Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Hosea

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Hosea

 Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Hosea

KOBAMELO ya boammaaruri e batla e fedile gotlhelele mo bogosing jwa bokone jwa ditso tse di lesome jwa Iseraele. Ka nako ya fa go busa Jeroboame II, Baiseraele ba tshelela mo letlepung, mme seo se a fela moragonyana fela ga loso lwa gagwe. Morago ga moo go latela motlha wa dikhuduego le maemo a a sa iketlang a sepolotiki. Dikgosi di le nnè mo go tse thataro tse di latelang di a bolawa. (2 Dikgosi 14:29; 15:8-30; 17:1-6) Tiro ya dingwaga tse 59 ya go porofeta ga ga Hosea, e e simologileng ka 804 B.C.E., e tswelela le mo motlheng ono wa dikhuduego.

Maikutlo a ga Jehofa ka setšhaba se se sa laolegeng sa Iseraele a bontshiwa sentle ke se se diregang mo lenyalong la ga Hosea. Molaetsa wa ga Hosea o senola melato ya Baiseraele o bo o bolela dikatlholo tsa boporofeti kgatlhanong le bone le bogosi jwa Juda. Hosea o kwadile tseno tsotlhe mo bukeng e e bidiwang ka leina la gagwe, e e dirisang mafoko a a bontshang lorato le go amega le puo e e maatla e e tlhalosang dilo jaaka di ntse. Buka eno ke karolo ya Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, ka jalo molaetsa wa yone o a tshela e bile o naya maatla.—Bahebera 4:12.

“ITSEELE MOSADI WA KGOKAFALO”

(Hosea 1:1–3:5)

Jehofa o raya Hosea a re: “Tsamaya, o itseele mosadi wa kgokafalo.” (Hosea 1:2) Hosea o ikobela taelo eo a bo a tshola ngwana ka Gomere. Go tswa foo Gomere o tshola bana ba babedi ba go lebegang a ba tshola kwantle ga lenyalo. Bokao jwa maina a bone, Lo-ruhama le Lo-ami bo lebisitse go tsela e Jehofa a neng a sa dirise kutlwelobotlhoko ya gagwe mo go Iseraele ka yone le kafa a neng a latlha ka teng batho ba gagwe ba ba sa ikanyegeng.

Tota Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba gagwe ba ba tsuologang? O raya Hosea a re: “Tsamaya gape, o rate mosadi yo o ratiwang ke molekane e bile a dira boaka, fela jaaka go ntse ka lorato lo Jehofa a ratang bomorwa Iseraele ka lone fa ba retologela kwa medimong e mengwe.”—Hosea 3:1.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:1—Ke ka ntlha yang fa Hosea a umaka dikgosi tsotlhe tse nnè tse di neng di busa Juda mo motlheng wa bodiredi jwa gagwe mme a umaka mmusi a le mongwe fela wa Iseraele? Ke ka gonne dikgosi tsa losika lwa ga Dafide ke tsone fela tse di neng di amogelwa e le babusi ba ba tshwanelang ba batho ba Modimo ba ba tlhophilweng. Dikgosi tsa bogosi jwa bokone di ne di sa tswe mo losikeng lwa ga Dafide, mme tsa Juda tsone di ne di tswa mo go lone.

1:2-9—A totatota Hosea o ne a tsaya mosadi wa kgokafalo? Ee, tota Hosea o ne a nyala mosadi yo morago a ileng a fetoga seaka. Boporofeti ga bo bolele sepe se se bontshang gore se a se bolelang ka ga botshelo jwa lelapa la gagwe e ne e le toro kgotsa ponatshegelo.

1:7—Ntlo ya Juda e ne ya bontshiwa kutlwelobotlhoko leng ya ba ya bolokwa? Seno se diragetse ka 732 B.C.E., mo metlheng ya ga Kgosi Hesekia. Ka nako eo, Jehofa o ne a fedisa matshosetsi a Asiria mo Jerusalema ka go dira gore moengele a bolaye masole a baba a le 185 000 ka bosigo bo le bongwe fela. (2 Dikgosi 19:34, 35) Jehofa o ne a golola Juda a dirisa moengele, e seng “ka bora kgotsa ka tšhaka kgotsa ka ntwa, ka dipitse kgotsa ka bapalami ba dipitse.”

1:10, 11—E re ka bogosi jwa Iseraele jwa bokone bo ole ka 740 B.C.E., bomorwa Iseraele  ba ne ba “phuthiwa mmogo go nna seoposengwe” jang le bomorwa Juda? Batho ba le bantsi go tswa mo bogosing jwa bokone ba ile ba ya kwa Juda pele banni ba naga ya Juda ba isiwa botshwarwa kwa Babelona ka 607 B.C.E. (2 Ditiragalo 11:13-17; 30:6-12, 18-20, 25) Fa Bajuda ba ba neng ba ile botshwarwa ba boela kwa nagagaeng ya bone ka 537 B.C.E., ditlogolwana tsa batho ba bogosi jwa bokone jwa Iseraele e ne e le bangwe ba bone.—Esera 2:70.

2:21-23—Ke eng se se neng sa bolelelwa pele ke mafoko ano a ga Jehofa: “Ruri ke tla mo jala [Jesereele] jaaka peo ya me mo lefatsheng, ke tla mo utlwela botlhoko”? Leina la morwa wa leitibolo wa ga Hosea yo a mo tsholetsweng ke Gomere e ne e le Jesereele. (Hosea 1:2-4) Bokao jwa leina leo, “Modimo o Tla Jala Peo,” bo bolelela pele ka nako ya fa Jehofa a phutha masalela a a ikanyegang ka 537 B.C.E. a bo a ba jala jaaka peo mo Juda. Naga e e neng e swafetse ka dingwaga di le 70 jaanong e ne e tla tlhoka go tlhagisa dijo tsa ditlhaka, beine e e monate le leokwane. Ka tsela ya poko, boporofeti jono bo bolela gore dilo tseno tse di molemo di ne di tla ikuela mo lefatsheng gore le ntshe menontsha ya lone mme lefatshe lone le ne le tla kopa magodimo gore a tlise pula. Magodimo a ne a tla kopa Modimo gore a tlise maru a pula. Seno sotlhe se ne se tla direga gore masalela a a boang a tlhokomelwe ka botlalo mo go sotlhe se a se tlhokang. Moaposetoloi Paulo le Petere ba lebisa mafoko a Hosea 2:23 mo go phuthiweng ga masalela a Iseraele wa semoya.—Baroma 9:25, 26; 1 Petere 2:10.

Se re Ithutang Sone:

1:2-9; 3:1, 2Akanya kafa Hosea a ileng a itima dilo dingwe ka teng ka go tswelela a le mo lenyalong a ikobela thato ya Modimo! Fa go tliwa mo go direng thato ya Modimo, re iketleeditse go le kana kang go itima dilo tse rona re di ratang?

1:6-9. Jehofa o tlhoile boaka jwa semoya, fela jaaka a tlhoile jwa mmatota.

1:7, 10, 11; 2:14-23. Se Jehofa a neng a se bolelela pele kaga Iseraele le Juda se ne sa diragadiwa. Ka metlha lefoko la ga Jehofa le a diragala.

2:16, 19, 21-23; 3:1-4. Jehofa o iketleeditse go itshwarela batho ba ba bontshang gore ba ikwatlhaya go tswa pelong. (Nehemia 9:17) Fela jaaka Jehofa, re tshwanetse go nna pelotlhomogi le kutlwelobotlhoko fa re dirisana le ba bangwe.

“JEHOFA O NA LE KGETSI YA MOLAO”

(Hosea 4:1–13:16)

“Jehofa o na le kgetsi ya molao le banni ba lefatshe.” Ka ntlha yang? Ka gonne “ga go na boammaaruri le fa e le bopelonomi jwa lorato le fa e le kitso ya Modimo mo lefatsheng.” (Hosea 4:1) Batho ba ba diganana ba Iseraele ba dirile ditiro tsa tsietso le tshololo ya madi e bile ba dirile boaka jwa mmatota le jwa  semoya. Mo boemong jwa go batla thuso kwa Modimong, “ba ne ba bitsa Egepeto; ba ya Asiria.”—Hosea 7:11.

Jehofa o bolela katlholo ya gagwe, a re: “Iseraele o tshwanetse go komediwa.” (Hosea 8:8) Bogosi jwa Juda le jone bo molato. Hosea 12:2 ya re: “Jehofa o na le kgetsi ya molao le Juda, le go dira gore Juda a ikarabelele go ya ka ditsela tsa gagwe; o tla mo duela go ya ka ditiro tsa gagwe.” Mme go tlhomamisegile gore o tla tsosolosiwa ka gonne Modimo o solofetsa jaana: “Ke tla ba golola mo seatleng sa Sheole; ke tla ba golola mo losong.”—Hosea 13:14.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

6:1-3—Ke mang yo o neng a re: “Tlang, lona batho, mme a re boeleng kwa go Jehofa”? Baiseraele ba ba sa ikanyegeng ba ka tswa ba ne ba kgothatsana gore ba boele kwa go Jehofa. Fa go le jalo, tota ba ne ba itira e kete ba a ikwatlhaya. Bopelonomi jwa bone jwa lorato e ne e le jwa nakwana e bile bo feta jaaka ‘maru a moso le monyo o o nyelelang phakela.’ (Hosea 6:4) Kafa letlhakoreng le lengwe, go ka tswa go bua Hosea a rapela batho gore ba boele mo go Jehofa. Go sa kgathalesege gore mafoko ano a buiwa ke mang, banni ba ba diganana ba bogosi jwa ditso tse di lesome jwa Iseraele ba ne ba tshwanetse go bontsha boikwatlhao jwa mmatota mme ba boele kwa go Jehofa tota.

7:4—Baiseraele ba baakafadi ba ne ba tshwana jang le “leubelo le le gotsiwang”? Papiso eno e tshwantsha boteng jwa dikeletso tse di bosula tsa pelo ya bone.

Se re Ithutang Sone:

4:1, 6Fa re batla go nna re amogelwa ke Jehofa, re tshwanetse go tswelela pele re tsenya kitso kaga gagwe e bile re tshela tumalanong le se re se ithutang.

4:9-13. Jehofa o tla sekisa batho ba ba dirang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le kobamelo e e seng phepa.—Hosea 1:4.

5:1. Ba ba eteletseng batho ba Modimo pele ba tshwanetse ba gana botlhanogi gotlhelele. E seng jalo, ba ka raela bangwe gore ba dire kobamelo ya maaka, ka jalo ba nna jaaka ‘serai le letlowa’ mo go bone.

6:1-4; 7:14, 16. Go ikwatlhaya ka mafoko fela ke boitimokanyo e bile ga go na mosola. E le gore motho yo o dirileng phoso a bone kutlwelobotlhoko ya Modimo, o tshwanetse go bontsha boikwatlhao jo bo tswang pelong, jo a bo bontshang ka go boela kwa go sengwe “se se kwa godimo,” ke gore, kwa mofuteng wa maemo a a kwa godimo wa kobamelo. Ditiro tsa gagwe di tshwanetse go tsamaisana le melao ya Modimo e e kwa godimo.—Hosea 7:16, ntlha e e kwa tlase go NW.

6:6. Go nna le mokgwa wa go dira boleo go bontsha go se nne le bopelonomi jwa lorato mo Modimong. Le fa motho a ka tlhoafala go le kanakang mo dilong tsa semoya a ntse a tsweletse a dira boleo, seo se ka se dire gore a nne le bopelonomi jwa lorato.

8:7, 13; 10:13. Molaomotheo wa gore “le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape” o ne wa diragala mo kgannyeng ya Baiseraele ba ba neng ba obamela medingwana.—Bagalatia 6:7.

8:8; 9:17; 13:16. Dipolelelopele tse di malebana le bogosi jwa bokone di ne tsa diragala fa motsemogolo wa jone, Samarea, o ne o gapiwa ke Asiria. (2 Dikgosi 17:3-6) Re ka tlhomamisega gore Modimo o tla diragatsa se a se buileng.—Dipalo 23:19.

8:14. Jehofa o ne a romela “molelo kwa metseng ya [Juda]” ka 607 B.C.E. a dirisa Bababelona, ka jalo a senya Jerusalema le naga ya Juda jaaka go ne go boleletswe pele. (2 Ditiragalo 36:19) Lefoko la Modimo le ka se ke la tlhoka go direga.—Joshua 23:14.

9:10. Le fa Baiseraele ba ne ba ineetse mo Modimong wa boammaaruri, ba ne “ba tsena kwa go Baale wa Peore, mme ba ineela mo selong se se tlhabisang ditlhong.” Re tla bo re le botlhale fa re tlhagisiwa ke sekai sa bone se se sa siamang mme re itisa gore re se ka ra tlogela  go diragatsa boineelo jwa rona mo go Jehofa.—1 Bakorintha 10:11.

10:1, 2, 12. Re tshwanetse go obamela Modimo ka pelo e e seng boitimokanyo. Fa re ‘ijalela peo mo tshiamong, re roba tumalanong le bopelonomi jwa lorato jwa Modimo.’

10:5. Bethe-afene (e e kayang “Ntlo ya Kutlobotlhoko”) ke leina la tshotlo le le newang Bethele (e e kayang “Ntlo ya Modimo”). Fa modingwana wa namane ya Bethe-afene o ne o isiwa botshwarwa, banni ba Samarea ba ne ba hutsafala ka gonne ba latlhegetswe ke se ba se obamelang. A bo go se na tlhaloganyo jang ne go ikanya modingwana o o sa tsheleng o o sa kgoneng le go itshireletsa!—Pesalema 135:15-18; Jeremia 10:3-5.

11:1-4. Ka metlha Jehofa o dirisana ka lorato le batho ba gagwe. Go ikobela Modimo ga go ke go gatelela motho.

11:8-11; 13:14. Mafoko a ga Jehofa malebana le go busediwa ga batho ba gagwe mo kobamelong ya boammaaruri ‘ga a ka a boela mo go ene a se na matswela.’ (Isaia 55:11) Ka 537 B.C.E., botshwarwa jwa Babelona bo ne jwa fela mme masalela a boela kwa Jerusalema. (Esera 2:1; 3:1-3) Le fa e le eng fela se Jehofa a se buileng ka baporofeti ba gagwe ruri se tla diragala.

12:6. Re tshwanetse go ititaya sehuba thata gore re bontshe bopelonomi jwa lorato, tshiamiso, re bo re solofele mo go Jehofa ka metlha.

13:6. Baiseraele “ba ne ba kgotsofala mme pelo ya bone ya simolola go ikgodisa. Ke gone ka moo ba neng ba [lebala Jehofa].” Re tshwanetse go itisa mo mokgweng le fa e le ofe fela wa go ikgodisa.

“DITSELA TSA GA JEHOFA DI THOKGAME”

(Hosea 14:1-9)

Hosea o rapela jaana: “A ko o boele mo go Jehofa Modimo wa gago, wena Iseraele, gonne o ne wa kgopiwa mo tlolong ya gago.” O rotloetsa batho gore ba reye Jehofa ba re: “E kete o ka itshwarela tlolo; mme o amogele se se molemo, mme le rona re tla go isetsa dipowana tsa dipounama tsa rona.”—Hosea 14:1, 2.

Modiraphoso yo o ikwatlhayang o tshwanetse a tla mo go Jehofa, a amogela ditsela tsa gagwe, mme a mo naya ditlhabelo tsa pako. Ka ntlha yang? Ka gonne “ditsela tsa ga Jehofa di thokgame, mme basiami ke bone ba tla tsamayang mo go tsone.” (Hosea 14:9) A bo re ipela jang ne go bo batho ba le bantsi ba sa ntse ‘ba tla tla ba roroma kwa go Jehofa le kwa molemong wa gagwe go ela kwa bokhutlong jwa metlha’!—Hosea 3:5.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Botshelo jwa lelapa la ga Hosea bo ne bo tshwantshetsa ditirisano tsa ga Jehofa le Baiseraele

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Fa Samarea e wa ka 740 B.C.E., bogosi jwa ditso tse di lesome jwa Iseraele bo ne jwa fela