Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dira Ditshwetso Tse di Siameng go Ntliseditse Masego a Botshelo Jotlhe

Go Dira Ditshwetso Tse di Siameng go Ntliseditse Masego a Botshelo Jotlhe

 Kgang ya Botshelo

Go Dira Ditshwetso Tse di Siameng go Ntliseditse Masego a Botshelo Jotlhe

JAAKA GO BOLETSE PAUL KUSHNIR

KA 1897 rremogolo le mmemogolo ba ne ba fuduga go tswa kwa Ukraine ba ya kwa Canada mme ba aga gaufi le Yorkton, Saskatchewan. Ba ne ba goroga teng ba na le bana ba le banè—basimane ba le bararo le mosetsana. Ka 1923, mosetsana yono e bong Marinka, o ne a nna mmè; mme ke ne ke le ngwana wa gagwe ba bosupa. Ka nako eo botshelo bo ne bo le motlhofo e bile go rena kagiso. Re ne re na le dijo tse di siameng, diaparo tse di bothitho mme puso e ne e re naya ditirelo tse di botlhokwa. Baagelani ba ba botsalano ba ne ba thusana fa mongwe a na le tiro e kgolo e a e dirang. Mo marigeng a 1925, mongwe wa Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo, o ne a re etela. Loeto loo lo ne lwa dira gore re dire ditshwetso tse le gompieno ke sa ntseng ke leboga go bo ke di dirile.

Lelapa la Rona le Amogela Boammaaruri Jwa Baebele

Mmè o ne a amogela dibukana tsa Baithuti ba Baebele mme go ise go ye kae o ne a bona boammaaruri. O ne a gatela pele semoyeng ka bonako mme a kolobediwa ka 1926. Fa Mmè a nna Moithuti wa Baebele, lelapa la rona le ne la simolola go leba botshelo ka tsela e nngwe e ntšha. Lelapa la rona le ne la fetoga lefelo la go amogela baeng. Gantsi balebedi ba ba etang ba ba neng ba bidiwa baeti ba sedumedi mmogo le baithuti ba bangwe ba Baebele ba ne ba nna le rona. Ka 1928, molebedi yo o etang o ne a re bontsha “Eureka Drama,” e leng terama e e tlhofofaditsweng ya “Photo-Drama of Creation.” O ne a re rona bana re mo adime setshamekisi sa rona sa segwagwa se se neng se dira modumo wa go thwanya. Fa segwagwa se thwanya, e ne e le nako ya go fetola selaete. Re ne re itumela tota go bo a dirisa setshamekisi seno sa rona!

Molebedi yo o etang e bong Emil Zarysky o ne a tle a re etele kwa lapeng ka kolotsana ya gagwe. Ka dinako dingwe o ne a tsamaya le morwawe yo o setseng a godile yo a neng a kgothatsa rona bana gore re akanyetse go nna badiredi ba nako e e tletseng kana babulatsela. Babulatsela ba bangwe ba bantsi le bone ba ne ba nna kwa legaeng la rona. Nako nngwe mmè o ne a adima mmulatsela mongwe hempe fa a ntse a mo rokela hempe ya gagwe. Mmulatsela  yono o ne a tsamaya ka yone ka phoso. Moragonyana o ne a e romela a bo a kopa tshwarelo go bo a ne a diegile go e busa. O ne a kwala jaana: “Ke ne ke se na disente di le lesome tsa go duelela poso.” Re ne re eletsa e kete a ka bo a sa busa hempe eo! Ke ne ke solofela gore le nna letsatsi lengwe ke tla kgona go etsa babulatsela bano ba ba neng ba intshitse setlhabelo. Ke lebogela thata moya o Mmè a neng a na le one wa go amogela baeng, o o neng wa nonotsha matshelo a rona wa bo wa oketsa tsela e re ratang bakaulengwe ba rona ka yone.—1 Petere 4:8, 9.

Rre ga a ka a nna Moithuti wa Baebele mme gone o ne a sa re ganetse. Ka 1930 o ne a bo a dumela gore bakaulengwe ba dirise lefelo la gagwe le legolo le le sireletsegileng go tshwara kopano ya letsatsi le le lengwe. Le fa ke ne ke na le dingwaga di le supa fela, boitumelo jo bo neng bo le mo kopanong eo le seriti di ne tsa nkgatlha tota. Rre o ne a tlhokafala ka 1933. Mmè, yo ka nako eo e neng e le motlholagadi, ga a ka a tloga le fa go le gonnye mo boikaelelong jwa gagwe jwa go re boloka re le mo tseleng ya kobamelo ya boammaaruri. O ne a tlhomamisa gore ke ya dipokanong le ene. Ka nako eo go ne go bonala dipokano di tsaya nako e telele mme ke ne ke eletsa gore nka ya go tshameka le bana ba bangwe ba ba neng ba letlwa go tshameka kwa ntle. Le fa go ntse jalo, e re ka ke ne ke tlotla Mmè, ke ne ke sa tswe. Fa Mmè a ntse a apaya, o ne a tle a nopole temana a bo a mpotsa gore e fitlhelwa kae mo Baebeleng. Ka 1933 re ne ra nna le thobo e kgolo mme Mmè o ne a dirisa madi a a oketsegileng a a a boneng go reka koloi. Baagelani bangwe ba ne ba mo tshwaya phoso ba re o senya madi mme ene o ne a solofetse gore koloi eo e ne e tla re thusa tota fa re dira ditiro tsa puso ya Modimo. O ne a nepile.

Batho Bangwe Ba ne Ba Nthusa go Dira Ditshwetso Tse di Siameng

Nako nngwe mo botshelong, mosha o tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse di tla amang isagwe ya gagwe. Fa nako eo goroga, bokgaitsadiake e bong Helen le Kay ba ne ba simolola go bulatsela. Lekawana lengwe le le molemo la mmulatsela le le bidiwang John Jazewsky le ne le itumelela go nna kwa lapeng. Mmè o ne a kopa John gore a nne le rona nakwana mme a re thuse ka tiro ya mo polasing. Moragonyana John o ne a nyala Kay, mme ba bulatsela gaufi le kwa lapeng. Fa ke na le dingwaga di le 12, ba ne ba mpitsa gore ke tsamaye le bone mo bodireding jwa tshimo fa dikolo di tswetswe. Seo se ne sa dira gore ke nne le tshono ya go utlwa gore go ntse jang go nna mmulatsela.

Fa nako e ntse e tsamaya nna le nkgonne e bong John re ne re setse re kgona go tlhokomela polasi. Seno se ne sa thusa gore Mmè a dirise dikgwedi tsa selemo go direla jaaka se gompieno re se bitsang mmulatsela yo o thusang. O ne a dirisa kolotsana ya maotwana a mabedi e e gogwang ke pitse e e tsofetseng. Rre o ne a bitsa pitse eno e e bodipa Saul, mme mo go Mmè e ne e sa dipe, e ne e le phologolo fela e e bokgwabo. Nna le John re ne re rata go dira mo polasing mme nako nngwe le nngwe fa Mmè a boa kwa bodireding jwa tshimo mme a re bolelela maitemogelo a gagwe, re ne ra simolola go rata bodiredi jwa bobulatsela go feta go dira mo polasing. Ka 1938, ke ne ka oketsa tsela e ke neng ke dira ka yone mo bodireding jwa tshimo, mme ka February 9, 1940 ke ne ka kolobediwa.

Nakwana morago ga foo, ke ne ka tlhomiwa go nna motlhanka mo phuthegong. Ke ne ke tlhokomela dipego tsa phuthego mme nako le nako fa go nna le koketsego, ke ne ke itumela tota. Ke ne ke na le tshimo e ke rerang mo go yone e e neng e le dikilometara di ka nna 16 go tswa fa lapeng. Mariga, ke ne ke ya koo beke le beke ke bo ke robala bosigo bo le bongwe kana a le mabedi mo kamoreng e e kwa godimo ya lelapa lengwe le le neng le kgatlhegela go ithuta Baebele. Moruti mongwe wa kereke ya Lutere—yo ke neng ka tlotla le ene ke sa akanyetse maikutlo a gagwe—o ne a ntshosetsa ka gore o tla bitsa mapodise fa ke sa kgaogane le letsomane la gagwe. Seno se ne sa oketsa boikemisetso jwa me jwa go ba rerela.

Ka 1942, kgaitsadiake Kay le monna wa gagwe John ba ne ba dira dithulaganyo tsa go ya kwa kopanong e kgolo e e neng e tla tshwarelwa kwa Cleveland, Ohio, kwa United States. Ke ne ka itumela tota fa ba ntaletsa gore ke tsamaye le bone. Kopano eo e ne e le nngwe ya dilo tse di molemolemo tse nkileng ka di itumelela. E ne  ya nonotsha thata boikaelelo jo ke neng ke na le jone ka isagwe ya me. Fa Mokaulengwe Nathan Knorr yo ka nako eo a neng a eteletse pele tiro ya lefatshe lotlhe a ne a kgothatsa gore batho ba le 10 000 ba nne babulatsela, ke ne ka dira tshwetso ka yone nako eo gore ke nne mongwe wa bone!

Ka January 1943, Henry yo e neng e le modiredi yo o etang o ne a etela phuthego ya rona. O ne a neela puo e e kgothatsang thata e e neng ya oketsa tlhagafalo ya rona. Letsatsi morago ga puo ya gagwe, themperetšha e ne e le didikirii tsa Celsius di le 40 kafa tlase ga boswakgapetla, mme phefo e e tlhabang ya bokonebophirima e ne e dira gore go nne tsididi le go feta. Ka tlwaelo re ne re sa tswe fa go le tsididi jalo, mme Henry o ne a tlhagafaletse go ya bodireding. Ene le ba bangwe ba ne ba tsamaya ka karaki e e gogwang ke dipitse e e nang le setofo se se besiwang ka dikgong go ya kwa motseng o o neng o le bokgakala jwa dikilometara di ka nna 11. Nna ke ne ka tsamaya ke le esi ka ya go etela lelapa lengwe le le nang le bana ba le batlhano ba basimane. Ba ne ba dumela go ithuta Baebele le nna mme fa nako e ntse e tsamaya ba ne ba amogela boammaaruri.

Go Rera ka Nako ya Thibelo

Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, tiro ya Bogosi e ne ya thibelwa mo Canada. Re ne re tshwanelwa ke go fitlha dibuka tsa rona tsa Baebele, mme polasi ya rona e ne e na le mafelo a le mantsi a re neng re ka fitlha dibuka tseo mo go one. Mapodise a ne a tla gangwe le gape go tla go phuruphutsa, mme ga ba ise ba ko ba fitlhele sepe. Re ne re dirisa Baebele fela fa re rera. Re ne re kopana ka ditlhopha tse dinnye mme nna le nkgonne John, re ne ra tlhophiwa gore e nne rona re rongwang go ya go tsaya dibuka.

Ka nako eo ya ntwa, phuthego ya rona e ne ya nna le seabe mo go phatlalatseng bukana ya End of Nazism mo bathong botlhe. Re ne re tswa le fa gare ga mpa ya bosigo. Ka nako eo ke ne ke boifa tota fa re ntse re tsena mo matlong re kukuna re bo re tlogela bukana eno mo mejakong ya bone. E ne e le sengwe sa dilo tse di boifisang tota tse nkileng ka di dira. Ruri re ne ra wela makgwafo tota fa re sena go baya khopi ya bofelo ya bukana eno! Morago ga moo, re ne ra itlhaganelela kwa lefelong le re neng re emisitse koloi kwa go lone, ra bala gore a re feletse re bo re nyelela mo lefifing la bosigo.

Go Bulatsela, go Tsena mo Kgolegelong le Dikopano

Ka May 1, 1943, ke ne ka sadisa Mmè sentle. Ke ne ka ya kwa kabelong ya me ya ntlha ya bobulatsela ke tshotse didolara di le 20 fela mo kgwatlheng le kgetsana e nnye ya diaparo. Mokaulengwe Tom Troop mmogo le ba lelapa la gagwe ba ba nnang kwa Quill Lake mo Saskatchewan, ba ne ba nkamogela ka lorato. Mo ngwageng o o latelang ke ne ka ya kwa tshimong e e kwa thoko kwa Weyburn, Saskatchewan. Ke ne ka tshwarwa ka December 24, 1944, fa ke ntse ke le mo tirong ya mmila. Fa ke sena go fetsa nakonyana ke le mo kgolegelong ya lefelo leo, ke ne ka isiwa kwa kampeng e e kwa Jasper, mo Alberta. Fa ke le koo, ke ne ke na le Basupi ba bangwe re dikologilwe ke bontle jwa popo ya ga Jehofa mo lefelong le le bidiwang Canadian Rockies. Mo tshimologong ya 1945, badiredibagolo ba mo kampeng ba ne ba re letla go ya dipokanong kwa Edmonton, Alberta. Mokaulengwe Knorr o ne a re naya pego e e itumedisang ka kgatelopele e e leng teng mo tirong ya go rera lefatshe ka bophara. Re ne re tlhologeletswe letsatsi le re tla gololwang gore re kgone go nna gape le seabe ka botlalo mo bodireding.

Fa ke sena go gololwa ke ne ka tswelela ka bobulatsela. Nakwana fela morago ga foo, go ne ga ntshiwa kitsiso ya gore go ne go tlile go tshwarwa kopano ya setlhogo se se reng, “Koketsego ya Ditšhaba Tsotlhe” kwa Los Angeles, California. Mokaulengwe mongwe yo a neng a le mo lefelong le lesha le ke neng ke le mmulatsela mo go lone o ne a tsenya dibanka mo loring ya gagwe gore go kgone go nna batho ba le 20. Ka August 1, 1947, re ne ra simolola loeto lwa rona lo lo sa lebalesegeng lwa dikilometara di ka nna 7 200, re tsamaya mo dipoeng, mo dikakeng le mo mafelong a mantle go akaretsa diparaka tsa Yellowstone le Yosemite. Loeto loo lo ne lwa tsaya malatsi a le 27—e ne e le boitemogelo jo bo itumedisang tota!

Kopano eo ka boyone e ne e le tiragalo e e itumedisang le e e sa lebalesegeng. Gore ke nne le seabe ka botlalo ke ne ka nna motlhokomedi motshegare mme bosigo ka nna modisa. Morago ga go nna teng mo pokanong ya ba ba kgatlhegelang tirelo ya borongwa, ke ne ka tlatsa foromo mme ke sena tsholofelo e e kalo ya gore ba tla amogela kopo ya me. Fa ke ntse ke letile, ka 1948, ke ne ka ithaopa go nna mmulatsela mo kgaolong ya Quebec e e mo Canada.—Isaia 6:8.

 Go ya Kwa Gileade le Morago ga Foo

Ka 1949, ke ne ka itumela tota fa ke amogela taletso ya go nna teng mo tlelaseng ya bo14 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. Thapiso eo e ne ya nonotsha tumelo ya me mme ya dira gore ke atamalane thata le Jehofa. John le Kay ba ne ba setse ba alogile mo tlelaseng ya bo11 mme e ne e le barongwa kwa Bokone jwa Rhodesia (e jaanong e bidiwang Zambia). Nkgonne e bong John ene o ne a aloga kwa Gileade ka 1956. Ene mmogo le mosadi wa gagwe Frieda, ba ne ba direla kwa Brazil dingwaga di le 32 go fitlha a tlhokafala.

Mo letsatsing le ke alogileng ka lone ka February 1950, ke ne ka kgothadiwa thata ke dithelekerama tse ke neng ka di amogela, e nngwe e ne e tswa kwa go Mmè mme e nngwe kwa lelapeng loora Troop kwa Quill Lake. Thelekerama e e tswang kwa lelapeng loora Troop, e ne e na le setlhogo se se reng “Kgakololo e e Neelwang Moalogi” mme e ne e balega jaana: “Leno ke letsatsi la botlhokwatlhokwa mo go wena. Letsatsi le o tla nnang o le gakologelwa; mme e kete o ka atlega o bo o ipele mo botshelong jwa gago.”

Ke ne ka newa kabelo ya go direla kwa toropong ya Quebec, mme ke ne ka fetsa nakonyana ke nna kwa Kingdom Farm kwa New York State, e leng kwa Sekolo sa Gileade se neng se le gone ka nako eo. Letsatsi lengwe Mokaulengwe Knorr o ne a mpotsa gore a nka rata go ya Belgium. Le fa go ntse jalo, malatsi a sekae morago ga foo, o ne a mpotsa gore a nka amogela kabelo ya go direla kwa Netherlands. Fa ke amogela lekwalo la kabelo eo le ne le tlhalosa gore ke ne ke tshwanetse go “nna motlhanka wa lekala” koo. Ke ne ke gamaregile fela.

Ka August 24, 1950, ke ne ka simolola loeto lwa me lwa malatsi a le 11 ka ya Netherlands—e leng nako e e lekaneng gore ke kgone go bala Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika e e neng e sa tswa go gololwa. Ke ne ka goroga kwa Rotterdam ka September 5, 1950, mme ka amogelwa ka diatla tsoopedi ke lelapa la Bethele. Go sa kgathalesege tshenyo e e neng e le teng ka ntlha ya Ntwa ya Lefatshe II, bakaulengwe ba ne ba dirile tiro e ntle ya go rulaganya gore ditiro tsa Bokeresete di tswelele gape. Fa ke ntse ke reeditse maitemogelo a bone a kafa ba neng ba boloka bothokgami ka gone fa ba ne ba bogisiwa ka tsela e e setlhogo, ke ne ke akanya gore go ka nna ga nna thata gore bakaulengwe bano ba dire ba kaelwa ke motlhanka wa lekala yo mmotlana le gone a se na maitemogelo. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae go ne ga bonala gore go ne go sa tlhokege gore ke nne le poifo eo.

Gone ke boammaaruri gore go ne go na le dilo dingwe tse di neng di tlhoka go baakanngwa. Ke ne ke gorogile pelenyana fela ga gore go tshwarwe kopano mme ke ne ka kgatlhwa ke go bona diketekete tsa batlakopanong di baakanyeditswe marobalo mo lefelong la kopano. Mo kopanong e e latelang ke ne ka akantsha gore re batlele batho marobalo mo magaeng a batho. Bakaulengwe ba ne ba dumela gore ke kakanyo e ntle—mme ba ne ba re ga e kake ya dira mo nageng ya bone. Fa re sena go buisana ka kgang eno, re ne ra dira tshwetso—halofo ya batlakopanong e ne e tla batlelwa marobalo mo lebaleng la kopano fa halofo e nngwe e ne e tla kopelwa mo bathong ba e seng Basupi ba ba leng mo lefelong la kopano. Ke ne ka itumelela ditlamorago tsa seo tota mo ke neng ka itsise Mokaulengwe Knorr ka gone fa a tlile kopanong. Le fa go ntse jalo, maikutlo a gore ke fitlheletse sengwe a ne a nyelela ka bonako fa moragonyana ke ne ke bala mo pegong e e malebana le kopano e e neng e le  mo makasineng wa Tora ya Tebelo e e neng e re: “Re solofela gore mo nakong e e tlang bakaulengwe ba tla nna le tumelo mme ba batlele batlakopanong marobalo mo mafelong a a ka dirang gore ba kgone go neela bosupi, e leng mo magaeng a batho.” Ke sone se re neng ra se dira mo ‘lekgetlong le le latelang.’

Ka July 1961, baemedi ba le babedi ba ofisi ya rona ya lekala ba ne ba lalediwa go nna teng mo pokanong e e neng e tla tshwarwa le baemedi ba makala a mangwe kwa Lontone. Mokaulengwe Knorr o ne a itsise gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e ne e tla gatisiwa ka dipuo tse dingwe gape go akaretsa Se-Dutch. Tseo e ne e le dikgang tse di itumedisang tota! Ka lesego re ne re sa itse gore tiro eo ke e kgolo go le kanakang. Dingwaga di le pedi morago ga foo ka 1963, ke ne ka itumelela go nna le seabe mo thulaganyong kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa New York e mo go yone Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika e neng ya gololwa ka Se-Dutch.

Go Dira Ditshwetso le Dikabelo Tse Disha

Ka August 1961 ke ne ka nyalana le Leida Wamelink. Lelapa lotlhe la gaabo le ne le amogetse boammaaruri ka 1942 ka nako ya pogiso ya Banasi. Leida o ne a simolotse go bulatsela ka 1950 mme a tla Bethele ka 1953. Tsela e a neng a dira ka natla ka yone kwa Bethele le mo phuthegong e ne e bontsha gore e tla nna molekane yo o ikanyegang mo bodireding.

Nako e e kwa godingwana fela ga ngwaga morago ga lenyalo la rona, ke ne ka lalediwa kwa Brooklyn gore ke nne teng mo khosong ya dikgwedi di le lesome e e tla nthusang go bona thapiso e e oketsegileng. Go ne go se na dithulaganyo tsa gore basadi ba tsamaye le banna ba bone. Le fa gone Leida a ne a sa tsoga sentle mo mmeleng, o ne a dumela ka lorato gore ke amogele taletso eo. Moragonyana mathata a botsogo a ga Leida a ne a gakala. Re ne ra leka go tswelela ka tiro ya rona kwa Bethele, mme kgabagare ra swetsa ka gore go ne go tla nna botoka gore re tswelele ka tirelo ya nako e e tletseng kwa tshimong. Ka jalo re ne ra tsenela bodiredi jwa go eta. Moragonyana fela ga foo mosadi wa me o ne a tshwanelwa ke go dira karo e e masisi. Re ne ra kgona go lebana le boemo jono ka ntlha ya tshegetso e e lorato ya bakaulengwe le ditsala, mme ngwaga moragonyana re ne ra amogela kabelo ya go nna molebedi wa kgaolo.

Re ne ra itumelela dingwaga di le supa tsa tirelo e e lapolosang ya go etela diphuthego. Mme morago ga moo go ne ga tlhokega gape gore ke dire tshwetso e e masisi fa ke ne ke kopiwa go ruta mo Sekolong sa Bodiredi sa Bogosi kwa Bethele. Re ne ra dumela le fa gone go ne go tla nna thata go fetogela mo kabelong ya rona gonne re ne re rata bodiredi jwa go eta. Ditlelase di le 47 tsa sekolo seno tse nngwe le nngwe ya tsone e neng e tsaya dibeke di le pedi di ne tsa nnaya tshono e e molemo ya go abela bagolwane ba diphuthego masego a semoya.

Mo nakong eo, ke ne ke ipaakanyetsa go ya go etela mmè ka 1978. Mme ka tshoganyetso fela ka April 29, 1977, re ne ra amogela thelekerama e e re itsiseng gore Mmè o tlhokafetse. Ke ne ka utlwa botlhoko tota fa ke akanya gore ga nkitla ke tlhola ke utlwa lentswe la gagwe le le monate kana gone go mmolelela gore ke leboga thata ka dilo tsotlhe tse a ntiretseng tsone.

Kwa bokhutlong kwa khoso ya Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi re ne ra kopiwa go nna maloko a lelapa la Bethele. Mo dingwageng tse di neng tsa latela, ke ne ka fetsa dingwaga di le lesome ke le mookamedi wa Komiti ya Lekala. Fa nako e ntse e tsamaya Setlhopha se se Laolang se ne sa tlhopha mookamedi yo mosha yo o neng a ka kgona go rwala maikarabelo ao botoka. Ke lebogela seo fela thata.

Go Direla Kafa Dingwaga Tsa me di Ntetlang ka Gone

Gone jaanong nna le Leida re na le dingwaga di le 83. Ke itumeletse dingwaga di feta 60 tse ke di feditseng mo tirelong ya nako e e tletseng tse di le 45 tsa tsone ke neng ke dira le mosadi wa me yo o ikanyegang. O ne a tsaya go ntshegetsa mo dikabelong tsotlhe tsa me e le karolo e e bontshang go ineela ga gagwe go direla Jehofa. Gone jaanong re dira kafa re ka kgonang ka gone mo Bethele le mo phuthegong.—Isaia 46:4.

Nako le nako re itumelela go nna re gakologelwa dingwe tsa dinako tse di itumedisang tse re nnileng le tsone mo botshelong jwa rona. Ga re ikwatlhaele sepe sa dilo tse re di dirileng mo tirelong ya ga Jehofa, mme re tlhomamisegile gore ditshwetso tse re neng ra di dira fa re sa ntse re le basha e ne e le tse di siameng. Re ikemiseditse go tswelela re direla Jehofa e bile re mo tlotla ka nonofo ya rona yotlhe.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Ke na le Bill, nkgonne le pitse ya rona e e bidiwang Saul

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Letsatsi la rona la lenyalo ka August 1961

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke na le Leida gompieno