Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tshwanelegela Kolobetso ya Bokeresete

Go Tshwanelegela Kolobetso ya Bokeresete

 Go Tshwanelegela Kolobetso ya Bokeresete

“Ke eng se se nthibelang go kolobediwa?”—DITIRO 8:36.

1, 2. Filipo o ne a simolola jang motlotlo le modiredimogolo wa Moethiopia, mme ke eng se se bontshang gore monna yono o ne a rata dilo tsa semoya?

NGWAGA kgotsa di le pedi morago ga loso lwa ga Jesu, modiredimogolo mongwe wa puso o ne a le mo loetong a ya ntlheng ya borwa, mo tseleng e e tswang Jerusalema e ya Gasa. O ne a sa ntse a tlile go tsaya loeto lo loleele, lo lo lapisang lwa dikilometara di le 1 500 ka kara. Monna yono yo o ineetseng o ne a tswa kgakalakgakala kwa Ethiopia a ile Jerusalema go ya go obamela Jehofa. Ka tsela e a neng a na le tumelo ka teng, fa a le mo loetong lo loleele lono go boela gae, o ne a dirisa nako ya gagwe ka botlhale ka go bala Lefoko la Modimo. Jehofa o ne a mmona, mme ka moengele, a kaela morutwa Filipo go ya go mo rerela.—Ditiro 8:26-28.

2 Ga go a ka ga nna thata ka Filipo go simolola motlotlo le modiredimogolo yono wa Ethiopia, ka gonne modiredimogolo yono o ne a balela kwa godimo, jaaka go ne go tle go dirwe mo metlheng eo. Ka gone, Filipo o ne a kgona go utlwa gore monna yono o ne a bala mo momenong wa ga Isaia. Potso e le nngwe fela e e sa raraanang e Filipo a neng a e botsa e ne ya tsosa kgatlhego ya monna yono: “A tota o itse se o se balang?” Seno se ne sa dira gore ba tlotle ka Isaia 53:7, 8. Mme labofelo Filipo “a mmolelela dikgang tse di molemo kaga Jesu.”—Ditiro 8:29-35.

3, 4. (a) Ke ka ntlha yang fa Filipo a sa ka a diega go kolobetsa Moethiopia? (b) Ke dipotso dife tse re tlileng go di sekaseka jaanong?

3 Mo lobakanyaneng lo lokhutshwane fela monna yono wa Moethiopia o ne a tlhaloganya seabe sa ga Jesu mo maikaelelong a Modimo, e bile a lemoga gore o tshwanetse go nna morutwa yo o kolobeditsweng wa ga Keresete. E ne ya re fa a bona bobidibidi jwa metsi a botsa Filipo a re: “Ke eng se se nthibelang go kolobediwa?” Gone ee, jono e ne e le boemo jo bo sa tlwaelegang. Monna yono e ne e le monna yo o bontshitseng tumelo, a setse a obamela Modimo e le mosokologi yo o sokologetseng  mo Bojudeng. Gongwe go ne go tlile go mo tsaya lobaka lo loleele thata pele ga a bona sebaka se sengwe sa gore a ka kolobediwa. Mme se se botlhokwa le go feta ke gore monna yono o ne a tlhaloganya se Modimo a se lebeletseng mo go ene, mme o ne a batla go tsaya kgato ka pelo yotlhe. Se se itumedisang ke gore Filipo o ne a dira jaaka fa monna yono wa Moethiopia a kopa, mme ya re fa monna yono a sena go kolobediwa, “a nna a itsamaela a ipela thata.” Ga go na pelaelo gore o ne a fitlha a nna moreri yo o tlhoafetseng tota wa dikgang tse di molemo fa a fitlha kwa gae.—Ditiro 8:36-39.

4 Le mororo kgato eno ya go ineela le go kolobediwa e sa tshwanela go tsewa motlhofo fela kgotsa ka lepotlapotla, sekai seno sa modiredimogolo wa Moethiopia se bontsha gore go kile ga direga gore batho ba kolobediwe ka bonako fela fa ba sena go utlwa boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. * Ka gone, go a tshwanela go akanyetsa dipotso tse di latelang: Motho o tshwanetse go ipaakanyetsa kolobetso jang? Ke leng go tshwanetseng ga akanyediwa dingwaga tsa motho? Motho o tshwanetse gore a bo a dirile kgatelopele e e kana kang ya semoya pele ga a kolobediwa? Mme se se botlhokwa le go feta, ke ka ntlha yang fa Jehofa a batla gore batlhanka ba gagwe ba kolobediwe?

Tumalano E re E Dirang ka go Ikana

5, 6. (a) Batho ba Modimo mo nakong e e fetileng ba ne ba tsibogela jang lorato lwa ga Jehofa? (b) Re ka kgona go nna le kamano efe e ntle le Modimo fa re kolobeditswe?

5 Fa Jehofa a sena go golola Baiseraele kwa Egepeto o ne a ba bolelela gore o tla ba amogela go nna ‘thuo ya gagwe e e kgethegileng,’ o tla ba rata a ba sireletse mme a ba dire “setšhaba se se boitshepo.” Le fa go ntse jalo, gore ba amogele masego ano, ba ne ba tshwanetse go dira sengwe go tsibogela lorato lwa Modimo. Ba ne ba dira jalo ka go dumela go dira “sotlhe se Jehofa a se buileng” le ka go dira kgolagano le ene. (Ekesodo 19:4-9) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, mme ba ba amogelang dithuto tsa gagwe ba kolobediwe. Gore motho a nne le kamano e e molemo le Modimo o ne a tshwanetse go nna le tumelo mo go Jesu Keresete mme morago ga moo a kolobediwe.—Mathaio 28:19, 20; Ditiro 2:38, 41.

6 Dipego tseno tsa Dikwalo di bontsha gore Jehofa o segofatsa ba ba dirang ikano ya go mo direla ba bo ba leka go e boloka. Mo Bakereseteng, boineelo le kolobetso ke dikgato tse di botlhokwa thata tse motho a tshwanetseng go di tsaya gore Jehofa a mo segofatse. Re ikemiseditse go tsamaya mo ditseleng tsa gagwe le go senka kaelo ya gagwe. (Pesalema 48:14) Mme Jehofa ene, go ntse jaaka e kete o re tshwara ka letsogo a bo a re tsamaisa mo tseleng e re tshwanetseng go tsamaya mo go yone.—Pesalema 73:23; Isaia 30:21; 41:10, 13.

7. Ke ka ntlha yang fa tshwetso ya go batla go ineela le go kolobediwa e tshwanetse ya nna tshwetso e re itirelang yone rona ka borona?

7 Se se re tlhotlheletsang go tsaya dikgato tseno e tshwanetse ya nna gore re rata Jehofa e bile re batla go mo direla. Ga go na ope yo o tshwanetseng go kolobediwa fela ka gonne mongwe a mmolelela gore o setse a na le lobaka lo loleele a ntse a ithuta kgotsa ka gonne ditsala tsa gagwe di a kolobediwa. Ke ga tlholego fela gore batsadi le Bakeresete ba bangwe ba ba godileng ba ka nna ba kgothaletsa motho go akanyetsa boineelo le kolobetso. Moaposetoloi Petere o ne a kgothaletsa ba ba neng ba mo reeditse ka Pentekosete gore ba “kolobediwe.” (Ditiro 2:38) Le fa go ntse jalo, boineelo ke selo se re tshwanetseng go se dira ka borona, ga go na motho yo mongwe gape yo o ka re direlang sone. Ke rona re tshwanetseng go itirela tshwetso ya gore re batla go dira thato ya Modimo.—Pesalema 40:8.

Go Ipaakanyetsa Kolobetso

8, 9. (a) Ke ka ntlha yang fa go kolobetsa masea go sa dumalane le Dikwalo? (b) Basha ba tshwanetse ba bo ba dirile kgatelopele efe mo dilong tsa semoya pele ga ba kolobediwa?

8 A bana ba ka kgona go akanyetsa dilo sentle mme ba dira tshwetso ya go ineela? Dikwalo ga di bue gore motho o tshwanetse a bo a na le dingwaga di le kae gore a kolobediwe. Le fa go ntse jalo,  masea ga a ka ke a kgona go nna badumedi, a bontsha tumelo, kgotsa a ineela mo Modimong. (Ditiro 8:12) Fa mokwalahisitori Augustus Neander a ne a kwala ka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga o ne a tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe ya General History of the Christian Religion and Church: “Kwa tshimologong kolobetso e ne e le selo se se dirwang ke bagolo fela, ka gonne ka nako eo go ne go tlhaloganngwa kolobetso e amana thata le tumelo.”

9 Fa e le basha bone, bangwe ba kgona go tlhaloganya dilo tsa semoya ba sa ntse ba le bannye, fa ba bangwe go ba tsaya lobakanyana go di tlhaloganya. Le fa go ntse jalo, pele ga mosha a kolobediwa, o tshwanetse a bo a na le kamano e ntle thata le Jehofa, a tlhaloganya dithuto tsa motheo tsa Dikwalo sentle, e bile a tlhaloganya sentle se boineelo bo se akaretsang, fela jaaka go ntse le ka batho ba ba godileng.

10. Ke dikgato dife tse motho a tshwanetseng go di tsaya pele a ineela le go kolobediwa?

10 Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba rute batho ba basha dilo tsotlhe tse a di laetseng. (Mathaio 28:20) Ka jalo, selo sa ntlha fela batho ba basha ba tshwanetse go nna le kitso e e tlhomameng ya boammaaruri, e e tla ba kgontshang go nna le tumelo mo go Jehofa le mo Lefokong la gagwe. (Baroma 10:17; 1 Timotheo 2:4; Bahebera 11:6) Go tswa foo, fa boammaaruri jwa Dikwalo bo fitlhelela pelo ya motho, bo mo tlhotlheletsa go ikwatlhaya le go sokologa gore a tlogele tsela e a neng a tshela ka yone pele. (Ditiro 3:19) Labofelo motho o fitlha mo ntlheng e a eletsang go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa, jaaka fa Jesu a laetse.

11. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re kopanele ka metlha mo tirong ya go rera pele ga re kolobediwa?

11 Kgato e nngwe e e botlhokwa e e go thusang go gatela pele go ya kolobetsong ke ya go kopanela mo go rereng dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Eno ke tiro e e botlhokwa thata e Jehofa a e neileng batho ba gagwe mo metlheng eno ya bofelo. (Mathaio 24:14) Ka gone baboledi ba ba sa kolobediwang ba kgona go itumelela go bolelela ba bangwe ka tumelo ya bone. Go kopanela mo tirelong eno ya tshimo gape go ba baakanyetsa gore fa ba setse ba kolobeditswe ba kgone go kopanela mo go yone ka metlha le ka tlhoafalo.—Baroma 10:9, 10, 14, 15.

A go Na le Sengwe Se se Go Thibelang go Kolobediwa?

12. Ke eng se se ka nnang sa dira gore bangwe ba se ka ba batla go kolobediwa?

12 Batho bangwe ba ka tswa ba sa batle go kolobediwa gonne ba sa batle go amogela maikarabelo a a tsamaisanang le kolobetso. Ba a lemoga gore e le gore ba tshele tumalanong le ditekanyetso tsa ga Jehofa, ba tla tshwanelwa ke go dira diphetogo tse dikgolo mo matshelong a bone. Kgotsa ba ka tswa ba tshaba gore fa ba sena go kolobediwa ga ba na ba kgona go tshela tumalanong le melao ya Modimo. Bangwe ba ka nna ba bo ba akanya ba re, “Go ka direga nako nngwe gore ke dire sengwe se se phoso ke bo ke kgaolwa mo phuthegong.”

13. Mo motlheng wa ga Jesu, ke eng se se neng se thibela bangwe go nna balatedi ba ga Jesu?

13 Mo motlheng wa ga Jesu, bangwe ba ne ba letla dilo tsa bone tsa botho le dikamano tsa lelapa di ba thibela go nna barutwa ba gagwe. Mokwadi mongwe o ne a bua a re ene o tla sala Jesu morago gongwe le gongwe kwa Jesu a yang teng. Mme Jesu a mmolelela gore gantsi o ne a se na mo a robalang teng bosigo. Fa Jesu a laletsa yo mongwe gore a nne molatedi wa gagwe, monna yono o ne a tlhalosa gore o tlile go tshwanelwa ke gore pele a ‘fitlhe’ rraagwe. Go bonala a ne a batla go nna kwa gae a letele loso lwa ga rraagwe, go na le go sala Jesu morago mme a tlhokomele maikarabelo ao a lelapa fa maemo a mo tlhoka gore a dire jalo. Labofelo, wa boraro o ne a re Jesu a mo letle pele a  ‘sadise ba ntlo ya gagwe sentle,’ mme go tswa foo o tla mo sala morago. Jesu o ne a re go nna o busetsa dilo morago jalo o sa di dire ke go “leba kwa dilong tse di kwa morago.” Ka gone, go bonala ba ba ratang go dira jalo ba tla aga ba ntse ba na le seipato sa go sa dire maikarabelo mangwe a bone a Bokeresete.—Luke 9:57-62.

14. (a) Petere, Anderea, Jakobe, le Johane ba ne ba arabela jang fa Jesu a ba laletsa gore ba nne batshwari ba batho? (b) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go okaoka go amogela jokwe ya ga Jesu?

14 Petere, Anderea, Jakobe, le Johane bone ba ne ba dira se se farologaneng gotlhelele. Fa Jesu a ba laletsa gore ba mo sale morago mme ba nne batshwari ba batho, Baebele e bolela jaana: “Ba tlogela matlowa ka yone nako eo, ba mo sala morago.” (Mathaio 4:19-22) Ka ntlha ya go tsaya kgato eo ka bonako jalo, ba ne ba diragalelwa ke se Jesu a neng a ba bolelela moragonyana gore se tla ba diragalela: “Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.” (Mathaio 11:29, 30) Le fa gone kolobetso e tlisa jokwe ya boikarabelo, Jesu o re tlhomamisetsa gore ke jokwe e e bonolo le e re ka kgonang go e rwala, e e tla re lapolosang fela thata.

15. Dikai tsa ga Moshe le Jeremia di bontsha jang gore re ka ikanya Modimo gore o tla re tshegetsa?

15 Gone ke selo sa tlholego fela go ikutlwa o tlhaela. Kwa tshimologong Moshe le Jeremia ba ne ba sa bone ba ka kgona go dira dikabelo tse Jehofa a neng a ba naya tsone. (Ekesodo 3:11; Jeremia 1:6) Modimo o ne a ba kgothatsa jang? O ne a raya Moshe a re: “Ke tla nna le wena.” A solofetsa Jeremia a re: “Ke na le wena go go golola.” (Ekesodo 3:12; Jeremia 1:8) Le rona re ka tlhomamisega gore Modimo o tla re tshegetsa. Go rata Modimo le go mo tshepa go ka re thusa go tlosa dipelaelo le fa e le dife tse re ka tswang re na le tsone tsa gore a jaana re tla kgona go tshelela boineelo jwa rona. Moaposetoloi Johane o ne a kwala a re: “Ga go na poifo mo loratong, mme lorato lo lo itekanetseng lo latlhela poifo kwantle.” (1 Johane 4:18) Mosimanyana yo monnye a ka nna a bo a tshaba fa a tshwanelwa ke go tsamaya a le esi, mme a sa tshabe sepe fa a tsamaya a tshwere rraagwe ka letsogo. Le rona, fa re ikanya Jehofa ka pelo yotlhe, o solofetsa gore o tla ‘tlhamalatsa ditselana tsa rona’ fa re tsamaisana le ene.—Diane 3:5, 6.

Tiragalo e e Nang le Seriti

16. Ke ka ntlha yang fa kolobetso e akaretsa go nwediwa gotlhelele mo metsing?

16 Gantsi pele ga kolobetso go tla puo ya Dikwalo e e tlhalosang botlhokwa jwa kgato eno ya kolobetso ya Bokeresete. Kwa bokhutlong jwa puo eno, ba ba yang kolobetsong ba kopiwa gore ba bolele tumelo ya bone phatlalatsa ka go araba dipotso tse pedi tsa kolobetso. (Baroma 10:10; bona lebokoso le le mo go tsebe 22.) Go tswa foo ba ba kolobediwang ba nwediwa mo metsing, fela jaaka Jesu ka boene a ne a nwediwa. Baebele e bontsha gore fa Jesu a sena go kolobediwa, o ne “a  tlhatloga a tswa mo metsing.” (Mathaio 3:16; Mareko 1:10) Go a bonala gore Johane Mokolobetsi o ne a nweditse Jesu gotlhelele mo metsing. * Go nwediwa jalo gotlhelele mo metsing go tshwantshetsa sentle phetogo e kgolo e re e dirileng mo botshelong jwa rona—go ntse jaaka e kete re a swa mo tseleng ya rona ya pele ya go tshela mme re simolola botshelo sesha mo go direleng Modimo.

17. Ba ba kolobediwang, le ba ba bogelang kolobetso ba ka dira jang gore tiragalo eno e nne e e nang le seriti?

17 Kolobetso ke tiragalo e e masisi le e e itumedisang. Baebele e bontsha gore Jesu o ne a rapela fa Johane a mo nwetsa mo Nokeng ya Joredane. (Luke 3:21, 22) Tumalanong le sekao seno, ba ba kolobediwang gompieno ba tshwanetse go itshwara ka tsela e e nang le seriti. Mme jaaka fa Baebele e re kgothaletsa gore re apare ka tsela e e bori ka metlha yotlhe, go tsaya tlhagiso eno tsia go botlhokwa le eleng go feta mo letsatsing la rona la kolobetso! (1 Timotheo 2:9) Ba ba lebeletseng le bone ba ka bontsha tlotlo e e tshwanetseng ka go reetsa ka kelotlhoko fa puo ya kolobetso e ntse e neelwa le ka go bogela ka tsela e e rulaganyeng fa ba bangwe ba kolobediwa.—1 Bakorintha 14:40.

Masego a Barutwa ba ba Kolobeditsweng ba Itumelelang One

18, 19. Kolobetso e lere ditshiamelo le masego afe?

18 Fa re setse re ineetse mo Modimong e bile re kolobeditswe, re nna karolo ya lelapa le le kgethegileng. Sa ntlhantlha, Jehofa o nna Rraarona le Tsala ya rona. Pele ga re kolobediwa re ne re lotlhane le Modimo; mme jaanong re letlantswe le ene. (2 Bakorintha 5:19; Bakolosa 1:20) Ka setlhabelo sa ga Keresete, re ile ra atamalana le Modimo mme le ene o atamalane le rona. (Jakobe 4:8) Moporofeti Malaki o tlhalosa kafa Modimo a tlhwayang tsebe ka gone le go reetsa ba ba dirisang leina la gagwe le ba ba le sikarang, mme o kwala maina a bone mo bukeng ya gagwe ya kgakologelo. Modimo a re: “Ruri ba tla nna ba me . . . . Ke tla ba bontsha bopelotlhomogi, fela jaaka rre a bontsha bopelotlhomogi mo go morwawe yo a mo direlang.”—Malaki 3:16-18.

19 Kolobetso e dira gore re kgone go nna karolo ya mokgatlho wa lefatshe lotlhe wa bakaulengwe. Fa moaposetoloi Petere a ne a botsa gore barutwa ba ga Keresete ba ne ba tla amogela masego afe ka ntlha ya go intsha ga bone setlhabelo, Jesu o ne a solofetsa jaana: “Mongwe le mongwe yo o tlogetseng matlo kgotsa bomorwarraagwe kgotsa bomorwadiarraagwe kgotsa rraagwe kgotsa mmaagwe kgotsa bana kgotsa masimo ka ntlha ya leina la me o tla amogela go menagane gantsi e bile o tla rua botshelo jo bo sa khutleng.” (Mathaio 19:29) Dingwaga di le dintsinyana morago ga moo, Petere o ne a kwala ka mokgatlho otlhe wa “bakaulengwe” o o nnileng gone mo “lefatsheng.” Petere ka boene o ne a ile a itemogela thuso le masego a bakaulengwe ba ba lorato, mme le rona re ka kgona go di itemogela.—1 Petere 2:17; 5:9.

20. Kolobetso e re thusa go nna le tsholofelo efe e e itumedisang?

20 Mo godimo ga moo, Jesu o ne a bontsha gore ba ba mo salang morago ba tla “rua botshelo jo bo sa khutleng.” Ee, boineelo le kolobetso di re thusa go nna le tsholofelo ya go ‘tshwara botshelo jwa mmatota ka thata’—botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo. (1 Timotheo 6:19) A go ka nna le sengwe se se botoka go feta go ikagela le go agela bamalapa a rona motheo o o molemolemo ono wa isagwe? Go nna le tsholofelo eno e e itumedisang go tla re thusa go “tsamaya mo leineng la ga Jehofa Modimo wa rona ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.”—Mika 4:5.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Bajuda le basokologi ba le dikete di le tharo ba ba neng ba reeditse puo ya ga Petere ka Pentekosete le bone ga go a ka ga diegwa pele ba kolobediwa. Mme gone, jaaka go ne go ntse le ka Moethiopia, ba ne ba setse ba tlwaelane le dithuto tsa motheo le melaometheo ya Lefoko la Modimo.—Ditiro 2:37-41.

^ ser. 16 Lefoko la Segerika le mo Baebeleng le ranotsweng ka gore ‘kolobetso’ le raya “go nwediwa, le go inwa,” go ya ka Expository Dictionary of New Testament Words ya ga Vine.

A o Ka Kgona go Tlhalosa?

• Re tshwanetse go tsibogela jang lorato lwa ga Jehofa, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go le tsibogela?

• Motho o tshwanetse gore a bo a dirile kgatelopele efe ya semoya pele ga a kolobediwa?

• Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go letla go tshaba go palelwa kgotsa go tshaba go amogela maikarabelo ga re thibela go kolobediwa?

• Barutwa ba ba kolobeditsweng ba ga Jesu Keresete ba ka itumelela masego afe a a kgethegileng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

“Ke eng se se nthibelang go kolobediwa?”

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Kolobetso ke tiragalo e e masisi le e e itumedisang