Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tila Kobamelo ya Maaka!

Tila Kobamelo ya Maaka!

 Tila Kobamelo ya Maaka!

“‘Tswang mo gare ga bone, lo bo lo itomolole,’ go bua Jehofa, ‘mme lo tlogele go ama selo se se seng phepa.’”—2 BAKORINTHA 6:17.

1. Batho ba le bantsi ba ba ikanyegang ba iphitlhela ba le mo seemong sefe sa semoya?

BATHO ba le bantsi ba ba ikanyegang ga ba itse boammaaruri ka Modimo le ka isagwe ya batho. Ba tlhakana tlhogo e bile ba a etsaetsega e re ka ba sa bone dikarabo tsa dipotso tse ba tshwenyegileng thata ka tsone mo botshelong. Bontsi jwa bone ba fetogile makgoba a tumelobotlhodi, meetlo le mekete e e sa itumediseng Mmopi. O ka tswa o na le baagelani le ba losika ba ba dumelang gore go na le dihele tsa molelo, gore Modimo ke tharonngwe, gore moya wa motho ga o swe kana dithuto tse dingwe tsa maaka.

2. Ke eng se baeteledipele ba bodumedi ba se dirileng, mme seo se feletse ka eng?

2 Ke eng se se dirang gore batho ba le bantsi jaana ba nne mo lefifing la semoya? Selo se se gakgamatsang ke gore, ba dirwa jalo ke bodumedi, segolobogolo mekgatlho le baeteledipele ba bodumedi ba ba rutang dithuto tse di ganetsanang le dithuto tsa Modimo. (Mareko 7:7, 8) Seno se dirile gore batho ba le bantsi ba tsietsege mme ba dumele gore ba obamela Modimo wa boammaaruri fa tota ba mo kgopisa. Bodumedi jwa maaka ke jone jo bo dirang gore ba nne mo maemong ano a a sa itumediseng.

3. Ke mang yo e leng morotloetsi yo mogolo wa bodumedi jwa maaka, mme o tlhalosiwa jang mo Baebeleng?

3 Go na le mongwe yo o sa bonaleng yo e leng ene a emang bodumedi jwa maaka nokeng. Fa moaposetoloi Paulo a bua ka ene o ne a re: “Modimo wa tsamaiso eno ya dilo o foufaditseng megopolo ya ba ba sa dumeleng, gore go bonesa ga dikgang tse di molemo tse di galalelang ka ga Keresete, yo e leng setshwano sa Modimo, go se ka ga ba phatsimela.” (2 Bakorintha 4:4) “Modimo wa tsamaiso eno ya dilo” ke Satane Diabolo. Ke ene morotloetsi yo mogolo wa kobamelo ya maaka. Paulo o ile a re: “Satane ka boene o nna a iphetola moengele wa lesedi. Jalo ga se sepe se segolo fa badiredi ba gagwe le bone ba nna ba iphetola badiredi ba tshiamo.” (2 Bakorintha 11:14, 15) Satane o dira gore dilo tse di bosula di bonale di le molemo e bile o tsietsa batho go dumela maaka.

4. Molao o Modimo a neng a o neile Iseraele wa bogologolo o ne o reng ka baporofeti ba maaka?

4 Ga go gakgamatse go bo Baebele e kgala bodumedi jwa maaka thata jaana! Ka sekai, Molao wa ga Moshe o ne o laela batho ba Modimo a ba itlhophetseng gore ba ikele tlhoko mo baporofeting ba maaka. Mongwe le mongwe yo o buelelang dithuto tsa maaka le kobamelo ya medimo ya maaka o ne a tshwanetse go ‘bolawa ka gonne a buile ka go tlhanogela Jehofa.’ Baiseraele ba ne ba laelwa go ‘tlosa se se bosula mo gare ga bone.’ (Duteronome 13:1-5) Ee, Jehofa o leba bodumedi jwa maaka e le selo se se boikepo.—Esekiele 13:3.

5. Ke tlhagiso efe e re tshwanetseng go e sekegela tsebe gompieno?

5 Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe le bone ba ne ba ila bodumedi jwa maaka fela jaaka Jehofa. Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe jaana: “Itiseng mo baporofeting ba maaka ba ba tlang mo go lona ba le mo diaparong tsa dinku, mme mo teng e le diphiri tse di garolakang.” (Mathaio 7:15; Mareko 13:22, 23) Paulo ile a re “tšhakgalo ya Modimo e senolwa go tswa legodimong kgatlhanong le boikepo jotlhe le tshiamololo ya batho ba ba hupetsang boammaaruri.”  (Baroma 1:18) Go botlhokwa gore Bakeresete ba boammaaruri ba sekegele tsebe ditlhagiso tseno mme ba tile motho ope fela yo o hupetsang boammaaruri jwa Lefoko la Modimo kana a anamisa dithuto tsa maaka!—1 Johane 4:1.

Tswang mo go “Babelona o Mogolo”

6. “Babelona o Mogolo” o tshwantshiwa le eng mo Baebeleng?

6 Ela tlhoko kafa buka ya Baebele ya Tshenolo e tlhalosang bodumedi jwa maaka ka teng. Bo tshwantshiwa le seaka se se tagilweng se se tlhotlheletsang magosi a le mantsi le batho ba one. Mosadi yono wa tshwantshetso o dira boaka le dikgosi di le dintsi mme o tagilwe ke madi a baobamedi ba boammaaruri ba Modimo. (Tshenolo 17:1, 2, 6, 18) O na le leina le le kwadilweng mo phatleng le le tsamaisanang le boitshwaro jwa gagwe jo bo maswe. Leina leo ke “Babelona o Mogolo, mmadiaka le mmadilo tse di ferosang sebete tsa lefatshe.”—Tshenolo 17:5.

7, 8. Bodumedi jwa maaka bo ile jwa dira boaka ka tsela efe, mme seo se ne sa felela ka eng?

7 Tsela e Dikwalo di tlhalosang Babelona o Mogolo ka yone e tshwanela sentle madumedi otlhe a maaka a lefatshe. Le fa gone diketekete tsa madumedi a lefatshe a se mokgatlho o le mongwe fela, gone mme a seoposengwe mo maikaelelong a one le mo ditirong tsa one. Jaaka fa go tshwantshitswe ka mosadi wa seaka mo bukeng ya Tshenolo, bodumedi jwa maaka bo na le tlhotlheletso e kgolo mo dipusong. Fela jaaka mosadi yo o sa ikanyegeng mo lenyalong la gagwe, bodumedi jwa maaka le jone bo dirile boaka ka go ikgolaganya le mebuso e e farologaneng ya dipolotiki. Morutwa Jakobe o ile a re: “Basadi ba baakafadi, a ga lo itse gore botsalano le lefatshe ke bobaba le Modimo? Jalo, le fa e le mang yo o batlang go nna tsala ya lefatshe o itira mmaba wa Modimo.”—Jakobe 4:4.

8 Go itswakanya gono ga bodumedi jwa maaka le dipuso go dirile gore batho ba le bantsi ba boge. Mosekaseki wa dipolotiki wa Moafrika e bong Dr. Xolela Mangcu o ile a bolela gore “hisitori ya lefatshe e tletse ka dikai di le dintsi tsa go bolawa ga batho ba bantsi ka ntlha ya bodumedi le dipolotiki.” Bosheng jaana lekwalodikgang lengwe le ile la re: “Dintwa tse di nnang le tshololo e ntsi ya madi le tse di kotsi go gaisa tsotlhe gompieno . . . ke tse di lolweng ka ntlha ya bodumedi.” Dimilione tsa batho di ile tsa bolawa ka ntlha ya dintwa tse di neng di engwa nokeng ke madumedi. Babelona o Mogolo o ile a ba a bogisa le go bolaya batlhanka ba boammaaruri ba Modimo, a tagwa ke madi a bone jaaka fa re ka rialo.—Tshenolo 18:24.

9. Tsela e Jehofa a ilang bodumedi jwa maaka ka yone e bonala jang mo bukeng ya Tshenolo?

9 Re kgona go bona sentle gore Jehofa o ila bodumedi jwa maaka go tswa mo go se se diragalelang Babelona o Mogolo. Tshenolo 17:16 ya re: “Dinaka tse di lesome tse o di boneng, le sebatana, tseno di tla tlhoa seaka mme di  tla se senya di bo di se dira se se sa ikategang, mme di tla ja dikarolo tsa sone tse di dinama di di fetsa di ba di se ja ka molelo gotlhelele.” Sa ntlha, o garolwa le go bolawa ke sebatana se segolo mme se ja dinama tsa gagwe. Go tswa foo, sengwe le sengwe sa gagwe se se salang se fisiwa gotlhelele ka molelo. Go dumalana le seo, dipuso tsa lefatshe di tla tloga di tseela bodumedi jwa maaka dikgato tse di ntseng jalo. Modimo ke ene yo o tla dirang gore seo se direge. (Tshenolo 17:17) Babelona o Mogolo, bodumedi jotlhe jwa maaka, bo tlile go senngwa. “Ga a kitla a tlhola a bonwa gape.”—Tshenolo 18:21.

10. Re tshwanetse go leba bodumedi jwa maaka jang?

10 Baobamedi ba boammaaruri ba tshwanetse go leba Babelona o Mogolo jang? Baebele e laela jaana e sa okaoke: “Tswang mo go ene, batho ba me, fa lo sa batle go tlhakanela le ene mo maleong a gagwe, le fa lo sa batle go amogela karolo ya dipetso tsa gagwe.” (Tshenolo 18:4) Batho ba ba batlang go bolokwa ba tshwanetse go tswa mo bodumeding jwa maaka pele ga go nna thari. Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ile a bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo, batho ba le bantsi ba ne ba tla bua fela ka molomo ba re ke balatedi ba gagwe. (Mathaio 24:3-5) O raya batho ba ba ntseng jalo a re: “Ga ke ise nke ke lo itse! Tlogang fa go nna, lona ba lo dirang ka go tlhoka molao.” (Mathaio 7:23) Kgosi Jesu Keresete yo gone jaanong a tlhomilweng mo bogosing ga a batle sepe se se amanang le bodumedi jwa maaka.

Re ka Tila Jang Bodumedi Jwa Maaka?

11. Ke eng se re tshwanetseng go se dira go tila kobamelo ya maaka?

11 Bakeresete ba boammaaruri ga ba amane ka gope le bodumedi jwa maaka le dithuto tsa maaka. Seno se bolela gore ga re reetse dithulaganyo tsa bodumedi mo radiong kana go di lebelela mo thelebisheneng le go bala dibuka tsa bodumedi tse di buang maaka ka Modimo le Lefoko la gagwe. (Pesalema 119:37) Gape re tila go nna le seabe mo ditirong tsa loago le tsa boitapoloso tse di engwang nokeng ke bodumedi jwa maaka. Mo godimo ga moo, ga re eme bodumedi jwa maaka nokeng ka tsela epe fela. (1 Bakorintha 10:21) Go tila dilo tseno go re sireletsa gore re se ka ra tsewa ke ope “jaaka ba a ba tsomileng a dirisa botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho, go ya ka dilo tsa tshimologo tsa lefatshe mme e seng go ya ka Keresete.”—Bakolosa 2:8.

12. Motho a ka bontsha jang gore ga a tlhole a amana ka gope le bodumedi jwa maaka?

12 Go tweng fa motho yo o batlang go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a sa ntse a ikwadisitse le bodumeding jwa maaka? Gantsi lekwalo la go iphimola leina ke bosupi jwa gore motho  ga a tlhole a batla go tsewa e le leloko la bodumedi jwa maaka. Go botlhokwa thata gore motho yoo a tseye kgato e e gagametseng go tila go ikgotlela ka tsela epe fela ka kobamelo ya maaka. Ditiro tsa motho yoo yo o batlang go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa di tshwanetse tsa bontsha batho ba bodumedi joo le batho ba bangwe gore ga a tlhole a amana ka gope le jone.

13. Baebele e re neela kgakololo efe malebana le go tila kobamelo ya maaka?

13 Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng. . . . Gonne tshiamo le go tlhoka molao di na le bolekane bofe? Kgotsa lesedi le na le kabalano efe le lefifi? Mo godimo ga moo, go na le kutlwano efe mo gare ga ga Keresete le Beliale? Kgotsa motho yo o ikanyegang o na le karolo efe le yo o sa dumeleng? Gape tempele ya Modimo e na le tumalano efe le medingwana? . . . ‘Jalo tswang mo gare ga bone, lo bo lo itomolole,’ go bua Jehofa, ‘mme lo tlogele go ama selo se se seng phepa.’” (2 Bakorintha 6:14-17) Re sekegela tsebe mafoko ano ka go tila kobamelo ya maaka. A Paulo o ne a bolela gore re tshwanetse go tila go nna le kamano epe fela le batho ba e seng baobamedi ba boammaaruri?

“Tswelelang lo Tsamaya ka Botlhale”

14. A re tshwanetse go tila go nna le kamano epe fela le batho ba e seng baobamedi ba boammaaruri? Tlhalosa.

14 A baobamedi ba boammaaruri ba tshwanetse go tila go nna le kamano epe fela le batho ba e seng baobamedi ba boammaaruri? A re tshwanetse go kgaphela thoko batho ba e seng badumedi ka rona? Ga go a nna jalo. Taelo ya bobedi mo ditaelong tse pedi tse dikgolo ya re: “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mathaio 22:39) Re bontsha gore re rata baagelani ba rona ka go ba itsise dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Gape re bontsha go ba rata ka go ithuta Baebele le bone le go ba lemotsha gore ba tshwanetse go tila kobamelo ya maaka.

15. Go ‘se nne karolo ya lefatshe’ go bolela eng?

15 Le fa gone re rerela baagelani ba rona dikgang tse di molemo, rona jaaka balatedi ba ga Jesu ‘ga re karolo ya lefatshe.’ (Johane 15:19) Lefoko “lefatshe” fano le kaya batho ba ba tlhoboganeng le Modimo. (Baefeso 4:17-19; 1 Johane 5:19) Ga re karolo ya lefatshe ka tsela ya gore re tila maikutlo, tsela ya go bua le boitshwaro jo bo kgopisang Jehofa. (1 Johane 2:15-17) Mo godimo ga moo, go dumalana le molaomotheo o o reng “go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo,” re tila go nna le botsala le batho ba ba sa tsheleng go ya ka melaometheo ya Bokeresete. (1 Bakorintha 15:33) Go se nne karolo ya lefatshe go bolela go ipoloka o “se na selabe se se tswang mo lefatsheng.” (Jakobe 1:27) Ka gone, go se nne karolo ya lefatshe ga go bolele gore re tila go nna le kamano epe fela le batho ba bangwe.—Johane 17:15, 16; 1 Bakorintha 5:9, 10.

16, 17. Bakeresete ba tshwanetse go tshwara jang batho ba ba sa itseng boammaaruri jwa Baebele?

16 Mme gone, re tshwanetse go tshwara jang batho ba ba sa itseng boammaaruri jwa Baebele? Paulo o ile a kwalela phuthego ya Kolosa a re: “Tswelelang lo tsamaya ka botlhale mo bathong ba ba kwa ntle, lo ithekela nako nngwe le nngwe e e lo siametseng. A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai, gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.” (Bakolosa 4:5, 6) Moaposetoloi Petere o ile a re: “Itshepiseng Keresete e le Morena mo dipelong tsa lona, ka metlha lo iketleeleditse go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o lo batlang lebaka la tsholofelo e e mo go lona, mme lo dira jalo ka bonolo le tlotlo e e boteng.”  (1 Petere 3:15) Paulo o ile a gakolola Bakeresete go se “bue ope ka go mo utlwisa botlhoko, ba sa rate ntwa, ba le tekatekano, ba bontsha bonolo jotlhe mo bathong botlhe.”—Tito 3:2.

17 Rona Basupi ba ga Jehofa re tila go tshwara batho ba bangwe makgwakgwa. Re tila go bitsa batho ba madumedi a mangwe ka maina a a sotlang. Go na le moo, re leka go nna pelonomi tota le fa mong wa ntlo, moagelani kana modiri ka rona a re tshwara makgwakgwa kana a re tlhaba ka mafoko.—Bakolosa 4:6; 2 Timotheo 2:24.

“Nna o Tshegeditse Sekao sa Mafoko a a Itekanetseng”

18. Ke maemo afe a a sa itumediseng a a diragalelang batho ba ba boelang mo kobamelong ya maaka?

18 A bo e tla bo e le selo se se maswe jang gore motho a boele mo kobamelong ya maaka morago ga go ithuta boammaaruri jwa Baebele! Baebele e tlhalosa matswela a a sa itumediseng a kgato e e ntseng jalo fa e re: “Eleruri fa e le gore, morago ga go falola mo dilong tse di leswafatsang tsa lefatshe ka kitso ya boammaaruri ya Morena le Mmoloki Jesu Keresete, ba boa ba tsenelela gape mo go tsone dilo tseno mme ba fenngwa, maemo a bofelo a maswe mo go bone go feta a ntlha. . . . Lefoko la seane se se boammaaruri le ba diragaletse le le reng: ‘Ntša e boetse matlhatseng a yone, le kolobe e namagadi e e neng e tlhapisitswe, e boetse kwa go bidikameng mo lorageng.’”—2 Petere 2:20-22.

19. Ke eng fa re tshwanetse go ikela tlhoko mo go sepe fela se se ka re koafatsang semoyeng?

19 Re tshwanetse go nna re iketse tlhoko mo go sepe fela se se ka koafatsang maemo a rona a semoya. Go tla aga go ntse go na le dilo tse di ka re koafatsang semoyeng! Moaposetoloi Paulo o tlhagisa jaana: “Polelo e e tlhotlheleditsweng e bolela ka tlhomamo gore mo dipakeng tsa moragonyana tsa nako bangwe ba tla wa mo tumelong, ba tlhokomela dipolelo tse di tlhotlheleditsweng tse di tsietsang le dithuto tsa madimona.” (1 Timotheo 4:1) Re tshela mo “dipakeng tsa moragonyana.” Batho ba ba sa ikgaoganyeng le kobamelo ya maaka ba ka ‘heheutlwa jaaka makhubu e bile ba akgaakgelwa kwa le kwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto ka tsietso ya batho, ka boferefere ka go loga leano le le tsietsang.’—Baefeso 4:13, 14.

20. Re ka itshireletsa jang mo tlhotlheletsong e e kotsi ya bodumedi jwa maaka?

20 Re ka itshireletsa jang mo tlhotlheletsong e e kotsi ya bodumedi jwa maaka? Akanya fela ka dilo tsotlhe tse Jehofa a re thusang ka tsone. Re na le Lefoko la Modimo, Baebele. (2 Timotheo 3:16, 17) Gape Jehofa o re tlamela ka letlepu la dijo tsa semoya tse re di abelwang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45) Fa re ntse re gatela pele semoyeng, a ga re a tshwanela go lwela go nna le keletso ya go ja ‘dijo tse di tiileng tse e leng tsa batho ba ba godileng sentle’ le go nna le keletso ya go kopana mmogo go tla go ithuta dithuto tsa semoya? (Bahebera 5:13, 14; Pesalema 26:8) A re ititeyeng sehuba go dirisa ka botlalo dilo tse Jehofa a re tlamelang ka tsone go ‘nna re tshegeditse sekao sa mafoko a a itekanetseng’ a re a utlwileng. (2 Timotheo 1:13) Ka go dira jalo re ka kgona go tila kobamelo ya maaka.

O Ithutile Eng?

• “Babelona o Mogolo” ke eng?

• Re tshwanetse go dira eng go tila bodumedi jwa maaka?

• Ke dilo dife tse di ka re koafatsang semoyeng tse re tshwanetseng go di tila?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

A o a itse gore ke eng fa “Babelona o Mogolo” a tshwantshiwa le mosadi wa seaka?

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

“Babelona o Mogolo” o atlholetswe tshenyego

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Re tshwara batho ba ba seng mo bodumeding jwa rona ka “bonolo le tlotlo e e boteng”