Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ebla—Motse wa bogologolo o o Ntseng o Lebetswe o a Ribololwa

Ebla—Motse wa bogologolo o o Ntseng o Lebetswe o a Ribololwa

 Ebla—Motse wa bogologolo o o Ntseng o Lebetswe o a Ribololwa

Mo selemong sa 1962, Paolo Matthiae, lekawana la Motadiana le e neng e le moithutamarope, o ne a dira dipatlisiso mo dipoeng tse di kafa bokonebophirima jwa Siria, a sa tlhomamisege gore o tla fitlhela eng. Motse wa Siria o ne o tsewa o se na sepe se se batliwang ke baithutama- rope. Le fa go ntse jalo, mo dithibololong tse di neng tsa simolola dingwaga di le pedi morago ga foo kwa Tell Mardikh, mo e ka nnang dikilometara di le 60 kafa borwa jwa Aleppo, go ne go tla fitlhelwa se ba le bantsi ba se tsayang e le ‘selo sa botlhokwatlhokwa se se fitlheletsweng ke baithutamarope mo lekgolong la bo20 la dingwaga.’

MEKWALO ya bogologolo e ne e tlhomamisa gore go na le motse o o bidiwang Ebla. Le fa go ntse jalo, go ne go se ope yo o itseng gore motse oo o ka fitlhelwa kae mo dithoteng tse dintsi tse di neng di phatlaletse gotlhe mo Botlhabagare. Mokwalo mongwe o bua ka phenyo ya ga Saragone, e leng kgosi ya Akkad fa a ne a fenya “Mari, Yarmuti le Ebla.” Mo mokwalong o mongwe o o gabilweng, Kgosi Gudea wa Ba-Sumeria o ne a umaka dikgong tse di tlhwatlhwakgolo tse a di amogetseng go tswa kwa “dithabeng tsa Ibla [Ebla].” Gape leina Ebla le ne le tlhaga kwa Karnak kwa Egepeto mo lenaaneng la metse ya bogologolo e Faro Thutmose III a neng a e fenya. Jaanong o kgona go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa baithutamarope ba ntse ba leka go bona Ebla.

Mme go nna ba ntse ba ribolola jalo go ne ga nna le matswela. Ka 1968, go ne ga bonwa karolo ya sefikantswe sa Ibbit-Lim, e leng kgosi nngwe ya Ebla. Se ne se na le mokwalo o o gabilweng ka puo ya Se-Akkad o o bontshang gore se neetswe modimo wa sesadi e bong Ishtar “yo o neng a itsege thata mo Ebla.” Ee, baithutamarope ba ne ba simolola go ribolola “puo e ntšha, hisitori e ntšha le setso se sesha.”

Bosupi jwa gore Tell Mardikh e ne e tshwana le Ebla ya bogologolo bo ne jwa tlhaga ka 1974/75 fa go ne go fitlhelwa matlapanakwalelo a cuneiform a a neng a kwadilwe leina leo la bogologolo gantsintsi. Gape dithibololo tseno di ne di supa gore motse ono o ne o kile wa nniwa makgetlho a ka nna mabedi. O ne wa nyelediwa fa o sena go agiwa lekgetlo la ntlha. Ebla e ne ya agiwa gape mme ya nyelediwa gape mme morago ga moo motse ono o ne wa lebalwa ka dingwagangwaga.

Motse o le Mongwe o o Nang le Dihisitori di le Dintsi

Bontsi jwa metse ya bogologolo e ne e agilwe mo dipoeng tse di tletseng mmu le motlhaba jaaka tse di neng di le fa gare ga dinoka tsa Tigris le Euferatese kwa go neng go ka lengwa thata teng. Metse ya ntlha e e umakiwang mo Baebeleng e ne e agilwe mo Mesopotamia. (Genesise 10:10) Go bonala leina Ebla le raya “Leje le Lesweu” e leng motheo wa leje la manyaphiri o motse ono o neng o emisitswe mo go one. Go lebega lefelo leno le tlhophilwe gonne boalo jwa leje la manyaphiri bo ne bo tlhomamisa gore go na le metsi a tlholego a a tswang foo a a neng a le botlhokwa mo lefelong leno le le neng le le kgakala le dinoka tse dikgolo.

Dipula tse dinnye tse di neng di na mo lefelong la Ebla di ne di dira gore batho ba kgone go jala fela mabele, morara mmogo le ditlhare tsa motlhware. Gape lefelo leno le ne le siametse leruo, segolobogolo dinku. Lefelo le Ebla e neng e le mo go lone—fa gare ga Dipoa tsa Mesopotamia le Lotshitshi lwa Mediterranean—le ne le siametse go gweba ka dikgong, maje a a seng tlhwatlhwakgolo le tshipi. Motse ono o ne o le mo tikologong e go nnang batho ba ka nna 200 000 mo go yone ba diperesente di ka nna lesome tsa bone ba nnang mo motsemogolong wa teng.

 Masalela a ntlo e kgolo ya segosi a ntsha bosupi jo bogolo jwa tlhabologo e e neng e le mo Ebla. Go ne go dirisiwa kgoro e e leng bogodimo jwa dimetara di le 12 go ya go di le 15 go tsena mo ntlong eno ya segosi. Ntlo eno ya segosi e ne ya godisiwa fa nako e ntse e tsamaya ka ntlha ya tsamaiso e e nonofileng ya puso e e neng e ntse e gola. Badiredi ba bagolo ba ne ba dira kafa tlase ga puso e e raraaneng ya ditlhopha tsa babusi—kgosi le mohumagadi wa yone ba ne ba thusiwa ke “dikgosana” le “bagolwane.”

Go fitlhetswe matlapanakwalelo a letsopa le dikapetla di feta 17 000. Go bonala kwa tshimologong go ne go na le matlapanakwalelo a a feletseng a a fetang 4 000, a beilwe ka kelotlhoko mo dishelofong tsa logong. Makwalo ano a bontsha kafa kgwebo e neng e le kgolo ka gone mo Ebla. Ka sekai, motse ono o ne o gwebisana le Egepeto jaaka matshwao a segosi a bofaro ba babedi a ne a bontsha. Matlapanakwalelo ano a ne a kwadilwe thata ka cuneiform ya Se-Sumeria. Mme mangwe a one a ne a kwadilwe ka puo ya Se-Ebla, e leng puo ya Se-Semite sa bogologolo e e neng ya kgona go tlhaloganngwa ka ntlha ya mekwalo eno. Batho ba ba tswang kwa dinageng tsa Botlhaba ba ne ba gakgametse tota fa ba fitlhela puo eno ya bogologolo ya Se-Semite. Sengwe se se kgatlhang ke gore matlapanakwalelo mangwe a kwadilwe ka dipuo tse pedi ya Se-Sumeria le Se-Ebla. Buka e e bidiwang Ebla—Alle origini della civiltà urbana (Ebla—Tshimologo ya go Tlhabololwa ga Ditoropo) e a bitsa “didikishinare tsa bogologolo go feta tsotlhe tse re di itseng.”

Go lebega Ebla e ne e nonofile tota mo go tsa ntwa gonne ditshwantsho tsa teng tse di ribolotsweng di supa batlhabani ba Ba-Ebla ba bolaya baba ba bone kana ba tshotse ditlhogo tsa bone. Le fa go ntse jalo, kgalalelo ya Ebla e ne ya fela fa Baasiria le Bababelona ba simolola go busa. Ga go motlhofo go latelela ditiragalo tseo ka tsela e di diragetseng ka yone, mme go lebega Saragone I e le ene a neng a tlhasela Ebla la ntlha (e seng Saragone yo o umakiwang mo go Isaia 20:1) mme morago ga moo e ne ya tlhaselwa ke setlogolo sa gagwe e bong Naram-Sin. Bosupi jwa baithutamarope bo bontsha gore dintwa tseo e ne e le tse di matlho mahibidu mme motse oo wa gapiwa ka tsela e e setlhogo.

Le fa go ntse jalo, fela jaaka go umakilwe, motse oo o ne wa agiwa gape mme wa nna wa botlhokwa gape mo tikologong ya one. Motse ono o ne wa agiwa ka polane e e dirilweng ka manontlhotlho mme o ne wa boela wa nna montle le go feta. Mo karolong e nngwe ya motse go ne go na le lefelo le le boitshepo le le neng le neetswe modimo wa sesadi yo o bidiwang Ishtar, yo gape  Bababelona ba neng ba mo tsaya e le modingwana wa tsalo. O ka tswa o kile wa utlwa ka Kgoro ya Ishtar e e itsegeng thata e e neng ya ribololwa mo matlotleng a Babelona. Go lebega moago o mogolo wa kwa Ebla o ne o dirisediwa go baya ditau tse di neng di tsewa di le boitshepo mo modimong yono wa sesadi e bong Ishtar. Seno se re gorosa mo kgannyeng ya bodumedi mo Ebla.

Bodumedi mo Ebla

Fela jaaka go ne go ntse mo dinageng tse dingwe tsa bogologolo tse di kwa Botlhaba, Ebla le yone e ne e na le medingwana e mentsi. Mengwe ya one e ne e le Baale, Hadade (leina le le tlhagang e le karolo ya maina a dikgosi dingwe tsa kwa Siria) mmogo le Dagane. (1 Dikgosi 11:23; 15:18; 2 Dikgosi 17:16) Batho ba Ebla ba ne ba e boifa yotlhe fela. Ba ne ba tlotla le medingwana ya ditšhaba tse dingwe tota. Dilo tse di fitlheletsweng ke baithutamarope di supa gore bogolosegolo mo mileniamong wa bobedi B.C.E., go ne go obamelwa le dikgosi tsa bogologolo tse di neng di dirilwe medingwana.

Batho ba Ebla ba ne ba sa ikanye medingwana ya bone gotlhelele. Motse o mosha wa Ebla o ne o na le mabota a mabedi a a o dikologileng e leng se se neng se gakgamatsa baba ba bone. Lobota lo lo kafa ntle lo ne lo le boleele jwa dikilometara di ka nna tharo. Le jaanong a sa ntse a bonala sentle.

Le fa go ntse jalo, tota le Ebla e e tsosolositsweng e ne ya nyelediwa. Go ka direga gore mo e ka nnang ka 1600 B.C.E., Bahite e ne ya nna bone ba bofelo go nyeletsa motse ono o o kileng wa bo o le mogolo. Go ya ka leboko lengwe la bogologolo, Ebla e ne ya “thubaganngwa jaaka sejana sa letsopa.” Go ise go ye kae e ne ya simolola go nyelela le mo hisitoring. Lokwalo lo lo kwadilweng ke batlhabani ba bodumedi ba ba neng ba gwanta mo Jerusalema ka 1098 le umaka lefelo le Ebla e kileng ya bo e le mo go lone, e le bitsa lefelo la bogologolo le le bidiwang Mardikh. Go ne go bonala Ebla e lebetswe, mme ya ribololwa gape morago ga diketekete tsa dingwaga.

[Lebokoso mo go tsebe 14]

EBLA LE BAEBELE

Setlhogo se se gatisitsweng ka 1976 mo makasineng wa Biblical Archeologist se ne sa dira gore baithuti ba Baebele ba batle go itse ka mo go oketsegileng. Monna yo o neng a tlhalosa se se kwadilweng mo matlapanakwalelong a Ebla o ne a bolela gore go ka direga gore dingwe tsa dilo tse di kwadilweng foo e ne e le maina a batho le mafelo a a neng a umakiwa mo Baebeleng makgolokgolo a dingwaga moragonyana. Gongwe bangwe ba ne ba simolola go oketsa se setlhogo seno se neng se se bua ka go kwala gore Ebla e ne e file bosupi jwa thutamarope jwa gore pego ya Genesise e boammaaruri. * Mitchell Dahood wa Mojesuite o ne a bolela gore “matlapanakwalelo a letsopa [a a tswang kwa Ebla] a re thusa go tlhaloganya dilo dingwe tse di fitlhegileng mo Baebeleng.” Ka sekai o ne a dumela gore a ka re thusa go tlhaloganya “bothata jwa gore leina la Modimo wa Iseraele le simolotse go dirisiwa leng.”

Gone jaanong makwalo ano a tlhatlhobiwa ka kelotlhoko. E re ka Sehebera mmogo le Se-Ebla e le dipuo tsa Se-Semite, go ka direga gore mangwe a maina a metse kana a batho a ka tshwana le a a leng mo Baebeleng. Mme gone seno ga se reye gore ke mafelo a le mangwe kana ke batho ba le bangwe. Go sa ntse go tla bonala mo isagweng gore dilo tse di fitlheletsweng kwa Ebla di ka tlhotlheletsa dithuto tsa Baebele go le kae. Fa e le leina la Modimo lone, mokwadi wa setlhogo se se mo go Biblical Archeologist o ganne go dumela gore o kile a re leina “Yahweh” le kile la umakiwa mo makwalong a kwa Ebla. Mo go ba bangwe, letshwao la cuneiform le le tlhalosiwang e le ja le raya fela mongwe wa medingwana e mentsi ya kwa Ebla, fa baitse ba bangwe ba bantsi bone ba le tlhalosa e le lengwe la matshwao fela a thutapuo. Go sa kgathalesege gore boammaaruri ke bofe, letshwao leno ga le reye Modimo yo o esi wa boammaaruri Jehofa.—Duteronome 4:35; Isaia 45:5.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 19 Go bona tlhaloso ya kafa thutamarope e tshegetsang dipego tsa Baebele ka gone, bona kgaolo 4 ya buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo kana Ke la Batho? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 12]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

LEWATLE LE LEGOLO

KANANA

SIRIA

Aleppo

Ebla (Tell Mardikh)

Noka ya Euferatese

[Motswedi wa Setshwantsho]

Baithutamarope: Missione Archeologica Italiana a Ebla - Università degli Studi di Roma ‘La Sapienza’

[Setshwantsho mo go tsebe 12, 13]

Sebaga sa gauta sa mo e ka nnang ka 1750 B.C.E.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Masalela a ntlo e kgolo ya segosi

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Setshwantsho sa motaki sa matlapanakwalelo a letsopa a a neng a beilwe mo phaposing ya bobolokelo

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Matlapanakwalelo a “cuneiform”

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Molamu wa kwa bogosing jwa Egepeto, 1750-1700 B.C.E.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Motlhabani wa Ebla a tshotse ditlhogo tsa baba

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Letlapa le le nang le ditshwantsho le le neetsweng modimo wa sesadi e bong Ishtar

[Motswedi wa Setshwantsho]

Missione Archeologica Italiana a Ebla - Università degli Studi di Roma ‘La Sapienza’

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Ditshwantsho tsotlhe (kwantle ga masalela a ntlo ya segosi): Missione Archeologica Italiana a Ebla - Università degli Studi di Roma ‘La Sapienza’