Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Lemoga Sesupo sa go Nna Gone ga ga Jesu?

A o Lemoga Sesupo sa go Nna Gone ga ga Jesu?

 A o Lemoga Sesupo sa go Nna Gone ga ga Jesu?

GA GO na motho ope yo o batlang go lwala thata kana go welwa ke masetlapelo. Motho yo o botlhale o tsaya tsiya matshwao a a bontshang kotsi e e ka tlhagang, a bo a tsaya dikgato tse di tshwanetseng gore a tle a tile go welwa ke masetlapelo a a ntseng jalo. Jesu Keresete o ne a tlhalosa sesupo sengwe se se rileng se re tshwanetseng go se lemoga. Sesupo se a neng a bua ka sone se ne se tla ama lefatshe lotlhe le batho botlhe, go akaretsa wena le lelapa la gago.

Jesu o ne a bua ka Bogosi jwa Modimo, jo bo tla fedisang boikepo mme bo dire lefatshe paradaise. Barutwa ba gagwe ba ne ba batla go itse ka seno le gore Bogosi joo bo tla tla leng. Ba ne ba mmotsa jaana: “Sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?”—Mathaio 24:3.

Jesu o ne a itse gore fa a sena go bolawa a bo a tsosiwa, go ne go tla feta makgolokgolo a dingwaga pele ga a tlhongwa kwa legodimong go nna Kgosi Mesia gore a buse batho. E re ka batho ba ne ba se kitla ba bona fa Jesu a tlhongwa go nna kgosi, o ne a tlhalosa sesupo se se neng se tla thusa balatedi ba gagwe go lemoga “go nna gone” ga gagwe le “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.” Sesupo seno se na le dikarolo di le dintsi, mme fa di kopane tsotlhe di dira sesupo sa go nna gone ga ga Jesu.

Bakwadi ba Diefangele e bong Mathaio, Mareko le Luke—botlhe ba ne ba kwala karabo ya ga Jesu ka kelotlhoko. (Mathaio kgaolo 24 le 25; Mareko, kgaolo 13; Luke, kgaolo 21) Bakwadi ba bangwe ba Baebele ba ne ba kwala dintlha tse dingwe tsa sesupo ka botlalo. (2 Timotheo 3:1-5; 2 Petere 3:3, 4; Tshenolo 6:1-8; 11:18) Mo setlhogong seno re ka se kgone go kwala sengwe le sengwe mme re tla sekaseka dikarolo di le tlhano tsa konokono tsa sesupo se se umakilweng ke Jesu. O tla lemoga gore sesupo seno se botlhokwa mo go wena.—Bona lebokose le le mo go tsebe 6.

“Phetogo e e Tlisitseng Motlha o Mosha”

“Setšhaba se tla tsogologela setšhaba le bogosi bo tsogologele bogosi.” (Mathaio 24:7) Makasine wa kwa Jeremane wa dikgang wa Der Spiegel o bega gore pele ga 1914, batho “ba ne ba dumela gore bokamoso e tla nna jo bo phatsimang, ba na le kgololesego e e oketsegileng, ba gatela  pele e bile ba atlegile.” Go tswa foo sengwe le sengwe se ne sa fetoga. Makasine wa GEO wa re: “Ntwa e e neng ya simologa ka August 1914 mme ya fela ka November 1918 e ne e le tiragalo e e boifisang. E ne ya fetola hisitori ya batho ka bonako mme ya emisa ya bogologolo mme ga simolola e ntšha.” Masole a feta dimilione di le 60 a a tswang mo dikontinenteng di le tlhano a ne a tlhabana setlhogo. Go ne go bolawa palogare ya masole a ka nna 6 000 letsatsi le letsatsi. Fa e sa le go tloga ka nako eo, bakwalahisitori ba metlha e e farologaneng le ba mekgatlho yotlhe ya dipolotiki ba ile ba tsaya “dingwaga tsa 1914 go ya go 1918 e le phetogo e e tlisitseng motlha o mosha.”

Ntwa ya Lefatshe I e ne ya dira diphetogo tse di ka se busediweng morago mo setšhabeng mme ya tsenya batho mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo. Dingwaga tse di neng tsa latela mo lekgolong la bo20 la dingwaga di ne di tletse dintwa, dikgotlhang tse go thuntshanwang mo go tsone le borukhutlhi. Dilo ga di a ka tsa tokafala mo dingwageng tsa ntlha tsa lekgolo le re leng mo go lone la dingwaga. Kwa ntle ga ntwa, dikarolo tse dingwe tsa sesupo seno di a bonala.

Mauba, Malwetse a Leroborobo le Dithoromo Tsa Lefatshe

“Go tla nna le ditlhaelo tsa dijo.” (Mathaio 24:7) Yuropa e ne ya welwa ke leuba ka nako ya ntwa ya ntlha ya lefatshe mme fa e sale go simolola ka nako eo, leuba le tlhasetse batho. Mokwalahisitori Alan Bullock o ne a kwala gore kwa Russia le Ukraine ka 1933, “boidiidi jwa batho ba ba bolawang ke tlala ba ne ba ebela mo nageng eo . . . Ditopo di ne di tlhatlaganye fa thoko ga ditsela.” Ka 1943 mokwaladikgang T. H. White o ne a iponela leuba kwa kgaolong ya China ya Henan. O ne a kwala jaana: “Fa go le leuba, sengwe le sengwe se a jega e bile go ka thugiwa sengwe le sengwe, se bo se jewa mme se naya mmele wa motho maatla. Mme ke fela fa motho a tshogile gore o a swa a tla jang sengwe se nako e yotlhe se ntseng se sa jewe.” Ka maswabi, Afrika e ntse e nna fela e tlhasetswe ke leuba mo dingwageng tse dintsi tsa bosheng. Le fa go lengwa dijo tse dintsi tse di ka lekanang batho botlhe, mokgatlho wa Food and Agriculture Organization wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng o akanyetsa gore batho ba le dimilione di le 840 mo lefatsheng lotlhe ba tlhaelelwa ke dijo.

“Mo mafelong ka go latelana malwetse a leroborobo.” (Luke 21:11) Süddeutsche Zeitung e bega jaana: “Go fopholediwa gore foluu ya Sepanishe e bolaile batho ba ba magareng ga dimilione tse 20 le tse 50 ka 1918, go feta leroborobo la black death kana ntwa ya ntlha ya lefatshe.” Fa e sale go tloga ka nako eo, batho ba le bantsintsi ba ile ba tshwarwa ke malwetse a a tshwanang le malaria, sekgwaripana, thiibi, polio le kholera. Mme batho gompieno ba lebile fela ba tshogile jaaka AIDS e anama ka lobelo lo logolo. Re mo seemong se se tlhakanyang tlhogo ka gore go na le malwetse a a sa foleng ntswa go dirilwe kgatelo pele e  e boitshegang mo go tsa kalafi. Seemo seno se batho ba neng ba sa se itse go tla go fitlha gompieno, se thusa gore re lemoge sentle gore re tshela mo metlheng e e sa tlwaelegang.

“Dithoromo tsa lefatshe.” (Mathaio 24:7) Mo dingwageng tse 100 tse di fetileng, dithoromo tsa lefatshe di bolaile batho ba le diketekete. Go ya ka motswedi mongwe, ka kakaretso go nnile le dithoromo tsa lefatshe tse di nang le maatla a go senya dikago le go phatlola lefatshe di le 18 ka ngwaga fa e sa le go simolola ka 1914. Dithoromo tsa lefatshe tse di maswe go feta tseo, tse di maatla mo di ka ripitlang dikago, di diregile mo e ka nnang gangwe fela ka ngwaga. Le fa go dirilwe kgatelopele mo go tsa botegeniki, go ntse go swa batho ba le bantsi ka gonne ditoropo di le dintsi tse di nang le palo e e oketsegang ka bofefo ya baagi di mo mafelong a go ka diregang thata gore go nne le thoromo ya lefatshe mo go one.

Dikgang Tse di Itumedisang!

Dikarolo tse dintsi tsa sesupo sa metlha ya bofelo di utlwisa botlhoko. Mme Jesu gape o ne a bua ka dikgang tse di itumedisang.

“Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Mathaio 24:14) Tiro e e simolotsweng ke ene Jesu—ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi—e ne e tla dirwa thata mo metlheng ya bofelo. Go ntse go dirwa fela jalo. Basupi ba ga Jehofa ba rera molaetsa wa Baebele mme ba ruta batho ba ba ratang gore ba dirise se ba se ithutang mo botshelong jwa bone jwa letsatsi le letsatsi. Gone jaanong go na le Basupi ba feta dimilione tse thataro ba ba rerang mo dinageng tse 235 ka dipuo di feta 400.

Ela tlhoko gore Jesu ga a ka a re ditiro tsotlhe di tla ema ka ntlha ya maemo a a utlwisang botlhoko mo lefatsheng. Gape ga a ka a re lefatshe lotlhe le tla aparelwa ke karolo e le nngwe fela ya sesupo. Mme o ne a bolelela pele ditiragalo tse dintsi tse tsotlhe di neng di tla nna sesupo se se neng se tla bonala gongwe le gongwe mo lefatsheng.

O sa lebe ditiragalo tse di rileng ka botsone fela, a o kgona go lemoga go tshwana gongwe, gore ke  sesupo se se dikarolo dintsi se se botlhokwa mo lefatsheng lotlhe? Se se diragalang se a go ama wena le lelapa la gago. Mme re ka nna ra botsa gore, ke ka ntlha yang fa batho ba ba tsayang seno tsia ba le mmalwa jaana?

Batho ba Akanyetsa Pele se Bone ba se Kgatlhegelang

“O se Ka wa Thumela fa,” “Motlakase o o Kotsi,” “Fokotsa Lobelo.” Ano ke mangwe a matshwao le ditlhagiso tse re di bonang mme gantsi batho ba a di tlhokomologa. Ka ntlha yang? Gantsi re tlhotlhelediwa ke se rona re bonang se re siametse. Ka sekai, re ka nna ra bona go tlhokega gore re kgweetse koloi ka lobelo lo lo fetang lo lo letlelelwang go ya ka molao, kana ra batla go thumela fa go sa letlelelweng gore re dire jalo teng. Mme go tlhokomologa matshwao ga se go dira ka botlhale.

Ka sekai, go gosomana ga aese kwa dithabeng tsa Alpine tsa kwa Austria, Fora, Italy le Switzerland ka dinako tse dingwe go bolaya bajanala ba ba tlhokomologang ditlhagiso tse di ba bolelelang gore ba itheledise fela mo mafelong a a sireletsegileng. Go ya ka Süddeutsche Zeitung, bajanala ba le bantsi ba ba tlhokomologang ditlhagiso tseo ba tshela ka go ipolelela gore fa o sa tsenye botshelo jwa gago mo kotsing, ga o je monate. Ka maswabi, go tlhokomologa ditlhagiso go ka felela botlhoko.

Ke ka ntlha yang fa batho ba tlhokomologa sesupo se se tlhalositsweng ke Jesu? Ba ka nna ba se tlhokomologa ka ntlha ya go rata dikhumo thata, ba kgwaraladiwa ke go tlhoka kgatlhego ga bone, ba palelwa ka gonne ba le pelopedi, ba tsena ka tlhogo mo dilong tse ba di dirang gale le gale, kana ba tshaba go latlhegelwa ke maemo. A dingwe tsa dilo tseno di ka tswa di dira gore o tlhokomologe sesupo sa go nna gone ga ga Jesu? A go tla bo go se botlhale gore o lemoge sesupo mme o tseye kgato e e tshwanetseng?

Botshelo mo Lefatsheng la Paradaise

Batho ba le bantsi ba tsaya tsia sesupo sa go nna gone ga ga Jesu. Kristian, lekawana le le nyetseng la kwa Jeremane, le kwala jaana: “Eno ke metlha e e letobo. Ruri re tshela mo ‘metlheng ya bofelo.’” Ene le mosadi wa gagwe ba dirisa nako e ntsi ba bua le batho ka Bogosi jwa ga Mesia. Frank o nna mo nageng yone eo. Ene le mosadi wa gagwe ba kgothatsa ba bangwe ka go ba rerela dikgang tse di molemo tse di tswang mo Baebeleng. Frank a re: “Batho ba bantsi gompieno ba tshwenyegile ka isagwe ka ntlha ya maemo a lefatshe. Re leka go ba kgothatsa ka boporofeti jwa Baebele jo bo buang ka lefatshe la paradaise.” Ka go dira jalo, Kristian le Frank ba thusa go diragatsa karolo e le nngwe ya sesupo sa ga Jesu—go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi.—Mathaio 24:14.

Fa metlha ya bofelo e wela, Jesu o tla fedisa tsamaiso eno e kgologolo ya dilo le batho ba ba e emeng nokeng. Bogosi jwa ga Mesia bo tla tsamaisa dilo mo lefatsheng le le tla dirwang Paradaise e e boleletsweng pele. Batho ba tla gololwa mo bolwetseng le mo losong mme baswi ba tla tsosediwa gore ba boe gape ba tshele mo lefatsheng. Tseno ke dilo tse di itumedisang tse di ka solofelwang ke batho ba ba lemogang sesupo sa metlha e re tshelang mo go yone. A o tla bo o sa dire ka botlhale fa o ithuta mo go oketsegileng ka sesupo le ka se o tshwanetseng go se dira gore o tle o falole bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo? Ee ruri, eno e tshwanetse go nna kgang e e potlakileng mo go mongwe le mongwe.—Johane 17:3.

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

Jesu o ne a bolelela pele ditiragalo tse dintsi tse tsotlhe di neng di tla nna sesupo se se neng se tla bonala gongwe le gongwe mo lefatsheng

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

A o kgona go lemoga go tshwana gongwe, gore ke sesupo se se dikarolo dintsi se se botlhokwa mo lefatsheng lotlhe?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 6]

MATSHWAO A A SUPANG GORE RE MO METLHENG YA BOFELO

Dintwa tsa selekanyo se se iseng se ko se direge pele.—Mathaio 24:7; Tshenolo 6:4

Leuba.—Mathaio 24:7; Tshenolo 6:5, 6, 8

Malwetse a leroborobo.—Luke 21:11; Tshenolo 6:8

Go oketsega ga go tlhoka molao.—Mathaio 24:12

Dithoromo tsa lefatshe.—Mathaio 24:7

Dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.—2 Timotheo 3:1

Go rata madi mo go feteletseng.—2 Timotheo 3:2

Go se utlwe batsadi.—2 Timotheo 3:2

Go tlhoka lorato lwa tlholego.—2 Timotheo 3:3

Go rata menate go na le go rata Modimo.—2 Timotheo 3:4

Go tlhoka boikgapo.—2 Timotheo 3:3

Go se rate se se molemo.—2 Timotheo 3:3

Go se tseye tsia kotsi e e tlang.—Mathaio 24:39

Basotli ba ba sa dumeleng bosupi jwa gore re mo metlheng ya bofelo.—2 Petere 3:3, 4

Go rera ka Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 24:14

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 5]

WWI soldiers: From the book The World War—A Pictorial History, 1919; poor family: AP Photo/Aijaz Rahi; polio victim: © WHO/P. Virot