Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Dikgosi wa Bobedi

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Dikgosi wa Bobedi

 Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Dikgosi wa Bobedi

BUKA ya Baebele ya Dikgosi wa Bobedi e tsweletsa kgang go tloga fa Dikgosi wa Ntlha e e feleleditseng gone. Ke pego ya dikgosi di le 29—di le 12 di tswa mo bogosing jwa bokone jwa Iseraele mme di le 17 tsone mo bogosing jwa Juda jo bo kafa borwa. Gape, Dikgosi wa Bobedi e tlotla ka ditiro tsa moporofeti Elija, Elisha le Isaia. Le mororo pego eno e sa tlotle ditiragalo ka go latelana ga tsone, e akaretsa ditiragalo tse di diregileng ka nako ya fa Samarea le Jerusalema di senngwa. Dikgosi wa Bobedi yotlhe e tlotla ka ditiragalo tsa lobaka lwa dingwaga di le 340—go simologa ka 920 B.C.E. go fitlha ka 580 B.C.E. fa moporofeti Jeremia a ne a fetsa go kwala buka eno.

Dikgosi wa Bobedi e re solegela molemo jang? E re ruta eng ka Jehofa le kafa a neng a dirisana le batho ka gone? Re ka ithuta eng ka se dikgosi, baporofeti le ba bangwe ba ba umakilweng mo bukeng eno ba neng ba se dira? A re bone gore re ka ithuta eng mo bukeng ya Dikgosi wa Bobedi.

ELISHA O TLHATLHAMA ELIJA

(2 Dikgosi 1:1–8:29)

Kgosi Ahasia wa Iseraele o wela fa fatshe mo ntlung ya gagwe a bo a simolola go lwala. Moporofeti Elija o mmolelela gore o tlile go swa. Ahasia o a swa mme monnawe e bong Jehorame o nna mo setulong sa bogosi. Ka yone nako eo, Jehoshafate ke kgosi ya Juda. Elija o tsewa ka sefefo mme mothusi wa gagwe e bong Elisha o mo tlhatlhama jaaka moporofeti. Ka dingwaga tse di ka nnang 60 tse di latelang tsa bodiredi jwa gagwe, Elisha o dira dikgakgamatso tse dintsi.—Bona lebokoso le le reng “Dikgakgamatso Tsa ga Elisha.”

Fa kgosi ya Moabe e tsuologela Iseraele, Jehorame, Jehoshafate le kgosi ya Edoma ba a tswa ba ya go tlhabana le ene. Ba a fenya ka ntlha ya go ikanyega ga ga Jehoshafate. Kwa morago, kgosi ya Siria e loga leano la go tlhasela Iseraele a sa lebelela. Le fa go ntse jalo, Elisha o dira gore leano leo le folotse. Kgosi ya Siria e galefile mme e romela “dipitse le dikara tsa ntwa le mophato o mogolo wa sesole” go ya go tshwara Elisha. (2 Dikgosi 6:14) Elisha o dira dikgakgamatso tse pedi mme o busetsa Basiria kwa morago ka kagiso. Fa nako e ntse e ya, Kgosi ya Siria e bong Bene-hadade o dikanyetsa Samarea. Seno se felela ka leuba le legolo, mme Elisha o bolelela pele gore leuba leo le tla fela.

Morago ga lobakanyana, Elisha o ya kwa Damaseko. Kgosi Bene-hadade, yo a lwalang jaanong, o romela Hasaele gore a ye go botsa gore a o tla fola. Elisha o bolelela pele gore kgosi e tla swa le gore Hasaele o tla busa mo boemong jwa gagwe. Letsatsi le le latelang, Hasaele o ne a bolaya kgosi ka go e hupetsa ka “letsela le le apesang” le le metsi a bo a tsaya bogosi. (2 Dikgosi 8:15) Kwa Juda, morwa wa ga Jehoshafate e bong Jehorame o nna kgosi mme o tlhatlhangwa ke morwawe e bong Ahasia.—Bona lebokoso le le reng “Dikgosi Tsa Juda le Tsa Iseraele.”

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

2:9—Ke ka ntlha yang fa Elisha a ne a kopa ‘dikarolo tse pedi tsa moya wa ga Elija’? Gore Elisha a sikare boikarabelo jwa go nna moporofeti mo Iseraele, o ne a tla tlhoka moya o o tshwanang le o Elija a neng a o bontshitse, wa bopelokgale le go tlhoka poifo. Fa Elisha a lemoga seno, o ne a kopa dikarolo tse pedi tsa moya wa ga Elija. Elisha  o ne a tlhomiwa ke Elija gore a nne motlhatlhami wa gagwe e bile e ne e le motlhokomedi wa gagwe ka dingwaga di le thataro, ka jalo Elisha o ne a leba Elija jaaka rraagwe wa semoya; Elisha o ne a ntse jaaka morwa wa motsalwapele wa semoya wa ga Elija. (1 Dikgosi 19:19-21; 2 Dikgosi 2:12) Ka jalo, fela jaaka motsalwapele wa mmatota a ne a amogela dikarolo tse pedi tsa boswa jwa ga rraagwe, Elisha o ne a kopa dikarolo tse pedi tsa boswa jwa semoya mo go Elija mme a di newa.

2:11—“Magodimo” a ‘Elija a neng a tlhatlogela kwa go one a le mo sefefong’ e ne e le afe? Magodimo ano e ne e se dikarolo tse di kwa kgakala tsa lobopo kgotsa lefelo la semoya kwa Modimo le barwa ba gagwe ba baengele ba nnang gone. (Duteronome 4:19; Pesalema 11:4; Mathaio 6:9; 18:10) “Magodimo” a Elija a neng a tlhatlogela kwa go one e ne e le go tlhatlogela fela kwa loaping. (Pesalema 78:26; Mathaio 6:26) Kara ya molelo e e neng e taboga go kgabaganya loapi go bonala e ne ya isa Elija kwa karolong e nngwe ya lefatshe, ko a neng a tswelela a tshela gone ka lobakanyana. Tota e bile, morago ga dingwaga di le dintsi, Elija o ne a kwalela kgosi ya Juda e bong Jehorame lokwalo.—2 Ditiragalo 21:1, 12-15.

5:15, 16—Ke ka ntlha yang fa Elisha a ile a se ka a amogela mpho ya ga Naamane? Elisha o ne a gana mpho eno ka gonne o ne a lemoga gore kgakgamatso ya go fodisa Naamane e ne e dirilwe ka maatla a ga Jehofa e seng a gagwe. Go ne go tla bo go sa tshwanela gore go tlotlomadiwe ene ka ntlha ya go dira tiro e a neng a e neilwe ke Modimo. Baobamedi ba ga Jehofa gompieno ga ba dire tiro e ba e neilweng ke Modimo gore ba tlotlomadiwe ke batho. Ba reetsa kgakololo ya ga Jesu, e e reng: “Lo amogetse mahala, nayang mahala.”—Mathaio 10:8.

5:18, 19—A Naamane o ne a kopa gore a itshwarelwe ka go bo a ne a tshwanelwa ke go obama? Go bonala kgosi ya Siria e ne e tsofetse e bile e le bokoa mme e ne e tshwanetse go itshegeletsa ka Naamane. Fa kgosi e ne e obamela Rimone, Naamane le ene o ne a obama. Le fa go le jalo, Naamane o ne a obama fela ka go bo a ne a batla gore kgosi e kgone go itshegeletsa ka ene. Naamane o ne a kopa Jehofa gore a mo itshwarele ka go bo a ile a tshwanelwa ke go dira jalo gore a thuse kgosi. Elisha o ne a dumela se Naamane a se buang mme a mo raya a re: “Tsamaya ka kagiso.”

Se re Ithutang Sone:

1:13, 14. Go ithuta go nna kelotlhoko le go nna boikokobetso go ka boloka botshelo.

2:2, 4, 6Le fa Elisha a ne a feditse dingwaga tse di ka nnang thataro e le motlhokomedi wa ga Elija, o ne a sa batle go kgaogana le ene. A bo e le sekao se se molemo jang ne sa go ikanyega le sa botsala!—Diane 18:24.

2:23, 24. Lebaka le legolo la go bo bana bano ba ne ba sotla Elisha go bonala e ne e le gore Elisha yo o lefatla o ne a apere seaparo se Elija a neng a itsiwe ka sone. Ba ne ba itse gore Elisha e ne e le moemedi wa ga Jehofa mme ba ne ba sa mmatle. Ba ne ba mo raya ba re a ‘tlhatloge,’ e leng gore a tswelele a ye kwa Bethele kgotsa a tsewe ka sefefo fela jaaka go ne ga direga ka Elija. Go bonala bana bano ba ne ba sa mo rate fela jaaka batsadi ba bone. A bo go le botlhokwa jang ne gore batsadi ba rute bana ba bone go tlotla baemedi ba Modimo!

3:14, 18, 24. Se Jehofa a se buang se a direga.

3:22. Go phatsima ga lesedi la mo mosong mo metsing, go ne ga dira gore go nne jaaka e kete metsi ao ke madi, gongwe ka gonne mmu wa mesele e e neng e sa tswa go epiwa o ne o le mohibidu. Jehofa a ka nna a tlhopha go dirisa dilo tsa tlholego go diragatsa maikaelelo a gagwe.

 4:8-11. Mosadi mongwe kwa Shunema o ne a amogela Elisha mo ntlong ya gagwe ka go bo a ne a lemoga gore ke “monna yo o boitshepo wa Modimo.” A ga re a tshwanela go dira jalo ka baobamedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa?

5:3. Mosetsanyana wa Moiseraele o ne a na le tumelo ya gore Modimo a ka kgona go dira dikgakgamatso. Gape o ne a le pelokgale go bua ka tumelo ya gagwe. A lona basha, lo leka go nonotsha tumelo ya lona mo ditsholofetsong tsa Modimo le go nna pelokgale gore lo kgone go bolelela barutabana ba lona le baithuti ka lona ka boammaaruri?

5:9-19. A sekao sa ga Naamane ga se bontshe gore motho yo o ikgogomosang a ka nna boikokobetso?—1 Petere 5:5.

5:20-27. Gehasi o ne a diragalelwa ke dilo tse di maswe ka ntlha ya boferefere jwa gagwe! Fa re akanya ka kelotlhoko gore go tshela botshelo jwa boitimokanyi go lere mahutsana le bomadimabe jo bo kana kang, seno se tla re thusa go tila go tshela jalo.

ISERAELE LE JUDA BA YA BOTSHWARWA

(2 Dikgosi 9:1–25:30)

Jehu o tlodiwa go nna kgosi ya Iseraele. Ka bonako fela o bolotsa letsholo la go bolaya ba ntlo ya ga Ahabe. Jehu ‘o nyeletsa Baale mo Iseraele’ ka  botswerere. (2 Dikgosi 10:28) Fa Athalia, mmaagwe Ahasia, a sena go lemoga gore morwawe o bolailwe ke Jehu, ‘o a nanoga mme o senya bana botlhe ba bogosi jwa Juda’ a bo a tsaya setulo sa bogosi ka dikgoka. (2 Dikgosi 11:1) Go falodisiwa fela lesea la ga Ahasia la mosimane, e bong Jehoashe, mme fa a sena go fitlhwa dingwaga di le thataro, o tlhomiwa go nna kgosi ya Juda. Jehoashe o tswelela go dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa a ntse a rutwa ke moperesiti Jehoiada.

Morago ga ga Jehu, dikgosi tsotlhe tse di busang Iseraele di dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa. Elisha o swa loso lwa tlholego fela fa setlogolo sa ga Jehu se sa ntse se tshela. Kgosi ya bonè ya Juda morago ga ga Jehoashe ke Ahase, mme ga ‘a dire se se siameng mo matlhong a ga Jehofa.’ (2 Dikgosi 16:1, 2) Le fa go ntse jalo morwawe, e bong Hesekia, e nna kgosi e e ‘nnang e ngaparetse Jehofa.’ (2 Dikgosi 17:20; 18:6) Ka 740 B.C.E., fa Hesekia e le kgosi ya Juda mme Hoshea a busa mo Iseraele, Kgosi ya Asiria e bong Shalamanesere o ‘thopa Samarea a bo a isa Iseraele botshwarwa kwa Asiria.’ (2 Dikgosi 17:6) Morago ga moo, batho ba ba tswang kwa dinageng di sele ba tlisiwa mo nageng ya Iseraele, mme bodumedi jwa Samarea bo simolola go nna gone.

Mo dikgosing di le supa tse di neng tsa tlhatlhama Hesekia mo Juda, Josia ke ene fela a tsayang dikgato tsa go tlosa kobamelo ya maaka mo nageng yotlhe. Kgabagare, ka 607 B.C.E., Bababelona ba gapa Jerusalema mme ‘Juda o ya botshwarwa a tswa mo lefatsheng la gagwe.’—2 Dikgosi 25:21.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

13:20, 21—A kgakgamatso eno e dumalana le go obamelwa ga ditshwantsho tsa bodumedi? Nnyaa. Baebele ga e bontshe gore marapo a ga Elisha a kile a obamelwa. E ne e le maatla a Modimo a a neng a dirile gore kgakgamatso eno e direge, fela jaaka go ne go ntse ka dikgakgamatso tsotlhe tse Elisha a neng a di dirile fa a sa ntse a tshela.

15:1-6—Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a itaya Asaria (Usia, 15:6, ntlha e e kwa tlase mo NW) ka lepero? “Fela fa [Usia] a sena go nonofa, pelo ya gagwe ya nna mabela . . . , mo a neng a direla Jehofa Modimo wa gagwe ka go tlhoka boikanyegi mme a tla mo tempeleng ya ga Jehofa go tla go fisa maswalo mo sebesong sa maswalo.” Fa baperesiti ‘ba emelana le Usia’ mme ba mo raya ba re a ‘tswe mo lefelong le le boitshepo,’ o ne a galefela baperesiti mme a itewa ka lepero.—2 Ditiragalo 26:16-20.

18:19-21, 25—A Hesekia o ne a dirile kgolagano le Egepeto? Nnyaa. Tatofatso ya ga Rabeshake e ne e se boammaaruri, fela jaaka a ne a sa bue boammaaruri fa a ne a re o tlile ka “taolo e e tswang kwa go Jehofa.” Kgosi Hesekia yo o ikanyegang o ne a ikaegile ka botlalo ka Jehofa.

Se re Ithutang Sone:

9:7, 26. Katlholo e e boima kgatlhanong le ntlo ya ga Ahabe e bontsha gore kobamelo ya maaka le go tshololwa ga madi a a se nang molato ke selo se se makgapha mo go Jehofa.

9:20. Go itsege ga ga Jehu jaaka motho yo o kgweetsang kara ka lobelo go ne go bontsha gore o tlhoafetse mo go diragatseng thomo ya gagwe. A le wena o itsege o le mmoledi yo o tlhoafetseng wa Bogosi?—2 Timotheo 4:2.

9:36, 37; 10:17; 13:18, 19, 25; 14:25; 19:20, 32-36; 20:16, 17; 24:13. Re ka tlhomamisega gore ‘lefoko le le tswang mo molomong wa ga Jehofa le tla diragadiwa.’—Isaia 55:10, 11.

10:15. Fela jaaka Jehonadabe a ne a dumela ka pelo yotlhe fa Jehu a ne a mo kopa gore a palame le ene kara, “boidiidi jo bogolo” bo tshegetsa Jesu Keresete ka go rata, e leng Jehu wa motlha wa gompieno le balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng.—Tshenolo 7:9.

10:30, 31. Le fa pego ya ga Jehu e bontsha gore gone o ile a dira diphoso, Jehofa o ne a anaanela sotlhe se a neng a se dirile. Eleruri, ‘Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya rona.’—Bahebera 6:10.

13:14-19. E re ka setlogolo sa ga Jehu e bong Jehoashe a ne a se ka a iteka ka natla mme a itaya lefatshe ka metswi gararo fela, ga a ka a atlega go le kalo mo go fenyeng Basiria. Jehofa o lebeletse gore re dire tiro e a re abetseng yone ka pelo yotlhe le ka tlhoafalo.

20:2-6. Jehofa ke “Moutlwi wa thapelo.”—Pesalema 65:2.

 24:3, 4Jehofa ‘o ne a se ka a dumela go itshwarela’ Juda ka ntlha ya molato wa madi a ga Manase. Modimo o tlotla madi a batho ba ba se nang molato. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla busolosetsa madi a batho ba ba se nang molato ka go senya ba ba a tshololang.—Pesalema 37:9-11; 145:20.

E Botlhokwa Thata mo go Rona

Buka ya Dikgosi wa Bobedi e tlhalosa Jehofa e le Modiragatsi wa ditsholofetso tsa gagwe. Go isiwa botshwarwa ga baagi ba magosi a mabedi, la ntlha jwa Iseraele mme kwa morago jwa Juda, go gatelela thata mo go rona kafa katlholo ya boporofeti e e kwadilweng mo go Duteronome 28:15–29:28 e ileng ya diragadiwa ka gone. Dikgosi wa Bobedi e tlhalosa Elisha e le moporofeti yo o tlhoafaletseng thata leina la ga Jehofa le kobamelo ya boammaaruri. Hesekia le Josia ba tlhalosiwa e le dikgosi tse di ikokobeditseng tse di tlotlang Molao wa Modimo.

Fa re akanya ka kelotlhoko ka mekgwa e dikgosi di neng di na le yone le ditiro tsa tsone, baporofeti le ba bangwe ba ba umakilweng mo bukeng ya Dikgosi wa Bobedi, a ga re ithute dithuto tse di botlhokwa thata malebana le dilo tse re tshwanetseng go di dira le tse re sa tshwanelang go di dira? (Baroma 15:4; 1 Bakorintha 10:11) Ee, “lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.”—Bahebera 4:12.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 10]

DIKGAKGAMATSO TSA GA ELISHA

1. Metsi a Joredane a dirwa gore a kgaogane.—2 Dikgosi 2:14

2. Motswedi wa metsi a a seng monate wa Jeriko o ne wa dirwa gore o ntshe metsi a a monate.—2 Dikgosi 2:19-22

3. Bana ba diganana ba tlhaselwa ke dibera.—2 Dikgosi 2:23, 24

4. Masole a newa metsi.—2 Dikgosi 3:16-26

5. Motlholagadi o newa leokwane le le apayang.—2 Dikgosi 4:1-7

6. Mosadi mongwe wa moopa wa Moshunema o a ima.—2 Dikgosi 4:8-17

7. Ngwana o tsosiwa mo baswing.—2 Dikgosi 4:18-37

8. Logodu lo lo nang le botlhole lo a jega.—2 Dikgosi 4:38-41

9. Banna ba le lekgolo ba fepiwa ka dilofo di le 20.—2 Dikgosi 4:42-44

10. Lepero la ga Naamane le a fodisiwa.—2 Dikgosi 5:1-14

11. Gehasi o tsenwa ke lepero la ga Naamane.—2 Dikgosi 5:24-27

12. Tlhogo ya selepe e dirwa gore e kokobale mo godimo ga metsi.—2 Dikgosi 6:5-7

13. Motlhanka o bona dikara tsa ntwa tsa baengele.—2 Dikgosi 6:15-17

14. Masole a Siria a a foufadiwa.—2 Dikgosi 6:18

15. Masole a Siria a boa a bona gape.—2 Dikgosi 6:19-23

16. Monna yo o suleng o boa a tshela gape.—2 Dikgosi 13:20, 21

[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Dikgosi Tsa Juda Le Tsa Iseraele

Saulo/Dafide/Solomone: 1117/1077/1037 B.C.E. *

BOGOSI JWA JUDA LETLHA (B.C.E.) BOGOSI JWA ISERAELE

Rehoboame ․․․․․ 997 ․․․․․ Jeroboame

Abija/Asa ․․․ 980/978 ․․․

․ 976/975/952 ․ Nadabe/Baasha/Ela

․ 951/951/951 ․ Semeri/Omeri/Tibeni

․․․․․ 940 ․․․․․ Ahabe

Jehoshafate ․․․․․ 937 ․․․․․

․․․ 920/917 ․․․ Ahasia/Jehorame

Jehorame ․․․․․ 913 ․․․․․

Ahasia ․․․․․ 906 ․․․․․

(Athalia) ․․․․․ 905 ․․․․․ Jehu

Jehoashe ․․․․․ 898 ․․․․․

․․․ 876/859 ․․․ Jehoahase/Jehoashe

Amasia ․․․․․ 858 ․․․․․

․․․․․ 844 ․․․․․ Jeroboame II

Asaria (Usia) ․․․․․ 829 ․․․․․

․ 803/791/791 ․ Sekaria/Shalume/Menaheme

․․․ 780/778 ․․․ Pekahia/Peka

Jothame/Ahase ․․․ 777/762 ․․․

․․․․․ 758 ․․․․․ Hoshea

Hesekia ․․․․․ 746 ․․․․․

․․․․․ 740 ․․․․․ Samarea e a thopiwa

Manase/Amone/Josia ․ 716/661/659 ․

Jehoahase/Jehoiakime ․․․ 628/628 ․․․

Jehoiakine/Sedekia ․․․ 628/628 ․․․

Jerusalema e a senngwa ․․․․․ 607 ․․․․․

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 66 Mangwe a matlha ano a supa ngwaga o puso e simololang go busa ka one.

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Naamane o a ikokobetsa mme o ne a fodisiwa ke maatla a ga Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Go ne ga direga eng ka Elija fa a ne a “tlhatlogela kwa magodimong mo sefefong”?