Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jonathane—“O ne A Dira le Modimo”

Jonathane—“O ne A Dira le Modimo”

 Jonathane“O ne A Dira le Modimo”

MORWA kgosi ya ntlha ya Iseraele o etela senokwane sa motshabi. O raya motshabi yono a re: “O se ka wa boifa; gonne seatla sa ga Saulo rre ga se kitla se go bona, mme wena o tla nna kgosi ya Iseraele, mme nna ke tla nna wa bobedi fa morago ga gago.”—1 Samuele 23:17.

Moeng yono ke Jonathane; motshabi ke Dafide. Fa Jonathane a ka bo a sa ka a swa ka bonako morago ga foo, go ka direga gore a ka bo a nnile mothusi yo mogolo wa ga Dafide.

Botsala jwa ga Jonathane le Dafide bo ne bo tlhomologile. Tota e bile, Jonathane e ne e le monna yo o tlhomologileng. Balekane ba gagwe le bone ba ne ba akanya jalo, ka gonne ba ne ba bua jaana ka ene: “O ne a dira le Modimo.” (1 Samuele 14:45) Ke eng fa ba ne ba rialo? Jonathane o ne a na le dinonofo dife? Mme pego ya botshelo jwa gagwe e go ama jang?

Baiseraele ba “mo Mathateng a Magolo”

Fa Baebele e simolola go bua ka Jonathane, Baiseraele ba ne ba le “mo mathateng a magolo.” Bafilisitia ba ne ba gapile naga ya bone mme ba ba thibela go iphemela.—1 Samuele 13:5, 6, 17-19.

Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a rile a ka se latlhe batho ba gagwe mme Jonathane o ne a dumela seo. Modimo o ne a buile jaana malebana le rraagwe, e bong Saulo: “O tla boloka batho ba me mo seatleng sa Bafilisitia.” Jonathane o ne a dumela mafoko ao. Ene ka boene o ne setse a eteletse pele Baiseraele ba le 1 000 ba ba neng ba se na dibetsa mme ba fenya Bafilisitia. Jaanong o ne a batla go fedisa Bafilisitia gotlhelele.—1 Samuele 9:16; 12:22; 13:2, 3, 22.

Tlhaselo ya Bopelokgale

Jonathane o ne a kwaile masole a tshireletso a Bafilisitia gaufi le tselana ya phata ya Mikemashe. (1 Samuele 13:23) Gore a kgone go fitlha koo, o ne a tla tshwanelwa ke go palamelela, ka “diatla le ka dinao.” Seo ga se a ka sa mo thibela. Jonathane o ne a swetsa ka gore a tlhasele a na le motsholadibetsa wa gagwe fela mme a mo raya a re: “Gongwe Jehofa o tla re direla, gonne ga go na se se ka kgoreletsang Jehofa go boloka ka ba le bantsi kgotsa ka ba le mmalwa.”—1 Samuele 14:6, 13.

Baiseraele ba babedi bano ba ne ba batla sesupo se se tswang kwa go Jehofa. Ba ne ba tla ya kwa masoleng a tshireletso. Fa Bafilisitia ba ne ba ka re: “Emang fela go fitlha re kopana le lona!” Jonathane le motsholadibetsa wa gagwe ba ne ba ka se tlhatlogele kwa go bone. Mme fa baba ba ne ba ka re: “Tlhatlogelang kwa go rona!” seno se ne se tla bo se raya gore Jehofa o tla dira gore Jonathane le motsholadibetsa wa gagwe ba fenye. Jonathane o ne a tlhomamisegile gore Jehofa o tla mo ema nokeng, o ne a ikaeletse go tlhatlogela kwa masoleng a tshireletso go ya go lwa.—1 Samuele 14:8-10.

Ke eng se banna ba babedi ba neng ba ka kgona go se dira fa ba tlhabana le masole otlhe a tshireletso? A Jehofa ga a ka a thusa Moatlhodi Ehude fa a ne a eteletse Baiseraele pele go ya go tlhabana le Moabe? A Modimo ga a ka a thusa Shamegare go kgemetha Bafilisitia ba le 600 ka setlhabo sa dikgomo? A Jehofa ga a ka a naya Samesone maatla fa a ne a lwantsha Bafilisitia a le esi? Jonathane le ene o ne a na le tshepo ya gore Modimo o tla mo thusa.—Baatlhodi 3:12-31; 15:6-8, 15; 16:29, 30.

Fa Bafilisitia ba ne ba bona Baiseraele ba babedi, ba ne ba goeletsa ba re: “Tlhatlogelang kwa go rona, mme re tla lo bontsha!” Jonathane le motsholadibetsa wa gagwe ba ne ba tlhatloga. Ka bopelokgale, ba ne ba tlhasela mme ba bolaya masole a ka nna 20 a baba, ka go dira jalo ba tshosa masole a tshireletso. Gongwe Bafilisitia ba ne ba akanya gore masole a mantsi a Baiseraele a ne a setse morago a ntlha a mabedi. Pego ya re morago ga moo, “ga nna le thoromo . . . mo bathong botlhe ba masole a tshireletso . . . le lefatshe la simolola go roroma, mme ya nna thoromo e e tswang kwa Modimong.” Ka ntlha ya thoromo ya lefatshe e e neng e bakilwe ke Modimo, go ne ga nna le pheretlhego mo gare ga Bafilisitia, mme “tšhaka ya mongwe le mongwe e ne e tsogologetse  mongwe ka ene.” Fa masole a Iseraele a bona seno, a ne a nna pelokgale. Ba na le Baiseraele ba ba neng ba ntse ba iphitlhile le ba ba neng ba le mo letlhakoreng la Bafilisitia, ba ne “ba nna ba kgemetha Bafilisitia go tloga kwa Mikemashe go ya kwa Aijalona.”—1 Samuele 14:11-23, 31.

O ne A Gololwa ke Batho

Kgosi Saulo o ne a sa dire ka botlhale ka go hutsa masole a gagwe a a neng a ja pele ga ba fenya ntwa. Jonathane o ne a sa itse seno. Jonathane o ne a ja. O ne a ina thobane ya gagwe mo lomepeng lwa tswina ya dinotshe mme a e ja. Go lebega seno e le sone se mo neileng nonofo ya go fetsa ntwa.—1 Samuele 14:24-27.

Fa Saulo a ne a utlwa gore Jonathane o jele, o ne a laela gore a bolawe. Jonathane o ne a sa tshabe go swa. O ne a re: “Ke fano! Mma ke swe!” Mme batho ba raya Saulo ba re: ‘A Jonathane o tshwanetse go swa, ene yo o tlisitseng poloko e kgolo eno mo Iseraele? Go ka se direge! Jaaka Jehofa a tshedile, le fa e le moriri o le mongwe wa tlhogo ya gagwe ga o kitla o wela fa fatshe; gonne o ne a dira le Modimo mo letsatsing leno.’ Ka go rialo batho ba golola Jonathane, mme a se ka a swa.”—1 Samuele 14:38-45.

Motlhanka wa Modimo wa motlha wa segompieno ga a tlhoke go lwa mo dintweng tsa mmatota, mme go ka nna le dinako mo botshelong jwa gago mo le wena o tlhokang tumelo le bopelokgale. O ka nna wa fitlhela go le thata go dira se se siameng fa batho ba ba go dikologileng ba dira se se phoso. Le fa go ntse jalo, Jehofa o tla go nonotsha le go segofatsa keletso a gago ya go ngaparela melao ya gagwe e e siameng. O ka nna wa tlhoka bopelokgale gore o amogele tshiamelo nngwe ya tirelo mo phuthegong ya ga Jehofa, jaaka go oketsa bodiredi jwa gago, go amogela dikabelo tse disha, kana go fudugela kwa go nang le tlhokego ya baboledi ba Bogosi teng. O ka nna wa belaela gore a tota o tla kgona. Le fa go ntse jalo, tlhomamisega gore o dira se se siameng fa o ithaopa gore Jehofa a go dirise ka tsela e a bonang e tshwanela. Gakologelwa Jonathane! “O ne a dira le Modimo.”

Jonathane le Dafide

Dingwaga di ka nna 20 morago ga foo, tshimega ya Mofilisitia e bong Goliathe o ne a sotla masole a Baiseraele, mme Dafide o ne a mmolaya. Le fa Jonathane a ne a feta Dafide ka dingwaga di ka nna 30, ba ne ba tshwana ka ditsela tse dintsi. * Dafide le ene o ne a na le bopelokgale jo Jonathane a neng a bo bontsha kwa Mikemashe. Selo se se neng se tlhomologile thata se ba neng ba tshwana ka sone ke gore Dafide le ene o ne a na le tumelo e e tshwanang mo maatleng a ga Jehofa a a bolokang, mme seno se ne sa mo thusa go lwa le Goliathe a sa tshabe fa Baiseraele ba bangwe botlhe ba ne ba tshaba. Ka jalo, “moya wa ga Jonathane wa bofagana le moya wa ga Dafide, mme Jonathane a simolola go mo rata jaaka moya wa gagwe ka esi.”—1 Samuele 17:1–18:4.

Le fa bopelokgale jwa ga Dafide bo ne jwa dira gore Kgosi Saulo a mo tseye a gaisana le ene, Jonathane o ne a sa fufegele Dafide. Ene le Dafide ba ne ba nna ditsala tse dikgolo mme go ka tswa go diregile gore fa ba ne ba ntse ba tlotla mmogo ba bulelana mafatlha, Jonathane o ne a itse ka go tlodiwa ga ga Dafide go nna kgosi e e latelang ya Iseraele. Jonathane o ne a tlotla tshwetso ya Modimo.

Fa Kgosi Saulo a ne a bua le morwawe le batlhanka ba gagwe ka go bolaya Dafide, Jonathane o ne  a tlhagisa Dafide. Jonathane o ne a tlhomamisetsa Saulo gore go ne go sa tlhokege gore a boife Dafide. Tota e bile, Dafide o ne a sa direla kgosi phoso gotlhelele! A Dafide o ne a sa tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka go lwa le Goliathe? Tsela e Jonathane a neng a buelela tsala ya gagwe e e sa tshwarwang sentle ka yone e ne ya ritibatsa maikutlo a ga Saulo. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae kgosi e ne ya boela mo maanong a yone a go bolaya mme a leka gape go bolaya Dafide, mme Dafide a tshwanelwa ke go tshaba.—1 Samuele 19:1-18.

Jonathane o ne a ema Dafide nokeng. Ditsala tseno tse pedi di ne tsa kopana mme tsa rulaganya se di neng di tlile go se dira. Jonathane, yo o neng a ikanyega mo tsaleng ya gagwe mme gape a ntse a leka go ikanyega mo go rraagwe, o ne a raya Dafide a re: “Go ka se direge! Ga o kitla o swa.” Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a raya Jonathane a re: “Go na le mo e ka nnang kgato e le nngwe fela fa gare ga me le loso!”—1 Samuele 20:1-3.

Jonathane le Dafide ba ne ba loga leano la go leka maikaelelo a ga Saulo. Fa go ne go ka lemogiwa gore Dafide ga a yo kwa tafoleng ya kgosi, Jonathane o ne a tla bolelela rraagwe gore Dafide o kopile gore a se ka a nna teng gore a ye go nna teng kwa setlhabelong sa lelapa la gagabo. Fa Saulo a ne a ka araba ka bogale, seno se ne se tla bo se bontsha gore o tlhoile Dafide. Jonathane o ne a mo segofatsa mme a bontsha gore o dumalana le go nna ga gagwe kgosi mo isagweng, ka go re: “E kete Jehofa a ka itshupa a na le wena, fela jaaka a ne a itshupa a na le rre.” Boobabedi ba ne ba ikana gore ba tla tswelela ba ikanyega mongwe go yo mongwe mme ba swetsa kafa Jonathane a neng a tla itsise Dafide ka teng ka diphelelo tsa teko eo.—1 Samuele 20:5-24.

Fa Saulo a ne a bona gore Dafide ga a yo, Jonathane o ne a tlhalosa gore Dafide o ne a mo kopile jaana: “Fa ke bone kamogelo mo matlhong a gago, tsweetswee mma ke tsamaye ke ye go bona bomorwarre.” Jonathane o ne a sa tshabe go dumela gore o ne a rata Dafide. Kgosi e ne e galefile thata! O ne a tlhapatsa Jonathane mme a omana a re Dafide o ne a tlile go tseela morwawe bogosi. Saulo o ne a raya Jonathane a re a tlise Dafide kwa go ene ka gonne o ne a tshwanetse go swa. Jonathane o ne a re: “Ke ka ntlha yang fa a tshwanetse go bolawa? O dirile eng?” Saulo, ka bogale jo bo boitshegang o ne a hula morwawe ka lerumo. Jonathane o ne a se ka a gobala mme o ne a utlwile botlhoko thata ka ntlha ya ga Dafide.—1 Samuele 20:25-34.

Jonathane o ne a bontshitse gore o a ikanyega tota! Go ya ka pono ya batho, botsala jwa gagwe le Dafide bo ne bo se na go mo solegela molemo go le kalo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tloditse Dafide gore a tlhatlhame Saulo e le kgosi, mme boikaelelo jwa Modimo bo ne bo tlile go solegela Jonathane le ba bangwe molemo.

Ba a Lela fa ba Kgaogana

Jonathane o ne a kopana le Dafide mo sephiring mme a mo tlotlela dikgang. Go ne go bonala sentle gore Dafide o ne a se kitla a tlhola a le baya mo lolwapeng lwa ga Saulo. Banna bao ba babedi ba ne ba lela mme ba tlamparelana. Go tswa foo Dafide a ya go iphitlha.—1 Samuele 20:35-42.

Jonathane o ne a bona Dafide gape, fa Dafide a ne a iphitlhetse Saulo “kwa nageng ya Siife kwa Horeshe.” Ke ka yone nako eo, Jonathane a neng a kgothatsa Dafide ka go mo raya a re: “O se ka wa boifa; gonne seatla sa ga Saulo rre ga se kitla se go bona, mme wena o tla nna kgosi ya Iseraele, mme nna ke tla nna wa bobedi fa morago ga gago; le Saulo rre o itse seo.” (1 Samuele 23:15-18) Morago ga foo, Jonathane le Saulo ba ne ba swela kwa ntweng fa ba ne ba tlhabana le Bafilisitia.—1 Samuele 31:1-4.

Botlhe ba ba ratang Modimo ba tshwanetse go akanya ka tsela e Jonathane a neng a tshela ka yone. A ga o itse gore o ikanyege mo go mang? Fa go ntse jalo gakologelwa gore Saulo o ne a batla gore Jonathane a dire se se tla solegelang ene molemo. Le fa go ntse jalo, Jonathane o ne a tlotla Jehofa mme a ikoba ka pelo yotlhe mme a itumelela gore yo Modimo a mo tlhophileng ke ene a tla nnang kgosi e e latelang ya Iseraele. Jonathane o ne a ema Dafide nokeng, e bile o ne a ikanyega mo go Jehofa.

Jonathane o ne a na le dinonofo tse di rategang. Di etse! Mme fa o dira jalo, batho ba tla bua ka wena, jaaka ba ile ba bua ka Jonathane: “O ne a dira le Modimo.”—1 Samuele 14:45.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 18 Jonathane o ne a na le dingwaga di ka nna 20 fa a ne a tlhongwa go nna moetapele wa sesole kwa tshimologong ya puso ya ga Saulo ya dingwaga tse 40. (Dipalo 1:3; 1 Samuele 13:2) Ka jalo Jonathane o tshwanetse a bo a ne a atamela dingwaga tsa bo60 fa a ne a swa mo e ka nnang ka 1078 B.C.E. E re ka Dafide a ne a na le dingwaga di le 30 ka nako eo, go bonala Jonathane a ne a feta Dafide ka dingwaga di ka nna 30.—1 Samuele 31:2; 2 Samuele 5:4.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Jonathane o ne a sa fufegele Dafide