Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefatshe le Lebile Kae?

Lefatshe le Lebile Kae?

 Lefatshe le Lebile Kae?

KUTLWANO ya lefatshe lotlhe. Seo se utlwala se itumedisa tota. A ga se se mongwe le mongwe a se batlang? Ee, go ntse go buiwa thata ka kutlwano. Gangwe le gape mo dipokanong tsa baeteledipele ba lefatshe go ile ga buiwa thata ka kgang eno. Ka August 2000, baeteledipele ba bodumedi ba feta 1 000 ba ne ba kopana kwa dikagong tsa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng kwa New York kwa Kokoanong ya Mileniamo ya Kagiso ya Lefatshe. Ba ne ba buisana ka ditsela tsa go rarabolola dikgotlhang tsa lefatshe. Le fa go ntse jalo, khonferense eo ka boyone e ne ya bontsha gore go na le dikgotlhang mo lefatsheng. Moitse mongwe wa molao wa Bomoseleme yo o tswang kwa Jerusalema o ne a gana go tla ka gonne go ne go tla bo go na le moruti mongwe wa Mojuda. Ba bangwe ba ne ba kgopisega ka ntlha ya gore Dalai Lama, moeteledipele wa bodumedi bongwe, o ne a sa lalediwa mo malatsing a ntlha a mabedi ka gonne go ne go boifiwa gore seo se tla kgopisa China.

Ka October 2003, dinaga tse di mo lobopong lwa Pacific di ne tsa tlotla ka dilo tse di amanang le tshireletsego mo lefatsheng kwa Asia-Pacific Economic Cooperation (APEC) kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa Thailand. Dinaga tse 21 tse di neng di kopane koo di ne tsa dira maitlamo a go fedisa ditlhopha tsa borukhutlhi mme tsa dumalana ka dikgato tse di ka tsewang go oketsa tshireletsego mo lefatsheng. Le  fa go ntse jalo, baemedi ba le mmalwa ba ba neng ba le teng kwa kopanong eo ba ne ba ngongorega ka ntlha ya se se neng sa buiwa ke tonakgolo nngwe, mme ba ne ba re o ne a tlhasela Bajuda ka mafoko a letlhoo.

Ke Eng Fa go Se na Kutlwano?

Le fa go buiwa thata ka go dira gore lefatshe le utlwane, ga re bone matswela a a kalo a seo. Le fa batho ba le bantsi ba dirile maiteko a magolo, ke eng fa batho ba ntse ba sa kgone go dira gore go nne le kutlwano mo lefatsheng lotlhe go tla go fitlha mo lekgolong leno la bo21 la dingwaga?

Lengwe la mabaka le fitlhelwa mo mafokong a a neng a buiwa ke tonakgolo nngwe e e neng e le teng kwa kopanong eo ya APEC. O ne a re: “Go na le selo se go tweng go ipelafatsa ka setšhaba sa gaeno.” Ee, batho ba le bantsi ba na le bosetšhaba. Setšhaba sengwe le sengwe le setlhopha sengwe le sengwe sa lotso di tlhotlhelediwa ke keletso ya go ipusa. Fa mo pusong ya setšhaba go na le moya wa kgaisano le wa bopelotshetlha seno se baka pheretlhego. Gantsi fa dilo tse di amang setšhaba di thulana le dilo tse batho mo lefatsheng lotlhe ba amegileng ka tsone, go dirwa dilo tse di amang setšhaba pele.

Bosetšhaba bo tlhalosiwa sentle ke mafoko ano a mopesalema, ‘bolwetse jwa leroborobo jo bo bakang pitlagano.’ (Pesalema 91:3) Bo ntse jaaka petso mo bathong, bo bakile mahutsana a a seng kana ka sepe. Bosetšhaba le matswela a gone a go tlhoa ditšhaba tse dingwe ga bo simolole jaanong. Gompieno bosetšhaba bo ntse bo tsweletse bo gakatsa dikgaogano mme babusi ba paletswe ke go emisa seo.

Baitse ba le bantsi ba lemoga gore bosetšhaba le boithati ke tsone di bakang mathata mo lefatsheng. Ka sekai, motho yo pele e neng e le Mokwaledikakaretso wa lekgotla la Ditšhaba tse di Kopaneng U Thant o ne a re: “Bontsi jwa mathata a re nang le one gompieno a bakwa ke go nna le maikutlo a a sa siamang . . . Gareng ga maikutlo ao go na le boikutlo jwa go akanya gore setšhaba sa gaetsho ke sone fela se se siameng—ke ‘naga ya gaetsho go sa kgathalesege gore a e dira se se siameng kgotsa nnyaa.’” Le fa go ntse jalo, gompieno e re ka ditšhaba di na le moya wa boithati di batla go ipusa go feta le fa e le leng pele. Ditšhaba tse di nang le taolo ga di batle gore e di latlhegele le fa go le gonnye fela. Ka sekai, International Herald Tribune e ne ya akgela jaana ka Dinaga Tse di Kopaneng Tsa Yuropa: “Go sa ntse go tletse  kgaisano le go se tshepane mo dipolotiking tsa Yuropa. Bontsi jwa [Dinaga Tse di Kopaneng Tsa Yuropa] di sa ntse di tsaya go sa tshwanela gore sengwe sa ditšhaba tse di leng mo mokgatlhong oo se nne le tlhotlheletso e kgolo go feta tse dingwe mme se etelele pele.”

Lefoko la Modimo, Baebele, le tlhalosa matswela a puso ya batho sentle fa le re: ‘Motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) E re ka batho ba ile ba kgaoganya lefatshe ka ditšhaba tse di farologaneng, ba ile ba bona gore molaomotheo ono wa Baebele o boammaaruri: “Yo o itlhaolang o tla batla tlhologelelo ya gagwe ya bopelotshetlha; o tla nna kgatlhanong le botlhale jotlhe jo bo mosola.”—Diane 18:1.

Mmopi wa rona, yo o itseng se se re siametseng, o ne a sa ikaelela gore batho ba itlhomele dipuso tsa bone mme ba ipuse. Ka go dira jalo, batho ba tlhokomologile maikaelelo a Modimo le boammaaruri jwa gore sengwe le sengwe ke sa gagwe. Pesalema 95:3-5 ya re: “Jehofa ke Modimo yo mogolo le Kgosi e kgolo go feta medimo e mengwe yotlhe, ene yo boteng jo bo kwa teng thata jwa lefatshe bo mo seatleng sa gagwe le yo ditlhoa tsa dithaba e leng tsa gagwe; yo lewatle, le a le dirileng, e leng la gagwe le yo diatla tsa gagwe di bopileng lefatshe le le omeletseng.” Modimo ke Molaodimogolo yo batho botlhe ba tshwanetseng go mo tsaya e le mmusi wa bone. Ditšhaba di ile tsa nna kgatlhanong le thato ya gagwe ka go itlhomela dipuso tsa tsone.—Pesalema 2:2.

Ke Eng se se Tshwanetseng go Dirwa?

Puso e le nngwe fela ya lefatshe e e amegang ka batho botlhe ke yone fela e tla dirang gore go nne le kutlwano mo lefatsheng lotlhe. Batho ba le bantsi ba ba akanyang sentle ba lemoga gore seo se a tlhokega. Le fa go ntse jalo, gantsi batho bao ba ikanya motswedi o e seng one. Ka sekai, batho ba le bantsi ba ba ileng ba dira dikakgelo, go akaretsa baeteledipele ba bodumedi, ba ile ba kgothaletsa batho gore ba solofele gore lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tla tlisa kagiso mo lefatsheng lotlhe. Le fa go ntse jalo, mekgatlho ya batho, le fa e ka tswa e na le maitlhomo a a molemo jang ga e ise e ko e kgone go rarabolola mathata a ditšhaba tsotlhe. Go na le moo bontsi jwa mekgatlho eno e ile ya senola fela go tlhoka kutlwano mo go leng teng fa gare ga ditšhaba tse di farologaneng.

Baebele e re tlhagisa gore re se ka ra batla tharabololo mo mekgatlhong ya batho, fa e re: “O se ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene.” (Pesalema 146:3) A seno se raya gore ga re na tsholofelo ya gore go tla nna le kutlwano mo lefatsheng lotlhe? Nnyaa ga go reye jalo. Go na le tharabololo e nngwe.

Batho ba bantsi ga ba itse gore Modimo o setse a tlhomile puso e e tla kgonang go dira gore go nne le kutlwano mo lefatsheng. Baebele e bua jaana ka Jehofa Modimo: “Nna, e leng nna, ke tlhomile kgosi ya me mo Siona, thaba ya me e e boitshepo. Nkope, gore ke tle ke ntshe ditšhaba go nna boswa jwa gago le mafelelo a lefatshe go nna thuo ya gago.” (Pesalema 2:6, 8) Ela tlhoko gore temana eno e bua ka Jehofa Modimo e re o ‘tlhomile kgosi ya gagwe,’ e a e bitsang “morwaake” mo Ps 2 temaneng ya 7. Yono ke Morwa Modimo wa ntlhantlha wa moya, e bong Jesu Keresete, yo o neilweng taolo mo ditšhabeng tsotlhe.

Se se Tla Dirang Gore go Nne le Kutlwano mo Lefatsheng Lotlhe

Batho ba bantsi ga ba amogele puso eno e e kwa legodimong e e tlhomilweng ke Modimo. Ditšhaba di tatalalela tshwanelo e di tsayang gore di na le yone ya go ipusa. Le fa go ntse jalo, Modimo ga a na go itshokela ba ba sa amogeleng bolaodi jwa gagwe le puso e a e tlhomileng. Pesalema 2:9 e bolela jaana malebana le ba ba ganang go amogela thulaganyo eno: “[Morwa, Jesu Keresete] o tla ba thubaganya ka lore lwa segosi lwa tshipi, o tla ba phatlakanya jaaka sejana sa mmopi wa letsopa.” Gone jaanong ditšhaba, le fa di ka tswa di lemoga kana di sa lemoge, di a gwanta mme seo se tla dira gore di felele di lwa le Modimo. Lokwalo lwa bofelo lwa Baebele lo bua ka ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe le le nang le banni’ tse di phuthelwang “kwa ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.” (Tshenolo 16:14) Ditšhaba le mekgwa ya tsone e e kgaoganyang batho di tla fedisiwa. Seno se tla bula sebaka sa gore puso ya Modimo e dire tiro ya yone e sa kgorelediwe.

Jaaka Jehofa Modimo e le Molaodimogolo wa Lobopo lotlhe, ka Morwawe o tla dirisa maatla a gagwe ka botlhale go dira diphetogo tse di tlhokegang  gore lefatshe le utlwane. Puso ya Modimo e tla dira gore go nne le kutlwano ya mmatota mme e tla segofatsa batho botlhe ba ba ratang tshiamo. Ke eng o sa iphe metsotso e sekaenyana fela mme o bale Pesalema 72 mo Baebeleng ya gago? Mo kgaolong eo dilo tse puso ya Morwa Modimo e tla di direlang batho di tshwantshiwa ka tsela ya boporofeti. Batho ba tla itumelela kutlwano ya mmatota ya lefatshe lotlhe, mme mathata otlhe a bone—kgatelelo, thubakanyo, lehuma le tse dingwe—di tla bo di fedile.

Mo lefatsheng la gompieno le le kgaoganeng, batho ba bantsi ba akanya gore ga go utlwale go nna le tsholofelo eo. Mme e tla bo e le phoso go akanya jalo. Ditsholofetso tsa Modimo ga di ise di ko di folotse, e bile di ka se tsoge di foloditse. (Isaia 55:10, 11) A o ka rata go bona phetogo eno? O ka e bona. Tota e bile, go setse go na le batho ba ba ipaakanyetsang go tshela ka nako eo. Ba tswa mo ditšhabeng tsotlhe, mme jaanong ba ineela mo bolaoding jwa Modimo ka kutlwano go na le gore ba lwe. (Isaia 2:2-4) Ke bomang? Ba bidiwa Basupi ba ga Jehofa. Ke eng o sa amogele taletso eno ya gore o ba etele kwa mafelong a ba kopanelang kwa go one? O tla itumelela botsalano jo bo lapolosang le batho ba ba ka go thusang go ineela mo bolaoding jwa Modimo le go itumelela kutlwano e e ka se tsamayeng e fedile.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Batho ba ditšhaba tsotlhe ba ipaakanyetsa go tshela mo lefatsheng le le nang le kutlwano

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

Saeed Khan/AFP/Getty Images

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Mosadi yo o lelang: Igor Dutina/AFP/Getty Images; ba ba gwantang: Said Khatib/AFP/Getty Images; dikoloi tsa ntwa: Joseph Barrak/AFP/Getty Images