Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ka Bontsha Kutlwelobotlhoko Jang?

Re ka Bontsha Kutlwelobotlhoko Jang?

 Re ka Bontsha Kutlwelobotlhoko Jang?

“A re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.”—BAGALATIA 6:10.

1, 2. Setshwantsho sa Mosamarea yo o molemo se re ruta eng kaga kutlwelobotlhoko?

FA MONNA mongwe yo o itseng Molao a ne a bua le Jesu, o ne a mmotsa a re: “Ke mang tota yo e leng moagelani wa me?” Jesu o ne a mo araba ka go anela setshwantsho seno: “Monna mongwe o ne a fologa a tswa Jerusalema a ya Jeriko mme a wela mo gare ga dinokwane, tse di neng tsa mo tsola tsa ba tsa mo itaaka, mme tsa tswa tsa tsamaya, di mo tlogela a le gaufi le go swa. Jaanong, ga diragala gore moperesiti mongwe a bo a fologa ka tsela eo, mme, e rile a mmona, a feta fela kafa letlhakoreng le lengwe. Molefi le ene ka tsela e e tshwanang, e rile a fitlha mo lefelong leno mme a mmona, a feta fela kafa letlhakoreng le lengwe. Mme Mosamarea mongwe yo o neng a tsamaya mo tseleng a tshogana ka a le fa go ene, ya re a mmona, a tlhotlheletsega go tlhomoga pelo. Jalo a mo atamela mme a hapa dintho tsa gagwe, a di tshela leokwane le beine. Go tswa foo a mo pega mo godimo ga phologolo ya gagwe mme a mo tlisa mo ntlong ya baeti a mo tlhokomela. Mme letsatsi le le latelang a ntsha didenario di le pedi, a di naya mong wa ntlo ya baeti, a re, ‘Mo tlhokomele, mme le fa e le eng se o se dirisang mo godimo ga seno, ke tla go duela fa ke boela fano.’” Go tswa foo Jesu o ne a botsa monna yo o mo reeditseng a re: “Ke mang wa ba bararo bano yo mo go wena a bonalang a itirile moagelani wa monna yo o neng a wela mo gare ga dinokwane?” Monna yono o ne a araba a re: “Ke ene yo o mo diretseng ka kutlwelobotlhoko.”—Luke 10:25, 29-37a.

2 Tsela e Mosamarea a neng a tshwara monna yo o gobetseng ka yone e bontsha sentle gore tota kutlwelobotlhoko ke eng! Mosamarea o ne a tlhotlhelediwa ke bopelotlhomogi mme a dira ka tsela e e neng ya thusa monna yo o gobetseng. Mo godimo ga moo, Mosamarea o ne a sa itse monna yo o tlhokang thuso. Kutlwelobotlhoko ga e kgorelediwe ke dipharologanyo tsa setšhaba, bodumedi kgotsa setso. Fa Jesu a sena go bolela setshwantsho sa Mosamarea yo o molemo, o ne a gakolola motho yo o neng a mo reeditse a re: “Tsamaya mme le wena o dire fela jalo.” (Luke 10:37b) Re ka tsaya kgakololo eo tsia mme ra leka go nna kutlwelobotlhoko mo bathong ba bangwe. Mme re ka dira seo jang? Re ka bontsha kutlwelobotlhoko ka ditsela dife mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi?

“Fa Mokaulengwe . . . A le Mo Seemong Sa go Sa Ikatega”

3, 4. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tshwenyega thata ka go bontsha kutlwelobotlhoko mo phuthegong ya Bokeresete?

3 Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Fa fela re sa ntse re na le nako e e go dumelelang, a re direng  se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.” (Bagalatia 6:10) Ka jalo, a re sekasekeng pele gore re ka dira jang gore re nne le ditiro tse dintsi tsa kutlwelobotlhoko mo go ba re amanang le bone mo tumelong.

4 Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana a kgothatsa Bakeresete ba boammaaruri gore ba utlwelane botlhoko: “Yo o sa bontsheng kutlwelobotlhoko o tla bona katlholo ya gagwe kwantle ga kutlwelobotlhoko.” (Jakobe 2:13) Tshedimosetso e e dikologileng mafoko ano a a tlhotlheleditsweng e re bolelela dingwe tsa ditsela tse ka tsone re ka bontshang ba bangwe kutlwelobotlhoko ka metlha. Ka sekai, re bala jaana mo go Jakobe 1:27: “Mofuta wa kobamelo o o phepa le o o sa leswafalang go ya ka pono ya Modimo wa rona le Rara ke ono: go tlhokomela masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone, le motho go ipoloka a se na selabe se se tswang mo lefatsheng.” Jakobe 2:15, 16 ya re: “Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a le mo seemong sa go sa ikatega e bile a se na dijo tse di lekaneng letsatsi leo, le fa go ntse jalo mongwe wa lona a ba raya a re: ‘Tsamaya ka kagiso, o nne o thuthafetse e bile o fepiwa sentle,’ mme lo sa ba neye dilo tse di tlhokwang ke mmele wa bone, go na le mosola wa eng?”

5, 6. Re ka nna jang le ditiro tse dintsi tsa kutlwelobotlhoko mo phuthegong e re mo go yone?

5 Go tlhokomela ba bangwe le go thusa ba ba tlhokang thuso ke karolo ya botlhokwa ya bodumedi jwa boammaaruri. Tsela e re obamelang ka yone ga e re letle go bontsha go amega ka ba bangwe ka go bua ka molomo fela gore re ba eleletsa molemo. Mo boemong jwa moo, ka ntlha ya maikutlo a a lorato a bopelotlhomogi, re tsaya kgato go thusa ba ba tlhokang thuso tota. (1 Johane 3:17, 18) Ee, go baakanyetsa molwetse dijo, go thusa mongwe yo o godileng ka ditiro tsa mo gae, go pega ba bangwe go ya dipokanong tsa Bokeresete fa go tlhokega, le go nna pelotshweu mo go ba ba tlhokang, ke dingwe tsa ditiro tsa kutlwelobotlhoko tse re tshwanetseng go itlwaetsa go di dira.—Duteronome 15:7-10.

6 Sengwe se se botlhokwa go feta go aba dithoto ke go aba ka tsela ya semoya go thusa maloko a phuthego e e ntseng e gola ya Bokeresete. Re kgothalediwa go ‘bua ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo, go tshegetsa ba ba bokoa.’ (1 Bathesalonika 5:14) “Basadi ba ba tsofetseng” ba kgothalediwa go nna “ba ba rutang se se molemo.” (Tito 2:3) Baebele e bolela jaana ka balebedi ba Bakeresete: “Mongwe le mongwe o tla nna jaaka lefelo la go iphitlhela phefo le lefelo la go iphitlhela pula ya matsubutsubu.”—Isaia 32:2.

7. Barutwa ba kwa Antioka wa Siria ba re ruta eng kaga go bontsha kutlwelobotlhoko?

7 Diphuthego tsa lekgolo la ntlha la dingwaga di ne di tlhokomela batlholagadi, masiela le ba ba tlhokang thuso le kgothatso ba mo lefelong la bone, mme mo godimo ga moo, ka dinako tse dingwe ba ne ba tsaya dikgato tsa go namola badumedi ka bone ba ba kwa mafelong a mangwe. Ka sekai, fa moporofeti Agabuse a ne a bolelela pele gore “leuba le legolo le ne le tloga le tla mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni,” gone fela foo, barutwa ba kwa Antioka wa Siria ba ne ba “swetsa, kafa mongwe le mongwe wa bone a neng a ka kgona ka gone, go romela thuso ya go namola kwa bakaulengweng ba ba nnang mo Judea.” Thuso eno e ne ya romelelwa bagolwane ba koo “ka seatla sa ga Barenabase le Saulo.” (Ditiro 11:28-30) Go tweng ka gompieno? “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o rulagantse dikomiti tsa namolo go tlhokomela bakaulengwe ba rona ba ba ka tswang ba amilwe ke masetlapelo a tlholego,  a a jaaka ditsuatsue, dithoromo tsa lefatshe kgotsa ditsunami. (Mathaio 24:45) Fa re ithaopela go dirisa nako ya rona, maiteko a rona le dithoto tsa rona mo thulaganyong eno, e tla bo e le tsela e e molemo ya go bontsha kutlwelobotlhoko.

“Fa lo Tswelela lo Bontsha Kgethololo”

8. Kgethololo e thulana jang le kutlwelobotlhoko?

8 Jakobe o ne a kwala jaana a tlhagisa ka mokgwa o o sa tsamaisaneng le kutlwelobotlhoko le “molao wa segosi” wa lorato: “Fa lo tswelela lo bontsha kgethololo, lo dira boleo, gonne lo kgalemelwa ke molao jaaka batlodi ba molao.” (Jakobe 2:8, 9) Go thusa ba ba humileng kgotsa ba ba nang le maemo mme tota ba sa tlhoke thuso go ka dira gore re se ka ra utlwa “go goa ka go ngongorega ga motho wa maemo a a kwa tlase.” (Diane 21:13) Kgethololo e kgoreletsa moya wa kutlwelobotlhoko. Re bontsha kutlwelobotlhoko ka go dirisana le ba bangwe re sa gobelele.

9. Ke ka ntlha yang fa go se phoso go akgola ba ba tshwanelwang ke go akgolwa?

9 A go se kgetholole go raya gore le ka motlha ga re a tshwanela go bontsha ope tlhokomelo e e kgethegileng? Nnyaa le e seng. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Filipi jaana malebana le modirikaene e bong Epaforodito: “Lo nne lo tseye batho ba mofuta oo e le ba ba botlhokwa thata.” Ka ntlha yang? “Ka gonne ka ntlha ya tiro ya Morena o ne a nna gaufi thata le go swa, a baya moya wa gagwe mo kotsing, gore a emisetse lona ka botlalo e re ka lo seyo fano gore a ntirele.” (Bafilipi 2:25, 29, 30) Epaforodito o ne a tshwanetse go akgolelwa tirelo e a e dirileng ka boikanyegi. Mo godimo ga moo, re bala jaana mo go 1 Timotheo 5:17: “A banna ba bagolwane ba ba okamelang ka tsela e e molemo ba kaiwe ba tshwanelwa ke tlotlo e e menaganeng sebedi, segolobogolo ba ba dirang ka natla mo go bueng le mo go ruteng.” Dinonofo tse di molemo tsa Bokeresete le tsone di tshwanetse go akgolwa. Go dira jalo ga se go kgetholola.

“Botlhale jo bo Tswang Kwa Godimo . . . bo Tletse Kutlwelobotlhoko”

10. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go laola loleme lwa rona?

10 Jakobe o ne a bolela jaana ka ga loleme: “Ke selo se se sa laolesegeng se se utlwisang botlhoko, lo tletse botlhole jo bo bolayang. Ka lone re baka Jehofa, le eleng Rara, mme le fa go ntse jalo ka lone re hutsa batho ba ba nnileng gone ‘mo setshwanong sa Modimo.’ Mo molomong o le mongwe go tswa tshegofatso le phutso.” A ntse a le mo kgannyeng eo, Jakobe o ne a oketsa a re: “Fa lo na le lefufa la letlhoo le manganga mo dipelong tsa lona, lo se ka lwa ikgantsha lwa ba lwa akela boammaaruri. Jono ga se botlhale jo bo fologang bo tswa kwa godimo, mme ke jwa selefatshe, jwa bophologolo, jwa bodimona. Gonne koo lefufa le manganga di leng gone, gone koo go na le go tlhoka thulaganyo le sengwe le sengwe se se bosula. Mme botlhale jo bo tswang kwa godimo sa ntlhantlha bo itshekile, go tswa foo bo na le kagiso, bo tekatekano, bo iketleeleditse go utlwa, bo tletse kutlwelobotlhoko le maungo a a molemo, ga bo tseye batho ka go ba tlhaola, ga bo itimokanye.”—Jakobe 3:8-10a, 14-17.

11. Re ka nna kutlwelobotlhoko jang mo tseleng e re dirisang loleme ka yone?

11 Ka jalo, tsela e re dirisang loleme lwa rona ka yone e bontsha gore a re na le botlhale jo bo ‘tletseng kutlwelobotlhoko’ kgotsa nnyaa. Go tweng fa re ne re ka simolola go ikgantsha, go aka kgotsa go anamisa tshebo e e kotsi e le ka ntlha ya lefufa kgotsa ka ntlha ya manganga? Pesalema 94:4 ya re: “Botlhe ba ba dirang se se utlwisang botlhoko ba nna ba ikgantsha ka bobone.” Mme a bo go ka direga ka bonako jang ne gore puo e e kotsi e senye leina le lentle la motho yo o se nang molato! (Pesalema 64:2-4) Mo godimo ga moo, akanya ka tshenyo e e ka dirwang ke “mosupi yo o maaka [yo o bilolang] maaka fela.” (Diane 14:5; 1 Dikgosi 21:7-13) Fa Jakobe a sena go tlotla ka go se dirise loleme sentle, a re: “Ga go a tshwanela, bakaulengwe ba me, gore dilo tseno di tswelele di direga ka tsela eno.” (Jakobe 3:10b) Fa re na le kutlwelobotlhoko ya mmatota, re tshwanetse go dirisa loleme lwa rona ka tsela e e itshekileng, e e kagiso le e e utlwalang. Jesu o ne a re: “Ke a lo bolelela ka re lefoko lengwe le lengwe le le se nang mosola le batho ba le buang, ba tla ikarabela ka ga lone ka Letsatsi la Katlholo.” (Mathaio 12:36) A bo go le botlhokwa jang ne gore re nne kutlwelobotlhoko mo tseleng e re dirisang loleme ka yone!

 “Lo Itshwarele Batho Ditlolo Tsa Bone”

12, 13. (a) Re ithuta eng kaga kutlwelobotlhoko mo setshwantshong sa motlhanka yo o neng a kolota mong wa gagwe madi a mantsi? (b) Go bolelang go itshwarela mokaulengwe wa rona “go fitlha go makgetlo a le masome a supa le bosupa”?

12 Setshwantsho sa ga Jesu sa motlhanka yo o neng a kolota mong wa gagwe, kgosi, didenario di le 60 000 000 se bontsha tsela e nngwe gape ya go nna kutlwelobotlhoko. E re ka motlhanka a ne a se na madi a a lekaneng go duela sekoloto, o ne a rapela gore a utlwelwe botlhoko. “Ka a ne a tlhotlheletsega go tlhomoga pelo,” mong wa motlhanka o ne a mo itshwarela molato wa gagwe. Mme motlhanka ene o ne a ya kwa motlhankeng ka ene yo o neng a mo kolota didenario di le lekgolo fela mme ka go tlhoka kutlwelobotlhoko a dira gore a latlhelwe mo kgolegelong. Fa mong a utlwa gore go ne go diragetseng, o ne a bitsa motlhanka yo a neng a mo itshwaretse mme a mo raya a re: “Motlhanka yo o boikepo ke wena, ke ne ka go phimolela molato ole otlhe, fa o ne o nthapela. A le wena o ne o sa tshwanela go utlwela motlhankammogo le wena botlhoko, jaaka le nna ke ne ka go utlwela botlhoko?” Foo mong a dira gore a latlhelwe mo kgolegelong. Jesu o ne a konela setshwantsho seno ka go re: “Rre wa selegodimo o tla dirisana le lona ka mokgwa o o tshwanang fa lo sa itshwarele mongwe le mongwe morwarraagwe go tswa mo dipelong tsa lona.”—Mathaio 18:23-35.

13 Setshwantsho se se fa godimo se bontsha sentle gore kutlwelobotlhoko e akaretsa go iketleetsa go itshwarela! Jehofa o re itshwaretse molato o mogolo wa boleo. A le rona ga re a tshwanela go ‘itshwarela batho ditlolo tsa bone’? (Mathaio 6:14, 15) Pele Jesu a bolela setshwantsho sa motlhanka yo o se nang kutlwelobotlhoko, Petere o ne a mmotsa a re: “Morena, morwarre o tshwanetse go nteofela makgetlo a le kae gore ke mo itshwarele? Go fitlha go makgetlo a le supa?” Jesu o ne a mo araba a re: “Ke a go raya ka re, e seng, Go fitlha go makgetlo a le supa, mme, Go fitlha go makgetlo a le masome a supa le bosupa.” (Mathaio 18:21, 22) Ee, motho yo o kutlwelobotlhoko o iketleeditse go itshwarela “go fitlha go makgetlo a le masome a supa le bosupa,” ke gore, mo go se nang selekanyo.

14. Go ya ka Mathaio 7:1-4 re ka bontsha kutlwelobotlhoko jang letsatsi le letsatsi?

14 Jesu o ne a bontsha tsela e nngwe gape ya go bontsha kutlwelobotlhoko fa a ne a bolela jaana mo Therong ya kwa Thabeng: “Tlogelang go atlhola gore lo tle lo se ka lwa atlholwa; gonne katlholo e lo atlholang ka yone, lo tla atlholwa ka yone . . . Ka jalo, ke ka ntlha yang fa o leba lotlhaka lo lo mo leitlhong la mokaulengwe wa gago, mme o sa akanyetse tlhomeso e e mo leitlhong la gago? Kgotsa o ka raya jang mokaulengwe wa gago wa re, ‘Ntetlelela gore ke ntshe lotlhaka mo leitlhong la gago’; fa, bona! tlhomeso e le mo leitlhong la gago?” (Mathaio 7:1-4) Ka jalo, re ka bontsha kutlwelobotlhoko letsatsi le letsatsi ka go itshokela makoa a ba bangwe re sa nnele go ba tshwayatshwaya diphoso.

“A re Direng se se Molemo mo go Botlhe”

15. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go direla badumedi ka rona fela ditiro tsa kutlwelobotlhoko?

15 Le fa buka ya ga Jakobe e e mo Baebeleng e gatelela gore re bontshe badumedi ka rona kutlwelobotlhoko, seno ga se reye gore kutlwelobotlhoko e tshwanetse go bontshiwa fela ba ba mo phuthegong ya Bokeresete. Pesalema 145:9 ya re: “Jehofa o molemo mo go botlhe, le mautlwelobotlhoko a gagwe a mo ditirong tsa gagwe tsotlhe.” Re kgothalediwa gore re ‘nne baetsi ba Modimo’ mme re ‘dire se se molemo mo go botlhe.’ (Baefeso 5:1; Bagalatia 6:10) Le fa re sa rate “lefatshe le fa e le dilo tse di mo lefatsheng,” re amega ka se se tlhokwang ke ba ba leng mo lefatsheng.—1 Johane 2:15.

16. Ke dilo dife tse di amang tsela e re bontshang ba bangwe kutlwelobotlhoko ka yone?

 16 Rona Bakeresete, ga re goge dinao fa re tshwanetse go thusa ka tsela epe fela e re ka e kgonang batho ba ba wetsweng ke “tiragalo e e sa bonelwang pele” kgotsa ba ba mo mathateng a a masisi. (Moreri 9:11) Gone ke boammaaruri, maemo ke one a tla laolang gore re ka dira eng le gone ka selekanyo se se kae. (Diane 3:27) Fa re thusa ba bangwe ka go ba naya dithoto, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore selo se se lebegang se le molemo se re se dirang ga se rotloetse botshwakga. (Diane 20:1, 4; 2 Bathesalonika 3:10-12) Ka jalo, tiro ya kutlwelobotlhoko ya mmatota e kopanya maikutlo a a lorato a bopelotlhomogi le go akanya sentle.

17. Ke tsela efe e e molemo go gaisa tsotlhe ya go bontsha kutlwelobotlhoko mo bathong ba ba kwa ntle ga phuthego ya Bokeresete?

17 Tsela e e molemolemo ya go nna kutlwelobotlhoko mo bathong ba ba kwa ntle ga phuthego ya Bokeresete ke go ba bolelela boammaaruri jwa Baebele. Ka ntlha yang? Ka gonne bontsi jwa batho gompieno ba apaapa mo lefifing la semoya. E re ka bontsi jwa batho ba se na tsela ya go fenya mathata a ba lebaneng le one e bile tota ba se na tsholofelo epe ya mmatota ka isagwe, “ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Mathaio 9:36) Molaetsa wa Lefoko la Modimo o ka nna ‘lobone lwa lonao lwa bone,’ o ba thusa go lebana le mathata a botshelo. Gape o ka nna ‘lesedi la tsela ya bone’ ka gonne Baebele e bolelela pele boikaelelo jwa Modimo ka isagwe, e ba naya lebaka la go nna le tsholofelo e e itumedisang. (Pesalema 119:105) A bo e le tshiamelo e kgolo jang ne go isa molaetsa o o molemo wa boammaaruri kwa bathong ba ba o tlhokang thata! E re ka “pitlagano e kgolo” e e tlang e ntse e atamela, jaanong ke nako ya go nna le seabe ka tlhoafalo mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. (Mathaio 24:3-8, 21, 22, 36-41; 28:19, 20) Ga go tiro epe e nngwe ya kutlwelobotlhoko e e botlhokwa jaaka eo.

“Abang Dilo Tse di Kafa Teng”

18, 19. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira ka natla go oketsa ditiro tsa kutlwelobotlhoko mo matshelong a rona?

18 Jesu o ne a re: “Abang dilo tse di kafa teng e le dimpho tsa kutlwelobotlhoko.” (Luke 11:41) Selo se se molemo se motho a se dirang se bidiwa tiro ya kutlwelobotlhoko ya mmatota, fa e le mpho e e tswang mo teng—mo pelong e e ratang. (2 Bakorintha 9:7) A bo kutlwelobotlhoko e e ntseng jalo e lapolosa jang ne mo lefatsheng le mo go lone go tlwaelegileng bosetlhogo, bopelotshetlha le go se amege ka ba bangwe fa ba boga kgotsa ba na le mathata!

19 Ka jalo, a re direng ka natla go oketsa ditiro tsa kutlwelobotlhoko mo matshelong a rona. Fa re leka ka natla go nna kutlwelobotlhoko re tla tshwana thata le Modimo. Seno se re thusa gore re nne le matshelo a a nang le bokao le a a kgotsofatsang tota.—Mathaio 5:7.

O Ithutile Eng?

• Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go nna kutlwelobotlhoko segolobogolo mo badumeding ka rona?

• Re ka nna kutlwelobotlhoko jang mo phuthegong ya Bokeresete?

• Re ka direla ba ba kwa ntle ga phuthego molemo jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Mosamarea o ne a bontsha kutlwelobotlhoko

[Ditshwantsho mo go tsebe 27]

Bakeresete ba na le ditiro tse dintsi tsa kutlwelobotlhoko

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Tsela e e molemolemo ya go bontsha ba ba kwa ntle ga phuthego kutlwelobotlhoko ke go ba bolelela boammaaruri jwa Baebele