ga moo, e re ka jaanong Malaki a reetsa melaometheo ya Baebele e bile a iketleeditse go reetsa segakolodi sa gagwe se se theilweng mo Baebeleng, jaanong segakolodi sa gagwe se mo tlhotlheletsa go tila dithulaganyo tse pele a neng a tsaya gore di siame. Ee, segakolodi sa gagwe se looditswe.—Pesalema 37:31.

18. Ke eng se se ka re itumedisang?

18 Mo diphuthegong ka bontsi, batho ga ba lekane ka tsela e ba godileng ka yone semoyeng. Bangwe ba bone ba sa le basha mo tumelong. Gongwe segakolodi sa bone ga se bue sepe ka dikgang dingwe, mme se buela kwa godimo ka dilo tse dingwe. Batho bano ba ka nna ba tlhoka nako le thuso gore ba tsamaisane le kaelo ya ga Jehofa mme ba reetse segakolodi sa bone se se thapisitsweng. (Baefeso 4:14, 15) Se se itumedisang ke gore, mo go tsone diphuthego tseno, go ka tswa go na le ba bantsi ba ba nang le kitso e e boteng, ba ba nang le maitemogelo a go dirisa melaometheo ya Baebele, le segakolodi se se tsamaisanang thata le tsela e Modimo a akanyang ka yone. A bo go itumedisa jang ne go nna mo gare ga ‘batho ba ba phepa’ jalo ba ba tsayang dilo tse di amogelwang ke Morena di le phepa mo boitsholong le mo semoyeng! (Baefeso 5:10) E kete rotlhe re ka nna le mokgele wa go gola go fitlha mo seemong seo le go nna re na le segakolodi se se ntseng jalo se se tsamaisanang le kitso ya boammaaruri le boineelo jwa bomodimo.—Tito 1:1.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Tora ya Tebelo ya September 1, 1983, tsebe 30-1, e naya dintlha tse di ka sekasekiwang malebana le banyalani.

O ka Araba Jang?

• Ke ka ntlha yang fa Bakeresete bangwe kwa Kereta ba ne ba nna le digakolodi tse di leswafetseng?

• Go ka tla jang gore Bakeresete ba babedi ba ba nang le digakolodi tse di berekang ba dire ditshwetso tse di sa tshwaneng?

• Fa nako e ntse e ya, ke eng se se tshwanetseng go direga ka segakolodi sa rona?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Mmapa mo go tsebe 26]

(Go bona mokwalo o o feletseng bona kgatiso)

Sisili

GERIKA

Kereta

ASIA MINOR

Kupero

LEWATLE LA MEDITERRANEAN

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Bakeresete ba babedi ba ba lebaneng le seemo se se tshwanang ba ka dira ditshwetso tse di sa tshwaneng