Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nako ya Keresemose—E Remeletse mo go Eng?

Nako ya Keresemose—E Remeletse mo go Eng?

 Nako ya Keresemose—E Remeletse mo go Eng?

BATHO ba bantsi ba tsaya paka ya Keresemose le Ngwaga o Mosha e le nako ya go nna le ba lelapa le ditsala, e bile e le nako ya go tsosolosa lorato lwa bone. Batho ba bangwe ba bantsi ba e tsaya e le nako ya go akanya ka botsalo jwa ga Jesu Keresete le seabe se a nnileng le sone go boloka batho. Go farologana le se se neng se dirwa mo dinageng tse dingwe tse dintsi, kwa Russia batho ba ne ba sa letlelelwa go keteka Keresemose. Le fa batho ba Kereke ya Russia ya Orthodox ba ne ba keteka Keresemose ba gololesegile ka dingwagangwaga, mo dingwageng tse dintsi tsa lekgolo la bo20 ba ne ba sa letlelelwa go dira jalo. Ke eng se se bakileng phetogo eo?

Ka bonako fela morago ga Phetogo e Kgolo ya Bokomonisi ya Ba-Bolshevik ya 1917, balaodi ba Soviet ba ne ba ntsha taolo e e gagametseng mo nageng yotlhe ya gore batho e nne balatolamodimo. Paka yotlhe ya Keresemose le bokao jwa yone jwa sedumedi di ne di sa tlhole di amogelwa. Puso e ne ya simolola go anamisa dipuo tsa lefela kgatlhanong le mekete ya Keresemose le Ngwaga o Mosha. E bile go ne ga kgalwa phatlalatsa matshwao a a neng a dirisiwa koo a paka eno—setlhare sa Keresemose le Ded Moroz, kana Rremogolo wa Serame, yo o neng a emela Santa Claus ka Se-Russia.

Ka 1935, go ne ga nna le phetogo e e neng ya fetola thata tsela e batho ba kwa Russia ba neng ba leba paka ya Keresemose le Ngwaga o Mosha ka yone. Ba-Soviet ba ne ba boela gape ba dirisa Rremogolo wa Serame, setlhare se go kgabisiwang ka sone mo pakeng eno, ba bo ba boa gape ba keteka Ngwaga o Mosha—mme di ne di fetotswe fela thata. Go ne go twe Rremogolo wa Serame o tla tlisa dimpho ka Letsatsi la Ngwaga o Mosha, e seng ka Keresemose. E bile, go ne go sa tlhole go tla nna le setlhare sa Keresemose. E ne e tla nna setlhare sa Ngwaga o Mosha! Ka jalo dilo di ne tsa dirwa ka tsela e sele gotlhelele kwa Soviet Union. Mokete wa Ngwaga o Mosha o ne wa emisetsa Keresemose.

Paka ya Keresemose e ne ya nna paka ya mekete e e seng ya bodumedi, e se na bokao bope jwa sedumedi. Setlhare sa Ngwaga o Mosha se ne se sa kgabisiwe ka mekgabiso ya bodumedi mme se ne se kgabisiwa ka mekgabiso e e neng e bontsha kgatelopele ya Soviet Union. Lokwalopaka lwa Russia lwa Vokrug Sveta (Go Dikologa Lefatshe) lo tlhalosa jaana: “O ka kgona go lemoga gore Bokomonisi bo simologile kae ka go leba mekgabiso ya setlhare sa Ngwaga o Mosha ka dingwaga tse di farologaneng mo motlheng wa Soviet. Kwantle ga mekgabiso e e tlwaelegileng ya mebutla, dipampiri tse di phatsimang le marotho a a kgolokwe, go ne ga dirwa mekgabiso e mengwe e e bopegileng jaaka disekele, dihamore le diterekere. Moragonyana dilo tseno di ne tsa emisediwa ka ditshwantshonyana tsa babereki ba meepo le basutlhalefaufau, didirisiwa tsa go epa oli, disutlhalefaufau le dikoloi tse di tsamayang mo ngweding.”

Go tweng ka letsatsi la Keresemose ka bolone? Tota le ne le sa ketekiwe. Babusi ba Soviet ba ne ba le dira letsatsi fela le le tlwaelegileng la tiro. Ba ba neng ba batla go keteka mokete wa bodumedi wa Keresemose ba ne ba dira jalo ka kelotlhoko, mme ba le mo kotsing ya gore ba ka galefisa Puso mme ba nne le ditlamorago tse di sa itumediseng. Ka jalo, kwa Russia mo lekgolong la bo20 la dingwaga, paka ya Keresemose le Ngwaga o Mosha e ne ya kgaotsa go nna nako ya go keteka dilo tsa bodumedi mme ya nna paka ya mekete e e seng ya bodumedi.

Phetogo ya Bosheng

Ka 1991 Soviet Union e ne ya phutlhama mme batho ba nna le kgololesego e e oketsegileng. Molao o o neng o tlhomilwe  ke Puso wa bolatolamodimo o ne o sa tlhole o le teng. Dipuso tse di farologaneng tse di ikemetseng tse di neng di sa tswa go tlhomiwa di ne di sa amane ka gope le bodumedi, mme Kereke le Puso di ne di sa kopana. Batho ba le bantsi ba ba ratang bodumedi ba ne ba na le maikutlo a gore jaanong ba ka dira dilo tsa bodumedi jwa bone. Ba ne ba bona gore tsela nngwe e ba neng ba ka dira jalo ka yone e ne e le ka go keteka letsatsi la boikhutso la bodumedi la Keresemose. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa bone ba ne ba swaba ka bonako fela. Ka ntlha yang?

Jaaka dingwaga di ntse di feta, kgwebo e e dirwang ka letsatsi leno la boikhutso e ntse e oketsegela pele. Jaaka kwa dinageng tsa Bophirima, paka ya Keresemose ke nngwe ya ditsela tse dikgolo thata tse ba madirelo, barekisi le borakgwebo ba dirang poelo ka tsone. Mekgabiso ya Keresemose e bewa mo pele ga mabenkele gore batho ba e bone. Mmino wa kwa dinageng tsa Bophirima le dipina tse di opelwang ka letsatsi la botsalo jwa Morena tse pele di neng di sa itsiwe kwa Russia, di utlwala mo mabenkeleng. Barekisi ba ba rweleng dikgetsi tse dikgolo tsa mekgabiso ya Keresemose ba rekisa dithoto tsa bone mo ditereneng le mo dipalangweng tse dingwe tsa batho botlhe. Seemo ke sone seo gone jaanong.

Tota le batho ba ba sa boneng sepe se se phoso ka kgwebo e e dirwang jalo phatlalatsa ba ka tswa ba tshwenngwa ke selo se sengwe se se diregang ka paka ya malatsi a boikhutso—go nwa bojalwa mo go feteletseng le diphelelo tsa gone tse di maswe. Ngaka nngwe e e berekang mo phaposing ya maemo a tshoganyetso kwa bookelong jwa Moscow e ne ya tlhalosa jaana: “Dingaka di itse sentle gore mokete wa Ngwaga o Mosha o tla baka dikgobalo tse di tshwanang le go ruruga le dintho tse di bakilweng ke go tlhajwa ka thipa le go thuntshiwa, tse bontsi jwa tsone di bakilweng ke tirisodikgoka mo lapeng, dintwa tsa botagwa le dikotsi tsa dikoloi.” Rasaense mongwe wa maemo a a kwa godimo wa lekala lengwe la Russian Academy of Sciences o ne a re: “Dintsho tse di amanang le bojalwa di oketsegile thata. Di ne di le kwa godimo thata ka ngwaga wa 2000. Palo ya batho ba ba ipolaileng le ba ba bolailweng le yone e oketsegile.”

Ka maswabi, boitshwaro jo bo ntseng jalo ka paka ya Keresemose le Ngwaga o Mosha bo gakadiwa ke lebaka le lengwe. Lokwalodikgang lwa Izvestiya lo bega jaana kafa tlase ga setlhogo se se reng, “Batho ba Russia ba Keteka Keresemose Gabedi”: “Mo e ka nnang Mo-Russia a le 1 mo go ba le 10 o keteka Keresemose gabedi. Jaaka patlisiso ya Russian Public Opinion and Market Research (ROMIR) e bontsha, diperesente di le 8 tsa batho ba ba botsoloditsweng ba ne ba dumela gore ba keteka Keresemose ka December 25 go ya ka khalendara ya Katoliki ya Keresemose, ba bo ba le keteka gape ka January 7 go ya ka tumelo ya Orthodox . . . Go bonala sentle gore batho bangwe ga ba tseye Keresemose e le botlhokwa ka ntlha ya bodumedi mme ba e tsaya e le botlhokwa fela ka gonne e le nako ya mekete.” *

 A Tota Mekete ya Gone Jaanong e Tlotla Keresete?

Go phepafetse gore ka paka ya Keresemose le Ngwaga o Mosha go direga dilo tse dintsi tse di maswe. Le fa seno se tshwenya, batho bangwe ba ka nna ba nna le boikutlo jwa gore ba tshwanetse go keteka mekete eo ka gonne ba tlotla Modimo le Keresete. Go batla go itumedisa Modimo ke selo se se molemo. Mme a Modimo le Keresete ba itumelela se se dirwang ka paka ya Keresemose? Sekaseka kwa di simologileng teng.

Ka sekai, go sa kgathalesege gore motho o na le boikutlo bofe ka tsela e batho ba Soviet ba lebang Keresemose ka yone, go tla nna thata go ganetsa dintlha tseno tsa hisitori tse di kwadilweng mo Great Soviet Encyclopedia: “Keresemose . . . e ne ya tsewa mo kobamelong ya pele ga Bokeresete ya medimo e e neng e ‘swa e bo e tsoga mo baswing.’ Kobamelo eno e ne e tlwaelegile segolo jang mo dinageng tse di itshedisang ka temothuo. Ngwaga le ngwaga ka paka ya mariga go tloga ka December 21-25 ditšhaba tseno di ne di keteka go ‘tsalwa’ ga Modimo-Mmoloki, yo o tsosolosang dilo tsa tlhago.”

O ka nna wa fitlhela go le botlhokwa gore saetlopedia eo e bua jaana ka tlhomamo: “Mo Bokereseteng jwa lekgolo la ntlha la dingwaga Keresemose e ne e sa ketekiwe. . . . Mo bogareng jwa lekgolo la bonè la dingwaga, Bakeresete ba ne ba tsaya mokete wa paka ya mariga mo kobamelong ya ga Mithra mme ba o dira mokete wa Keresemose. Batho ba ntlha go keteka Keresemose e ne e le batho ba ba ratang bodumedi ba kwa Roma. Mo lekgolong la bolesome la dingwaga, Keresemose mmogo le Bokeresete di ne tsa anamela kwa Russia kwa di neng tsa kopanngwa le mekete ya mariga ya ba-Slav ba bogologolo e e neng e tlotla meya ya bagologolwane.”

O ka nna wa botsa jaana, ‘Lefoko la Modimo Baebele la reng ka kgang ya gore Jesu o tshotswe ka December 25?’ Tota Baebele ga e umake ka tlhamalalo letsatsi le Jesu a tshotsweng ka lone e bile ga go na gope fa go kwadilweng teng gore Jesu o kile a bua ka lone, le fa e le gone gore o ne a laela gore le ketekwe. Le fa go ntse jalo, Baebele e re thusa go bona gore Jesu o tshotswe ka nako efe mo ngwageng.

Go ya ka Efangele ya ga Mathaio, kgaolo 26 le 27, Jesu o ne a bolawa ka Nisane 14, maitseboa ka letsatsi la Paseka ya Bajuda e e simologileng ka March 31, 33 C.E. Mo Efangeleng ya ga Luke re bala gore Jesu o ne a na le dingwaga di ka nna 30 fa a ne a kolobediwa a bo a simolola bodiredi jwa gagwe. (Luke 3:21-23) O ne a dira bodiredi joo ka dingwaga di le tharo le sephatlo. Ka jalo Jesu o ne a le dingwaga di ka nna 33 le sephatlo fa a ne a swa. O ne a tla nna le dingwaga di le 34 ka October 1, 33 C.E. Luke o bega gore ka nako ya botsalo jwa ga Jesu, badisa ba ne ba “nna kwa nageng mme ba ntse ba dira ka ditebelo mo matsomaneng a bone bosigo.” (Luke 2:8) Badisa ba ne ba ka se nne kwa ntle le matsomane a bone ka December go le serame, ka nako e go neng go ka nna ga wa kapoko kwa Bethelehema. Mme go ne go ka direga gore ba bo ba ne ba le kwa ntle le matsomane a bone mo e ka nnang ka October 1, e leng nako, e go ya ka bosupi, Jesu a tshotsweng ka yone.

Mme go tweng ka mokete wa Ngwaga o Mosha? Jaaka re bone, gantsi ka nako eo batho ba itshwara ka tsela e e maswe tota. Le fa go ile ga dirwa  maiteko a gore e nne mokete o e seng wa bodumedi, le one o na le tshimologo e e belaetsang.

Go bonala sentle gore morago ga gore re sekaseke dintlha tse di amanang le paka ya Keresemose le Ngwaga o Mosha, dipolelwana tse di jaaka e e reng, Keresemose le Ngwaga o Mosha di ketekwa ka ntlha ya ga Jesu, ga di na bokao bope. Fa e le gore o tshwenngwa ke kgwebo le boitsholo jo bo maswe tse di dirwang ka nako ya Keresemose, le gore e simologile mo meketeng ya boheitane, o se ka wa kgobega marapo. Go na le tsela e e tshwanetseng e re ka bontshang ka yone gore  re tlotla Modimo le Keresete, mme ka nako e e tshwanang re nonotsha dikamano tsa lelapa.

Tsela e e Botoka ya go Tlotla Modimo le Keresete

Baebele e re bolelela gore Jesu Keresete o ne a tla “go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) O ne a itetla go bolawa, a swela maleo a rona ka go rata. Batho bangwe ba ka tswa ba rata go tlotla Keresete, ba na le maikutlo a gore ba ka dira seo ka paka ya Keresemose. Mme jaaka re bone, Keresemose le Ngwaga o Mosha ga di amane gope le Keresete e bile di simologile mo meketeng ya boheitane. Gape paka ya Keresemose, le fa bangwe ba ka tswa ba e rata go le kana kang, e tletse kgwebo e e feteletseng. Gape boammaaruri ke gore Keresemose e amanngwa le boitsholo jwa matlhabisaditlhong jo bo sa itumediseng Modimo le Keresete.

Motho yo o batlang go itumedisa Modimo o tshwanetse a itshwara jang? Go na le go ngaparela dingwao tsa batho tse di ka tswang di nametsa bangwe ba ba ratang bodumedi mme di sa dumalane le Dikwalo, motho yo o peloephepa o tla batla tsela ya boammaaruri e a ka tlotlang Modimo le Keresete ka yone. Tsela eo ya boammaaruri ke efe, mme ke eng se re tshwanetseng go se dira?

Keresete ka boene o re bolelela jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Ee, motho yo tota a leng peloephepa o batla go nna le kitso e e tlhomameng ya kafa a ka tlotlang Modimo le Keresete ka teng. Go tswa foo o dirisa kitso eo letsatsi le letsatsi mo botshelong jwa gagwe, e seng fela ka nako e e rileng ya ngwaga. Modimo o itumelela maiteko a a ntseng jalo a bopeloephepa a a ka isang kwa botshelong jo bo sa khutleng.

A o ka rata gore lelapa la gaeno e nne lengwe la malapa a tota a tlotlang Modimo le Keresete go dumalana le Dikwalo? Basupi ba ga Jehofa ba thusitse malapa a le mantsintsi mo lefatsheng lotlhe go nna le kitso ya botlhokwa e e tswang mo Baebeleng. Re go laletsa ka lorato gore o ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la gaeno kana o ba kwalele mo atereseng e e tshwanetseng mo go tse di mo go tsebe 2 ya makasine ono.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 Pele ga phetogo e kgolo ya October 1917, Russia e ne e dirisa khalendara ya Julius mme bontsi jwa dinaga di ne tsa simolola go dirisa khalendara ya Gregory. Ka 1917 khalendara ya Julius e ne e le kwa morago ka malatsi a le 13 fa e bapisiwa le ya Gregory. Morago ga phetogo e kgolo, batho ba Soviet ba ne ba simolola go dirisa khalendara ya Gregory, e le gore Russia e dirise khalendara e e tshwanang le ya dinaga tse dingwe. Le fa go ntse jalo, Kereke ya Orthodox e ne ya keteka mekete ya yone go ya ka khalendara ya Julius ba e bitsa gore ke khalendara ya “Segologolo.” Go ka direga gore o utlwe gore kwa Russia Keresemose e ketekwa ka January 7. Le fa go ntse jalo, o gakologelwe gore January 7 go ya ka khalendara ya Gregory ke December 25 mo khalendareng ya Julius. Ka jalo, Ba-Russia ba le bantsi ba rulagantse mekete ya bone ya Keresemose le Ngwaga o Mosha jaana: December 25, Keresemose e e ketekwang kwa dinageng tsa Bophirima; January 1, Ngwaga o Mosha o o sa amaneng le bodumedi; January 7, Keresemose ya Orthodox; January 14, Ngwaga o Mosha ka Mokgwa wa Segologolo.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

Tshimologo ya Mokete wa Ngwaga o Mosha

Moitlami wa Orthodox o Ntsha Maikutlo a Gagwe

“Letsatsi la boikhutso la Ngwaga o Mosha le simologile le malatsi a boikhutso a le mmalwa a boheitane kwa Roma wa bogologolo. Letsatsi la January 1 e ne e le letsatsi la boikhutso le le neng le tshwaetswe modimo wa boheitane Janus, mme leina le kgwedi eo e bidiwang ka lone le tserwe mo leineng la gagwe. Ditshwantsho tsa ga Janus di ne di na le difatlhego tse pedi, se sengwe se lebile kwa pele mme se sengwe se lebile kwa morago, mo go rayang gore o ne a kgona go bona dilo tse di fetileng le tsa gone jaanong. Go ne go twe mongwe le mongwe yo o neng a simolola letsatsi la January 1 a itumetse, a tshega, e bile a na le letlepu la dijo le dino o ne a tla fetsa ngwaga oo otlhe a itumetse e bile a tshela sentle. Bagarona ba le bantsi ba keteka ngwaga o mosha ba dumela yone tumelobotlhodi eo . . . Ka malatsi mangwe a boikhutso a boheitane, batho ba ne ba tlisetsa medingwana ditlhabelo. Mangwe a malatsi ao a boikhutso a ne a tletse boitsholo jo bo maswe, boaka le kgokafalo. Ka sekai, ka dinako tse dingwe ka nako ya malatsi a boikhutso a Janus, batho ba ne ba nwa le go ja thata, e bile go na le botagwa le maswe a mefuta yotlhe. Fa e le gore re gakologelwa kafa rona re neng re keteka Ngwaga o Mosha ka teng mo nakong e e fetileng, gongwe re ka dumela gore rotlhe re kile ra keteka mokete ono wa boheitane.”—Lokwalodikgang lwa Georgia.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di ne tsa simolola go obamela Mithra

[Motswedi wa Setshwantsho]

Museum Wiesbaden

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Badisa ba ka se ka ba bo ba ne ba le kwa ntle le matsomane a bone mo serameng ka December