Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Direla mo Phuthegong ya Puo e Sele

Go Direla mo Phuthegong ya Puo e Sele

 Go Direla mo Phuthegong ya Puo e Sele

MOAPOSETOLOI Johane o ne a kwala jaana: “Ka bona moengele yo mongwe a fofa mo gare ga legodimo, o ne a tshotse dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng go di bolela e le mafoko a a itumedisang mo go ba ba nnang mo lefatsheng, le mo setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho.” (Tshenolo 14:6) Go diragatsa ponatshegelo eno ya boporofeti, dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo di rerwa lefatshe ka bophara ka diteme kana dipuo tse di farologaneng. Bontsi jwa dipuo tseno di buiwa ke bafaladi ba ba nnang kgakala le dinaga tsa bone. Batho bano le bone ba utlwa dikgang tse di molemo mo Basuping ba ga Jehofa ba ba tlhagafetseng ba ba ithutileng puo e nngwe.

A o mongwe wa Basupi bano ba ba direlang mo phuthegong ya puo e sele? Kana a gongwe o akanyetsa go direla kwa go yone? Gore o kgone go atlega mo maitekong a gago, o tshwanetse go nna le maitlhomo a e seng a bopelotshetlha le go nna le boikutlo jo bo siameng jwa mogopolo. E re ka maikaelelo a gago e le go thusa ba bangwe gore ba ithute boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo, o tlhotlhelediwa ke sengwe se se molemo tota—go rata Modimo le moagelani. (Mathaio 22:37-39; 1 Bakorintha 13:1) Keletso ya go thusa ba bangwe go itse Modimo e tlhotlheletsa thata go feta fela go itumelela botsalano, dijo le setso sa batho ba setšhaba se sengwe kana setlhopha se sengwe. A o utlwa kgang ya go ithuta puo e nngwe e go imela? Fa go ntse jalo, go leba dilo ka tsela e e siameng go tla go thusa. James yo o neng a ithuta Sejapane a re: “O se ka wa letla puo eo e go kgoba marapo.” Go lemoga gore ba bangwe ba ba neng ba ithuta yone pele ga gago ba ne ba atlega, go ka go thusa gore o itshoke mme o nne o na le boikutlo jo bo siameng. Jaanong he, o ka ithuta jang puo e ntšha? Ke eng se se ka go thusang gore o tlwaelane le phuthego e puo eo e dirisiwang mo go yone? Mme ke eng se o ka se dirang gore o nne o nonofile semoyeng?

Go Tsaya Matsapa a go Ithuta Puo

Go na le ditsela di le dintsi tsa go ithuta puo e nngwe. Baithuti le barutisi ba dirisa mekgwa e e farologaneng go dira seno. Le fa go ntse jalo, baithuti ba le bantsi ba kgona go ithuta ka bonako le ka tsela e e motlhofo ka go tsenela ditlelase di le mmalwa tse mo go tsone ba rutwang ke morutisi yo o tshwanelegang. Go bala Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka puo eo e ntšha le go reetsa dikhasete le fa e ka nna dife tse di leng teng, go ka go thusa go itse mafoko a a oketsegileng ka puo eno le go ithuta mafoko a mangwe a mantsi a a dirisiwang ke Basupi. Gape dithulaganyo tse di siameng tsa radio, thelebishene le dibidio di ka go thusa go tlhaloganya puo eo le setso sa batho ba teng. Go molemo go ithuta go le gonnye letsatsi le letsatsi go na le go ithuta dilo di le dintsi ka nako e le nngwe mme o sa go dire ka metlha.

Go ithuta puo e nngwe go tshwana le go ithuta go thuma. Ga o ka ke wa ithuta go thuma fela ka go bala buka. O tshwanetse wa tsena mo metsing mme wa phatšha mo teng ga one. Go ntse fela jalo le ka go ithuta puo. Go thata go ithuta puo fa o go dira fela ka go bala mo bukeng. O tshwanetse go bua le batho ba bangwe ka puo eo nako nngwe le nngwe fa o kgona—reetsa tsela e ba buang ka yone, tsalana le bone, mme o leke ka natla go bua le bone! Mo ditirong tsa Bokeresete go na le maemo a le mantsi a re ka dirang seno mo go one. Gantsi o ka kgona go dirisa se o ithutang sone fa o le  mo bodireding jwa tshimo. Midori yo o ithutang Se-China o bolela jaana: “Go ka nna ga bonala go tshosa, mme gone beng ba matlo ba kgona go bona gore rona Basupi re leka ka natla. Seno se ka ba tlhotlheletsa gore ba re reetse. Ra re fela ka puo ya bone, ‘Ke itumelela go go itse,’ mme o bo o bona matlho a bone a tsabakela ka boitumelo!”

Dipokano tsa Bokeresete le tsone di thusa thata. Kwa pokanong nngwe le nngwe leka go akgela le fa e ka nna gangwe fela. O se ka wa tshwenyega fa kwa tshimologong go ka bonala go tshosa tota go dira jalo. Batho ba mo phuthegong ba batla gore o atlege! Monifa yo o ithutang Se-Korea a re: “Ke leboga thata kgaitsadi yo o nnang go bapa le nna kwa dipokanong, a ntse a nkwalela bokao jwa mafoko a mangwe. Go nkema nokeng ga gagwe ka lorato le ka bopelotelele go nthusa thata.” Fa o simolola go itse mafoko a le mantsi a puo eo, o ka simolola go akanya ka puo e ntšha—o amanya mafoko ka tlhamalalo le se a se rayang go na le go ranola lefoko lengwe le lengwe mo tlhaloganyong ya gago.

Mokgele wa gago wa ntlha ka puo eo e tshwanetse ya nna go ‘bua puo e e tlhaloganyesegang motlhofo.’ (1 Bakorintha 14:8-11) Le fa gone batho ba ka go itshokela fa o ntse o leka go bua puo ya bone, go dira diphoso le go bua ka segalo se se sa tlwaelegang go ka dira gore ba iteege tsebe fa ba ntse ba reeditse molaetsa wa gago. Dira gore kwa tshimologong fela o ele tlhoko tsela e o bitsang mafoko ka yone le thutapuo mme seno se tla go thusa gore o se ka wa tlwaela go bitsa mafoko ka tsela e e sa tshwanelang gonne go ka nna thata go go tlogela. Mark yo o ithutileng Se-Swahili o akantsha jaana: “Kopa batho ba ba itseng puo eo sentle gore ba go tshwaye phoso le fa o dirile diphoso tse dikgolo mme o ba leboge fa ba sena go dira jalo!” Mme gone akanyetsa nako le matsapa a batho ba ba go thusang. Le fa gone o ka kopa mongwe gore a tlhatlhobe dintlha tse o di kwadileng, leka go dirisa mafoko a o setseng o a itse kana a o batlisisitseng bokao jwa one fa o baakanyetsa dipuo le dikakgelo tsa gago. Seno se thusa gore o kgone go ithuta ka bonako le go bua sentle.

Nna o Gatele Pele

Monifa a re: “Go ithuta puo e nngwe ke nngwe ya ditiro tse di thata tse nkileng ka di dira. Go na le dinako tse ka tsone ke utlwang gore ke batla go tlogela. Mme ke gakologelwa kafa baithuti ba Baebele ba ratang thata ka teng go utlwa boammaaruri jo bo boteng jwa semoya ka Se-Korea sa me se se motlhofo le kafa bakaulengwe ba itumelang ka gone ka kgatelopele e nnye e ke e dirang.” Ntlha ya botlhokwa ke gore, o se ka wa latlhela seditse motlhofo fela. Mokgele wa gago ke gore o kgone go ruta ba bangwe boammaaruri jwa Dikwalo jo bo bolokang matshelo. (1 Bakorintha 2:10) Mme gone, gore o kgone go ruta ba bangwe Baebele ka puo e nngwe o tshwanetse go tlhoma mogopolo le go nna o iteka ka lobaka lo loleele. Fa o ntse o gatela pele, o se ka wa batla go bona tsela e o gatetseng pele ka yone ka go ipapisa le ba bangwe ba ba go siileng ka tema. Batho ba ba ithutang puo e ntšha ba gatela pele ka nako e e sa tshwaneng le ka ditsela tse di sa tshwaneng. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore o ele tlhoko kgatelopele ya gago. (Bagalatia 6:4) Joon yo o ithutang Se-China a re: “Go ithuta puo go tshwana le go palama ditepisi. O ka nna wa bona e kete ga o ye gope mme ka bonako fela wa lemoga gore tota o dirile kgatelopele.”

Go ithuta puo e ntšha ke selo se o se dirang botshelo jwa gago jotlhe. Ka jalo, itumelele go ithuta,  o se ka wa lebelela gore ga o na go dira diphoso. (Pesalema 100:2) Ga go kgonege gore o se ka wa dira diphoso. Fa fela o ntse o ithuta di tla nna di le gone. Fa Mokeresete mongwe a ne a simolola go rera ka Sentadiana, o ne a botsa mong wa ntlo jaana: “A o itse lefeelo la botshelo?” O ne a batla gore “boikaelelo jwa botshelo.” Mosupi mongwe yo o neng a ithuta Se-Polish o ne a kopa phuthego gore e opele ntša go na le gore pina. Mme ka go fetola segalo go le gonnye fela, motho mongwe yo o neng a ithuta Se-China, o ne a re bareetsi ba dumele mo rakeng ya dibuka ya ga Jesu fa a ne a batla gore mo thekololong. Selo se se kgatlhang ka go dira diphoso ke gore di go thusa gore o se tlhole o lebala mafoko ao.

Go Dira le Phuthego

Dipuo tse di farologaneng ga se tsone fela di kgaoganyang batho. Gantsi selo se se kgaoganyang batho le go feta ke go farologana ga setso, le morafe. Le fa go ntse jalo, dikgoreletsi tseno ga se tse di ka se kang tsa fenngwa. Moithuti mongwe yo o ithutang ka ditlhopha tsa bodumedi tsa puo ya Se-China kwa Yuropa o ne a re o lemogile gore Basupi ba ga Jehofa “ba amogela ditšhaba tsotlhe.” O ne a lemoga gore mo Basuping, “kgang ya setso ga e botlhokwa, mme puo yone ke sengwe se se ba thusang fela go tlhaloganya lefoko la Modimo.” Eleruri, go dirisa melaometheo ya Baebele ke gone go thusang Bakeresete ba boammaaruri go fenya dikgotlhang tsa bomorafe. Mo bathong ba ba apereng ‘botho jo bosha, ga go na Mogerika le fa e le Mojuda le fa e le motswakwa.’—Bakolosa 3:10, 11.

Ka jalo, botlhe mo phuthegong ba tshwanetse ba dira ka natla gore go nne le kutlwano. Seno se tlhoka gore motho a bo a ikemiseditse go amogela ditsela tse dingwe tse batho ba bangwe ba akanyang ka tsone, ba ikutlwang ka tsone le go dira dilo ka tsone. O ka tila gore dipharologanyo tseo e nne dikgaogano ka go sa batle gore dilo di dirwe ka tsela ya gago le fa go sa tlhokege. (1 Bakorintha 1:10; 9:19-23) Ithute go itumelela tsela e ditso tse dingwe tsotlhe di dirang dilo ka yone. Gakologelwa, lorato lo lo se nang bopelotshetlha ke lone lo thusang gore go nne le ditirisano tse di molemo le kutlwano ya mmatota.

Diphuthego di le dintsi tsa puo e sele di simolola e le ditlhopha tse dinnye tse bontsi jwa batho ba teng e leng ba ba ithutang puo e ntšha, mmogo le ba bangwe ba ba sa tswang go simolola go ithuta melaometheo ya Baebele. Ke gone ka moo go ka nnang le dikgotlhang mo ditlhopheng tseo tse dinnye go feta mo ditlhopheng tse dikgolo tsa diphuthego tse di ikemetseng. Ka gone, Bakeresete ba ba godileng sentle semoyeng ba tshwanetse go kgaratlhela go nonotsha phuthego. Go bontshana lorato, go bua le go dira ka bopelonomi go dira gore phuthego e nne tikologo e e molemo e batho ba basha mo boammaaruring ba ka golang sentle semoyeng mo go yone.

Batho ba ba ithaopang go ya go thusa kwa phuthegong ya puo e sele le bone ba tshwanetse go nna tekatekano mo dilong tse ba di solofetseng mo go ba bangwe. Rick yo e leng mogolwane mo go nngwe ya diphuthego tseo o tlhalosa jaana: “Basupi bangwe ba basha mo phuthegong eno ba ka tswa ba sa thapisiwa sentle mo tirong ya go rulaganya dilo mo phuthegong jaaka ba ba mo diphuthegong tsa puo ya lefelo leo. Mme le fa ba sena bokgoni mo dilong dingwe, ba na le lorato le tlhagafalo. Mme batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang ba tla mo boammaaruring ka ntlha ya seo.” Ka go nna gone ka metlha mo dipokanong, le ka go thusa gongwe le gongwe fa o ka kgonang teng, o tla solegela phuthego molemo tota le fa o santse o tshwaragane le go ithuta puo e ntšha. Fa botlhe ba dirisana mmogo, seno se tla thusa gore phuthego e gatele pele semoyeng.

Go Nna o Nonofile Semoyeng

Mokaulengwe mongwe yo o neng a sa ntse a le mosha mo phuthegong e e dirisang puo e sele o ne a utlwa mmè mongwe a thusa ngwana wa gagwe go baakanyetsa kakgelo. Ngwana o ne a kopa mmaagwe a re: “Mama, a re ka se ka ra e dira khutshwanyane tlhe?” Mmè o ne a araba ka gore: “Nnyaa ngwanake, dikarabo tse di khutshwanyane re tshwanetse go di tlogelela bakaulengwe ba ba ithutang puo ya rona.”

Fa go feta dikgwedi kana dingwaga motho yo motona a sa kgone go bua ka thelelo, seno se ka mo lapisa mo mogopolong, mo maikutlong le mo semoyeng. Janet yo jaanong a buang Sepanishe ka thelelo o gakologelwa jaana: “Ke ne ke tshwenyega mo maikutlong motlhofo fela fa ke sa kgone go bua sentle.” Hiroko yo o ithutileng Seesemane o  gakologelwa nako e a neng a akanya jaana: ‘Tota le dintša le dikatse tsa mo lefelong leno di tlhaloganya Seesemane go mpheta.’ Mme Kathie ene a re: “Ke ne ke ntse ke na le dithuto di le dintsi tsa Baebele le maeto a go boela mme fa ke sena go fudugela kwa phuthegong ya Sepanishe, ke ne ke se na le fa e le nngwe fela. Ke ne ke na le boikutlo jwa gore ga ke dire sepe.”

Fa go ntse jaana, go nna le boikutlo jo bo siameng go a tlhokega. Fa Hiroko a ne a ikutlwa a kgobegile marapo o ne a re: “Fa ba bangwe ba kgona, le nna nka kgona.” Kathie ene a re: “Ke ne ke akanya ka monna wa me yo o neng a gatela pele sentle thata e bile a thusa thata mo phuthegong. Seno se ne sa nthusa go fenya maikutlo a ke neng ke na le one. Gone ke tiro e ntsi, mme ka bonya ka bonya ke nna le bokgoni jwa go rera le go ruta mme seo se intumedisa tota.” Monna wa gagwe e bong Jeff o oketsa ka gore: “Tota go kgoba marapo fa o sa tlhaloganye dilo tsotlhe tse di buiwang fa go dirwa dikitsiso le fa go tshwerwe dipokano tsa bagolwane. Ke tshwanelwa ke gore ke se ka ka fitlha mme ke ikokobetse fela ke kope gore ba ntlhalosetse gore ba ntse ba reng, mme bakaulengwe ba itumelela go nthusa thata.”

Gore o se ka wa nna le letsapa la semoya fa o ntse o dira le phuthego ya puo e sele, o tshwanetse go dira gore botsogo jwa gago jwa semoya bo tle pele. (Mathaio 5:3) Kazuyuki yo o neng a direla ka dingwaga di le dintsi mo tshimong ya Sepotokisi o bolela jaana: “Go botlhokwa gore re nne le dijo tse di lekaneng tsa semoya. Ke ka foo re ithutang le go baakanyetsa dipokano re le lelapa ka puo ya rona le ka Sepotokisi.” Bangwe ba dira gore gangwe le gape ba ye dipokanong tse kwa go tsone go buiwang puo ya bone. Mo godimo ga moo, go ikhutsa ka tsela e e lekaneng go botlhokwa.—Mareko 6:31.

Sekaseka Seemo sa Gago

Fa e le gore o akanyetsa go fudugela kwa phuthegong e go buiwang puo e nngwe kwa go yone, o tshwanetse go sekaseka seemo sa gago pele. (Luke 14:28) Mo kgannyeng eno, dilo tsa botlhokwatlhokwa tse o tshwanetseng go akanya ka tsone ke bomoya jwa gago le kamano ya gago le Jehofa. Sekaseka boemo jwa gago ka thapelo. Akanyetsa molekane wa gago le bana ba gago. Ipotse jaana: ‘A maemo a me a a ntetla gore ke dire tiro eno e e tla ntsayang lobaka lo loleele? A ke nonofile sentle mo semoyeng le mo maikutlong gore ke kgone go e dira?’ O tla bo o dira ka botlhale fa o tsaya tshwetso e e tla solegelang wena le ba lelapa la gago molemo. Go na le tiro e ntsi e e tlhokang go dirwa, le boitumelo jo bogolo jo o ka bo bonang gongwe le gongwe kwa o ka direlang gone jaaka mmoledi wa Bogosi.

Ba ba kgonang go direla kwa phuthegong ya puo e sele ba bona matswela a magolo tota. Barbara yo o neng a fudugela kwa phuthegong ya Sepanishe le monna wa gagwe a re: “Jono ke bongwe jwa maitemogelo a a itumedisang thata mo botshelong jwa me. Go tshwana le go ithuta boammaaruri jwa Baebele sesha. Ruri ke lebogela tshono e ke e boneng ya go dira jalo bogolosegolo ka gonne re ka se ka ra kgona go nna barongwa kwa nageng e nngwe.”

Lefatshe ka bophara, batho ba le diketekete ba dingwaga tse di farologaneng ba itebagantse le kgwetlho ya go ithuta puo e nngwe gore ba kgone go anamisa dikgang tse di molemo. Fa e le gore o mongwe wa bone, boloka maitlhomo ao a a siameng le boikutlo jo bo siameng jwa mogopolo. Mo godimo ga tsotlhe, ikanye Jehofa gore o tla segofatsa maiteko a gago.—2 Bakorintha 4:7.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

O ka kgona go ithuta ka bonako le ka tsela e e motlhofo fa o tsenela ditlelase tse di rutwang ke morutisi yo o tshwanelegang

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Ga wa tshwanela go tsenya botsogo jwa gago jwa semoya mo kotsing fa o ntse o ithuta puo e sele