Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ne Re Ikemiseditse go Wetsa Bodiredi Jwa rona

Re ne Re Ikemiseditse go Wetsa Bodiredi Jwa rona

 Kgang ya Botshelo

Re ne Re Ikemiseditse go Wetsa Bodiredi Jwa rona

Jaaka go Boletse Lena Davison

Mokgweetsi wa sefofane sa rona o ne a bua jaana ka lentswe le le sa utlwaleng sentle: “Ga ke bone sentle. Ga ke bone.” Moragonyana fela ga foo, diatla tsa gagwe di ne di sa kgone go laola sefofane se sennye se re neng re le mo go sone mme o ne a wela mo setulong a idibala. Monna wa me yo o neng a ise a ko a tsamaise sefofane, o ne a leka ka natla go mo tsosa. Pele ke go tlotlela kafa re neng ra falola ka lesoba la nnale ka gone, mma ke tlhalose gore go tlile jang gore re bo re le mo sefofaneng seo kwa Papua New Guinea, e leng nngwe ya dinaga tse di kwa thokothoko mo lefatsheng.

KE TSHOLETSWE kwa Australia ka 1929, mme ka golela kwa Sydney e leng motsemoshate wa New South Wales. Rre e bong Bill Muscat e ne e le Mokomonise yo go neng go gakgamatsa gore o dumela mo Modimong. Ka 1938 o ne a bo a dumela go saena kopo ya setšhaba ya gore Joseph F. Rutherford, yo o tswang kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa a letlelelwe go tla go rera mo Sydney Town Hall.

Ka nako eo Rre o ne a re raya a re: “O tshwanetse a bo a na le sengwe se se molemo se a batlang go se bua.” Dingwaga di le robedi morago ga moo, re ne ra tlhaloganya botlhokwa jwa molaetsa wa gagwe. Rre o ne a laletsa Norman Bellotti, yo e neng e le modiredi wa mmulatsela wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa kwa lelapeng la rona gore a tle go bua le rona ka Baebele. Lelapa la rona le ne la amogela boammaaruri jwa Baebele ka bofefo mme go ise go ye kae re ne re tlhagafetse mo bodireding jwa Bokeresete.

Mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1940 ke ne ka tlogela sekolo gore ke thuse mmè yo o neng a lwala thata. Gape ke ne ke itshedisa ka go roka diaparo.  Mo maitseboeng a Bomatlhatso, nna le nkgonne e bong Rose re ne re tsamaya le setlhopha sa babulatsela mme re dira tiro ya go rera mo mmileng kwa ntle ga Sydney Town Hall. Ka 1952, kgaitsadiake e bong John o ne a aloga mo sekolong sa barongwa sa Gileade kwa United States mme a abelwa go ya kwa Pakistan. Le nna ke ne ke rata bodiredi e bile ke batla go latela sekao sa gagwe. Ka jalo, mo ngwageng o o latelang ke ne ka nna mmulatsela wa nako e e tletseng.

Lenyalo le Tiro ya Borongwa

Moragonyana fela ga foo, ke ne ka kopana le John Davison, yo o neng a dira kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Australia. Ke ne ka kgatlhiwa thata ke tsela e a neng a le boikobo ka yone, a tletse boikemisetso e bile a na le botho jo bontle thata. Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, o ne a kile a tshwarwa gararo ka ntlha ya go boloka boitlhaodi jwa gagwe jwa Bokeresete. Bobedi jwa rona re ne ra dira tshwetso ya go dira bodiredi jwa Bokeresete tiro ya rona ya botshelo jotlhe.

Nna le John re ne ra nyalana ka June 1955. Re ne ra reka bese re ikaeletse go e fetola gore e nne kharabane. Maikaelelo a rona e ne e le gore re e dirisetse go nna mo go yone fa re rera kwa mafelong a a kwa kgakala a Australia. Mo ngwageng o o latelang go ne ga kopiwa Basupi ba ba ka kgonang gore ba fudugele kwa New Guinea, e leng karolo e e kafa bokonebotlhaba ya setlhaketlhake se segolo se se kafa bokone jwa Australia. * Molaetsa wa Bogosi o ne o ise o rerwe mo karolong eno ya lefatshe. Re ne ra ithaopa ka yone nako eo.

Ka nako eo tsela fela ya go tsena kwa New Guinea e ne e le go nna le konteraka ya gore o modiri wa nako e e tletseng, ka jalo John o ne a simolola go batla tiro. Go ise go ye kae o ne a kgona go saena konteraka mo lefelong la go sega ditlhare kwa New Britain, e leng setlhaketlhake se sennye se e leng karolo ya New Guinea. Dibeke di le mmalwa moragonyana ga foo, re ne ra ya go simolola kabelo ya rona e ntšha, mme ra goroga kwa Rabaul, New Britain ka July 1956. Fa re goroga koo re ne ra letela seketswana malatsi a le marataro gore se re ise kwa Waterfall Bay.

Bodiredi Jwa Rona Kwa Waterfall Bay

Malatsi a le mmalwa morago ga go nna le loeto lo lo makgwakgwa ka sekepe, re ne ra goroga kwa Waterfall Bay, mo lotshitshing lo logolo lwa dikilometara di ka nna 24 e kafa borwa jwa Raebaul. Koo go ne go na le madirelo a magolo a go sega ditlhare mo lefelong le le kgaotsweng ditlhare mo sekgweng. Mo maitseboeng ao fa badiri botlhe ba ntse mo tafoleng ba ja dijo tsa maitseboa, manejara o ne a re, “Aitsane, Rre le Mmé Davison, molao wa khampani eno ke gore badiri botlhe ba ipolele gore ke ba bodumedi bofe.”

Re ne re tlhomamisegile gore ga go na molao o o ntseng jalo mme e re ka re ne re ganne go goga motsoko, ba ne ba re belaela. Le fa go ntse jalo, John o ne a araba ka gore, “Re Basupi ba ga Jehofa.” Morago ga moo go ne ga nna le tshisibalo e kgolo. Banna bano e ne e le masole a Ntwa ya Lefatshe II, mme ba ne ba tlhoile Basupi ba ga Jehofa ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone ka nako ya ntwa. Go tloga ka nako eno, banna bano ba ne ba dira sengwe le sengwe gore ba re thatafaletse botshelo.

Sa ntlha, manejara o ne a gana go re naya foriji le setofo le fa gone a ne a tshwanetse go re naya tsone. Dijo tsa  rona tse di bolang di ne tsa senyega mme re ne ra patelesega go apeela mo setofong se se senyegileng se re neng ra se sela mo sekgweng. Morago ga moo baagi ba mo motseng ba ne ba ganediwa go re rekisetsa merogo e e foreshe, ka jalo re ne ra itshedisa ka merogo le fa e ka nna efe e re neng re ka e bona. Gape re ne re bidiwa ditlhola mme re ne re lejwa ka kelotlhoko go bona gore a go na le mongwe yo re mo rutang Baebele. Moragonyana ga foo ke ne ka tshwarwa ke bolwetse jwa malaria.

Le fa go ntse jalo, re ne re ikemiseditse go wetsa bodiredi jwa rona. Ka jalo re ne ra kopa badiri bangwe ba babedi ba ba tsholetsweng mo lefelong leo ba ba neng ba kgona go bua Seesemane gore ba re rute puo e e buiwang mo lefelong leo e leng Se-Pidgin sa Melanesia. Mme rona re ne re ba ruta Baebele. Mo mafelobekeng, re ne re tsamaya gotlhe fela re dira e kete re tsamaya re bona naga. Fa re ntse re le mo tseleng, re ne re rerela baagi le fa e ka nna bafe ba re neng re kopana le bone re le kelotlhoko mme baithuti ba rona ba Baebele e ne e nna bone baranodi. Re ne re kgabaganya dinoka tse di nang le makhubu a a maatla le dikwena tse dikgolo tse di arametseng letsatsi mo losing lwa noka. Kwantle ga lekgetlo le le lengwe fela le re neng ra falola ka letshoba la nnale, dibatana tseno di ne di sa nke di re tshwenya.

Go Dira Didirisiwa Tsa go Ruta

Fa bodiredi jwa rona bo ntse bo gola, re ne ra swetsa ka gore re tlanye melaetsa e e motlhofo ya Baebele gore re e neye batho ba ba kgatlhegang. Batho ba re neng re ithuta Baebele le bone ba ba berekang mo madirelong a go sega ditlhare ba ne ba re thusa go ranola dipampitshana tsa ntlha tse re di dirileng. Re ne ra fetsa masigo a le mantsi re tlanya dipampitshana di le makgolokgolo mme re di abela baagi ba mo motseng le batho ba ba neng ba feta ba ba berekang mo dikepeng.

Ka 1957, John Cutforth, modiredi yo o etang yo o nang le maitemogelo o ne a tla go re etela go re kgothatsa. * O ne a akantsha gore go dirisa ditshwantsho e ka nna mokgwa o o nang le matswela wa go ruta batho ba ba sa itseng go bala Baebele. Ene le monna wa me ba ne ba taka ditshwantsho tse di motlhofo go tlhaloganngwa, tse di neng di tla thusa go tlhalosa dithuto tsa motheo tsa Baebele. Morago ga foo, re ne ra fetsa diura di le dintsi re kwalololela ditshwantsho tseo mo dibukaneng tse di dirisiwang ke bana ba sekolo. Moithuti mongwe le mongwe wa Baebele o ne a newa khopi ya bukana eo gore a e dirise fa a rerela ba bangwe. Kgabagare, mokgwa ono wa go ruta o ne o dirisiwa mo nageng yotlhe.

Morago ga dingwaga di le pedi le halofo re le kwa Waterfall Bay, re ne ra wetsa konteraka ya rona ya tiro mme ra letlelelwa go nna mo nageng eo. Ka jalo re ne ra amogela taletso ya go nna babulatsela ba ba kgethegileng.

Go Boela Kwa Rabaul

Seketswana sa rona se ne sa leba kwa bokone mme sa ya kwa Rabaul, se ne sa ema bosigo jotlhe mo polasing ya copra le khoukhou kwa Wide Bay.  Beng ba polasi eo, e leng banyalani ba ba godileng ba ba neng ba batla go tlogela tiro mme ba ye go nna kwa Australia, ba ne ba batla go naya John tiro ya go tlhokomela polasi eno. E ne e le tiro e e gogelang tota, mme bosigo joo fa re buisana ka kgang eo, re ne ra dumalana gore re ne re sa tla mo New Guinea go tla go latelela dikhumo. Re ne re ikemiseditse go wetsa bodiredi jwa rona jwa bobulatsela. Ka jalo mo letsatsing le le latelang re ne ra itsise banyalani bano ka tshwetso ya rona mme ra pagama seketswana sa rona gape ra wela tsela.

Fa re sena go goroga kwa Rabaul, re ne ra kopana le setlhotshwana sa Basupi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba ba fudugetseng mo lefelong leno. Batho ba lefelo leno ba ne ba kgatlhegela molaetsa wa Bogosi fela thata mme re ne ra simolola dithuto di le dintsi tsa Baebele. Mo go yone nako eo, re ne re tshwara dipokano tsa Bokeresete mo holong ya motse e re neng re e hirile, mme go ne ga tla batho ba ka nna 150. Bontsi jwa bone ba ne ba amogela boammaaruri mme ba thusa go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo dikarolong tse dingwe tsa naga.—Mathaio 24:14.

Re ne ra etela le kwa Vunabal, e leng motse o o leng dikilometara tse 50 go tswa mo Rabaul, kwa setlhopha sa batho se neng sa kgatlhegela boammaaruri jwa Baebele fela thata. Go ise go ye kae, tlhagafalo ya bone e ne ya ngoka Mokatoliki mongwe wa mo lefelong leo yo o neng a na le tlhotlheletso e kgolo mo bathong. Ene mmogo le setlhopha sa ditsala tsa gagwe ba ne ba phatlalatsa pokano ya rona ya beke le beke ya Baebele mme ba re pateletsa go tswa mo motseng. Fa re utlwa gore ba ne ba tlile go re bakela mathata a a oketsegileng mo bekeng e e latelang, re ne ra kopa mapodise gore a tsamaye le rona.

Mo letsatsing leo go ne go na le mokoloko o moleele wa Makatoliki a a goakakang mo mmileng. Bontsi jwa bone ba ne ba batla go re konopa ka maje. Go ntse go le jalo, moruti mongwe o ne a phuthile makgolokgolo a banna ba mo motseng. Mapodise a ne a re tlhomamisetsa gore re na le tshwanelo ya go tshwara pokano ya rona, ka jalo ba ne ba re bulela tsela gore re fete mo boidiiding joo jwa batho. Le fa go ntse jalo, fela fa re sena go simolola pokano ya rona, moruti o ne a tlhotlheletsa boidiidi jono gore bo simolole dikhuduego. Mapodise a ne a sa kgone go thiba badira dikhuduego bano; ka jalo tlhogo ya mapodise o ne a re laela gore re tloge mo lefelong leo mme a re felegetsa ka bonako go ya kwa koloing ya rona.

Segopa seo se ne sa re latela, ba ntse ba re roga, ba re kgwela mathe, ba batla go re itaya ka mabole fa moruti ene a ne a ikemetse fela a phuthile matsogo a ntse a nyenya. Fa re sena go falola jalo ka letshoba la nnale, tlhogo ya mapodise e ne ya dumela gore boemo jono bo ne bo le masisi go feta otlhe a a kileng a a bona. Le fa gone batho ba le bantsi ba mo Vunabal ba ne ba tshositswe ke segopa seno se se tletseng thubakanyo, moithuti a le mongwe wa Baebele o ne a emela boammaaruri jwa Bogosi ka bopelokgale. Fa e sale ka nako eo, makgolokgolo a batho ba bangwe go ralala New Britain le bone ba ne ba emela boammaaruri ba nitame.

Re Bulegelwa ke Ditshono Kwa New Guinea

Ka November 1960, re ne ra abelwa go ya kwa Madang, e leng toropo e kgolo e e kafa lobopong lwa bokone lwa New Guinea, mo setlhaketlhakeng se segolo. Mo lefelong leo nna le John re ne ra nna le ditshono di le dintsi tsa go bona tiro ya boitshediso ya nako e e tletseng. Khampani nngwe ya diaparo e ne e batla gore ke tlhokomele lebenkele la bone. Mo khampaning e nngwe yone, ba ne ba batla gore ke ba baakanyetse diaparo. Basadi ba bangwe ba ba tswang kwa dinageng di sele bone ba ne ba re ba tla nthusa go bula lebenkele la me la go dira diaparo. E re ka re ne re akantse ka maikaelelo a rona, ga re a ka ra amogela ditshono tseno le tse dingwe.—2 Timotheo 2:4.

Tshimo ya kwa Madang e ne e na le matswela, mme go ise go ye kae go ne ga nna le phuthego e e golang sentle. Re ne re tsamaya malatsi ka dinao le ka sethuthuthu go ya kwa metseng e e kwa kgakala re ya go rera teng. Re ne re robala mo matlwaneng a go sa nneng ope mo go one mo godimo ga bojang jo bo segilweng mo sekgweng. Re ne re tshola fela dijo tse di nnang mo ditshitswaneng, dibisikiti le nnete ya menang.

 Mo letsholong lengwe la go ya go rera, re ne ra etela setlhopha sa batho bangwe ba ba kgatlhegang kwa Talidig, e leng motse o o dikilometara di ka nna 50 kafa bokone jwa Madang. Fa setlhopha seo se ntse se tlhaloganya boammaaruri jwa Baebele, mogokgo wa sekolo sa mo lefelong la bone o ne a ba thibela go ithuta Baebele mo lefelong la batho botlhe. Moragonyana o ne a tlhotlheletsa mapodise gore a senye matlo a bone mme ba ba tseye ba ba kobele kwa sekgweng. Le fa go ntse jalo, kgosi ya motsana o o gaufi e ne ya letla setlhopha seno gore se nne mo nageng ya gagwe. Fa nako e ntse e tsamaya, kgosi eno e e pelonomi e ne ya amogela boammaaruri mme go ne ga agiwa Holo ya Bogosi ya segompieno mo lefelong leo.

Tiro ya go Ranola Le ya Go Eta

Dingwaga di le pedi fela fa re sena go goroga kwa New Britain ka 1956, nna le John re ne ra kopiwa gore re ranolele dikgatiso tse di farologaneng tsa Baebele mo puong ya Se-Pidgin sa Melanesia. Tiro eno e ne ya tswelela ka dingwagangwaga. Mme ka 1970, re ne ra bidiwa go tla go nna baranodi ba nako e e tletseng kwa ofising ya lekala kwa Port Moresby e e leng motsemoshate wa Papua New Guinea. Gape re ne re ruta mo ditlelaseng tsa go ithuta puo ya koo.

Ka 1975 re ne ra boela kwa New Britain go ya go tsenela bodiredi jwa go etela diphuthego. Mo dingwageng di le 13 tse di neng tsa latela, re ne ra tsamaya ka difofane, ka diketswana, ka dikoloi kana ka dinao go ya kwa karolong nngwe le nngwe ya naga. Fa re ntse re le mo tseleng, re ne ra falola dikotsi di le dintsi ka letshoba la nnale go akaretsa le tiragalo e e tlhalositsweng kwa tshimologong ya setlhogo seno. Mo lekgetlong leo, mokgweetsi wa rona wa sefofane o ne a idibala fa re atamela lefelo le difofane di emang mo go lone mo Kandrian kwa New Britain gonne a ne a tshwerwe ke bolwetse jo bo masisi jwa mala jo bo bidiwang gastritis. E re ka sefofane se ne se tsentswe mo sedirisiweng sa gore se kgone go itsamaisa se sa laolwe ke ope, re ne re dikologa fela mo godimo ga dikgwa go se sepe se re ka se dirang fa John ene a ne a leka ka natla go tsosa mokgweetsi yo o neng a idibetse. Kgabagare o ne a thanya, mme o ne a bona go le gonnye mo a neng a ka kgona go emisa sefofane ka tsela e e makgwakgwa. Mme morago ga moo o ne a idibala gape.

Go Bulega Tshono e Nngwe Gape ya Tiro

Ka 1988 re ne ra newa kabelo e ntšha kwa Port Moresby kwa re neng ra thusa mo lephateng le le neng le gola la thanolo kwa lekaleng. Re ne re le batho ba ka nna 50 ba ba neng ba nna mo lekaleng e bile ba bereka teng e le lelapa, mme re ne re thapisetsa baranodi ba basha gone foo. Rotlhe re ne re nna mo difoleteng tse dinnye tse di nang le kamore e le nngwe. Nna le John re ne ra dira tshwetso ya gore re tla tlogela kgoro ya rona e butswe go le gonnye gore maloko a mangwe a lelapa mmogo le baeng ba kgone go fapogela mme re tlwaelane. Ka ntlha ya seo, re ne ra tlwaelana thata le lelapa la rona mme re ne re kgona go bontshana lorato le go tshegetsana.

Mme ka 1993, John o ne a kubugelwa ke bolwetse jwa pelo mme a tlhokafala. Ke ne ke ikutlwa e kete karolo e nngwe mo go nna e sule. Re ne re nyalane dingwaga di le 38 mme re feditse nako eo yotlhe re le mmogo mo bodireding. Le mo maemong ao, ke ne ke ntse ke ikemiseditse go tswelela ka nonofo e Jehofa a mphang yone. (2 Bakorintha 4:7) Kgoro ya phaposi ya me e ne ya nna e butswe mme basha ba ne ba ntse ba tla go nketela. Go tsalana jalo le batho ka tsela e e molemo go ne ga nthusa go nna ke leba dilo ka tsela e e tshwanetseng.

Ka 2003, botsogo jwa me jo bo ntseng bo koafala bo ne jwa dira gore ke newe kabelo kwa ofising ya lekala ya Sydney kwa Australia. Gompieno ke na le dingwaga di le 77, mme ke sa ntse ke dira ka nako e e tletseng mo Lephateng la Boranodi mme gape ke nna ke tshwaregile mo tirong ya go rera. Ditsala tsa me le bana ba me ba semoya mmogo le ditlogolwana tsa me ba nthusa go nna ke itumetse.

Kgoro ya phaposi ya me ya mo Bethele e sa ntse e nna e butswe, mme gantsi ke nna ke na le baeng. Totatota fa kgoro e tswetswe, batho ba a kokota go utlwa gore molato ke eng. Fa fela ke sa ntse ke tshela, ke tla nna ke ikemiseditse go wetsa bodiredi jwa me le go direla Modimo wa me Jehofa.—2 Timotheo 4:5.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 10 Ka nako eo, karolo e e kafa botlhaba ya setlhaketlhake seo e ne e kgaogantswe go nna Papua kafa borwa le New Guinea kafa bokone. Gompieno karolo e e kafa bophirima ya setlhaketlhake seno e bidiwa Papua, e leng karolo ya Indonesia mme karolo e e kafa botlhaba yone e bidiwa Papua New Guinea.

^ ser. 19 Fa o batla go bala ka kgang ya botshelo ya ga John Cutforth, bona Tora ya Tebelo ya June 1, 1958, ditsebe 333-6, ka Seesemane.

[Dimmapa mo go tsebe 18]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

NEW GUINEA

AUSTRALIA

Sydney

INDONESIA

PAPUA NEW GUINEA

Talidig

Madang

PORT MORESBY

NEW BRITAIN

Rabaul

Vunabal

Wide Bay

Waterfall Bay

[Motswedi wa Setshwantsho]

Map and globe: Based on NASA/Visible Earth imagery

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Ke na le John kwa kopanong e kgolo kwa Lae, New Guinea, 1973

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Kwa lekaleng kwa Papua New Guinea, 2002