Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Morago ga teko ya bofelo kwa bokhutlong jwa Dingwaga Tse di Sekete, a go sa ntse go tla kgonega gore batho ba leofe ba bo ba swe?

Ditemana tse pedi tse di mo go Tshenolo di re naya lesedi ka kgang eno: “Loso le Hadese tsa latlhelwa mo bodibeng jwa molelo. Seno se kaya loso lwa bobedi, bodiba jwa molelo.” (Tshenolo 20:14) “O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:4.

Ela tlhoko nako e go buiwang ka yone fano. “Loso le Hadese” di latlhelwa mo moleteng wa molelo fa batho ba ba falotseng Haramagedona, baswi ba ba tsositsweng, le bape fela ba ba tshotsweng morago ga Haramagedona ba sena go atlholwa go ya ka ‘dilo tse di kwadilweng mo dikwalong tsa momeno,’ kgotsa dilo tse Jehofa a tla bong a batla batho ba di dira mo dingwageng tse di sekete. (Tshenolo 20:12, 13) Moaposetoloi Johane o kwadile ponatshegelo e nngwe, e e mo go Tshenolo kgaolo 21, e e tla diragadiwang ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete Jesu. Le fa go ntse jalo, ponatshegelo eo e tla diragadiwa ka tsela e e feletseng kwa bokhutlong jwa Letsatsi la Katlholo la dingwaga tse di sekete. Ka nako eo, Jehofa o tla aga le batho ka botlalo go sena batsereganyi bape, Jesu a setse a neetse Rraagwe Bogosi. Jehofa o tla aga le “batho ba gagwe” ka tsela ya semoya, ka bosakhutleng e bile e le ka tlhamalalo. “Loso lo tla bo lo seyo” gotlhelele fa batho ba tla bo ba itekanetse ka gonne setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo se tla bo se diragaditswe ka botlalo.—Tshenolo 21:3, 4.

Ka jalo, loso lo lo umakiwang mo ditemaneng tse di nopotsweng fa godimo, ke lo lo tlileng ka Adame, lo lo tla fedisiwang ke thekololo ya ga Keresete. (Baroma 5:12-21) Fa loso lo batho ba lo ruileng mo mothong wa ntlha lo sena go phimolwa, batho ba tla nna fela jaaka Adame a ne a ntse fa a bopiwa. Adame o ne a itekanetse, mme seo se ne se sa reye gore a ka se ka a swa. Jehofa o ne a bolelela Adame gore a se ka a ja maungo a “setlhare sa kitso ya molemo le bosula” a ba a re: “Ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.” (Genesise 2:17) Loo e ne e le loso lo lo bakwang ke boleo jwa ka boomo. Morago ga teko ya bofelo kwa bokhutlong jwa Puso ya Dingwaga Tse di Sekete, batho ba tla bo ba sa ntse ba na le kgololesego ya go itlhophela. (Tshenolo 20:7-10) Ba tla bo ba sa ntse ba ka itlhophela ka bobone gore a ba rata go tswelela ba direla Jehofa kgotsa nnyaa. Ka jalo go ka se ka ga tlhomamisega gore ga go motho ope yo o tla tsamayang a latlha Modimo, jaaka Adame a ile a dira.

Go ka direga eng ka motho yo o ka tlhophang go tsuologa morago ga teko ya bofelo fa go tla bo go sa tlhole go na le loso kgotsa Hadese? Ka nako eo, loso lo lo tlileng ka Adame lo tla bo lo sa tlhole lo le teng. Mme go tla bo go sa tlhole go na le Hadese, ke gore, lebitla le le tlwaelegileng la batho ba ba nang le tsholofelo ya go tsosiwa. Le fa go ntse jalo, Jehofa a ka fedisa setsuolodi sepe fela mo moleteng wa molelo, a se amoga tsholofelo epe ya go tsosiwa. Loso loo lo tla bo lo tshwana le loso lo Adame le Efa ba lo suleng, e seng loso lo batho ba lo ruileng mo go Adame.

Le fa go ntse jalo, ga re na lebaka lepe la go lebelela gore go ka direga sengwe se se ntseng jalo. Batho ba ba tla falolang teko ya bofelo ba tla bo ba farologane le Adame ka selo se le sengwe sa botlhokwa. Ba tla bo ba lekilwe ka botlalo. Re ka dumela gore teko ya bofelo e tla bo e le e e feletseng ka gonne Jehofa o itse go sekaseka batho gotlhelele. Re ka tlhomamisega gore teko ya bofelo e tla fedisa batho bape ba ba ka dirisang tshwanelo ya bone ya go itlhophela ba sa e dirise sentle. Ka jalo, le fa gone go ka kgonega gore batho ba ba fenyang teko ya bofelo ba tsuologele Modimo ba bo ba senngwa, ga go bonale seo se tla direga.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Morago ga teko ya bofelo, batho ba tla bo ba tshwana le Adame ka tsela efe?