Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka ya ga John Milton e e Latlhegileng

Buka ya ga John Milton e e Latlhegileng

 Buka ya ga John Milton e e Latlhegileng

GA SE gantsi mokwadi a nnang le tlhotlheletso e kgolo jaana mo lefatsheng jaaka John Milton, e bong mokwadi wa leboko le telele la Paradise Lost. Go ya ka mokwadi mongwe wa dipolelo tsa matshelo a batho, Milton “o ne a ratwa ke batho ba le bantsi, a tlhoilwe ke bangwe, mme a sa itsiwe ke ba le mmalwa.” Go tla go fitlha gompieno, dibuka tsa Seesemane le setso di nnile teng ka ntlha ya mekwalo ya gagwe.

Go tlile jang gore John Milton a nne le tlhotlheletso e kgolo jaana? Ke eng se se dirileng gore buka ya gagwe ya bofelo—On Christian Doctrine—e bake kganetsano e e kana mo e neng ya nna e sa gatisiwa ka dingwaga di le 150?

Fa a Ne a Le Mmotlana

John Milton o ne a tsholelwa mo lelapeng le le humileng la kwa London ka 1608. Milton o ne a re: “Fa ke sa ntse ke le mmotlana, Rre o ne a mpaakanyetsa go ithuta go kwala dibuka, mme ke ne ke rata seo thata mo e leng gore fa ke na le dingwaga di le lesome le bobedi go ne go direga ka sewelo gore ke tlogele go ithuta mme ke ye go robala pele ga ura ya lesome le bobedi bosigogare.” O ne a dira sentle thata mo dithutong tsa gagwe mme a amogela dikirii ya thuto kwa Cambridge ka 1632. Morago ga moo, o ne a tswelela a bala dibuka tsa hisitori le dibuka tse di neng di kwadilwe kwa Gerika le Roma ya bogologolo.

Milton o ne a batla go nna mmoki, mme ka nako e a neng a tshela ka yone Engelane e ne e le mo motlheng o o thata wa phetogo. Palamente, e e neng e eteletswe pele ke Oliver Cromwell, e ne ya tlhoma lekgotla le le neng la dira gore Kgosi Charles I a bolawe ka 1649. Milton o ne a dirisa poko e e tlhotlheletsang mme a buelela go bolawa ga kgosi mme a nna mmueledi wa puso ya ga Cromwell. Tota e bile, pele ga John Milton a itsege jaaka mmoki, o ne a setse a itsege ka dipampitshana tsa gagwe tsa bopolotiki le tse di buang ka boitshwaro.

Fa bogosi bo sena go busediwa ka go tlhongwa ga ga Charles II go nna kgosi ka 1660, go utlwana ga ga Milton le Cromwell go ne ga tsenya botshelo jwa ga Milton mo kotsing. Milton o ne a ya go iphitlha, mme o ne a falola loso fela ka gonne a ile a thusiwa ke ditsala tsa gagwe tsa maemo. Fa seno sotlhe se direga, o ne a tswelela a kgatlhegela dilo tsa bodumedi.

“Tekanyetso ya Baebele”

Fa Milton a tlhalosa kafa a simolotseng ka teng go kgatlhegela bodumedi, a re: “Fa ke ne ke le mosimanyana ke ne ka simolola ka go ithuta Tesetamente e Ntšha le e Kgologolo ka tlhoafalo, ka dipuo tse di neng di kwadilwe ka tsone la ntlhantlha.” Milton o ne a tsaya Dikwalo tse di Boitshepo e le tsone fela kaelo e e ka ikanngwang mo dikgannyeng tsa boitsholo le tsa bodumedi. Le fa go ntse jalo, o ne a sala a swabile thata fa a sena go tlhatlhoba dibuka le diphamfolete tsa bodumedi tsa motlha oo. O ne a kwala jaana moragonyana: “Ke ne ka bona gore ke ne nka se theye ditumelo tsa me kana tsholofelo ya me ya poloko mo dibukeng tseo.” Ka gonne Milton a ne a ikemiseditse go tlhatlhoba dilo tse a di dumelang “a dirisa Baebele jaaka tekanyetso,” o ne a simolola go dira manaane a ditemana tse a neng a di tsaya di le botlhokwa a di kwala kafa tlase ga ditlhogwana mme a bo a nopola ditemana tsa Baebele tse di leng mo manaaneng ano.

Gompieno John Milton o gopolwa thata ka go kwala Paradise Lost, e leng leboko le le theilweng mo pegong ya Baebele ya go wela ga motho mo  boleong. (Genesise, kgaolo 3) Leboko leno le le gatisitsweng la ntlha ka 1667, ke lone le thatathata le dirileng gore Milton a itsege jaaka mokwadi, segolobogolo mo bathong ba ba buang Seesemane. Moragonyana o ne a gatisa leboko le le neng le tsweledisa Paradise Lost le le nang le setlhogo se se reng Paradise Regained. Maboko ano a tlhalosa boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka motho—go itumelela botshelo mo paradaiseng mo lefatsheng—mme a bua ka go tsosolosa ga Modimo Paradaise mo lefatsheng a dirisa Keresete. Ka sekai, mo Paradise Lost, Mikaele moengele yo mogolo o bolelela pele nako e Keresete a tla “duelang ba Gagwe ba ba ikanyegang, a bo a ba naya boitumelo jwa bosakhutleng, e ka tswa e le kwa legodimong kana mo lefatsheng, ka gonne ka nako eo lefatshe lotlhe e tla bo e le paradaise, lefelo le le itumedisang thata go feta Edene, mme batho ba tla itumela thata go tshela mo go lone.”

Buka ya On Christian Doctrine

Ka dingwagangwaga, Milton gape o ne a batla go kwala buka e e tlhalosang ka botlalo botshelo jwa Bokeresete le dithuto tsa teng. Le fa a ile a foufala ka 1652, o ne a dira ka natla go kwala buka eno a thusiwa ke bakwaledi ba gagwe go fitlha a swa ka 1674. Milton o ne a bitsa buka ya gagwe ya bofelo a re A Treatise on Christian Doctrine Compiled From the Holy Scriptures Alone. Mo ketapeleng ya yone, o ne a kwala jaana: “Bakwadi ba bantsi ba ba kileng ba kwala ka kgang eno . . . ba ne ba kwala dintlha fela mo matlhakoreng, ba kwala kgaolo le temana ka bokhutshwane, ditemana tse sotlhe se ba se rutang se ikaegileng ka tsone. Mme nna, ke ne ka leka go tlatsa thata ditsebe ka dinopolo tse di tswang mo dikarolong tsotlhe tsa Baebele.” Go dumalana le se Milton a se buang, buka ya On Christian Doctrine e umaka ka tlhamalalo kana e nopola ditemana tsa Baebele makgetlho a feta 9 000.

Le fa pele ga foo Milton a ne a ise nke a tshabe go tlhalosa maikutlo a gagwe, o ne a okaoka go gatisa buka eno. Ka ntlha yang? Sa ntlha o ne a itse gore ditlhaloso tsa yone tsa Dikwalo di ne di farologana thata le thuto e e amogelwang ya kereke. Gape, ka gonne naga e ile ya boa ya busiwa gape ke kgosi, puso e ne e sa dumalane le mekwalo ya gagwe. Ka jalo, o ka tswa a ne a emetse gore maemo a ritibale pele. Fa Milton a sena go swa, mokwaledi wa gagwe o ne a tsaya mokwalo oo wa Selatine a o isa kwa bagatising mme ba ne ba gana go o gatisa. Tonakgolo ya kwa Boritane e ne ya gapa mokwalo oo mme ya o baya. Go ne ga feta dingwaga di le lekgolo le sephatlo pele ga mokwalo wa ga Milton o bonwa gape.

Ka 1823, tlelereke e ne ya bona mokwalo o o phuthetsweng wa mmoki yono yo o itsegeng. Kgosi George IV yo e neng e le kgosi ya Engelane ka nako eo o ne a ntsha taelo ya gore mokwalo ono o ranolelwe mo puong ya Selatine mme o newe batho. Fa mokwalo ono o sena go gatisiwa ka Seesemane dingwaga di le pedi morago ga moo, o ne wa tsosa dikganetsano mo go tsa bodumedi le mo bakwading. Bishopo mongwe ka yone nako eo o ne a  re mokwalo ono ga o a kwalwa ke Milton ka gonne a ne a sa batle go dumela gore Milton, yo o neng a tsewa ke batho ba le bantsi e le mmoki yo mogolo wa kwa Engelane wa bodumedi, o ka bo a ganeditse dithuto tse kereke e di tsayang di le boitshepo thata jaana. Ka gonne motho yo o ranotseng mokwalo ono a ne a kgona go bona gore go tla nna le dipelaelo tsa gore a Milton ke ene a o kwadileng, o ne a tsentse dintlha tse di kwa tlase tse di neng di bontsha dintlha di le 500 tse On Christian Doctrine le Paradise Lost di tshwanang mo go tsone. *

Se Milton a Neng a se Dumela

Ka nako e Milton a neng a tshela ka yone, Engelane e ne e amogetse Diphetogo tsa Boporotesetanta mme e ne e ikgaogantse le Kereke ya Roma Katoliki. Baporotesetanta ka kakaretso ba ne ba dumela gore Dikwalo tse di Boitshepo ke tsone di tshwanetseng go tlhalosa dikgang tse di amanang le tumelo le boitsholo, e seng mopapa. Le fa go ntse jalo, mo bukeng ya On Christian Doctrine, Milton o ne a bontsha gore dithuto tse dintsi tsa Boporotesetanta le mekgwa le tsone di ne di sa tsamaisane le Baebele. Ka mabaka a a theilweng mo Baebeleng, o ne a ganetsa thuto ya ga John Calvin ya gore Modimo o laolela gale gore motho o tla diragalelwa ke eng mme a buelela ya gore motho o na le kgololesego ya go itlhophela se a se batlang. O ne a buelela go dirisa leina la Modimo, Jehofa, ka tlotlo mme o ne a le dirisa gantsi mo mekwalong ya gagwe.

Milton o ne a dirisa Baebele go tlhalosa gore moya wa motho o a swa. O ne a kwala jaana fa a ne a akgela ka Genesise 2:7: “Fa motho a sena go bopiwa ka tsela eno, Baebele la bofelo ya re: ka jalo motho a nna moya o o tshelang. . . . Motho ga a kgone go kgaoganngwa: ga go a nna jaaka batho ba bantsi ba akanya gore o dirilwe ka dilo tse pedi tse di farologaneng, moya le mmele. Go na le moo, motho yo o feletseng ke moya, mme moya ke motho.” Go tswa foo Milton o ne a botsa potso eno: “A motho yo o feletseng o a swa, kana go swa mmele fela?” Fa a sena go ntsha ditemana tse dintsi tsa Baebele tse di bontshang gore motho o a swa, o ne a re: “Mme tlhaloso e e tlhatswang pelo go di gaisa tsotlhe ya gore moya o a swa ke ya Modimo ka boene, e e mo go Esekiele 18:20: moya o o leofang go tla swa one.” Milton gape o ne a umaka ditemana tse di tshwanang le Luke 20:37 le Johane 11:25 go bontsha gore tsholofelo ya batho ba ba suleng ke tsogo ya baswi mo nakong e e tlang.

Ke eng se se neng sa dira gore On Christian Doctrine e se ka ya ratwa thata jaana? E ne e le tlhaloso ya ga Milton e e motlhofo mme e le maatla ya Baebele ya gore Keresete, Morwa Modimo, ga a lekane le Modimo, Rara. Fa Milton a sena go nopola Johane 17:3 le Johane 20:17, o ne a re: “Fa e le gore Rara ke Modimo wa ga Keresete le Modimo wa rona, le fa e le gore go na le Modimo a le mongwe fela, ke mang a ka nnang Modimo fa e se Rara?”

Gape Milton a re: “Morwa ka boene le baaposetoloi ba a dumela mo go sengwe le sengwe se ba se buang le se ba se kwalang gore Rara o mogolo go feta Morwa mo dilong tsotlhe.” (Johane 14:28) “Tota e bile, mo go Mathaio 26:39, ke Keresete a reng: Rra, fa go kgonega, a senwelo seno se mphete; le fa go ntse jalo, e seng jaaka go rata nna, mme jaaka go rata wena . . . Ke ka ntlha yang fa a rapela Rara fela, a sa ithapele, fa e le gore ene ka boene tota ke Modimo? Fa e le gore ene ka boene ke motho e bile ke Modimo mothatayotlhe, ke eng fa a ka rapelela sengwe se a ka kgonang go se dira ka boene? . . . Jaaka Morwa gongwe le gongwe a rata e bile a sisimoga Rara fela, le rona o re ruta gore re dire se se tshwanang.”

Diphoso Tsa ga Milton

John Milton o ne a batla boammaaruri. Le fa go ntse jalo, o ne a na le diphoso mme tsela e a neng a leba dilo dingwe ka yone e ka tswa e ne e tlhotlhelediwa ke dilo tse di maswe tse di mo diragaletseng. Ka sekai, fela fa a sena go nyala, mosadi wa gagwe, yo e neng e le ngwana yo mmotlana wa rakgwebo wa mohumi, o ne a mo tlogela mme a boela kwa gabone ka dingwaga di ka nna tharo. Mo nakong eno, Milton o ne a kwala dipampitshana tse di neng di buelela tlhalo fa batho ba sa tshwanelane, e seng fela ka mabaka a go sa ikanyege mo lenyalong, e leng se se neng se builwe ke Jesu e le lone fela lebaka la tlhalo. (Mathaio 19:9) Milton o ne a buelela seno mo On Christian Doctrine.

Le fa Milton a dirile diphoso, On Christian Doctrine e tlhalosa se Baebele e se buang malebana le dithuto tse dintsi tsa botlhokwa. Go tla go fitlha gompieno, buka eno ya gagwe e pateletsa batho ba ba e balang go bapisa se ba se dumelang le Dikwalo tse di Boitshepo tse di se nang phoso.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Thanolo e ntšha ya On Christian Doctrine, e e gatisitsweng ke Yale University ka 1973, e dirisa thata se se mo mekwalong ya ntlhantlha ya ga Milton ya Selatine.

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Milton o ne a ithuta Baebele ka tlhoafalo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of The Early Modern Web at Oxford

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Leboko la “Paraise Lost” le ne la dira gore Milton a itsege

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of The Early Modern Web at Oxford

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Mekwalo ya ga Milton ya bofelo e ne ya latlhega ka dingwaga di feta 150

[Motswedi wa Setshwantsho]

Image courtesy of Rare Books and Special Collections, Thomas Cooper Library, University of South Carolina

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 11]

Image courtesy of Rare Books and Special Collections, Thomas Cooper Library, University of South Carolina