Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Senka Botshelo jo bo Nang le Boikaelelo

Go Senka Botshelo jo bo Nang le Boikaelelo

 Go Senka Botshelo jo bo Nang le Boikaelelo

“Sengwe le sengwe se se hemang—a se bake Jah.”—PESALEMA 150:6.

1. Tlhalosa kafa lekawana lengwe le neng la senka botshelo jo bo nang le boikaelelo ka teng.

SEUNG JIN, * yo o goletseng kwa Korea, o bolela jaana: “Ke ne ka ithutela kalafi ka gonne ke ne ke batla go dirisa botshelo jwa me ke thusa batho. Gape ke ne ke akanya gore ke ne ke tla itumelela maemo a ke neng ke tla nna le one fa ke le ngaka le madi a ke neng ke tla a amogela. Fa ke simolola go lemoga kafa dingaka di sa kgoneng ka teng go thusa batho ka sotlhe se ba se tlhokang, ke ne ka kgobega marapo. Go tswa foo ke ne ka simolola go ithutela botaki, mme dilo tse ke neng ke di taka di ne di sa solegele ba bangwe molemo go le kalo, e bile ke ne ke bona e kete ke ikakanyetsa ke le esi ka go dira selo se se itumedisang nna fela. Ke ne ka tlogela mme ka nna morutabana. Go ise go ye kae, ke ne ka lemoga gore ke ne ke kgona go naya batho tshedimosetso fela mme ke sa kgone go ba naya kaelo e e ka ba fang boitumelo jwa mmatota.” Fela jaaka batho ba le bantsi, Seung Jin o ne a senka botshelo jo bo nang le boikaelelo.

2. (a) Go nna le boikaelelo mo botshelong go kaya eng? (b) Re itse jang gore Mmopi o re beile mo lefatsheng ka boikaelelo?

2 Go nna le boikaelelo jwa mmatota mo botshelong go kaya go nna le se o se tshelelang, go nna le mokgele o o bonalang sentle mo botshelong le go nna le se o se berekelang. A ruri batho ba ka nna le boikaelelo jo bo ntseng jalo mo botshelong? Ee! Lebaka la go bo re filwe botlhale, segakolodi le bokgoni jwa go akanya le kaya gore Mmopi o re beile mo lefatsheng ka boikaelelo bongwe jo bo botlhokwa. Ka jalo, go a utlwala gore re ka bona boikaelelo jwa mmatota mo botshelong ra ba ra bo diragatsa fela fa re tshela go dumalana le boikaelelo jwa Mmopi.

3. Boikaelelo jwa Modimo ka batho bo akaretsa eng?

3 Baebele e senola gore boikaelelo jwa Modimo ka rona bo akaretsa dilo tse dintsi. Ka sekai, tsela e e gakgamatsang e re dirilweng ka yone ruri e bontsha lorato lwa bopelotshweu lo Modimo a re ratang ka lone. (Pesalema 40:5; 139:14) Ka jalo, go tshela tumalanong le boikaelelo jwa Modimo go kaya go rata ba bangwe ka bopelotshweu fela jaaka Modimo a re rata. (1 Johane 4:7-11) Gape go kaya go ikobela melao ya Modimo, e e re thusang go tshela go dumalana le boikaelelo jwa gagwe jo bo bontshang lorato.—Moreri 12:13; 1 Johane 5:3.

4. (a) Ke eng se se tlhokegang gore re nne le boikaelelo jwa mmatota mo botshelong? (b) Ke boikaelelo bofe jo bogolo go gaisa bope jo motho a ka lekang go nna le jone?

4 Gape Modimo o ne a ikaeletse gore batho ba  tshele le ba bangwe ba itumetse e bile ba le mo kagisong mmogo le popo yotlhe. (Genesise 1:26; 2:15) Mme re tshwanetse go dirang gore re ikutlwe re itumetse, re sireletsegile e bile re le mo kagisong? Fela jaaka ngwana a tlhoka go itse gore batsadi ba gagwe ba teng fa gaufi gore a ikutlwe a itumetse e bile a sireletsegile, re tshwanetse go nna le kamano e e molemo le Rraarona yo o kwa legodimong gore re bone bokao le boikaelelo jwa mmatota mo botshelong. (Bahebera 12:9) Modimo o dira gore re kgone go nna le kamano e e ntseng jalo le ene ka go re letla gore re atamalane le ene le ka gore a utlwe dithapelo tsa rona. (Jakobe 4:8; 1 Johane 5:14, 15) Fa re “tsamaya le Modimo” ka tumelo re bo re nna ditsala tsa gagwe, re ka tlisetsa Rraarona yo o kwa legodimong boipelo le pako. (Genesise 6:9; Diane 23:15, 16; Jakobe 2:23) Joo ke boikaelelo jo bogolo go gaisa bope jo motho a ka lekang go nna le jone. Mopesalema o ne a kwala a re: “Sengwe le sengwe se se hemang—a se bake Jah.”—Pesalema 150:6.

Wena Boikaelelo Jwa Gago ke Bofe mo Botshelong?

5. Ke ka ntlha yang fa go se botlhale go tsaya dithoto e le tsone tsa botlhokwa?

5 Karolo ya boikaelelo jwa Modimo ka rona ke gore re itlhokomele rona le ba malapa a rona. Seno se akaretsa go itlhokomela ka se re se tlhokang mo mmeleng le go nna le kamano e e molemo le Modimo. Le fa go ntse jalo, go dira jalo go tlhoka gore motho a nne tekatekano, gore dikgang tse di amang ditiro tsa boitshediso di se ka tsa fekeetsa dikgang tsa kobamelo tse di botlhokwa le go feta. (Mathaio 4:4; 6:33) Ka maswabi, batho ba le bantsi ba dirisa mo e batlileng e le botshelo jwa bone jotlhe ba ikokoanyetsa dithoto. Mme go leka go fitlhelela sotlhe se re se tlhokang ka go kokoanya dithoto fela ga go botlhale. Bosheng jaana go ne ga dirwa patlisiso mo bathong ba ba humileng thata kwa Asia mme ga fitlhelwa gore bontsi jwa bone “ba ikutlwa ba sa sireletsega e bile ba tshwenyegile, le fa gone khumo ya bone e dira gore ba nne le maemo mo setšhabeng ba bo ba ikutlwe ba fitlheletse mo gontsi.”—Moreri 5:11.

6. Jesu o ne a naya kgakololo efe malebana le go ikokoanyetsa dikhumo?

6 Jesu o ne a bua ka “maatla a a tsietsang a dikhumo.” (Mareko 4:19) Dikhumo di tsietsa ka tsela efe? Di lebega e kete di lere boitumelo mme tota go sa nna jalo. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a re: “Motho yo o ratang madi ga a ke a kgotsofala.” (Moreri 5:10, The New English Bible) A mme go ka kgonega gore motho a nne le mekgele ya go huma a bo a ntse a kgona go direla Modimo ka moya otlhe? Nnyaa, ga go kgonege. Jesu o ne a tlhalosa jaana: “Ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe mme a rate yo mongwe, kgotsa o tla ngaparela yo mongwe mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.” Jesu o ne a rotloetsa balatedi ba gagwe gore ba se ka ba ipolokela dikhumo mo lefatsheng mme ba ipolokele “matlotlo kwa legodimong,” ke gore, ba itirele leina le lentle le Modimo, e re ka a “itse dilo le fa e le dife tse lo di tlhokang le pele ga lo mo kopa.”—Mathaio 6:8, 19-25.

7. Re ka dira jang gore re “tshware botshelo jwa mmatota ka thata”?

7 Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela modirimmogo le ene e bong Timotheo, o ne a mo naya kgakololo e e maatla mo ntlheng eno. O ne a raya Timotheo a re: “Naya ba ba humileng . . . ditaelo tsa gore . . . ba se ka ba solofela mo dikhumong tse di sa tlhomamang, mme ba solofele mo Modimong, yo o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re di ipelele; ba lwele . . . go aba ka bopelontle, go iketleeletsa go abelana, ba ipolokela motheo o o molemo wa isagwe ka pabalesego, gore ba tshware botshelo jwa mmatota ka thata.”—1 Timotheo 6:17-19.

“Botshelo Jwa Mmatota” ke Eng?

8. (a) Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba kgaratlhela go nna le dikhumo le maemo? (b) Batho bano ga ba lemoge eng?

8 Fa go buiwa ka “botshelo jwa mmatota” batho ba le bantsi ba akanya ka manobonobo le menate. Lokwalodikgang longwe lwa kwa Asia lwa re: “Batho ba ba lebelelang difilimi kgotsa thelebishene ba tlwaela go eletsa dilo tse ba di bonang moo, ba ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tse ba eletsang go nna le tsone.” Batho ba le bantsi ba dira gore boikaelelo jwa bone mo botshelong e nne go ikokoanyetsa dikhumo le go nna le maemo. Ba latlhegelwa ke bosha jwa bone, botsogo jwa bone, botshelo jwa bone jwa lelapa mme tsela e ba ratang dilo tsa bomodimo ka yone e a fokotsega, e le fela gore ba bone dilo tseno. Ba le bantsi ga ba lemoge gore ditshwantsho  tseno tse di bontshang botshelo jwa manobonobo tse di mo metsweding ya dikgang tota di bontsha “moya wa lefatshe”—mokgwa o o atileng wa go akanya, o o tlhotlheletsang bontsi jwa banni ba lefatshe ba ba dibilionebilione gore ba lwantshe boikaelelo jo Modimo a nang le jone ka rona. (1 Bakorintha 2:12; Baefeso 2:2) Ke sone se go tletseng batho ba bantsi jaana ba ba sa itumelang gompieno!—Diane 18:11; 23:4, 5.

9. Ke eng se batho ba se kitlang ba kgona go se fitlhelela, mme ka ntlha yang?

9 Go tweng ka bao ka bopelotshweu ba dirang ka natla gore ba thuse ba bangwe, ba leka go fedisa tlala, bolwetse le botlhokatshiamiso? Gantsi maiteko a bone a mantle a ba a dirang ka natla ba thusa ba bangwe a nna le matswela a a molemo tota. Mme le fa ba ka leka jang, ba ka se tsoge ba fetotse tsamaiso eno ya dilo gore e nne e e siameng. Ka ntlha yang? Ka gonne tota “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo” e bong Satane, mme ga a batle gore le fetoge.—1 Johane 5:19.

10. Batho ba ba ikanyegang ba tla bona leng “botshelo jwa mmatota”?

10 A bo go utlwisa botlhoko jang fa motho a se na tsholofelo epe ya gore o tla tshela fa botshelo jwa lefatshe la gompieno bo fetile! Paulo o ne a kwala a re: “Fa e le gore ke mo botshelong jono fela re solofetseng mo go Keresete, ke rona ba re tshwanetseng go tlhomogelwa pelo go feta batho botlhe.” Batho ba ba dumelang gore botshelo jono ke jone jotlhe jo bo gone, ba na le boikutlo jwa gore “a re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.” (1 Bakorintha 15:19, 32) Mme isagwe e teng, e e leng “magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya [Modimo], mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” (2 Petere 3:13) Ka nako eo, Bakeresete ba ka ipelela “botshelo jwa mmatota,” ke gore, “botshelo jo bo sa khutleng” ba itekanetse, e ka tswa e le kwa legodimong kgotsa ba busiwa ka lorato ke puso ya Bogosi jwa Modimo!—1 Timotheo 6:12.

11. Ke ka ntlha yang fa go dira ditiro tse di direlwang Bogosi jwa Modimo e le tiro e e nang le boikaelelo?

11 Bogosi jwa Modimo ke jone fela bo tla atlegang ka botlalo go rarabolola mathata a batho. Ka jalo, go dira ka natla mo ditirong tse di direlwang Bogosi jwa Modimo ke yone tiro e e nang le boikaelelo go feta tsotlhe tse motho a ka di dirang. (Johane 4:34) Fa re ntse re dira tiro eo, re nna le kamano e e itumedisang le Rraarona yo o kwa legodimong. Gape re ipelela go dira mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba le dimilionemilione, ba ba lwelang go diragatsa jone boikaelelo joo mo botshelong.

 Go Ithontsha Dilo mo go Tshwanelang Teng

12. Bontsha pharologanyo fa gare ga botshelo jwa tsamaiso eno le “botshelo jwa mmatota.”

12 Baebele ya re lefatshe la jaanong “le a feta le keletso ya lone.” Ga go kitla go sala karolo epe ya lefatshe la ga Satane, go akaretsa go tuma le dikhumo tsa lone, “mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:15-17) Dikhumo tse di sa tlhomamang, kgalalelo e e fetang, le menate e e sa nneleng ruri ya tsamaiso eno ya dilo ga di tshwane le “botshelo jwa mmatota”—botshelo jo bo sa khutleng jo mo go jone go tla bong go busa Bogosi jwa Modimo—ka gonne jone bo tla nnela ruri e bile bo tshwanelwa ke gore re ithontshe dilo dingwe ka ntlha ya jone, fa fela re ithontsha dilo mo go tshwanelang teng.

13. Banyalani bangwe ba ne ba ithontsha dilo jang fa go tshwanetseng teng?

13 Akanya ka Henry le Suzanne. Ba ikanya tsholofetso ya Modimo ka botlalo ya gore o tla thusa botlhe ba ba dirang gore Bogosi bo tle pele mo botshelong jwa bone. (Mathaio 6:33) Ka jalo, ba ne ba tlhopha go nna mo legaeng le le sa batleng madi a mantsi gore mo boemong jwa gore ba dire tiro ya boitshediso boobedi, ba kgone go dirisa nako e e oketsegileng mo ditirong tse di amanang le Bogosi, bone le bana ba bone ba babedi ba basetsana. (Bahebera 13:15, 16) Tsala nngwe ya bone e e neng e ba eleletsa molemo e ne e sa kgone go tlhaloganya tsela e ba tlhophileng go tshela ka yone. Tsala eno e ne ya raya Suzanne ya re: “Suzanne, fa o batla gore letsatsi lengwe o nne mo ntlong e e botoka, ruri o tla tshwanelwa ke go ithontsha dilo dingwe.” Mme Henry le Suzanne bone ba ne ba itse gore go baya Jehofa kwa pele go “na le tsholofetso ya botshelo jaanong le ya jo bo tla tlang.” (1 Timotheo 4:8; Tito 2:12) Bana ba bone ba basetsana ba ne ba gola mme ba nna bareri ba ba tlhoafetseng ba nako e e tletseng. Jaaka lelapa, ba dumela gore ga ba a latlhegelwa ke sepe se se mosola; mme ba solegetswe molemo thata ke go dira gore go senka “botshelo jwa mmatota” e nne jone boikaelelo jwa bone.—Bafilipi 3:8; 1 Timotheo 6:6-8.

O se Ka wa ‘Dirisa Lefatshe ka Botlalo’

14. Go lebala boikaelelo jwa rona jwa mmatota go ka felela ka masetlapelo afe?

14 Le fa go ntse jalo, re ka nna mo kotsing tota fa re lebala boikaelelo jwa rona jwa mmatota mme re bo re sa tlhole re tshwara “botshelo jwa mmatota” ka thata. Re mo kotsing ya gore re ka “gapiwa ke ditlhobaelo le dikhumo le menate ya botshelo jono.” (Luke 8:14) Fa motho a eletsa dilo a sa ithibe e bile a na le “ditlhobaelo tsa botshelo,” go ka felela ka gore a tsene ka tlhogo mo tsamaisong eno ya dilo. (Luke 21:34) Ka maswabi, bangwe ba ile ba tshelela mo lobelong lwa motlha wa gompieno lwa go ikokoanyetsa dikhumo mme ba “fapositswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi,” ba bo ba felelwa ke kamano ya bone e e molemo le Jehofa. A ditlamorago tse di botlhoko jang ne tsa go sa ‘tshware botshelo jo bo sa khutleng ka thata’!—1 Timotheo 6:9, 10, 12; Diane 28:20.

15. Lelapa lengwe le ne la solegelwa molemo jang ke ‘go se dirise lefatshe ka botlalo’?

15 Paulo o ne a gakolola gore “ba ba dirisang lefatshe [ba nne] jaaka ba ba sa le diriseng ka botlalo.” (1 Bakorintha 7:31) Keith le Bonnie ba ne ba tsaya kgakololo eno tsia. Keith o anela jaana: “Ke ne ka nna Mosupi wa ga Jehofa fa ke tloga ke fetsa go ithutela bongaka jwa meno. Ke ne ke tshwanetse go tlhopha. Ke ne nka tlhopha go tlhatlhoba balwetse ba bantsi gore ke dire madi a mantsi, mme go dira jalo go ne go tla kgoreletsa kobamelo ya rona. Mme ke ne ka tlhopha go se tlhatlhobe balwetse ba bantsi gore ke nne le nako e e oketsegileng ya go tlhokomela lelapa la rona la barwadi ba batlhano mo go tsa kobamelo le mo maikutlong. Le fa gantsi re ne re nna re se na madi a mantsi, re ne ra ithuta go somarela, mme re ne re nna re na le se re se tlhokang. Botshelo jwa rona jwa lelapa bo ne bo kitlane, re ratana e bile re itumetse. Kgabagare, rotlhe re ne ra tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng. Jaanong bana ba rona ba basetsana ba nyetswe, ba itumetse, mme ba bararo ba bone ba na le bana. Malapa a bone le one a itumetse fa a ntse a tsweletse go dira gore boikaelelo jwa ga Jehofa bo tle pele mo botshelong.”

Go Dira Gore Boikaelelo Jwa Modimo bo Tle Pele mo Botshelong Jwa Gago

16, 17. Baebele e na le dikai dife tsa batho ba ba nang le bokgoni, mme re ba gopola ka eng?

16 Baebele e naya dikai tsa batho ba ba ileng ba tshela go dumalana le boikaelelo jwa Modimo le ba ba ileng ba se ka ba dira jalo. Se re se ithutang  mo dikaing tseo se ama batho ba dingwaga tsotlhe, ba ditso tsotlhe le ba maemo otlhe. (Baroma 15:4; 1 Bakorintha 10:6, 11) Nimerode o ne a aga metse e megolo, mme o ne a dira jalo a le kgatlhanong le Jehofa. (Genesise 10:8, 9) Mme go na le ba bangwe ba bantsi ba e neng e le dikai tse di molemo. Ka sekai, Moshe ga a ka a dira gore go tswelela a na le maemo a go nna kgosana ya Egepeto e nne jone boikaelelo jwa gagwe mo botshelong. Mo boemong jwa moo, o ne a tsaya maikarabelo ao a a neilweng ke Modimo a le botlhokwa, e le “dikhumo tse dikgolo go feta matlotlo a Egepeto.” (Bahebera 11:26) Ngaka Luke o tshwanetse a bo a ile a thusa Paulo le ba bangwe ka malwetse a bone. Mme se se molemo thata se Luke a neng a se dira e ne e le go rera le go kwala Baebele. Paulo ene ga a itsege e le moitse wa Molao, mme o itsege e le morongwa, “moaposetoloi mo ditšhabeng.”—Baroma 11:13.

17 Dafide ga a gopolwe thata e le ramasole kgotsa seopedi le motlhami wa dipina, mme o itsege e le “monna yo o amogelwang ke pelo ya [Modimo].” (1 Samuele 13:14) Ga re itse Daniele ka tiro ya gagwe ya go nna modiredimogolo wa puso ya Babelona mme re mo itse ka tirelo ya gagwe e le moporofeti yo o ikanyegang wa ga Jehofa; Esethere ga a itsege thata ka go nna kgosigadi ya Peresia, mme o itsege ka sekao sa gagwe sa bopelokgale le tumelo; Petere, Anderea, Jakobe le Johane ga ba itsege thata e le batshwari ba ba atlegileng ba ditlhapi mme ba itsege e le baaposetoloi ba ga Jesu. Mme sekai sa botlhokwa go gaisa ke Jesu ka boene, ga re mo gopole e le “mmetli,” mme re mo gopola e le “Keresete.” (Mareko 6:3; Mathaio 16:16) Batho bano botlhe ba ne ba tlhaloganya sentle gore le fa ba ne ba ka nna le bokgoni, dithoto kgotsa maemo a mofuta ofe, botshelo jwa bone bo ne bo sa tshwanela go ikaega fela ka ditiro tsa bone tsa boitshediso, mme ba ne ba tshwanetse go tlhoma mogopolo mo tirong e ba e direlang Modimo. Ba ne ba itse gore boikaelelo jo bo molemo thata le jo bo kgotsofatsang go gaisa e ne e le gore motho a nne monna kgotsa mosadi yo o boifang Modimo.

18. Mokeresete mongwe yo mosha o ne a swetsa ka gore a dirise botshelo jwa gagwe jang, mme o ne a lemoga eng?

18 Seung Jin, yo o umakilweng kwa tshimologong, le ene o ne a simolola go tlhaloganya seno. O tlhalosa jaana: “Mo boemong jwa go dirisa maatla a me otlhe mo go tsa kalafi, botaki, kgotsa go nna morutabana, ke ne ka swetsa ka gore ke dirise botshelo jwa me go dumalana le boineelo jwa me mo Modimong. Jaanong ke direla kwa barutisi ba Baebele ba tlhokegang thata teng, ke thusa batho go tsena mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng. Nkile ka bo ke akanya gore bodiredi jwa nako e e tletseng ke tiro e e lapisang pelo. Mme jaanong ke na le tiro e ntsi e ke tshwanelwang ke go e dira fa ke ntse ke leka go tokafatsa botho jwa me le bokgoni jwa me jwa go ruta batho ba ditso tse di farologaneng. Ke bona gore go dira gore boikaelelo jwa ga Jehofa e nne jone boikaelelo jwa rona ke yone fela tsela ya go tshela botshelo jo bo nang le bokao.”

19. Re ka bona boikaelelo jwa mmatota mo botshelong jang?

19 Rona Bakeresete, re neilwe kitso e e bolokang matshelo le tsholofelo ya gore re tla bolokwa. (Johane 17:3) Ka jalo, a re se ka ra “amogela bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo mme [ra] fosa boikaelelo jwa jone.” (2 Bakorintha 6:1) Mo boemong jwa moo, a re diriseng malatsi le dingwaga tsa rona tsa botlhokwa tsa botshelo go baka Jehofa. A re anamiseng kitso e e tlisang boitumelo jwa mmatota gone jaanong e bile e isa kwa botshelong jo bo sa khutleng. Fa re dira jalo, re tla bona boammaaruri jwa mafoko ano a ga Jesu: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Mme re tla bo re bone boikaelelo jwa mmatota mo botshelong.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 1 Maina mangwe a fetotswe.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke boikaelelo bofe jwa maemo a a kwa godimo jo re ka nnang le jone mo botshelong?

• Ke ka ntlha yang fa go se botlhale go tshelela go kokoanya dikhumo?

• “Botshelo jwa mmatota” jo Modimo a bo solofetsang ke bofe?

• Re ka dirisa botshelo jwa rona jang go dumalana le boikaelelo jwa Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Bakeresete ba tshwanetse go ithontsha dilo mo go tshwanetseng teng