Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlhogonolofala Semoyeng Mo Botlhogoputsweng

Go Tlhogonolofala Semoyeng Mo Botlhogoputsweng

 Go Tlhogonolofala Semoyeng Mo Botlhogoputsweng

“Ba ba jadilweng mo ntlong ya ga Jehofa, . . . ba tla nna ba tlhogonolofala mo botlhogoputsweng.”—PESALEMA 92:13, 14.

1, 2. (a) Gantsi bogodi bo tlhalosiwa jang? (b) Dikwalo di solofetsa eng malebana le ditlamorago tsa boleo jwa ga Adame?

BOGODI—lefoko leo le go gopotsa eng? Letlalo le le matsutsuba? Ditsebe tse di sa utlweng sentle? Maoto le matsogo a a bokoa? Kgotsa le go gopotsa lengwe la matshwao a “malatsi a masetlapelo” a a tlhalositsweng sentle ka botlalo mo go Moreri 12:1-7? Fa go ntse jalo, go botlhokwa go gopola gore tlhaloso e e fitlhelwang mo go Moreri kgaolo 12 e tlhalosa bogodi e se se Mmopi, Jehofa Modimo, a neng a se ikaeletse go tswa kwa tshimologong mme e bo tlhalosa e le ditlamorago tse boleo jwa ga Adame bo nnileng le tsone mo mmeleng wa motho.—Baroma 5:12.

2 Bogodi ka bojone ga se petso ka gonne fa fela motho a ntse a tshela, dingwaga le tsone di a feta. E bile tota, ditshedi tsotlhe di tshwanelwa ke go gola. Makoa a re a bonang gompieno a a bakilweng ke dingwaga tse di dikete tse thataro tsa boleo le go sa itekanelang a tla tloga a fela mme batho botlhe ba ba kutlo ba tla ipelela botshelo kafa go neng go ikaeletswe gore bo nne ka teng, go se na botlhoko jwa go tsofala le loso. (Genesise 1:28; Tshenolo 21:4, 5) Ka nako eo, “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Bagodi ba tla boa ba nna le “matlhagatlhaga a [bone a] bosha,” mme nama ya bone e tla ‘shafala go gaisa le nako ya bosha.’ (Jobe 33:25) Le fa go ntse jalo, gone jaanong rotlhe re tshwanetse go itshokela boleo jo re bo ruileng mo go Adame. Mme batlhanka ba ga Jehofa ba solegelwa molemo ka ditsela tse di kgethegileng fa ba ntse ba tsena mo dingwageng tsa bone tsa bogodi.

3. Bakeresete ba ka tswelela pele “ba tlhogonolofala mo botlhogoputsweng” jang?

3 Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore “ba ba jadilweng mo ntlong ya ga Jehofa . . . ba tla nna ba tlhogonolofala mo botlhogoputsweng.” (Pesalema 92:13, 14) Mopesalema o ne a dirisa puo ya tshwantshetso go tlhalosa boammaaruri jwa konokono jwa gore batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ka tswelela ba gatela pele, ba segofala e bile ba atlega semoyeng, le fa ba ntse ba koafala mo mmeleng. Seo se supelwa ke dikai tse dintsi tse di mo Baebeleng le tsa motlha wa gompieno.

‘O ne A se Ke a Tlhokega’

4. Moporofeti yo o godileng wa mosadi e bong Ana o ne a bontsha jang gore o ineetse mo Modimong, mme o ne a segofadiwa jang?

4 Akanya ka moporofeti wa mosadi wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Ana. Fa a le dingwaga di 84, ‘o ne a se ke a tlhokega mo tempeleng le ka motlha, a dira tirelo e e boitshepo bosigo le motshegare ka go itima dijo le mekokotlelo.’ E re ka Ana e ne e le mosadi yo rraagwe e neng e se Molefi, e le “wa lotso lwa ga Ashera,” o ne a ka se ka a nna kwa tempeleng ka tlhamalalo. Akanya fela gore go tshwanetse ga bo go ile ga mo tlhoka matsapa a a kana kang gore a bo a le kwa tempeleng  letsatsi le letsatsi go tloga ka nako ya tirelo ya mo mosong go fitlha ka nako ya tirelo ya maitseboa! Le fa go ntse jalo, Ana o ne a segofadiwa thata ka ntlha ya boineelo jwa gagwe. O ne a nna le tshiamelo ya gore a bo a le teng fa Josefa le Marea ba tlisa Jesu a sa le losea kwa tempeleng gore a isiwe fa pele ga ga Jehofa jaaka Molao o laetse. Fa Ana a bona Jesu, o ne a “simolola go isa malebogo kwa Modimong e bile a bua ka ngwana yono mo go botlhe ba ba letetseng kgololo ya Jerusalema.”—Luke 2:22-24, 36-38; Dipalo 18:6, 7.

5, 6. Bagodi ba le bantsi gompieno ba bontsha moya o o tshwanang le wa ga Ana ka ditsela dife?

5 Bagodi ba le bantsi mo gare ga rona gompieno ba tshwana le Ana ka gonne ba ya dipokanong ka metlha, ba rapela ka tlhoafalo gore kobamelo ya boammaaruri e tswelele pele e bile ba eletsa thata go rera dikgang tse di molemo. Mokaulengwe mongwe yo o mo dingwageng tsa bo80 yo o yang dipokanong tsa Bokeresete ka metlha le mosadi wa gagwe o ne a re: “Re dirile gore go ya dipokanong e nne mokgwa. Ga re batle go ya gope gosele. Re batla go nna kwa batho ba Modimo ba leng teng. Re ikutlwa re ritibetse fa re le koo.” A sekao se se ka re kgothatsang rotlhe!—Bahebera 10:24, 25.

6 “Fa go diragala sengwe se se amanang le kobamelo ya boammaaruri mme nka kgona go nna le seabe mo go sone, ke batla go dira jalo.” Seo ke moano wa ga Jean, motlholagadi wa Mokeresete yo o mo dingwageng tsa bo80. O tswelela pele ka go re: “Gone ke a tle ke hutsafale, mme ga ke rate gore batho botlhe ba ke nang le bone ba hutsafale fela ka gonne nna ke hutsafetse.” O ne a tlhalosa a phatsima sefatlhego kafa a ipelelang ka teng go etela dinaga tse dingwe fa go na le ditiragalo tse di kgothatsang semoyeng. Bosheng jaana fa a ne a etile o ne a bolelela ditsala tsa gagwe a re: “Ga ke tlhole ke batla go ya mafelong a bojanala; ke batla go ya tshimong!” Le fa Jean a ne a sa itse puo ya lefelo leo, o ne a kgona go dira gore batho ba kgatlhegele molaetsa wa Baebele. Mo godimo ga moo, o ne a dira ka dingwaga di le mmalwa mo phuthegong e e tlhokang thuso, le fa seno se ne sa mo tlhoka gore a ithute puo e ntšha mme a tsamaye ura e le nngwe fa a ya le fa a boa kwa dipokanong.

Dira Gore Mogopolo o Nne o Bereka

7. Fa Moshe a setse a tsofetse, o ne a bontsha jang gore o eletsa gore kamano ya gagwe le Modimo e gole?

7 Motho o nna le maitemogelo mo botshelong fa nako e ntse e feta. (Jobe 12:12) Kafa letlhakoreng le lengwe, go gatela pele semoyeng gone ga go itlele fela le dingwaga. Ka jalo, mo boemong jwa go ikaega fela ka kitso e ba e kgobokantseng mo nakong e e fetileng, batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba leka go “oketsa go ithuta” fa dingwaga di ntse di ya. (Diane 9:9) Moshe o ne a na le dingwaga di le 80 fa Jehofa a ne a mo roma. (Ekesodo 7:7) Mo motlheng wa gagwe, go lebega go ne go sa tlwaelega gore motho a gole go fitlha mo dingwageng tseo, ka gonne o ne a kwala a re: “Malatsi a dingwaga tsa rona ka boone ke dingwaga di le masome a supa; mme . . . ka ntlha ya thata e e kgethegileng ke dingwaga di le masome a le robedi.” (Pesalema 90:10) Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a se ke a akanya gore o setse a tsofetse thata gore a ka ithuta. Morago ga gore Moshe a direle Modimo ka masomesome a dingwaga, a na le ditshiamelo tse dintsi e bile a na le maikarabelo a magolo, o ne a rapela Jehofa a re: “Tsweetswee, ntira gore ke itse ditsela tsa gago, gore ke tle ke go itse.” (Ekesodo 33:13) Ka metlha Moshe o ne a eletsa gore kamano ya gagwe le Jehofa e gole.

8. Daniele o ne a dira jang gore mogopolo wa gagwe o nne o ntse o dira le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo90, mme diphelelo ya nna dife?

8 Moporofeti Daniele, yo o ka tswang a ne a le mo dingwageng tsa bo90, o ne a sa ntse a ka fitlhelwa a tlhatlhanya ka dikwalo tse di boitshepo. Se a neng a se ithuta fa a ntse a bala “dibuka”—tse di ka tswang di ne di akaretsa Lefitiko, Isaia, Jeremia, Hosea le Amose—se ne sa mo tlhotlheletsa go batla Jehofa ka go rapela ka tlhoafalo. (Daniele 9:1, 2) Thapelo eo e ne ya arabiwa ka gore a newe tshedimosetso e e tlhotlheleditsweng malebana le go tla ga ga Mesia le isagwe ya kobamelo e e itshekileng.—Daniele 9:20-27.

9, 10. Bangwe ba ile ba dirang gore mogopolo wa bone o nne o dira?

9 Fela jaaka Moshe le Daniele, re ka leka gore mogopolo wa rona o nne o dira ka go akanya thata ka dilo tsa semoya fa fela re sa ntse re kgona go dira jalo. Ba le bantsi ba dira fela jalo. Mogolwane  mongwe wa Mokeresete yo o mo dingwageng tsa gagwe tsa bo80 e bong Worth, o leka gore a nne a itse dijo tse disha tsa semoya tse di abiwang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45) A re, “Ke rata boammaaruri fela thata, mme ke kgatlhegela go bona kafa lesedi la boammaaruri le ntseng le phatsimela pele ka teng.” (Diane 4:18) Ka tsela e e tshwanang, Fred, yo o nang le dingwaga di feta 60 a le mo bodireding jwa nako e e tletseng, o fitlhela go kgothatsa semoyeng go simolola metlotlo ya Baebele le badumedi ka ene. A re: “Ke tshwanetse go dira gore Baebele e nne le bokao mo mogopolong wa me. Fa o kgona go dira gore Baebele e nne le bokao e bile o kgona go lomaganya se o se ithutang le ‘sekao sa mafoko a a itekanetseng,’ o tla nna le tshedimosetso e e seng makgaoganyane. O ka kgona go bona kafa thuto nngwe le nngwe e phatsimang ka teng jaaka lejana le le tlhwatlhwakgolo mo lefelong le le tshwanetseng.”—2 Timotheo 1:13.

10 Ga se gore fa o le mogodi o ka se ka wa ithuta dilo tse disha le tse di thata. Batho ba ba mo dingwageng tsa bo60, 70 le e leng 80 ba ile ba ithuta go bala le go kwala kgotsa ba ithuta dipuo tse disha. Bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba dirile seo gore ba kgone go bolela dikgang tse di molemo mo bathong ba ditšhaba tse di farologaneng. (Mareko 13:10) Harry le mosadi wa gagwe ba ne ba le kwa bofelong jwa dingwaga tsa bone tsa bo60 fa ba dira tshwetso ya go ya go thusa mo tshimong ya Sepotokise. Harry a re: “Gone ke boammaaruri gore tiro nngwe le nngwe fela mo botshelong e nna thata fa o setse o godile.” Mme ka gonne ba ne ba dira maiteko ba sa kgaotse, ba ne ba kgona go tshwara dithuto tsa Baebele ka Sepotokise. Go setse go fetile dingwaga di le dintsi jaanong Harry a neela le dipuo tsa dikopano tsa kgaolo ka puo eno e ntšha.

11. Ke ka ntlha yang fa re sekaseka dilo tse bagodi ba ba ikanyegang ba kgonneng go di dira?

11 Gone ke boammaaruri gore ga se batho botlhe ba botsogo jwa bone kgotsa maemo a bone a ba letlang go simolola ditiro tse di gwetlhang jalo. Mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go sekaseka se bagodi bangwe ba kgonneng go se dira? Seno ga se go leka go bolela gore batho botlhe ba tshwanetse ba leka go dira dilo tse di tshwanang. Go na le moo, ke go tsamaisana le se moaposetoloi Paulo a neng a se kwalela Bakeresete ba Bahebera malebana le bagolwane ba ba ikanyegang ba phuthego: “E re lo akanya kafa boitshwaro jwa bone bo felelang ka gone lo etse tumelo ya bone.” (Bahebera 13:7) Fa re akanya ka dikao tseno tsa tlhoafalo, re ka kgothatsega gore re etse tumelo e e nonofileng e e tlhotlheletsang bagodi bano go direla Modimo. Fa Harry, yo jaanong a nang le dingwaga tse 87 a tlhalosa se se mo tlhotlheletsang, a re, “Ke batla gore dingwaga tsa me tse di sa ntseng di ntshaletse, ke di dirise sentle mme ke dire go le gontsi kafa nka kgonang ka teng ke direla Jehofa.” Fred, yo o umakilweng pelenyana, o kgotsofadiwa thata ke kabelo e a e dirang kwa Bethele. A re: “O tshwanetse go bona gore o ka direla Jehofa ka botlalo jang o bo o tswelela pele o mo direla.”

Ba Ineetse le fa Maemo a Bone a Fetoga

12, 13. Barisilai o ne a bontsha boineelo mo Modimong jang le fa maemo a gagwe a ne a fetogile?

12 Go ka nna thata go amogela diphetogo tse di diregang mo mmeleng fa o ntse o gola. Mme o ka gona go bontsha boineelo jwa bomodimo le fa go na le diphetogo tse di ntseng jalo. Barisilai wa Mogileade ke sekao se se molemo mo ntlheng eno. Fa  a ne a le dingwaga di le 80, o ne a bontsha Dafide le masole a gagwe moya o montle wa go tshola baeng, a ba naya dijo le bonno ka nako ya botsuolodi jwa ga Abesalome. Fa Dafide a ne a boela kwa Jerusalema, Barisilai o ne a buledisa segopa seo go fitlha kwa Nokeng ya Joredane. Dafide o ne a re a ka dira Barisilai mongwe wa lelapa la segosi. Barisilai o ne a arabela jang? “Ke na le dingwaga di le masome a robedi gompieno. . . . A motlhanka wa gago a ka utlwa se ke neng ka se ja le se ke neng ka se nwa, kgotsa a ke sa ntse ke ka reetsa lentswe la baopedi ba banna le ba basadi? . . . Kimahame motlhanka wa gago ke yo. A a kgabaganye le morena wa me kgosi; mme o dire ka ene se se molemo mo matlhong a gago.”—2 Samuele 17:27-29; 19:31-40.

13 Le fa maemo a ga Barisilai a ne a fetogile, o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go ema nokeng kgosi e e tlhomilweng ya ga Jehofa. Le fa a ne a lemoga gore o ne a sa tlhole a kgona go utlwa tatso ya dijo sentle le go utlwa sentle mo ditsebeng jaaka pele, o ne a sa tenege. Mo boemong jwa moo, o ne a senola gore tota ke motho wa mofuta mang fa ka bopelotshweu a re Kimahame a newe dilo tse di molemo tse di neng di tla fiwa ene. Fela jaaka Barisilai, bagodi ba le bantsi gompieno ba bontsha moya wa bopelotshweu. Ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go ema kobamelo ya boammaaruri nokeng, ba itse gore “Modimo o itumedisiwa thata ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.” A bo go itumedisa jang go nna le batho ba ba ikanyegang mo gare ga rona!—Bahebera 13:16.

14. Lebaka la go bo Dafide e le mogodi le dira jang gore mafoko a a kwadilweng mo go Pesalema 37:23-25 a nne le bokao jo bogolo le go feta?

14 Le fa maemo a ga Dafide a ne a fetoga gantsintsi fa dingwaga di ntse di feta, o ne a nna a tlhomamisegile gore Jehofa ga a ke a tlhoka go tlhokomela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Go ela kwa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe, Dafide o ne a tlhama pina e gompieno e bidiwang Pesalema 37. Akanya fela Dafide a ja marapo a tlhogo, a iteletsa harepa mme a opela mafoko ano: “Dikgato tsa monna yo o nonofileng di baakantswe ke Jehofa, mme O itumedisiwa ke tsela ya gagwe. Le fa a ka wa, ga a na go piriganngwa, gonne Jehofa o tshegeditse seatla sa gagwe. Nkile ka bo ke le lekau, jaanong ke tsofetse, mme le fa go ntse jalo ga ke ise ke bone ope yo o siameng a tlogetswe gotlhelele, le fa e le bana ba gagwe ba batla senkgwe.” (Pesalema 37:23-25) Jehofa o ne a bona go tshwanela go akaretsa ntlha e e bontshang gore Dafide o kana kang mo pesalemeng eno e e tlhotlheleditsweng. A bo seo se dira gore mafoko ano a ame pelo jang ne!

15. Moaposetoloi Johane o ne a tlhoma sekao se se molemo sa boikanyegi jang le fa maemo a gagwe a ne a fetogile e bile a godile ka dingwaga?

15 Moaposetoloi Johane ke sekao se sengwe se se molemo sa mongwe yo o ileng a ikanyega le fa maemo a gagwe a fetogile e bile a godile ka dingwaga. Fa Johane a sena go direla Modimo ka dingwaga di ka nna 70, o ne a kobelwa kwa setlhaketlhakeng sa Patamose “ka ntlha ya go bua ka Modimo le go naya bosupi ka Jesu.” (Tshenolo 1:9) Le fa go ntse jalo, tiro ya gagwe e ne e sa wela. E bile, dibuka tsotlhe tsa Baebele tse di kwadilweng ke Johane, o di kwadile mo dingwageng tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe. Fa a ntse a le kwa Patamose, o ne a newa ponatshegelo e e boifisang ya Tshenolo, e a neng a e kwala ka kelotlhoko. (Tshenolo 1:1, 2) Batho ba le bantsi ba dumela gore o ne a gololwa kwa botshwarwa ka nako ya fa go ne go busa Mmusimogolo wa kwa Roma e bong Nerva. Morago ga moo, mo e ka nnang ka 98 C.E., fa Johane a ne a le dingwaga di ka nna 90 kgotsa 100, o ne a kwala Efangele le dibuka tse tharo tse di bidiwang ka leina la gagwe.

 Rekoto E e Ka se Phimogeng ya Boitshoko

16. Batho ba ba sa tlholeng ba kgona go bua sentle ba ka bontsha jang gore ba ineetse mo go Jehofa?

16 Makoa a ka tla ka mefuta e e farologaneng le ka dilekanyo tse di sa tshwaneng. Ka sekai, ba bangwe le go bua ga ba tlhole ba kgona go bua sentle. Le fa go ntse jalo, ba sa ntse ba itumelela dilo tse di molemo tse ba di gopolang malebana le lorato lwa Modimo le bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang. Le fa ba sa kgone go bua go le gontsi ka molomo, mo pelong ba raya Jehofa ba re: “A bo ke rata molao wa gago jang ne! Ke tlhatlhanya ka one letsatsi lotlhe.” (Pesalema 119:97) Jehofa ene o itse ba ba “akanyang ka leina la gagwe,” mme o anaanela kafa bano ba farologaneng ka teng le bontsi jwa batho, ba ba sa kgathaleleng ditsela tsa gagwe. (Malaki 3:16; Pesalema 10:4) A bo go gomotsa jang ne go itse gore Jehofa o itumelela go tlhatlhanya ga pelo ya rona!—1 Ditiragalo 28:9; Pesalema 19:14.

17. Batlhanka ba ga Jehofa ba ba sa bolong go mo direla ka lobaka lo loleele ba fitlheletse eng se se sa tshwaneng le sepe?

17 Sengwe se re sa tshwanelang go se lebala ke gore batho ba ba ntseng ba direla Jehofa ka boikanyegi ka dingwaga tse dintsi ba itiretse sengwe se se sa tshwaneng le sepe e bile se ka se bonwe ka tsela epe e sele—rekoto e e ka se phimogeng ya boitshoko. Jesu o ne a re: “Lo tla bona meya ya lona ka go itshoka ga lona.” (Luke 21:19) Boitshoko bo botlhokwa gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. Lona ba lo ‘dirileng thato ya Modimo’ mme lwa supa boikanyegi jwa lona ka botshelo jwa lona, lo ka solofela go amogela “go diragadiwa ga tsholofetso.”—Bahebera 10:36.

18. (a) Jehofa o itumelela go bona eng mo bagoding? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

18 Jehofa o anaanela tiro e o e dirang ka moya otlhe go sa kgathalesege gore o kgona go dira go le gonnye kgotsa go le gontsi go le kana kang. Go sa kgathalesege gore go diragala eng ka ‘motho yo o kafa ntle’ fa motho a ntse a tsofala, ‘motho yo o kafa teng’ a ka tsosolosiwa letsatsi le letsatsi. (2 Bakorintha 4:16) Kwantle ga pelaelo Jehofa o tseela kwa godimo se o se dirileng mo nakong e e fetileng, mme go bonala sentle gore gape o anaanela le se o se dirang gone jaanong o se direla leina la gagwe. (Bahebera 6:10) Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka ditlamorago tse di kgatlhang thata tsa go ikanyega jalo.

O ka Araba Jang?

• Ana o ne a tlhomela Bakeresete ba ba godileng ba mo motlheng wa rona sekao sefe se se molemo?

• Ke ka ntlha yang fa bogodi bo sa tshwanela go thibela motho go dira dilo tse di rileng?

• Bagodi ba ka tswelela pele jang ba bontsha boineelo jwa bomodimo?

• Jehofa o leba jang tirelo e bagodi ba mo direlang yone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Daniele yo o godileng o ne a bona mo ‘dibukeng’ gore setšhaba sa Juda se ne se tla ya botshwarwa lobaka lo lo kae

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Bagodi ba le bantsi ba tlhoma sekao ka go nna teng kwa dipokanong ka metlha, go rera ka tlhoafalo le go ithuta ka tlhoafalo