Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Phuthego e Agiwe

A Phuthego e Agiwe

 A Phuthego e Agiwe

“Phuthego . . . ya tsena mo lobakeng lwa kagiso, e agiwa.”—DITIRO 9:31.

1. Go ka bodiwa dipotso dife ka “phuthego ya Modimo”?

KA LETSATSI la Pentekosete ya 33 C.E., Jehofa o ne a amogela setlhopha sa barutwa ba ga Keresete e le setšhaba se sesha, “Iseraele wa Modimo.” (Bagalatia 6:16) Bakeresete bano ba ba tloditsweng ka moya gape ba ne ba nna se Baebele e se bitsang “phuthego ya Modimo.” (1 Bakorintha 11:22) Mme seo se ne se kayang? “Phuthego ya Modimo” e ne e tla rulaganngwa jang? E ne e tla dira jang mo lefatsheng, go sa kgathalesege gore maloko a yone a nna kae? Mme matshelo a rona le go itumela ga rona go amega jang?

2, 3. Jesu o ne a bontsha jang gore phuthego e ne e tla nna le thulaganyo?

2 Jaaka go bontshitswe mo setlhogong se se fetileng, Jesu o ne a bolelela pele gore go ne go tla nna le phuthego eno ya balatedi ba ba tloditsweng, fa a ne a raya moaposetoloi Petere a re: “Mo lefikeng leno [Jesu Keresete] ke tla aga phuthego ya me, mme dikgoro tsa Hadese ga di na go e fekeetsa.” (Mathaio 16:18) Mo godimo ga moo, fa Jesu a ne a sa ntse a na le baaposetoloi, o ne a naya tshedimosetso ya kafa phuthego e e neng e tloga e tlhomiwa e neng e tla dira le go rulaganngwa ka gone.

3 Jesu o ne a ruta ka mafoko le ka ditiro gore bangwe mo phuthegong ba ne ba tla etelela pele. Ba ne ba tla dira seo ka go direla ba bangwe ba setlhopha sa bone. Keresete o ne a re: “Lo a itse gore ba ba bonalang ba busa ditšhaba ba rena mo go bone le ba bagolo ba bone ba a ba laola. Ga go a nna jalo gareng ga lona; mme le fa e le mang yo o batlang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona, mme le fa e le mang yo o batlang go nna wa ntlha mo go lona o tshwanetse go nna motlhanka wa botlhe.” (Mareko 10:42-44) Ka jalo go bonala sentle gore, “phuthego ya Modimo” e ne e ka se nne batho ba ba phatlaletseng ba ba ikemetseng ka nosi, e le phuthego e e makgaoganyane. Mo boemong jwa moo, go ne go tla nna le thulaganyo, batho ba ba mo phuthegong ba dirisana mmogo.

4, 5. Re itse jang gore phuthego e ne e tla tlhoka go rutiwa ka Jehofa?

4 Ene yo o neng a tla nna Tlhogo ya “phuthego ya Modimo” o ne a bontsha gore baaposetoloi ba gagwe le ba bangwe ba a neng a ba rutile ba ne ba tla nna le maikarabelo a a rileng mo go ba bangwe mo phuthegong. A go dira eng? Kabelo ya botlhokwatlhokwa e ne e tla nna go ruta ba ba mo phuthegong kaga Jehofa. Gopola gore Jesu yo o tsositsweng, a na le bangwe ba baaposetoloi, o ne a raya Petere a re: “Simone morwa Johane, a o a nthata?” Petere o ne a araba a re: “Ee, Morena, o a itse gore ke a go rata.” Jesu o ne a mo raya a re: “Fudisa dikwanyana tsa me. . . . Disa dinkunyana tsa me. . . . Fepa dinku tsa me tse dinnye.” (Johane 21:15-17) A thomo e e masisi!

5 Mafoko a ga Jesu a re bontsha gore ba ba phuthelwang mo phuthegong ba tshwantshiwa le dinku mo lesakeng. Dinku tseno—banna, basadi le bana ba Bakeresete—di ne di tla tshwanelwa ke go rutiwa ka Jehofa le go disiwa sentle. Mo godimo ga moo, e re ka Jesu a ne a laetse balatedi ba gagwe botlhe gore ba rute ba bangwe le go dira barutwa, ba basha ba ba neng ba fetoga dinku tsa gagwe ba ne ba tla tshwanelwa ke go thapisediwa go dira thomo eo ya Modimo.—Mathaio 28:19, 20.

6. Go ne ga dirwa dithulaganyo dife mo ‘phuthegong ya Modimo’ e e neng e sa tswa go tlhomiwa?

6 Fa “phuthego ya Modimo” e sena go bopiwa, batho ba ba mo go yone ba ne ba phuthega mmogo ka metlha go tla go rutiwa le go kgothatsana: “Ba ne ba tswelela ba ineela mo thutong ya baaposetoloi le mo go abalaneng, mo go jeng  dijo le mo dithapelong.” (Ditiro 2:42, 46, 47) Selo se sengwe se re se lemogang mo pegong ya se se diragetseng ke gore banna bangwe ba ba tshwanelegang ba ne ba abetswe go thusa go tlhokomela dilo dingwe tsa botlhokwa. Ba ne ba sa tlhophiwe go ya ka dingwaga tse ba tseneng sekolo ka tsone kgotsa ka bokgoni bongwe jo bo rileng jo ba nang le jone. Bano e ne e le banna “ba ba tletseng moya le botlhale.” Mongwe wa bone e ne e le Setefane, mme pego e gatelela gore e ne e le “monna yo o tletseng tumelo le moya o o boitshepo.” E re ka ba ne ba rulagantswe ka diphuthego, “lefoko la Modimo [le ne] la tswelela le gola, le palo ya barutwa ya nna ya ntsifala fela thata mo Jerusalema.”—Ditiro 6:1-7.

Banna ba ba Dirisiwang ke Modimo

7, 8. (a) Baaposetoloi le banna ba bagolwane mo Jerusalema ba ne ba direla e le eng mo Bakereseteng ba bogologolo? (b) Diphelelo e ne e nna dife fa batho ba newa kaelo ka diphuthego?

7 Go a utlwala go bo baaposetoloi ba ne ba etelela pele mo thulaganyong ya phuthego ya bogologolo, mme ba ne ba se bosi. Nako nngwe, Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba boela kwa Antioka wa Siria. Ditiro 14:27 ya re: “E rile ba sena go goroga e bile ba phuthile phuthego, ba simolola go bolela dilo di le dintsi tse Modimo a neng a di dirile ka bone.” Fa ba sa ntse ba le mo phuthegong ya lefelo leo, go ne ga tsoga potso kaga gore a badumedi ba Baditšhaba ba ne ba tlhoka go rupisiwa. E le gore kgang eno e rarabololwe, Paulo le Barenabase ba ne ba romelwa “kwa baaposetoloing le banna ba bagolwane kwa Jerusalema,” ba go bonalang sentle gore e ne e le bone setlhopha se se laolang.—Ditiro 15:1-3.

8 Mogolwane wa Mokeresete e bong Jakobe, morwarraagwe Jesu ka mmaagwe, mme e se moaposetoloi, o ne a okametse pokano fa “banna ba bagolwane ba [ne ba phuthegile] mmogo go tla go sekaseka kgang eno.” (Ditiro 15:6) Fa ba sena go sekaseka kgang eno ka kelotlhoko le ka thuso ya moya o o boitshepo, ba ne ba dira tshwetso e e tsamaisanang le Dikwalo. Ba ne ba kwalela diphuthego tsa mafelo a mangwe ba ba romelela tshwetso eno. (Ditiro 15:22-32) Ba ba neng ba bona tshedimosetso eno ba ne ba e amogela ba bo ba e dirisa. Diphelelo ya nna dife? Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba agiwa mme ba kgothadiwa. Baebele e bega jaana: “Eleruri, diphuthego tsa tswelela di nitamisiwa mo tumelong e bile di oketsega ka palo letsatsi le letsatsi.”—Ditiro 16:5.

9. Baebele e tlhalosa maikarabelo afe a banna ba Bakeresete ba ba tshwanelegang?

 9 Mme diphuthego tsa mafelo a a farologaneng di ne di tshwanetse go tsamaisiwa jang ka dinako tsotlhe? Ka sekai, akanya ka diphuthego tsa setlhaketlhake sa Kereta. Le fa batho ba bantsi ba ba neng ba nna koo ba ne ba itsege ka bosula, bangwe ba bone ba ne ba fetoga mme ba nna Bakeresete ba boammaaruri. (Tito 1:10-12; 2:2, 3) Ba ne ba nna mo metseng e e farologaneng, mme botlhe ba ne ba nna kgakala le setlhopha se se laolang sa kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, seo e ne e se bothata jo bo kalo ka gonne “banna ba bagolwane” ba ba nang le maitemogelo mo go direleng Modimo ba ne ba tlhomilwe mo go nngwe le nngwe ya diphuthego tsa kwa Kereta, fela jaaka kwa mafelong a mangwe. Banna bano ba ne ba na le ditshwanelego tse di kwadilweng mo Baebeleng. Ba ne ba tlhomilwe go nna bagolwane, kgotsa balebedi, ba ba neng ba ka “rotloetsa ka thuto e e itekanetseng . . . le go kgalemela ba ba ganetsang.” (Tito 1:5-9; 1 Timotheo 3:1-7) Banna ba bangwe ba ba nang le maitemogelo a go direla Modimo ba ne ba fitlhelela ditshwanelego tsa Baebele gore ba ka thusa diphuthego e le batlhanka ba bodiredi.—1 Timotheo 3:8-10, 12, 13.

10. Go ya ka Mathaio 18:15-17, mathata a a masisi a ne a tshwanetse go rarabololwa jang?

10 Jesu o ne a bontsha gore thulaganyo e e ntseng jalo e ne e tla nna teng. Gopola pego e e mo go Mathaio 18:15-17, mo a neng a akgela teng gore ka dinako tse dingwe go ka nna le bothata fa gare ga batho ba Modimo ba le babedi, mongwe a leofela yo mongwe ka tsela nngwe. Yo o foseditsweng o ne a tshwanetse go ya kwa go yo o mo foseditseng a ya go “baya molato wa gagwe mo pepeneneng,” ba le babedi fela. Fa kgato eo e ne e sa rarabolole bothata, go ka bidiwa yo mongwe kgotsa ba bangwe ba le babedi ba ba itseng ka kgang eno gore ba tle go thusa. Go tweng fa kgang e ntse e sa rarabologe? Jesu o ne a re: “Fa a sa ba reetse, bua le phuthego. Fa a sa reetse le yone phuthego, a a nne mo go wena fela jaaka motho wa ditšhaba le jaaka mokgethisi.” Fa Jesu a ne a bua mafoko ao, Bajuda ba ne ba sa ntse ba le “phuthego ya Modimo,” ka jalo mafoko a gagwe a ne a dira mo go bone pele. * Le fa go ntse jalo, fa phuthego ya Bokeresete e setse e tlhomilwe, kaelo ya ga Jesu e ne e tla dira mo go yone. Seno le sone se supa gore batho ba Modimo ba ne ba tla nna le phuthego e e neng e tla kgothatsa le go kaela mongwe le mongwe yo e leng Mokeresete.

11. Bagolwane ba ne ba tshwanetse go nna le seabe sefe mo go rarabololeng mathata?

11 Go a tshwanela go bo banna ba bagolwane, kgotsa balebedi, ba ne ba ka nna baemedi ba phuthego ya lefelo le le rileng ba rarabolola mathata kgotsa go sekaseka dikgetsi tsa boleo. Seo se tsamaisana le tlhaloso ya dilo tse di neng di tshwanetse go fitlhelelwa ke bagolwane tse di umakilweng mo go Tito 1:9. Gone ke boammaaruri gore bagolwane e ne e le batho ba ba sa itekanelang, fela jaaka Tito, yo Paulo a neng a mo romela kwa diphuthegong gore a “baakanye dilo tse di neng di le bogole.” (Tito 1:4, 5) Gompieno, ba ba akanyediwang gore ba tlhomiwe e nne bagolwane ba tshwanetse gore ba bo ba supile tumelo le boineelo jwa bone mo lobakeng lo lo rileng lwa nako. Ka jalo, ba bangwe mo phuthegong ba nna le lebaka le le utlwalang la gore ba ikanye kaelo le boeteledipele jo bo newang ka thulaganyo eno.

12. Bagolwane ba na le maikarabelo afe mo phuthegong?

12 Paulo o ne a raya bagolwane ba phuthego ya Efeso a re: “Itlhokomeleng lo bo lo tlhokomele letsomane lotlhe, le moya o o boitshepo o lo tlhomileng balebedi mo go lone, gore lo dise phuthego ya Modimo, e a neng a e reka ka madi a Morwawe.” (Ditiro 20:28) Le gompieno balebedi ba tlhomiwa gore ba “dise phuthego ya Modimo.” Ba tshwanetse go dira jalo ka lorato e seng ba rena mo godimo ga letsomane. (1 Petere 5:2, 3) Balebedi ba tshwanetse ba leka go kgothatsa le go thusa “letsomane lotlhe.”

 Go Ngaparela Phuthego

13. Ka dinako tse dingwe, ke eng se se ka diregang mo phuthegong, mme ka ntlha yang?

13 Bagolwane le batho ba bangwe botlhe mo phuthegong ga ba a itekanela, ka jalo gangwe le gape go nna le go tlhoka kutlwano le mathata, fela jaaka go ne go ntse mo lekgolong la ntlha la dingwaga, bangwe ba baaposetoloi ba sa ntse ba le teng. (Bafilipi 4:2, 3) Molebedi kgotsa motho yo mongwe a ka bua sengwe se se ka tswang se utlwisa botlhoko, se se botsalano, kgotsa gongwe tota se se boammaaruri. Kgotsa gongwe re ka akanya gore go diragala sengwe se se sa tsamaisaneng le Dikwalo, mme go lebega gore le fa bagolwane ba itse ka sone, ga ba baakanye seemo. Tota go ka tswa e le gore kgang e rarabolotswe kgotsa e ntse e rarabololwa go ya ka Dikwalo le tshedimosetso e rona re sa e itseng. Mme le fa e le gore seemo se ntse jaaka re akanya, akanyetsa se: Go kile ga tsaya lobaka lo lo rileng go na le bothata jo bo masisi mo phuthegong ya kwa Korintha, phuthego e Jehofa a neng a amega ka yone. Fa nako e ntse e ya, o ne a tlhomamisa gore bothata bo a rarabololwa, sentle le gone ka tlhomamo. (1 Bakorintha 5:1, 5, 9-11) Re ka nna ra ipotsa jaana, ‘Fa ke ne ke nna kwa Korintha mo metlheng eo, nkabo ke ile ka itshwara jang pele bothata bo rarabololwa?’

14, 15. Ke ka ntlha yang fa bangwe ba ile ba tlogela go latela Jesu, mme seno se re ruta thuto efe?

14 Akanya ka seemo se sengwe se se ka tlhagang mo phuthegong. A re re mongwe o fitlhela thuto nngwe ya Dikwalo e le thata go e tlhaloganya le go e amogela. O ka tswa a dirile patlisiso mo Baebeleng le mo dikgatisong tse di leng teng mo phuthegong e bile a kopile thuso mo Bakereseteng ka ene ba ba godileng ka kitso, gongwe mo bagolwaneng. Le fa go ntse jalo, o palelwa ke go amogela ntlha eno. A ka dirang? Go ne ga direga sengwe se se tshwanang ngwaga pele Jesu a swa. O ne a re e ne e le ene “senkgwe sa botshelo” a bo a bolela gore fa motho a batla go tshelela ruri o ne a tshwanetse go ‘ja nama ya Morwa motho le go nwa madi a gagwe.’ Seo se ne sa gamaregisa bangwe ba barutwa ba gagwe. Mo boemong jwa go batla tlhaloso kgotsa go leta fela ka tumelo, barutwa ba le bantsi ba ne “ba se ka ba tlhola ba tsamaya le [Jesu].” (Johane 6:35, 41-66) Le fano gape, fa re ka bo re ne re le teng nako eo, re ka bo re ile ra dirang?

15 Mo metlheng ya gompieno, bangwe ba ile ba tlogela go kopanela le phuthego, ba sweditse ka gore ba tla direla Modimo ba le bosi. Ba ka  nna ba re ke ka gonne ba kgopisitswe, ba akanya gore go na le phoso e e sa baakanngweng, kgotsa ga ba kgone go amogela thuto nngwe. A tsela e ba e tsereng e a utlwala? Le fa gone Mokeresete mongwe le mongwe a tshwanetse a nna le kamano le Modimo, re ka se ganele gore Modimo o dirisa phuthego ya lefatshe lotlhe, fela jaaka a ne a dira mo motlheng wa baaposetoloi. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a dirisa a bo a segofatsa diphuthego tsa mafelo a a farologaneng tsa lekgolo la ntlha la dingwaga, a rulaganya gore go nne le bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba tshwanelegang gore ba thuse diphuthego. Seo se boammaaruri le gompieno.

16. Fa motho a raelesega go tlogela phuthego, o tshwanetse a akanya ka eng?

16 Fa Mokeresete a akanya gore a ka ikaega fela ka kamano ya gagwe le Modimo, o latlha thulaganyo e e tlhomilweng ke Modimo—ya phuthego ya lefatshe lotlhe mmogo le ya diphuthego tsa mafelo a a farologaneng tsa batho ba Modimo. Motho yono a ka nna a tswa a ya go obamela a le esi, kgotsa a kopanela le bangwe ba se kae fela, mme thulaganyo ya bagolwane ba phuthego le ya batlhanka ba bodiredi e kae foo? Re tshwanetse ra gopola gore fa Paulo a ne a kwalela phuthego ya kwa Kolosa a bo a re lekwalo leo le balwe le kwa Laodikia, o ne a bua ka ‘go nama medi le go agiwa mo go Keresete.’ Ba ba neng ba tla solegelwa molemo ke seo e ne e tla nna ba ba mo diphuthegong, e seng ba ba duleng mo go tsone.—Bakolosa 2:6, 7; 4:16.

Pilara le Setshegetso sa Boammaaruri

17. Temana ya 1 Timotheo 3:15 e re bontsha eng ka phuthego?

17 Mo lekwalong la ntlha le moaposetoloi Paulo a le kwaletseng mogolwane wa Mokeresete e bong Timotheo, o ne a tlhalosa ditshwanelego tsa bagolwane le batlhanka ba bodiredi mo diphuthegong. Morago fela ga moo, Paulo o ne a umaka “phuthego ya Modimo yo o tshelang,” a re ke “pilara le setshegetso sa boammaaruri.” (1 Timotheo 3:15) Ruri phuthego yotlhe ya Bakeresete ba ba tloditsweng e ne ya nna pilara e e ntseng jalo ya mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Mme re ka tlhomamisega gore thulaganyo ya konokono ya gore Mokeresete mongwe le mongwe a amogele boammaaruri jo bo ntseng jalo e ne e tla nna gore ba bo amogele mo phuthegong ya lefelo la bone. Ke gone kwa ba neng ba ka utlwa boammaaruri bo rutiwa e bile bo tshegediwa, kwa ba neng ba ka nonotshiwa teng.

18. Ke ka ntlha yang fa dipokano tsa phuthego di le botlhokwa?

18 Ka tsela e e tshwanang, phuthego ya lefatshe lotlhe ya Bokeresete ke lelapa la Modimo, “pilara le setshegetso sa boammaaruri.” Fa re nna gone ka metlha e bile re nna le seabe mo dipokanong tsa phuthego ya lefelo la rona, seo se ka re thusa gore re kgothadiwe mo kamanong ya rona le Modimo, mme re iketleeletse go dira thato ya gagwe. Fa Paulo a ne a kwalela phuthego ya kwa Korintha, o ne a remelela mo go se se neng se buiwa kwa dipokanong tse di ntseng jalo. O ne a kwala gore o ne a eletsa gore se se buiwang kwa dipokanong tsa bone e nne se se utlwalang le se se motlhofo go tlhaloganngwa gore ba ba leng teng ba “agiwe.” (1 Bakorintha 14:12, 17-19) Rona gompieno re ka agiwa fa re dumela gore Jehofa Modimo o dirile thulaganyo ya gore go nne le diphuthego mo mafelong a a farologaneng e bile o a e tshegetsa.

19. Ke ka ntlha yang fa o ikutlwa o leboga phuthego ya gaeno?

19 Ee, fa re batla go agiwa jaaka Bakeresete, re tshwanetse go kopanela le phuthego. Ga e bolo go re sireletsa mo dithutong tsa maaka, mme Modimo o ntse a e dirisa go tlhomamisa gore dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa gagwe jo bo etelelwang pele ke Mesia di bolelwa mo lefatsheng lotlhe. Kwantle ga pelaelo, Modimo o dirile go le gontsi a dirisa phuthego ya Bokeresete.—Baefeso 3:9, 10.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Mokanoki wa Baebele e bong Albert Barnes o ne a lemoga gore kaelo ya ga Jesu ya gore go ‘buiwe le phuthego’ e ne e ka raya “ba ba filweng dithata tsa go sekaseka dikgang tse di ntseng jalo—baemedi ba kereke. Mo sinagogeng ya Bajuda go ne go na le bagolwane ba e neng e le baatlhodi, ba ditsheko tse di ntseng jaana di neng di tlisiwa mo go bone.”

A o A Gakologelwa?

• Ke ka ntlha yang fa re ka lebelela gore Modimo a dirise diphuthego mo lefatsheng?

• Bagolwane ba direla phuthego eng, le fa ba sa itekanela?

• Phuthego ya gaeno e go aga jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Baaposetoloi le banna ba bagolwane kwa Jerusalema e ne e le setlhopha se se laolang

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba thapisiwa gore ba kgone go dira maikarabelo a bone mo phuthegong